#Article 1: Setswana (893 words)


Setswana ke teme e e buiwang mo mafatsheng a Aforika Borwa, Botswana, Namibia le Zimbabwe. Ke nngwe ya diteme tsa Bantu tse di welang kaha tlase ga tsa Niger-Congo, sone Setswana mme se wela mo kaleng ya Sotho-Tswana mo kaleng ya Kgaolo S (S.30), mme se sikana thata le diteme tsa Sesotho le Sepedi, gape le diteme tsa Sekgalagadi le Serotse.

Setswana ke nngwe ya diteme tsa semmuso kwa Aforika Borwa, fa kwa Botswana gone e le puo ee tsewang e le yone ya lefatshe ka bophara. Bontsi jwa babua-Setswana ba fitlhelwa kwa botsheka jwa Aforika Borwa kwa batho ba dipalo di le bo-didikadike di le nne ba se buang. Go na gape le tengwana e e buiwang kwa toropong ya Pretoria le mabapi e e bidiwang Sepitori, tengwana ena ke yone teme-konokono ya toropo ena.

Ntswa Setswana se buiwa thata mo mafatsheng a Botswana le Aforika Borwa, go na gape le dipalwana tsa babuaSetswana mo mafatsheng-oo-mabedi a Namibia le Sempakwe; kwa Sempakwe ga go tlhomamisege gore bakae, fa kwa Namibia ba balelwa kwa go bo-dikete di le some.

Kgotla e kaiwa mo setsong sa Setswana jaaka lefelo la botlhokwatlhokwa. Ke felo kwa melao ya morafe e dirwang gone le ditsheko di tsenelang gone. Kgotla ngwe le ngwe, go ya ka Setswana, e biletswa boreaitse go thaya kgotla gore go sireletswe kgosi le morafe. Go epelwa lenaka la mere kgotsa lenaka le beiwa mo mpontsheng go ya ka thato ya kgosi le baeletsi ba gagwe. Kgotla e agiwa go ya ka bogolo jwa morafe mme e agiwa jaaka seripagare sa kgolokwe.

Gantsi, ke Kgosi, borangwanaagwe le bao ba tlhopilweng ke ntlo ya kwa kgosing ba ba dirang le go fetola melao ya morafe. Manno kwa kgotla a dulwa go ya ka maemo a motho mo morafeng. Batlhanka le batlhoki ba dula kgakala le kgosi. Bomatwetwe, batlhabani ba diganka le bahumi ba dula gaufi le kgosi. Ke gone fa mannong fa moo go neng go bonwa gore ke mang yo nang le meraka e mentsi, e e sasailang ka metlhape ya dikgomo le letsomane la dinku.

Kgotla, kwa dipitso tsa morafe di tshwarelwang gone, ka gale e agiwa gaufi le kwa kgosing ka magong a ditlhare tsa mokgalo le moselesele, mme e agiwa ka mokwa yo o latelang:

Kgotla e e kwa godimodimo ke kgotla ya kgosi. Mme yona e latelwa ke dikgotla tsa dikgosana le dikgotla tsa malapa. Senno sa kgotla se dirisiwa kwa kgotla fela, ga se tswe ka kgotla. Mme senno seno se dirwa ka legong la setlhare sa mokgalo, morolwana kgotsa mokabi. Dinno gantsi di betliwa ke banna ba motse. Mo malatsing a gompieno dikgotla di fetogile go tsamaya le dinako. Sepodisa le meago mengwe ya puso e agiwa gaufi kgotsa go nna karolo ya kgotla.

Setswana se sikana thata le Sesotho, puo e e buiwang kwa Aforika Borwa le Lesotho. Se se dira gore babui ba dipuo tse ba tlhaloganyane motlhofo go gaisa ba dipuo tse dingwe tse di mabapi. Le fa go ntse jalo Puo ya Setswana ga e tshwane thata le ya Sesotho, di nale modumo o o di farologanyang mme ebile seo se ka tlhalogangwa botoka ke babui ba Botswana le Lesotho.

Nalane ya setswana e tshwanetse ya bo e wela fa go tse dingwe tse di fitlhegileng go fetisisa mo lefatsheng. Seno se dirwa bokete le go fitisisa ka ntlha ya gore ga e a kwalwa mofatshe, e sale e le mafoko a molomo a a fetisiwang go tswa go batsoga-pele go ya kwa baneng. Botshelo jwa boteduputswa ba setswana, bo fitlhelwa gantsi mo dipokong le mo dikwalong dingwe tsa di padi le dikgankhutswe. Maitlhomo magolo a karolo e, ke go leka go kopanya fa go kgonagalang, tsa botshelo jwa maloba, mme fela re rata go rotloetsa batswana go bala le go kwala setswana.

Go ya ka bodulo, puo ya Setswana e phatlhaletse thata mo Aforika Borwa mme e buiwa thata ke merahe ee ko Bechuanaland Protectorate, Bokone-Botlhaba jwa Profinsi ya Kapa (British Bechuanaland and Griqualand West), Bogare, Bophirima ba Free State le Bophirima ba Transvaal. Legale bogolo ba ditulô tse di mo sekakeng se se senang metsi sa Kalahari ebile sena le baduli ba ba nnye ka palo.

Go na le Merahe mengwe ee dirisang puo ya Setswana entswa e se merahe ya Batswana.Yone e akaretsa BaKalanga, BaHerero, Madamara, BaKoba, BaMbukushu, BaSubia, BaKgalagadi, BaSarwa, jalo jalo. Merahe ya BaTswana ka bo yone e ka faroganngwa ka dikarolo tse nne, e leng, Bogareng, Borwa, Bokone le Botlhaba. Dikarolo tse tharo tsa ntlha di ka kaiwa e le tsona tse di dirang diteme tsa Bophirima tsa Setswana.

Bontsi jwa batho ba ba buang Setswana ba fitlhelwa kwa lefatsheng la Aforika Borwa segolo bogolo mo diporofenseng tsa Bokone Bophirima (North West) le Kapa Bokone. Batswana ba Aforika Borwa ba ka nna didikadike di le 3.4 fa Batswana ba Botswana ba ka nna sedikadike le go feta (gongwe 1.3). Batswana ba Namibia le ba Zimbabwe ba palo potlana. Legale ditirelo tsa kgaso tsa Namibia di gasa gape ka Setswana.

Setswana ke puo e e monatenate, e e nonneng ka e bile e buiwa mo mafatsheng a mane a a mo borwa jwa Aforika. Baithuti bangwe ba dipuo bare Setswana ke nngwe ya dipuo tse di matswakabele thata go gaisa tse dingwe tsa borwa jwa Aforika. 

Setswana se na le manatetsha puo a mantsi jaaka diane, dithamalakwane le maele.




#Article 2: Aforika Borwa (619 words)


Aforika Borwa, kgotsa Rephabuliki ya Aforika Borwa ka semmuso, ke naga e e kwa borweng ba Afroika. Lebopo la naga e le dikilomitara di ka nna 2,798, go tloga borwa ba lewatle la Atlantic le la India. Mme bokoneng gona naga e e bapile le naga ya Botswana, Namibia, le Zimbabwe. Go leba botlhaba gona, e bapile le naga ya Mozambique le Swaziland. Lesotho lona le akareditswe ke Aforika borwa matlhakoreng otlhe. Aforika Borwa ke naga ya bo 25 mo lefatsheng go ya ka bogolo ba lefatshe, mme ke naga ya bo 24 go ya ka palo ya batho. Aforika Borwa e na le batho ba ba ka nnang 54 million (2015).

Aforika Borwa ke naga e e nang le merafe e mentsi ya batho, ditso tse di farologaneng, maleme le bodumedi bo bo farologaneng. Se ke sona se dirang gore Aforika Borwa e bitswe Naga ya Molala Tladi (Rainbow Nation). Go na le maleme a le somenngwe a semmuso mo nageng e. 

Naga e ke nngwe ya dinaga tse malwa tsa Aforika e e seng e bone go tsaya puso ka kgapeletso ya masole (coup d'etat) go se mo molaong. Go tloga kgale le kgale ntse go na le ditlhopho mo nageng e. Mme ka mabaka a tlhophollo ya batho ba bantsho, ditlhopho tsa ntlha tse batho botlhe ba naga ba ne ba tsaya karolo ke ditlhopho tsa ngwaga wa 1994, e ne e le ditlhopho tsa ntlha morago ga Apartheid. Nationla Party e ne ya simolola apartheid ka ngwaga wa 1948. Mme morago ga dingwaga di le dintsi tsa ntwa le dikgotlhang, African National Congress (ANC) le batho ba bangwe ba ne ba lwantsha apartheid, ba ne ba fenya, mme apartheid ya tloswa mo nageng, ga tsentshwa tshokologo. 

Diperesente di ka nnang masome a robedi (80) tsa maAforika Borwa ke ba letso la Sub-Sahara. Bona ba arogantswe ka ditlhopha tsa merafe, jaaka Batswana, Bapedi, Batebele, ba buang maleme a a ne a bitswa Bantu Language. 20 % ya maAforika a setseng e dirwa ke Basweu, baIndia, le maColoured. Go tloga ka 1994, ditlhopha tsotlhe tsa batho ba Aforika Borwa di na le boemedi mo palamenteng le mo dipolotiking ka bophara. 

Naga e e bitswa Aforika Borwa ka gonne ke yone naga e le leng kwa tlase tlase borweng ba kontinente ya Aforika.  Fa e ne e tlhamiwa, naga e ne e bitswa Union of South Africa ka sekgoga. Go tloga ka 1961, leina la naga la sekgoga ke Repulic of South Africa. Ka seDutch, naga e ne e bitswa Zuid-Afrika, mme ka 1983 leina lego le ne la tlosa mme gwa dirisa la Afrikaans la Suid-Afrika. Go tloga ka 1994, Aforika Borwa e na le maina a le 11 a semmuso, lengwe le lengwe ka ngwe ya dipuo di le 11 tsa semmuso tsa Aforika Borwa.

Ko bokhutlong jwa aparateiti ka ngwaga wa 1994, fa ba tsere puso le ha ba le gaufi le go tsaya puso batho ba letso la Bantu ba ne tisiwa ko bokhutlong ha go ne go na le diporofinsi tse nne e bong (Cape, Natal, Orange Free State le Transvaal), le diporofinsi tse dingwe tse dintsha. Porovinsi ngwe le ngwe e buswa ke molamente yo o tlhojwang ngwaga tse botlhano dingwe le dingwe tse di tlang, a thlojwa ke bathophi ba party le maloko a party. Moeteledi pele wa party kana tautona o tlhopha mopalamente wa pelo ya gagwe e le moeteledi pele wa goromente, moteledipele o tla bo a apela matona a puso di porofinsi go ya ka di porofinsi le kitso ya bone. Dithata tsa ba okametseng di porofinsi ke laolwa ke mekolo wa molao; engwe ya dikgang tse di akaretsa botsogo, thuto, mantlo a sechaba le dipalamo tsa sechaba.




#Article 3: Gauteng (266 words)


Gauteng ke enngwe ya diporofinsi tse di robongwe mo Aforika Borwa. Fa go bapisiwa le tse dingwe, ke ennye, fela ke yone e nang le baagi ba le bantsi go feta diporofinsi tse dingwe.

Gauteng, ke porofense e e neng e itsega ka leina la Pretoria-Witwatersrand-Vereeniging (PWV) le le tswileng mo go la Transvaal ka ngwaga wa 1994. Lefelo le le tletse ka batho ba lekoko la ANC go tswa kwa ngwageng wa kgethololo ya batho ba bantsho.

Go tswa ka kgwedi ya Motshegano a le thataro, 2009, Paul Mashatile, tona ya pele ya tsa madi yo eleng modulasetilo wa ANC mo porofenseng ya Gauteng, e ne e le moemedi wa ANC mo Gauteng go tloga ka Lwetse a le supa, 2008, go fitlhelela ditlhopho tsa Nomvula Mokonyane yo neng a emelwa ke Mbhazima Shilowa go tswa ka 1999 e be a tlogela ka mathata a neng a tsogile mo ANC a dirileng gore tautona Thabo Mbeki a tlogele setilo

Itsholelo ya Gauteng ke yone e nnileng le seabe mo go tsa madi, mosepele, matshikiyego le madirelo mo lefatsheng la Aforika Borwa go feta mafelo a mangwe. Ebile ke lefelo le e leng gore fa bakgwebi go tswa ko ntle ga Aforika ba feta ka lone ba tla batla go simolola dikgwebo mo Aforika. Lefa Gauteng e le toropo e nnye mo go tse boferabongwe mo Aferika Borwa, e tsaya 1.4% ya lefatshe mo Aforika Borwa - profense e ke nngwe ya mafelo a a oketsang GDP ya Aferika Borwa. Gauteng e dira 10% ya GDP ya Sub Saharan Afrika le 7% ya GDP ya Aforika.
  




#Article 4: Tirelo ya Dipuo tsa Bosetšhaba (179 words)


Tirelo ya Dipuo tsa Bosetšhaba e rotloetsa le go bebofatsa tlhaeletsano ka dipuo. Go tshegetsa ditlhokego tsa Molaotheo, Tirelo ya Dipuo tsa Bosetšhaba (NLS) e laola dipuo tse di farologaneng tsa setšhaba sa rona, e bile e rwele maikarabelo a go tlhokomela dipuo tsotlhe tsa batho ba rona ka go tsenya tirisong dipholisi tse di ikaeletseng go tsweletsa tiriso ya dipuo tse, gammogo le dipuo tse pele di neng di ikgatolositswe.

Tirokgolo ya NLS ke go fitlhelela ditlhokego tsa Molaotheo ka go bebofatsa, go tsweletsa le go tlamela tirelo ya bofetoledi le botseleganyi ka dipuo tsotlhe tsa semmuso, le go laola dipuo tse di farologaneng ka diporojeke tsa thulaganyo ya puo le tsa mareo.

NLS e dira jaaka thulaganyo ya porofešenale ya Mmuso ya tshegetso ya puo ka go fetolela dikwalo tsa semmuso ka dipuo tsotlhe tsa semmuso. Tirelo ya yona ya mareo e thusa ka go tlhabolola le go tokafatsa tlotlofoko ya setegeniki ya dipuo tsa semmuso. Ditiro tsa thulaganyo ya puo di akaretsa go eletsa Mmuso ka ga tlhabololo ya pholisi ya puo le maano a tiragatso.




#Article 5: Botswana (811 words)


Lefatshe la Botswana mo borwa jwa Aforika, ke lefatshe le le dikaganyeditsweng ke a mangwe, ka jalo ga le a bapa le lewatle. Pele ga le tsaya boipuso ka kgwedi ya Phalane e tlhola masome a mararo ka ngwaga wa sekete, makgolo a roba bongwe, masome a le marataro le metso e le merataro mo go mmamosadinyana le ne le bidiwa Bechuanaland. Lefatshe la Botswana le dikaganyeditswe ke la Aforika Borwa kwa borwa-botlhaba go fitlha kwa borwa bophirima, Namibia kwa bophirima, Zambia kwa bokone le Zimbabwe kwa bokone-botlhaba. Lefatshe le le bidiwa Botswana, le reelelwa ka banni ba lone eleng Batswana.

Pina ya setshaba ya Botswana ke fatshe leno la rona, e e tlhamilweng ke Rre K T Motsete.

Madi a a dirisiwang ko Botswana ke Pula.

Botswana ke lefatshe le le farologanyeng le mafatshe a mangwe mo Aforika. Morago ga puso ya ga Mmamosadinyana, Botswana o ne a tsaya boipuso ka di 30 tsa Lwetse 1966. Morago ga boipuso, lefatshe la Botswana le ne la dirisanya mmogo le puso ya Mmamosadinyana go itlhabolola. Babusi ba Botswana ka nako eo ba ne ba leka ka bojotlhe go ntsha Botswana mo tlaleng. Domokoraga e ne ya busa lefatshe le e eteletswe pele ke Seretse Khama, tautona wa ntlha wa Botswana.

Gompieno Botswana ke lengwe la mafatshe a a tlhabologang ka bofefo mo lefatsheng ka bophara. Le fa mafatshe a mangwe mo Aferika a bolawa ke tlala le matshwenyego jaaka dintwa le tsietso setshaba, Botswana e kgonne go fenya mmaba mo ebileng e leng sekai mo Aforika. Lethathamo la lihlooho tsa linaha tsa Botswana

Molao wa Bogosi (Chieftainship Act, CAP 41:01- 1933)

Molao wa lefatshe (Tribal Territories Act, CAP 32:02 - 1933)

Lefatshe la Botswana le ntse le nosiwa metsi ke makalana a a farologaneng mo dingwageng tse di fetileng. Water Utilities Corporation e ntse e nosa ditoropo le ditoropo kgolo. Mo godimo ga moo, kompone e, e ntse e tshwaragane le Lephata la Metsi le Dikhansele tsa Dikgaolo ka bokete jwa metsi go abiwa le mafelo a mangwe a lefatshe leno. Maikaelelo a Lenaneo la go Dira Diphetogo mo Mhameng wa Metsi ke go baakanya ditsamaiso tse marara mme ka jalo go nne bonolo go isa metsi kwa bathong.Ke eng se se tlamileng gore go diragadiwe Lenaneo la Diphetogo tsa Mhama wa Metsi?Kanoko ya Lenaneo Legolo la Sechaba la Phatlalatso Metsi la 2005-2006, le ne la re go dirwe diphetogo tse dikgolo mo mhameng wa metsi, mme dingwe tsa tsone e le gore, go kgaoganngwe tsamaiso ya mhama wa metsi le makalana a mangwe a a thusang ka ditirelo. Morago ga dikanoko tse, ba ne ba gakolola gore Water Utilities Corporation e tseye tsamaiso yotlhe ya go nosa lefatshe leno.

E sale lefatshe la Botswana le tsaya Boipuso ka ngwaga wa 1966,le tile le eteletswe pele ke Phutlhego ya Botswana Democratic Party e le mo bogompienong e ntseng e busa fela.Tautona wa lefatshe la Botswana ke Rre Seretse khama Ian Khama,yo o sa tswang go amoga maemo a mo go Rre Festus Mogae.Puso ya lefatshe la Botswana ke ya batho ka batho mme se se raya gore mongwe le mongwe o nale tshwanelo ya tlhopha phutlhego e a akanyang gore e ka mo tswa mosola mo tsamaisong ya lefatshe a phutlhologilenale kagiso e e renang lefatshe ka bophara mme se se dire gore mafatshe ka bontsi a batle go itsalanya le rona.Batswana ka bontsi ke batho ba ba ratang go itse le gone go tlhaloganay ka mafatshe a sele,jalo se batka tirisanyo mmogo fa gare ga mafatshe.

Ka nako ya boipuso, lefatshe la Botswana le kile la bo le sena sesole se se netameng. E ne e le morago ga gore Masole a Rhodesian le a Aforika Borwa ba lwantshiwe ke mephato ya ZIPRA le MK[14] mme Botswana Defence Force (BDF) ya tlhamiwa ka ngwaga wa 1977Tautona e ne e le ene molaodi wa sesole gape a nale dithata tsa go ka etelela lefatshe gape. Sesole sa Botswana se nale maloko a ka tshwara selekanyo sa 12,000.

Go latela phetogo ya sepolotiki sa Aforika Borwa, Maitlamo a sesole sa Botswana ba ne ba itlama go sireletsa diphologolo tsa tlholego, go thusa batho ka nako ya fa ba wetswe ke dibetsa tsa tlholego, gape le gone go tlisa kagiso. Lefatshe la United States e sa tswa go nna lefatshe le le neng la thusa Botswana ka ditlhabololo le sone seole sa Botswana (BDF), mme bontsi jwa bone ba ne ba fiwa ithuthuntsho ke ba lefatshe la U.S. Ithuthuntsho e ke yone e e tswewang e le yone ya konokono mo Botswana

Teme e e buiwang mo Botswana ke Setswana, ke sone se re ikgatsang ka sone go tswa mo mafatsheng a Africa e bile se golaganya merafe e farologanyeng go utlwana. Ka gore go nale merafe e e farologanyeng Botswana o nale diteme tse dingwe tse di buiwang ke yone merafe e jaaka:




#Article 6: Gaborone (5789 words)


 

Gaborone,ke leina le le gatisitsweng kana le le biditsweng go reelela toropo ka Kgosi Gaborone. Gaborone ke toropo kgolo mo Botswana, e na le palo ya batho ba le 231,626. Dipalo tse di gatisitswe ka ngwaga wa 2011 go ya ka  dipatlisiso tsa ba palo batho, se e le sesupo sa gore 10% ya Botswana jotlhe ka bophara e kwa Gaborone.

Toropo ya Gaborone e agetswe fa gare ga thaba ya Kgale le Oodi, fa nokeng ya Notwane, mo borwabotlhaba jwa Botswana, gape e gaufi le molelwane wa Aforika borwa. Toropo e e, nale lebala la difofane la Sir Seretse Khama kwa difofane di gorogelang teng. Ke kgaolo ya bodiredi le boeteledipele ka bo yone, gape ke motsemogolo wa kgaolo ya metse e e mo borwabotlhaba. Banni ba Botswana ba bitsa toropo e ba re Gabs kana GC fa ba e boka .

Gaborone o ne a agiwa go nna motsemogolo ka ngwaga wa 1960 fa lefatshe la Bechuanaland Protectorate  le tsaya puso, fa e nna lefatshe le le ikemetseng ka nosi. Mo gare ga toropo e go na le madirelo a dikgwebo, marekisetso, le mafelo a ga goromente a agilweng kwa bophirima jwa marekisetso . Toropo e ke nngwe ya ditoropo tse di golang mo lefatsheng, se se bakile mathata a tlhaelo ya lefatshe le go ipaya mo go seng ka fa molaong.  Toropo e e nale dikgotlhang tse di tsenang mo lefatsheng go tswa ko Zimbabwe le Aforika Borwa ka ngwaga wa 1980.

Gaborone ke motsemogolo gape ke toropo ya itsholelo; toropo ya bokopanelo jwa dikomponi le go fetola madi mo Botswana. Gaborone gape ke legae la Sethopha sa thabololo sa Aforika (SADC) komponi ya dichaba, ka tsholofelo ya go godisa itsholelo.

Bosupi bo supa gore go ne go na le banni ba ntlha fa lotshitshing la noka ya Notwane. Mo ditso tsa gompieno, Kgosi Gaborone o ne a tswa ko Magaliesberg go nna mo lefelong le ka 1880, a bo a bitsa lefelo le a re Moshaweng . Lefoko Gaborone ka thaloso le raya gore go lekana sentle ga go maswemaswe  kana ga se gore ga le  a siama . Toropo e e ne ya bidiwa Gaberones  ke banni ba ntlha ba ko Europa. lefoko la Gaberones, le le adimilweng mo  motseng wa Gaborone , o biditswe fa morago ga leina la kgosi ya BaTlokwa kgosi Gaborone, yo motse wa gagwe jaanong o bidiwang Tlokweng, o ne o le kakwa ga noka fa goneng   go na le kago ya ga goromente ,leina la bokopanelo jwa ga goromente wa puso ya mmamosadinyana. Leina la go tshameka la, GC , le tswa mo leineng la kampa ya goromente . Ka ngwaga wa 1890, Cecil John Rhodes o ne a tlhopha Gaberones go aga puso ya mmamosadinyana lefelo le ke ko Rhodes a nea loga loano la Jameson Raid . Toropo e ne ya fetola leina go tswa ko go Gaberones  go Gaborone  ka 1969.

Ka ngwaga wa 1965 ,toropo kgolo ya Bechuanaland Protectorate e ne ya fuduga go tswa ko  Mafikeng go tla ko Gaberones.  Fa Botswana a tsaya puso motse wa Lobatse e ne e le one motse wa ntlha go tlhophiwa go nna motsemogolo wa lefatshe. Mme, Lobatse o ne o le monnye thata, gape go na le go dira jalo, motsemogolo o mosha o ne o ka agiwa gaufi le Gaberones. Toropo e e ne ya thophiwa ka lobaka la yone la gonna le motswedi wa metsi a a phepha, gape gore e ne e bapile le seporo se se yang Pretoria, gape e ne e le magare ga mefare ya bogare, le lothoko la yone go amana le merafe e e neng e e dikologile.

Toropo e e ne ya logelwa leano ka fa tlase ga  ditsetlana tsa tshingwana tsa toropo le ditsela tse dintsi tsa batsaya ka dinao. Kago ya toropo ya Gaborone e simolotse magare ga ngwaga wa 1964. Ka nako e toropo e ne e agiwa, modulasetilo wa lekaishane la Gaberones, Geoffrey Cornish, o ne a tshwantshanya dipopego tsa toropo jaaka galase, e na le diofisi tsa goromente mo bo gare jwa galase le madirelo a kgwebo mo mafelo a marekisetso, kago ya teng e tswa mo bogare.

Bontsi jwa bontlha bongwe jwa toropo bo agilwe mo dingwageng tse tharo. Dikago tsa ntlha mo Gaborone di akaretsa palamente, diofisi tsa goromente, madirelo a leokwane, sepatela, dikolo, madirelo a seromamoa, megala ya thaeletsanyo, madirelo a sepodise, poso le a mangwe a fetang dikgolo.. Ka gonne toropo e ne e agiwa ka ka bo nako, go ne go na le baagi ba bantsi ba agile madulo e se ka fa molaong, mo toropong e ntsha ka fa madirelong a ko bothaba. Mafelo a a ne a bitswa Naledi. Naledi  ka thaloso o rayaNaledi , mme gape leka raya ko tlase ga lewapi le le bolegileng  kana motse o kgethegileng mo metseng e mengwe . Ka ngwaga wa 1971, ka ntateng ya go oketsega ga madulo e se ka fa molaong, khansele ya toropo ya Gaborone le bodiredi jwa goromente le mantlo ba ne ba sekaseka lefelo la Bontleng, le le neng la nna le mantlo a thwathwa e e ko tlase. Mme fela, Naledi a tswelela ka go gola, le lethoko la mantlo la oketsega go feta. Ka ngwaga wa 1973, koporase ya mntlo ya Botswana (BHC) ya aga Naledi yo mosha, ka kwa ga tsela go tswa mo Naledi wa bogologolo. Banni ba Naledi o mogologolo ba fudugela ko Naledi yo mosha. Mme fela, lethoko la mantlo la gola gape; go feta mo banni ba ba fudugetseng ko Naledi yo mosha ba ne ba seka ba rata mantlo a teng. Mathata a a rarabololwa ka ngwaga wa 1975 fa Sir Seretse Khama, tautona ya Botswana, fetola Naledi g tswa mo mafelo a dikomponi go ya ko lefelo la matlo a thwathwa e eko tlase.

Ka kgwedi ya lwetsi e le masome mararo ka ngwaga wa 1966, Bechuanaland e ene ya nna lefatshe la bo lesome le motso go ipusa go tswa mo pusong ya mmamosadinyana mo Aforika. Rra toropo wa ntlha wa Gaborone e ne ele moruti Derek Jones.  Gaberones wa bogologolo o ne wa nna toropo ya   Gaborone o mosha, jaanong o itsege jaaka Village.

Mo bogareng jwa ngwaga wa 1980,lefatshe la Aforika borwa la tlhasela  Botswana le bo le dira dithaselo mo Gaborone le melelwane e mengwe ya toropo(towns). Ditlhaselo tse di ne tsa dira gore batho ba le lesome le boraro ba latlhegelwe ke matshelo

Morago ga  ditlhopho tsa ngwaga wa 1994, dingongorego tsa tsoga mo Gaborone ke ntata ya letlhoko la ditiro le dikgang tse dingwe.

Mo tsatsing la gompieno Gaborone o gola ka bonako. ka ngwaga wa 1964, Gaborone o ne a nale banni ba le 3,855; dingwaga tse supa morago, toropo ya bo e na le banni ba le 18000. Toropo e e ne e agetswe banni ba le 20,000, mme ka ngwaga wa 1992, toropo ke fa e nale batho ba le 138,000. Se se ne sa dira gore go nnele bo maipaya fela mo mafelong a a sa tlhabololwang. Mmatoropo wa pele Veronica Lesole o ne a bua gore mathata a dithabololo tsa toropo ya Gaborone e bakilwe ke baagi ba toropo ba ntlha.. 

Gaborone o agilwe  magare ga thaba ya Kgale le  Oodi, mo nokeng ya Notwane mo borwabothaba jwa Botswana, le 15 km (9.3 mi) go tswa mo molelwaneng wa Aferika borwa
Gaborone o dikanyegilwe ke ditoropo tse di latelang: Ramotswa ko borwabothaba, Mogoditshanemo bokonibothaba, le  Mochudi ko bothaba, le  Tlokweng fa o kgabaganya noka. Bontsi jwa tsone ke ditoropo tsa batsamai  ba  Gaborone. Mafelo a  Gaborone a akaretsa Broadhurst, Gaborone West, Village, Naledi, le Canada yo mosha. Phakalane,toropo e e humileng, e ko bokoni jwa mafelelo a toropo.

Mo bogare jwa toropo go na le mafelo a marekisetso, a madi le bojanala mo Gaborone. Mafelo s na le dibanka tse dintsi le marekisetso. Ko bothaba jwa madirelo a kgwebo, motho o ka fithela lefelo la Civic centre le setshwntsho sa pula go ikgakolola boipuso jwa Botswana. Mafelo a go fetola madi le dithotho, polokele ya ditsho le botaki/1}, le  mmadikole wa Botswana le tsone di gaufi le madirelo a kgwebo.  Ko bophirima jwa madirelo a kgwebo go na le dikago tsa goromente. Lefelo le le na le dikago tsa  palamente le  ntlo ya dikgosi. Le ntlo ya ditso ya sechaba e fithelwa fa.

Gaborone ke lefelo le le mogote o o fagare. nako tse dintsi mo ngwageng Gaborone o letsatsi. Selemo thatathata se mogote. Masigo a tshiditsana. Thatathata, selemo se se na le pula e nnye se bothitho ga na le selemo se se nale pula e e tlwelesegileng. Fa go na le leuba, mogote mo ngwageng o nna  ka ferikgong le thakole. Fa go na le dipula tse di tlwaelesegileng, mogote o montsi o nna ka kgwedi ya Phalane, pele ga dipula di simologa. Ka mariga, mo letsatsing go bothitho, fa bosigo go le tsididi.

Go na le malatsi a le lesome le bosupa le bone mo ngwageng mo mogote o nnang ko godimo. . Go na le malatsi a le lekgolo le masome a boferabongwe le borataro mo ngwageng mo mogote o nnang ko godimo . Mo ngwageng go na le malatsi a le lesome le bothano a le ng gore mogote o ke tlase. . Mo ngwageng go na le letsatsi le le lengwe mo e leng gore seemo sa mogote se ko tlase . Seemo sa monyo se golela ko godimo ka kgwedi ya Ferikgong le Thakole le ka  seemo se se ko tlase ka kgwedi ya Seetebosigo. Seemo sa monyo mo ngwageng ke.

Go na ga pula mo Gaborone go go diragale thata. Pula gantsi mo Gaborone e na ka selemo gare ga kgwedi ya Phalane le Moranang. Go na le dipula tsa ditladi ka malatsi a masome mane mo ngwageng, bontsi jwa tsone di diragala ka dikgwedi tsa selemo, le malatsi a mane morago ga mmuane, go diragala thata ka mariga. Gaboroneo amilwe ke merwalela ga nna ga raro, fa go lebeletswe dikgatiso tsa ngwaga wa 1995, le 2000, o mongwe ka 2001 e e bakileng, ditshenyo tse di didikadkike tsa madi, o mongwe o ne wa nna ka ngwaga wa 2006.

Go koloba mo go ntsi go diragala ka Seetebosigo le  bonnye ka lwetsi.

Bothitho jo bontsi jwa selekanyo se se magare ga lesome le bone bo nna ka Seetebosigo le masome mabedi le borataro ka Morule.

Go diphefo go tswa ka kgwedi ya Phatwe go ya ko ya Ngwanatsele ka, go bo go didimala go tswa ka Motsheganong go ya ko kgwedi ya Phukwi ka . Selekanyo sa bonako jwa phefo mo ngwageng  ke .

Palo ya batho ka dikgatiso tsa 2011 ke 231,626. Go na le banna ba le 92,859 le basadi ba le  98,917 mo toropong. Go na le malwapa a le  58,476 mo  Gaborone. Toropo ya Gaborone ke motse wa selekanyo se se lesome sa palo ya batho mo Botswana. Sephato sa batho ba Botswana ba nna mo   Gaborone. 

Kgolo ya palo ya batho  mo Gaborone ke selekanyo se se 3.4%, se se difetang tsotlhe mo Botswana. Se se ka diragala ka gore toropo e na le dithabololo tsa dikago, se se dirang gore e ratege.. Gaborone ke enngwe ya ditoropo tse di golang mo lefatsheng ka bophara. Kgolo e e dirwa ke go fuduga ga batho go tswa mo lefatshebg lotlhe.

Selekanyo sa bong sa Gaborone ke 97.6, se se raya gore go na le borre ba le 976 fa go tshwantshangwa le bomme ba le  1,000 . Manyalo a le mantsi mo Botswana a kwadisiwa mo Gaborone, mo manyalong otlhe a Botswana a le selekanyo se se lesome le bothano a kwadisitse mo Gaborone ka 2007. Ka dipalo go na le batho ba le bararo mo lwapwng lengwe le lengwe mo Gaborone. Se ke palo e nnye fa go tshwantsha ngwa le tse dingwe mo Botswana.

Dipalo di supa gore bontlha bongwe jwa botho ba ba nna mo Gaborone, ba selekanyo se se masome mararo le boferabobedi ba tshela ka mogare wa HIV-palo e tona mo lefatsheng ka bophara. Palo e tona thata mo batho ba ba dingwaga tse di magare ga lesome le bothano le masome mane le boferabonge ka selekanyo sa masome mane le bone.

Ba sedumedi sa Roma mo  Gaborone, ba ba ko tlase ga bo eteledipele jwa Roman ya ko  Pretoria, ba teng mo toropong e.  Phuthego e akaretsa sephato sa borwa sa Botswana, moruti wa phutego e ke Moruti Valantine Tsamma Seane, yo o filweng maemo ka ngwaga wa 2009 ka kgwedi ya Moranang a le masome mabedi le bothano. Moriti yo o fitileng e ne e le Boniface Tshosa Setlalekgosi. Go na le kereke ya roma e e bidiwang keresete ke kgosi.

Go na le tempele ya Ba Hindu mo Gaborone, e bidiwa ntlo lehalahala ya Hindu  , le ya gurudwara le tse dingwe tsa  ma Islam. Kago e simolotswe ka motsheganong ka ngwaga wa 2001 ko  tempeleng ya Venkateswara mo Gaborone bophirima e agelwa sechaba sa batho ba Telugu  ke sethopha sa bopelothomigi sa Hindu e bo e feleletswa ka kgwedi ya lwetsi ngwaga wa 2007. Moemedi wa India, le tautona Festus Mogae ba ne ba etelela tempele fa e sena go fediwa

Ba tumedi ya Islam ke ba Arabea ba ba tlisitseng tumelo e mo Botswana mme ba tla ba gwetlha merafe ka go farologana le Batswana ba le mo teng go tsena kereke ya bone. Batho ba ba tsenang kereke e ba bidiwa jalo gotwe ma-Muslim kereke ya bone ke Mosque. Mo toropo kgolo Gaborone, tempele ya  Muslim e bapile le sekolo se se golwane University of Botswana (UB)kana Mmadikolo jaaka ba le bantsi ba se bitsa.  Go dimo ga moo, go diragatsa tumelo ya bone badumedi ba ya ko kerekeng Labotlhano mongwe le mongwe mme bana bone ba rulaganyeditswe go ithuta ka tumelo ya bone mo gare ga beke jaaka go tshwanetse. Go tlatsa se, tumedi e ya Islam e ruta ka Allah, yo e leng Modimo wa bone yo ba dumelang e le ene a tlhodileng legodimo, lefatshe, le sengwe le sengwe se se leng mo go lone. Go botlhokwa go itse gore batho ba tumelo e, ba rotloetsa bopelotlhomogi, go thusa ba ba dikobo dikhutshwane, le go direla ba bangwe molemo gore go nniwa ka kagiso le thokgamo.

Polokele ya ditso le botaki e bonwa ko bokonibothaba jwa madirelo a kgwebo mo tseleng ya Independence . Polokelo e e butswe ka 1968 E na le dilo tse dintsi di akaretsa dilo tse dibetilweng le botaki jwa batswana. Ntlo ya polokelo e e nale ditshwantsho tsa ntlha tse di dirilweng ke Thomas Baines le Lucas Sithole. Ditiragalo di akaretsa Bataki mo Botswana , kgaisano ya botaki ya banana  le Thapong International . Ko ntle ga polokelo go na le , mefuta ya dipalamo tse dintsi jaaka mogoma, selei, le dikoloi  (diteraka). Go na le ditshupo tsa Basarwa, banni ba ntlha baborwa jwa  Aferika. Polokelo e e butse  tshingwana ya botanical  e e bidiwang tshingwana ya sechaba ya Botanical  ka kgwedi ya ngwanatsele a thola ga bedi ka ngwaga wa 2007. Tshingwana e e agetswe go sireletsa dithare tsa Botswana tse di bothokwa, mme selekanyo se se masome a ferang bobedi a dithare tse di tsa mo Botswana.

Ditiragalo tsa Maitisong  di simolotse ka ngwaga wa was  1987 mme di tshwarwa ngwaga le ngwaga mo malatsing a le supa, mo bekeng ya bofelo ya mopitlo kana ya ntlha ya morananng. Mo malatsing a go tla bo ga na le bodiragatsi jaaka metshameko le go le belela metshameko mo mafelo a a farologaneng.

Padi ya , The No. 1 Ladies' Detective Agency, e diretswe mo Gaborone. Buka e e kwadilwe ke Alexander McCall Smith. Buka e bua ka ga Precious Ramotswe, mosadi wa ntlha mo Botswana go nna mo thomamisi, le masaitseweng a a rarabololang.

Gaborone legare la itsholelo ya sechaba. Bokopanelo jwa madirelo a madi a bothokwa jaaka Banka ya Botswana, Banka ya Gaborone, BancABC, le  madirelo a go fetola madi mo Botswana  a fitlhelwa mo toropong ga mmogo le bokopanelo jwa difofane tsa  Botswana, Batshireletso ya baji ba reki, dithaeletsanyo, le Debswana,bo kopanelo jwa go epa ditswa mmung jwa De Beers le goromente wa Botswana . Sethopha sa thabololo ya aferika (SADC) se na le bokopanelo jwa sone mo Gaborone; komponi e ne ya simololwa ka ngwaga wa  1980  go oketsa tomagano mo itsholelong, mo malokong a yone le go fokotsa go ikaega mo Aferika borwa.
Di koporase di le dintsi tsa mafatshe di beeleditse mo toropong: Hyundai, IBM, Daewoo, Volvo, Owens-Corning, le Siemens. Orapa House, ke ya Debswana, ke ko diteemane tse ditsa go epiwa teng ko Debswana di kgaogangwang di bo di sekwasekwa boleng . Orapa House, e fithelwa ko makopanelong a tsela ya Khama Crescent le Nelson Mandela Drive, e agilwe ka boleng jwa yone e le nosi, se se letelela letsatsi le le lekaneng go phatsima ka dithabaphefo gore ba kgone go kabakanya diteemane sentle. Bokopano jwa Botswana jwa ditswa mmung bo tshwarwa ngwaga le ngwaga ko ntlong lehalhala ya Gaborone.

Go ya ka tshekatsheko ya thwathwa ya botshelo ya ga Mercer'ka ngwaga wa 2010 , Gaborone e na le palo e ko godimo ya makgolo mabedi le boraro highest ya dithwathwa tsa go tshelac ya batshabis mo lefatsheng ka bophara. Gaborone ke toropo ya boraro e e ko tlase mo dithwathweng tsa batsabi mo Aferika, mo godimo ga Addis Ababa, Ethiopia le Windhoek, Namibia e le ya makgolo mabedi le bothano. Karachi, Pakistan ke tsa bofelo mo lefatsheng ka makgolo mabedi le lesome le bone.

Go na le mabala a metshameko a fithelwang mo mafelong a Gaborone Ke lobala la SSKB, mochudi, le lobala la sechaba la Botswana.  Go na le dithopha tse dintsi tsa kgwele ya dinao tse di emetseng  Gaborone. Dithopha tse ke BDF XI, Gaborone United,Notwane, Police XI le sa Uniao flamengo Santos; tse tsotlhe di tshameka mo  metshaneko ya premir . Sethopha sa sechaba sa kgwele ya dinao se tshamakela mo lobaleng la sechaba, mme ga se ise tshameke mo dikgaisanong tsa kopi ya FIFA ka na ya Afrika.

Ba motshameko wa cricket, sethopha se se eteletseng pele motshameko wa criket mo Botswana, bo kopanelo jwa yone ke mo Gaborone.

Mabelo a Gaborone, mabelo a bobedi mo Botswana, a ne a tshwerwe ka ngwaga wa 2010 ka kgwedi ya Moranang e le lesome le boferabobedi . Ba ne ba simolola go taboga ko mabaleng Phakalane, toropo e e ko bokoni, ba bo ba feta ka Gaborone, ba bo ba feta ka di kago tsa palamente.

Letamo la Gaborone le bonwa mo borwa jwa Gaborone go bapa le tsela e yang Lobatse, gape le thusa Gaborone le Lobatse ka metsi. ke letamo le letona go difeta  tsotlhe moBotswana, le kgona go tshwara metsi a selekanyo se se.  Gape le simolotse go lemogiwa jaaka lefelo la go itlosa bojutu.  Ko bofelo jwa letlamo le ko bokoni, go akangwa go dirwa lefelo la menate le le bidiwa bople jwa metsi Go na le mokgatho wa mekoro e bidiwang Gaborone yatch, le yone e ko bokoni jwa letamo le.  Ko borwa jwa letamo le ke mokgatho  sa Kalahari wa go tshwara dithapi le lefelo le lesha la sechaba lebidiwang City scapes . City scape e na le mafelo a go ntsha bodutu le mafelo a tshamekelo le didirisiwa tsa go dirsa mekoro Letamo le le dirisiwa thata ke batho ba ba lebelelang dinonyane, ba ba shapi ba phefo. Mme fela, ga go letelelwe go thapha mo letamo le ka ntateng ya dikwena le malwetsi.

Lefelo la tshomarelo ya diphologolo la Gaborone, le ko ntle ga toropo mo tseleng ya limpopo.  Lefelo le le agilwe ka ngwaga wa 1988, jaanong le dirisiwa  thata go na le a mangwe mo Botswana.  Diphologolo tse o ka difitlhelang mo lefelong le di akaretsa, impala, kudu, bontshe,dikukama, dipitsa tsa naga, tholo,tshepe le bomathinthinyane Lefelo le tlwaelesegile ka go lebelela dinonyane.  fa go leng tshutlha teng mo lifelong le go na le dinonyane jaaka, ntsu, mmamoleane le koro.

Thaba ya kgale e fithelwa mo dimetareng tse dimakgolo go tswa mo toropong.  Thaba e e bitswa dimo kana mogaka yo o robetseng ga pe e. Go na le tsela tsebe tse o ka didirisang go goroga k godimo ga thaba e, go bo go go tsaya oura tse pedi

Lefelo la tshomarelo ya diphologolo ya Mokolodi, le agilwe ka ngwaga wa 1992 Le bonwa ko borwa jwa Gaborone. Go na le mefuta e e farologaneng ya diphologolo tse di fithelwang mo lefelo le jaaka kolobe ya naga, tholo, kudu, pitse tsa naga, thuthwa, bontshe, kubu le tshukudu.  Lefelo le thusa ka ditiro tsa diphologolo tsa naga mo Botswana jaaka: tshimologo ya go itsewe ga tshukudu e tshweu, phuduso ya mangau a a bakang mathata Mokolodi gape o na le lefelo la thuto, ko go rutelwang bana ka tshomarelo ya tikologo.

Somarelang tikologo ke leloko la dikomponi tse e seng tsa goromente tsa tikologo ko lefelo la tloso bodutu mo Gaborone.  Tsholofelo ya komponi e ke go rotloetsa, tshomarelo ya tikologo ka go ruta, bo diragatsi le go rotloetsa ditiro tse di siameng fa go dirwa lenaneo la tikologo, tshomarelo ya ditswa mmung le matlakala mo Botswana Lefelo le le butswe ka fa molaong ke tona wa tikologo, diphologolo le bojanala , Onkokame Pitso Mokaila ka ngwagq wa 2009 kgwedi ya thakole e le masome mabedi le bosupa.  Lefelo le le na le botshamekelo jwa bana go tshameka le tsatsi lotlhe, tshingwana, lefelo la go dirasa gape, le lebenkele le maeti ba ka rekang dilo tse di dirilwe ka dilo tse dirisiwang gape.

Gaborone o laolwa k eke khansele ya Gaborone.  Khansele e e eteletswe pele ke mokwaledi wa toropo le mothusa mokwaledi.  Toropo e laolwa kana e buswa ke rra kana mmatoropo, mothusa mma/rratoropo le dikomiti tse di tsamaisiwang ke makhanselara: komiti ya tsa madi; tsa botso jwa sechaba, matshelo a batho le komiti ya mantlo; komiti ya teseletso go rekisa;le  komiti ya thuto.   Makhanselara a thopha rra/mmatoropo ba bob a ikaba ka maemo mo komiting ngwaga le ngwaga.  Khansele e na le ba bereki ba le 2,515. Khansele ya toropo e kgalwa ke komiti ya boeteledipele jwa sechba ka dithopho tsa bone tsa sephiri le boeteledipele jo bo botlana. Ka ngwaga wa 2010, khansele e ne ya nna le mathata a matlakala:Frenic, komponi ya matlakala e ya firilwe ke toropo, e ne ya isa toropo ya Gaborone fa pele ga mmakaseterata, ka phimolo dikeledi e e sa duelwang. Se se ne sa dira gore matlakala a nne mantsi a  sa tsewa.

Gaborone ke lefelo la sepolotiki . Dikago tsa goromente tse dintsi di agilwe ko Bophirima jwa mafelo a kgwebo lefelo le le bidiwang lefelo la goromente.  Palamente ya Botswana, ntlo ya dikgosi, le motlobo wa sechaba, le lephata la botsogo.  NFa kgorong ya palamente go na le sefikantswe tautona wa pele Sir seretse KHAMA, LE SEGOPOSO SA BATSWANA BA BA MAKGOLO MARARO BA NENG BA BOLAWA KA NGWAGA WA 1939 GO YA KO NGWAGENG WA 1945.  SEFIKANTSWE SE SENGWE SE A KGOLA MASOLOSE A BOTSWANA BA BA NE BA BOLAWA MO DINTWENG TSA RHODESIA. 

Pele ga ngwaga wa 1982, Gaborone one wa nna le boemedi ko palamenteng, setilo se le sengwe mo palamenteng mo Botswana.  Go tswa ka ngwaga wa 1982 go ya ko ngwageng wa 1993, Botswna o ne wa kgaogangwa ka dikgaolo di le pedi, Gaborone bokone  le Gaborone Borwa.  Setilo sa boraro mo palamenteng sa neelwa maloko a a thophilweng toropo yotlhe ya Gaborone.  Ka ngwaga wa 1993, ka ferikgong dikgaolo tse pedi tse disha tsa dirwa mo Gaborone: Gaborone bothaba le Gaborone Bophirima.  Dithopho tsa goromente, dikgaolo tse nne di ne tsa kgaogangwa ka dikgotlana.  Gaborone bokone o ne ale tse supa,Gaborone bophirima e na le di le supa.  gaborone legare e na le borataro le Gaborone borwa a na le bothano ka ngwaga wa 2002, toropo ya nna le mafelo a bophophelo a le mathano: Gaborone bokoni, Gaborone legare, gaborone le borwa, Gaborone bokon bophirima, le Gaborone borwa bophirima. 

Sekolo sa melawana ya mafatshe e ne ya simololwa ka ngwaga wa 2000 ka kgwedi ya Phukwi mo Gaborone . Sekolo se fa baokamedi ba ba fagare dithuthuntsho mo mafatsheng a SADC.

Toropo e gape ke legae la  baemedi ba mafatshe a sele le  baemedi.

Go na le batho ba le bantsi ba na digarata mo dithutong mo Gaborone go nale mo mafelong a mangwe mo Botswana Palo e e masome masupa le boferabongwe ya dipalo tsa batho mo Gaborone ba na le dithutego tsa dikole tse digolwane.

Toropo ya Gaborone e na le dikolo tse di potlana le tse dikgolwane, tsa ga goromente le eseng tsa goromente Tse di akaretsa sekolo sa Westwood se segolwane, Maru a pula, Sekolo sa Legae le se sebotlana sa Thornhill

Sekolo se se tona sa mmadikole mo Botswana(University of Botswana), se simolotswe ka ngwaga wa 1982, se mo bothaba jwa toropo e.   bo mmadikole ba bangwe ke Limkokwing,Botho e e mo Gaborone. Sekolo sa Botswana sa dipalo le madi(Botswana Accountancy College), se se amogelang batho ba ba dirang le tsa madi le botekiniki, sekolo sa botekiniki(technical colleges) sa botswana, Boitekanelo le sa temo thuo le tsone di teng mo Botswana mmadikole wa Botswana wa melao, e butswe ka ngwaga wa 2006, e na le dikago tsa yone mo Gaborone.  Mmadikole yo one wa nna le kaloso ya yone ya ntlha ka ngwaga wa 2010, dialogane tsa yone tsa ntlha.

Go na le dipampiri tsa dikgang di le mmalwa tse di gatisitsw eng mo Gaborone.  Di akaretsa Mmmegi, Botswana Gazette le The Voice.

Seromamowa sa Yarona se gasa mo Gaborone; letswao la sone mo Gaborone ke 106.6.Seromamowa  se sengwe se senye mo Gaborone ke Gabz FM. 

Pele ga ngwaga wa 2000, banni ba Gaborone ba simolola go amogela dithaeletsanyo tsa sesupa ditshwantsho sa BOP TV, go tswa Mafikeng, se se neng se tsaya molelo ko thabeng ya Kgale.  Mo tsatsi la gompieno, dikoporase tsa thaelesanyo le ya sesupa ditshwantsho sa Botswana go naya Batswana ka dithaeletsanyo tse ba di thokang.

Gaborone ke nngwe ya ditoropo tse di golang that mo Aferica. Go gola ga Gaborone,thatathata mo bogare jwa toropo, mo go dirileng gore mafelo a masimo le one a simolole go nna bontlha bongwe jwa toropo Dijo di le dintsi mo Gabrone di tswa ko bokoni jwa toropo, le balemi ba bangwe ba palo potlana go tswa ko borwa jwa Gaborone.

Toropo e ne e agelwa go nna lefelo la bodiragatsi kana pereko, ka dikago tse di agilwe ka didirisiwa tsa segompieno.  Toropo e dikaganyegilwe ke dikago tse dinnye Lefelo la kgwebo le santse le agiwa, lefatlo a re ke ya toropong o tla bo a raya gore o ya madirelong a kgwebo, ko dikagong tsa goromente di fithelwang teng.  Marekisetso a a matona, a na le boemelo jwa dikoloi, mafelo a thekisetso, o agilwe ka bophara go ya bothaba le bophirima, go na le dikago tsa goromente ko bophirima fa khansele ya Gaborone e le ko bothaba.
 

Marekisetso a Gaborone, ke logae la marekisetso a masha a Square, Tower, le diofisi tse disha tsa SADC, kgotla tshekelo, e e agetsweng go rarabolola mathata a dikgwebo le sefikantswe sa dikgosi tse tharo e bong khama wa boraro, Bathoen wa ntlha le Sebele wa ntlha, kgosi tse tharo tse, di ne tsa tsaya mosepele go ya Britain o mogolo, go ya go kopa gore Bechuanaland e kgaogangwe le Rhodesia wa ko borwa(yo eleng Zimbabwe jaanong) kana Cape Colony(yo e leng Aferika borwa jaanong).  Difikantswe tse di ne tsa thomwa ka ngwaga wa 2005, kgwedi ya lwetsi e thola masome mabedi le boferabongwe. Difikantswe tse di ne tsa thomwa ka ngwaga wa 2005, kgwedi ya lwetsi e thola masome mabedi le boferabongwe. Le fa difikantswe tse di supa ditso, go ne ga nna le dikgothang mabapi le go agiwa ga tsone, 12,000,000 (madi alekanang le di dikadike tsa Amerika tse supa, ka ngwedi ya Seetebosigo ngwaga wa 20101), le fa baagiwa ba tsone ba Korea bokoni ba bua malatsi a peo a a sa siamang.  Dikago tse dingwe tse di santse di agiwa ko marekisetsong ke kago ya Holiday inn, lefelo la go rekisa dijo, le mafelo a diofisi.

Toropo e tsaya metsi a yone ko sebolokelong se se dirilweng gotswa mo letamo la Gaborone, le le leng ko borwa jwa toropo,se se dirile gore kgolo e nne teng.  Toropo ya Gaborone e simologile e le toropo e e potlana, go ne go thkego gore go agiwe letamo la Gaborone go nosa batho metsi.

Go tswa ka ngwaga wa 2007 go ya ko wa 2008,metsi a selekanyo se se  a ne a rekisiwa mo Gaborone. Ba ga goromente ba ne ba reka metsi ka bontsi,.metsi a selekanyo sa  a ne a rekelwa go dirisiwa mo ma lwapeng, fa a le  a ne a rekelwa go ddirisiwa ko marekisetsong.  Ka ngwaga wa 2008, toropo ya Gaborone e ne ya dirisa metsi a selekanyo se se  gape metsi metsi a neng a dirisiwa ke motho a le mongwe ka ngwaga e ne e le, palo e e kotlase e sale ka 1999.

Gaborone o na le dithwathwa tse di ntsi tsa metsi mo lefatsheng ka gore go na le dipalamo tse dintsi le tiriso ya metsi e ntsi.  Madi a mantsi a a bakwa ke  kgang ya gore metsi mangwe a a dirisiwang mo Gaborone a tsewa ko letamong la letsibogo.

Selekanyo sa  gos ireletsega ga metsi ko letamo la Gaborone ke 7.95 ka thakole ka ngwaga wa 2006. Bogale jwa letswai mo bolokelong e ke di grame tse lesome le bone litera e le nngwe ka kgwedi ya moranang ka 2001 le kgwedi ya phatwe ka 2006. Ka yone nako e , bogale jwa letswai la (CaCO3) e ne ele dikilograme litara e lengwe, mo Botswana go raya gore metsi a ga ntafadiwa. Ka nako e le nngwe selekanyo sa letswai la cloride le le 6.44, la fluoride le le 0.54 la potase le le 6.72 le la sodium le le 10.76.

Setlhopha sa sefapano se sehibidu se simolotswe ka ngwaga wa 1968, bokopanelo jwa sone bo ko Gaborone. Sepatela sa Princess Marina ke sepatela se se tona mo Gaborone, se na le malao a balwetsi a le makgolo mathano. 

Setlhopha se se lwantshang kankere mo Botswana, ke komponi e e ikemetseng ka nosi e simolotswe e le komponi ya bo pelothomogi ka ngwaga wa 1998. Tshwaraganyo e eteletsepele mogo feng ditlamelo tse di leng teng go thibela kankere gape e rotloetsa mananeo, ditlamelo go thusa balwetsi ba kankere le go ba ema nokeng le go kgothatsa ba ba amegileng.
Dikago tsa bokopanelo di ko tseleng ya Diletlhakoreng la, Extension 12, Gaborone.

Seporo se ntse se dira tiro e se agetsweng go e dira, e lomaganya toropo le mafelo a ko bokoni le borwa. Seporo se ya ko toropong ya cape , harare le ko Bulawayo. Seporo se bonwa ko borwa jwa kago ya palamente bo bogare jwa toropo. Seporo se se ema mo ditoropo tse di latelang:Ramatlabana ko mololwaneng wa Aferika borwa, lobatse,Gaborone, Palapye, Serule, Francistown,Ramokgwebana le Plumtree ko Zimbabwe. Se ne sa simolola go nna seporo sa di terena tsa dithotho ka Moranang a thola gangwe ka ngwaga wa 2009.

lobala la difofane la Sir Seretse khama le ko bokoni jwa toropo gape le na le difofane tse di yang ko Johannesburg, Harare, Francistown le ko Maun le ditomagano tsa ko kasane le Livingstone. Ke bokopanelo jwa Difofane tsa Botswana. Go simolola ka ngwaga wa 2010, komponi ya difofane tsa Botswana e na le difofane tse di yang ko mabaleng a Losaka ko losaka, Zambia le difofane tse di yang ko Lusaka di feta ka Kasane.  komponi e e simolola go dira tsela e e tswang mo Gaborone go ya ko Luanda,Angola mo bokamosong.

Ka ngwaga wa 2008 However, Gaborone has the most air passenger traffic, accounting for 51.6% of all passenger movement in Botswana. International passengers total 244,073 passengers while domestic air passenger movement comes up to 333,390 passenger.

Gaborone e ne ya oka leitho la dithaelesanyo ka ngwaga wa 1999 ka kgwedi ya Phalane ka ntateng ya leso la ga Chris Phatswe.  Phatswe e le mokgweetsi wa difofane tsa Air Botswana, yo ileng a ipolaya ka go diga sefofane sa gagwe ko lebaleng la Sir Seretse Khama.  Pele ga leso la gagwe, Phatswe o ne a emisa go kgweetsa difofane ka gore o ne a sa itekanelo mo mmeleng.  Gape , morago go ne ga lemogiwa gore o ne a nale bolwetsi jwa AIDS. Le fa a ise a bue sepe ka jone, dikgoreletsi go belaelwa gore di ka tswa di dirile gore a ipolaye.  O ne a digela sefofane sa gagwe mo godimo ga difofane tse dingwe tse pedi.  Se sene sa dira gore Air Botswana e wele tlase ka gore e ne ya sala ka sefofane se le sengwe morago ga tiragalo e. Airdisaster.com e na le ditshwantsho tsa tiragalo e.

Marogo mo Gaborone le mo tikologong a akaretsa  jwa Trans Kalahari, Al le jwa Cairo-Cape.  Go na le ditsela tse thano tse di tona mo Gaborone tse di akaretsang Lobatse,Kanye,Molepolole,Francistown e ya Mochudi le Tlokweng.

Gaborone e na le madirelo  mantsi a ikwadiso ya dikoloi.Go na le dikoloi tsa batho tse di 15,538, tsa selekanyo se se masome mane le borataro tsa dikoloi tsotlhe tse disha tse dikwadisitsweng mo Botswana ka ngwaga wa 2008 mo Gaborone,tse eleng gore tse 8,440 ka tse di pegang bapalami, tse 440 e le dibese, 204 e le dikuta le tse 181 e le diterekere.  Palo e ne ya oketsega go tswa mo go 12,690 ya dikoloi tse di kwadisitsweng ka ngwaga wa 2007. Gaborone gape e na le palo e ntshi ya ikwadiso e e ntshafadiwang ka selekanyo sa 73,206 ka ngwaga wa 2008.

Fa go akeretsa kgaolo ya Gaborone bophirima, gaborone e ne ya nna le dikotsi tsa dikoloi tse 9,415, le batho ba le masome masupa ba bane ba thokafala ka ngwaga wa 2008.  Bontsi jwa go thulana  ga dikoli ka ngwaga o, go tholana ga palo ya 3,146, e ne ele go thulana mo mathakoreng, fa tse 263 di ne di ama diphologolo.  Toropo e gape e ya diraglelwa ke dikotsi tse di amang ba tsamai ka dinao ba le 679 ka ngwaga wa 2008; ba tsamai ka dinao ba le masome mabedi le bone ba ne ba thokafala.  Palo e ntsi ya dikotsi tsa dikoloi tse di amileng batsamai ka dinao, dikotsi tsa tsela di diragetse magare ga nako ya bone le boratararo maitseboeng.

Dipalomo tsa sechaba mo toropong e di a ikanyega, fa ditshwantshangwa le ditoropo tse ditona mo mafatsheng a Aferika. Kombi le ditaxi di dirisiwa mo ditselang tsa toropo fa dibese di dirisiwa go etela metse le ditoropo tse dingwe mo Botswana.

Gaborone o tshwantshangwa le toropo le kgaolo nngwe:




#Article 7: Mmathubudukwane (155 words)


Mmathubudukwane ke motse o kgatlhisang e le ruri.O ko tlasenyana fa o tswa Mochudi.O tla bona go phatsima gateng fa o fologelela ka Mabalane.
Ke motse o o kileng wa bo o tumile ka leina la Wrong Side ka bo 80's.Gone go lela thipa e botlhoko thata teng!Go aparwa dikota!,kwena jones shoes,okapi 3 star.Go ne go tlhabanwa ka di thipa mo go tseneletseng. Lefa gontse jalo ene ele motshameko o monate thata, le bana ba banyenyane ba ne ba rutiwa motshameko o.Fa o sa ikele tlhoko one o ka iphitlhela o le ko toronkong.Ba ba botlhale ba ne ba siela ko Aferika Borwa fa ba dirile molato. Gona le tshika ee tumileng e gotweng ke ya ga Moatshe kwa kgotlaneng ya Ramoleti. Monna gotwe ke Pusweng Moatshe a nyetse basadi ba le babedi, ale bogale tota fela jaaka bana ba gagwe gompieno. Batho ba motse bane ba ba tsaya jaaka ba bogosi, ba ba tlotla.




#Article 8: Festus Mogae (690 words)


Festus Gontebanye Mogae  (o tshotswe ka ngwaga wa 1939 kgwedi  ya Phatwe  a tlhola masome a mabedi le bongwe) ke mopolotiki wa Botswana  yo o neng a le Tautona wa Botswana go tsweng ka 1998 go ya kwa ngwageng wa 2008. O ne a tsaya mo go Rre Quett Masire e le tautona ka ngwaga wa 1998 gape o ne a tlhophiwa gape ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa 2004; morago ga go nna ngwaga tse di lesome mo ofising ,o ne a fologa setilo ka ngwaga wa 2008 gape a tseelwa gape ke Lieutenant General Seretse Khama Ian Khama. O tsene mo nyalong e e boitshepo le Mme Barbara Mogae, gape ba nale bana ba le bararo ebong: Chedza , Nametso le Boikaego.

Mogae ke mokalaka (Moshona wa kwa bophirima) sentle , go tswa Sowe. Setlhopa se sa Bakalaka se bidiwa Badhalaunda, se se bileditsweng mo go kgosi, Dhalaunda, gape puo ya gagwe ke sekalaka kgotsa Shona sa kwa bophirima. 

Mogae o dirile dithuto tsa economics kwa United Kingdom, pele kwa  sekoleng sa  Oxford, gape kwa mmadikolo wa Sussex. A boela mo Botswana go tla go dira e le modiri wa sesole pele fa a dira mo mafelong a pharologanyo le lekgotla la International Monetary Fund le Bank of Botswana. E ne e le mothusa tautona wa Botswana go tswa ka ngwaga wa 1992 go ya ko ngwageng wa 1998.

Lekoko la ga Mogae ebong Botswana Democratic Party (BDP), le tsere puso ka ditlhopho tsa  Phalane ngwaga wa 1999, mme  Mogae a kanelwa lobaka la ngwaga tse tlhano ka Phalane a tlhola masome a mabedi mo ngwageng wa 1999 ke rramolao ebong  Julian Nganunu kwa lebaleng legolo la lefatshe la metshameko moGaborone. Mo modirong o ne o,o ne a ikanya go itebaganya le go lwantsha lehuma le letlhoko la ditiro.

Go latedisa katlego ya BDP's mo ditlhophong tsa Phalane ngwaga wa 2004, Mogae o ne a kanelwa gape legato la bobedi ka kgwedi ya Ngwanatsele mo ngwagebg wa 2004. Mogae o ne a solofetsa go lwantsha lehuma le letlhoko ya ditiro, le gone go emisa kanamo ya mogare wa HIV-AIDS, mo a ithaopileng go o emisa mo Botswana ka ngwaga wa 2016.

Ka kgwedi ya Phukwi a le lesome le bone ka ngwaga wa 2007, Mogae o ne a bolela dikeletso tsa gagwe tsa go tlogela tiro kgwedi tse di borobabongwe tse di latlang.

Mogae o ne a fiwa tlotla ya Grand Cross ya Légion d'honneur{/0 }ke tautona wa France ebong Rre Nicolas Sarkozy mo kgweding ya Mopitlwe a tlhola masome a mabedi ka ngwaga wa 2008 go bo a ne a le moeteledipele wa sekao mo go direleng lefatshe la Botswana malebela a puso ya batho ka batho gape le puso ee siameng.  O ne a  fologa setilo sa botautona ka Moranang a tlhola ga ngwe ka ngwaga wa 2008 mme a tseelwa ke mothusa tautona Rre Ian Khama.

Mogae o fentse tlotla ya Ibrahim Prize for Achievement in African Leadership ka ngwaga wa 2008, gape o tla fiwa selekanyo sa madi a US$ 5 million go fitlha ngwaga tse di lesome gape le US$ 200,000 ka ngwaga botshelo jwa gagwe jotlhe go tsweng foo. Kwa toropong ya London Phalane a le masome a mabedi ka ngwaga wa 2008, mokwaledi mogolo wa United Nations Rre Kofi Annan o ne a tlhalosa: Ketelelo pele ya maemo ya ga tautona Rre Mogae e supile katlego mo matlhong a setshaba kgatlhanong le segajaja sa HIV/AIDS se se neng se tshosa lefatshe le batho mo lobakeng lo lo tlang.

Mogae gompieno o dira  e le morongwa yo o kgetlhegileng wa lekalana la United Nations Secretary-General mo mererong ya tsa phetlogong loapi. Ka ngwaga wa 2010, o ne a kopana le lekgotla la bogakolodi la U.S. la TeachAIDS.

Rre Festus Mogae o diretse lefatshe la Botswana ka lobaka lo lo leele. E ne e le tautona yo o ratang batho ebile a dumela mo go reng re le lefatshe re tshwanetse go dirisanya mmogo gore kagiso e rene mo lefatsheng.Tautona o ne a dumela thata mo pusong ya batho ka batho ka a ne aitse gore mongwe le mongwe o botlhokwa mo lefatsheng.




#Article 9: Dithamalakane (173 words)


Mosese wa ga makgonthi Marantha--- Dinaledi.

Bana baa bina mme Mmabone ga a tsikinyege --- Setlhare le dikalana tsa tsona.

Ka phetlha mosese ka bona monate --- Setlhotlha sa mmidi.

E tsena e omeletse e tswa e rotha rotha metsi--- Letlhare la Tee.

sutlhasutlha yo o sa tshabeng mitlwa.........metsi
pholosa ya mosarwa khibidu......moretologa
Tswene kotama banyana ba tshege......pitsa ya setswana e tlhetlewa mo isong
Mosimane wa gaetsho o o robalang a ikgatile sebono........thipana ya mokopelo
Tau e ntsho e e nnang mo sekgweng se se ntsho.........nta
tirr tirr!nonyane ya kgosi.......pula
ka apaapa bodiba motlhaba metsi ke a tswere.........dintshe tsa bojalwa
Bonnoi ba ba itaanang ka dikopi kwa motsheo........lehulo la bojalwa bo bela
Naare ga o lapisiwe ke morwalo.........pinagare
Monna yo o gatlhamelang mo ntlung a sa laladiwa.........marang a letsatsi/letsatsi

Sekananyana mafoko se a tsaya kae? - Ditaola/Dipheko
Sekananyana metsi se a tsaya kae? - Legapu
Pota kafa ke pote kafa retla kopana ko pele - Lebante
Bana ba ba nne(4) ba dula ba taboga fela mme ga ba siane - Maotwana a koloi 




#Article 10: Molepolole (229 words)


              
Molepolole ke motse mogolo wa Bakwena. Motse o o sekgala sa dikhilomethara tse di masome a matlhano le bobedi (52 km) mo bophirima jwa toropo kgolo Gaborone.

Molepolole ke boagedi jwa batho ba ka tshwara (go sa tlhomamisega) dikete tse masome a supa (70 000).

Fa motse o o leng gone go ne go bidiwa Dithubaruba fa Bakwena ba tla go aga teng. Ka nako tseo ba ne ba eteletswe pele ke Kgosi Sechele o o neng a ba falotsa mo Maburung (the Boers, the white Afrikaner farmers of South Africa) le mo go Mzilikazi wa Batebele.

Kgosi Sebele wa Bakwena ke mongwe wa dikgosi tse tharo tsa Batswana ba ba ileng ba ya ko ga Mmamosadinyana (England) go ya go kopa tshireletso mo Maburung ba ba neng ba ikgagapelela lefatshe.

Kgosi kgolo ya motse ka nako eno (2006) ke Kgari Sechele. O tsere bogosi jwa gagwe mo go motshwarelela bogosi e bong Rre Kgosikwena Sebele, le fa go ntse jalo Rre Kgosikwema e rile go mo bo rolela ya seka ya nna kgetsi e potlana ka go bo a ne a re bogosi ga bo a lebana Kgari Sechele. Go ya ka tshekatsheko ya ditso tsa bakwena, go le bega ha bogosi bo ne bo lebagane Mokgalagadi Sechele, kgotsa mongwe wa bo monnawe. Le mororo go ntse jalo, Kgosi Kgari Sechele ke ene kgosi ya Bakwena mo bogompienong.




#Article 11: Seretse Khama (493 words)


Sir Seretse Khama (July 1, 1921  – July 13, 1980) ke ene tautona wa ntlha wa lefatshe la Botswana. O gakologelwa lefatshe ka bophara ka go tlisa kgotso le thokgamo mo Botswana.

Rre Seretse o tshotswe ko Serowe, mo Bechuanaland Protectorate e le ngwana-wa-ngwana wa ga Kgosi Khama III (wa boraro) wa morafe wa Bangwato. O biditswe Seretse go lebeletswe gore seretse fa se tlhakane le metsi, se a kopana ka jalo go ka twe ke mokopanya setshaba. Rre Seretse o ile a nna kgosi ya Bangwato ka ngwaga wa 1925, a le dingwaga tse nne fela, morago ga loso lwa ga rraagwe, mme Rre Tshekedi Khama o ne a mo tshwarelela bogosi gore a gole pele.

O ne a tsena dikolo tse dikgolwane kwa Aforika Borwa, mme morago a ya go tsena kwa Fort Hare University College, gone kwa Aforika Borwa. O ne a dira ngwaga o le mongwe kwa Balliol College, Oxford, kwa ga Mmamosadinyana, mme morago a ithutela tsa molao kwa Inner Temple kwa Lontone.

Ka Seetebosigo sa ngwaga wa 1947, Rre Seretse Khama o ne a kopana le Mme Ruth Williams, mme wa lekgoa mo Lontone. Morago ga ngwaga ba ne ba nyalana. Lenyalo le la motho yo montsho le yo mosweu, le ne la seka la amogelwa ke Puso ya Tlhaolele(Aparateiti) kwa Aferika Borwa ga mmogo le bagolwane ba Ga MmaNgwato. E ne yare Tshekedi a utlwa, a batla gore Rre Seretse a busediwe kwa gae mme ebile nyalo eo e fedisiwe. Go boeng ga gagwe, Rre Seretse o ne a buisa diphuthego, mme morago a tlogelwa go nna Kgosi. Setšhaba le sone sa simolola go amogela Mme Ruth Williams Khama, mohumagadi wa gagwe. Rre Tshekedi ene o ne a tlogela Bechuanaland Protectorate, ka a ne a sa dumalane, mme Rre Seretse a boela Lontone go feleletsa dithuto tsa gagwe.

Mafatshe a sele one a ne a sa itumelela lenyalo le, bogolo jang la Aferika Borwa le le neng le tlhaola batho ka letso la mmala. Mme ka Bechuanaland Protectorate e ne ele ka fa tlase ga puso ya ga MmaMosadinyana, goromente wa Aferika Borwa a laolela wa ga MmaMosadinyana gore Rre Seretse a ntshiwe mo bogosing. Ka MmaMosadinyana a ne a latlhegetswe ke madi mo ntweng ya mafatshe-fatshe ya bobedi, o ne sa batle go latlhegelwa ke gauta go tsweng Aferika Borwa. Ka jalo Seretse o ne a kojwa mo Bechuanaland Protectorate.

Seretse Khama o tlhokafetse ka kgwedi ya Phukwi 1980 a le dingwga dile masome a matlhano le robongwe.Go thlokafaleng gagwe go ne ga dira gore Batswana ipotse dipotso ka bane ba itse fa go sena ope motho o a neng a nale botsipajwa go busa.Khama o boloketswe
kwa go bolokelwang balelwapa la ga Khama kwa lentsweng kwa motsing wa Serowe.Ngwana wa gagwe ebong Ian Khama o ne a mo sela morago ka ditro ka go tsena mo pusong fa a a ne a thlophiwa go nna tautona wa lefatshe la Botswana ka ngwaga wa 2008.




#Article 12: Sekgalagadi (317 words)


Morahe wa batjho ba letso la Bantu, Basarwa le Khoi ba tholega bokone jhwa Africa. Morahe o, wabo o horosha bokone beya bothaba jhwa Africa, mme ele morahe wa ntha go rula mo lehelo la Cape mo lehatsheng la Africa borwa gka rigwaga jha bo 300A.D. Gka 1961 Batjho ba ga MmaMosadinyana ba ne bona gole botoka gore Botswana a ikemele ale wane go jhwa Afrika Borwa. Merahe e meberi e ya Basarwa le Khoi, mojhwa ga lobagkanyana ba bo be latjela morahe wa Bantu lehelo la Cape.

Kihisano mmogo ye, lebakjga layo ke go legka gore encyclopedia ya matshotsho othe a mahatshe a harologanyego, mme e bile a sha sogkameye mo lethakoring lengwe ebile a rihisiwa ke motjho mongwe le mongwe mo interneteng mahala.Wikipedia ha e ruwelelwe, ebile e gka rihisiwa go bata thaloso ya shengwe le shengwe, le go baakanya je riseye ritchenyijwe.Gka gore mongwe le mongwe o kgona go tchenya she o she batayo, Wikipedia ha e go tshepise gore she o gka she hithela e gka dgwa ele boammaruri dgotlhe kgotsa nnete e heleyeyo.O gka legkeledga ka Sandbox, Shekgalagadi Wikipedia e, e na le ri article rile lesome le bosupa. Go tshola malebela kgotsa go poponyeja go bona gore o ka kwala eng, o gka bula wa thola gore batjho ba kopile eng.

Motjho wa letso la Sesarwa , Khoi le Bakgalagadi ba  bowna mo digkaolong gka go harologana bophirima mo Aforika. Mo lehaching la Botswana go nale morahe wa Basarwa ole moraro ha morahe wa Khoi ole lesome le bobedi le morahe wa Bakgalagadi one o hejta bothano. Batjho ba puo ee ya Basarwa gantsi ba bonwa digkaolong jhe di tjengnyanatjang jhwa gka bo Hukuntsi, Inalegolo, Lehututu, Ncojane, Khakhea, Mabutsane le Sekoma.Ha mbangwee bona be bonwa mogkaolong Kweneng mo  Khekhenye le Luzwe(Dutlwe). Bakgalagari ke batjho ba morahe wa Bantu jwagka Batswana, Bakalanga le Batswapong. Morahe o ke Batswana e bile ke Sotho-Tswana




#Article 13: Setso sa Setswana (820 words)


Setso se bua ka mekgwa, boitshwaro mo dithulaganyong le mo ditirong tsa morafe. Di kaya botlhale jwa morafe mo go rarabololeng mathata le go dira ditshono gore go nne le tswelelopele mo botshelong.

Gape setso se bua ka tsela eo re tshwanetse go itswara ka yona, tlotlo, Maitseo a a amogeletsegang bogolo thata go iketse gore o tswa ole kae?

Mo Batswaneng Setso le Ngwao di botlhokwa thata. Melao ya Setswana ga e kwalwe fa fatshe go buisiwa ke mongwe le mongwe, ebile ga e tsamaisane le bogolo jwa dingwaga tsa motho. Se se raya gore fa o sa nyala kgotsa o sa nyalwa ga o kitla o itse molao wa lenyalo, le fa le ka tshwaraganngwa fela ke magiseterata la se ka la laiwa ke bagolo, ga lo tsene fa go laiwa banyalani ba bangwe ka gore lona lo jele molao wa sekgowa fela. Fa o le mogolo o tswalelwa kwa ntle fa ngwana wa gago a nyala kgotsa a nyalwa wena o sa laiwa mo nyalong. O ka nna malome, rangwane kgotsa rakgadi fela mo molaong o ikgogela kwa morago fa setlogolo se laiwa. Mengwe ya melao ke fa banyalani ba tsena mo ntlong, go na le molao o ba o fiwang, fa o sa tsenngwa mo ntlong ka molao ga o tsene fa go na le tiro ya mofuta o, gore go tsena bana ba gago ga go tshwenye. Molao mongwe ke wa go rupa, fa o sa tswe bogwera kgotsa bojale ga o a tshwanela goitse gore go dirwang, o le monnamogolo gongwe mosadimogolo.

Gompieno go na le ketsaetsego ya gore melao e mentsi ga e salwe morago ka tshwanelo, mme go botlhokwa gore re se ka ra letlelela bophelo jwa segompieno jo bo tletseng ka mafaratlhatlha a tekenoloji go re fenya. Ka gompieno bontsi ba rona re phela mo metseng setoropo re tshwanetse re tsamaye ka thuto e bagolo ba rona ba re e tlogeletseng go e dirisa kwa rephelang teng, re diragatse ditiro tsa rona tsa setso tse di kgonagalang fa re nnang teng, re se ka ra tsaya gore ka e se mo magaeng re ka seka ra diragatsa setso sa rona. Ga ntsi ga re dirise meila ya rona jaaka re tshwanetse ka re phela mo ditoropong, fa gotwe o seka wa ja o e me ka maoto gongwe o seka wa jela mopitseng, gore o kwa Seborogo, Jeremane kgotsa Fora fa o le Motswana se dire jalo.

 
Tshega,
Makgabe,
Serampheetšhane, sedirwa ka letlalo la phatla ya kgomo.
Motlokolo: sephinya,mateis

Go na le dilo tse dintsi tse di ntseng di itirelwa ka diatla go tswa bogologolong. Dingwe tsa dilo tse di setse di lebetswe mo malatsing a segompieno, fa tse dingwe di ntse di tsweletse di dirwa. Dilo tse di ne di direlwa go dirisiwa, mme jaanong gompieno bontsi jwa tsone di dirisediwa go kgabisa.

Mo tlholegong ya Setswana, Batswana ba ne ba itse go gakolosa tshipi, ba itirele dilepe, digai, dithipa, megoma e e otolang, le tse dingwe tse ba neng ba di tlhoka go itshetsa le go iphemela ka tsona. Mo malatsing ano kitso e ya go gakolosa tshipi e tsamaile, le gone go itirela dilwana tse tsa tshipi go nyeletse. Batswana ba kile ba be ba kgona go ipetlela selepe sa ntwa - magagana; mme gompieno kitso eo e ile le beng ba yona

Bontsi jwa dilwana tse di itiretsweng ka diatla di sa ntse di le teng le gompieno. Dingwe tsa dilwana tse, jaaka tlatlana, di diretse Botswana mo mafatsheng a mantsi. Dingwe tsa dilwana tseo ke tse:

Tlatlana ya Botswana, e e dirwang bogolo thata kwa Maun, e galalediwa thata mo ditshupong tsa mafatshefatshe tsa ditiro tsa diatla. E bonwa e le nngwe ya ditiro tse di dirilweng ka botswerere le kitso e e tswang mo mading a motho.Tlatlana ya Setswana e logwa ka lotlhaka lwa noka.Tlatlana ya Botswana e setse e rekisiwa mo mafatsheng a mantsi mme ka go rialo e tsisetsa lefatshe leno madi a a tswang mo mafatsheng a sele Tlatlana e e kgabisiwa ka mefutafuta, e be e logwe ka dilekanyo, tse di farologanyeng. Go na le tse ditona le tse dinnye, tse di kgonang go pegwa mo loboteng, go kgabisiwe ka tsona.

TSUTSUBE, PHATISE, HOSANA, HURU, SETAPA SA DIPHATE LE MMAMARUTLE.

Mmino wa Setswana fela jaaka mmino wa ditso tse dingwe, Ke sekgantshwane, ebile ke sekao sa Setshaba sa Setswana. O farologane ka mokgwa o o diragadiwang ka teng. bogolojang fa re lebile dikao tsa ditso tse dingwe mo Aforika. Didiriswa tsa teng ga se tsa manobonobo mme di natifisa pina thata, jaaka mokgwa wa go opa diatla, Matlhao le diphala. Molodi wa pina ya Setswana o supa gore Batswana ke bo mang le gore Botshelo jwa bona bo ntse jang. Mo mminong go bonala Boitumelo, Kutlobotlhoko, Metshameko, kalafi, Kaloso le ditiro tse di amanang le setso tse di dirwang ngwaga le ngwaga jaaka go rapelela Pula le ka nako ya thobo.




#Article 14: Bophuthatswana (118 words)


Bophuthatswana e ne ele nngwe ya magae-mafatshe a maloba a puso ya maloba ya Aforika Borwa ya kgatelelo le tlhaolele. Maikaelelo e ne e le go aroganya batho-bantsho ka kakaretso go basweu bao ba neng ba dumela batho-batsho ba le ko tlase ka tlholego le botlhale mo go bona. Moetapele wa Bophuthatswana o ne a itsege ka Dr Lucas Manyane Mangope.Magae-mafatshe a mmuso wa maloba a feletse a ne a akaretsa Transkei (Ma-Xhosa), Bophuthatswana (Batswana), Venda (Ma-Venda), Ciskei (Ma-Xhosa). Puso ya Bophuthatswana e ne ya phutlama moraga ga baagi ba puso-legae leo ba lwela go akaretswa mo pusong e ntsha ya Aforika Borwa fa tlhaolele e sena fo fedisiwa ke puso ya basweu ba maloba. batho ba botswana




#Article 15: Lucas Manyane Mangope (184 words)


Moetapele wa puso-legae la maloba la Bophuthatswana. O tlhopilwe ke mmuso wa kgetololo le tlhaolele go eta Batswana ba tulo ya Aforika Borwa pele. E ne e le mmusa-esi go tloga ka 1977 go fitlha ka 1993 fa kgethololo le tlhaolele e fedisiwa/ emisiwa mo Aforika Borwa.

Go tsholweng mo motseng wa Motswedi,Mangope e ne ele morutabana go fitlha kgwedi ya Phatwe 1959 fa jaanong a nna Kgosi ya mo motseng.Ka ngwaga wa 1971,o ne a nna mongwe wa leloko la dikgosi mo pusong a bo a kgona go fenya maemo a ntlha morago ga ditlhopho tsa kgwedi ya phalane 1972.

Mangope o nnile tautona ka ngwaga wa 1977.Ka ngwaga wa 1988, o ne a kobiwa ke ba sepodise mme a tsewa gape ke ba sesole sa Aforika Borwa. 

Kwa dipuisanong tse di neng di tshwaretswe kwa Kempton Park(1993) tse di tsositseng ditlhopho ka ngwaga wa 1994 kwa Aforika Borwa,Mangope o buile fa Bophuthatswana etla nna ele maphato o ipusang go ya go ileng la fa Aforika Borwa a ka fetoga le gore o tla letelela ditlhopho tse di latelang mo lafatsheng la gagwe.




#Article 16: Zambia (494 words)


Zambia ( /ˈzæmbiə/), yo o itsegeng lefatshe ka bophara ka leina la lefathse la Zambia, ke lefatshe le le dikaganyeditsweng ke mafatshe a mangwe. Mafatshe a mabapi ke la Congo mo bokone, Tanzania mo bokone botlhaba, Malawi mo botlhaba, Mozambique, Zimbabwe, Botswana le Namibia mo borwa, le Angola mo bophirima. Toropo kgolo ke Lusaka, e e bonwang kwa borwa bogare jwa lefatshe. Palo tsa batho di kitlanye thata mo toropo kgolong ebong Lusaka mo borwa le kwa kgaolwaneng ya Copperbelt Province go ya bokone bophirima.

Ka kgwedi ya Phalane a tlhola masome a mabedi le bone ngwaga wa 1964, lefatshe le ne la tsaya boipuso jwa lone go tsweng kwa lefatsheng la United Kingdom mme tona Rre Kenneth Kaunda o ne a tswengwa mo stlilong sa botautona.Phutlhego ya Kaunda's socialist United National Independence Party (UNIP) e ne ya tsaya marapo a go busa go tsweng ka ngwaga wa 1964 go ya kwa go wa 1991. Go tsweng ka ngwaga wa 1972 go ya kwa go wa 1991 lefatshe la Zambia e ne e le lefatshe la phutlhego e ngwefela, maikaelelo a se e ne e le go kopanya lefatshe go nna lengwefela ka sekano sa 'Zambia o mongwefela, lefatshe le lengwefela'. Kaunda o ne an fengwa ke Frederick Chiluba wa phuthego ya social-democratic Movement for Multi-Party Democracy ka ngwaga wa 1991,ka yone nako e lefatshe la Zambia le ne la nna le kgolo ya itsholelo ka selekanyo se se kwa godimo

Dipolotiki tsa lefatshe la Zambia ke tsa puso ya batho ka batho,ke gore tautona o itlhophelwa ke batho go ya ka ditlhata le go rata ga bone mme se se raya fa tautona a tlhophilwe o etelela lefatshe le yone khudutlhamaga tota.Tautona wa gompieno ke Rre Sata yo fentseng ditlhopho ngwaga yo o fitileng.E re le fa go ntse jalo seemo sa sepolotiki ga se se jesang diwelang mo nakong ya gompieno ka gore batho ba belaela gore go ka tswa go ile ga nna le maretshwa a tsietso

Puo e e buiwang molefatsheng la Zambia ke Sekgowa, se se dirisiwang mo fa go buiwa ka tswa kgwebo le gape se dirisiwa mo dikolong go ruta baithuti. Teme e e buiwang mo mafelong mangwe jaaka toropo ya Lusaka,ke puo ya Nyanja.Le fa go ntse jalo, Bemba le Nyanja di buiwa gantsi kwa ditoropong le mo mafelong a a tlhabologileng jaaka Zambia. Tse dingwe di akaretsa Kaounde, Tonga, Lunda le Luvale, tse g gasiwang ka tsone mo dithulaganyong tsa sesupa ditshwantsho sa Zambia National Broadcasting Corporation (ZNBC).Palo ya dipuo tse di buiwang mo lefatsheng la Zambia di masome a bosupa le bosupa

Lefatshe la Zambia le mo kgaolong ya borwa bogare jwa Aferika ka jalo go nale selemo se se nang le dipula le mogote yo o kwa godimo mme e re mariga go nne le mariga a a boitshegang a ka dipula tse d phataletseng.Seemo se se rotloetsa dilo di tshwana;e temo thuo mme se se godise kgotsa se tlhabolola itsholelo ya lefatshe.




#Article 17: Serowe (424 words)


Serowe ke motse mogolo wa morafe wa Bangwato, o kgosi kgolo ya one e leng Kgosi Seretse Khama Ian Khama. Bangwe ba bagaka ba morafe o ke Rre Ratsie Setlhako, Kgosi Gorewang Kgamane, Rre Seretse Khama le ba bangwe fela jalo .

Serowe o itsege thata ele motse mogolo mo Botswana morago ga motse mogolo wa Bakwena ebong Molepolole. Ke one motse mogolo wa Bamangwato. Serowe o itsege thata ka ele one motse o bontsi jwa botautona ba Botswana ba tswang teng.

Serowe o ntse o gakologelwa Khama III, Kgosi ya Bamangwato batho ba bogologolo ka ngwagakgolo lesome le boferabongwe le masome mabedi. Ka ngwaga wa 1903, o ne a thomiwa fa e le motse mogolo  Serowe, Bamangwato. Gape ke lefelo la matsalo la ga  Seretse Khama, motswana wa ntlha go nna Tautona wa lefathse la Botswana, le boremelelo jwa setso sa morafe wa Bangwato.

Sekolo sa Swaneng Hill ke sengwe sa dikolo tsa ntlha mo Serowe. Sa Brigades Movement dikolo di simolotswe ke morutegi Patrick van Rensburg.

Serowe o bonwa mo lefelong le le siametseng temo thuo, lefelo le le tshwarang metsi mo Botswana Central District gape ke lefelo la kgwebo le thekiso. O bonwa mo bophirima jwa tsela ya Gaborone–Francistown kwa go leng motlhofo  teng go ka o bona. Gape le supa tshimologo ya tsela ya Serowe-Orapa  ee felelang ko moepong wa teemane wa Orapa. Tshimologo ya tsela e e simologile ka ngwaga wa 1986, mme e ne ya fetswa dingwaganyana morago.

Swaneng Hill o kgaogantswe ka dintha di le tharo tse di bidiwang Pa-Swaneng, Ma-Swaneng and Ba-Swaneng: Rre, Mme le Ngwana ka go latelana.

E sale ka ngwaga wa 2000, Serowe o nnile le dithabololo di le mmalwa, mme o tswelela ka go gola ka seemo se nametsang ntswa kgolo ya mabapi nae Palapye. Sekolo se se golwane sa Swaneng se se itsegeng ka leina la, Swaneng Hill, se ne gape sa thatosiwa maemo ke puso ya Botswana ka kompone ya tsa kago ya batho ba letso la China. Gompieno e na le felo la thathobelo ditsompelo tsa segompieno tsa maranyane, le fa go ntse jalo ba thoka ditsompelo tsa kitso ee tseneletseng. Ka jalo ba nnile le kgatlhego mo maranyaneng, mme se se bakile gore ba romele bana ba ba nang le bokgoni ko ntle ga lefatshe. Go maleba go umaka fa ba na le kitso ya lephata la ditso ee kwa godimo ee isang bana go tsaya maeto a go ya difikantsweng go dikologa lefatshe. Dingangisanyo di rotoediwa thata, mme se se baka ditshimega di le mmalwa tsa lefatshe. 




#Article 18: Abejar (292 words)


Abejar ke toropo kgolo kwa Spain, Europa. E na le baagi ba le 406.Go nale ditso tse di reng ka 1776, merafe e le meraro e ne ya kopana go aga motse wa Abejar. Merafe e e ne ya (nyelela) kwa Nuestra Señora del Camino, Piedrafita, le Barrio Bajero de Abejar.Ditso dingwe,tse di neng tsa gatisiwa ke Bernardo de la Torre, tsa re ngwe ya tsa masalela a ne a bonwa ke Saint James, mme peto ya legong yone ya dirwa ke Saint Lucas. O tswelela ka go tlhalosa gore 570, ya mebila e ne ya senyakwa ke Liuvigild.Fa lefelo la Priedrafita le sena go tlhoka batho, le la kopangwa le Abejar, mme se se ileng sa sala se gakologelwa ke leina ebong Virgin. Morago ga gore dikgaolo tse di kgaogangwe, di ne tsa aga motse o mongwe,mme ba sala ba nale kereke e le ngwefela ya parish ,e e ileng ya fiwa mokolobedtsi ebong Saint John.Morago ga kwelotlase ga thulaganyo le ka fa dilo di tshwanetseng go dirwa ka teng ,toropo e e neya fetola seemo sa yone mo ntheng ya ka fa kereke e neng e tsamaisiwa ka teng kwa kgaolong ya Old Castile, Soria legal , kwa irileng mo palo bathong ya ngwaga wa 1842, go ileng ga nna le batho ba le lekgolo le masome a mane le borataro le baagisanyi ba le makgolo a matlhano .lesome le bnoferabobedi le bone

Toropo ya Abejar e itsege thata ka mafelo a a kgatlhisang le bontle jwa toropo tse di tlisang bnotshelo.Batho ka bontsi ba rata toropo e fela thata bogolo jang fa go le bosigo.Go nale mafelo a go gorogelang baeng,a bontsi jwa one a a ratiwang ke bajanala ka gore a tsewa a le kwa godimo fela thata




#Article 19: Adradas (118 words)


Adradas ke toropo kgolo kwa Spain, Europa. E na le baagi ba le 79.Mo toropong e go buiwa teme ya Sepotokisi le tse dingwe fela jalo.Adradas e buswa ke .Bontsi jwa banni ba toropo e ke ba neng ba tswa kwa lefatsheng la Portugal ka nako ya dintwa tsa mafatshe,gape bangwe ba bone ba ne ba tswewa ke beng ka bone go ba dira malata

Seemo sa loapi kwa toropong ya Adradas ga se se iketlileng.Go tsididi fela thata mme se se raya gore fa motho a ya teng o tswanetse go nna a apere diaparo tse di bothito ka nako tsotlhe.Go nna go wa kopoko bogolo jang ka mariga.Serame se ka nna selekanyo sa 19 degree celcious




#Article 20: Maun (720 words)


Maun ke toropo ya Ngamiland.
Maun ke Motse mogolo wa bokone bophirima lefelo le le itsegeng ka leina la Ngamiland mo Lefatsheng la Botswana. Motse wa Maun o na le batho ba ka tshwara dikete tse makgolo a matlhano.Dipalo tse di dirwa ke merafhe ee farologanyeng e fitlhelwa gone mo motseng wa Maun.

Merafe ya motse wa Maun e akaretsa batawana ba ba tshwereng se tilo sa  bogosi jwa motse wa Maun, Bayei,Basarwa le Banbukushu. Go tswa go lowe kgosi ya motse wa Maun e tswa mo morafeng wa Batawana. Kgosi ya ntlha Ya motse wa Maun e ne ele Letsholathe II, yo irileng go thokafaleng ga gagwe go tse ngwana wa gagwe e bong Tawana Moremi. Kgosi Tawana Moremi o tshwareletswe bogosi ke kgeetsedie e bong Kealitile Moremi.

Maun ke lengwe la mahelo aa humileng ka ditsatholego mo lefatsheng la Botswana. Banni ba motse wa Maun ba tshela ka go lema go tswa bogologolong. Merafhe ya Bayei, Batawana ke batho ba ba digogang ko pele mo temong. Dijo tse di lemiwang di akaretsa magapu, maraka, mabele, mmedi le tse dingwe. E ke tsela e batho ba itirelang dijo ka teng. Go lema go dirwa fela ka paka ya dipula ee simolong ngwaga o ya fifing. Di dirisiwa tsa temo di akaretsa dikgomo, ditonki le megoma. Bosêng batswana ba motse wa maun ba lema ka terekere ga bangwe ntse ba tshwere mo mokgweng wa maloba.

Godimo ga moo batho ba motse wa Maun ke barui ba dikgomo, ke ka mong motse wa Maun ele mengwe ya metse ee nang le dikgomo tse dintsi mo lefatsheng la Botswana. Thuo mo motseng o ga se ya kgomo hela ke ya leruo lotlhe ka kakaretso ebong dipodi, dihutshane,dipitse le ditonki hela jalo. Leruo le lone fela jalo ke motswedi wa dijo jaaka batho ba bona masi mo dkgomong le dipodi ke sa lebale le nama.

Mo motseng go fitlhelwa mantle entle a tholego a akaretsa mefuta ya dithare tse di farologanyeng jaaka dithare tsa maungo ebong motshaba, motsetsentsela, moroja, moretologa le tse dingwe tse dintsi. Le dithare tse di jewang ke leruo fela jalo le majang a a farologanyeng. Gona le losika la dithare tsa mengana ebong mogotho, mongana le mosu. Mefuta ya bojang e akaretsa phoka, mokakama le e mengwe. Motse wa Maun o kgabile ka motswedi wa metsi aa elelang ebong noka ya thamalakane ee tisang botshelo mo motseng wa Maun.

Motse wa Maun o tumile thata ka go nna kgoro ya bojanala mo Lefatsheng la Botswana, Maun ke motse o ditsela di nna mafaratlhatlha teng. Ka gore bajanala ba feta ka Maun goya Okavango Delta ga mmogo le bo Chobe National Park le mafelo a mangwe jalo jalo. Maun o le mafelo a a amogelang bajanala aa maemo a ntlha jaaka bo Sedie hotel, Maun Lodge, Rileys hotel, Kamanga Lodge le amangwe ke ka nankolo a ka tatsa tsebe e.

Noka ya Thamalakane e bonwa mo lefatsheng la Botswana mo Africa mo motseng wa Maun kwa bofelong jwa borwa jwa makgobokgobong a Okavango. Noka ya Thamalakane ke mengwe ya metswedi ya noka ya okavango. Noka ya Thamalakane e nale diphologolo tsa metsi e bong dikwena,dikubu le dithapi. Noka thamalakane ke ngwe ya ditsatholego tse e leng tsone di o kang bajanala go tla mo motseng wa maun. Noka e ke yone e tlokafatsang matshelo a banni ba motse wa Maun ka e ba thamela ditiro gape e ba thusa ka dithapi le Tswii ka ele dingwe tsa dijo tse ba tshelang ka tsone,Banni ba Maun ba dirisa noka e go itlhabisa phefo ka nako ya thamalakane.

Mo motseng wa maun go nale dikolo dile mmalwa tse di fithelweng mo motseng o. Go fithelwa dikolo ka go farologana mo motseng o tsa dithuto (primary schools) tse di potlana le tse di fa godingwana (juniour schools) le tse di tlhagolelang tsela goya ko bo godingwana (senior schools) le tsa bo mma dikolo (univesities) le tsa ithutelo tiro ya diatla. Dikolo tse di potlana tse di fithelwang teng ke tse di latelang Bonatla,Mathiba,letsholathebe,moremi,Botshwelelo,sekgoma,Boyei,Matola bontsi jwa dikolo tse di reeletswe ka maina a dikgosi ko ntle ga dile tharo e bong Bonatla,Matola le Boyei.

Moepo wa maun o fithelwa mo motsaneng o mabapi le maun o bitswana Toteng o sekgele sa dikilomethara dile masome a marataro le borataro go tswa mo motseng wa maun.




#Article 21: Lobatse (387 words)


Lobatse ke toropo mo borwa botlhaba jwa Botswana, dikhilomitara di le masome a supa go tswa borwa jwa toropo kgolo Gaborone,mo twatswaneng e e yang bokone jwa Gaborone. Lobatse o na le batho ba le dikete tse masome a mabedi le boferabongwe le makgolo a le masupa. Toropo e, ke kgaolo  ya makgotla, gape e na le khansele.

Bangwaketsi ke bone batho ba ntlha go aga mo lefelong le mo Botswana, mo le ileng la felela le agilwe ke Bangwaketsi mo lobakeng lwa dingwaga tse di lekgolo la lesome le borobabobedi. Marapo a bogologolo a ntse a teng mo pakeng ya gompieno.

Go filhelela ka boipuso ka ngwaga wa 1966, ,Botswama e ne e le British Protectorate ya Bechuanaland, e ne e nale mathata ka gore e ne e le lefatshe mo toropong e eneng e le kwantle ga molelwane wa lefatshe. Mafikeng, South Africa ka nako eo e ne e le yone toropo kgolo, godimo ga moo toropokgolo e ne e tshwanetse go nna Lobatse kgotsa Gaborone. Gaborone o ne a tlhopiwa e le setilo sa puso ,fa Lobatse a tlhopiwa e le setilo sa molao.

Ka ngwaga wa 1954 barongwa ba development co-operation ba ne ba aga matlhabelo a Lobatse a gompieno a bidiwang B.M.C. (Botswana Meat Commission). Lobatse o pharologanyo ka tsela ya ntlha mo Botswana, e e dirilweng ka 1958. Ka boipuso kgwedi ya lwetse a le masome a mararo ka ngwaga wa 1966, dikilomithara tse tlhano e ne e le tsela e e nang le sekonotere lefatshe ka bophara.E ne e le tsela e e tswang maemelo a terena a Lobatse go ya kwa kgotla tshekelong e e neng agilwe ka mo go kgetlhegileng ga loeto lwa ga kgosi George VI gape le Queen Elizabeth ba England ka ngwaga wa 1947.

Kgotla tshekelo e bonwa kwa Lobatse, le tsone diofisi dikgolo tsa lephata la tshekatsheko ya lefatshe gape le sepatela sa balwetse ba tlhalogayo sa Lobatse Mental, se eleng sepatela balwetse ba tlhaloganyo fela mo  Botswana. Madirelo ka bontsi a kwa Lobatse, e leng matlhabelo (BMC), ka go rua ka  e le  konokono mo itsholelong ya  Botswana pele ga go lemogwa ga diteemane e le botlhokwa  e bo e sala e le bontlha bongwe jo bo mosola jwa ngwao. , ke kompone e tona e e seng ya puso e e tlhapang.




#Article 22: Mochudi (602 words)


Mochudi ke toropo la Botswana. Mochudi ke motse mogolo wa Bakgatla-ba-ga-Kgafela,mo kgalong ya Kgatleng.Ke mongwe wa motse o banni ba teng ba ipeelang ka ngwago ya bone.Ona le palo ya batho ba ka tshwara masome a mane a dikete.Motse o,o kwa bokone-botlhaba le dikilometara di ka tshwara masome a mararo le bosupa go tswa mo toropo kgolo Gaborone.motse o o sekgele sa dikilometara di sekae go tswa mo tsele kgolo ya Gaborone-Francictown,o ka bonwa ka go fapogela kafa motsaneng o gotweng Pilane.

Mochudi one wa tlhomiwa ke batho ba letso la Tswana ka ngwaga 1871.

Matlho otlhe a bajanala mo Mochudi a felela mo motlhobong wa ditso wa Phuthadikobo oo mo godimo ga thaba. Motlhobo wa ditso ona le ditshwantsho le mekwalo e megologolo ee buang ka tshimologo ya Bakgatlha.O a gilwe mo dikagong tse pele eneng ele tsa sekolo sa ntlha mo Mochudi,jaaka ele bosupi go tswa mo ponetshegong ya kwa ntle .Go bapa le teng ke enngwe ya terekere ya ntlha gonna ya Motswana.Motlhala wa lonao le letona le mong wa lone eleng Matsieng,mogaka le modimo wa batho ba letso la Tswana,yo aneng a eteletse batho ba gagwe le diphologolo mo legareng la lefatshe go gapa lefatshe ka bophara.Mochudi o tlhwaelesegile ka matlo a setswana aa takilweng leka jeno kgotla ya setswana esantse ele teng . Gole go ntsi ks Bakgatla go ka bonwa mo:David Suggs'enthnography entitled A Bagful of Locust and the baboon Woman :construction of Gender ,change ,and Continuity in Botswana.
    

Mochudi ke motse mogolo wa Bakgatla, ba ba tlholegang totatota kwa lefatsheng la Aferika-Borwa. Bakgatla ba ne ba siela mo lefatheng la Botswana ka ngwaga wa 1871 morago ga go tlhaselwa ke maburu ba gapa ditsha tsa bakgatla. Ka nako ee Bakgatla ba ne ba bona bonno fa thabeng ya Phuthadikobo mabapi le noka ya Ngotwane. Fela ujaaka metse e mengwe mo Botswana Mochudi ke mongwe ya metse e nang le dikago tsa matlo a a tlhabologileng le a segologolo a supang ngwao ya bone. Dikgosi tsa Mochudi e bong Kgosi Linchwe Khamanyane Pilane yo o busitseng ka ngwaga wa 1875 go fitlhelela ngwaga wa 1924 le Kgosi Molefi Kgafela Pilane yo o busitseng ka ngwaga wa 1929 go fitlhelela1958 ba ne ba boloka gautshane le kgotla gone mo motseng wa Mochudi. Kgotla ya Mochudi e bapile thata le tsela e e tswelang kwa thabeng ya Phuthadikoko, phuthadikobo ke ngwe ya mahelo a bojanala e bile e le lehelo le le nonotshang ditso tsa le fatshe la Botswana. Museum kgotsa Motlobo wa ditso le matlotlo a Botswana o na le ditswantsho tse di supang fela sentle ngwao ya Bakgatla le ditso tsa bone. Dingwe tsa ditshantsho tse di supa bomme ba bopa,dikgosi le dingaka tsa setso di rapelela pula,basetsana le basimane ya ko sekoleng sa bogwera le bojale le mekgabiso ya mantlo.  

 
Nngwe ya dikole tsa ntlha go agiwa mo motseng Mochudi ka ngwaga wa 1921 ne se agile ke Rre Regent Isang Pilane. Sekole se ke sone sa ntlha go naya bana dithuto tsa sekole se segolwane e bong(secondary education). Ka ngwaga ya 1976 sekole se ne sa fetolwa Motlobo wa ditso le matlotlo(Museum) ebile se na le ditswhantsho tse di kgatlhisang tsa moitsanape yo o itsegeng lefatshe ka bophara e bong Professor Isaac Schapera yo o neng a le tlhaga thata ka go itse ngwao le botshelo jwa Batswana mme Rre Professor Isaac Schapera o ne a tlhokahala ka ngwaga wa 2000. Lefelo le lengwe le le kgatlhisang thata mo motseng a Mochudi ke kereke ya Deborah Retief Memorial Church e e agilweng ka ngwaga wa 1903 le mo bogompienong e ntse e mo tirisong. 
 
 




#Article 23: Mahalapye (120 words)


Mahalapye ke motse mo kgaolo mo e e mo legareng la Botswana. Motse o o fitlhelwa mo tseleng e kgolo go di gaisa ya A1 ee simololang go tswa ko Ramatlabama go felela ko Ramokgwebana . Dikgotla tse di ka fitlhelwang mo Mahalapye ke; Botalaote, Madiba, Flower Town, Boseja, Bokaa, Thomadithotse,Tshikhinyega, Mowana, Dilaene. Motse o o dikaganyeditswe ke metse ya Shoshong mo  bo phirima tsatsi,Palapye ko bokone.

E rile mo bosheng dikago tsa sepatela le sepodise tsa mahalapye di ne tsa fudusediwa kwa bophirima jwa motse oo, kwa Parwe gaufi le letamo .

Motse o, o na le dikole tse di mmalwa, tse di potlana di le lesome le boraro, tse dikgolwane dile tlhano le se setona se le sengwe.




#Article 24: Bobonong (130 words)


Bobonong ke toropo e e fithelwang mo Kgaolong legare ya Botswana masome a robedi go tswa mo toropong ya Selibe Phikwe. Bobonong o nale palo ya batho ba ka tshwara dikete dile lesome le bongwe. Morafhe wa Babirwa o fitlhelwa mo toropong ena. 

Bobonong ke ofisi kgole ya kagolo ya Bobirwa, sebaka sa oura go tswa mo kgaolong ya Tuli Block ko go fitlhelwang Northern Game Reserve. Mashatu and Tuli Safari ke dingwe tsa mahelo a nang le ko babojanala ba ka nnang teng.

Toropo ya Bobonong e nale sekole se segolo (Matshekge Hill School) se se tsayang bana go tswa mo dikoleg tse di potlana tsa Kgaolo ya Bobirwa. Kgaolo e e nale diofisi tsa palamente tse akaretsang sepatela se se potlana,ofisi tsa mapodisi,poso,motlobo wa dibuka le ko marekelong. 




#Article 25: Basarwa (295 words)


Basarwa ke batho ba Botswana.
Basarwa ke bone batho ba ntlha go nna mo Botswana. Batswana ba ne be goroga mo Botswana dingwaga tse di ntsi tse di fetileng. Ba ne ba tseela Basarwa lefatshe, ba bo ba dira gore Basarwa ba tshabele ko sekakeng. Ke ka moo gompieno Basarwa ba nnang ko sekakeng le ko merakeng.

  
Tshekatsheko ya ditso e supa fa bangwe ba letso la  basarwa ba sale ba nnile mo sekakeng sa  kgaolo ya kgalagadi.Mme bontsi ja   letso la Basarwa mo kgaolong ya borwa jwa Aferika ba ne ba patelediwa go nna mo kgaolong eo. Basarwa ba kalahari ba nnile mo lehumeng fa bahumi ba ba nnang go bapa le bone ba ba rontshitse ditshwanelo tsa go nna le lehatshe.Morago ga nako ee sa fedising pelo Botswana ga mmogo le , ba ne ba fithela bonno jwa bone bo fokoditswe mo go fiteletseng.

Basarwa ke batho ba thata e itsiweng ele batsomi. Go nneng ga matlong a a sa akaegeng, Basarwa ba tshedile ka go tsoma diphologolo le go bapala diphologolo tsa naga.Bontsi jwa batho mo borwa jwa Afreka ba ne ba itsesiwe ngwao ya Basarwa ga mmogo le teme ya bone go dirisa setshwantsho sa motshikenyego.

Ka kgwedi ya ferikgong a thola masome a mabedi le bosupa ngogola ,Basarwa ba ne ba fenya tsheko kgathanong le puso mo Botswana ko kgotla kgolo ya ditshekelo morago ga go kganelwa go amana le metsi a a nowang mo di dibeng tse di kwa ba nnang teng.Barrister Gordon Bennett e ne e le moemedi wa basarwa ko tshekong jaaka fa baathodi ba supa fa puso ya Botswana e le molato go fa thuso ee sa nametseng.Gangwe le gape, puso ya Botswana e ne bolelelwa gore e duele dituelo tsa go tsenelela tsheko ga Basarwa.




#Article 26: Kasane (444 words)


Kasane  ke toropo ya mo Botswana,ee bapileng le kwa mafatsheng a le mane a Aferika a kopanelang teng ebong: Botswana, Namibia, Zambia le Zimbabwe. E kwa bokone botlhaba jwa lefatshe la  Botswana  kwa e okametseng  bogare jwa kgaolwana ya Chobe . Palo ya batho ba Kasane e ne e le makgolokgolo a supa, makgolo a marataro le masome a mararo le borobabobedi mo palo bathong ya ngwaga wa 2001.

Ka bokhutshwane Kasane o simolotse go itsege lefatshe ka bophara jaaka lefelo la go ntshafatsa nyalo ya ga Mme Elizabeth Taylor le Richard Burton, ka ngwaga wa 1975.

Toropo e e fa thoko ga borwa jwa lotshitshi lwa noka  e e tona ya Chobe e e tlhamang mololwane wa lefatshe la Namibia kwa sebateng sa lefatshe leo. Setlhakatlhake sa Namibia sa Impalila se lebaganye le toropo mo bokone jwa lotshitshi la noka, gape go nale mololwane oo kgabaganyetsang kwa Lefatsheng la Namibia ka mokoro. Go tloga dikhilomethara tse di borobabobedi mo botlhaba jwa Kasane go motsana wa Kazungula,kwa lefatshe la  Botswana golebaganyeng le noka ya Zambezi go tloga fa e kopanang teng le noka ya Chobe. Fa mololwane wa Kazungula o direlang mekoro ya Kazungula e e kgabaganyetsang kwa motsaneng wa Kazungula mo Zambia kwa botlhaba  jwa lotshitshi lwa noka ya Zambezi. Go bapa le mololwane wa  bobedi go tsela ee tswelang ntlheng ya lefatshe la Zimbabwe e e yang dikhilomethara tse di masome a bosupa mo botlhaba jwa lephothophotho la Victoria .

Kasane o kwa bofelong jwa tsela e e tswang toropong ya bobedi le ya ntlha ya lefatshe la Botswana ebong Francistownle Gaboronee leng mo tikologong gare ga borwa le bogare jwa Aferika gore dikoloi tse di rwalang bokete di se imele borogo jwa kwa lephothophothong la Francistownmo bokete bo bo lekanyeditsweng. Go nale tsela ee tswelang kwa mololwaneng wa lefatshe la Namibia dikhilomethara tse di masome a matlhano le motso ko Ngoma.

Kasane o kwa bokone botlhaba jwa mmotwana wa lefelo la diphologolo la Chobe  gape kgolaganyo ya ditsela le yone e dira gore go nne motlhofo gore bajanala ba kgone go ya lefelong la diphologolo le mo teng ga mokgobokgobo a Okavango , kwa Namibia le maphothophotho a Victoria.

Toropo e e thusiwa ke ba dipagamo tsa difofane mo Kasane.

Kasane o nale mafelo a bothibelelo le a borobalo (aa itebagantse le kgwebo ya maroko le go bona diphologolo). Mafelo a a neela mesepele ya go ya mafelong a diphologolo a Chobe malatsi otlhe, le go tsamaya ka mekoro mo nokeng ya Chobe.

Kasane o nale mabentlele aa beeletsang  madi a Barclays, First National, Stanbic le Standard Chartered le kwa go tsewang madi ka bofefo ka tiriso ya maranyane a ATM.




#Article 27: Palapye (186 words)


Palapye ke mongwe wa metse mogolo mo  Botswana. E fitlhelwa mo tseleng ya A1, fa gare ga Gaborone le Francistown. Lefelo le e leng mo go lone le fetotse go nna toropo dingwaga tse dintsi tse di fitileng, ka e ne ele marakanelo a di terena le ditsela.  

Leina Palapye ke leina le le thamilweng morago ga gore motse o, o bone matlhotlha pelo mo ditsong tsa one. Motse oo o tlholegile ka leina la Phalatswe gonne lefelo la teng le ne le tshabelelwa ke diphala. Lefa gontse jalo leina Palapye le thamilwe ke dimmishinari (missionaries) ba e leng gore bane ba bona go le thata go bitsa leina Phalatswe. Bangwato totatota bone ba tlholegile ba ikagetse dikago kwa bokone gaufi le dithaba tse e leng gore mo segompienong di setse di thibeletswe ke batswapong kwa bokone mo motseng wa Malaka. Dikago tseo gompieno dibidiwa Old Palapye. 

Mangwe a mafelo a neng a kgatlhisa batswakwa ka dingwaga tsa 1800 e ne ele : 

Go fitlhelwa thata morafe wa Bangwato, Batswapong le merafe e mengwe mo motseng wa Palapye.

Dipholo. K.(2011), Old Palapye, My City Of Ruins, 




#Article 28: Gumare (413 words)


Gumare  kgotsa Gomare  ke motsana o o bonwang kwa kgaolong ya Bokone-bophirima jwa ##Botswana|Botswana##, gaufi le makgobokgobo a Okavango# Palo ya batho ba Gumare e ne e le makgolokgolo a a borataro, masome a borataro le bosupa mo palo bathong ya ngwaga wa 2001#

Makalana a puso a le mane a laola kgaolo ya Ngamiland:

Maun o okametse ditirelo tsa bogare jwa Ngamiland# Gumare ke yone fela kgaolwana, e e bitswang kgaolwana ya Okavango, gape e nale kokamelo ya tsamaiso ditiro tsa yone# Molelwane wa bookamelo jwa Okavango o simolola kwa Habu, go akaretsa Qangwa le Xaixai go ya kwa Gudigwa# Molelwane wa sepolotiki o simolola kwa Etsha 1 go fitlha kwa Gudigwa mme se se pharologanyo le thuto le temo-thuo# Go nale metsana e le masome a mabedi le bosupa mo kgaolwaneng ya Okavango#

Okavango ke ene fela wa bontlhabongwe kwa go nang le diphologolo le ditlhare mo Kalahari# Okavango o ikaegile fa lefelong le le sa siamang fa lefatshe le , tshikinyegelang teng le thoromo ya lefatshe# Go tswa fa, phetlogo ya popego ya lefatshe e nna e fetloga gape e sa tshepege# Go nale komelelo ya lefatshe, makgobokgobo, metswedi, lekadiba, bojang mo lefatsheng, bodiba gape le ditlhake tse di sa balegeng tsa selekanyo se se sa tshwaneng le popego e e pharologanyo#

Merafe e e tumileng mo kgaolwaneng e ke ya Batawana, Bayeyi, Baherero gape le Bahambukushu, le Basubiya# Gape go nale Banoka #noka ##Basarwa|Basarwa###, baagi tota ba Okavango, gape le Bakgalagadi le Baherero# Bontsi jwa ditlhopa tse di agile fa tlhoko ga noka, e ba e dirisang go tshwara ditlhapi gape le go nosetsa diruiwa tsa bone# Ba lema mo dibateng tsa merwalela,mmidi le mabele#

Nngwe ya dilo tse di ba thusang ka go dira madi ke bojanala #le fa dikompone tse e le tsa batswa kwa#, thuo ya diruiwa, go loga  ditlotwana gape le madirelo a a potlana, le temo-thuo# Kgaolwana ya Okavango ke legae thata ka palo ya batho e e itebagantseng le temo-thuo gore ba kgone go itshelela# Ka ngwaga wa 1975 khutlola ya United Nations Development e ne ya thusa batho mo Gumare le Etsha go godisa botswerere jwa go loga ditlatlana gore di kgone go rekisiwa kwa mafatsheng a mangwe# Ditlatlana le tse dingwe tse dinnye, dipetlo tsa maemo di ne tsa isiwa kwa Gaborone gape tsa isiwa kwa United States le Europa go rekisiwa#

Jaaka dikgaolo tse dingwe mo Botswana, Okavango o lebaganwe ke kgwetlho ya kanamo ya mogare wa HIV/AIDS mo bathong#




#Article 29: Mogoditshane (848 words)


Mogoditshane  ke motse o o fithelwang mo Kgaolong ya kweneng mo Botswana.Mo palo bathong ya ngwaga wa 2010 dipalo di godile fela thata mme se se baka gore ditlamelo di atlamele batho bogautshwane.Banni ba motse yo bontsi jwa bone ke Bakwena go tswa kwa kgaolong ya 
ke motse yo o gaufi le motsemogolo wa Botswana  Gaborone.Bontsi jwa banni ba motse o ba berekela kwa toropokgolo .

Sethopha sa kgwele ya dinao ya Mogoditshane ke .Se kile sa tshameka le ditlhopha ka mefutla ya tsone mo Botswana mme gape se kile sa tshameka mo dikgaisanong tsa  le ntswa se ile sa seke sa dira bontle le morago sa gogelwa ntle.Gompieno se tsamekela kwa dikgaisanong tse di kwa tlase mme di sala morago tsa Mascom Premier Leaguebo leng teng jwa sone se santse se kile sa gapa dietsele di le mmalwa.

Batho ba Tsolamosese kwa Mogoditshane ba ntshitse matshwenyego tebang le kabo ya lefatshe mo kgaolong eo.Ba rotse maikutlo mo phuthegong ya kgotla ya mopalamente wa bone Rre Patrick Masimolole bosheng.Ba re lekgotla la kaboditsha la Mogoditshane ga le a ba rerisa ka peo ya ditsha kwa Tsolamosese.Ba re lefatshe le a rekisiswa, e bile ditsha tsa batho di fokodiwa ke bagolwane ba lekgotla la kaboditsha ntle le therisano e e tshwanetseng, mme selo seno se bakile dikgotlhang mo baagisaning ka jaana ditsha dingwe di pagama tsa ba bangwe Mongwe wa banni Rre Pule, o tlhalositse fa dingwaga di se kae tse di fetileng go ne ga dirwa tumalano ya gore ba ba beilweng ba tlaa tshwanela go duela tuelo e potlana.A re go ne go dumalanwe gape gore tsela ya go duela e tlaa dumalanwa gore ba kgone go tshegetsa ditsha tsa bone.

Le fa go ntse jalo ditumalano ga di diragale, ka jaanong ba tewa gore ba duele madi a mantsi gore ba neelwe ditlankana tsa ditsha.A re ditsha tse di sa tlhabololwang tse di neng di neetswe banni ga di a tlhabololwa ka jalo di nna maiphitlho a dirukutlhi, a tla a re dikgang tsa go nna jalo ditshwanetse go tsenngwa leitlho go tila gore banni ba tlhokofadiwe.Rre Pule o boletse gape gore ofisi ya kabo ditsha e tshwanetse go fefosa go baya ditsha, gore batho ba age.
Mme Juliet Moumakwa o ne a dumalana le Rre Pule a re lekgotla la kaboditsha le mo gakolotse gore a se ka a nama a tlhabolotse setsha sa gagwe ka o filwe setsha se go lebegang se le fa go rulaganyeditsweng go aga tsela teng.Mme Moumakwa a re o ne a emetse ofisi ya kaboditsha dingwagangwaga go mo rebola gore a age.Mongwe wa batho ba koo Rre Quite Ndope, o akgoletse Rre Masimolole go bo a bone go tlhokega go tla go bua ka kgang e ya lefatshe, e ope a se keng a ba fa sebaka sa go bua ka yone

Mopalamente wa Mogoditshane a re puso e boetse morago kgang ya go thubela banni bangwe ba go tweng ke bo maipayafela matlo.Rre Patrick Masimolole o boleletse jalo banni ba dikgotlana tsa Khudiring, Nkoyaphiri le Tlapalanoga jaaka a ne a buisa diphuthego tsa kgotla.A re tona wa lephata la ditsha le matlo o solofeditse fa ba tlaa iketla pele ka kgang eo mme e tlaa sekwasekwa. O boletse fa a ne a dira maiteko go kwalela tona yoo go kopela banni bao maitshwarelo ka kgang eo ka jaana e ne le ene e sa mo jese diwelang.Rre Masimolole o ne gape a itsise banni fa kokelwana ya Tsolamosese e fedile e bile e setse e filwe le mookamedi. A re dilotlele tsa kago eo e e nenag le phaposi ya pelage di tlaa fiwa ba khansele ya Kweneng mme e tla dirisisiwa mo bogaufing.A re kopile eo e filwe gape koloi e e rwalang balwetsi mme a kopa morafe go dirisanya le ba meste e e gaufi sentle fa ba tsile go kopa dithuso kwa kokelong eo ka e le ya Batswana botlhe.

Banni ba ne ba lekodisiwa gape fa kago ya sekole se segolwane le yone e tlaa simolodisiwa mo bogaufing ka jaana go emetse rakonteraka go fudugela kwa setshang. Kago eo e en e tshwanetse go simolola ngogola mme ga nna le tiego ka jaana puso e ene e tshwanela go buisanya le beng ba ditsha s di amegang.Rre Masimolole a re tego e en ya bakwa gape ke gore setsha se se neng se beilwe se ne se le sennye mme ba tshwanela ke go kopa gore se okediwe.O boletse fa puso e ntshitse madi a P500 million go aga sekole seo e bile maikaelelo e el gore ngwaga o o tlang a simolola se bo se ka amogela baithuti ba ntlha.O ne a ba lekodisa gape fa tsela ya mela e merataro e e ralalang motse e tlaa dirwa mme a roltoesta banni go ipaakanyetse go tsenya ditala le gone go ya go rekisetsa bao ba ba tlaa hirwang dijo gore le bone ba kgone go itshetsa.Rre Masimolole o en ba itsisie gape fa puso e e dumalane gore Mogoditshane a dirwe kgaolo potlana a tlhalosa fa jaanong banni ba tlaa akola ditlamelo bogaufi




#Article 30: Gabane (315 words)


Gabane ke motsana o o dikhilomitara di le lesome le botlhano go tswa mo toropo kgolo Gaborone.
ke motsana wa Balete ba ba tlholegang kwa Ramotswa o o ka fa tase ga bogosi jwa ga Kgosi Mosadi Seboko.Kgosi ya motse o ke Kgosi Seeletso Pule,ka ntlha ya se matlhogotshweu ba o bitsa lefatshe la ga Pule kgotsa Gabane Pule.
 
Gabane o itsege ka Madirelo a Pelegano Village Industries e e tlhametseng banana le bagolo jwa motsana o mebereko.Pelegano  e tswakatswakantse ditiro tse di e dirang,go tswa mo go bopeng dinkgwana,go sila mabele,go betla,ga mmogo le go tshwantsha.Ka ntlha e bajanala ba tla ka mmetela go tla go bona le go reka magasigasi a.

Gabane o itsege thata ka itloso bodutu e e faphegileng e e dirang gore baagisane go tswa mo metseng e e mabapi ba tle ka dipalo letsatsi le letsatsi,se a bo e le ntateng ya Mountain Rest Bar e e itsegeng ka go letsa mmino wa jazz labone le tshipi mongwe le mongwe.Gabane o ntsitse baopedi ba tlhwatlhwa mo ditsong tsa lefatshe la Botswana magareng ga bone Franco and Afro Musica,Matsieng ga mmogo le Miso Mmereki tshoso e rweleng mo go tsa ditlaeletsano,o itsagale thata ka matlhaga tlhaga a gagwe mo Mokaragana (monate sukiri) ka jaana ke mogasi mo seromamoeng.

Gabane o itsege thata ka moribo wa maitiso le meletlo ya tshupo tsa kapari. Motsana o, o nale bagaka ba diopedi ba le mmalwa ba akaretsa setlhopha sa le  . Banni ba Gabane ke barati le barotloetsi ba kgwele ya dinao. Setlhopha sa bone sa Mmamoratwa sa kgwele ya dinao ebong , ba tshameka mo phadisanyong kgolo ya metshameko ya kgwele ya dinao ya lefatshe la Botswana.

Gabane ke motsana oo gaufi le toropo kgolo Gaborone. Gabane o santse a gola jaaka go supagala matlhasedi a ditlhabologo di akaretsa  dikago tsa madirelo ebong , marekisetso a leokwane. 

Gabane ke legae la balatedi:




#Article 31: Tlokweng (630 words)


Tlokweng  ke motse o agilweng gaufi le toropokgolo ya Botswana, Gaborone, mo kgaolong ya borwa-botlhaba. E ka tsewa e le bontlha bongwe jwa Gaborone. Tlokweng o ka kwa ntlheng e nngwe ya noka,gape o mo tseleng e e yang kwa molelwaneng wa Aferika Borwa, molelwane o dikhilomethara tse di lesome le botlhano mo botlhaba. Palo ya batho e ne e le makgolokgolo a le masome a mabedi le motso,lekgolo le masome a mararo le boraro mo palo bathona ya ngwaga wa  2001.

Tlokweng o tshwantshangwa le moanelwa mogolo mo pading ya   No. 1 Ladies' Detective Agency  mo dibukeng ka mefutla tsa mokwadi Alexander McCall Smith. Moganedi ebong , Mma Precious Ramotswe, o nyala Mr. J.L.B. Matekoni, yo tsholetsweng ebile a boa a godisetswa mo Tlokweng, morwa modiri mongwe wa tshimo yo o neng a bereka e le motlhokomedi yo mogolo wa moeteledipele wa ofisi ya kompone ya diterena. Setswerere se se baakayang dikoloi ebong , Mr. J.L.B. Matekoni ke ene mong wa lefelo le go baakanyediwang dikoloi mo Gaborone le le bidiwang Tlokweng Road Speedy Motors.

Batswana ba latlhegelwa ke diketekete tsa madi ka go reka ditsha tse di setseng di rekisitswe.Se se boletswe ke mogolwane wa mapodisi a Tlokweng Superintendent Lebalang Maniki, jaaka a ne a lekodisa ba tatediso ya dikgang bosheng.Superintendent Maniki a re ba setse ba amogetse dipego di le mmalwa tsa batho ba ba rekiseditsweng ditsha tse di setseng di rekisitswe.O boletse fa ba tlhotlhomisa kgang e rre mongwe kwa Tlokweng, a neng a reka setsha ka P65 000, mme ya re morago a lemoga fa setsha seo se rekiseditswe mongwe ka madi a a fetang P40 000.A re kwa Modipane gone ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe a neng a reka setsha ka madi a a fetang P10 000, a re monna yo o ne a tlhabolola setsha seo ka go aga ntlo, fa e tlaa re morago a bo a fitlhela ntlo e agilwe e feleditswe.Superintendent Maniki a re rre yoo o ne a ikgolaganya le yo a mo rekiseditseng setsha, mme a mmolelela fa a mo rekiseditse setsha seo a sa itsisa ba masika.A re e ntse e le gone kwa Modipane ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe a neng a rekisetsa mongwe setsha ka P25 000, a re e ne ya re morago rre wa moreki a fitlhela ditena mo setsheng seo, mme ya re a botsa morekisi gore ditena tsa ga mang a tlhalosa fa mongwe a ka tswa a timetse mo setsheng seo.O boletse fa rre yoo a ne a felela a lemoga fa setsha seo se rekiseditswe yo mongwe gape ke fa a ikgolaganya le mapodisi.

Superintendent Maniki a re ba tlhotlhomisa tiragalo e nngwe e mo go yone rre mongwe a neng a rekisetsa yo mongwe setsha ka P65 000, a re rre yoo o ne a ntsha bontlha bongwe jwa P60 000, a re morago rre wa moreki o ne a lemoga fa morekisi a mo rekiseditse setsha se e seng sa gagwe.A re e ntse e le gone kwa Tlokweng, ba tshegeditse banna ba le babedi ba ba lebanweng ke molato wa go bapatsa setsha e se sa bone.O tlhalositse fa banna bao ba ne ba bapatsa setsha sa mongwe mo pampiring ya Advertiser, ka lesego mong wa setsha a se bona se bapaditswe mme a ikgolaganya le ba sepodisi.Superintendent Maniki a re e re le ntswa a tlhaloganya gore batho ba tlhoka boroko mo toropo kgolo Gaborone, batho ba tshwanetse go dira ditlhotlhomiso pele ba digela diketekete tsa madi ka motlhobodika, ba re ba reka ditsha.O kopile batho go ikopanya le ba bogosi kana ba kabo ditsha go netefatsa gore a batho ba ba ba rekisetsang ditsha, ba na le tsone pele ga ba kgaogana le madi a bone.




#Article 32: Ramotswa (911 words)


Ramotswa ke motse mogolo wa Balete. Motse yo o mo kgaolong ya Borwa Botlhaba mo Botswana, go bapa le molelwane wa Aferika Borwa le Botswana, ko borwa jwa toropo kgolo Gaborone. Motse wa Balete o sephara sa dikilometara di le masome a mararo go tswa mo toropo kgolo ya Botswana. Motse o, o na le dikgaolo di le nne, tse mo go tsone go agileng balete di akaretsang Mogobane, Otse, Taung le Gabane. Le fa setswana sere ga e ke e etelelwa ke manamagadi pele, Morafe wa Balete o eteletswe pele ke Kgosi Mosadi Seboko, kgosi ya bobedi go nna mosadi mo lefatsheng la Botswana.

Morafe wa Balete o tlholega kwa Aferika Borwa mo kgaolong ya Kwazulu Natal ko gone baneng ba bua puo ya setebele. Morafe o o ne wa fudugela kwa Transvaal morago ga dipheretlhego tse di neng tsa nna teng kwa Kwazulu Natal ka dingwaga tsa 1876. Morafe wa Balete o iphitlhela jaana jaana o le fa Ramotswa gaufi le molelwane wa Aferika Borwa.Go tsweng ka dingwaga tsa 1805 go fitlha mo ngwageng wa 2013, Balete ba eteletswe pele ke dikgosi di le lesome le boraro, palo e e akaretsa dikgosi tsa borre di le lesome le bobedi le mme a le mongwe.

Balete ke morafe wa Mandebele a Transvall go tswa Thohoyandou. Ke morafe o farologaneng le Mandebele a neng a ya go nna kwa Rhodesia o gompieno a bidiwang Zimbabwe. Balete ba ne ba thibeletse kwa Polokwane le kwa Madikwe ko bogosi bo ne ba fetesediwang mo go Kgosi Tlase, Kgosi Maphalaole o ne a letlelela morwa rragwagwe o mosalang morago go tswara se tlhopha se segolo sa morafe wa Balete mme se sa baka gore a latlhegelwe ke bogosi. Dikgotla mo Ramotswa di akaretsa: kgotla ya Goontsa  ba e leng babusi ba Mandebele a Transvall, kgotla ya Kgosing e bogosi bo neng ba fudugela ko go yone gotswa ko Goontsa, Kgotla ya Tshielong, Goonare, Goomoeng le Kgotla ya Gookobua. Balete ba ne ba reka moraka mme ba kopana le Batlokwa ka ngwaga wa 1929 go dira kampa ya dipoo. Moraka o ke one o ne wa dirisiwa go rua dipoo go godisa leruo la bone.

Motsana wa Taung o leng gaufi le Ramotswa o ne o dirisiwa ke Balete jaaka masimo go lema dijwalo, mo godimo ga moo motsana wa Taung o ne a dirisiwa e le maemelo a diterena kgotsa kotoisi go thusa banna baba neng ba bereka mo meepong ya Aferika Borwa go kgona go ya tirong le go boela gae. Maemelo a diterena kgotsa Kotoisi a ne a bidiwa Ramotswa Station mme gone go na le banna ba Barotsi ba berekela mo maemelong a. Banna ba Barotsi ba ne ba tserwe ko Bokone jwa Rhodesia o gompieno a bidiwang Zambia. Banna ba Barotsi ba ne ba bua sekgoa mme se sene se dira gore ba kgona go utlwana le go dirisanya le makgoa, se sene se ba neela maemo a kwa godimo go na le merafe e mengwe mo karolong ya Borwa jwa Aferika.

Dipego di bua gore malwapa a Balete ne ba batla banna ba Barotsi ba nyala bana ba bone ba basadi gore ba kgone go nna le 
sebaka kgotsa monyetla wa go ja dijo tsa sekgoa jaaka rice tse Barotsi ba neng ba dija. Barotsi ba ne ba nyala basadi ba Balete mme ba ikagela metsana mo Taung gautswane le maemelo a diterena a Balete. Metsana e neng ya Bopiwa ke Banna ba Barotsi ba ba nyetseng basadi ba Balete e ne ya gola mme ya feletsa e le bonno jwa sennela ruri, kgolo ya bonno e ne ya dira gore motse o fetolwe leina go o bitsa Taung. Leina la Taung le tserwe mo nokeng e fetisetsang metsi mo lefelo le go tswa kwa Mogobane. Ke leina le legologolo le le rayang noka, morafe wa Bazezuru o ne wa tswa Lobatse o ne wa ikgolaganya le morafe wa Barotsi moragonyana.

Otse: Balete ba ba neng ba tswa Aferika Borwa ba i le ba thibelela kwa Otse. Otse o ne a bidiwa Letsekela ka mabaka a motswedi wa metsi go tsweng mo lentsweng, go ne jaana go na le letamo gautshwane le sekolo se sebotlana. Otse ka tlholego e ne le moraka mme moragonyana a fetoga go nna maemelo a diterena. Lefelo le ne le tletse ka merafe e farologaneng e a karetsa Mandebele a Transvaal, Bahurutshe, Baherero, Bakaa, Batswapong le Baxhosa. Makgoa a ne a bitsa Otse bare Otsi. Ka fa tlase ga bogosi jwa ga Kgosi Baitlotli go ne go na le batho ba le bantsi thata mo kgotleng ya Ntlha ya godimo, se se ne sa pateletsa kgotla go sutisetswa kwa Ntlha ya tlase go thusa mo kgodisong ya motse le go thusa go o ketsa dipalo tsa dikgotla. Kgosi Maletenyane II o ne a tsaya bogosi mo go rragwe. Ngwana wa gagwe wa mosimane o ne a bitswa Israel kgotsa Tsoorre o ne a tsena mo bogosi morago ga gore rragwe a tlhokafale. Kgosi Israel o ne a berekela ko Aferika Borwa mme o ne a tsisiwa mo gae go tla go busa go simologa ka dingwaga tsa 1964 go ya ka 1999. Ngwana wa gagwe ebong Rre Ronald Tsetse o ne a tsaya bogosi go fitlhelela ka ngwaga wa 2005 fa a tlhokafala. Ka ngwaga wa 2006, morwarragwe Ronald Tsetse e bong Mothusi Tsetse o ne a tsaya bogosi. Kgotla e kgolwane e bitswa gotwe Maletenyane mme go na le dikgotlana di le supa.




#Article 33: Thamaga (143 words)


Thamaga ke nngwe ya metse mogolo ya Botswana. Ke motse o bonwang mo kgaolong ya Kweneng. Motse o o supelwa ko botlhatsatsi fa o le mo topropo kgolo Gaborone. O baani ba ka tshwara 19,365. 

Motse o o di kagantswe ke mantswe, le le tona le bidiwa lentswe la Thamaga. Thamaga ke motse mogolo wa bobedi mo kgaolong ya Molepolole. Bontsi ba batho ba motse o ke Bakgatla ba ga mmanaana, ebile ba bina kgabo.

Morafe wa Bakgatla ba ga Mmanaana ba tlile mo motseng o ka dingwaga tsa bo 1930 e le morafe o sieleng, ba tshwna le Bakgatla ba ga Mmanaana ba ba sietseng ko motseng wa Moshupa. Batho ba motse e ebong Thamaga le Moshupa o tla fitlhela ba sikana ebile ba dirisa difane tse di tshwanang. Le dikgosi tsa metse e tota di tswa mo lesikeng le le esi.




#Article 34: Tonota (350 words)


Tonota ke motse yo o mo kgaolo legare la Botswana.
Tonota ke motse o tumile ka bakhurutshe ba ba loleng le merafhe  e mengwe go lwelwa motse, ba nna bafenyi mme ba bidiwa babina Khama le Phofu. Mme le fa Tonota go tumile bakhurutshe, bakalanga, bangwato le merafe e mengwe ba tlholega mo motseng o wa Tonota. Ka sekhurutshe leina le la Tonota ke Thonotha, mme le ne la fetolwa go bidiwa Tonota ka tlhotlheletso ya puo ya Tswana. Motse o, o dikhilomethara  di le masome a mabedi le bosupa mo borwa jwa toropo ya Francistown mo tseleng ya A1 Francistown-Gaborone. O mo borwa bophirima jwa noka ya Shashe, e e fa gare ga dikgaolo tsa legare le bokone botlhaba, Tonota a le mo kgaolong ya legare. Tonota ke motse o motona yo o kgaogantsweng ka metsana jaaka mo borwa go na le Semotswane, Mandunyane le borogo jwa Shashe mo bokone. Rre Kgosi Ramosinyi Radipitse ke kgosi ya Tonota. Rre Kgosi Ramosinyi Radipitse ke kgosi ya Tonota.
E rile ka ngwaga wa 2003 motse wa Tonota wa nna kgaolo potlana ka fa tlase ga Tutume, go na le dikago tse disha tsa Khansele, Dikole tse di potlana di le lesome.

Go na le dikole tse tharo tse di kgolwanyane

Le se segolwane sa Shashe River
Go na le Tonota College of Education e le sa mmadikole.
Moemedi wa palamente wa Tonota borwa ke Rre Motlotlegi Thapelo Olopeng.Motlotlegi Rre Fidelis Mmilili Molao yo e leng moemedi wa palamente yo o tswang mo Tonota bokone a sa amane le motse wa Tonota. 

Tonota jaaka metse e mengwe fela mo Botswana o na le merafe  e e farologaneng mme bontsi jwa banni ke Bahurutshe, ba ba nnang mo dikgotleng di tswana le Tholo,Molebatsi, Maaloso,Maunya e e leng yone kgotla e tona.Dikgotla tsa Madisakwana le Mhakamme, bakalaka ba ba nnang mo go ya Manyanda.  Kgotla ya Lomboko go nna Barotsi fa Bashona kana Bazezuru ba nna mo go ya  Mandunyane. Batho ka bontsi ba ba tswang tswang kwa Tonota ba bua Sekhurutshe seka SeNgwato puo e e nang le mafoko a sekalaka le sengwato.




#Article 35: Tutume (221 words)


Tutume ke motse mogolo wa Bakalaka, o mo kgaolong ya legare la Botswana. O dikhilomethara tse masome a matlhano go tswa kwa molelwaneng wa  kwa Maitengwe. Toropo e e gaufi ke ya Francistown, e e ka tswang e le dikhilomethara tse di lekgolo.Motse o ke kgaolwana kgolo gape o nale palo ya batho ba le dikete tse a masome le boraro.Go nale dikolo tse dikgolwane di le pedi sa, Denjebuya le sa Pandagala, le se segolwane sa Tutume McConnell College. Se selekanyo sa dikhilomethara tse masome a marataro go tswa ko Domboshaba 

Motse o o nale modiro wa ngwaga le ngwaga o mo go one banni ba motse ba kokoanang go supa botlhakga jwa bone.Se se dirwa ka kgwedi ya Phatwe ngwaga mongwe le mongwe;Go kokoana ga bone go ba fa tshono ya go itshupa ka bina mmino wa sekalaka ebong Ndazola.Ka nako ya fa thobo e le ee nametsang balemi le barui ba tlisa se ba se robileng mo ngwageng.Ba ba inakantseng le tsa botlaki ba tlisa tsa bone mme ba fiwe maano a go ka rekisa dilo tsa bone.

Tutume ke motse oo golelang pele mo ebileng dithabolo di dirwang go thusa banni ba koo ka ditamelo tsa botlhokwa jaaka dikokelwana,madirelo le tse dingwe.Banni ba Tutume ba dumela mo go thusaneng ka ba itse go tlisa maduo aa nametsang.




#Article 36: Foreistata (204 words)


Foreistata ke kgaolo nngwe ya lefathse la Aforika Borwa. Kgaolo e e fithlelwa mo toropong ya Bloemfontein, lefelo le go direlwang melao ya Afreka Borwa teng. Ditso tsa lefelo le di thlolega kwa Orange Free State Boer Republic go fitlha kwa kgaolong ya Orange Free State.

Lefelo la Free State le fitlhelwa mogare ga lefatshe la Aforika Borwa. Monate wa loapi le go nonofa ga mmu go rotloetsa kgebo ya tsa temo-thuo. Dipolasi tse di fetang dikete dile masome a mararo, tse di robileng tlhka e nntsi ya lefatshe di etsiwe ka leina le go tweng Sesigo sa Aferika Borwa.

Free State ke lefelo lele humileng di tswang mmung, ka gouta ee nang le boemo mo gore dirweng ga yone mo mafatsheng otlhe. Kepo ya ditswang mmung kgaolong eo ke yane mmereko o go hirwang batho ba le bantsi. Kgaolo e e nale meepo ya ditswa mmung ele lesome le bobedi ee epang 30% ya gouta ya Aferika Borwa e bile e baya Aferika Borwa momaemong a botlhano mo go direng gouta gareng ga mafatshe otlhe.

Lefelo le ke lone sesigo sa Aforika Borwa ka le nale temothuo ele pelo ya itsholelo ga mmogo le meepo ka ko gouteng eleng mmamane wa go hira.




#Article 37: Kapa Bokone (345 words)


Kapa Bokone ke nngwe ya dikgaolo tsa lefatshe la Aferika Borwa. Ke yone kgaolo e tona fa e tshwantshanngwa le dikgaolo tse dingwe mo lefatsheng la Aferika Borwa. E kgaogana melelwane ya boditshaba le mafatshe a Botswana le Namibia. Kgaolo e e agilwe ka ngawaga wa  1994 fa kgaolo ya Cape e ne e kgaogana. Toropokgolo ya yone e bidiwa Kimberley. E akaretsa lefelo la diphologolo la  Kalahari Gemsbok National Park, nngwe ya mafelo a a pataganetsweng ke lefatshe la Botswana le Aferika Borwa le le sireleditseng diphologolo.Lefelo le le akaretsa maphothophotho a  Augrabies gape le moepo wa Kimberley yo o mo kgaolong le Alexander Bay.Kgaolo ya Namaqualand e e mo bophirima e itsege thata ka ditlhatsana le dithunya tse di mo lefelong la  Namaqualand. Toropo e e mo borwa ya De Aar le Colesberg, mo lefelong la Karoo, ke tsone tse di lomaganyang ka tsa mesepele le dipalamo go ya kwa toropong ya Johannesburg, Cape Town le Port Elizabeth. Mo bokonebotlhaba, Kuruman o itse ga lefelo le go neng go nna barongwa ba mafatshe a sele. Noka ya Orange e elela e fetla ka lefelo le, e aga molelwane fa gare ga Free State mo borwabotlhaba gape le lefatshe la Namibia mo bokonebotlhaba. Metsi a noka e a dirisiwa thata go nosetsa maungo mo kgaolong ya Upington

Palo ya batho ba ba buang puo ya Seburu e fetla palo ya batho ba ba buang dipuo tse dingwe mo lefelong le bogolo jang mo kgaolong ya Bokonebotlhaba jwa Cape go nale dikgaolo tse dingwe. Dipuo tse di tumileng ebile di dirisiwa thata fa go buiwa mo bokone jwa Cape di akaretsa Seburu, Setswana, Sexhosa, gape le Sekgowa. Bontsi jwa ba bangwe ba buwa dipuo tse di tumileng mo Aferika Borwa, mme ba bangwe ke ba Khoisan

Kgaolo ya Cape e dikagenyeditswe ke ditlhaba tse ditona, mme se se baka gore go nne sereme. Lefelo le tshwantshangwa le mafatshe a mangwe a tshwana le la Germany. Se se itumedisang ka lefelo le ke gore le letona gape le bo le nna le batho ba le bantsi




#Article 38: Kapa Bophirima (384 words)


 ke nngwe ya diporofinsi mo Aforika Borwa. Toropo kgolo ke Cape Town. Ka ngwaga wa 1994, tkgaolo e e agang Western Cape e ne ele bontlha bongwe jo bo tona (bo bidiwang) Cape Province. Ka maiteko a go tlisa bokopano jwa batho mo lefelong le Aforika Borwa ka ngwaga wa 1910, o ne a bidiwa Cape Colony.

Western Cape o nale seemo sa bosa se se pharologanyo le mafelo a mangwe,se se bakiwa ke ka fa lefatshe le bopegileng le  bone bokgola jo bo apesang lefelo le gotswa mawatleng a mabedi a Indian (bokgola jo bo bothitho) gape le Atlantic (bokgola jo bo tsididi), ka go rialo seemo sa loapi se nna se ntse se fetoga nako le nako mo nakong e khutswane. Bontsi jwa selekanyo sa lefelo le itsege ka, mariga a a bokgolo le, selemo se se bothitho. Bogare jwa lefelo la Karoo hgo nale seemp se iketlileng le mariga a a tsididi, mme dipula tsa medupi tsone ga di a twaelesega mo go kalo. Ka boripana fela ke gore dipula tsa dikgadima ga se tse di tlwaelesegileng mo lefelong fa e se fela kwa Karoo. Mogote le botsididi jo bo feteletseng ke tse di tlwelesegileng fela mo bogare jwa mafelo, mme se se sa tlwaelesega mo mafelong a fa lotshing la lewatle. Kapoko e tlwaelesegile fela that mo lefelong ka go apesa lefatshe, mme ga se gantsi o ka fitlhela go nale matsi a a omeletseng mo mafelo a a fa lotshing la noko le kwa go lemelwang teng.

Bontsi jwa ditoropo ke tse di agilweng sentle ka bonokopila ebile se se baka tlisa batho go tla go gweba mme morago go tlokafatse itsholelo ya lefatshe. Dipalo tse di fa tlase ke tsa ditoropo fela:

Seekanyo sa itsholelo sa Western Cape fa go lebilwe GDP ka ngwaga wa 2008 e ne e le R268.26bn, mme se se dire gore lefelo le le nne la bobedi mo tlhabololeng itsholelo ya lefatshe la Aforika Borwa, ka selekanyo sa 14.3% le nale itsholelo e e golang ka bofefo mme se se baya lefatshe mo maemong a a mantle go ka phadisanya le a mangwe lefatshe ka bophara,itsholelo e ne ya gola gape ka selekanyo sa 4% ka ngwaga wa 2008 mme ebile gape go solofetswe kooketsego ya selekanyo sa 3.2% mo ngwageng wa 2011.




#Article 39: KwaZulu-Natal (164 words)


KwaZulu-Natal (KZN, kgotsa Natal) ke nngwe ya diprofense tse di robongwe tsa naga ya Aforika Borwa. Profense e e borwa-botlhaba ba naga ya Aforika Borwa, mme e na le lebopo le le telele la lewatle la Indian Ocean. Profense e e aroganya botara le diprofense di le tharo, gape le naga ya Mozambique, Swaziland, le Lesotho. Toropo-kgolo ya profense e ke Durban, e gape e tlaelegileng ka leina la Thekwini kgotsa eThekwini.

Ka dingwaga tsa bo 1830, le masimologong ga dingwaga tsa bo 1840, karolo e e bokoneng ba profense e, e ne e le lefatshe la BaZulu le bidiwang Zulu Kingdom, mme borweng gona e le lefatshe la Maburu lene le bidiwang Natalia nakwana e khutshwane pele le fetolwa go nna Koloni ya Brithani ya Natal (British Colony of Natal) ka 1843. 

KwaZulu-Natal le botsallo ba batho ba bantsi ba ba itsagaleng mo Aforika Borwa jaaka: Albert Luthuli, Pixley ka Isaka Seme, John Langalibalele Dube, Mangosuthu Buthelezi, Anton Lembede, Jacob Zuma, le Bhambatha. 




#Article 40: Mpumalanga (390 words)


Mpumalanga ke nngwe ya diporofinsi mo Aforika Borwa. Leina la kgaolo e le ne la fetloga go tsweng kwa go Eastern Transvaal ka kgwedi ya Phatwe a tlhola masome a mabedi le bone ka ngwaga wa 1995, ke kgaolo e e mo Aforika Borwa. Leina la lefelo le lone ka boripana le raya kwa letsatsi le tlhabang teng ka teme ya Seswati, Sethosa, Setebele gape le Sezulu. Mpumalanga o ikaegile kwa botlhaba jwa Aforika Borwa, mo bokone jwa KwaZulu-Natal gape o boe o aga molelwane le lefatsheng la Swaziland le Mozambique. E akaretsa selekanyo sa 6.5% sa lefatshe la Aferika Borwa. Mo bokone e aga molelwane kwa Limpopo, mme mo bophiri ke Gauteng, mme mo bokone bophirima ke Free State mme gape kwa bokone ke KwaZulu-Natal. Toropokgolo ya teng e bidiwa Nelspruit (mme gompieno e fetlotswe leina go nna Mbombela). Mme ka ngwaga wa 1994, Mpumalanga e kile ya bo e le bontlha bongwe jwa kgaolo ya Transvaal Province.

Drakensberg ke ene yo o kgaoganyang  Mpumalanga ka matlhakore a le mabedi ebong bontlha jo bongwe jwa bophirima jo bo tetseng bojang jo bontsi bo ikadile ka mo go kgatlhisang gape lefatshe le bo le tsholetsegela fa godimo mme gape mo letlhakoreng la botlhaba go fologela tlase bojang mme bo se bontsi mo kalo mme teng fa go nale diphologolo tse di mefutla tse di anameng le tikologo gape di e kgabisa. Bontlha jwa borwa jwa lefelo la diphologolo la Kruger National Park bo bonwa teng mo kgaolong. Thaba ya Drakensberg e fetla boleele jwa selekanyo sa 2000 m mo mafelong a le mantsi bogoljang mo bogare jwa kgaolo ya Mpumalanga e e leng yone e tlwaelesegile ka ditlhaba tse dintsi.

Mpumalanga gape o tumile ka go itsege e le lefelo la bojanala. Kruger National Park, ke lefelo le sireletsang diphologolo le le simolodisitsweng ka ngwaga wa 1898 maikaelelo e le go sireletsa le gone go tlhokomela diphologolo tsa naga, lefelo le le botona jwa selekanyo sa dikhilomethara square di le 20,000 (7,700 sq mi), mme ebile le itsege lefatshe ka bophara Kruger National Park.

Palo ya batho e ka tshwara 30% ba bua Seswati, teme ya batho ba lefatshe la Swaziland ka gore ba bapile fela thata, ba le 26% bone ba bua puo ya Sezulu, 10.3% Setebele, 10,2% Northern Sotho sa kwa bokone le 11,6% yone e bua Setsonga.




#Article 41: Miranda de Ebro (276 words)


Miranda de Ebro ke toropo kgolo kwa Spain, Europa. E na le baagi ba le 38.417 (2007).

Go tsweng ngwaga tsa 1940-1947,Miranda de Ebro,toropo mo bokone jwa Spain, e ne e nale bothibelo jwa magolegwa a batswa kwa. Bangwe e ne se ba ba tswang mo lefelong la Spain baba neng ba tshwerwe ka nako tsa dintwa.Bangwe e ne ele baba tlodileng molelwane ka bokhukhuntshwane. Mo bofelelong, bontsi e ne e le masole a Germany a neng a ikgobokantse fa ba tsena mo Spain kwa phelelong ya dintwa tsa mafatshe. Bontsi jwa magolegwa e ne e lebega e le ma french, mme bontsi jwa bosetshaba bo ne bo le teng go akaretswa le bone ma America.

palo e supa maina a magolegwa a neng a tshwerwe kwa kgolegelong gone ka nako eo. Polelo e ne supa maina a magolegwa le bosetshaba jwa bone fela. Tumelo ga ya neelwa,mme fa re kanoka ka difane, palo ya bajuta e ne e le kwa tlase.Go na le karata ya ikwadiso, e tlaletsa polelo ya motho mongwe le mongwe, e naya lefelo le malatsi a matsalo,seemo go supa fa o nyetswe kana o sa nyalwa, ntwa ya bonno,leina la rragwe le nako ya tshwaro mo Spain.

Toropo ya Miranda de Ebrob ke lefelo le le tletseng ka diotele ka go farologana. Dingwe tsa tsone di umakilwe fa tlase:
Otele ya ntlha e bidiwa Vía Norte. E gone mo toropong ya Miranda de Ebrob, kgogedi ya teng ke Bodegas Bilbainas, Bodega Rafael Lopez de Heredia, le Plaza de la Paz.
Popego ya otele
Otele e,e nale  reseturente le  phaphose ya boamogelo baeng. E nale dikamore tsa thakano le kamore ya bokopano. 
   




#Article 42: Lesotho (618 words)


Lesotho, ke lefatshe le le fitlhelwang mo bogareng jwa lefatshe la Afrika Borwa, ebile le dikagenyeditswe ke lone lefatshe la Aferika borwa. Ke lefatshe le lennye ka popego le na le palo ya batho e ka tshwarang di dikadike tse pedi le dikete tse masome a marataro le bosupa.Toropo kgolo ya Lesotho ke Maseru. Lesotho ke leloko la mafatshe a selekanye.Leina Lesotho letswa mo puong ya sesotho. Selekanyo sa batho ba Lesotho se se ka tshwarang masome a mane mo lekgolong ba tshelela mo lehumeng le le ko tlase ga selekanyo se se ipetsweng ke ba mafatshe fatshe ba ba itebagantseng le go lwantsha lehuma se supa fa ba tshela ka ledi la dolara ya America ele nngwe ka letsatsi.

Lefatshe la Lesotho le ne le busiwa ke Kgosi kgolo Moshoeshoe wa ntlha ka ngwaga wa 1822. Moshoeshoe e ne ele ngwana wa ga Mokhachane, kgosi e nnye ya Bakoteli,o ile a nna kgosi ka ngwaga wa 1804 morago ga go itlhamela morafhe wa gagwe.Magareng ga dingwaga tsa 1821 le 1823, Moshoeshoe le balatedi ba gagwe baile ba ya go nna ko thabeng ya Butha-Buthe,go ya go kopana le bangwe ba ba kileng ba nna bagakolodi kgatlhanong le Lifaqane e eneng e dirisanya le gonna mo setilong ga ga Shaka Zulu magareng ga dingwaga tsa 1818 le 1828.

Puso ya Lesotho ke e e dirilweng ka go tlhotswa ga mapalamente le di tsamaiso tsa tsa lekgotla la sepolotiki le le fentseng ditlhopho kakaretso.Tautona Rre.Pakalitha Bethuel Mosisili ke ene moeteledi pele wa puso ebile ke ene a nang le dithata tsotlhe.Kgosi ya Basotho e dira thata le tsa ngwao, ga asa nna le dithata tse dintsi ebile ga a letlelelwe go ka tsenelela mo mererong ya sepolotiki.

Mokgatlho wa sepolotiki wa Democratic Congress (DC)ke one o o eteletseng mo botsamaiseng jwa ntlo ya palamente ya Lesotho ka ditilo tsa ma palamente dile masome a mane le borataro. Fa jaanong mokgatlho wa sepolotiki wa Lesotho Congress for Democracy (LCD),o oneng ontse o busa jaanong ele one o fetogileng gonna baganetsi ba ba mashetla ba puso ya Democratic Congress (DC). All Basotho Convention (ABC), Basotho National Party (BNP), Alliance of Congress Parties (ACP), le ba ba sa tswang go tlhamiwa ba Basotho Batho Democratic Party (BDNP) ke dingwe tsa mekgatlho ya sepolotiki ya lefatshe la Lesotho ka borataro jwa tsone.

Ntlo kgolo ya palamente ya Lesotho e e bitswang Senate, e nale dikgosi tse masome a mabedi le bobedi, ba bogosi jwa bone eleng jo ba bo tsaletsweng,le bangwe bale lesome le motso ba ba itlhopetsweng ke Kgosi kgolo go setse morago tsamaiso ya ga tautona kana moeteledipele.

Bontsi jwa batho ba Lesotho ke Basotho, mme palonyana e potlana ke ya batswakwa ebong merafhe ya letso la se-chaina le makgowa gotswa Yuropa. Merafhe e fitlhelwang mo Lesotho e akaretsa Bakuena, Batloung, Baphuthi, Bafokeng, Bataung, Batsoeneng, Matebele le ba bangwe.

Puo e e buiwang thata ko Lesotho ke Sesotho, e eleng yone puo ee letleletsweng go dirisiwa gongwe le gongwe mo Lesotho le ko ditirelong tsa puso, e latelwa ke sekgowa pele ga dipuo tse dingwe.

Diletswa tsa ngwao tse di fitlhelwang mo Lesotho di akaretsa lekolulo, se eleng seletswa se se dirisiwang ke badisa, setolo-tolo, se se tshamekiwang ke borre le thomo ee tshamekiwang ke bomme thata.

Pina ya setshaba ya Lesotho e bitswa Lesotho Fatše La Bo-ntata Rona

Fa kago tsa setso tsa Lesotho ele mantlo a rantafole.

Kapari ya Basotho ke kobo, e aparwa thata ka dipaka tsotlhe mo ngwageng.

Morija Arts  Cultural Festival ke moletlo wa ngwaga le ngwaga wa botaki le bodiragatsi, o tshwarelwa kwa toropong ya Morija ko banna ba baneng ba sokolola batho ka thuto ya Kereke baneng ba goregela teng ka ngwaga wa 1883.




#Article 43: Dipsy Selolwane (300 words)


Diphetogo (Dipsy) Selolwane (o tshotswe ka Hirikgong ale malatsi a masome mabedi le bosupa mo ngwageng ya Sekete le makgolo a robabongwe le masome a supa le metso e robabobedi (January 27, 1978) mo toropong ya Gaborone, Botswana. Ke mongwe wa batshameki ba setlhopha sa setshaba sa lefatshe la Botswana football (soccer). O tshamekile ele mo magare a lebala ele motlhasedi (forward striker).

O simolotse a tshamekela setlhopha sa Gaborone United mo liking ya Lefatshe la Botswana morago ga go tshamekela setlhopha sa mmadikolo ko St. Louis University ko a neng a dira dithuto tsa gagwe tse dikgolo teng mo ngwageng wa 2001, Selolwane one a bewa mo maemong a masome a mararo le bobedi (32) mo 2002 MLS Superdraft ke ba Chicago Fire. Diphetogo ene yare moragonyana a rekisediwa setlhopha sa Real Salt Lake morago ga setlha sa 2004 MLS mme a seka a ntsha maduo a a neng a solofetswe mme a boelwa ko setlhopheng sa gagwe sa St. Louis University mo setlheng sa 2005 ko a ileng a dira a nosa nno tse tharo. 

Morago ga go fetsa dithuto tsa gagwe, one a boela mo Aforika, pele one a ya Botswana pele a tlolelwa molelwane ko Aforika Borwa. Osimolotse a tshamekele setlhopha sa Santos mo liking ya Aforika Borwa, moragonyana a ya go tshamekela Jomo Cosmos, mo a neng a seka a dira sentle. A tswelela ya go tshamekela Ezenkosi mo setlheng sa 2007/2008, mo a ileng a tshameka metshameko ele mebedi fela pele a ya ko Ajax Cape Town mo tshimologong ya ngwaga wa 2008. O simolotse go tshameka a tsabakela ko Ajax, ko a ileng a tshameka maemo a magare. O ile setlhopheng sa Supersport United mo kgweding ya Phukwi 2010.

Diphetogo Selolwane ke motshameki yo o tlotlegang wa setlhopha sa setshaba Lefatshe la Botswana.




#Article 44: Concepción (514 words)


Concepción ke toropo kgolo kwa borwa Chile. E na le baagi ba le 216.061 (2002).

Toropo ya Concepción e simolotswe ke Pedro de Valdivia ka ngwaga wa 1950 kwa bokone jwa noka ya Bío-Bío River, e e bidiwangPenco mo bosheng. Ka nako eo e ne e bidiwa Concepción del Nuevo Extremo. Lefelo la bonno gone koo le ne le le dikhilomithara tse di mmalwa go tsweng bokone jwa La Frontera (Frontier), molelwane o o magareng ga Spanishle lefatshe la Mapuche, segongwana sa morafe wa American Indian se ne sa neelwa boipuso go fitlheleleng ka ngwaga wa 1870. Bonno joo bo ne jwa tsibogelwa ke baeteledipele ba Mafora e le toropo morago ga dingwaga tse pedi. E ne ya fiwa setswantsho sa puso se se ntseng se dirisiwa le gompieno.

Ka jalo toropo ya Concepción e ne e le bonn jwa masole a lefatshe la Captaincy-General of Chile, le ne la senngwa e bile la phatlaladiwa ke Mapuche armies ka ngwaga wa 1554, morago ga gore e dirwe sesha ka ngwaga wa 1555. Concepción e ne ya nna gape ka nako ka dithulaganyo tsa goromente wa García Hurtado de Mendoza ha a goroga koo ka ngwaga wa 1557 fa a sena go aga kago ya Pinto. Toropo eo ene ya dirwa gape sesha ka ngwaga wa 1558, Ferikgong a thola malatshi a borataro ke rramasole yo o bidiwang Jerónimo de Villegas. E ne ya nna dikago tse ditona tsa masole a a neng a le kgatlhanong le Mapuche kwa Araucanía mo dinageng tse di lekgolo tse di tlang, e gola ka palo ya batho ba le dikete tse di lesome ntle le siege ka ngwaga wa 1564 le ditlhaselo tse dingwe tse di dirilweng ke Mapuche. Concepción e ne e le motse wa Real Audienciago tsweng ka ngwaga wa 1565 go fithelela ka ngwaga wa 1575.

Earthquakes le tsunamis, tse di eleng tsa nna teng mo toropong eo ka ngwaga wa1570, 1657, 1687, 1730 le 1751, di ile tsa gwetlha bana le dithata go sutisa toropo eo go e baya ko e ne e le teng lantlha ko Valle de la Mocha, mabapi le Bío-Bío River; lefelo la ntlha le nna le sena sepe ka ngwaga 1842 fa toropo e ya Penco e tlhongwa.

The new site for the town of Concepción became the main town of the Intendancy of Concepción, whose jurisdiction extended from the Maule River to La Frontera. The first Intendant of Concepción was the Irishman Ambrose O'Higgins, Marquis of Osorno, who later became Royal Governor of Chile and Viceroy of Peru.

Fa boeteledi pele jwa goromente wa First National bo kopana koo Santiago ka ngwaga wa 1810, ba na le boagedi ba Concepción ba kopanela bokopanelo joo le bone. Concepción e ne e dirisiwa ele kgoro ya go tsena mo dipolotiking ke ba sesole jwa Sefora go lekeletsa Viceroyalty of Peru ka maikelelo a go batla go laola Chile.

Concepción ke lefatshe la ditlopha tse di tona tsa kgwele ya dinao.( football):

Bolo ya diatla e tshamikiwa ka boleng jwa maamo aa kwa godimo. Sethopha se se itsiwing thata ke sa:




#Article 45: Bray (190 words)


Bray ke  motsana o o  mo kgaolong ya Kgalagadiborwa mo Botswana. Motsana o, o na le baagi ba ka nna sekete mo nakong ya gompieno (1000). Go ya ka maduo a palo ya batho e e dirilweng ka ngwaga wa 2001, baagi ba motse o ba ne ba le makgolo a a ferang bobedi, masome a fera bobedi le bofera bongwe (889). Motsana o, o ka nna dikhilomithara di le masome a mane go tswa mo motseng wa Werda ntlheng ya botlhabatsatsi. Bontsi jwa banni ba motse o bo bua puo ya Sengologa.

Baagi ba motsana wa Bray ka bontsi ke barui. Ba ruile dikgomo, dipudi, dinku le dipitse. Fa gongwe ba a tle ba leme le ntswa ba fufegelwa ke mmu wa kgaolo ya bone o o seng monate thata go ka ntsha dijalo tse di nonofileng. O ka fitlhela gantsi ba lema dijalo tse di seng thata go mela jaaka magapu, mmidi le dinawa. Leruo la batho ba motse o le lentle thata e bile le kgatlhegelwa ke batho ba metse e e mabapi le one. Batho ba a tle ba etele teng go ya go reka leruo.




#Article 46: Bokaa (546 words)


 

Bokaa  ke motse o mo kgaolong ya Kgatleng  mo Botswana. Motsana yo, o dikilometara tse di masome a mabedi mo Borwa Bophirima jwa kgaolo ya Mochudi mme ebile palo ya batho mo motseng ka ngwaga wa 2001 ene ele dikete tse tharo,makgolo a borobabobedi le lesome le bobedi. Motsana o o itsege thata ka dithaba tse di dikaganeyeditseng mo ntheng tsotlhe, o sekgele sa 24km go tswa Bokone Botlhaba jwa toropokgolo Gaborone mo tseleng ya A1.Kgosi ya motsana o ke Rre Mosinyi.

Bokaa ke motse o golang fela ebile ka o atamelana le metsana e mengwe e tswana Mochudi, Mmopane, Pilane le emengwe fela jalo. Bontsi jwa banni ba motse o ba dirisa marekisetso a kwa Mochudi kgotsa ba reka kwa toropokgolo Gaborone ka ebile ba se kgakala thata le mafelo a. Bangwe ba bone ba tsoga ba tswa mo legaeng le go tla ditirong kwa Gaborone le go akola ditlamelo tsa bone. Le fa Bokaa a busiwa ke Kgosi, go nale baeteledipele ba ba mo dikgaolwaneng go emela diphathi tsa sepoloti le go thusa go tsweledisa ditirelo tsa motse ka go farologana

Bokaa o ka fa tlase ga motse wa Mochudi ka go rialo o okametswe ke khansele ya Kgatleng. Banni ba motsana o ba kaiwa fa e le Bakgatla ba ga Mmanana ka gore merafe e e mo dikgaolong tse di mabapi le motse wa Mochudi ba nale moono o mongwefela wa segosi. Fa re bua ka kgaolo ya Kgatleng, re bua ka metsana e akaretsa Mochudi, Pilane, Bokaa, Malotwana and Rasesa. Go tlhalosiwa fa ditlhabolo di akaretsa metsana e e mabapi le yone 

Balemi ba  Bokaa ba dirisa temo ya segompieno gore ba tle ba bone dipoelo tse di bonalang bogolo jang ba ba rekisang temo tsa bone. Mo motsaneng go nale molemisi a le mongwefela mme a okametswe ke yo mogolwane kwa Mochudi.Balimi ba motse o go tlhaloswa fa ba tsaya temo thuo ka tlhwaafalo mme ebile ba itlhaloganynang ka gore temo ya bone e ntsha maduo a nametsang. Balemi  ba kgotlhaditswe go lema ka motlhale wa go dirisa ditselana ka go busetsa go na le go gasa ka seatla mo go bakang motlele le tshenyo ya peo e bile thobo e nna kwa tlatse. Gore molemi a bone thobo sentle o tshwanetse a nna kwa masimo go tlhokomela tshimo le go tlhagola gore dijalo di gole sentle Mme Mariri o ne a tswa la gagwe fa a buisa balemisi kwa Bokaa ka letsatsi la Balemi 

Puso e simolodisitse lenaneo la ISPAAD le le thusang balemi  ba ba  tlhoafaletseng temo e bile ba itlamile go boelwa.Temo ke yone e jesang lefatshe leno ka thobo mme le banni ba Bokaa ba lemela go jesa ba malwapa a bone,  go supiwa fa go sa tshwanela gore go nne le tlhaelo ya dijo mo Botswana ka puso e dirile mananeo a a lebaganeng balemi.A re balemi ba le 568 ba kgonne go lema ditema di le 1 669 mme go supa sentle gore fa e ne e se diji le mhero le dikgomo, ba ka bo ba bone thobo e e gaisang. Le fa banni ba Bokaa ba itsiwe thata ka temo thuo, bangwe barui ga ba tlhokomele leruo la bone bogolong jang dikgomo le ditonki ka e le tsone di senyetsang batho mo masimong




#Article 47: Baphaleng (104 words)


Baphaleng ke morafhe o o tlholegileng kwa Kgalagadi. Ke morafe o gompieno o bonwang ko Mopipi, Shoshong, Mahalapye le Serowe

 

 
 ##Mopipi ke motsana o o ka nnang le batho ba ka tswara dikete tse tharo le sephato sa sekete 3500 . Motsana o, o fa gare ga makgadikgadi. Mangwe a makgadikgadi a ke a a bidiwang Makgadikgadi le Nxai.  

Baphaleng ba bua setswana, go tswa hela gore ba nna mo lefelong lefe, sekai: Ba ba nnang ko Mahalapye le Shoshong ba bua sengwato, ba ba nnang ko Kgalagadi le Gantsi ba bua Sekgalagadi,mme ba ba nnang ko Mopipi ba bua Senoka

ba bina phala




#Article 48: Nko (1119 words)


Nko ke karolo nngwe ya mmele  mo ditshiding tse di na le lerapo la mokwatla e e dirisiwa go sireletsa mesima ya phefo, e letelelang phefo go tsena le go tswa mo ga makgwafo, go thatswa phefo e dirisanya le molomo. Fa morago ga nko go na le nama e gokeletsweng mo nkong  e diphatlhana tsa phefo. Fa morago ga kgetsana ya phefo, phefo e feta mo mometsong, e bong e dirisiwa mo dirweng tsotlhe tsa mmele, e e salang e bo e dirisiwa mo makgwafong. Mo bathong, nko e fithelwa fa gare ga sefatlhego; mo ditshiding tse dinngwe e fa godimo ga molomo.

Nko e dirisiwa go lomaganya lefatshe le mmele wa motho  ka go laola phefo e e tsenang mo mmeleng e bo e e thuthafatsa, le go ntsha metsi a mo phefong pele e ka tsena mo mmeleng jaaka go diragala mo dikameleng. 
Nko e na le moritshana mo teng ga yone, o o diriwang go kganela dilo tse di sa thokegeng go tsena mo teng.

Nko e e metsi ya dintsa e dirisiwa go dupa tsela. 
Diphologolo di dirisa dirwe tsa mmele tse di amogelwa bo tsididi, kwa  nko e leng tsididi teng ke gone ko di go dirisang go lemoga tsela e monko o tswang teng.

Mo ditshiding tsa metsi le dithapi tse di na le makgwafo, diphatlhana tsa phefo, di bulega go nna dikgetsana tse di bulegelang mo godimo ga molomo. 
Dikgetsana tse di dirisa serwe se se dirisiwang go hema phefo e bong dibokwana tsa nko e bo di dirisa dinama tse di lepeletseng tse gaufi le tsone. ko nteng ga dipopego tse di thwanang le ditshidi tsa metsi, thapi e e na le makgwafo,gape ga e dirise nko ya yone go hema, ka gore di hema ka molomo ya tsone.  Ditshidi tsa metsi di nale serwe se dirisiwang go dupa, go na le dikoloti, mo ke kgetsi fela, fa e se mo ditshiding tse di rileng tsa metsi fela ,e dirasanya mmogo le dirwe tse di fithelwang mo nkong.

Nko ya sika la dikwena e tona go feta ya diphologolo tse dingwe gape e fithelwa ko teng teng fa godimo ga legano.  Dikwena tsone di na le nko e e telele thata go di feta, e e thusang phologolo fo hema fa e tibile ko tlase ga metsi.   Nko ya sika la kwena e kgaogantswe  gararo: bontle jwa yone phata ya konokono ya phefo . Dirwe tse di dirisiwa go oketsa go tsiboga ga mmele.  Serwe se se dupang se agilwe sentle mo dinogeng le dikgathotsing, mo eleng gore ga di sa thole di amana gope le nko, di bulega fela fa godimo ga molomo. Serwe se se nnye mo dikhudung, mo e leng gore se tselela fela se tshwaraganye le nko, gape ga seyo mmo dikweneng tse di godileng thata. 

Dinonyane di nale nko e e tshwanang le ya sika la dikwena, nko ya teng e bopilwe fa godimo ga molomo wa yone.  E ntswa di sa kgone go nka sentle, ntlwana ya phefo e nnyee, le fa e sena dikalo tse tharo, kago ya teng e e thata e tshwanang le ya diphologolotse di tsholang bana. Mo dinonyane ka bontsi, jaaka maphoi le  merubisi, nko e sireditswe ke lonaka le le thata.   Serwe se se dupang mo dinonyaneng o fithela se le teng se sa felela kana se seyo gothelele, go ya ka mefuta ya dinonyane.

Mo diphologolong di le di ntsi di na le nko e tona, e tsaya bophara jwa legatla lotlhe.  Mo dithopeng tse dingqwe jaakaditshwene kgotsa di kgabo, mmantlhwane, and diphologolo tsa lewatle, nko e nnyenyefaditswe, gape diphologolo tse ga di kgone go dupa sentle.  Nko ya diphologolo tse di tsalang bane e okeditswe, ka kago ya  tlatso e ntsha bodilo jwa meno kwa godimo, go e dira bontlha bongwe jwa nko go tlogela bodilo jwa tlatso go nna fa godimo ga legano.   Nko e e godisitsweng e e, e na le marapo a mararo a mo nkong a tswakatswakane go dira selo se se itsopileng, se thusa go thuthafatsa phefo pele e goroga ko makgwafong. Go bulega mo le gone go goroga ko marapo a legata, a dira phatha tsa phefo tse di bitswang kgetsi tsa phefo.

Mo diphologolong tsa  lewatles, nko e fokoditswe go nna mola wa nko,  e e fudugetseng fa godimo ga thogo, e ntsa pobego ya mmele le go kgona go hema ko tlase ga metsi. Nko ya  tlou yone e bopegile jaaka, serwe se se maaula se se leele, se se bidiwang pogo. 

Serwe se se dupang sa diphologolo tse di tsalang bana se tshwana le sa sika lo kwena. Mo diphologolong ka bontsi, se fithelwa mo bodilong jwa phatha e e tletseng phefo wa , o o bulegelang mo leganong, o dirisa diso tse mo dithaeng   go feta ka bodilo jwa tlatso, mme o bolege sentlentle nkong.  Mme fela se se lathegile mo bo mmanthwane le mo ditshweneng, le batho tota.

Thapi e na le go dupa mo bokoa, mo e leng gore ga gana mosola mo metsi a di tshelelang mo go one.  Di na le nko mme, ntswa, e sa tshwane le tsa dikoloti, ga e na kgolagana le legano le fa e le go diriswa mo hemeng phefo. 
Mme le fa ntwa go ntse jaalo, e na le dikgwamanyana fa morago ga mola wa nko mo lethakoreng le le fa pele la thogo.  Mo nakong tse dintsi mola ona o kgaogangwa ke nama e e tsopileng ga bedi, go letelela metsi go feta ka nko ka lethakore le lengwe go tswa ka le lengwe. 

Dikgwamana tse di bapile le nama e fithelwang mo nkong gape gantsi di na le go itsopa mo teng, go oketsa lefelo la bodilo. Mo di dithaengs,dikgwamana tse di tsenelela mo di phatha tse di mo marapong a thogo tse di tlaleletsang jaaka marapo a meno, fa mothaping e e senang marapos, di dira diphatanya tse di dikologang. Fa dintshwantsangwa le di koloti, phatha e e tletseng phefo ya dithapi ga e na mamina-a a na le ditshidi, ka gore ke matute a tholego.  

Mo ditshiding tse di na le lerapo la mokgwatla, the thapi tse di senang marapo a dithaa le thapi e e nnang mo boteng jwa lewatle, go na le mola wa nko o le mongwe le kgesi e e dirisiwang go phepafatsa phefo.  Ke nnete gore  phatha e e tetseng phefo le yone e bulegela mo matute a kwa tlase ga bo boko. Se ga se thokege mme, setshidi se se na le lerapo la mokwatla, se se sa leng se le teng ko tshimologong. Sekai ke ditswa mmung tsa thapi tse di nale le mela ya nko tse pedi, gape ke nngwe ya ditshidi tsa ntlha.




#Article 49: Ngwana (1390 words)


Go ya ka Bioloji, ngwana (bontsi - bana) ke motho  yo o fa gare ga paka ya pelego le ya bogammana. Mme ka molao, ngwana o tsewa e le mmotlana yo o sa leng mo taolong mme a le tlase ga bogolo jo bo bidiwang age of majority. 

Gape, ngwana go kaiwa kgolagano gareng ga barwa le barwadi le batsadi ba bone kgotsa le mogolo wa boikarabelo, boloko go mophato, morafe kgotsa bodumedi; gape go rewa ka fa mabaka mangwe a a jaaka metlha e e rileng kgotsa lefelo, a amileng motho ka teng, jaaka go ka buiwa ka 'ngwana wa mabu' kgotsa go twe 'ngwana-a-Motswana'.

Go dintlha di le dintsi tse di amang bana jaaka thuto bongwaneng, go dipisiwa, khumanego, lelapa le le reketlang, tiredi ka bana le tlala. Bana ba ka godisiwa ke batsadi ba bone, batlhokomedi ka molao, bagolo ba bone kgotsa ba godisiwa bontlhabongwe ke day care centre

United Nations Convention on the Rights of the Child e tlhalosa ngwana e le motho yo o dingwaga tse tlase ga 18, ntle le fa melao e ngwana a golelang go yona e totobatsa kgolo ya age of majority e le pele ga 18. Seno se rebolwa ke ditšhaba di le 192 go tse 194 tse e leng maloko. Immigration laws kwa U.S e totobatsa fa ngwana e le motho yo o tlase ga dingwaga tse 21.  

Bioloji e fatlhosa fa ngwana e le motho yo o gareng ga pelego le bogammana. Ditlhaloso dingwe tsa Seesemane tsa lefoko ngwana di akaretsa mpa. Go ya ka ditso tse dintsi, fa ngwana a sena go gwerisiwa o tsewa e le mogolo go sa kgathalesege fa seo se tsamaisana le nako ya bogammana.  

Ka kakaretso, ditshwanelo tsa bana di potlana go tsa bagolo. Bana ba tsewa ba se mo maemong a go tsaya ditshwetso tsa boikarabelo, mme ka molao, ba tshwanela go nna tlase ga taolo ya mogolo yo ob boikarabelo ka metlha. Kamogelo ya pharologanyo gareng ga bongwana le bogolo e simologile ka dingwagakgolo tsa 16th le 17th. Tshidisanyo e ne ya simolola go tsaya ngwana e se mothwana fela mme e le motho yo a iseng a nonofe e bile a tlhoka tshireletso ya bagolo, lerato mmogo le kgodiso. Metako e supa motlhala wa diphetogo tseno: Mo metlheng ya Middle Ages, bana ba ne ba takiwa fela jaaka bathwana mme go sena totobalo ya go re ke bana. Ka ngwagakgolo wa 16th, metako ya bana ya simolola go bontsha se ngwana a totang a le sona. Go tloga mo dingwageng tsa bofelo tsa ngwagakgolo ya 17th, bana ba ne ba takiwa ka ditshamekisi mme ya re moragonyana dikwalo tsa bana le tsone tsa simolola go tlhagelela.[8]

Kgolo ya bana e kgabaganya dipaka tse dintsi. Sekai: o ka bona ngwana a itshamekela a le esi ka boitumelo. Mme fa ngwana yo mongwe a ka tsenelela foo, go ka diragala go re a utlwise yo mongwe botlhoko le go mo tseela ditsagagwe. Mme ka dinako dingwe, letsenelela le ka tshameka mmogo ka mowa o montle o o edileng le go ithuta karogano le thefosano. Fa go ntse go ya, bana ba bangwe ba tlaleletse go fitlha e nna setlhotshwana sa bana ba le mmalwa. Tshidisano e e jaana e  siamisetsa bana go tsenelela ditlhophana tsa bana ba bangwe bonolo le go ba thusa go natefelwa fa ba simolola kwa dikolwaneng.[9] Bana ba ba nang le ADHD le mathata a go rutwa ba tshwanela go thusiwa segolo go ba kgontsha go inonotsha mo mabakeng a tshidisano. Mokgwa wa bana ba ADHD wa go phanyega fela o ka ba bakela kgolagano e e bokowa le bankanaabone. Bana ba monagano o o etsaetsegang ba ka nna le mathata a tshidisano mo tikologong e ba leng go yona, mme seo sa tloga sa ba itsa go iponela maitemogelo a a tlhokegang a tshidisano.[9].

Fa go ntse go ya, dingwaga tse bana ba bonwang ba ka ikarabela (mo mabakeng a a jaaka nyalo kgotsa ditlhopho), di ne tsa fetogafetoga. Seno se itshupa ka fa dikgotla tsa melao di ba tsayang ka teng. Ka dinako tsa puso ya Maroma, bana ba ne ba tsewa ba se na boikarabelo jwa go ka dira molato. Kereke le yona ya latela ya amogela ntlha eo. Ka ngwagakgolo wa 19th, ga nna le phetogo ya go re ngwana fa a le tlase ga dingwaga tse 7 ke ena fela a sa rwaleng boikarabelo mme bana ba dingwaga di supa le go feta e le bone ba tsewang ba na le boikarabelo jwa ditiro tsa bone. Ka jalo, ba ne ba sekisiwa, ba tlhatlhelwa le bagolo e sita le go otlhaiwa jaaka bagolo ka go kgwathisiwa, go tshujwa ka tshipi kgotsa go kalediwa. Gompieno, dinaga dingwe tse di jaaka United States le Canada, bana ba dingwaga di le 12 le go feta, ba tsewa ba na le boikarabelo jwa ditiro tsa bone. Mme ba na le go amogelwa mo mafelong a a kgethegileng a kgopololo ya bana, juvenile hall.   

Di-Subeyi di upolotse fa dinaga di le 25 lefatsheng tšhikelela di sa totobatse dingwaga tsa thuto ya bana botlhe. Dingwaga potlana tse di letlang bothapiwa le nyalo le tsone di a farologana. Mo dinageng di ka nna 125, bana ba bogolo jwa 7 - 15, ba tlhagelela fa pele ga dikgotlatshekelo le go atlholwa le go tlhatlhelwa fela jaaka dinokwane. Ditheo tsa boditšhabatšhaba ga di lefoko lengwe fela tebang le palopotlana ya botlangwa kgotsa boithaopedi mabapi le diterelo tsa bosireletsi. Dinaga dingwe di tlama bana ka molao go tsena sekolo go fitlha dingwaga di le 14 kgotsa 15 mme go na le kgonagalo ya go re ba ka thapelwa go dira pele ga bogolo joo. Ditshwanelo tsa thutego ya ngwana di tshosediwa segolo ke nyalo pele ga thutego, bothapiwa jwa bana le kgolego. 

Mo tshimologong ya ngwagakgolo ya 17th, kwa England, palogare ya tsholofelo ya tshelo ya motho e ne e lekanyediwa go 35 mme lebaka e le ka ntlha ya fa pedi-tharong ya bana botlhe e ne e swa pele ga ngwaga tse nne. Mo nakong tsa Industrial Revolution, tsholofelo ya tshelo ya bana e ne ya oketsega segolo. 

Baitseanape ba dipalopalo tsa pholo ba re go tloga ka bo 1990, dintsho tsa bana di fokotsegile thata. Ka 1990 go banagetse fa 12.6 ya dimilone tsa masea a ngwaga tse di tlase ga botlhano le seripagare a ne a swa ngwaga le ngwaga mo lefatsheng lotlhe. Ka 2012, palo eo e fokotsegetse go 6.6 ya dimilone tsa dintsho tsa bana. Palogare e e kwa godimo ya tekanyetso ya dintsho tsa masea di mo Sub-Saharan Afrika moo go swang masea a le 98 go a le 1,000 a a belegweng - mme seno se feta palogare ya lefatshe lotlhe ya 48.[14] 

Molao wa lefatshe la China wa thibela pelegi wa ngwana a le esi o ne wa theosa palo ya morafe wa China e e neng e le kwa godimo thata. Morago ga ngwaga di feta sometharo, moono oo o sa tswa go fetolwa in a statement go rebola bana ba ba bedi ka motho.

Moono ono o ne wa kgalwa lefatshe ka bophara ka ntlha ya tumelo ya go re o tlhotlheletsa tshenyo le polao ya boimana jwa masea e sita le gone go intsha dirwe tsa tsalo go thibela pelegi. Lefa kotlhao ya boimana jo bo sa ipaakanyediwang e le katlholo ya madi, kgateleo ya polao ya lesea le le sa belegwang le go kgaola bong go itsa pelegi le tsone ke melato e e atlholwang e amangwa le leso kgotsa kgontsho ya ka bomo mme katlhao ya tse tsotlhe e ka nna dingwaga di le lesome mo kgolegelong. Fa ngwana yo mongwe a ka belegwa ko ntleng ga a le mongwe yo o letlelelwang ka fa molao batsadi bao batla duela madi a mantsi ka ba tlaabo ba duelela letsatsi lengwe le le nngwe le a tshelang ka lone.

Dikakanyo tsa maikutlo go lebilwe bana di a farologana lefatshe ka bophara mo dingwao dile mmalwa. Dikakanyo tse difetogile ga nako e ntse e tsamaya. Ditshekatsheko tsa ngwaga wa 1988 ka maikutlo a Europa ka konokono ya bana di lemogile fa lefatshe la Italy le remeletse thata mo baneng fa la Holand lone le sena sepe ka bana mo go kalokalo, fa mafatshe a mangwe o ne a tshwana le Austria, Great Britain, Ireland le West Germany a wela fa gare.




#Article 50: Dipalamo tsa lefatshe la Botswana (659 words)


E ntswa lefatshe la Botswana le nna le batho ba bannye e bile le sena dipula tse dikalokalo le kgonne go tlhabolola itsholelo ya lone. Ditsela tse di kopanyang metse megolo le dikgaolo tsotlhe di tshetswe sekontere,mme ya Trans-Kalahari Highway e e kopanyang lefatshe leno le la Namibia ko Walvis.

Lefatshe la Botswana le nna le diporo tsa boleele jwa dikhilometara di le makgolo a ferabobedi,masome a ferabobedi le boferabobedi go ya ka dipalo tsa ngwaga wa 2002,mme e bile di tsamaela ditoropong di le mmalwa gape di kopanya lefatshe leno le a a mabapi.

Lefatshe la Botswana le nna le diporo tse tshwaraneng le tsa mafatshe a Zimbabwe le Aforika-Borwa. Le ntswa go nne go solofetswe go bulwa ga  seporo sa motlakase ka ngwaga wa 2006,se se yang Lüderitz kwa lefatsheng la Namibia go isa magala,ga gona seporo se tlhamalalelang kwa lefatsheng la Namibia mme go nna le se se fetang ka lefatshe la Aforika-Borwa.

Go nne ga nna le kgang ya go bula seporo se se ntšha fa gare ga lefatshe la Botswana le la Zambia,se feta ka lefatshe la Zimbabwe ka rre Andrew Lunga yo e leng mookamedi wa kompone ya Botswana Railways. Seporo se ne se solofatswe go feta kwa borwabophirimsa go tswa Livingstone,se feta ka Zambesi,se bo se tswelelela kwa marakanelong a a ntseng a le teng a Mosetse. Mme e ne yare morago ga kgang e ya ga rre Lunga,kompone ya la latlhegelwa ke diterena ka bokete jo bo kwa godimo bo bo nne jwa latelelwa ke go bulwa ga seporo sa Beitbridge-Bulawayo se se ileng sa dira gore dipalo tsa bapalame le  dithoto go fokotsege go tswa ko sedikeng le sekete ka ngwaga go ya go dikete di le lekgolo le masome matlhano ka ngwaga.  Seemo sa itsholelo ya lefatshe la Zimbabwe ga gakatsa seemo ka go ile ga fokotsa go tsamaya ga diterena ka phuthologo.  Seropo se rre Lunga a nneng a kaile se ile sa nna sone se kopanyang mafatshe a Aforika-Borwa, Zambia and le la Democratic Republic of Congo.

Mesepele yotlhe ya diterena tsa batho e ile ya emiswa mo lefatsheng la Botswana,mme ga sala se di yang mafatsheng a sele tse di kopang le sa lefatshe la Zimbabwe go tswa Francistown,se e leng sone se se mo tirisong fela. Diterena tsa dithoto di santse di le mo tirisong tsone. Tse di latelang ke mafelo a a kileng a bo a na le diterena tsa batho go fitlhelela ka ngwaga wa 2009,kgwedi ya Motsheganong. 

Lefatshe la Botswana le nna le ditsela di le dikete di le lesome,makgola a mabedi le lesome le bosupa,mme ebile mo go tsone di le dikete tse matlhano,makgolo a marataro le masome mabedi di tshetswe sekontere. E sale go tloga ka dikabelelo tsa ngwaga wa 1996,go na le phokotsego mo dipalong tsa ditsela tse di sa tshelwang sekontere.Go tlhoga ka ngwaga wa 1996 go fitlha ka 1999 dipalo tsa ditsela tse di sa tshelwang sekontere di ile tsa fokotsega go tswa kwa dikhilometareng tse dikete tse lesome le bone,lekgolo le masome mararo le boferabongwe go ya go dikete tse nne,makgolo a matlhano le masome a ferabongwe le bosupa. 

Go nne go nna le kabelelo ya gore go nna le maemelo a difofane a le masome a ferabobedi le boferabobedi ka ngwaga wa 2004 mme di le lesome di tshetswe sekontere,se e ne le ka ngwaga wa 2005. Kompone ya Air Botswana e e leng ya goromente ke yone e okametseng difofane tse di yang Francistown, Gaborone, Maun le Selebi-Phikwe. Go nna le difofane tse di yang ditoropong tsa  mafatsheng a sele jaaka Johannesburg kwa Aforika-Borwa; Mbabane kwa Swaziland; le Harare kwa Zimbabwe. Go nna le maemelo a mantšha gaufi le toropo ya Gaborone e e butsweng ka ngwaga wa 1984. Dipalo tsa bapalami ba difofane ba ba neng ba tsena ba bo ba tswa mo lefatsheng la Botswana e ne le dikete di le lekgolo le masome a ferabobedi le boraro ka ngwaga wa 2003.




#Article 51: Kanye (752 words)


 

Kanye ke motse-setoropo oo kwa borwa jwa lefatshe la Botswana. E okametse tsa botsamaise jwa kgaolo ya Borwa. Kanye ke nngwe ya mafelo a magologolo a matona mo Botswana go tloga ka ngwaga wa 1853. Ke motse-mogolo wa morafe wa Bangwaketse o kgosi ya one eleng Kgosi Malope wa bobedi yo o e leng morwa Kgosi Seepapitso wa bone. Kanye o tlholegile e le motse wa Bangwaketse, o e leng mongwe wa merafe e metona mo Botswana. O mo kgalong ya lefatshe la Botswana e e tletseng dithaba. O dikaganyeditswe ke motse wa Moshupa, toropo ya Lobatse, le ya Jwaneng. Go ya teng o tsaya metsotso e le masome a mane le botlhano go tswa mo Gaborone, o e leng toropo-kgolo ya Botswana.

Go nnile le pego ya metsotso e le masome a a robang bobedi ka lelwapa lwa bogosi jwa Bangwaketse kwa Kanye go tloga ka ngwaga wa 2003 go fitlha ka ngwaga wa 2005 e e  biditsweng Kwa mosasaneng wa ga mma kgosi.

Mothusa tona wa dikgaolo mme Botlogile Tshireletso o gakolotse ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse wa Kanye go nna seopo sengwe, go dira ka natla go isa ditlhabololo kwa morafeng. Mme Tshireletso o ntshitse kgakololo eo mo phuthegong e a neng a e tshwere le ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse bosheng, go lekodisana ka tse di amang dikomiti tseo, di akaretsa mananeo a tsone; a di a kgonneng le a a padileng ga mmogo le ditharabololo tsa bothata jo. O tlhalositse gore diphuthego di tshwanang le tse, di botlhokwa, ka ka tsone ke gone go ka bonwang gore a ditlhabololo di goroga kwa bathong le go bona gore mananeo a tshwana le a Ipelegeng a ntsha maduo a a nang le boleng. A re dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ke tsone di tsenyang leitlho mo ditlhabololong, a tlhalosa fa lephata la gagwe le tlhophile go nna le phuthego go sekaseka gore ditlhabololo di tsamaya jang le go amogana megopolo le ba ba amegang. O gakolotse badulasetilo ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse go etelela pele mananeo a Ipelegeng ka kelotlhoko ka ke bone ba itseng dikgwetlho tse di amang mananeo a.

O tlhalositse fa ditogamaano tse di beetsweng fa thoko ka ntlha ya letlhoko la madi, di beilwe leitlho gore fa itsholelo e tokafala di bo di dirwa mme a re ba tlaa tsaya dikgakololo tsa VDC tsia ka dinako tsotlhe.O rotloeditse ba dikomiti tsa ditlhabololo go nna ba fana sebaka, ba ntsha megopolo mme e sekasekiwe gore maduo a tle a bonale.Mme Tshireletso o kopile ba VDC go fokotsa dikoloto tsa bahirisi ba matlo ka go dira ditumalano le batho pele ga ba tsena mo matlong ka go netefatsa gore ba duela leng le gone go netefatsa gore madi a a phuthwa pele ga kgwedi e felela ruri.O rotloeditse ba dikomiti ka go farologana go fa batho maele a go itirela go leka go nyeletsa lehuma a re ba seka ba lebagana le go thapa batho mo Ipelegeng le go ba phakisa fela

Bagogi ba dikereke ba kopilwe go emisa go runyarunya ga tse disha.
Mogolwane wa komiti e tona ya ditlhabololo tsa motse wa Kanye, Rre Patson Motswagae o kopile jalo kwa kabelong dimpho ya bana ba kereke ya The Holy Galaliee Apostolic Church In Zion kwa Kanye ka Tshipi.Bana ba kereke eo ba sekole sa Tshipi, ba ne ba amogela dimpho go tswa kwa mokgatlhong wa Samaritans purse wa Amerika.Rre Motswagae a re bolwetse jo jwa go runya ga dikereke ka mmetela boaparetse lefatshe la Botswana ka bophara, a tlhalosa fa se se tsisa ketsaetsego.Mogolwane yoo o akgoletse kereke ya Galalie mowa o ba nang le one wa neelano, a re ke makgetho a mantsi kereke eo e tshwara kabo dimpho, selo se a reng se boutsana mo dikerekeng tse dingwe.

Moruti Motlalekgosi Makwepa ene o kopile batsadi go neela bana lorato le go ba tlhokomela ka ditsela tsotlhe tse ba di tlhokang.Rre Makwepa o tsweletse a re bana be segompieno ba tsholetswe mo dinakong tse di thata mme ba tlhoka kgothatso.O rotloeditse mokgatlho wa Samaritans Purse go tswelela o abela bana lefatshe lotlhe, a re o tla a bona lesego mo go abeng.Molomaganya ditiro wa mokgatlho wa Samaritans Purse kwa Kanye, Mme Khumo Gedion o tlhalositse fa dimpho tse di tswang kwa mokgatlhong o di abelwa batho ba ba farologanyeng jaaka batlhoki, ba ba amilweng ke dibetso tsa tlholego, balwetse ga mmogo le magolegwa.Dimpho tse di akaretsa dibaebele, diaparo, bompopi le tse dingwe.

Mmolo o mosha wa kanye o bidiwa MONGALA MALL,




#Article 52: Ntlo ya Dikgosi tsa Botswana (212 words)


Ntlo ya dikgosi e okametseng bogakolodi ya palamente ya Botswana.

Ntlo ya dikgosi e na le maloko a le masome mararo. Mo go bone,ba le boferabobedi ba tswa mo merafeng e megolo ya baKgatla, baKwêna, baMalete, bamaNgwato, baNgwaketse, baRôlông, baTawana, and baTlôkwa. Fa ba le masome mabedi le bobedi ba tlhopiwe mme ba bereke sebaka sa ngwaga tse tlhano. Mo go bone ba,ba le bane ba tlhopiwa go tswa mo dikgosaneng tsa dikgaolo tsa bokone-botlhaba,Chobe, Ghanzi,le Kgalagadi Mme ba ba tlhano ba ba setseng ba tlhopiwa ke tautona. Ba tshwanetse ba bo ba le dingwaga tse masome mabedi le bongwe go ya kwa godimo,ba itse go bua sekgoa mme ebile ba ise ba tsenelele polotiki mo dingwageng tse tlhano tse di fitileng. Dikgosi ga di letlelelelwe go ka tsenelela polotiki. 

Ntlo ya dikgosi e okametse bogakolodi jwa palamente mme e bile ga o nna dithata tsa go dira melao kgotsa go kganela melao mengwe. Melao yotlhe e e amang lekgotla la magae le lehuma,melao ya makgotla a magae le tsamaiso ya dikgotla tsa setswana e feta ka ntlo ya dikgosi pele e ka isiwa kwa morafeng. Maloko a tshwanetse go rerisiwa fa melao e fetolwa kgotsa e ntšhafadiwa. Ntlo ya dikgosi e na le dithata tsa go ka sekisa maloko a goromente.




#Article 53: Mosadi (6350 words)


Mosadi ke motho yo o monamagadi. Lentswe le mosadi le dirisiwa segolo go mogodi, fa lentswe le mosetsana e le lentswe le ka setlwaedi le beetsweng ngwana kgotsa moadolesente yo o monamagadi.  Lentswe le mosadi gape le dirisiwa ka gale go supa motho yo o monamagadi go sa lebelelwa mengwaga, jaaka le dirisiwa mo difreising tsa go tshwana le ditokelo tsa basadi  women's rights. Mosadi gape le ka nne la raya boikayo-bong jwa motho (person's gender identity.). Basadi bao ba nang le bokao ba tlhago gantsi ba kgona go ka tsala/tshola  [giving birth] go tloga ka nako ya puberty go fitlha ka menopause. Go ya ka go ikaya-bong, batho ba ba tlolagantshitseng bong [transgender people] bao ka botsalo go lepilweng gore ke ba ba botona [determined to be male] mme ba ikaya e le basadi ga ba kgone go ka tsala/tshola. Bangwe batho [ba-intersex]  ba ba ikayang e le basadi ga ba kgone go ka tsala ka ntlha ya gongwe e le fa ba sterilaisitse sterility kgotsa ba gotsitse Y khromosounu [inheriting Y chromosomes] e le nngwe kgotsa go feta.  Ka sewelo mo mabakeng a a rileng/a a tswileng thata, batho bao ba nang le Swyer syndrome ba ka tsala/tshola ka thuso ya melemo [medical assistance]. Go phunyeletsa ka ditso kgotsa ka histori basadi ba itseetse kgotsa ba tshwaetswe go tsea dikarolo tsa mehutahuta.

Go peleta mosadi ka Seisimane go tsweletse thata go ya ka meleniamo e e fetileng go tswa go wīfmann go ya go wīmmann go wumman, mme bofelelong, mopeleto wa segompieno wa mosadi [woman.]. Mo Seisemaneng sa kgale, wīfmann e ne e kaya motho yo monamagadi female human, e le fa wēr e kaya motho yo motona male human. Mann kgotsa monn e ne e na le bokao bong jo bo magareng [gender-neutral] jwa motho human, e tsamaelana le motho 'person' kgotsa mothomongwe 'someone' ka Seisemane sa se gompieno; le fa go le jwalo, botlamoraga ga Norman Conquest, lentswe le monna le simolotswe go dirisiwa thata go kaya motho yo motona male human, mme bofelong jwa sentshwuari ya bo-13  la khurumetsa tiriso ya lentswe la kgale wēr. Tumapou f and m mo go wīfmann e hueditswe ka mo sebopegong sa gompieno sa woman, fa ntlha ya tshimologo e e neng e kaya bonamagadi female, e tsamaile semantic narrowing go tlisa tlhaloganyong mosadi yo o nyetsweng (wife). Ke misconception o o tlwaelegileng wa gore lentswe le woman go ya ka ethimoloji le lomagane le womb, leo le tswang go lefoko le le farologaneng la Seisemane sa kgale, wambe  le le kayang stomach (sa botona kgotsa bonamagadi; SeJeremanae sa gompieno se itshwareletse ka lentswe le le colloquial Wampe le letswang mo go Middle High German le le kayang  potbelly). Le fa gontse jalo, boikaketso jo bo jaana jwa tlhago ya lentswe le woman e tlhagile le mo dikwalong.

Letshwao la pholanete ya Venus ke sekai gape sa sesadi  [female sex.]  se se dirisiwang mo baelojing. Ke mokgwanyana wa seemedi sa seipone sa letsogo [hand-mirror] sa modimogadi Venus kgotsa letshwao la khutswafatso la modimogadi: modiko o o nang le sefapanonyana se se equilateral ka fa tlase. Letshwao la Venus gape le emela senamagadi/bonamagadi [femininity], mme ka alkhemi kgale se ne se emela koporo  [copper]. BaBoalkhemi ba agile letshwao le go tswa mo modikong (go emela mowa [spirit]) mo godimo ga sefapano se se equilateral (se emetse matter).

Bosadi ke nako mo bophelong motho yo monamagadi ga a setse a fetile bongwana le boadolosense, ka setwaelo mengwageng ya bo 18.

Lefoko le mosadi le ka dirisiwa ka setlwaedi, go raya motho mongwe le mongwe yo o monamagadi kgotsa fa re nankolla, go raya mogodi mongwe le mongwe yo o monamagadi fa a bapisiwa le mosetsana. Lefoko le mosetsana tlhagong le raya motho yo moswa jwa bong bongwe le bongwe ka Seisimane [English]; e ne e le kwa tshimologong ya sentshwuari ya bo16 fa e tla go ray ngwana yo o namagadi  [a female child]. Lentswe le mosetsana go le gale le dirisiwa colloquially go kaya mosadi yo moswa kgotso yo a sa nyalwang; le fa go le jalo, mo metlheng ya mengwaga ya bo 1970 fa e simolola babosadi challenged tirisi ya mofuta wo ka gonne tiriso ya lefoko le go kaya mosadi yo o godileng e ne e ka tlisa kgopisanyo. Segolobogolo, mantswe a tlwaelo a a neng a dirisiwa pele jaaka mosetsana wa ofisi [office girl] ga a tlholwe a diririwa ka bophara. Conversely, mo ditsong dingwe tse di amantshang tlotla [honor] ya losika le bokgarebe [virginity] bonamagading, lefoko le mosetsana le dirisiwa go kaya lefetwa (mosadi yo a sa kakeng a nyalwa) [never-married woman]; ka mokgwa wo le dirisiwa ka tsela e e [roughly analogous to the obsolete English maid or maiden]. Go kaya motho yo monamagadi yo a sa nyalwang jaaka mosadi, mo ditsong tseo, go ka akanngwa gore o na le maiphitlhelo a tlhakanelo-dikobo, eo e ka nnang thogako losikeng lwa gagwe.

Go na le mafoko a mefutafuta a dirisiwang go kaya boleng ba go nna mosadi. Lentswe le bosadi le raya fela seemo sa boleng sa mosadi, a setse a kgabagantse menarche; sesadi femininity le dirisiwa go kaya bontlhanngwe jwa boleng jwa bonamagadi jo bo gokaganeng le maikutlo mangwe a diroles tsa bong [gender roles]; sebosadi womanliness se tshwana le sesadi femininity, e fela  ka setlwaedi se gokagane le ye e farologaneng  ya diroulo tsa bong; bosesadi femaleness ke lentswe le le tlwaelegileng, e fela gantsi le dirisiwa ka bokhutshwane go bosesadi ba motho  human femaleness; distaff ke letlhaodi la kgale le le tswang go ditiro tsa basadi tsa tlwaelo tsa mologi spinner, ga jaanong le dirisiwa fela ka maabomo archaism; muliebrity ke neologism (le tlhaga go Selatini) go raya [counterpart] ya bonamagadi ya virility, e fela e dirisiwa ka go repa, ka nako dingwe go raya fela bosadi womanhood, ka nako dingwe sesadi femininity ka nako dingwe gape jaaka lentswe la kakaretso la mosadi.

Menarche, tshimologo ya menstruation, e dirafala go tloga ka ngwaga wa 12-13. Ditso di le dintsi di na le mareo a tlodiso [rites of passag]  go tshwaa fa mosetsana a  . . . coming of age, jaaka fa a tlhomamisiwa mo makaleng a mangwe a boKresete [Christianity],

Basadi ba pele bao maina a bone a itseweng archaeology a akaretsa:

Fa re leba ka biology, ditho tsa thobalano [sex organs] tsa bosadi di amega mo reproductive system, ntswa secondary sex characteristics di amega mo go otleng bana kgotsa, mo ditsong tse dingwe, go ngoka e tona/molekane. Di ovaries, go tlhakana le tiro ya tsona ya go laola tsweletso/tlhagiso ya dihomounu, di tsweletsa digamete tsa bosadi tse di bidiwang mae [eggs] a o, fa a umisitswe [fertilized] ke digamete [sperm] tsa e tona, a bopa new genetic individuals. Popelo [uterus] ke setho se se nang le tlhono/thisu [tissue] e e sireletsang ebile e godisa le go tsweletsapele kgolo ya fetase[fetus] le mothapo/mosifa o e tlong go e alola ge e belega/tshola. Vagina e dirisiwa mokotong le fa go belegwa, le fa lentswe le 'vagina' le dirisiwa segolo setona colloquially le ka tsele e e sa tshwaneleng mo lelemeng la Seisemane go raya vulva kgotsa bokantle ba setho sa bosadi [external female genitalia], eo e nang le (ge re akaretsa le vagina) labia, lelengwana/nawa [clitoris], le urethra ya bosadi. Letswele [breast] le tlhagelela matuteng a a monate [sweat gland] go tsweletsa masi/lebese, secretion e e dikotla ke thwadi semelong  sa diamusi, yona le bophelo le pelego. Mo basading ba ba godileng, letswele le tonogile thata go gaisa diamusi tse dingwe; go tonoga go, e seng fela tsweletsong ya masi, e ka be bonnyane e le ka lebaka la kgetho ya thobalano [sexual selection]. (Ditseleng dingwe tse banna ba farologaneng ka sebopego le basadi, bona monna [man].)

Seseng ka nako ya fa fetal e bopega, diembryo tsa bong bobeding di tlhagalela di le gender-neutral. Jaaka mo mabakeng ao go senang bong, jaaka mehuta e e tsweletsang asexually [reproduce asexually], tlhago e e gender-neutral e kgaufi le ya bosadi go na le ya botona. Fetus gantsi e golela bonnng/botoneng fa e le exposed to a significant amount of testosterone (segolo thata ka fetus e na le Y chromosome go tswa go ntate/rre). Ga go se jalo, fetus gantsi e golela bosading, segolo thata fa fetus e na le X chromosome go tswa go ntate/rre, kgotsa gape fa ntate a sa abelana ka chromosome X kgotsa ya Y. Morago ka nako ya puberty, estrogen e feminisa lekgarebe, e mo fe semelo sa bong sa bagodi/ go gola. 

Go se lekalekane ga go lepalepana ga dihomounu tsa bomme le dikhemikale (kgotsa diretebatsi) di ka fetola popego ya sekondari ya bong ba  difetase. Basadi ba le bantsi ba na le karyotype 46,XX, fela a le mongwe go ba ba sekete o tla ba le 47,XXX, gape a le mongwe go ba ba 2500 o tla baana le 45,X. Se se ganana le karotype ya bonna tota  ya 46,XY; ka jalo, di chromosomes X le Y  di itsiwe ka bonamagadi le botona,  go ya ka tatelano. Ka gonne batho ba gotsa fela mitochondrial DNA go tswa mo ovum ya mme, dithuto tsa genetic tsa bonamagadi ka gale di lepa mitochondrial DNA.

Le fa ngwana a kaiwa le yo monamagadi se ga se ga ntsi se kaya gore mo nakong e e tlang ngwana yo o tla ikaya jalo (lebelela gender identity). Sekao, intersex individuals, ba seemo le/kgotsa popego ya tlhago tse di tswakaneng, ba ka dirisa bokao bongwe fa ba tlhekisa ikano ya bone. Kwa tsalong, bana ba ka fiwa bong go ikaegilwe mo dithong tsa bona tsa bong. Mo mabakeng a mangwe, le fa ngwana a na le dichromosone tsa XX, fa a tsetswe ka ntsutsu, ba godisiwa ka botona.  Go na gape le transgender le basadi ba transsexual, bao ba neng ba kailwe ka botona fa ba tsalwa, e fela ba kaiwa jaaka e le basadi; go na le ditlhaloso tse di farologaneng tsa lephedisano, semolao, le  boleng tseo di leng mabapi le kgang e.  (lebelela trans woman).

Le fa bonnyane go tsalwa ba ba namagadi go na le ba ba tona  (selekanyo se tsamaela go 1:1.05), ka ntlha ya botshelo jo bo eletswang jo be telele go na le banna ba le 81 fela ba ba leng mo mengwageng ya 60 kgotsa go feta mo basading ba le 100 ba mengwage e e tshwanang. Basadi go le gontsi ba tshela sebaka se se telele go gaisa banna.  Se setlholwa ke mabaka a a tlhakaneng :genetics (redundant and varied genes present on sex chromosomes in women); sociology (jaaka lebaka la gore merafeng ya sešeng ga go a lebelelwa mo  gore basadi  ba ka tsenela tiro ya bosole [military service]); dikgetho tsa maphelo [health-impacting] (tse jaaka go ipolaya [suicide] kgotsa go goga sekarete, le go nwa bojalwa [alcohol]); go nna teng ga homounu ya bonamagadi  estrogen, yeo e nang le cardioprotective effect mo basading ba premenopausal; le di effect tsa high levels of androgens mo banneng. Go tswa go palogotlhe ya batho/setšhaba, go na le banna ba ba 101.3 go 100 lengwe le lengwe la basadi (source: 2001 World Almanac).

Mebele ya basetsana e tsamaya diphetogo ga nnyane ga ba le mo nakong ya puberty, go tshwana le fa go tlhaologile le maitemogelo a basimane.  Puberty ke tsamao ya diphetogo tsa lebopo eo mmele wa ngwana [child's body] o golang go mmele wa mogodi go kgona [sexual reproduction] go kgonisa fertilisation. E tlhotlholetswa ke ditshupetso tsa di homounu [hormonal signals] go tswa mo bokong brain  go ya go gonads-e ka nna diovari kgotsa ditestes. Go arabela ditshupetso, di gonads di ntsha dihomounu tseo di sisinyang libido le kgolo, tiro, le phetogo ya boboko, marapo bones], mesifa [muscle], madi     [blood], letlalo [skin], moriri [hair], matswele [breasts], le ditho tsa thobalano [sexual organs]. Physical growth—boleele le boima- di  and weight—accelerates mo karolong ya ntlha ya puberty gape e fela fa ngwana a tlhagisitse mmele wa bogodi. Go fitlhelela kgolo ya bokgoni ba go tswetsa tsalo, pre-pubertal, dipharologano tsa popo magareng ga basimane le basetsana ke di genitalia, ntsutsu [penis] le phene [vagina]. Puberty ke tsamao e go le go ntsi e diragalang magareng ga mengwaga ya bo 10–16, e fela megwaga e e farologane go ya go mosetsana go mosetsana. Tshupokgolo fa mosetsana a le mo puberty ke menarche, tshimologo ya go ya sesading [menstruation], eo e diragalang bonnyane magareng a mengwageng ya bo 12–13.

Basetsana ba le bantsi ba ya through menarche gape ba kgona go ka ima [pregnant] ba tshola bana [bear children]. Se ka setlwaedi se tlhoka internal fertilization ya mae a gagwe ka sperm sa monna ka thobalano [sexual intercourse], le fa artificial insemination kgotsa go jalelela ka karo [surgical implantation] ga embryo  e e le teng le yone go a kgonagala (lebelela reproductive technology). Thuto ya tsa tlhagisotsalo ya bonamagadi le ditho tsa tlhagiso [reproductive organs] e bitswa gynaecology.

Pholo ya basadi di kaya dio dingwe tsa maphelo tse di lebaganeng thwi le pholo ya basadi ya ditho-popego tsa bonamagadi. Go malwetsi mangwe a segolo se tonna a tlhomarang basadi, jaaka lupus. Gape, go na le malewetsi mangwe a a tsalanang thata le bong [gender-related illnesses] a a bonong kgafetsa kgafetsa kgots fela mo basading, sekao, kankere ya matswele [breast cancer], cervical cancer, or ovarian cancer. Basadi le banna ba na le matshwao a a farolaganeng a bolwetsi gape ba ka responta ka go go farologaneng kalafing ka ditlhare. Karolo e ya diphuphutso/dinyakisiso e ithutiwa ke ba gender-based medicine.

Kgang ya pholo ya basadi e tseetswe godimo ke bontsi ba  feminists, segolo thata moo go amanang le reproductive health. Pholo ya basadi e filwe leemo magareng a bophara mmeleng wa kitso e e nopolwang, go ba bangwe, ke World Health Organisation, eo e beyang botlhokwa bonng jaaka e le ekaego ya  tsa pholo .  Bo nnyane diperesente di le 99% tsa maso a boimana a diragala mo dinageng tse di santseng di ikaga. Go feta seripa sa ona go diragala kwa sub-Saharan Africa  gape bogolo ngwe-tharong kwa South Asia. Mabaka magolo a maso a pelego ke go tsorotla madi (segolo go tswa madi fa morago ga tsholo ya ngwana ), tshwaetso (ka tlwaelo fa morago ga tsholo ya ngwana), pre-eclampsia le eclampsia, khutliso-boimana e e sa bolokegang, le boimana bjo bo kgweleaneng ka ntlha ya bolwetsi ba letadi [malaria] le HIV/AIDS. dinaga di le dintsi tas Yuropa, Australia, le Japane le Singapore di bolokegile that mabapi le tsa tsholo ya bana, fa dinaga tsa Sub-Saharan di le diphata tota.

Reproductive rights are legal rights and freedoms relating to reproduction and reproductive health. The International Federation of Gynecology and Obstetrics has stated that:

Tlolo ya ditokelo tsa itsweletso di akaretsa boimana ka kgapeletso [forced pregnancy], go imisiwa ga kgapeletso [forced sterilization] le khutliso-boimana ka kgapeletso [forced abortion].

Go emisiwa ka kgapeletso go ne go dirisiwa nakong seripeng sa ntlha sa sentshuari ya bo 20th bogolo ke dinaga tsa Bophirimatsatsi. Go emisiwa ka kgapeletso le khutliso-boimana ka kgapeletso di begwa e le mekgwa e sešeng e dirisiwang mo dinageng tse di jaaka Uzbekistan le China. Go ya ka dingwao, basadi ba klase ya magareng [middle class women] ba ne ba amega mo ditirong tsa segae segolo thata tsa tlhokomelo ya bana. Basadi ba ba humanegi bone, bogolo ba klase ya go dira [working class], le fa se gantsi e setse e le se se eletswang, maemo a tsa moruo a ba gapeleditse go batla tiro kwa ntle ga legae. Ditiro di le dintsi tse di neng di le teng mo go bone e ne e le tse di duelang madi a a kwa tlase go lekannwga le tseo di leng teng go banna.  

Fa diphetogo mebarakeng ya madirelo di tla di e ba teng, go ba gona ga bothapiwa go fetogile fela go tloga tirong ya 'ditshila', diureng tse ditelele tsa mediro ya kwa difekethering go ya go ditiro tse di tlhwekileng, tse di tlhomphegang tsa diofisi tseo di neng di tlhoka thuto, botseakarolo ga basadi kwa madirelong a kwa U.S.go tlhatlhogile ka 6% ka 1900 go ya go 23% ka 1923. Go suta go go badiredi go tlisiitse diphetogo mo maikutlo a basadi kwa tirong, gwa dumelela go tla ga menololo ya ditiro eo ditswamorago tsa yone di direlng basadi go nna career and education oriented.
File:WomanFactory1940s.jpg|thumb|Ka nako ya Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe [World War II], basadi bangwe ba ne ba dira ditiro tseo ka ditso tsa dinako tseo go ne go twe ke tsa bonna.
Ka bo 1970s, diachademiki tsa bomme di le dintsi, go akaretsa ba thutamatlhale, di ne tsa ikatologanya le go tshola bana. E fela, go phunyeletsa di 1980s, diinstitushene di lekile go lekalekanya maemo a banna le basadi  tkwa mafelobodirelo. Le fa go le jalo, go se lekalekane fa kwa gae go ragile ditšhono tsa basadi go ka atlega jaaka banna.  Basadi ba diprofeshenale ba santsane  ba lebagane le mediro ya selegae le tlhokomelo ya bana. Jaaka fa batho ba a tle ba bue, ba na le mekgweleo 'mebedi eo  e sa ba letleleleng nako le matla a go ka tswelela ka tsa ditiro.  Le gone, le fa go ne go na le go oketsega ga tekatekanyo ya go tsea karolo tsa bong ka mo gae bobeding ga banna le basadi, thuto-nyakisiso ya sešeng e bontshitse gore basadi ba itebagantse le tsa morality, fairness, and well-being, fa banna ba itebagantse le social conventions. Go fitlhela ka tshimologong ya sentshuari ya bo 20th, dikholotshe tsa basadi kwa U.S. di ne di required gore ditokololo tsa fakhalti tsa basadi di nne di sa nyalwa, se se itshetlegile mo goreng mosadi a ka se kgone go ka tswelela a tshwere  di full-timeprofeshene tse pedi ka nako e le nngwe.  Go ya ka Schiebinger,  Go nna wa tsa matlhale o le mosadi ebile o le mme ke mokgweleo mo setšhabeng se se solofelang gore basadi go le gontsi go feta banna ba bea lelwapa pele ga ditiro tsa bone. [Being a scientist and a wife and a mother is a burden in society that expects women more often than men to put family ahead of career.] (pg. 93).

mekgatlho e emelela equality of opportunity bong ka bobedi le equal rights go sa kgathalatsege bong. Ka tswakatswakano ya diphetogo tsa tsa moruo [economic] le maiteko a mokgatlho ya bahumagadi [feminist], mo mengwagasomeng ya jaanong basadi mo merafeng e le mentsi ba na le phitlhelelo ya mediro e e kwa godimo ga ya maloba ya kagolegae [homemaker]. 

Etswa palo e kgolwane ya basadi e batla thuto e e kwa godimo, dituelelo gantsi di kwa tlase ga tsa banna. dikgang tsa CBS News ka 2005 di tleimile gore mo United States basadi ba ba mengwageng e 30 go ya go 44 gape ba na le dikiri ya unibesithi ba dira diperesente di le 62 ya  banna bao ba nang le dithuto tsa go tshwana le tsa bone, kelo e e ka tlasenyana ga dinaga tse di 19 kwa ntle ga tse tharo kwa dipalo di fumanegang. ditšhaba dingwe tsa Bophirimatsatsi tseo di duelang dituelo tse di sa  lekalekaneng ke Jeremane, New Zealand le Switzerland.

Kgoeletso ya mo phedisong ya Kgwetlho kgatlhanong le Basadi [UN Declaration on the Elimination of Violence against Women] e tlhalosa  kgwetlho kgatlhanong le basadi [violence against women] jaaka:

gape e itsise mekga e meraro ya kgwtlho e jalo:  eo e diragalang ka mo lelapeng, eo e diragalang ka mo gare ga motse ka le gotlhekgotsa bophara, le eo  e tlhotlheletswan kgotsa rotloetswang ke Mmuso. E gape e begang gorekgwetlho kgatlhanong le basadi ke itshupo ya matla a ka histori a sa lekaneng  magareng a banna le basadi. 

kgwetlho kgatlhanong le basadi ke bothata jo bo phatlhaletseng , bo tlhotlholetswa, segolo thata kwa ntle ga Bophirima, ke maemo a setshaba a bong tona, tlhokego ya melao e e maleba , le tlhokego ya tsenyo tirong ya melao e e le teng. Dingwao tsa setšhaba tse di leng teng dikarolong tse ntsi tsa lefatshe di kgoreletsa tswelopele go iseng tshireletsong ya basadi kgatlhanong le kgwetlho. Sekao, go ya ka paloboka tsa UNICEF, palokgolong ya basadi ba ba mo mengwageng ya   15–49 ba ba naganang gore mogatso o loketswe go ka otlhaya kgotsa a otla mosadi mo mabakeng a a rileng e kgolo go ya go  90% kwa Afghanistan le Jordan, 87% kwa Mali, 86% kwa Guinea le Timor-Leste, 81% kwa Laos, le 80% kwa Central African Republic. Paloboka tsa 2010 e e dirilweng ke Pew Research Center e fumane gore kgobotlo ka majwe [stoning] jaka kotlhao ya bootswa [adultery] e ne e thuswa ke 82% ya bafetodi kwa Egepeta [Egypt] le Pakistan, 70% kwa Jordan, 56% Nigeria, 42% kwa Indonesia.

Mekga e e maleba ya kgwetlho e e amang basadi e akaretsa go sugutla ditho tsa bosadi [female genital mutilation], kgwebo ya thubalano [sex trafficking], kgapeletso ya kgwebo ka mmele [forced prostitution], kgapeletso nyalo [forced marriage], petelelo [rape], tshwenyo ka thobalano [sexual harassment], dipolao tsa go tlhompha [honor killings], go kolopa esiti [acid throwing], le kgwetlho e e amanang le tuelo-bogadi [dowry related violence]. mmebuso e e ka e kgatholosa mo kgwetlhong kgatlhanong le basadi, sekao, ka meetlo ya go tshwana le kgobotlo ka majwe  for instance through practices such as [stoning] (jaaka e le kotlhao ya bootswa).

Go ntse go na le mekgwa e mentsi ya kgwetlho kgatlhanong le basadi go ya ka histori, e e neng e atile, e e supegang e le go tshubiwa ga baloi [burning of witches], go tlhabela ka baswagadi  [widows] (jaaka sati) le pofo maoto [foot binding]. Tshekiso ya basadi bao ba pateletswang ka boloi e na le setso se se telele, sekao,  diteko tsa boloi tshimologong ya pako ya sejwale [witch trials in the early modern period] (magareng a disentshuari tsa  15th and 18th) di ne di tlwaelegile kwa Europe gape le kwa dikoloneng tsa ma Yoropa kwa North America. Gompieno, go setse di dikodiko tsa lefatshe (jaaka dikarolo tsa Sub-Saharan Africa, lefelo-magae la North India, le Papua New Guinea)   tumelo boloing e tserweng tsia ke batho ba le bantsi, gape basadi ba patelediwang gore ke baloi ba gatelelwang ka kgwetlho e e masisi tota.  Go tlaleletsa, go na le dinaga dingwe tseo di nang le melawana ya borukhutli kgatlhanong le boloi. Kwa Saudi Arabia, boloi ke eme e le borukghutlhi jo kotlo ya bone e leng loso [punishable by death], gape ka 2011 naga e e ile ya kgaola mosadi tlhogo ka ntlha ya boloi  [ 'witchcraft and sorcery'].

Gape ke molato gore dikgwetlho dingwe kgatlhanong le basadi di bonwa e le ditsa e le ditlolomolao tsa borukhutlhi  mo dinakong tsa sešeng, mme ga di ganelelwe ka gotlhegotlhe, ka gonne dinaga di le dintsi di tswetse pele go di letlelela. Se se jalo segolo mo molatong wa petelelo lenyalong [marital rape]. Kwa Lefatsheng la Bophirimatsatsi, go ne go na le tshoetso ya go netefatsa tekatekano ya bong [gender equality] lenyalong [marriage] le  tshekiso ya kgwetlho selegae [domestic violence], e fela dikarolong tse dintsi tsa lefatshe basadi ba sa ntsane be tseelwa ditokelo tsa molao tse di botlhokwa fa ba tsena mo lenyalong.

Kgwetlho ya thobalano kgatlhanong le basadi e oketsega thata metlheng ya dintswa [war] le dikgotlhang tsa marumo [armed conflict], metlheng ya futugelo ya sesole [military occupation], kgotsa difutugelo semorafe [ethnic conflicts]; segolo thata ka mokgwa wa petelelo tsa ntwa [war rape] le bokgoba ba tsa thobalano [sexual slavery]. Dikao tsa sešeng tsa kgwetlho ka thobalo metlheng ya ntswa di akaretsa petelelo metlheng ya Ntwa ya Tokologo ya Bangladesh [rape during the Bangladesh Liberation War], petelelo ka Ntwa ya kwa Bosnia [rape in the Bosnian War], petelelo metlheng ya Polaomogofe ya kwa Rwanda [rape during the Rwandan Genocide], le petelelo metlheng ya Ntwa ya Bobedi ya Congo [rape during Second Congo War]. Kwa Colombia, kgotlhang ya marumo e feleletse e okeditse kgwetlho kgatlhanong le basadi ya thobalano.

Melao le melawana ya kgwetlho kgatlhanong le basadi di atlhologane go ya ka sedikopuso. Kwa European Union, tshwenyo ya thobalano le go kgwebo ka motho di kwa tlase ga ditaelo [directives].

File:Countriesbyfertilityrate.svg|thumb|300x300px|Mmapa wa lefatshe o o bontshang dinaga go ya ka tekanyo ya go umisa [total fertility rate] (TFR), go ya ka CIA World Factbook's 2015 data.

File:Non_marital_by_countries.gif|left|thumb|300x300px|Palokgolo ya tsa tsalo ya basadi bao ba sa nyalwang, dinageng tse di tlhophilweng 1980 le 2007.
Tekanyo ya kumiso e e feleletseng [total fertility rate] (TFR) - palo bogare ya bana ba ba belegweng ke mosadi botshelong jwa gagwe jotlhe - e farologane segolo thata magareng a di diko tse di farologaneng tsa lefatshe. Ka 2013, palo  e e kwa godimo e akantsweng ya TFR e ne e le kwa Niger (7.03 ya bana e ne e tsholwa ke mosadi a le mongwe) mme e e kwa tlasenyana e le kwa Singapore (0.79 bana/mosadi). Le fa dinaga di le dintsi mo Sub-Saharan African di na le TFR e kwa godimo, e e tlholang mathata ka ntlha ya tlhokego ya ditsweletsi gape e na le seabe mo go ateng ga batho [overpopulation], dinaga di le dintsi tsa kwa Bophirimatsatsi go le jaana di itemogela sub replacement fertility rate e e ka isang go  population ageing le population decline.

Mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, go nnile diphethogo di le dintsi tsa seemo sa lesika dingwagasome tse di fetileng. Sekao, kwa Bophirima , go ne go na le tsamao ya go ikatologanya le dipaakanyetso tse di akaretsang go dula/tshela le leloko-tshika  extended family go tseo di nang le nuclear family. Go na gape le tsamao ya go tloga go nyalo e e umisang go ya go eo e sa umiseng. Bana ba ba belegweng kwa ntle ga lenyalo ba ka tswa ba belegwa fo tswa go cohabiting couples kgotsa go single women. Le fa tsalo kwa ntle ga lenyalo e tlwaelegile e bile e amogetswe ka botlalo dikarolong dingwe tsa lefatshe, kwa mafelong mangwe di a sotlakakwa e le ruri, ka bomme ba ba sa nyalwang ba lebane le kgethololo, e e akaretsan kgwetlho e e tswang mo malokong a  masika a bone, gape mo mabakeng a a feteletseng tota ba a bolawa ka dipolao tsa tlotlo [honor killings].  Go tlaleletsa, thobalano kwa ntle ga lenyalo [sex outside marriage] e ntse e se ka mo molaong dinageng tse dintsi (jaaka Saudi Arabia, Pakistan, Afghanistan, Iran, Kuwait, Maldives, Morocco, Oman, Mauritania, United Arab Emirates, Sudan, Yemen,).

Tseokarolo ya mme [mother] setšhabeng e farologane magareng ga ditso. Dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, basadi bao ba nang le bana ba ba ikaegileng mo go bone go lebeletswe gore ba dule gae ba neele matla a bone otlhe kgodisong ya  bana, fa kwa mafelong mangwe (segolo thata dinageng tsa Bophirimatsatsi) bomme go le gontsi ba boela morago ditirong tsa tuelo mothers most often return to paid work (lebelela mme yo o dirang [working mother] le mme yo o dulang gae [stay at home mother]).

Ditumelo tse di rileng di na le dintlha tse itseng tse di amanang le kabelano tiro ka bong [gender roles], tirisanommogo ya social le ya go ithuna magareng a bong, go apara diaparo go go siameng ga basadi, le dilo tse difapaneng tse di amang basadi le boemo jwa bone setšhabeng. Kwa dinageng di le dintsi, dithuto tsa ditumelo tse di tshusumetsa molao wa borukhutlhi [ criminal law], kgotsa molao wa losika [family law ] di dikopusong tseo.  (Lebelela sekao molao wa Sharia law). Dithulaganyo tsa ditšhabatšhaba di buisane thata mabapi le botsalano magareng a bodumedi, molao le tekatekano ya bong.

Thuto ya bahumagadi [Female education] e akaretsa makgetlho a tekatekano ya bong le phitlhelelo ya thuto, le ka moo e kopaneng le go phokotso ya bohuma. Gape dilo dingwe tse di amegang ke dithuto tsa bong-bongwe [single-sex education] le thuto bodumedi ka ntlha ya gore karologanyo ya thuto go ya ka bong gape le ka dithutiso tsa bodumedi go tloga kgale e le tsone di tsepameng mme di santsane di le botlhokwa segolo thata mo dikgannyeng tsa setšheng go ruteng bahumagadi jaaka e le kgang e e etsweng tlhoko ka bophara. 

Le fa mokgatlho wa tsa bohumagadi o tlhatlositse botlhokwa jwa dilo tseo di amanang le thuto ya bahumagadi, dikgannye tse di namile ka bophara ebile ga di tlholoswe ka bokhutshwane. Di ka akaretsa, sekao, thuto ka AIDS.[1] Thuto ka gotlhe, se se kaya gore thuto e puso e e abelang phoraemari le sekonthari ikemetse kwa ntle ga bong [independent of gender] ga e ise e nne  setlwaelo ka bophara [global norm], le fa go itshengwa jalo  dinageng di le dintsi tse ditsweletsengpele. kwa dingang dingwe tsa Bophirimatsatsi, basadi ba gaisitse banna maemomg a mantsi a thuto. Sekao, kwa United States ka 2005/2006, basadi ba duetswe 62% ya associate degrees, 58% ya bachelor's degrees, 60% ya master's degrees, le 50% ya doctorates.[2]

File:Paula_Khan.jpg|thumb|Mohumagadi wa biologist o lekanya khudu ya sekaka [desert tortoise] pele a a lokolola.

World literacy e kwa tlase mo bahumagading go na le mo go ba botona. CIA World Factbook e bega di tekanyetso tsa go tloga  2010 tseo di bontshang gore 80% ya basadi e kgona go buisa le go kwala, go lekanngwa le 88.6% ya banna (ba mengwageng ya 15 le go feta). Ditekanyetso tsa go kgona go buisa le go kwala di kwa tlasetlase kwa Borwa le Bophirima ba Asia, le kwa dikarolong tsa Sub-Saharan Africa.

Gender gap ya tsa thuto kwa dinageng tsa Organisation for Economic Co-operation and Development (OECD) e fokoditswe go tsweng mengwageng 30 e e fetileng. Basadi ba batšha gompieno jaana go na le kgonego ya gore ba ka fetsa dithuto tsa bona tsa theishari: kwa dinageng tse 19 tsa tse 30 tsa OECD, bogolo go feta gabedi basadi ba le bantsi ba mo mengwageng ya bo 25 go ya go 34 ba feditse dithuto tsa bone tsa theishari go na le basasdi ba ba mo mengwageng ya bo 55 go ya go 64. Kwa dinageng di le 21 tsa tse di 27 tsa OECD go ya ka data e e ka lekelekanngwang, palo ya basadi ba ba alogileng go tswa go manaena a maemo a yunibesithi e lekana kgotsa e feta ya banna. Basetsana ba mengwaga e le15 ka gale ba bontsha ditsholofetso tsa kwa godimo tsa tsa thuto tsa bone go na le basimane ba mengwaga e e tshwanang le ya bone.
Le fa basadi ka palo ba feta seipagare sa dialogane tsa yunibesithi kwa dinageng tse mmalwa tsa OECD, ba amogela fela 30% ya degree tsa theishari tse di fiwang bao ba leng ka mo mafapheng a tsa matlhale le tsa boenginere, mme basadi ka palo ke ba ba  25% go ya go 35% fela mo dinageng di le dintsi tsa OECD ba e leng ba dipatlisiso.

Go santse go na le dikgopolelo tse di fapologileng tsa tlwaelo tsa gore basadi ga ba ise ba phunyeletse go fitlhelela di digree tsa bo akhademiki. Go ya ka Margaret Rossiter, mo historian wa tsa matlhale, basadi jaanong jaan ba amogela diperesente tse 54 tsa di digree tsa bachelor tsotlhe kwa United States. Le fa go le jalo, le fa go na le basadi ba le bantsi bao ba nang le di digree tsa bachelor go gaisa banna, fa maemo a thuto a tlhatlhoga, banna ka bontshi ba aga ba fitlhelela tsa dipalopalo go na le basadi. Kwa maemomg dikalogo [graduate level], basadi ba tlatsa diperesente di le 40 tsa di digree tsa doctorate (persente tse 31 tsa bone e le ba boengenere).

Le fa basadi go fitlha jaanong ba ithuta kwa diyunibesithing tsa maemo a kwa godimo go ya ka tekano go tshwana le banna,  ga ba fiwe tšhono ya go ka tsena mo fakhalting. Sociologist Harriet Zuckerman o itemogetse gore bogolo fa institute e le ya maemo a a kwa godimo, ke ka moo go ileng go ba bothata le go go ja nako, gore basadi ba fumane leemo ka mo fakhalthing moo. Ka 1989, Harvard University e ntshitse mosadi wa bone wa ntlha go chemistry, Cynthia Friend, gape ka 1992 mosadi wa ntlha go physics, Melissa Franklin. Le ene o itemogetse gore basadi go le gontsi ba ka itsholela maemo a bona a professional lekga la ntlha jaaka batlhapetsi le batlhatlheledi fa banna  go le gontsi ba ka dira la ntlha mameong tenure. Go ya ka Smith le Tang, go tloga ka 1989, banna ba persente ya 65 le basadi ba peresente e le 40 percent ba tshwere maemo a leng tenured fa peresente tse 29 fela ya tsa ba matlhale le boenginere di thapilwe jaaka bathusi ba diphrofesera kwa dikholetsheng le diyunibesithi tsa four-year e le basadi. 

Ka 1992, basadi ba ne ba duelwa diperesente tse di 9 tsa di Ph.D. tse di abilweng mo engineering  fela peresente e le nngwe ya basadi bao e nnile mophrofesara. Ka 1995, diperesente di le11tsa diphrofesara tsa tsa matlhale le boenjinere e ne e le basadi. Ka tekanyo, e fela di dean tse 311 tsa dikolo tsa boinjinere e ne e le basadi, eo e tlhaelang ka peresente e le 1 ya palotlalo. Le mogo psychology,  degree eo basadi ka bontsi ba fumanang diPh.D., ba tshwere ka bontsi maemo a mmalwa a a tenured, bonneteng diperesente tse 19 ka 1994.

File:Angela_Merkel_(2008).jpg|thumb|Angela Merkel o humane maemo a a kwa godimo mo listing ya FORBES ya Basadi ba Dinatla mo Lefatsheng mo mengwageng e e robedi ya e lesome e e fetileng.
Basadi ba emetswe-tlase mebusong ya dinaga di le di ntsi. Ka 2013 Diphalane, tekanyo bogareng ka sediko ya basadi ba ba leng makgotlheng a setšhaba ke 22%. Suffrage ke tokelo ya botho ya go kgetha [vote]. Women's suffrage in the United States e ne ya wediwa ka bonya, sa ntlha boemong ba state le selegae, go simolola ka bofelong jwa sentshwuari ya bo19 le tshimologong ya senthwuari ya bo 20, mme ka 1920 basadi kwa US kgetho ya legotlhe, ge go fetiswa Nineteenth Amendment to the United States Constitution. Dinaga dingwe tsa Bophirimatsatsi di ne tsa iketla go ka dumelela basadi go kgetha; segolo Switzerland, moo basadi ba unneng ditokelo tsa go ka kgetha mo dikgethong tsa feterale tsa 1971, mme mo canton ya Appenzell Innerrhoden basadi ba ne ba fiwa tokelo ya go ka kgetha dintlheng tsa selegae fela ka 1991, fa canton e ne e e gapeletswa ke Federal Supreme Court of Switzerland; le Liechtenstein, ka 1984, e le ka ntlha ya Liechtenstein women's suffrage referendum, 1984.

Basadi ba, go ya ka histori, dirile ditshwaelo go tsa matlhale, dikwalwa [literature] lebotaki [art]. Karolo e le esi eo basadi go ya ka histori, ba neng ba dumeletswe go e fitlhelela thata  ke ya obstetrics le gynecology (pele ga senthwuari ya bo 18, tlhokonelo ya basadi ba baimana kwa Yuropa e ne e le ka fa tlase ga basadi; go tlogeng bogareng ba senthwuari ya bo18  kelotlhokomelo ya tsa phodiso ya basadi ba baimana e ne ya simolola go tlhoka thuto ya tlhamalalo, eo basadi ka gale ba neng ba sa e fitlhelele, ka jalo tiro e e ne ya neeletswa banna).

Go kwala go ne ka tlwaelo go tswewa go dumeletswe basadi ba leemo la kwa godimo, le fa go fitlhelela kgono jaaka o le mokwadi wa mohumagadi mo lefatsheng le le bontsing e leng la botona go ka nna bothata tota; ka lebaka le basadi ba le bantsi ba ile ba itsalla maina a senna  (e.g. George Sand, George Eliot).

Basadi e ntse e le batlhami, bakwalammino, batshameka diletswa, baopedi, batlhatlhi, baithuta mmino, baruta mmino, batlhatlhobi/bakgadi ba mmino/bakwaledi ba mmino le diphorofeshene dingwe tsa mmino. Go na le tsamao ya mmino, ditiragalo le   genres tse di amanang le basadi, women's issues le feminism. Ka bo 2010s, le fa basadi ba dira bontlhangwe jo bogolwane jwa diopedi tsa mmino o o tlwaelegileng popular music le mmino wa klasiki classical music , le bontlhangwe jo bogolwane jwa bakwalammino (bontsi ba bona e le baopedi-bakwalammino), go na le basadi ba le mmalwa fela ba e leng record producers, rock critics le rock instrumentalists. Le fa go na le palo e kgolo ya basadi ba e leng batlhami  women composers mminomg wa klasiki, go tloga ka nako Medieval period go fitlha go na jaanong, kemelo ya batlhami ba basadi e kwa tlase-tlase mo commonly performed classical music repertoire, historing ya dikwalo mmino le mo diencyclopedia tsa mmino; go fa sekao, ka mo Concise Oxford History of Music, Clara Schumann ke ene motlhami wa mohumagadi a le esi yoo a umakiwang.

Basadi ba dira bontlhanngwe jo bogolwane ya diopelanosi tsa diletswa mminong wa klasiki gape diperesente tsa basadi mo  orchestras e a oketsega. Sekwalwa sa 2015 sa diopelanosi  concerto kwa diCanadian orchestras tse kgolo, le mororo, se bontshitse gore 84% ya diopelanosi le Orchestre Symphonique de Montreal e ne e le banna. Ka 2012, basadi ba santse ba dirile 6% fela ya diorchestra tsa maemo a kwa godimo a Vienna Philharmonic orchestra. Basadi ga ba tlwaelega mo batshameking ba diletswa mminong wa tlwaelo jaaka rock le heavy metal, etswane go na le bahumagadi ba ditshamekadiletswa ba itsegeng le all-female bands. Basadi segolobogolo ba emetswe tlase mo extreme metal genres. Basadi gape ba emetswe tlase botlhatlhing ba orchestral , go kgala tsa mmino/bokwaledi ba mmino, tlhagiso/tsweletso ya mmino music producing, le sound engineering. le fa ka sentshwuari ya bo 19 basadi ba ne ba sa rotloetswe go ka tlhama, ebile go na le basadi ba ba mmalwa ba e leng  di musicologists, basadi ba ile ba itshunya thutong ya mmino music education ... ka tsela eo ba ileng ba tlhagella ka megetla [mo lefapheng le] bofelelong ba bogare ba karolo ya sentshwuari ya bo 19th go fitlhelela sentshwuari ya bo 20.

Go ya ka Jessica Duchen, mokwadi wa mmino wa London's The Independent, diopedi tsa basadi tsa mmino wa klasiki ba [...too often judged for their appearances, rather than their talent] atlholwa go le gontsi go ya ka ponagalo, go na le ka bokgoni ba bone gape ba lebagane le kgatelelo [... to look sexy onstage and in photos] ya go lebega ba le sexy mo steijing le mo ditshwantshong. Mo mminong o o tlwaelegileng, le fa go na le basadi ba le bantsi ba diopedi bao ba gatisang dipina,  go na basadi ba se ba kae kwa morago ga  audio console boa ba dirang jaaka batlhagisi ba mmino [music producers], mothotsoko yoo a eteletseng pele ebile a tsamaisa lenaane la dikgatiso.




#Article 54: Kgaolo ya Legare (Botswana) (216 words)


kgaolo ya Legare  ke yone e e tona go fetisa dikgaolo tse dingwe tsa Botswana go ya ka bophara le dipalo tsa batho. E akaretsa legae la setso la Bangwato. Bangwe ba Batswana ba ba inaakantseng le tsa polotiki ba tswa mo kgaolong ya Legare, gammogo le tautona wa pele Sir Seretse Khama, tautona wa pele Festus Mogae, le tautona wa gompieno Lt. General Seretse Ian Khama.

Mafelo a matona ka dipalo ka dipalo mo kgaolong ya legare a akaretsa Palapye le Serowe, a eleng one magae a setso a a mo maemong a bobedi mo Aferika. Kgaolo e e na le melatswana ya Noka ya Limpopo, e e kgaphelang merwalela ntlheng ya botlhabatsitsi jwa noka ya Limpopo.

Ka ko borwabotlhaba, Kgaolo ya Legare e kopanetse molelwane le dikgaolo tsa Matabeleland North ya Zimbabwe le Matabeleland South, fa ka ko bokonebotlhaba Kgaolo ya Legare e kgaogana molelwane le kgaolo ya Afreika Borwa ya Limpopo. Mo gae e kopanetse molelwane le dikgaolo tse di latelang:

Dikgaolo potlana tsa Kgaolo ya Legare di akaretsa:

Go na le kgotlhang magareng ga go atolosa tsa temo-thuo le go somarela bojanala jwa mo gae mo Kgaolong ya Legare. go na le dinokana tse di elelang ka dilemo di akaretsaNoka ya Botetile noka ya Lepashe, tse di elelelang ko Makgobokgobong a Makgadikgadi.




#Article 55: Kgaolo ya Chobe (795 words)


Kgaolo ya Chobe  ke kgaolo ya Botswana, dikago dikgolo tsa yone di ko Kasane. Esale ka ngwaga wa 2006, e kopanetse botsamaisi le Ngamiland Kgaolo ya Bokone-Bophirima. Chobe National park is in the Chobe District.

Modulasetilo wa khansele ya Chobe Rre Bobby Setlhare a re o tshwenngwa ke melelo e e peperetlang ngwaga le ngwaga mo kgaolong ya Chobe.Rre Setlhare o buile jaana fa a ne a bula semmuso letsatsi la mafatshefatshe la bojanala kwa Parakarungu ka mafelo a beke.A re melelo e e senya matlotlo a tlholego a e leng one a dirang gore go nne le letsatsi le tshwana le le, a tlatsa ka gore go a tshwenya e le ruri ka setshaba le sone se itsemeletsa go tima melelo e.Rre Setlhare a re tlhogo kgang ya monongwaga e supa gore ngwao e amana le bojanala le tlhabololo ya bone, ka jaana diketekete tsa batho ba etela mafelo a a farologanyeng mme ba ithute sengwe.O ne a tlhalosa gore baeti ba, ba kopana le dingwao kana ditso tse di farologanyeng mme di felele di tlisa kagiso.A re letsatsi le gape le lemosa gore fa batho ba ntse ba eta ba ka ithuta ngwao e e farologanyeng le ya bone gore dilo dingwe di dirwa jang kgotsa go itshwarwa jang go nna tshaba e e boitshwaro e bile e le boineelo.

Rre Setlhare a re mono Botswana bajanala kwa ntle ga go bona diphologolo makgabisa naga, ba eletsa go ithuta ka fa Batswana ba tshelang ka teng, ka jalo ba fiwe lerato le tlotla.O ne a tlhalosa gore Bojanala bo mo maemong a bobedi fa morago ga diteemane mo lefatsheng leno ka go tokafatsa itsholelo, mme e bile kgaolo ya Chobe ke yone boremelelo ja bojanala.A re e re le fa go ntse jaana, banni bone ga ba dire mo go lekaneng go tlhama dikgwebo tsa bojanala, bontsi bo kgatlhegela fela go bereka mo dihoteleng.Rre Setlhare o ne a kopa morafe go ema ka dinao go thusana le puso go tlhamela bangwe ka bone ditiro, a re ke sone se puso e tsileng ka mananeo a tshwana le a bo SMME, CEDA, le CBNRM go rotloetsa Batswana go nna le seabe.

Banni ba motse wa Pandamatenga mo kgaolong ya Chobe ba lela ka dituelo tse di kwa godimo tsa metsi.Banni ba ntshitse selelo se mo phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya bone, Rre Gibson Nshimwe kwa motseng oo bosheng. Ba kaile fa e sale koporasi ya metsi ya Water Utilities e tsaya mo go ba khansele le Water Affairs ba duela madi a mantsi.Ba re e re le ntswa puso e re ba intshe mo lehumeng ka go nna le ditshingwana tsa merogo mo malwapeng, ga ba bone gore ba tlaa kgona ka gore ditshingwana tseo di tsile go batla metsi a mantsi.Mo go tse dingwe, banni ba ne ba kaya fa mananeo a puso e a dirang go thusa Batswana, a sa ba solegele mosola ka go nne ba nna fela mo lefelong la diphologolo le bojanala mme e bile le lone leruo la bone ga ba kgone go le rekisa ka kwa ntle ga kgaolo.Ba file sekai se sengwe, sa molawana wa thekiso ya matlalo a diphologolo, ba re ga ba na go boelwa ke sepe ka ntlha ya bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya bone.Mo go tse dingwe banni ba ne ba lela ka ofisi ya motlakase gore motse wa bone o motona e bile o na le motlakase mme ga ba na kwa ba o rekang teng fa e se kwa Kasane fela, dikhilomethara di le lekgolo go tswa mo motseng wa bone.

Mongwe wa batsenelela diphuthego e Mme Sarah Tlou o ne a bua ka pelo e e botlhoko gore e re le mopalamente a bua ka molao gore jaanong dikgwebo tse dipotlana di tsile go sireletswa, beng ba marekisetso a mogolwane ga ba ba tshedise sentle.Mme Tlou o kaile fa beng ba marekisetso ba ba koba fa pele ga marekisetso a bone ba re ba ba tseela kgwebo ntswa ba sa rekise sepe se se tshwanang le sa bone.Monana wa motse Johnson Moyo, ene o ne a kopa mopalamente gore banana ba kgaolo ya Chobe le ba motse wa Panadamatenga ba saletse kwa morago le gone go ineela mo nnotaging ka ntlha ya gore ga go na kwa ba ka itlosang bodutu teng.E rile a tswa la gagwe, mopalamente a ba bolelela ka mananeo a puso a LIMID le ISPAADD a ba ithusang ka one e le balemi barui.Rre Nshimwe o ne a ba tlhalosetsa gape le ka ditlhabololo tse di tlaa diragalang mo kgaolong ya bone jaaka go katolosiwa ga lebala la difofane, go simolodiwa ga Zambezi Agro farming le kago ya borogo jwa Kazungula.

North west District




#Article 56: Noka ya Okavango (790 words)


Noka ya Okavango ke noka ee mo borwa bophirima jwa Aferika. Ke noka ya bone ee tona mo bogareng jwa borwa botlhaba jwa Aferika, e elelela kwa borwa botlhaba . E simolola moAngola, kwa e itsegeng e le noka ya Cubango. Fa pejana mo borwa e aga bontlha bongwe jwa molelwane wa Namibia, gape e bo e elelela mo Botswana, le go tshologela kwa lefelong la diphologolo la Moremi.

Pele fa e tsena mo Botswana, noka e wela selekalekanyo sa 4 m, go kgabaganya selekanyo sa dikhilomethara di le 1.2 tsa bophara jwa noka, mo maphothophothong aa latelanag a Popa, a bonala fa noka e nale selekanyo sa metsi se se kwa tlase, jaaka noko ya komelelo.

Go ntshetsa ntlheng ya moteng ga beisene, makgobokgobo ga a na kgwelo kwa lewatleng. Mo boemong jwa se, e kgwela kwa morageng wa sekaka sa Kalahari, se itsege ka leina la makgobokgobo a Okavango kgotsa Okavango Alluvial Fan. Ka paka ya pula e elelela kwa nokeng ya Boteti mme e re morago e tselegele kwa lefelong la Makgadikgadi le le rotloetsang kgolo ya lefelo ka paka ya dipula la makgobokgobo kwa lesome la makgolokgolo a dinonyane tsa Flamingo di kgobokanelang teng ka paka ya selemo. Bontlha bongwe jwa go elela ga yone bo tlatsa lekadiba la Ngami. Go itsege ka dilo tsa tlholego, noka ya Okavango e nale lefolo la diphologolo la Moremi.

Mafatshe a Namibia le Botswana a nale tlwaelo ya leuba mme gape ka ditlamorago tse, go ntse go nale matshwenyego ka ga dikgotlhang tse di ka tlhagogang ka go dirisiwa ga metsi a noka. Namibia e agile motswedi wa metsi, wa selekanyo sa boleele jwa dikhilomethara tse makgolo a mararo,gape e ntshitse kgang ya go simolotse khutlola ya go aga kakana ee tsamaisang metsi ya boleele jwa selekanyo sa dikhilometha tse di makgolo a mabedi le masome a matlhano ee isang metsi go tswa nokeng go ya Namibia go fokotsa leuba.

Botswana, le fa go ntse jalo o dirisa makgobokgobo a Okavango go ngoka bajanala gammogo le go a dirisa e le motswedi wa metsi. Lephata la Water Affairs mo Botswana le tlhalositse gore 97% ya metsi e latlhega ka ntata ya kaologo, ka jalo lefatshe ga le kake la kgone go ka latlhegelwa ke bontlha bongwe jwa metsi.

Namibia, ka jalo, e tlhalositse gore e tla goga sepatlo sa metsi aa mo nokeng, gape le lebaganye le metsi aa elelang mo lefatsheng la bone. Go itebaganya le dikgang tsa go nna jalo,ka ngwaga wa 1994 Angola, Namibia le Botswana a dumalane ka mokwalo wa go simolodisa lekalana la , go tlisa dikgakololo mo mafatsheng ka boraro ka ga ditsela tse di botoka tsa go dirisa didirisiwa tsa noka ya Okavango ka manontlhotlho.

Fa mongwe a ka akanya ka makgobokgobo jaaka ditshika tsa setshidi se setona, ka jalo pelo ya sone e botona jwa selekanyo sa lekgolokgolo, makgolo a mabedi le masome a matlhano a dikhilomethara go ya  mafelong a kwa godimo a Angola. Selekanyo se se a oketsega mme ga nngwefela mo ngwageng fa lefatshe la Angola le nelwa ke pula gararo ee fetang ee nang mo Botswana  jaaka go ntse, ee romelang metsi aa mantsi mo Aferika ee reng morago e tshololele metsi a yone mo makgobokgobong a Okavango. Se se kaiwa e le morwalela mme eseng jaaka kwa  mafatsheng a sele kwa morwalela o nang le ditshenyo tse di sa siamang, mo Okavango morwalela o nna o amogelwa.

Le fa dipula tsa kwa Angola di tshologa ka Firekgong, metsi a tsaya kgwedi yotlhe go tsamaya selekanyo sa dikhilomethara tse di makgolokgolo a noka ya Okavango. Gape a boa a tsaya kgwedi tse nne go tlhotlha ka dimela le metswedi ya bofelo ee selekanyo sa dikhilomethara tse di makgolo a mabedi le masome a matlhano a makgobokgobo. Ka ditlamorago morwalela o kwa godimo tlhata ka kgwedi ya Seetebosigo le Phatwe, ka nako ya fa Botswana a le mo pakeng ya mariga. Gape makgobokgoba a tlala gararo go fetla selekanyo sa one, a ngoka diphologolo go tswa bokgakala le gaufi gape a dira Aferika gore a nne nngwe ya lefelo la diphologolo .

Kwa bophareng jwa yone fa morwalela o le montsi mo ngwageng makgobokgobo a atlologa selekanyo sa makgolo le masome a matlhano a dikhilomethara go kgabaganya go tswa botlhaba go ya bophirima. Go fa mogopolo ka fa go leng selagana ka teng, fa mongwe a ka ne a lebisisa bontlha bongwe jwa makgobokgobo a le kgakajana,fa o ya le bontlha bongwe jwa one mongwe o ka lemoga gore bogodimo bo farologana le bonnye godimo ga selekanyo sa dikhilomethara tse di makgolo le masome a matlhano a dikhilomethara a le kwa tlase ga selekanyo sa 2m. Ka jalo mmu o monnye o o ka baka phetlogo ee tona.




#Article 57: Dikgato tsa lenao la ga Matsieng (175 words)


Dikgato tsa lenao la ga Matsieng  ke digaba tsa dikgato tse di bonweng kwa borwa jwa Botswana mo bokone jwa  toropo kgolo ya Botswana ebong Gaboronelabofelo ngwaga wa makgolokgolo a mabedi, ngwao e tlhalosa ka mogaka wa badimo ba Batswana (ngwao ya morafe) yo o neng a etelela batho go aga mo bogareng jwa lefatshe. Lefelo le le batlile go tlholwa ke merafe wa Basarwa wa bogologolo. Dikgato tse ga di bonale o kare ke tsa nnete ka tholo,ka jalo mongwe o ka di bona o kare ke dikgato tse di tshwantshitsweng. Metsi aa mo mesimemeng go dumelwa fa a dirisiwa mo ditirelong tsa morafe gape go solofelwa gore dikgato tse e ka tswa e le bontlha bongwe jwa ditirelo tse di neng di direlwa gaufi le mesima ya metsi kgotsa se e ka tswa e ne e le ditsheto tsa bogologolo. 

Lefelo le le nale digajo di le  lekgolo,lesome le bosupa le mesima e le meraro mo mantsweng ee gabilweng gare gaga ngwaga tse di makgolokgolo a le mararo le makgolokgolo a le lesome.




#Article 58: Maranya a Kakanyo (576 words)


Maranyane a kakanyo kgotsa  (IT) ke papadi,lepeano,letlotlo le go ntsha ga modumo,ditshwantsho,mokwalo le dinomoro tsa kakanyotse di dirisanyang le motlakasedi itebagantse le go tlhakanya dikhomputara le tsa ditlhaeletsanyo. Lefoko le lone ka bosha jwa go tlhaloganyesega jwa lone le bonasegile ka ngwaga wa 1958 mo koranteng ya Harvard Business Review ,e mo go yone mokwadi Leavitt le Whisler ba akgetseng gore kakanyo e ntsha ga e na  leina lele ikemetseng ka nosi lele setseng le simolodisitswe. Re tla le bitsa maranyane a Kakanyo kgotsa ka bokhutshwane (IT).. Nngwe ya tsa segompino tse di tlhagogang mo ntheng ya tsa Maranyane a kakanyo ke tse di tla tlang  e le, dikhomputara tsa kitso tlhabologileng , dikhomputara tsa maemo,kakanyo ya maranyane a tlhabologileng,kwa godimo kokoanyo ya kitso le tse dingwe.

IT ke lefelo le go laolwang kakanyo le go paralatsa mafelo ka go faralogana aa akaretsang mme go kganelwa ke dilo tse di tshwanang le go bopelela, maranyane aa berekisang khomputara, kitso ee faphegileng , tse di dirang khomputara ,  kitso ee tlhalogangwang ke khomputara le go aga kitso. Ka bokhutshwane, sepe se tlhokanang le kitso,ee akanyediwang ka go bonala kana nngwe tsela,ka go dirisiwa ga di CD,ke bontlha bongwe jwa maranyane a kakanyetso. IT e thusa bagwebi ka dithuso tse nne tse di faphegileng tsa:go dira gore kgwebo e itirise ka maranyane,go tlisa kakanyetso,go ikgolaganya le bareki,le didirisiwa tse di rotloetsang maduo aa mantle. 

Baitsanape ba maranyane a kakanyo ba dira ditiro tse di farologanyeng(maranyane a kakanyo aa lekanyeng) aa rulagantsweng go tswa mo go tsenyeng topo go diragatsa di toga-maano, kgolaganyo ya dikhomputara  le kakanyo Nngwe ya ditiro tsa baitsanape ba maranyane a kakanyo ba ka di dirang ke go laola kakanyo,go dira le kgolaganyo, dikago tsa khomputara,go dira le kakanyo le maranyane a khomputara,le gone go laola le kokamelo ya tsotlhe ka kakaretso. Maranyane a kakanyo a simolotse go gasagasamela pele go nale go tlwaela khomputara ya motho a le mongwe  le maranyane a kgolaganyo,le tse dingwe tse dintsi tse di dirisang maranyane jaaka go dirisa megala ya letlheka, disupaditshwantsho,le megala ee dirang ka esi, le tse dingwe, mo go oketsang letlhoko la ditiro. 

Mo nakong ee fitlileng,lekgotla la Accreditation Board for Engineering and Technology  gape le la Association for Computing Machinery  ba ikgolagantse go bopa maitlamo le seemo sa togamaano ka dithuto  tsa boemo jwa maranyaneng a katso jaaka aa pharologanyo fa a tshwantshangwa le  maranyane a khomputara  le kakanyo ka kakaretso gompino. SIGITE (Setlhopa se se haphegileng mo thutong) ke lekalana la ACM le le berekang ka ditlhopana go netefatsa maitlamo a. Dithuso ka maranyane a kakanyo lefatshe ka bophara e ne e le didikadike tsa makgolokgolo a makgolo a supa,masome a borataro le boraro ka ngwaga wa 2009.

Hilbert le Lopez  ba kaya kgolo ya mararanyane e fetlogang (jaaka o kare molao wa Moore):motshine oo itebagantseng le selekanyo sa go bala kakanyo go bua ka kgobololo o ntsifetse gabedi mo kgweding tse lesome le bone gare ga ngwaga wa 1986 le 2007; selekanyo sa lefatshe sa tiriso ya dikhomputara ka kakaretso se oketsegile gabedi mo kgweding di le lesome le borobabobedi mo dingwageng tse di lesome; selekanyo sa ditlhaeletsanyo tsa lefatshe ka bophara se oketsegile gabedi mo kgweding tse masome a mararo le bone; selekanyo sa letlotlo la lefatshe lotlhe le ne le tlhokana le kgobololo ya kgwedi tse masome a mane go ntsifala mo ngwageng tse (tharo); gape selekanyo sa go gasagasa kitso se ntsifetse gabedi mo kgoboleng ya ngwaga tse 12.3.




#Article 59: God game (833 words)


Motshameko wa god game  ke yo o etsisang sethoyo o latlhelang motshamiki mo maemong a go laola motshameko ka bophara, jaaka motshamiki yo nang le semoya kgotsa tlhaloganyo/nonofo e e seng ya senama, jaaka moeteledi pele yo mogolo, kgotsa yo senang boene bongwe jo bo kwadilweng(jaaka mo Spore ), ebo e baya motshamiki wa go nna jalo mo maemong a go laola kafa motshameko o tshamikiwang ka teng a nale setho sengwe se a tshanetseng go se tlhokomela.

Se ga se a tshwanelwa go tlhakatlhakanngwa legod mode, se e leng seelo se se bonwang mo metshamekong e mengwe ya motshikinyego( e go lopiwang motshamiki ka mabaka a tseitso) fa boleng ba motshamiki bo newang gosa bonale kgotsa ka go ithaopa kana gotlhe.

Metshameko ya God Game ke e e etsisangsetho,fa batshamiki ba dirisang nonofo ya masaitseweng go tlotleletsa baobamedi. Moono wa motshameko yo wa motshikinyego o pharologanyo thata le wa metshameko e mengwe, ka gore batshamiki ba palelwa kgotsa ga ba kgone go bolelela ditlhopha tse dingwe se ba ka se dirang, lefa motshameko wa god game okatswa o santse o letla padisanya fa gare ga batlhabani. Moono wa motshameko o farologana gape le wamotshameko wa kago kgotsa tlhokomelo, ka lebaka la gore motshameko o ikaegile thata mo go godiseng le go dirisa dinonofo kgotsa maatla a selegodimo go rotloetsa baobamedi.

Motshameko wa God game o letla batshamiki go tsaya karolo ya Modimo mme ba nale maatla a a lekanyeditsweng ko tlase ga a Modimo, go tswana le medimo gotswa mo mythology of ancient Greece. Nonofo ya motshamiki etswa mo baobameding ba gagwe, ba gantsi ba leng bo bone kgotsa bale semorafe ka tlholego. Ke tlwaelo gore batho bale bantsi mo motshamekong wa god game ba tshwane. Pele motshameko yo one o tsentse fela batho ba e leng borre le bomme ba bagodi,fa Black and White  ene ya tsenye bana. Batshamiki ba tshwanetse go dirisa nonofo e ba nang le yone ka botswerere, e ba nnang le yone ka lebaka la gore ba nale baobamedi bale kae .Motshamiki o dirisa nonofo ya gagwe ka go dirisa maatla a selegodimo go thusa baobamedi ba gagwe, jaaka go segofatsa dimela tsa bone kgotsa bo diga dithata gore ba tle ba nne le mafelo a ba ka agang masimo a bone. Se se tlisa tsiboso e e nang le boleng ,fa jaanong motshamiki a nnang le nonofo e ntsi go thusa setshaba sa gagwe e e mo thusang go nna le maatla. Lefa go ntse jalo gore a nne le nonofo e ntsi o tlhokana gape le maatla a mantsi,mme mo gantsi go tsaya bokaojwa tshenyako e e tseneletseng ya go seya ditshaba go nale gore motshamiki a tokafatse matshelo a baobamedi ba gagwe. Motshameko yo o leba dilo go tswa ko godimo,e tshwanang le se se diragalang mo metshamekong e e etsisang setho kgotsa ya  real-time strategy game.

God games di kaiwa ele tse di etsisang setho ka gore batshamiki ba leba sectshaba se bone ba kgonang go se laola sone se sena kitgso ya se se diragalang. Ere ntswa God game e arogana thata dilo dingwe le metshameko e mo go yone go agiwang kgotsa go dirwang tlhokomelo kana e edirisang karolo ya go etsisa setho, batshamiki ba god game bone ba kgona fela go laola morafe wa bone osa itse. Ga ba kgone go bolelela ditlhophana dingwe gore di dire eng,jaaka go diragala mo metshamekong e mengwe,lefa batshamiki ba gonwe ba kgona go phadisanya le batshamiki ba bangwe ba dirisa merafe kgotsa balatedi ba bone. Mo godimo ga mo,batshamiki ba neetswe maatla a lekanang le a modimo golo mo go sa bonaleng mo metshamekong e mengwe, jaaka maatla a go laola loapi, go fetola bopego ya lefatshe,le go segafatsa kgotsa go hutsa merafe e mengwe e farologaneng

Ere ntswa go nale tlotleletso e ntsi mo god game, motshameko wa ntlha god game one wa bonwa kgotsa wa simololwa go itsewe  gotswa ka ngwaga wa leosme la motso,masome a robang bobedi le borobabongwe (1989). O dirile kePeter Molyneux wa Bullfrog Productions, motshameko yo one wa tsepamisa motshameko yo mo go one batshamiki ba bonang nonofo ka lebaka la baobamedi ba bone. Motshameko one wa itsagala ka go fa batshamiki nonofo mo godimo ga lefatshe le tlholego, e e ka dirisiwang bosula kgotsa molemo mme karolo e ngwe ya motshameko yo ene ya rotloediwa ke real-time strategy games ka go laola mo go seng kafa sephiring. Dingwe tsa matlhasedi a a neng a gapa maikutlo ke a motshameko wa ActRaiser for the Super Nintendo ka ngwaga wa 1990. Ene gape ya nna thotloetso mo real-time strategy hybrid Dungeon Keeper , e e neng ya dirwa ke Molyneux ka ngwaga wa 1997.

Molyneux's Black amp; White  one thata a rotloediwa ke motshameko wa Populous .

Mo mosokelatsebeng jaaka ya iOS  go nale gape dikai tse di pharologanyo jaaka tsa Pocket God  tse di nang le motshameko yo le wa Doodle God  o mo go one o dirisang megopolo ya gago go bonagatsa lefatshe lele dirilweng.

 ==




#Article 60: Aferika (398 words)


Aferika -ke continente e e tona lefatshe ka bophara e e tlang morago ga ya Asi.O selekanyo sa 30.2 million km² mme ka fa dithoko go bo go nna le mawatle a a dikaganyeditseng.E nale batho ba le 1.22 billion (ditshupo tsa ngwaga wa 2016), e ka tswa e nale batho ba ka nna selekanyo sa 14.72% mo palobathong ya lefatshe ka bophara.Continente e e dikagenyeditswe ke lewatle la Mediterranean mo bophirima, otlhe a Suez Canal gape le la Red Sea mo letlhakoreng la Sinai Peninsula mo bokonebophirima,lewatle la Indian Ocean mo borwabotlhaba, gape le la Atlantic Ocean mo bophirimae e akaretsa lefatshe le tshwana le la Madagascar le a mangwe fela jalo

Aferika o nale seemo sa lewapi se se pharologanyo le di continete tse dingwe.Mafatshe a a fa gare ga continente a na le pula e e ntsi le mogote o o feteletseng,fa kwa borwa gone go nale pula e eseng ntsi.Pula e e ntsi e e rotloetsa dilo di tshwana temothuo le tse dingwe fela jalo

Mafatshe a Aferika ka bontsi a tshabelelwa ke dintwa tsa tshololo madi ebile di utlwisa botlhoko.Dintlwa tse gantsi di diragalela kwa bogare jwa Aferika.Bontsi jwa ntwa tse di bakwa ke ditswa mmung le lefatshe ntateng ya palo batho ba bantsi

Balephata la tikologo , diphologolo le bojanala ba ntse ba tshwere phage ka mangana ba lwantsha le makgotla a mafatshefatshe a pabalelo tikologo le ditsa tlholego aa tshwanang le le kwa The Hague, Netherlands, la CITES go a kopa go le letlelela go rekisa mokoakoa wa dinaka tsa ditlou o le setseng le o kokoantse mo lefatshing leno.

Go ya ka Modiri wa Lephata le yo o ithebagantseng le dikgang tsa makgotla a CITES, Mme Diana Chimidza, ba setse ba dirisetse madi a ka tshwarang P400 000 go Iwantshana le kgang e ya moruthuta.Mokoakoa o wa dinaka tsa ditlou o ile wa phuthwa mo ditloung tse dineng di sule loso lwa tlholego kgotsa di bolailwe ka mabaka a gore di ntsifetse mme go lemoga gore go di hokotsa go ka thusa gore di seka tsa imela tikologo. Mma Chimidza o tlhalositse fa ditlou tsa Botswana di setse le Namibia ba rekise dina«:: tsa ditlou tse di kgobokantseng ba bolela gon dinaka tse tsa ditlou tse rekesediwang mmebaraka ys theko ya ditlou jaaka Japan la tsa ditlou tse di bolailweni eseng kafa molaong, fa tse dingwe e le tsa bogodu




#Article 61: Teko ya Bial (109 words)


Tekeletso Bial  ke teko ya motswako wa serayane wa pentose. Dikarolo di akaretsa orcinol, hydrochloric acid, le ferric chloride. Fa go tsentsweng pentose teng,pentose e tlabo e kgala go bopafurfural. Motswako yo otla bo o fetola mmala go nna botala jwa loapi le go bopa marothodi a pula. Motswako yo o supa karolo tse pedi tsa absorption bands, e ngwe fa gare ga  B le C e nngwe fa gare ga mola wa D

Metshwako ya Bial e dirilwe ka 0.4gm orcin,dimelemetha dile makgolo a mabedi (200 ml) tsa motswako yo tseneletseng wa hydrochloric acid le  0.5 ml ya dipesente dile lesome (10%) tse motswako wa ferric chloride .




#Article 62: Botlhatlogo (485 words)


 
Botlhatlogo  ke motsana yo mo kgaolong ya bokone bophirima jwa Botswana. O kwa borwa, gobapa le makgobokgobo a Okavango le Ngami, gape o na le sekolo se se botlana. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a mane le masome a marataro le bosupa.

Baagi ba Botlhatlogo le Toteng ba supile lekgotla la kabo ditsha la Tawana ka monwana ba re le aba dipolasi mo lefatsheng la morafe kwa ntle gago rerisanya nabo.Ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone, Rre Taolo Habano gore metse ya bone e dikilogilwe ke dipolasi tse disha tse di tsere mafudiso a morafe. Mongwe wa baagi ba Botlhatlogo, Rre Gositwang Phiritswana o tlhalositse fa ba sa tlhole ba kgona go rua sentle ka mafudiso a bone a tserwe ke bo radipolase le mororo bane ba itse fa lefatshe ele la morafe otlhe.Ke kopa lo sekaseke dipolase tse, fa dikgomo tsa rona di tsene mo teng re tshaba go a go di tsaa ka ke polasi ya mong,ga bua Rre Phiritswana.

Rre Amerika Sebetwane wa Toteng ene a kopile mopalamente wa kgaolo go ba kopela tona yo o lebaganeng go tla go ba tlhalosetsa gore tota gatwe ba tshele jang.Rre Sebetwane o tlhalositse fa go ka bo go le molemo fa dipolase tseo di kabo di kgaogangwa mme tsa abelwa merafe ya metse eo ka go tserwe mafudiso a bone.Mongwe wa bagodi ba motse wa Botlhatlogo, Rre Jospeph Melere a re ene o gakgamadiwa ke gore ere ntswa metse ya bone e dikilogilwe ke dipolase tsa Haina Veld le moepo o mosha wa kopore, lekgotla la kabo ditsha le santse le aba sekidi se se setseng sa lefatshe.Mme fa bana ba Botlhatlogo bare ba kopa lefatshe ba tewa gotwe ga leyo, ga bua Rre Melere.A re o swabisiwa ke fa lephata la kabo ditsha la Tawana le berekisanyang le bone ka teng ka le palelwa ke go rerisanya nabo fa le tsaya ditswetso.Bangwe baagi ba metse eo, ba ile ba supa batlhokomedi ba lefatshe ka monwana bare ba lekunutu le lekgotla la kabo ditsha le bo radipolasi bao, mme ba re ba belaela fa go katswa go dirisiwa maretshwa mangwe go amoga morafe lefatshe.Fa a tswa la gagwe, mopalamente Rre Habano o kaile fa mathata a batho ba metse eo a bakwa ke gore gaba tsee tsia dikomiti tsa metse ya bone tsa ditlhabololo. O kaile fa morafe o rwele maikarabelo a go bona gore lefatshe le abiwa jang ka ba na le boemedi jo eleng maloko le batlhokomedi ba lefatshe ba ba berekisanyang le lephata la kabo ditsha babo ba supe fa ele ruri lefatshe le ka abiwa.Rre Habano o ile a gatelela mafoko a gagwe ka gore, baemedi ba lefatshe ke bana ba lona, ba tlhotshwa ke lona.Mopalamente Rre Habano one a le mo loetong la go buisanya le batlhophi ba kgaolo ya gagwe ya Ngami ka tsa palamente ee fetileng le go tsaya megolopo




#Article 63: Dimajwe (492 words)


 
Dimajwe ke motsana yo mo kgaolong ya legare ya Botswana. Motsana o bonwa dikilometara dile lekgolo le lesome kwa borwa botlhaba jwa Francistown, mme gape o nale sekolo se potlana. Palo ya batho ene ele sekete le lesome le bosupa ka ngwaga wa dikete tse pedi le bongwe,mo go yone  borre bale dipesente dile masome a mane le borobabodedi le bomme bale dipesente dile masome a matlhano le bobedi.  E na le baagi ba le 1423 (2011).

Banni ba metse ya Malatswai, Dimajwe le Mmashoro ba kopilwe go nna pelotelele go emela gore itsholelo ya lefatshe leno e boele mannong, ka ke gone ditlamelo tsa metse ya bone di tlaa tsibogelwang.Ba boleletswe jalo kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya bone ya Serowe Bokone Bophirima, Rre Tshekedi Khama, fa ba arabiwa ka ga tse ba di kopileng jaaka megala ya mosokela tsebeng kwa diofising tsa puso, koloi ya mapodisi go lwantsha borukutlhi le tse dingwe.Ba Malatswai ba ngongoregile ka khiro ya go kgaola ditlhare mo ditseleng, ba re ba lephata la ditsela ba hira banni ba motse wa Mmashoro go tswa kwa motseng oo go goroga kwa go wa Malatswai, mme ba kopa go kgaoganyediwa gore le bone ba bone go itshetsa.Kwa Dimajwe, banni ba ngongoregile ka tsela e e saleng e tshetswe mmu go e baakanya, mokhanselara o ne a solofetsa fa go le gaufi gore e simololowe ka thendara e setse e dule.

Mopalamente le ene o ne a supa fa a tshwenyegile thata ka ntlha ya lebaka le le tserweng go baakanya tsela eo.Monana mongwe o kopile puso go romela badirela puso ba maphata a a farologaneng a mananeo a dithuso go etela motse wa bone, go ba rutuntsha ka one ka ba le mo lefifing fela ka mananeo a puso.Modulasetilo wa Mmashoro o ne a ngongorega ka boimana jwa baithuti ba sekole se segolwane sa motse oo, a re batsadi bangwe ba rotloetsa mowa wa boitaolo ka go ba rekisetsa ditagi.Ba Mmashoro ba kopile go fiwa motshine wa bobedi wa go jesa bolase ka kgaolo eo e dirisa o le mongwe fela mme go tlhokega wa bobedi go tsweledisa tiro fa o mongwe o ile merakeng.

Banni ba motsana wa Dimajwe ba re ba tshwenngwa ke bogodu jwa leruo jo bo ileng magoletsa ko motsaneng oo.Erile a itekodisa Mopalamente wa Serowe Bokone Bophirima Rre Tshekedi Khama mo bekeng e e fitileng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC), Rre Oarabile Rankwana are go na le tlhaelo ya mapodise kwa Dimajwe.A re ba kopa mapodise a maemo a special constable gore ba thuse mapodise a a teng ka jaana motsana oo ole bophara ebile borukutlhi bo le kwa godimo. A re gape borukutlhi jo bo ka lwantshiwa fa motse o ka fiwa koloi ya kgotla gore ba kgone go fefosa boikuelo kwa metseng e e mabapi. Rre Rankwana gape o kopile gore Dimajwe a agelwe toronko ya nakwana go tshegetsa dirukutlhi.




#Article 64: Dinokwe (171 words)


Dinokwe  (Palla Road) ke motsana o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o , o na le batho ba le sekete le makgolo a mabedi go ya ka palo batho ya ngwaga wa dikete tse pedi. O bapile le tsela e kgolwane ya toropo kgolo Gaborone le ya toropo ya bobedi ya Francistown. Dinokwe o na le setaishane sa dikgomo se se didiwang ka sekgoa gotwe cattle railway station. Didirisiwa tse di phunyang  metsi ka fa tlase ga lefatshe mo Botswana, di kwa Dinokwe. Pele ga porojeke ya Bokone ya carrier, motsana o o ne o abela motse wa Mahalapye (o o nang le batho ba le dikete tse di masome a mane le makgolo a mabedi) metsi. Motse o o gaufi le  Sekaka sa Kgalagadi ka jalo o mogote.Megobe e e mo motseng e a kgala fa e se paka ya  dipula. Mo dinakong tse di fetileng lefelo la magala mo  Borwa jwa Aferika bo ne jwa bonwa dikilomethara di le lesome le botlhano go tswa mo Dinokwe.




#Article 65: Dukwi (791 words)


Dukwi ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O ikaegile mo tseleng e kopanyang le ya Francistown fa o ya motseng wa Nata. Mo palong ya batho ya ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne e le 1,901. Mo dingwageng tse fitileng motse o o satswa go nna mengwe ya boemelo jwa dibese fa o tswela ntheng ya Bophirima jwa Botswana bogolo jang fa baeng ba batla go reka le go etlela mafelo a itloso bodutu.

Teng mo lefelong le go lefelo le le itseng thata la batshabi gotsweng mafatsheng a a farologanyeng le le bidiwang Dukwi Refuge Camp. Go tlhalosiwa fa go kile ga nna batho ba ka nna 10.4 million. Se se tlile morago ga gore UNHCR e tlhophe lefelo le mo Botswana go amogela batshabi go tsweng mafatsheng a a farologanyeng mo Africa 

Kgosi ya motse wa Dukwi, Kgosi Bohedile Tlwaelang ke ene moeteledipele wa motswe o, le fa go ntse jalo banni ba motse wa Dukwi ba santse ba tshwareletse thata bogolojang mo ngwaong ya bone. Gantsi teme e e buiwang mo motseng o ke ya Kalanga, se se bakwa ke gore thotoetso ya ngwao ya sekalaka e tseneletse thata mo motseng o. Le ntswa banni ba motse e batho ba merafe e e farologanyeng, go rena thata morafe wa sekalaka. Dukwi ke metse e e rileng go tsweng ka nako ya lowa wa bo ntse o le teng, mo nakong ya gompieno ke motse o golang ka mmetela 

Kgosi ya motse o  tshwentswe thata ke ditiragalo tse di tletseng mo motseng wa Dukwi tse mo go tsone batho bangwe ba gwebang ka dithoto tsa dithuso tsa bopelotlhomodi. Rre Tlwaelang fa a buisa moletlo o o neng o rulagantswe ke ba twantsho ya matlhoko a leruo ba kampa ya Dukwi ba ba neng ba abela batlhoki le dikhutsana dikobo di le masome a mararo.E rile a ntsha lefoko la kgalemo, Kgosi Tlwaelang a re E setse e le selo modiro gore batho ba motse oo le e e mabapi ya tengnyana teng ya Malelejwe, Tshwaane le Njutshaa ba gwebe ka dithuso tsa bopelotlhomogi jaaka dijo tsa dikhutsana

A re se se ngomolang pelo le go feta ke gore batho ba go nna jalo ba ananya dithoto tse ka dilo tse di se nang mosola jaaka bojalwa, mme e bile go supa gape fa batho bangwe ba ba tshwanetseng go tlhokomela bana le bogole le bagodi ba sena lerato mo go bone ka le bone ba na le seabe mo go rekiseng dithoto tseo.A re go tlhokega gore go nne le tsamaiso ya gore batho ba ba rekisang dithoto tse ba thusiwang ka tsone jaaka dijo le diaparo, ba ntshiwe mo mananeong a boipelego ka go supa fa ba sa tlhokane le tsone.O bile a kopa ba ofisi ya boipelego mo motseng oo gore fa ba na le bosupi jwa gore bangwe batho ba gweba ka dithoto tse ba di fiwang ba bule tsheko kgathanong le bone kwa kgotleng

Motse wa Dukwi fela jaaka metse e mengwe o nale baemedi ba diphathi tse di farologanyeng go emela banni ba motse kwa palamenteng. Diphathi tse di thumileng thata mo motseng o ke tsa; Botswana Democratic Party, Botswana Movement For Democracy, Botswana Congress Party tse eleng tsone tse di iteisanyang borathana mo motseng. Mopalamente wa kgaolo ya Nata/Gweta Rre Rayner Makosha ke ene moemedi wa kagolo kwa palamenteng. O sale ka a fentse ditlhopho tsa ngwaga wa 2009 a sena go iteisnya borathana le mapalamente a diphathi tse dingwe.Seemo sa itsholelo ya motse o se ikaegile thata ka mananeo a goromentego thusa Batswana go tswa mo lehumeng, ka jalo a kgothatsa Batswana ba ba nang le bokgoni go tsenya letsogo.

Go sa tswa go bulwa moepo gaufi le motse wa Dukwi o o bidiwang Mowana Mine, ke ngwe ya ditlhabololo tse di tlisiwang mo motseng o ka badiri ba moepo o ba ikaeletse go berekisanya le banni ba motse. Ditirelo tsa moepo go tlhalosiwa fa di thusa go bulela mebereko gore banni ba kgaolo ba bone ditiro. Moepo wa Mowana o itsege thata ka go epa kopore e e thusang mafatshe ka bophara segolo bogolo a a mo Aferika. Mogolwane wa ofisi ya matlhoko a leruo, Rre Gareutlwane Gaopatwe o ne a tlhalosa fa ofisi ya bone e tswa kgakala ka ditiro tsa bopelotlhomogi ka jaana e setse e agetse motlhoki mongwe ntlo kwa Nata, e bile e rile monongwaga ka kgwedi ya Lwetse ba ne ba rekela motlhoki mongwe dijo, diaparo le go mo fa madi a a ka tshwarang P900 fa godimo.A re ba dumela gore go dira jalo ba mo motlhaleng wa se se thailweng ke Tautona e leng go fa Batswana ba bangwe seriti mo botshelong le go thusa go nyeletsa lehuma




#Article 66: Letlhakane (611 words)


Letlhakane ke motse selegae o o mo kgaolo ya legare ya Botswana. O mo borwa jwa Mmatshumo ebile motse selegae wa Letlhakane, one o nale batho bale  dikete dile lesome le bone ,makgolo a le borobabongwe ka palobatho ya ngwaga wa 2001.   

Go nale meepo ya diteemane e le meraro e bong moepo wa Letlhakane kafa borwa botlhaba,Orapa kafa bokone bophirima le Damtshaa kafa bokone dikhilomethara dile lesome le botlhano go tse lesome le bobedi go tswa Letlhakane. e e okametsweng ke Debswana 

 Mokhanselara wa Orapa Rre Balopi Chilume, o gakolotse banni ba toropo eo gore Orapa ga se legae la bone mme a re ba tshwanetse ba leka ka natla go ipeela mesasana.Mokhanselara Chilume o buile seo bosheng fa a ne a buisa phuthego kwa kgotleng ya Orapa, a rotloetsa banni ba toropo eo go ikemela ka dinao go bona gore ba batla ditsha tsa bonno go itirela bokamoso le ba malwapa a bone.Rre Chilume o ne a ba gakolola gape gore ba tshwanetse ba leka ka natla go ipolokela kwa dipolokelong go dira gore, ba nne le se ba ka itshetsang ka sone fa ba dule mo tirong.Mo go tse dingwe, mogolwane go tswa ka lephateng la merero ya kgwebo, Rre Samuel Suping, o ne a tlhalosetsa banni ka ditirelo tsa lekalana leo, mme a supa fa baikopedi ba setlankana sa go rekisa mo mekgwatheng ba lopiwa madi a a kana ka dipula tse di masome a mabedi, a re setlankana seo se letlelelwa go dirisiwa fela mo kgaolong ya Boteti.

Fa Rre Resego Boitumelo, moemedi kwa lekalaneng la tiragatso melao, a ne a tlhalosa gore, tiro ya bone ke go tlhomamisa gore, tumalano e moikopedi a e dirileng le ba lekalana la merero ya kgwebo e a diragadiwa, a supa fa ba tshwanetse ba fitlhela maina le setshwantsho sa moikopedi mo setlankaneng sa gagwe. A re ga ba a tshwanela go tsaya teseletso kgotsa setlankana, ba bo ba se neela morekisi yo mongwe a se itirisetsa.O tsweletse a sedimosa go re katlholo ya go rekisa o se na teseletso e ka lopa madi a a kana ka dikete tse tlhano tsa dipula. O ne a tlhalosa gape fa go tlaa nna le taolo ya thekiso ya majalwa a setso a e bileng a letlelesega, mme a re majalwa ao akaretsa mokuru, khadi, morula, setopoti le ila.Rre Boitumelo o boletse fa majalwa ao otlhe a tlaa rekisiwa go simolola ka nako ya bobedi mo tshokologong go fitlha ka nako ya borataro mo maitseboeng ka malatsi a fa gare ga beke.

Ka Labotlhano le ka Matlhatso go tlaa rekisiwa go simolola ka nako ya sethoboloko go fitlha ka nako ya bosupa mo maitseboeng, mme ka tshipi go tlaa rekisiwa ka nako ya boraro mo tshokologong go fitlha ka nako ya borataro mo maitseboeng.Fa a akgela, mongwe wa banni Rre Tshekatsheko, o ne a supa ngongorego ya gore fa ba kopile teseletso ya go rekisa kwa lephateng la merero ya kgwebo, ba ofisi ya Orapa enterprise ba fokotsa palo ya dilwana tse di letleletsweng go ka di rekisa.Mongwe wa banni o ne a botsa gore a ba tlhokega teseletso fa ba rekisa dijo tsa letlhafula.Fa a araba, Rre Suping o ne a gakolola gore ba tshwanetse ba botsisisa fa ba sa itse molao, a tlhalosa fa toropo ya Orapa e le lefelo la mong wa lone ka jalo a re ba tshwanetse ba sala morago ditaelo tsotlhe tse di a lopiwang mo go bone.O ne a tlhalosa gape gore dijo tsotlhe tsa temo ga di tlhoke teseletso go di rekisa, mme a re fa e le tse motho a di rekang a bo a di rekisa di tlhoka teseletso.

Botswana/Boteti Region




#Article 67: Mmadinare (593 words)


Mmadinare ke motse o mopotlana o o fitlhwelwang mo kgaolong legare ya Botswana,o dikhilomethara di le lesome le botlhano go tswa Selibe Phikwe le dikhilomethara di sa fete 500 go tswa toropo kgolo. Motse o gola ka bonya go nna toropo, ka palo ya batho e ka nna 13 000 (estimates from the 2004 census)batho ba merafhe e e farologaneng go akaretsa Bangwato, Batalaote le babangwe fela jalo . Ka nako tsa 1800 motse o ne wa simolodisiwa ke batho ba merafhe e e farologaneng, golo gonwe go tswa Senyawe mo bokone botlhaba jwa lefatshe, Ba bangwe ba ne ba tswa kwa Aferika borwa mo Seleka. Ba ba neng ba tswa Senyawe ba ne ba thibelela fa tlase ga thaba Makome mme ba nna mo kgotleng tsa Kelele le Seboo.Go tsweng ka bagolwane ba motse le ba ditso ba ba tswang kwa Aferika borwa gompieno ba nna mo dikgotleng tsa Manga le Matabi fa thoko ga thaba ya Maretemagolo.

Banni ba Mmadinare ba tshela botshelo fela jo bo iketlileng fela thata  ba rata ditso le ngwao ya bone ,ba rata go ja dijo tsa setso jaaka mabele ka jalo Mmadinare o tlhabologa o nna motse o mopotlana mme o sa lebale ditso tsa bone jaaka o rotloediwa ke toropo kgolo Selibe Phikwe go tlhabologa. Mmadinare ke motse o o fa gare ga dithaba; Jaaka metse e mengwe mo Aferika o o mo Borwa, o simologile gole dintwa mme dithaba di le di dirisiwa go itshireletsa mo go baba jaaka ba ne ba kgona go ba bona ba le kgakala.

Go na le ditlhabololo tse di setseng di bonala mo motseng jaaka dikago tsa  sepodisepolice station,sekolo se se kgolwane secondary school le letamo la letsibogo, tse di tshwanetsweng ke go thusa go tokafatsa itsholelo ya motse wa Mmadinare le Selibe Phikwe, motse o o gaufi o banni ba motse ba bonang dilo tse dintsi tse ba di tlhokang thata dijo.
Motse gape o na le bokgoni thata ba tsa bojanala le diphologolo tsa naga,jaaka go na le diphologolo tse dintsi tsa naga mo tikologolo segolo bogolo tlou e e tshwenyang batho thata ka dinako tsa leuba. Di a sasankega di senyetsa batho masimo le di tsa bone, nako tse dingwe matshelo a latlhega ka ntlha ya ditiragalo tsa mofuta oo.  Mo go tsa boroko, boroko bo palo potlana ka ga go ise go tlhomiwe matlo a dijo le boetelo.Baeng ka bontsi ba bona boroko kwa Selibe Phikwe.

Motloutse ke noka e tona e e fetang mo bokone jwa motse,e e nosang noka ya Letsibogo metsi,fa e feta e ya kwa Shashe e lebile botlhabatsatsi.Noka e e kgaogantswe ka motlhaba ka lebaka la moepo wa motlhaba sand mining ke ba moepo wa kopore wa Selibe Phikwe.Kwa go tsewang motlhaba mo nokeng go tlhatswa kopore ya e e leng gone e epiwang.
Nngwe ya ditiro e batho ba Mmadinare ba e itlhokomolodisitseng ke tiro ya go tshwara ditlhapi,jaaka go na le letamo gaufi mme ba sa le dirise go tswara ditlhapi ba di rekise go tokafatsa matshelo a bone. Motse o na le dikole tse dikgolwane dile pedi (Makome and Meremintsi) le se sengwe sa magare se segolwane.Go na le sepatele se sepotlana se le sengwe le kokelwana ele nngwe.Go na le mafelo a itloso bodutu a le mmalwa mo motseng a a akaretsang go itlhabisa phefo kwa letamong le mafelo a nnotagi a le mmalwa.Go na le tirelo ya mabelo e e tshwarwang ngwaga le ngwaga e e tshwarwang ka keresemose Christmas Day .Ke nngwe ya tse di okang baeng thata ka malatsi a keresemose.




#Article 68: Shoshong (688 words)


Shoshong  ke motse yo o bonwang mo lefatsheng laBotswana, ke motse wa pele wa bangwato Bamangwato.

Shoshong o bonwa fagare ga  latitude-22.95, longitude-26.48  mo kgaolong ya legare, dikilometara dile makgolo a mararo le masome a mabedi ale kwa bokoni jwa bokoni botlhaba jwa toropo ya Mafikeng  a le dikilometara dile masome a mane le bofera bobedi jwa seporo se se gokaganyang  toropo ya Kapa(Cape Town) le ya  Bulawayo.  Go ya ko motseng yo o tsamaya dikilometara dile masome a mane o ya kwa Bophirima gotswa mo motseng wa Mahalapye.  Motse yo o kanna dikgato dile dikete tse tharo(3 000ft) kgotsa di metara dile makgolo a ferang bongwe le lesome(910 m) kwa godimo ga lewatle mo mokgatŠheng wa shoshong (shoshong valley)  yo o tshwaraganyeng le noka ya Limpopo. Metse e e bapileng le motse wa Shoshong ke Tobela, Ikongwe,  Kalamare, Mmutlane le Mosolotshane.

O  tlhalosiwa fa ele motse yo o mogote  gape o nale mantswe a mantsi. O kgona go nna le dipula tse di tona ka paka ya selemo, mo motseng yo go nna gole diphefo bontsi jwa nako.  O ageletswe ke dithaba tse dintsi tse  dikgomo di fulang mogo tsone.

Motse yo o simologile e le wa morafe wa baphaleng (Tlou and Campbell 1997; A.M. Chebanne and K.C. Monaka 2008), ba e rileng morago ba fithlelwa ke Bangwato ba bane ba le ka fa tlase ga taolo ya ga kgosi Sekgoma wa ntlha (Sekgoma I) ka dingwaga tsa bo 1850. Go ya ka beng ba motse  kgosi ya baphaleng e tsere bangwato gotswa ko Mosu ko baneng ba tshwengwa le go tlhaselwa kgapetsa bogolo jang ke Morafe wa Batebele. motse yo fa o leng teng gone go tlhophilwe ka gone go le motlhofo go itshireletsa kgatlhanong le morafe wa Matebele
Being the meeting place of trade routes from south and north it was of considerable importance to early explorers (including David Livingstone) and traders in South-Central Africa. A mission station of the London Missionary Society (preceded for many years by a station of the Hermannsburg Lutheran Missionary Society) was founded here in 1862. In 1875, King Sekgoma was overthrown here by his Christian son Khama (later Khama III/the Great). In 1885 (at the time of the declaration of the British protectorate of Bechuanaland) Shoshong had 20,000 to 30,000 inhabitants, including about twenty Europeans.

Ka ngwaga wa 1880 motse yo o setse o nale dingwaga tse masome a mane o le teng e bile ele motse o yo o godileng, gone ga  simolola go nna sekaka le tlaelo ya metse  motse one o bona metsi mo motsweding ole mongwafela leswe le lone lene le setse le le lentsi.  But it become a 'Desert Cit Ka lebaka la tlhaelo ya metsi khama le  batho ba gagwe bane ba fudugela kwa motseng wa  phalatswe/phalapye motse yo o dikilometara tse di herang bobedi kwa bokoni botlhaba jwa motseng wa shoshong magare ga dingwaga tsa 1888 le 1889 kwa e riling morago ba bo ba fetela kwa motseng wa serowe yo oleng kwa bokoni Bophirima jwa phalapye. . Fela jaaka shoshong metse e le yone ene e agilwe mo mekgatŠheng ee tsamaelang kwa Limpopo.  Gore kgama a kgone go fuduga mo lifelong le le le neng le sireletsegile  one a itshwaragantse le bag a mma mosadinyana ba ban eng ba ipaakanyetsa go lefatshe la mashona le matebele.

ba ntse ba le kwa phalapye ka ngwaga wa 1898  tlhaelo ya metsi e ne ya nna teng mme khama one a busetsa bangwe ba batho ba gagwe kwa shoshong. Baphaleng ba boile ka ngwaga wa 1900 bakaa bone ba boile ka ngwaga wa 1902, motse mogolo one wa fudusediwa kwa serowe. Fa go ntsiwa boka ya kitso e eneng e bidiwa  Encyclopædia Britannica ka ngwaga wa 1911 palo ya batho mo motseng wa shoshong ene e le makgolo a herang bobedi.

Goya ka palo ya batho ya ngwaga wa 2001 palo ya batho mo Shoshong le metse ee mabapi e ne e  tsamaya kwa go diketse di lesome le motso lekgolo le masome a supa le borataro, fa ba ba mo shoshong bale dikete dile supa makgolo ale mane le masome a ferang bongwe.




#Article 69: Mopipi (107 words)


Mopipi ke motse wa Botswana. O na le baagi ba le 3.066 (2001).
Mopipi o mo kgaolwaneng ya Boteti e e mo kgaolong ya Legare. Mopipi o dikhilomithara di le masome a matlhano le bobedi go tswa mo toropong ya Orapa fa o ya ko Maun
Motse o, o dikaganyeditswe ke Makgadikgadi a Nxai le Makgadikgadi. Makgadikgadi a go dumelwa gore a kile a bo e le matsha, mme ka go kgotlelesega ga tikologo metsi a kgala ga helela e le makgadikgadi a a letswai. Banni ba motse o, ba kile ba bo ba tshela ka tlhapi ka nako e Noka ya Boteti e neng e tshela. 




#Article 70: Otse (109 words)


Otse ke motsana wa ga malete mo Botswana. O na le baagi ba ka nna dikete tse tlhano, lekgolo le masome a ferabongwe le metso e mebedi (5.192 (2001)).
O mo tseleng ya Lobatse Le Gaborone gaufi le Lentswe la  mangwe a matona mo Botswana la Baratani. 
Fa gare ga motsana o, gona le letamo le banni ba one ba le dirisetsang ditiro tse dintsi jaaka bo go
lema le go nosa leruo la bone.

Go nale dikole tsa baithuti di le nne, tse dipotlana di le pedi,el leng Otse Primary le Baratani Primary, se segolwane sa Baratani Junior le se setona se se tumileng gontswa goolowe sa Moeding.




#Article 71: Hunhukwe (717 words)


 ke motsana yo o bonwang kwa borwa jwa lefatshe la Botswana. E na le baagi ba le 431 (2001). Motse yo o busiwa ke kgosi a nale mothusi wa gagwe. Ke motse wa palo potlana ka jalo ditlhabololo ga di ise di tlisediwe gaufi le batho. Bonsti bo fiwa dithuso tse ba di tlhokang go tsweng kwa motseng wa .Ditirelo di tshwana tsa go tsena dikolo ga bana bogolo jang tse di kgolwane, le tse dingwe fela jalo ka kakaretso.

Banni ba motse wa Monong kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone ba kopa puso go tsaya maikarabelo a go tsamaisa sekole se sebotlana sa motse oo.
Sekole seo mo nakong eno se tsamaisiwa ke ba kereke ya Roma mme se amogela bana botlhe ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse thataro.Go ya ka mothusa modulasetilo wa lekgotla la ditlhabololo tsa motse Mme Kedibone Mabotenyana, sekole seo ga se mo seemong se se jesang diwelang ka jaana se le segologolo e bile se tlhaelelwa ke ditlamelo tsa botlhokwa jaaka matlo a borutelo le didirisiwa tsa itloso bodutu.Mme Mabotenyane o supile gape fa tlhaelo ya dijo kwa sekoleng e ba apesitse kobo ka letshoba ka e ama dithuto tsa bana fela thata.A re ka dinako dingwe, bana ba nna malatsi ba sa apeelwe ka jaana go a bo go se na dijo mme ba patalesege go busetsa bana kwa malwapeng.O tsweletse ka go tlhalosa fa sekole se tlhaelelwa gape ke barutabana ba ba rutetsweng tiro, a re mo nakong eno sekole se na le barutabana ba le babedi ba mme e bile ba se na boitseanape bope jo bo tlhokegang mo go ruteng bana. A re lore lo ojwa lo sa le metsi, mme ka jalo go tlhokwa fela thata gore bana ba amogele thuto ya maemo a ntlha ba sa ntse ba le babotlana.

A re o dumela gore fa barutabana ba sekole seo ba ka bona thutuntsho ya maemo a ntlha, ba ka kgona go e fetisetsa mo baneng mme se se tlhabolole seemo sa thuto se se kwa tlase mo kgaolong ya Kgalagadi ka bophara.A re o dumela fa seemo se ka tokafala fela thata fa puso e ka tsaya boikarabelo ba sekole, ka gongwe go ka nna le ditokafalo tsa ditlamelo.E rile a tswa la gagwe, mookamela lenaneo le le tsamaisang sekole seo Rre Moalosi Koti, a tlhalosa fa lenaneo la bone, le ba le tshwaraganetseng le ba kereke ya Roma, le itlamile go thusa puso mo go tlhabololeng seemo sa thuto mo lefatsheng leno. Rre Koti o latotse fa bana ba a tle ba nne malatsi ba se na dijo.O tlhalositse fa ba netefatsa gore go na le dijo tse di lekaneng ka dinako tsotlhe.A re lenaneo le setse le itshupile fa le ntsha maduo a a nametsang fa e sale le nna mo tirisong mo dingwageng tse di fetileng

Ba kereke ya Evangelical Religious Protestant Unity Church ba ne ba tlisa boitumelo mo baneng ba motse wa Monong le e e mabapi ba le masome a matlhono ka go ba abela dimpho tsa malatsi a botsalo jwa morena.Dimpho tseo tse di tswang Smaritans kwa America di kopilwe ke ba lekgotla la sekeresete kwa Hukuntsi,di ne di akaretsa diaparo le dimpopi.Mookamedi wa kereke Rre Kelopile Kebadireng o boletse fa ba lemogile gore letlhoko le le ntsi kwa dikgaolong tse di ko tengnyana teng,mme ka moo ba ne ba itlama go abela motse wa Monong. A re dimpho tse di abelwa ngwana mongwe le mongwe wa dingwaga tse pedi go ya go tse di lesome le bone, e le sesupo sa lerato le boutlwelo botlhoko.Mme Nkagisang Kazinkize yo le ene e leng morutabana wa sekolo sa tshipi kwa kerekeng e e abang dimpho o lebogetse batsadi ba bana ba motse wa Monong go bo ba nnile le seabe se segolo mo tirong eo, a rotloetsa bana gore ba rapele ba bo ba bale baebele ka nako tsotlhe.E rile fa a ntsha malebo, kgosi Xenke Lesetlhe wa motse wa Monong a re o utlwisiwa botlhoko ke gore ga go na le fa e le kereke mo motseng wa gagwe,mme le fa go ntse jalo a re o kgothatsa morafe go ikitaya ka thupana ba batle lefelo la go rapelela gore diphuthego tse di ba tlholang di ba fitlhele teng e seng go tsenala kereke mo kgotleng




#Article 72: Ian Khama Seretse Khama (116 words)


Ian Khama Seretse Khama ke tautona ya bone ya lefatshe la Botswana gape ke kgosikgolo ya bangwato. Ke ngwana wa ntlha wa tautona ya ntlha ya Botswana, Sir Seretse Khama le mme Ruth Khama. O tshotshwe ka 27 Tlhakole 1953 ko Chertsey, Surrey, United Kingdom.

Ian khama ene ya nna mothusa tautona ka ngwaga wa 1998 a sena go ithola marapo ko sesoleng, ko a neng ele molaola sesole sa botswana (BDF). o ne a tsena ele lantlha mo palamenteng ka di 13 Seetebosigo morago ga go fenya ditlhopo tsa poeletso a emetse kgaolo ya Bokone Jwa Serowe ka ditlhopo dile 2,986 kgathanong le 86 wa mtlhopeng wa Botswana National Front.Ian Khama never gone to school.




#Article 73: Noka ya Shashe (305 words)


Noka ya Shashe  (kgotsa ka ngwetsela noka ya Shashi) ke letsogo le letona kwa molemeng la noka ya Limpopo mo Zimbabwe.

E fofomoga go tswa bokone-bophirima jwa toropo ya Francistown, Botswana mme e elelela kwa nokeng ya Limpopo kwa lefatsheng la Botswana, Zimbabwe le South Africa di kopanelang teng,kwa lesopeng la Shalimpo Transfrontier Conservation Area.

Noka ya Shashe ke seeledi sa noka, le go elela ga yone go ema mo malatsing a sekae a ngwaga. Noka e e ntsha seabe sa 12.2 % sa pula ya ngwaga ee kwa tlase go eleleleng mo Limpopo.

Nngwe ya matsogo aa matona a noka ya Shashe ke dinoka tsa Ramakwebana, Simukwe, Shashani  le  Thuli. Noka ee kwa tlase ya Shashe ke motswedi oo tletseng motlhaba, mo lefelong le le namileng le go nale makgabana  mo metsweding ya noka le mo lebaleng la motlhaba. Se se naya metsi aa nosetsang   maano a go balelwang Sibasa le Shashi.

Go fetla diketekete tsa makgolo a mabedi ngwaga tse di fetileng, noka ya Zambezi  e ne e elelela kwa borwa ka se se itsegeng ka Makgadikgadi Pan  (mo bogompienong eleng lefelo le go emang metsi aa mantsi) go ya nokeng ya Shashe le Limpopo River.

Bonno jwa mo ditoropo kgolong di tswa ka monokela go tsweng motsweding go ya bofelong jwa yone:

Go nale borogo jwa dikoloi le jwa terena kwa borwa jwa Francistown.

Noka ya Shashe e aga molelwane wa ditshaba gareng ga Botswana le Zimbabwe mme ebile ga gona borogo. le fa go ntse jalo kwa Tuli, noka tsotlhe di kwa lefatsheng la Zimbabwe le fa go nale makgabaganyo aa ka fa molaong.

Noka ya shashe e gaufi le Francistown kwa letamong la Shashe . Se se isa metsi kwa toropong ya Francistown, metsana ee mabapi, meepo ya dikompone ya (Tati Nickel Mining Company/Norilsk Nickel) le Mupane Gold Mine (IAMGOLD).




#Article 74: Tshane (132 words)


 
Tshane  ke motsana oo mo kgaolwaneng ya Kgalagadi ya mo Botswana. Ke kwa sekakeng sa Kalahari, mme o direlwa ke ba lephata la boemelo jwa difofane ya mo gae ya Tshane. Motsana o o nale sekolo se se botlana mme palo ya batho e ne e le makgolo a a robabobedi, masome a matlhano le borobabobedi ka ngwaga wa 2001 mo palo batho. Go dikologa Tshane go nale metsana ya Lehututu, Hukuntsi le Lokwabe. Mme kwa go nang le batho ba le bantsi ke kwa Lehututu go nale dikolo tse di botlana tse pedi, se segolwane le sa tiro tsa diatla sa Matcheng. Bajanala ka bontsi ba etela motsana wa Lehututu go robala le itloso bodutu ka go bane go nale ntlo e go gorogelang baeng le lefelo la itloso bodutu bosigo..




#Article 75: Tobane (140 words)


Tobane  ke motsana oo mo botlhaba jwa lefatshe la Botswanao ka tshwara sekgele se se masome a mabedi go tsweng mo toropong ee epang kopore/nikile ya Selebi-Phikwe. O 21° 57' 0 kwa borwa, 27° 54' 0 kwa botlhabaMotsana o o nale tsela ya sekonotere e e tswelang ko toropong e. Noka e tona e bidiwang Motloutse e feta ka motsana o kwa ntheng ya bokone botlhaba. Motsana o o nale ditlamelo tse dintsi jaaka metsi aa phepa go tswa letlamong la Shashe, motlakase,kgokelelo ya megala ya letlheka ka ba kompone ya Orange, Bemobile le Mascom. Gape e na le ditirelo tsa megala ya mo ntlong go tsweng kwa kompone ya megala ya Botswana. Go nale kokelwana, sekolo se se botlana le se segolwana. Palo ya batho e ka nna sekete makgolo a ferang bongwe le masome a mabedi le botlhano. 




#Article 76: Bogadi (106 words)


Bogadi ke tsamaiso ya neelano ya botsadi fa ngwana wa mosetsana a nyalwa

Bogadi bo farologana le tsamaiso ya tlwaelo ya go duela ka madi. Ka gore mo tuelong ya madi boorra monna yo nyalang ba duela madi ko go boorra mosadi yoo nyalwang, bogadi ke fa botsadi jwa mosadi yo nyalwang bo neela botsadi jwa monna yo o nyalang dimpho ele ka ntlha ya mosadi yo o nyalwang. Mme le fa go tshwana bogadi ke dilwana tse di ntshiwang ke monna yo nyalang a di ntshetsa mosadi yo a mo nyalang ka nako ya lenyalo, tse di salang dile mo taolong ya ene mosadi yoo nyalwang.




#Article 77: Mefuta ya dijo tsa lefatshe la Botswana (638 words)


Dijo tsa lefatshe la Botswana ke tse di kgethegile mme gape di kopanetse dikarolo dingwe le dijo tsa mafatshe a mangwe a Borwa jwa Aforika. Dikai di akaretsa phaletšhe, setampa, magwinya le phane. Dijo tse di kgethegile tsa lefatshe la Botswana di akaretsa seswaa, nama e e lokilweng thata e bo e thugiwa.

Marekisetso a lefatshe la Botswana a tletse ka mefuta ya dijo e e farologanyeng. Bontsi jwa tsone ke tse di lemilweng mono gae ka go nosediwa fa tse dingwe e le tse di rekilweng mo mafatsheng a a mabapi. Bontsi jwa nama ya kgomo bo tswa mo lefatsheng la Botswana. Nama ya nku, ya konyana,ya koko le mefuta e mengwe ya nama e teng mo lefatsheng leno e le mentsi. Nama ya kgomo ke yone e e tlwaelesegileng e latelelwa ke ya podi. Ditlhapi tsa matamo le tsone ke ngwe ya dijo tsa lefatshe leno.

Mabele le mmidi ke tsone dijwalo tse di lemiwang thata mo leaftsheng leno. Korong, raese le mefuta e mengwe ya dijalo ga di lemiwe mo lefatsheng leno. Bontsi jwa dinawa tse di lemiwang mono gae di akaretsa ditloo le letlhodi. Matonkomane kgotsa manoko a lemiwa mono gae. Bontsi jwa merogo e e lemiwang mono gae e akaretsa sepinitshi, digwete,khabetšhe,dikwii,ditapole, ditamati le dipotata. Go na le merogo e e tlhogang, mo sekgweng e e nnang teng ka dipaka dingwe. Morogo wa dinawa ke dijo tsa setswana tse di tlwaelesegileng thata.

Go na le maungo a le mantsi mo lefatsheng la Botswana a a akaretsang morula. Go dumelwa fa magapu atlholegile mo lefatsheng la Botswana mme a nna mantsi ka paka ya one. Mefuta e mengwe ya magapu e akaretsa lerotse kgotsa lekatane le le lone le lemiwang mono. Go na le mefuta e mengwe ya magupa a naga a a tlhogang mo mafelo a a metlhaba ebile a le dikaka a le botlhokwa mo baaging ba dikgaolo tse ka ba a dirisa e le dijo e bile gape e le metsi. Bontsi jwa merogo e bonwa ka dipaka dingwe mme ebile e a omelediwa kgotsa e lokiwa e le tsela ya go e itsa go senyega. Go na le methale e le mentsi ya go apaya merogo e e omeleditsweng e.

Seswaa kgotsa tshotlho ke nama ya setswana e e apewang mo medirong e e kgethegileng. Gantsi e apewa ke borre mo pitsaneng e e maoto mararo kwa leisong, e apewa ka leswai le metsi fela mo molelong o o kwa tlase go fitlhela e butswa thata e bo e nna boruma. Dijo tse dingwe tse di itsegeng thata ke serobe; mala le dirwe tsa podi, nku kgotsa kgomo tse di apeilweng go fitlhelela  di nna boruma. Fa phologolo e le nku kgotsa podi tlhako e apewa le tsone.

Go dumelwa fa koko ya setswana e gaisa ya kgodiso ka seatla ka tatso. Go apeela moeng koko ya setswana go dira gore a ikutlwe a amogelesegile. Go e apeela mo pitsaneng e e maoto mararo go e efa tatso ya maemo a a kwa godimo.

Motogo kgotsa bogobe bo apewa ka go faga bopi jwa mabele, jwa phaletšhe kgotsa jwa lebelebele, mme o fudue ka bonya go fitlhelela go lowa. Nako tse dingwe bopi jwa mabele kgotsa jwa phaletšhe bo a bidisiwa bo bo bo jewa ka maswi le sukiri. Dijo tse di bidiwa ting. Ko ntleng ga maswi le sukiri, ting e ka jewa ka nama le morogo e le dijo tsa motshegare kgotsa tsa maitseboa. Tsela e ngwe ya go apaya bogobe ke go bo tsenya madila le lerotse. Dijo tse di bidiwa tophi ke morafe wa baKalanga.

Bopi jwa borotho ke ngwe ya dijo mme bone bo nna le dingwaga bo ntse bo rekiwa go tswa mo mafatsheng a sele. Go nna le mefuta e mentsi ya go apaya borotho e e setseng e itsege lefatshe ka bophara.




#Article 78: Barulaganye Bolofete (152 words)


Barulaganye Bolofete  (yo o tshotsweng ka ngwaga wa 1979 kgwedi ya Morule letsatsi ele la lesome le bobedi) ke motshameki wa kgwele ya dinao mo Botswana. O tshameka e le motshamekagare wa setlhopha sa TASC FC. O tshamekile metshameko e le mebedi ya setlhopha sa  fa gare ga ngwaga wa dikete tse pedi le bongwe le wa dikete tse pedi le bodedi.Motshameko wa lekgotla la kgwele ya dinao o o tlwaelesegileng ka leina la kgwele ya dinao o tshamekiwa ke ditlhopha tse pedi di na le batshameki ba le lesome le bongwe setlhopha. Morago ga dingwaga tse di dikete tse pedi le motso, motshameko oo wa kgwele ya dinao o ne o setse o tshamekiwa ke batshameki ba ba fetang didikadike tse makgolo a mabedi le masome a matlhano a batshameki mo mafatsheng a a fetang makgolo a mabedi,se se dira motshameko oo go nna motshameko o o itsegeng lefatshe ka bophara.




#Article 79: Maunatlala (958 words)


 
 ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o o sekgele sa masome a marataro le botlhano go tsweng botlhaba jwa Palapye gape motse o o sekgele sa masome a marataro go tsweng molelwane wa Aferika Borwa. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le 3,180.

Dikgaisano tsa motse o o kgonneng go laola le go fokotsa go nowa ga bojalwa phetelela di ka dirisiwa go fokotsa go iphetisa dino mo lefatsheng.Ka go twe dilo makwati, bangwe ba komiti e e neng e itebagantse le go fokotsa go nowa phetelela ga bojalwa kwa Serowe ka malatsi a boitapoloso ba ntshitse megopolo e ba re, fela jaaka dikgaisano tsa motse o o phepa, gongwe fa go ka dirwa kgaisano ya motse o o gaisitseng ka go fokotsa nnotagi, ka kemonokeng ya bagolwane ba motse selekanyo sa go nowa ga bojalwa se ka kokobela.Mogopolo o mongwe ke o o neng o re fa madi a lekgetho la bojalwa a ka dirisiwa mo ditirong tsa jone jaaka a abelwa dikgaolo go anamisa molaetsa wa phokotso nnotagi ka malatsi a tshwana le Keresemose le go tlhabolola le go baakanya mafelo a itloso bodutu jaaka lebala la metshameko la Serowe.

Banana ba kgaolo ya Tswapong bokone ba rotloeditswe go ithuta pina ya setshaba gore ba kgone go e opela sentle.Se se builwe ke Rre Oageng Modikwa wa Ofisi ya mopalamente wa kgaolo fa a ne a bula semmuso dikgaisano tsa banana tsa mmino kwa Maunatlala.Banana ba kgaolo eo ba ne ba tsietsega ka pina ya setshaba ba e fedisa mo tseleng mo e neng e sa tshwanela go ema teng.A re banana ba tshwanetse go ipela ka pina ya setshaba jaaka go diragala mo mafatsheng a mangwe, a re fa ba sa e opele sentle go ka tsenya lefatshe leno matlho a batho.Mo go tse dingwe Rre Modikwa o tlhagisitse banana go tswa mo dinotaging ga mmogo le go ima ka ba sale bannye.O kopile banana go ikgapha mo dilong tse di ka ba senyetsang isago mme a ba rotloetsa go nna le botho le go tlotla bagolo le balekane ba bone

Ba ofisi ya mopalamente wa Tswapong bokone ba ile ba abela banana ba kgaolo eo mpho ya segoagoe gore ba e dirise ka nako ya dikgaisano.Mo kgaisanong ya mmino wa Setswana, khwaere ya Lerala e ile ya ikapela maemo a ntlha fa ya Lecheng e tsere maemo a bobedi. Mo mminong wa dikhwaere, khwaere ya Maunatlala ya Lotsane e ile ya gape maemo a ntlha morago ga gore khwaere ya Matolwane e neng e tsere maemo a ntlha go lemogilwe fa e ne e dirisa batho ba ba kwa tlase ga palo e e neng e beilwe.Khwaere ya Tsetsebjwe yone e ne ya gapa maemo a bobedi.Mo go tsa drama, setlhopha sa Tsetsebjwe se ne sa ikgapela maemo a ntlha fa sa Maunatlala se gapile maemo a bobedi.Setlhopha se se tsereng maemo a ntlha se ne se tsaya madi a kanang ka dikete tse tlhano fa se se gapang maemo a bobedi se ne se tsaya dikete tse tharo fela.Metse ya Maunatlala le Tsetsebjwe ke yone e gaisitseng ka go ikgapela madi a kanang ka P8 000 tsotlhe di bo di latelelwa ke metse ya Lerala le Lecheng

Motse wa Maunatlala kwa Tswapong Bokone o nnile bone bommampodi ba mo kgaisanong ya temo ya ditlhare, e e simolotsweng ke ba Ark and Mark Trust monongwaga.Ark and Mark Trust ke lekalana le le tlhokomelang bana ba masiela le dikhutsana mme le simolotse kgaisano e monongwaga, ka setlhogo se se reng Lentswe la tlholego.Motse wa Lerala o ile wa abelwa kopi o sena go ikgapela maemo a ntlha o iteisana borathana le motse wa Letlhakane bosheng. Mo godimo ga moo, kgotlana ya Segole mo Lerala e ile ya ikgapela maemo a ntlha mo dikgotlaneng tse di lesome le botlhano tsa motse wa Lerala ka go tlhokomela ditlhare.Fa a bua kwa moletlong wa ipelelo phenyo, kgosana ya kgotlana ya Segole, Kgosi Mmelesi Itshupeleng, o kgothaditse morafe wa gagwe go tshwara ka natla mo temong ya ditlhare, tse a reng ke tsone di ntlafatsang tikologo.O ile a kgothatsa batho go itirela ka diatla tsa bone, a re go supa gore lefatshe leno le tlaa fitlhelela matshego a lone a tebelopele ya 2016.Mme Dikeledi Mokome, yo e leng motlhokomedi wa dikhutsana wa mokgatlho wa Ark and Trust, o rotloeditse banni go ya go lema ditlhare tse ba tlaa bong ba di abelwa kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bobedi.A re ba tlaa sekaseka gore ba ya go di nosetsa jang ka jaana mo legatong le le fetileng, ba ne ba thusiwa ke Rre Itshupeleng Itshupeleng ka metsi a a nosetsang ditlhare tseo, ka go ne go se na metsi kwa Lerala.O tladitse ka gore banni ba kgotlana ya Segole ba abetswe ditilo di le masome a mane le borataro ke sekole se sebotlana sa Kukubjwe mo Lerala tse ba neng ba di kopile.

Monni wa kgotlana ya Segole, Diphuralelo Mokome o tshwaetse fa ba na le letlhoko la ofisi ya bodiredi le komiti e e tlaa bong e ba thusa go sekaseka se se tlaa bong se diragala kwa kgotleng ya bone.Mme Omphemetse Kootsenye, yo e leng monana yo o ithaopileng go tlhokomela ditlhare tseo, o rotloeditse batho go tswelela ka mowa wa lorato le wa boithaopo a re o fentse dikgwetlho fa a tsena ntlo le ntlwana a tlhola gore batho ba Segole ba ntse ba tlhokomela ditlhare. Mme Kootsenye o ile a fiwa kopi go mo akgolela tiro e ntle e a e dirileng.O ne a tlhalosa fa go tlaa abiwa ditlhare tse dingwe di le dikete tse tharo, di feta tse di abilweng mo legatong la ntlha ka di le sekete




#Article 80: Moiyabana (396 words)


 
Moiyabana ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse wa Moiyabana o sekgele sa masome a matlhano borwa-bophirima jwa Serowe, gape motse o o nale dikole tse di potlana le tse dikgolwane ga mmogo le kokelwana. Ka ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne ele 2,619.

Kgosi ya Moiyabana Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana a re fa e sale go bolodiwa mephato mo Gammangwato ngogola ka kgwedi ya Phukwi ba tsweletse ka go dira ditiro ka mephato tsa go tsosolosa ngwao le go ithaopa, gore tshaba eno e ikgakologelwe e bo e itse fa go itirela ka boithaopo go le molemo.
O buile jalo le ba lekalana la dikgang la BOPA mo potsolosong kwa Serowe, a bolela fa mophato o tsweletse ka go aga ntlo ya setso mo sekolong se se botlana sa motse oo, e e tla agwang ka mmu le bojang ja Setswana e tswalwa ka setlatla.A re maikaelelo ke go tla go tsenya didirisiwa tsa bogologolo jaaka jokwe, sesigo, matlalo ditlatlana le tse dingwe go ruta basha ka botshelo jwa pele gore ba tlhaloganye tse di neng di dirisiwa bogologolo.A re ba tsweletse ka go kgobokanya dikhwaere ka go lebega di nyeletse, mme ba tlhamile khwaere e le nngwe le mmoki. Kgosi a re maikaelelo ke go ipaakanyetsa letsatsi la boipuso jwa ngwaga eno.

Kgosi Kgomokgwana a re ba ikaelela gore ka Motsheganong ba phuthegele mo kgotleng ya motse wa bone wa Moiyabana go tla go tsosolosa ngwao ka metshameko ya bogologolo.A supa gore bagolo ba motse le badiragatsi ka go farologana ba tlaa rotloetsa ba bo ba supa gore tatedi ya madi e ditsela dintsi.E rile a bua ka matshwenyego a motse wa bone, a re seru se se ba wetseng mo motseng oo ke go timela ga batho ba e bileng e ne e le balwala tlhaloganyo.A re mme ba sale ba timetse ngogola go fitlhela le gompieno ga ba ise ba bonwe.O supile gore go tlhoka tlhokomelo ya balwetsi ba mohuta oo, a kopa botsadi jwa balwetse ba go ba tlhokomela.Kgosi a re o tshwenyegile thata ka banni ba motse wa gagwe ba ba sa tsibogeleng pitso ya kgosi mo kgotleng fa ba bilediwa go ya go batla motho yo o timetseng, a ikuela mo banning ba motse oo gore a ba thuse fa go le botlhoko kwa go yo mongwe gore ka moso le bone ba thusiwe




#Article 81: Barolong Seboni (181 words)


Barolong Seboni  (o tshotswe ka ngwaga wa 1957) mme ebile ke mmoki le moithuti wa Botswana. One a amogela tlotla ya BA ya go tswa mo Sekolong se Segolwane sa Mmadikolo le setlhankana sa gagwe sa Maemo a ntlha sa Masetase(masters) gotswa mo sekolong sa Mmadikolo sa Wisconsin–Madison. O ranoletse diane tsa setswana go ya kwa puong ya sekgoa. O ne gape le tsebe mo pampiring ya dikgang ya The Guardian mme o berekile gape mo seromamoweng

Barolaganyi Seboni o simolotse go bereka ka ngwaga wa 178 e le morutabana mo dikolong tse di kgolwane tsa Mater Spei College, Francistown, gone mo Botswana go fitlha ka ngwaga 1983.MMe e rile go tsweng foo o ne a tlhapiwa kwa Mmadikolo wa lefatshe la Botswana e le modiri wa lekoko le le dirang le tsa ditlhabololo go fitlha ka ngwaga wa 1884.O ne a tswelela ka go atlega mo botselong mme a felela a tlhapiwa e le modiri wa Motlhatlhanyi wa dithuto tse dikgolwane kwa Mmadikolo mme a bowa a atlolosiwa maemo gape go nna yo mogolwane go fitlha ka ngwaga wa 1995.




#Article 82: Sefofane sa Setshaba sa Lefatshe la Bechuanaland (278 words)


Sefofane sa Setshaba sa Bechuanaland  ene ele  sa lefatshe la Bechuanaland Protectorate ebile ene e emelela gotswa mo lefelong la Francistown.

Sefofane se sene sa agiwa ka Phalane a tlhola gangwe ngwaga wa 1965 ka thotloetso ya madi a puso ka Johnny Gibson yo neng a tsaya tsela ya gore a ipereke mo go tsa difofane ka ba Bechuanaland Safaris. Thuso gotswa mo go ba difofane ba Boritane Autair International Airways ene ya newa, ka go bona Autair a neela ba difofane ba lefatshe la Bechunaland difofane tsa ntlha tse pedi, Douglas DC-3. Sefofane sene sa thuswa ka tsa maranyane ke ba Air Trans Africa.

Go dira ga Sefofane gone ga simololwa ka Ngwanatsele a tlhola lesome le botlhano ngwaga wa 1965, gorago ga mo lephata la difofane lene ka potlako la simolola ditiro mo Francistown lemo toropong dile supa.  Mo lefatsheng ka bophara serofane se sene se tsamaya ka tselana e tswang mo Francistown goya Bulawayo mo Rhodesia le Livingstone mo Zambia, le gotswa mo Lobatse goya Johannesburg.

Sefofane se sene se fofa gotswa mo  Bulawayo-Francistown-Serowe-Gaborone-Johannesburg-Gaborone-Lobatse-Ghansi ka Mosupologo; Ghansi-Lobatse-Gaborone-Serowe-Francistown ka Labobedi; Francistown-Maun-Serondellas-Livingstone-Serondellas-Maun-Francistown Ka Laboraro; Francistown-Maun-Ghansi-Maun-Francistown ka Labone; Francistown-Serowe-Gaborone-Lobatse-Johannesburg-Lobatse-Gaborone-Serowe-Francistown ka Labotlhano; le gotswa mo Francistown goya Bulawayo ka Matlhatso.

Difofane tsa Francistown-Johannesburg le Francistown-Johannesburg-Francistown dine tsa simolola nako e santse ele teng ka ngwaga wa 1966 ka Mosupologo le Labotlhano  ka go latelana.  Sefofane se sene sa emisa tiro ka ngwaga wa 1966 oya fifing sebo es bewa goka se boloka. Go dira ga sefofane sa Setshaba tsa Bechuanaland gone ga tsewa ke ba lephata la difofane tsa setshaba ba Botswana  ka ngwaga wa 1966 o fela, yo Gibson le ene e neng ele karolo ya lephata le.




#Article 83: Barokologadi ba Ga Maotwe (173 words)


Barokologadi ba Ga Maotwe  ke morafe wa batswana ba ba nnang mo bokone botlhaba jwa Aforika Borwa# Bane ba kgaogana le morafe wa bapedi 'Bapedi' mme ba batla boagedi kwa morafeng wa  Bakgatla Ba Kgafela.
Bane ba nna kwa motseng wa Lengwana , mme ba felela ba thibeletse mo motsebg wa Mankgopi gaufi le Ramotswa mo Botswana# Go tsweng ga bone kwa Mankgopi bane ba thibelela kwa Melorane e jaanong e leng lefelo la tlhokomelo diphologolo la Madikwe mo  Aferika Borwa.

Ka ngwaga wa 1950 khudugo e nngwe ene ya nna teng Barologadi ba Ga Maotwe bane ba latedisa khudugo e fa bane ba patelediwa go foduga mo Melorane goya Misgund,fa ba bangwe bane baya De Brak.

Ka ngwaga wa 1958 gotswa mo Misgund bane ba fudugela ko Pitsedisulejang yo jaanong e leng motse yo mogolo wa Barokologadi fa morafe yo mongwe one wa phuthegela kwa De Brak, Maretlwana, Sesobe, Nkaipaa, Ramotlhajwe Ramokgolela, Magong le Obakeng.

Yo o santseng ele Kgosi 
Kgosi Thari Maotoe ke ene yo a santseng ele kgosi ya Barokolokgadike.




#Article 84: Bank Gaborone (218 words)


Bank Gaborone Limited, e gantsi e bidiwang Bank Gaborone, ke banka ya kgwebo mo Botswana.

Ba Banka ya Botswana ba neetse teseletso ba Bank Gaborone Limited go ya go dira ele kgwebo ya banka ka kgwedi ya Firikgong e tlhola letsasi ngwaga wa dikete tse pedi le borataro. Bank Gaborone ene ya bula lebenkele la yone la ntlha mo tseleng ya Pilane, Gaborone ka lwetse ngwaga wa dikete tse pedi le borataro. Fa e sale nako eo, maloko ale mararo a setse a butswe; e nngwe mo Main Mall, City Mall, le Francistown. Fa gonya go tsena kgwedi ya Seetebosigo ngwaga wa dikete tse pedi le borobabongwe, banka ene e setse e nale mechini e mo go yone go gogwang madi. ke gore ATM ele masome a mararo  lefatshe ka bophara go fa ditshompelo go merafe e mo go yone banka e neng e sena maloko gone.

Bank Gaborone ke leloko la Capricorn Investment Holdings (Botswana) Limited (CIHB) ka botlalo. Morago ga moo, CIHB ka dipesente dile borobabongwe le bone (94.9) ke ya Capricorn Investment Holdings (CIH).

Capricorn Investment Holdings e na le maloko a mangwe a a dirang le madi ka bogotlhe kgotsa a mo go one karolo ya one e dirang le tsa madi, go akaretsa :

, Banka e nale moloko mo mafelong a latelang: 




#Article 85: Folaga ya Botswana (113 words)


Folaga ya setshaba ya Botswana ene ya tlhomiwa ka Lwetse a tlhola masome a mararo ngwaga wa 1966. Folaga e enale mmala yo botala jwa loapi le yo kgabaganyang folaga ka bogare ole montsho , leyo  mosweu yo bonalang   le mebala e mengwe.  Mebala e e tsaya karolo ka selekanyo sa  9:1:4:1:9. Mmala wa botala jwa Loapi o emetse metsi, tota o raya pula, ebile otswa mo sekanong  sa Botswana se se mo Botswana coat-of-arms,se se kwadilweng gotwe Pula , seele sa Setswana se rayang Let there be rain. Mebala ya bontsho le bosweu e emetse Kagiso, mme gape e emetse pitse ya naga e e nang le mebala ya sekano sa Lefatshe.




#Article 86: Franco le Afro Musica (487 words)


Franco le Afro Musica  ke setlhopha sa batho bale lesome le bobedi gotswa Gabane sa kwasa kwasa  se se simolotsweng ke Frank Franco Lesokwane.Jaaka ele tlhwaelo mo mminong wa Rhumba gore badini ba nne le maina ale mmalwa, Lesokwane le ene o nale maina a tswana le Stango, Lepako le Chakala. Fa a fetsa go tshamekela kgotsa go binela le go opelela setlhopha se se neng se eteletse pele mo Botswana, Franco,ga mmogo le mongwe wa letso la tanzania yo o neng a tsholetswe go tshameka katara, Shabani Mwanasande Yohana,  bane ba dira setlhopha mmogo mme ba simolola go tsamaya lefatshe ka bophara. Bane ba gogela bangwe ba ba neng ba nale botsipa ba mmino wa rhumbamme ba gatisa alebamo ya bone ya ntlha, Ke lela le lona , e fa go ranolwa e bidiwang I am crying with you.Maloko a mangwe a Afro Musica kebo Joseph Masamba(yo neng a tshameka katara ya kodu), Kumakili Kusere(wa katara ya kudu le lentswe le lesesane), Samurai Ngingo(yo o neng a letsa katara)

Morago ga Ke lela le lona  sedtlhopha se sene sa gatisa dialebamo dile mmalwa tse di neng tsa atlega. Setlhopha sene sa gatisa pina ya sone e e neng e itsagale ka Tshutshumakala  (seele sa setswana se se rayang terena),e e neng ya ba fenyisa dietsele tsa Botswana Music Union (BOMU) . E ke pina e e bolelang kafa ba tshabang terena ka teng. Dipina gantsi dika dipolelo tse di kgatlhanong mo motseng jaaka boloi, boaka le loso. Gantsi ba kwala dipina tse di buang ka bone mo alebamong nngwe le nngwe, setlhopha se nale pina ele nngwe fela e e buang ka motsana mongwe mo Botswana, e eneng ya ba tlisetsa balatedi bale bantsi.  Setlhopha se se gapile dietsele dile mokawana , di akaretsa tsa BOMU setlhopha sa ngwaga sa alebamo ya kwasakwasa  e e gaisitsing  ngwaga dile pedi ka tatelano ).Lefa go ntse jalo mo metshamekong ya sesupa ditshwantsho ya gagwe sa ntlha mo alebamong e ntsha Mmamane Robala, Lesokwane, ga akaretsa baletsi ba gagwe kgotsa babini ba gagwe, thata thata mo pusolotsong le ko ntle fela mme ga a ikope maitswarelo ka ga seo. Ke ba itsesitse batho mo dikhaseteng tsame batho ba batlang gape se sentsi. Ke kwadile ka bone mo dikwalong tsa dikhasete tsame.  Ke ne ke sa bone gole botlhokwa go ba akaretsa mo go dirweng ga motshikinyego yo, go bua Franco, fa a botsolotswa gore ke eng setlhopha sene se sa fa fiwa tshono ya goitsiwe ke setshaba jaaka ene mo setshwantshong sa motshikinyego. Ga re a bona gole mosola go dira jalo. Batho batla bua jjaka ba tlhola ba bua, mme gotswa mo bolaoding go tsaya ditswetso tse di tswanang letse. Gongwe Afro Musica etla bonala mo setshwantshong sa motshikinyego se sengwe.

Ka kgwedi ya Moranang ngwaga wa 2005, setlhopha sene sa ema nokeng Koffi Olomide mo loetong la gagwe la go ralala Aferika. Koffi one a kapiwa are 




#Article 87: Zoroga (223 words)


 
Zoroga ke motse yo mo kgaolong ya legare mo Botswana. O dikhilomethara di le masome a mane mo bophiri jwa Nata, mo tseleng ya Nata–Maun.Mo palo bathong dipalo e ne e le makgolo a borobabongwe,masome a mane le borobabobedi  mo palong bathong ya ngwaga wa 2001.

Motse wa Zoroga o mo khutloleng ya go gokelela motlkase lefatshe ka bophara e go mo go yone go adimilweng madi kwa wedish Nordic Investment Bank le Nordea.Khutlolola e e simolodisitswe ke tona wa meepo,kgotlhelo le metsi ebong Rre Ponatshego Kedikilwe.Maikaelelo a se ke go tlisa dithabololo mo matshelong a batho.Motsana o nale sekolo se se potlana.Zoroga o nale sekolo se se potana se Zoroga Primary School mme baithuti ba ba pasitseng dithuto tsa bone ba tsewa kwa sekolong se golwane sa Maun Senior Secondary School.Go nale kokelwana mo motseng wa Zoroga mme fa diemo tsa balwetse di ela phekela ba ragogedisiwa kwa sepateleng se segolwane sa Nyangagwe kwa Francistown kana ko Gweta
.[2

Zoroga ke mengwe ya metsana ee humileng dilo tsa tlholego.Ka ngwaga wa 1998 go ne ga tswharwa phuthego ya mo motseng,maikaelelo e ne e le go tla ka metlhale ya go somarela dilo tsa tlholego.Ngwe ya metlhale e e ne eya nna gore dilo tsa tlholego di tshwanetse tsa somarelwa gore dikokomane tse di tla tlang di kgone go itshetsa ka meamuso eo.




#Article 88: Batsee (2134 words)


GO SENYEGELWA KE BOIMANA

[0]
[1]
[2]

Go senya bomana go ka tlhalosiwa fa ele go khutisa boimana ka go ntsha losea mo popelong pele ga nako ya lone ya go tsholwa. Go senyega gwa boimana go gabedi:boimana bo ka senyega ka peleego bo senyegang e le ka peleego fa jo bongwe e le go ntsha losea mo sebopelong sa mme ka itetlo. Setlhogo sa gosenyega ga boimana se remeletse thata mo go senyegeng ga boimana jwa batho gona le diphologolo.

Mo mafatsheng aa tlhabologileng go khutisa boimana ka fa molaong ke ngwe tsela ya go dibela botsogo jwa mme mo diphatseng. Dikete tse di masome a supa(70 thousand) tsa dintsho tsa bomme ba ba khutisang boimana ka metlhale e e sa babalesegang di gatisiwa ngwaga le ngwaga mafatshe otlhe ga mmogo le dipalo tsa dikete kete tse tlhano(5 million) tsa bomme ba ba felelang bana le bogole. Palo ya bomme ba ba senyegelwang ke boimana ngwaga le ngwaga go akarediwa le ba ba senyegelwang ka ga molaong e ka tshwara dikete kete tse di masome a mane le bobedi (42 million),fa mo go tsone dikete kete tse di masome a mabedi(20 million) ele tsa ba ba khutisang boimana ka itetlo mafatshe otlhe ka bophara. Forty percent of the world's women are able to access therapeutic and elective abortions within gestational limits.[10]

Tshenyo ya boimana e eseng kaga molao go lobaka e diragala ka go bo e kukeletswa ke metlhale e mentsi e tshwana le bo go dirisadi tlhatsana tsa kalafi, di dirisiwa tse di loweditsweng, le mengwe metlhale ya setso. Segompieno se dirisa loaro le melemo go senya boimana. Kanoko ya go senya boimana e farologana thata mo mafatsheng ka ntlha ya dipharologano tsa di tumelo, teseletso/melao, ditiragalo le dingwao. Mo lefatsheng ka bophara go tlwaelesegile e bile setshaba se kgaogane ka bogare ka go tlhoka kutlwisisano ka tsamiso le melawan ya tshenyo boimana. The incidence of abortion has declined worldwide as access to family planning education and contraceptive services has increased.[12]

MEFUTA YA GO SENYEGELWA KE BOIMANA
Go senyega ga boimana ka itetlo
Go senyega ga boimana mo mafatshe fatshe go ka tshwara dikete kete tse makgolo a mabedi le botlhano (205 million). ).Bontsi jwa dipalo tse di gatisewang,go gatisewa tshenyo ya boimana ka itetlo . Boimana bo ka senngwa ka ditsela dile mmalwanyana.
Tsela ya go ka senya boimana e laolwa ke losea lolo mo popelong gore le botona bo kae. Fa e mengwe metlhale e ka dirisiwa ka go bo molao o letile gore boimana bo sengwe, kgotsa ele ka ga tumelo,bongaka jwa sekgoa le molwetse ba ka rutuetsa go dirolola boimana.

Boimana bo ka dirololwa go lebilwe mabaka a tshwana le bo kalafi le itetlo. Tirilolo ya boimana mabapi le tsa kalafi e direlwa go boloka botshelo jwa mmelegi mo diphatseng di tshwana le bo go latlhegelwa ke tlhaloganyo le bogole. Boimana bo ka tlhalosiwa fa e le jwa itetlo fa mme oa dumalane kgotsa a batla gore khutiso ya boimana e diragale.

Go senyega ga boimana ka peleego
[24]
Go senyega ga boimana ka peleego ke bokhutlo jwa boimana jo bo diragalang e se ka maikaelelo. Tiragalo e e diragala mo go bomme ba ba itsholofetseng ka lobaka lwa dibeke dile masome a mabedi (20) go ya kwa go masome a mabedi le bobedi (22). Boimana jo bofelang morago ga dibeke tse masome a mararo le bosupa,losea lwa tleng lo bitswa go twe ke ngwana yo tshotsweng pele ga nako. Fa ngwana a tlhokafaletse mo popelong o bitswa go twe ke stillborn ka puo ya sekgoa Fa motho wa mme a khubame pele ga nako kgotsa a tlhokafaletswe ke losea lo sale mo popelong ga a bitswe go twe o senyegetswe le fa ka nako dingwe re bitsa jalo.

Dipalo di ka tshwara 30% go ya kwa go 50% tsa bomme ba ba senyegelwang go ese go lemosege.

Go sa kopaneng sentle gwa peo ya rre le lee la mme kengwe ya dilo tse di bakang tshenyego ya boimana jo bo diragalng mo dikgweding/dibekeng tsa ntlha. Go senyega ga boimana ka peleego go ka bakwa ke kutlobotlhoko e e feteletseng, mme fa boimana bo senyegile ka ntlha ya go tshwenyega ga maikutlo mo go feteletseng (go bala bala ka pelo) go ka tlhalosiwa fa ele tshenyego ya boimana e e diragetseng ka itetlo.

Mokgwa wa go senya boimana ka itetlo

[49]

Abortifacients ke di drugs tse di dirisiwang go senya boimana ke ba bongaka jwa sekgoa. Ka ngwaga wa 2005 go gatisetswe palo tse 13% tsa go senyega ga boimana tse di eleng tsa oketsega go ya kwa go 17% ko lefatsheng la USA. Palo ya bomme ba ba dirisetseng melemo go senya boimana ba sa dirise loaro ke 92% . fa go diragetse gore melemo e retelelwe ke go senya boimana loaro lo ka dirisiwa go tsweledisa tema.

Go khutisa boimana ka go dira vacuum abortion go siame thata mo dibekeng tsa ntlha tse di lesome. Go senya boimana ka go goga losea mo popelong go dirisiwa syringe go bitswa go twe ke MVA.EVA ke tiriso ya motakase go ntsha losea mo popelong.dilo tse pedi tse di farologangwa ke gore MVA e ka dirisiwa mo dibekeng tsa ntlha tse mme a itshologetseng ka tsone. DE e dirisetswa go senya boimana morago ga dibeketse di lesome le botlhano. DE e bereka ka go bula popelo ya motho wa mme.

Mekgwa e mengwe

Mekgwa e mengwe ya go ka senya boimana e akaretsa bo go dirisa mewa e maswe e tshwane le bogo itaya mpa ya mme yo o itsholofetseng ka motshe, fa e mengwe e akaretsa bo go tsenya lomao mo popelong

[80]

Bodiphatsa jwa go senya boimana bo laolwa ke tsela e boimana bo sentsweng ka teng, gore a bo dibelesegile kgotsa ga boa dibelesega. Lephatla la WHO le tlhalosa fa go senya boimana mo go sa babalesegang go dirwa ke batho ba ba sa rutegang mme ebile ba dirisa di tsompelo tse di borai thata. Go khutisa boimana mo mafatsheng aa tlhabologile go dibelsegile thata go fetisa go dibela ngwana ka nako ya pelegi . dintsho tse di bakwang ke go senyegelwa ke boimana di oketsega go ya ka lobaka lo motho wa mme a itshologetseng ka lone, di fokotsega morago ga sebaka sa dibeke dile masome a mabedi le bongwe. Go dirisa loaro la Vacuum aspiration mo dibekeng tsa ntlha tsa boimana ke ngwe tsela e e babalesegileng ka go bo go sena di kgoreletse tse di kalo. Melemo e thusa thata mo malatsing a le masome a mane le borobabobedi a ntlha a boimana go ya kwa go a masome a le boraro, lefa go na le kgonagalo e ntshi ya gore e palelwe ke go senya boimana mo go feletsang go baka tiriso ya loaro. Tiriso ya melemo e na le ditlhabi tse dintshi thata. Bodiphatsa jwa go ka tsenwa ke malwetsi a setlha kantlha ya tiriso ya melemo go senya boimana e ko tlase gona le fa o dirisa loaro,lemororo dintsho dile nne di nkele tsa diragala morago ga go 1.khutisa boiman ka go dirisa melemo Palo e e gatisiwang ngwaga le ngwaga ya dikgobalo le dintsho tse di bakwang ke go khutisa boimana mo go sa babalesegang e ka tshwara dikete kete tse di masome a mabedi, fa bontshi jwa tsone bo diragala mo mafatsheng a itsholelo e e kwa tlase. Molao o o tlhomamisitsweng mababi le go senya boimana o thusa thata mo go lwantsheng tshenyo boimana e e sa babalesegang.

KANKERE YA LEBELE
[125]
Makgotlana mangwe a supile fa go senyegelwa ke boimana go nyalana thata le Bolwetse jwa kankere ya lebele. Ba tlhalositse gore go kgoreletse lebele go amusa go dira gore gonne le masalela a dikarolonyana tse dinye tsa setshedi mo mmeleng a a felelang a ipopa go nna kankere mo lebeleng. Le fa go ntse jalo makalana a tshwane le bo ga a dumalane le moono o.

BOTSOGO JWA TLHALOGANYO
[134]
Ba lekalana la tsa maranyane ba supile fa go sena nyalano epe ma gareng ga tatlhegelo ya tlhaloganyo le go senyegelwa ke boimana. Gona le ditlhopha dingwe tsa bo mme ba ba lebaganwang ke dikgwetho tse dintshi ka nako ya go senyega ga boimana. Dingwe tsa dikgwetho tse e kanna bo go tlhoka support. Ba lo phatla lwa tsa tlhaloganyo kwa Amerika ba tlhalositse fa go senyegelwa ga boimana mo legating lwa ntlha go sa bake tatlhegelo ya tlhaloganyo mo mothong wa mme gona le go nna ka boimana jo bo sa bategeng. Dingwe tsa di patiseso di ganyetsana thata le tse di sa tswang go nankolwa, di gatisetsa thata gore gona le tomagano ma gareng ga tatlhegelo ke tlhaloganyo le go senyegelwa ke boimana.
Undock edit boxHide edit box
Characters: 0

    [145]
    [146]
    [148]
    [149]

Di palo tsa go senyega ga boimana di ile tlase go simologa ka ngwaga wa 1995 go ya kwa go 2003. Phokotsego e e bonala thata mo mafatsheng a itsholelo e e kwa godimo gona le a itsholelo e e kwa tlase.

[161]

Dikeletso tsa setso le batho

Ka ngwaga wa 1998 go tserwe di patisetso mo mafatsheng a masome a mabedi le bosupa go batisisiwa gore ke eng bomme ba senya boimana. Go feleditswe ka gore bomme ba khutisa boimana ka ntlha ya go batla go letla nako e itsholelo ya bone e ba letlang go ka tlhokomela bana fa lengwe la mabaka ele gore bomme ba khutisa boimana go lekanya ditsompelo tse banang natso mo go baba setseng ba ba tshotse.

Go senya boimana mo go sa dibelesegang

[178]
Tshenyo boimana e e dirwang ke bo mme ba ba belegisang ba ba rutegileng le ba ba sa rutegang e bakile dintsho dile dintshi thata. Bomme ba ba senyang boimana ba feletsa ba dirisa.
kantlha ya gore molao ga o ba letle go ka khutisa boimana. Ba lephatla la WHO ba tlhalosa fa go Khutisa boimana jo bo sa dibelesegang e le tiro e dirwang ka ntlha ya dikeletso tsa motho wa mme,e dirwa ke motho yo o senang kitso kgotsa mo lefelong le le sa babalesegang. Tiragalo e e ka dirwa ke mme yo o itsholofetseng kgotsa mongwe yo o tlhaetseng kitso ya go dirisa melemo ya sekgoa.

Go sa leteleleng go senya boimana ke ba molao go oketsa tshenyo ya boimana e e sa bolokegang ga mmogo le gone go tlhoka ditsompelo tsa itshereletso kgatlhanong le bopimana le malwetse. Go akanyediwa gore tiragalo ya boimana jo bo sa dibelesegang bo ka rarabololwa fela ka go atlametsa ditlamelo tsa itshireletso kwa bathong.
[195]

[196]
Boimana jo bo senyegang ka itetlo bo tswa go lowe bontsi bo diragala e bile go ka twe ke tlhabologo mo lefatsheng la China. gona le bosupi gore boiman bo senyegile thata go dirisiwa metlhale e mentsi go akarediwa bo melemo ya go senya boimana, le dilo tse di bogale.

Bangwe ba ba rutegi ba melemo ba ntshitse mogopolo wa gore dingaka tsa Ancient Greek di kganelwe go ka dira tiro ya go khutisa boimana. lefa go ntse jalo bangwe ba rutegi ga ba dumalane le se. Ba letso la Iselamo ba ne ba letlelela go senya boimana go fetlhelela ka nako e ma Moseleme ba dumela gore go na le mowa mo loseeng. Lefa go ntse jalo khutiso ya boimana mo Legareng le ko bokone jwa Iselamo ga go letlelelwe gotlhelele.

Kwa US, go khutisa boiman go ne go le borai thata gona le go tshola ngwana go fitlhelela ka ngwaga wa 1930.

    [213]
    [214]
    [215]
    [220]
    [221]
    [222]

Setso le Ngwao
Nangisano ka fa go khutisa boimana
[225]
[226]
go senya boimana ka itetlo go kgale e leng kgang kgolo e tsosang pharologano ya megopolo mo bathong. megopolo ka ga go senya boimana e ka nna bo kopano jwa ditumelo le pholisi e lomaganyeng ya sechaba. Tumelo ya sekeresete ke ngwe e okeditseng megopolo ya bathomka esi ga mmogo le ngangisano ka ga go khutisa boimana.

Mmolao wa segompieno ka ga go senya boimana
[227]
[228]

melao e mentsi e laolang go senyega ga boimana. di tumelo le ngwao di tsweletse ka go fetola maikutlo a molao ka ga go senyega ga boimana. ditshwanelo tsa go tshela, ditshwanelo tsa kgololesego ga mmogo le tsa tshireletsego ke tsone konokono ya ditshwanelo tsa setho tse di dirisiwang go siamisa dilo fa molao o seyong teng mabapi le go senyega ga boimana.

[245]

[262]

Mo diphologolong tse dingwe
[295]
go pholotsa go diragala mo diphologolong ka bontsi go akaretsa bo dinku. e ka bakwa ke go pitlagana fa di tsenelang teng mo sakeng, kgotsa di alotswe ke dintsa. mo dikgomong go pholotsa go ka bakwa ke malwetsi a dikgomo ka go farologana.

[312]

[313]

Dikgoge tsa kwa ntle
[314]

    [315]
    Abortion Policies: A Global Review
    MedlinePlus Medical Encyclopedia: Abortion

[316]
[317]
[318]
[319]

Go senyega ga boimana

Core issues in ethics

Dikakanyo tsa Bong




#Article 89: Boemelo jwa terena mo Botswana (122 words)


Terena ke ngwe ya dipalamo tse di dirisiwang mo Botswana. Gantsi e dirisiwa go rwala dithoto kgotsa batho go ya mafelong aa farologanyeng.Go na le terena ee tswang mo toropo kgolo Gaborone go ya kwa toropong ya Francistown.Fa terena ee rwalang dithoto yone tsamaya mafelo aa farologanyeng le gone kwa mafatsheng aa mabapi. Ditlhwatlhwa tsa go palama terena di kwa tlase mo di letlang motho mongwe le mongwe go ka e palama.

Palo ya maemelo a terena mo Botswana  a akaretsa:

Terena e kotsi fela thata fa kotsi e ka e diragalela  go nna le tshenyego ee tseneletseng mme gape ga go motlhofo gore e diragalelwe ke kotsi.Ke ka moo batho ba ratang go e dirisa go na le dipalamo tse dingwe.




#Article 90: Mothusa Tautona wa Botswana (1098 words)


Mothusa tautona wa Botswana  ke ene wa maemo a bodedi mo lefatsheng  go tlhatlhama tautona goya ka puso ya Botswana.

Mothusa tautona Lt Gen. Mompati Merafhe a re mananeo a konokono e bong la nyeletso lehuma le la tswakanyo ya itsholelo la (EDD) le mananeo a mangwe a le mokawana a dirile pharologanyo mo matshelong a Batswana ba le bantsi.
Mothusa tautona o ne a rola molaetsa o mogolo kwa moletlong wa dijo tsa maitsebowa wa go keteka dingwaga tse di masome matlhano tsa phathi ya Domkrag ka Matlhatso.Mothusa tautona o ne a galaletsa tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama go bo a eteletse pele mananeo a go nna jalo, le ditsamaiso tse di akaretsang dintlha di le mmalwa tse di amang botshelo ja setshaba.Mothusa tautona o supile gape gore maitlamo a ga Tautona Khama a go direla Botswana ka boikanyego le tebelopele ke sekao sa se Batswana ba leng sone.Ka jalo a re Batswana ba kgona go thusa kgodiso ya itsholelo le go ikutlwa ba le bontlha bongwe ja yone.A re boeteledipele ja ga Tautona bo supa maitlamo a go fetola setshaba go nna se se tshwaraganelang maikarabelo, go neelana sebaka ga mmogo le go dira mmogo ka tshwaragano.Ka nako tsotlhe re tlaa tswelela re ntse re lebogela thata go bo o tse o tsweletse o direla phathi ya rona le setshaba ka matsetseleko a magolo, a e leng sekao sa boeteledipele ja gago ja tebelopele jo bo tiisang bontsi ja rona moko mo lefatsheng leno le kwa ntle, ga bolela Mothusa tautona.Ka fa ntlheng e nngwe Mothusa tautona o boletse gore e rile go tlhongwa ga lefatshe la Botswana ga simologa monaleseabe yo o botlhokwa mo mererong ya mafatshefatshe le kgaolo ya Borwa ja Afrika.

Lt Gen. Merafhe o bile gape a supa tshepho ya gore phathi ya BDP e tlaa tswelela e nonofela pele mo dingwageng tse masome matlhano tse di tlang le go ya kwa pele. Mothusa tautona o akgotse gape tautona wa pele Sir Ketumile Masire go bo a dirile lefatshe la Botswana la maemo a itsholelo e e fa gare mo teng ga ditso tsa lone tsa go nna le mauba a maleele le dikgwetlho tse dingwe tsa matshelo a batho mo nakong e e fetileng.O le mongwe wa marara a a thaileng lefatshe leno katlego e e melediwang mathe ke bontsi le thitibalo ya sepolotiki bontlha bongwe di ka amnngwa le boeteledipele ja gago jo bo nonofileng, a tlhalosa.Lt Gen. Merafhe o bile a akgolela tautona wa boraro wa Botswana Rre Festus Mogae bogogi ja gagwe jwa botswerere mo tsamaisong ya itsholelo ya lefatshe leno le mananeo a tlhabololo ya setshaba.O akgotse Rre Mogae go bo e nnile mongwe wa ba ba gogileng mo go rulaganyeng katlego ya itsholelo ya Botswana go simologa a le modiredi wa tsa itsholelo, go fitlha a ya go rola tiro e le tautona.O ne wa goga itsholelo ya Botswana ka bokgoni jo bogolo,, a bolela.O lebogetse leeto la ga tautona wa Tanzania Rre Jakaya Kikwete le molaetsa wa gagwe wa kemonokeng mo go ba BDP gammogo le seabe sa gagwe se se tiileng mo tlhabololong ya Afrika a tshwere ditiro tse di farologaneng.Tautona Kikwete ke mongwe wa ditona tsa merero ya tsa mafatshe a sele ba ba dirileng tiro ka lobaka le ka bonokopila mono Aferika. Mothusa tautona Merafhe o bile a tlotla go nna teng ga mothusa tautona wa Aferika Borwa Rre Kgalemang Motlanthe e le sekao sa ditso tse di tswang kgakala di tshwaragantse mafatshe oo mabedi a e bileng a tshwaragantswe ke maitlamo a le mangwe le tebelopele.Re le phathi re tiisiwa moko ke kemonokeng ya barwa rraarona e bile e le ditsala go tswa mo mafatsheng a re bapileng nao ba ba ipelang le rona gompieno, ba tirisano ya rona le bone e leng ntle fela thata e itumedisa

Mmmuso o rotloetsa Batswana go abela batlhoki, jaaka lenaneo la sechaba la tebelelopele, Vision 2016 le re Tshaba eno e nne e kutlwelano botlhoko, e kgathala le go lekalekanya botlhe.Fa a aba dikobo kwa ofisisng ya kgaolo ya botlhophi ya Mahalapye ka Labone Mothusa tautona Lt Gen. Mompati Merafhe o boletse gore go botlhokwa go thusa ba ba dikobo dikhutshwane bogolo jang mo marigeng.A re o ne a swetsa go thusa batho ba kgaolo ya gagwe ka a itse gore bangwe ba mo letlhokong le legolo.

Lt Gen. Merafhe a re maikaelelo ke go rotloetsa Batswana go nna le kutlwelo botlhoko mo go babangwe.Mothusa Tautona yo gape e leng mopalamente wa Mahalapye Bophirima a re mpho eo e kgonagetse ka thuso ya ga Rre Satar Dada wa Motor Centre yo o ntshitseng dikobo di le 150.Tona Merafe a re le fa dithuso di seke di lekana, gone batho ba ba fiwang dimpho tse ba tlaa nna le sa go ikatega mo serameng. Lt Gen. Merafhe a re dithuso tseo di tlaa thusa thata go fokotsa lehuma, mme ke sone go leng botlhokwa go thusa batho ka letlhoko la bone le le farologanang.A re go fa babangwe e tshwanetse go nna boikarabelo ja botlhe.
Modulasetilo wa VDC, Mme Baareng Raphane le moduasetilo wa kgaolo potlana ya Mahalapye, Rre Moatshe Senai o boletse gore dikobo tseo di tlaa thusa ba ba babaletsweng thata ke serame

Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, ebile ele mothusa tautona Lt Gen Mompati Merafhe, o gwetlhile setshaba go tswelela ka go diragatsa tse dintle tse di direlwang batlhoki.Mothusa tautona o boletse se ka bofelo jwa beke kwa Mahalapye kwa moletlong wa go abela Rre Mathe Mokunga ntlo ya kamore tse pedi, e a e agetsweng ka boithaopo ka dikgakololo le thotloetso ya ba komiti ya ditlhabololo ya TIDIMA kwa Mahalapye.O boletse fa go nna le fa motho a latsang tlhogo teng go le botlhokwa ka setho, ke ka moo maiteko a tshwana le a a dirilweng ke ba TIDIMA a tshwanetse go akgolwa,a ba a rotloediwa.

Rre Merafhe o boletse fa go le lesego letsogo le le fang, mme a bolela fa puso le yone e dira ga yone go thusa go agela ba ba dikobo di magetleng matlo.Ka lenaneo le puso e setse e agetse batlhoki matlo a le 94.O bile a tlanyatlanyetsa batsena moletlo ka ditiro tse morafe o di dirileng ka boithaopo, di akaretsa kago ya lefelo la itloso bodutu la bana le go dirisitsweng go feta sedikadike sa pula mo go lone.E rile a ema batho ka lefoko mokhanselara wa kgaolo Mme Maria Segwabe a bolela fa ba tlile go tswelela ka go dira ditiro tsa bopelotlhomogi ka boithaopo.O tlhalositse fa ba le mo lenaneong la go sekaseka ba bangwe gape ba ba ka agelwang mantlo




#Article 91: Xakao (374 words)


Xakao  ke motsana yo mo kgaolong ya bokone botlhaba jwa Botswana O bonwa gaufi le molelwane wa Namibia, fa noka ya Okavangoe tsenang teng mo Botswana Mo palo bathong ya ngwaga wa dikete tse pedi le bongwe dipalo tsa batho ba ba nnang mo motseng o dine di tsamaya ko seketeng le masome a mane le borobabongwe.

Kago ya matlo a le masome a robabongwe le motso ka tlhwatlhwa ya P840 000 a a agelwang batho ba ba neng ba tlhasetswe ke morwalela mo kgaolong ya Okavango ngogola e tsweletse sentle.Molomaganya ditiro tsa lenaneo la Ipelegeng wa kgaolo ya Okavango, Rre Ogoditsemang Seleme o boletse mo potsolotsong gore mo palong eo go setse go fedile matlo a le lesome le borobabobedi fa a mangwe a le masome a mararo a solofetswe go fela mo kgweding eno ya Mopitlo.Rre Seleme a re mangwe a matlo ao a solofetswe go agwa kwa Xakao, kwa go solofetswe go agwa matlo ale 29, Gunotsoga 15, Kauxwi a le 14, Eretsha a le matlhano, mme kwa Ikoga, Sepopa le Gudigwa go solofetswe go agwa matlo a le mane motse mongwe le mongwe fa kwa motseng wa Kajaja go solofetswe go agwa ntlo ele nngwe fela

Le fa gontse jalo, Rre Seleme o ngongoregetse batho ba ba berekang mo lenaneong la Ipelegeng ka go nna boitseme mo tirong ya bone, selo se a rileng se nyafatsa ditiro tsa Ipelegeng mo kgaolong ya Okavango.A re o setse a lemogile gore go na le bagolwane bangwe ba ba palelwang ke boikarabelo jwa go laola babereki ba bone kwa tirong ka lebaka la gore bangwe ke ditsala le masika jalo, jalo.A re ke gangwe le gape a fitlhela babereki bangwe ba seyo mo tirong, bangwe ba tla morago ga nako, bangwe ba ngwega mo tirong fa bangwe ba fitlhelwa ba ntse ka fa tlase ga ditlhare ka nako ya tiro se se leng kgatlhano le tsamaiso ya puso kgotsa melawana ya tsa pereko.O kopile badiri bao go dira tiro ya bone ka botswerere, bonatla, bofefo le ka mowa wa boipelego le lorato go tsholetsa itsholelo ya lefatshe la bone e e ikaegileng ka bone.Rre Seleme a re yo o sa kgoneng go bereka o ka sutela yo mongwe go tsweledisa tiro ya puso.




#Article 92: Kereke ya Sion (251 words)


Kereke ya Sione (kgotsa ZCC) ke nngwe ya dikereke tse ditona tse di tlhomilweng mo borwa jwa Aferika, ka maloko a a balelwang mo Sioneng ya Leeba le ba bangwe ba ba mo go ya Moitshepi Engenase. Ntlo kgolo ya Sione e ko toropong ya Sione ya Moria mo Limpopo, Aforika Borwa, mme ebile dikereke tse pedi tse di eteletswe pele ke Barnabas Lekganyane le Moitshepi Engenase Lekganyane ba e leng bana ba bana ba mosimolodi wa kereke e.

Sione e tlhamilwe dikete tse di lesome le borobabongwe,ngwaga dile lesome(ke gore 1910) tse di fitileng e tlhamiwa ke Engenase Lekganyane yo e neng e le leloko la kereke ya Free Church of Scotland, Apostolic Faith Mission le kereke ya Zion Apostolic Church. Maloko a Sione a setse morago tshedimosetso e go bolelwang Lekganyane a re o e amogetse gotswa ko Modimong ka ngwaga wa 1910. Kereke mo tshimologong ene e le mo motseng o Lekganyane a goletseng mo go one e leng Thabakgone, gaufi le Polokwane mo porofenseng ya Limpopo mo Aforika Borwa, mme ene ya kwadisiwa semmuso ele kereke ka ngwaga wa 1942, mo ngwageng o, Sione e ne e setse e nale  diphuthego mo Botswana le Zimbabwe. Kereke ya pele e ne e kgothadiwa thata ke dithuto tsa bakeresete ba Khatholiki ba John Alexander Dowie,yo o neng a nna mo Zion, Lllinois ko Amerika le dithuto tsa moreri wa mopentakosete John G Lake, yo o simolotseng tiro mo Johannesburg ka 1908.

Maloko a Sione ka kakaretso a dumela gore:




#Article 93: Setlhopa sa kgwele ya dinao sa Uniao Flamengo Santos. (197 words)


Uniao Flamengo Santos , ke setlhopa sa kgwele ya dinao setlhopa sa kwa ##Gabane|Gabane ##, mo ##Botswana|Botswana## se se ikaegileng mo ##Gaborone|Gaborone### Metshameko ya bone ya mo gae e rshamekelwa kwa lebaleng la mmadikolo mo Gaborone#

Setlhopa se se reeletswe leina la sone mo ditlhopaneng tsa kwa lefatsheng la Brazilebong, Flamengo, le Santos# Mebala ya tsone, le fa go ntse jalo ke bududu le bosweu, gape diaparo tsa bone tsa setlhopa di tshwana le tsa setlhopa sa setshaba sa Argentine 's#

Uniao Flamengo Santos e ne ya atlolosetswa kwa maemong aa kwa godimo, se eleng motshamekong wa tatelano oo rotloediwang ke ba kompone ya Mascom , mo motlheng wa lobaka la dingwaga ka 2005 le 2006, fa setlhopa se fetsa mo kalosong ya ntlha go ya mo go ee latelang mo borwa se ne sele mo maemong a ntlha# Ka ngwaga wa 2006 le 2007 setlhopa se feditse se le mo maemong a bolesome le motso mo motshamekong wa tatelano oo rotloediwang ke ba kompone ya Mascom# Uniao Flamengo Santos e feditse e le mo maemong a boraro mo motlheng wa ngwaga wa 2007 le 2008 mo motshamekong wa tatelano oo rotloediwang ke ba kompone ya Mascom#




#Article 94: Natale (249 words)


 

Natale ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motsana o o bonwa dikhilometara dile masome a le boraro kwa bophirima jwa toropo ya Francistown, mme gape o na sekolo se se potlana. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le 1,719.

Ditso di supa fa banni ba motse o ba ne ba tlholega kwa lefatsheng la Zimbabwe.Motse wa Natale o mo tseleng ee yang kwa Orapa.E rile ka dintlwa tsa bogologolo banni ba siela mo Botswana go bona botshabo jo bo sireletsegileng mme ba felela ba filwe boagedi mono.Banni ke ba letso la sekalaka,teme tse ba di buang ke tsa sekalaka le Setebele. Go nale kgosi le kgosana ba eteletse motse o.Motse o mongwe oo mabapi le motse o ke wa Borolong.

Motsana wa Natale o santse o tlhabololwa,mo nakong ya gompieno o santse o nale tsela ya dikoloi ee tswelang kwa toropong ee epeng teemane ya Orapa.Palo ya botho ke yone ee rotoetsang ditlhabololo tse.Ba kompone ya Mascom le Orange ba sa tswa go gokelela tshipi ya maranyane e le tsela ngwe ya go tlhabolola mohama wa dipuisanyo ka megala ya letlheka.

Motse wa Natale ke motse o o itsegeng ka kagiso le tlhokgamo ke ka moo o itsegeng mo Botswana.Dipalo tsa borukuthi di a laolesega ntateng ya gore batho ba totana ebile mongwe le mongwe o tlhaloganya ditshwanelo tsa batho ba bangwe.Fa o tsena mo Natale o kgatlhantshiwa ke batho ba ba nang le lorato bogolo jang fao le moeti.




#Article 95: Malebogo Marumoagae (546 words)


Miss World 2007 beauty o tla bo o thwaretswe kwa  mme mafatshe a a tlabong a tseneletse dikgaisanyo tse a tsweletse ka go tlhopha baemedi ba ba tla bona ba emetse mafatshe ka go farologana . Gompieno,lefatshe la , go tsweng ntheng ya Afrika mo Borwa, ba kgonne go tlhopha moemedi wa bone go ya dikgaisanong tsa Miss World 2007. Malebogo Marumoagae o kgonne go fenya dikgaisanyo tsa bo Mmampudi jwa Mma Botswana jwa ngwaga wa 2006. O ne a kgatlhisa baathudi ka go araba dipotso tshotlhe tse a neg a di botswa le jone bontle jwa gagwe o kare naledi ya masa kwa makgaola kganyeng, o ne a tla a apesiwa korone ya Gautla e phatsima go tsweng kwa baathuding

  o tshotswe ka (ngwaga wa 1983). Ke lekgarebe la maratagolejwa le le atlogileng monyo la boleng jo bo kwa godimo mo go bakileng gore a emele lefatshe la Botswana kwa kgaisanyong ya mmabontle wa mafatshe mafatshe ka ngwaga wa 2007, e e tumileng ka leina la Miss World 2007 kwa lefatsheng la China.Malebogo o goletse kwa motseng o o kwa bokone go bapa le toropo ya  yo o bitswang ,o selekanyo sa dikhilomethara tse di masome a mararo go tsweng toropong ya .

Le fa ditlhabololo di ntse di tsweletse, Tonota o ntse o tshwareletse mo ngwaong ya one.Malebogo o ne a fenya bomampudi jwa lekgarejwana le le gaisitseng botlhe mo Botswana morago ga go aloga mo dithutong tsa gagwe kwa Mmadikolo ka dithuto tsa gagwe tsa BS mo Economics le Population studies, o santse a kile a bereka e le morutabana wa nakwanwa,mme ebile gape a fiwa tiro ya go batlisisa mo lephateng la local economic policy institute.Morago ga go fetsa tiro ya gagwe e le Mma Botswana,o batla go tsweledisa dithuto tsa gagwe go nna Mmankge wa dithuto tsa (Botsogo) le Itsholelo. 

Mo karabong ya gagwe go tsweng dipotsong ka baathudi gore ke eng sone se se faphegileng se a se ratang ka Pitse ya Naga,phologolo e yone e bonwang e le sekano sa lefatshe la Botswana, mme e se fela ka botlhale jwa gagwe fela,mme gape le ka tlhokomelo ya Makgobokgobo le diphologolo tsa one o ne a tlhalosa ka gore,ke phologolo e e bonolo.E nale bontle jwa maratagolejwa fela jaaka ene a le montle. Mme fa o bona Pitse ya Naga e lelekiwa ke Tau, ya bo e iphalola mo botshelong jwa yone.Ga e ke e iphelela pelo,go filthelela e siela kwa go babalesegileng. Le ene a re o tshwana fela le yone, ga ke a iphelela pelo, bogolo jang fa a nale ditsetlana dingwe tse a batlang go di fitlhelela mo botshelong, o ne a raba ka go khutlisa.

Ke motho yo o ratang go : Tshwantsha, Go bala, Go kwala, Go letsa katara, Go bina.MMe bontsi jwa nako ya gagwe o e dirisa fela thata go itsalanya le batho ba bangwe,ke motho yo o mo go direng ditsala jaaka re mmona a le mo maranyaneng a a letlelelang batho go buisana a .Malebogo o rata go nna le ba lelwapa la ga bone mme ebile se se mo dira gore a ithute dilo tse di farologanyeng
Malebogo o ipoletse fela gore: “Mo go ene go filwe, ebile go solofetswe”.Se ke sekano se a se dirisang go tswelela mo botshelong.




#Article 96: Mathathane (670 words)


 
Mathathane ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o o kwa lethakoreng jwa botlhaba jwa Botswana, gaotshwane le molelwane wa South Africa. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le 1,845.

Kgosi ya Moralane Rre Keoganne Modisapodi a re bana ba ba nnang kwa dipolaseng le kwa merakeng ga ba tsene sekole sentle ka jaana ba felela ba natefelelwa ke botshelo jwa kwa merakeng.Kgosi Modisapodi o buile mafoko a o kwa Moralane mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mothusa tona wa dikgaolo e bile e le mopalamente wa Mahalapye botlhaba Mme Botlogile Tshireletso bosheng.A re bana ba ba nnang kwa dipolaseng le kwa merakeng le batsadi ba felela ba tshaba sekole mme ba boele kwa merakeng.A re seemo se se tshwenya thata ka jaana Tebelopele ya 2016 e tlhalosa fa setshaba sa lefatshe leno se tshwanetse sa bo se rutegile e bile se itse mme a re fa bana ba felela ba sa tsene sekole go raya gore maikaelelo a a tlaa folotsa.Modisapodi o ne a ikuela mo batsading go rotloetsa bana ba bone go tlhoafalela thuto thata ka jaana e le boswa jo ope a ka se tsogeng a bo ba amoga.

E rile mo potsolosong ya lekalana la BOPA Mme Wame Papo yo e leng mogolwane wa Remote Area Depelopment Programme (RADS) mo kgaolong potlana ya Mahalapye a re ofisi ya gagwe e dira ka natla go bona gore bana bao fela jaaka bana ba ba mo mafelong a go nang le dikole ba bona thuto. Papo a re bana ba tennyanateng ba tsena se sebotlana kwa Otse le Mokgenene e bile ba nna mo sekoleng.A re baithuti ba dikole tse dikgolwane ba mafelo a tennyanateng le bone ba tsena kwa mafelong a go nang le boroko mo sekoleng, a re se se direlwa gore baithuti le batsadi ba se ka ba nna le seipato sa gore ga ba na boroko.A re ba a tle ba nnele dithuto puisano le batsadi e le mangwe maikaelelo a go ba lemotsha mosola wa thuto mo baneng, mme a re batsadi ba felele le bone thusa go rotloetseng bana go ya sekoleng.O ne a tlhalosa fa maduo a bana ba ka bontsi a sa kgatlhise, mme fela sebe sa phiri ke gore fa gare ga ngwaga baithuti ba ba dira sentle fela thata mme ka ditlhatlhobo tsa makgaolakgang ga ba dire sentle.Papo a re go botlhokwa thata gore bana ba e re ba fetsa kwa dikoleng tse ditona jaaka mmadikole ba bone tiro seo se ka rotloetsa bana ba bangwe gore ba kgatlhegele sekole

Go oketsega ga dikgomo tsa matimela mo dikgaolong tsa Maobolwe, Semolale le Gobojango ga di jese banni ba koo diwelang.Modulasetilo wa mophato (cluster) wa Gobojango, Kgosi Keabetswe Mokgethi, o tlhaloseditse BOPA gore dikgomo tsa matimela di di ntsi thata e bile di ba senytsa mo masimong.A re di fetsa mafulo a dikgomo tsa bone mme kgabagare di bake kgothego ya lefatshe ka e bile dikgaolo tseo di na le dipula tse di boutsana.Kgosi Mokgethi a re go oketsega ga matimela go ka rotloetsa tlhagogo ya malwetse a dikgomo ka dikgomo tse di sena tlhokomelo jaaka go kentelwa malwetse a a farologanyeng.O tlhalositse gore matimela a rotloetsa bogodu jwa leruo ka bontsi jwa dikgomo tsa matimela di sena tshipi le letshwao.Kgosi Mokgethi o tlhalositse fa maloko a mephato ya Maobolwe, Semolale le Gobojango (MASEGO) ba ikaeletse go thusa ba matimela ka go phutha dikgomo tsa matimela.

E rile a tshwaela, a tlhalosa fa melao mengwe e kgotlhakgotlhana le ya matimela. Are se se dira gore ba matimela ba palelwe ke go tsaya kgato. 
O supile fa melawana ya matimela e letla ba matimela go bolaya dikgomo tse di siang mme ba rekisetse morafe nama, mme melawana ya thekiso nama (meat industry  hygiene act) e sa lete go bolaela dikgomo mo nageng le thekiso ya nama ko ntle ga marekisetso a nama.O gakolotse fa nako e tsile ya gore melawana ya matimela e megologolo e ka sekasekwa




#Article 97: Molelo (2639 words)


Molemo ke tlhakathakanyo e e diragalang ka bonako ya di gase mo tsamaisong ya combustion, e e ntshang mogote, lesedi le  tse dingwe tse di farologaneng. Slower oxidative processes like rusting or digestion are not included by this definition.

Motuka ke bontlha bongwe jo bo bonalang jwa molemo gape o na le ditlhase.  Fa digase tse di fisa thata, dikgona go nna ionized go dira plasma. Mmala wa motuka le bogale jwa molemo bo ya ka dilo tse dishang le dilo tse di tshelwang mo teng

Ditlamorago tsa molemo ke conflagration, se se na le bokgoni jwa go senyaka mmele ka go o fisa.  Molemo ke selo sa bothokwa se se amang matshelo a batho lefatshe ka bophara. Ditlamorago tse di siameng tsa molelo ke go rotloetsa kgolo le go babalela tikologo.  Molemo o sa le o dirisiw ake batho go apaya, go dira mogote, sesupo le ditiro tsa propulsion. Ditlamorago tse di bosula tsa molelo di akaretsa, go leswafatsa metsi, go senya mmu, go leswafatsa loapi le kotsi mo matshelo a batho.

Molelo o simolola fa selo se se thothetsang molelo, se kopane le selekanyo se se siameng sa gase ya oxygen kana sengwe se se na le oxygen, se le gaufi le motswedi wa mogote kana mogote o le kwa godimo ga flash point gore leokwane le ka kopangwa, gape gore e kgona go tshegetsa, selekanyo sa bonako jwa oxidation, e ntshang a tlhakatlhakanyo.  This is commonly called the fire tetrahedron. Fire cannot exist without all of these elements in place and in the right proportions. For example, a flammable liquid will start burning only if the fuel and oxygen are in the right proportions. Some fuel-oxygen mixes may require a catalyst, a substance that is not directly involved in any chemical reaction during combustion, but which enables the reactants to combust more readily.

Fa o simolola go tuka, thathakanyo ya di gase e tshwanetse go diragala, mo eleng gore molelo o kgona go tshegetsa mogote wa one, ka go ntsha nonofo ya mogote mo tiragalong ya combustion le go propagate, fela fa go nale neelano ya gase le leokwane.

Molelo o ka timiwa ka go ntsha ditsetlana dingwe tse di bakang molelo.  Sekaseka gase ya tholego jaaka go tswa mo letshegong la boapeelo. Molelo o ka timiwa ka tse di latelang:

Molelo o ka okediwa ka go oketsaselekanyo sa combustion Mekgwa ya go dira se ke go lekalekanyo leokwane le di gase tse thokegang tsa selekanyo se se rileng, go oketsa leokwane le gase mo bokopanyong jwa selekanyo se, go oketsa mogote, gore mogote wa molelo o kgone go tshegetsa go tuka ga molelo kana go tsenya sethothetsi; sethothedi se se dirisiwang gore leokwane le digase di thakathakane ka pela.

Motuka ke tlhakatlhakano ya digase  le dilo tse di tswang mo teng, infrared, nako tse dingwe lesedi le le bonako, selekanyo sa lefelo le le ikaegileng ka ditebego tsa dilo tse dishang le tsibogo e e bonako. Mo nako tse dintsi, jaaka go sha ga dilo tsa tholego jaaka, dikgong, kana go sha mo go sa felelang ga gase,  incadescent solid particles tse di bidiwang soot di ntsha o o tshwanang motuka o o phatsimang o o  lephutshi.  Lesedi le na le lefelo le le tsweletseng. Go sha mo go feletseng ga gase, go na le motuka wa mmala o motala, ka lobaka la go ntshiwa ga radiation ya bophara bo le bongwe go tswa mo phudugong ya electron mo di molecule tse di dirilweng ke motuka.  Nako tse dinsi, go dirisiwa gase ya oxygen, mme Hydrogen e e tukang mo chloride le yone e ntsha motuka, mo go dirang gase ya Hydrogen Chloride(HCl).  Thakanyo e engwe e e kgonang go ntsha motuka, mo go tse dintsi ke Fluorine le hydrogen le hydrazine le nitrogen tetroxide.

Go phatsima ga motuka go thakathakane.  Mogote wa mmele wa radiation o ntshiwa mo gaseng ya soot, le dikarolo tsa leokwane, le fa go ntse jaalo dikarolo tsa soot di le dinnye thata go itshola jaaka mmele e mentsho e e siameng.   Gape go ntshiwa photon, e ntshiwa ke di atoms le molecules tse di seng mathagathaga mo di gaseng Bontsi jwa mogote wa radiation o ntshiwa mo dilong tse bonalan.  Mmala o ikaegile mo mogoteng wa mmele o montsho wa radiation, le kago ya boranyane gore go ntshiwa go kgonagale Mmala o tlwaelesegile mo motukeng o fetoga le mogote.  Sekai se se siameng ke setshwantsho sa molelo wa naga.  Fa go tuka mo gontsi go diragalang teng mo lefatshe, molelo o mosweu, mmala wa fa gole mogote thata wa dilo tsa tholego ke lephutshi. Fa godimo ga lefelo le lephutshi, mmala o fetogelosa mo bosetheng, se se raya gore ga go mogote thata, morago ga mmala o ke bohibidu, fa go seng mogote.  Fa godimo ga mmala o mohibidu,  go tuka ga go sa thole go diragala, gape dikarolo tse di sa tukang kgotsa di sa sha, ka tebego di dintsho.

Komponi ya NASA ya ko Amerika e lemogile gore gravity e tsaya karolo mo tiragalong ya motuka. Fa go nonofo ev e gogelang kwa godimo e fetolwa, se se ka baka mefuta e e farologaneng ya metuka Kabakanyo  ya metuka ka fa tlase ga diemo tsa gravity, di ikaegile ka go sutla ga dikarolwana mo metsing, jaaka soot e nna e gola go feta motuka o o tlwaelesegileng., jaaka mo kereseng mo diemong tse di tlwaelesegileng tsa go tsholetsega ga mmele, di dira gore o nne lephutshi.  Fa go senang gravity, jaaka mo mafelong ka tikologong tse di mo lefaufaung, convection ca e sa thole e diragala, le mothuka o thuka ka go dikologa, le go rata go nna motala le bokgoni( lefa o ka kgona go tima fa o sa tshwarwe sentle, le gore CO2 go tswana mo go tukeng, ga e kabakangwe sentle fa go senang gravity, mme se se ka tima motuka).  Go na le dithaloso tse di ntsi tsa di pharologanyo tse, mo e leng gore go ka kgonagaa gore mogote o kabakangwe ka go lekalekana, gore soot e seka ya dirwa le go tuka mo go feletseng go dirgala. Diteko tse di dirilweng ke NASA di supa gore metuka e e thakanang fa go senang gravity, e letelela gore soot e le ntsi e thakane le digase morago e bo e dira thakanyo ya metuka mo lefatsheng, ka ntateng ya maitsholo a farologaneng a ditshidi fa go senang grafity, fa go tshwanthsangwa le fa go na le diemo tsa gravity e e tlwaelesegileng. Ditemogo tse di ne tsa dirisiwa mo boranyane, le mo madirelong thatathata tiriso ya leokwane.

Mo diegeneng tse di tukang, go na le dikgatlo tse dintsi tse di tsewang go tima motuka.  Mekgwa e e ikaegile mefuta ya leokwane, jaaka mafura, dikgong, leokwane le le nale nonofo e ntsi jaaka leokwane la difofane.

Molelo o ntsha mogote, kana ke mokgwa wa go fudusa nonofo go tswa mo mmeleng mongwe ka lobaka la go amana le taolo ya mogote.

Mogote wa metuka e e na le dikarolo tsa carbon di ntsha lesedi, di ka lemogwa ka mmala wa tsone.

Naga e ngwe le ngwe ya tholego e na le molelo wa yone, gape ditshidi mo nageng ya teng di ikaegile ka one molelo o. Molelo o dira mafelo a bodulo,lengwe le lengwe e le fa seemong se se rileng. Mefuta ya dithare, diphologolo le ditshidinyana di na le bokgoni jwa go dirisang seemo sengwe, gape fa o ntse o dira o ne mafelo a, molelo o letelela mefuta e mentsi go nna mo lefelong leo.

Go laola molelo e ne e le phetogo e e neng e diragala mo matshelo a batho ba bogologolo.  Go gotsa molelo, go dira mogote le lesedi, mo go ne go dira gore batho ba kgone go apaya dijo, go oketsa mefuta le go nna teng ga dikotla.  Mogote o o neng o dirwa o ne o thuthafatsa batho ka mariga, o dira gore ba kgone go tshela mo fa go le tshididi.  Molelo gape o ne o kgoba dibatlana. Bosupi jwa dijo tse di apeilweng, di ne tsa bonwa go tswa mo dingwageng tse didikadike tse di fetileng, le fa molelo o ne o sa dirisiwe ka mokgwa o o rileng go fithelela ka dingwaga tse 400,00 tse di fitileng.   Bosupi bo bo ne jwa anama ka dingwaga tse masome mathano go ya ko lekgolo tse di fitileng, go supa gore tiriso e ntsi nako le nako; mo go kgathisang, ka nako e lengwefela go leswafatsa phefo le gone ga simolola go anama, ka dipalo tse dintsi. Tiriso ya molelo e ne ya simolola go nna mafathatha, o ne wa dirisiwa go dira magala le go laola ditshidi tsa naga dingwaga tse makgole a lesome a a fetileng.

Molelo gape o ne dirisiwa mo dingwageng tse difitileng go bogisa le go athola, e le go fisa motho a tshela le didirisiwa tsa pogiso jaaka sethako sa tshipi, se se neng se tlatswa ka metsi, mafura kana se fisiwa ka molelo gore motho a bogisege.

ka nako ya diphetogo go tswa mo tsomeng go ya ko jwaleng dijalo, batho fatshe ka bophara ba ne ba dirisa  molelo jaaka sedirisiwa sa go babalela lefatshe. melelo e ne laolwa ka go fisamlelo e e tsididi fa go tshwantshangwa le melelo e bogale e e senyang mmu. Melelo e e bogale e senyaka dijwalo le diphologolo gape e tsenya batho mo kotsing. Se ke mathata a matona mo nageng tsa gompieno fa go fisa melelo ya setso is thibelwa go rotloetsa kgolo ya dithare tse di dirang dilo tsa kago. Melelo e e seng bogale e diriwa thata ka paka ya  dithobologo le thobo. go supa fa go tshubiwa ka nonofo ya ditshidi tse di suleng e sa gole sentle, se seka simolodisa melelo e e bogale. go na le mefuta e mentsi ya tikologo, e rotloetsang entsifalo ya diphologolo le ditlhare. Batho bo ne ba dira gore dinaga tse dikgothaganeng di atloge.

Go na le dipalo tse di ntsi tsa tiriso ya molelo. Fa o ka akanya sentle molelo o dirisiwa ke mongwe le mongwe mo lefatsheng ka tsela e e laolesegang. Badirisi ba dipalamo tse di dirisa molelo, ba ditisa molelo nako le nako ba kgweetsa. Madirelo a nonofo ya motlakase e kabakanya palo e ntsi ya motlakane mo bathong.

Tiriso ya molelo mo dintlweng e sale e nna ditso.  Molelo o ne o dirisiwa mo didirisiwa tsa ntwa. Hormer o ne a bua ka tiriso ya molelo ga baeteledipele ba ba gerika ba ba neng ba iphithile mo pitseng ya dikgong go fisa Troy ka na ya dintwa tsa trojan. Moragonya ba Byzantine ba ne ba dirisa molelo wa bagerika go thasela dikepe le banna, Ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe, batho ba ntlha ba ba ne ba tika melelo e ne e le dithopha tsa ntwa, gape go dikoloi tsa ntwa dine di agegile sentle. mo dintweng tse di neng tsa tla morago, dibetsa tsa ganyaolo di ne di dirisiwa ke Axis le Allies go tshwana, thatathata ko Tokyo, Rotterdam,lontone, Hamburg le Dresden, mo tiragalong tse pedi tse, ntwa ya melelo e ne simolodisiwa ka bomo e mo one molelo o ne o dikologa toropo, o ne wa gogelwa mo teng . Masole a difofane a Amerika le one a dirisa dibetsa tse kgathanong le Japane ka nako ya bone ya ntwa, mme se sa senyaka matlo a ne a agilwe ka dikgong le di pampiri. Tiriso ya leokwane e ne ya simolola ka kgwedi ya Phukwi ka ngwaga wa 1944, ko bofelo jwa ntwa ya bobedi, ntswa tiriso ya lone ga e a ka kgathegelwa ke sechba go fithelela ntwa ya Vietnam. Sebetsa sa kganyaqolo se se dirilweng ka leokwane le yone e ne e dirisiwa.

File:Fires world map - DALY - WHO2004.svg|thumb|Matshelo a tshelelwang mo bogoleng jo bo bakilweng ke molelo ka ngwaga wa 2004 mo banni ba le 100 000.[57][58][59][60][61][62][63][64][65][66][67][68][69]
Leokwane fa le tshubiwa le ntshang nonofo e e bothokwa Dikgong ke kgale di dirisiwa jaaka leokwane, le gompieno di a dirisiwa.  Tiriso ya leokwane le tswang mo mmung jaaka petroleum, gase ya tholego le magala, mo madirelong a maokwane a kabakanya bontsi jwa motlakase lefatshe ka bophara mo bo gompienong; sethopa sa nonofo ya mafatshe e buile gore selekanyo se se masome a boferabobedi a motlakase a tswa mo metsweding e.   molelo mo madirelong a motlakase o dirisiwa go thuthafatsa metsi, go dira mosi o o dirisiwang ke mafetho. Mafetho a a tlaabo a dikolosa generatara ya motlakase go dira motlakase.  Molelo o dirisiwa gape go dira ditiro, mo di engineng.

Dilo tse di salang morago ga go sha di bidiwa masalela kana molora, fa go lora go yone go le kwa tlase ga mogote wa motuka, go e kopane le go omelela jaaka e tshidifala, lefa go lora ga molora go  le fa godimo ga mogote wa motuka.

Mananeo a thibelo ya melelo ya naga lefatshe ka bophara, e ka dira gore go dirisiwe di tsela tsa go thibela jaakago dirisa lefelo la tholego le melelo e e laolesegang.  Go dirisa lefelo la naga la molelo go tewa molelo mongwe le mongwe o o bakilweng ke dilo tsa tholego, tse dilaqolesegang mmele di letelelwa go sha.  Melelo e e laolwang ke meloelo e simolotsweng ke makalana a goromente, ko tlase ga diemo tsa loapi tse di seng kotsi.

Makalana a a lwantshang melelo a teng mo mafelo a a tthabologileng go tioma le laola melelo e e sa laolesegeng Batima melelo ba ba ithuthuntshitsweng ba dirisa di dirisiwa tsa go tima molelo, dirisiwa tsa metsi jaaka polokelo ya metsi le dilo tse di timang molelo kana ba ka dirisa dilo dingwe ba lebeletse gore molelo o bakilwe ke enng.

Thibelo ya molelo e diretswe go fokotsa metswedi e e thothetsang molelo.  Thibelo ya melelo e akaretsa go ruta batho gore ba ka emisa go simolola molelo jaang.  Mo dikago tse ditona thata dikole, thuthuntsho ya melelo e a diriwa go ruta botho gore ba ka itsaya jaang mo di kagong tse dishang.  Go simolola molelo kana bomo ke molato ka fa tlase ga melawana mengwe.

Dikago tsa maemo a ntlha di thoka di dirisiwa tsa thibelo ya molelo le thibelo e e mathagathaga go fokotsa tsenyo e e ka bakwang ke molelo.  Mofuta mongwe wa thebelo ya molelo ke mafelo a gasa metsi.  Go oketsa thibelo ya melelo mo dikagong, di dirisiwa tsa kago le dilwana tsa ntlo mo mafatsheng aa thabologileng di a sekwasekwa go bona gore a ga di tshabelelwe ke molelo. kago ya didirisiwa tsa ntlo, go betla le dipolaseteke tse di dirisiwang mo dipalamong le mo ditirong tse dingwe di lekilwe.

Fa thibelo le tshireletso ya molelo e padiler, makalana a madi a tsa melelo ba ka thusa ka madi.

Go na le mefuta  le ditsela tse di farologaneng tse di dirisiwang , go ya mefuta wa molelo kaq na tshenyo ya molelo.  Tsenyo ya molelo e ka dirwa ke dithopha tsa taolo ya dilwana, batho ba ba babalelang dikago, kana beng ba metse ka bo bone; mme fela go bitsa maitsaanape wa paakanyo ya tshenyo ya melelo, go thophilewe e le tsela e e siameng gape e babalesegile go baakanya dilwana tse sentsweng ke molelo.  Bontsi jwa bone ba balwa kwa tlase ga paakanyo ya tshenyo ya metsi le molelo, gape ba ka kgona go thusa go paakanya ka bonako, ba baakanyetsa beng ba motse kana makalana a matona.

Dikomponi tse di baakanyang ditshenyo tsa metsi le molelo di laolwa ke maphata a baji ba reki.  Ko Calafonia, dipaakanyo tsotlhe tsa meklelo le metsi di kwadisitswe  kwa tlase ga lekalana la ditumalano tsa go dira ka go bereka.  Mo bogompienong, lekalana le ga lena dithopha tsa paakanyo ya ditshenyo tsa metsi kana molelo. Mme ntswa lekalana le le batla setlankana e le sesupo gore ba letelelwe go paakanya ditshenyo tsa metsi le molelo.




#Article 98: Lefatshe la barotse (578 words)


Lefatatshe la barotse ke kgaolo e mo bophirima jwa lefatshe la zambia, gape ke legae la batho ba morafe wa ba lozi kana Bariotse ba ba neng ba itsewe jaaka Luyi kana Aluyi pele.  Pelo ya lefatshe la bone ke Barotse floodplain ko godimo ga noka ya Zambezi, le yone e e tsege jaaka Bulozi kana Lyondo, mme e akaretsa lefelo le fa godimo la thaba, le akaretsa se se itsegeng gompieno jaaka kgaolo ya bophirima ya lefatshe la Zambia. Mo dingwageng tse di fitileng tsa puso ya mmamosadinyana, lefatshe la barotse le ne le akaretsa mafelo a a gautshwane a eleng bokonibophirima, legare le borwa le Caprivi ko bokonebothaba jwa Namibia le bontha bongwe jwa borwa bothaba jwa Angola le go fitlha ko Cuando kgotsa noka ya Mashi.

Puso ysa ntlha ya kgosi ya lefatshe la barotsi e ne ele kgosi Litunga se se raya gore ‘mothokomedi wa lefatshe’, yo one a tsholwa ke Litunga Mulambwa yo o neng busa mo dingwageng tse dikete tse lesome le boferabongwe tse difitileng le ka ngwanangwana wa gagwe, Litunga Lewanika yo mogolo  yo o busitseng go tswa ka ngwaga wa 1878 go fithelela ngwaga wa 1916, a bo a ikutsa ka nagwaga wa 1884 go fithelela wa 1885, yo o ne a tshosolosa ditso tsa ba Lozi mo itsholelo ya sepolotiki mo nako ya thaselo ya bakololo, dikgaisano tsa mo gare, matshosetsi a kwa ntle jaaka tse di neng tsa dirwa ke matebele le go gasama ga puso ya Europa. 

Mo ditsong seemo sa lefatshe la barotse ko tshimologong ya puso ya Europa se sene se sa tshwane le sa mafelo a mangwe a neng a nna lefatshe la Zambia.  E ne e le lefelo la ntlha ko bokoni jwa Noka ya Zambezi e e ya nna le tumalano ya ditswa mmung le komponi ya Britain ya aferika borwa YA GA Cecil Rhodes.  Moragonyana Lewanika o ne a ya go ngongorega ko lontone le mmamosadi Victoria gore komponi ya BSAC ga ba bua sentle dintlha tsa tumalano, mme ngongorego ya gagwe ga e a ka ya reediwa, ka ngwaga 1900, Britain e ne supa ka semmuso gore lefelo le sireleditswe gape le a le laola jaaka bontlha bongwe jwa Bokoni-bophirima jwa Rhodesia. 

Batho ba lefatshe la Barotsi ba tswelela ba batla go tsewa jaaka lefatshe mme ba letelelwa go ikemela ka nosi mo mafatsheng a neng a latelam, Rhodesia wa ko bokoni le Zambia yo o ipusang.  Ka nako ya dipuisano tsa boipuso tsa pele, batho ba barotse ba kopa gore mmamosadi Victoria a tswelele a ba sireleditse.  Keletso ya go secede e ne e buiwa nako le nako, se sa dira dikgothang le puso kana goromente ya ga Kenneth Kaunda, se se ne sa supwa ke go fetola leina go tswa mo Lefatsheng la barotse go ya ko kgaolong ya Bophirima.  Go ya ka dikakgelo tsa barotsi, goromente ya mo lusaka e ne sa letelele gore lefatshe la Barotse le thabologe___ le ne le na le tsela  e e siameng e lengwe e e neng e tsena mo legareng, go tswa mo Lusaka go ya ko toropo kggolo ya kgaolo ya Mongu, gape e sena dithabololo tse di leng teng mo mafatsheng a mangwe.  Motswedi wa motlakase o ne e se wa maemo a ntlha, o ikaegile ka madrelo a motlakase a ko Karioba.  Ditlamorago tsa dilo tse di ntse di a buiwa nako le nako.

Goromente ya lefatshe la Barotsi ke Kuta,m le tlhomilwe ke tona kgolo Ngambela.




#Article 99: Botswana TV (451 words)


Botswana TV  ke segasa ditshwantsho tsa motshikinyego sa Lefatshe la Botswana mo borwa jwa Aferika. Di ofisi tsa segasa ditshwantsho di mo toropokgolo Gaborone, tse di bidiwang gotlwe Mass Media Complex. Diofisi tse di dira ka bojotlhe gore batho ba bone thuso yotlhe e ba e thokang e amana le go gasa ditshwantsho. E nale mananeo a a rutang batho ka tsa botshelo, bontsi jwa one ke a mo gae mme a mangwe a bo a rekilwe go tsweng kwa mafatsheng a a mabapi le one tota a a kwa kgakala

Kompone ya motlakase ya Botswana Power Corporation e tshephisa Batswana go tla go lebelela metshameko ya sejana sa African Cup of Nations e e tlaa simololang mo bogautshwaneng go sena dikgoreletsi dipe tsa go kgaoga ga motlakase.

Kgang e e tlhomamisitswe ke moanamisa mafoko wa kompone eo Rre Spencer Moreri mo puisanong le lekalana la dikgang la BOPA ka Labotlhano. O buile jalo morago ga gore barati le barotloetsi ba kgwele ya dinao ba tshwenyege ka letlhoko la motlakase le le apereng lefatshe leno ka bophara. Go kgaoga mo ga motlakase ga go jese barati ba kgwele ya dinao diwelang ka ba tshoga gore e ka nna ya re ka nako ya gore ba bogele metshameko e mo thelebisheneng seemo sa kgaoga ya motlakase se bo se ise se tokafale.

Rre Moreri o tlhalositse fa tlhaelo e ya motlakase lefatshe ka bophara e bakilwe ke gore go santse go baakanngwa madirelo a motlakase a Morupule le a Orapa. A re mo nakog eno ba ikaegile ka dikompone tse e leng tsone tse dikgolo tsa motlakase, jaaka ya Eskom ya Aferika Borwa. O boletse fa kompone e e setse e sa kgone go ntsha motlakase o o lekaneng kwa ga yone. E re dikgang di eme jalo, Rre Moreri o ne a ikuela mo setshabeng ka kakaretso go dirisa selekanyo sa motlakase se se leng teng ka tshomarelo ka go tima didirisiwa tsa motlakase tse di sa tlhokafaleng.

A re letlhoko la motlakase le tlaa tswelela le le teng le fa seemo se ka tokafala, ka jalo a gakolola gore go timiwe didirisiwa tsa motlakase nako nngwe le nngwe fa motlakase o kgaogile go di babalela. O tlhalositse fa go tle go nne le kgaogo ya motlakase ka dinako tse go sa solofelwang. A re go bakwa ke mathata a mafaratlhatlha a a anamisang motlakase, mme a kopa setshaba go begela ba ofisi e e gaufi fa go nna le bothata jo. Rre Moreri o weditse ka gore le bone ba tshwenyegile e bile maiteko a tsweletse go busetsa seemo mo taolong. O kopile setshaba segolo bogolo bagwebi go nna le mowa wa go tlhaloganya seru se se wetseng lefatshe leno.




#Article 100: Mabolokelo a ditso a lefatshe la Botswana (316 words)


Lefelo la Botswana National Museum le le itsegeng gape ka leina la National Museum and Art Gallery, le bonwa kwa toropo kgolong ebong Gaborone, ke lefelo le letona le le nang le manno aa kwa godimo aa nang le dingwe tse di dirilweng ka diatla tsa lefatshe , Motlobo wa dibuka le lefelo la maemo a kwa godimo, pele fa re nankola  tshimo ya ditlhare ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga wa 2007, ditshupo tsa botswerere jwa  ngwao ya Batswana le botlaki gape e itibagantse le go ipelela tiro ya batlaki ba mono. 

Lefelo la mabolokelo a ditso le itlamile go beeletsa lefelo la Tsodilo , ditso tsa ntlha tsa mono le boswa jwa lobopo,[10] go tsweng mo maitekong a mangwe.[13] Ke batlhokomedi ba lefelo la boitlapolosa la Tsholofelo , lefelo le kwa go boloketsweng negro wa kwa Banyoles,yo itsegeng ka leina la El Negro mo Botswana, go latedisa mmele go tswa kwa lefelong la mabolokelo a ditso a Darder mo Banyoles, kwa Spain.

Lefelo le la mabolokelo a ditso le simolodisitswe ka ngwaga wa 1967 ka tshitiso ya molaomotheo wa Palamente mme wa bulelwa kwa setshabeng ka fa molaong ka ngwaga wa 1968. Lefelo la mabolokelo a ditso le ne le ipelela ngwaga tse di masome a mane ka ngwaga wa 2008 ka fa tlase ga mola oo reng lefelo la mabolokelo a ditso e le badiredi ba phetlogo ya setho le ditlhabololo, e itshupa fa e dirisiwa ke lekgotlana la mafatshefatshe la mabolokelo a ditso.

Ditso di botlhokwa fela thata ka jalo di thusa dikokomane tse di tla tlang go itse ka tse di neng di diragala mo lefatsheng.Re tshwanetse go ithuta go boloka ditso le ngwao ka jalo seo se tlisa mowa wa boja mmogo fa gare ga batho le kutlwisisanya.Ditso tsa lefatshe di kgona go tlhabolola itsholelo ya lefatshe ka jalo bajanala ba rata go etela mo lefatsheng go tla go di bona.




#Article 101: Lefelo la diphologolo la Central Kalahari (580 words)


Central Kalahari ke lefelo le letona la diphologolo mo sekakeng sa Kalahari mo Botswana. Le simolodisitswe ka ngwaga wa 1961, le botona jwa selekanyo sa dikhilomethara tse 52,800 ( e ka tswa e le gabedi mo selekanyong sa Massachusetts, gape bongwe mo lesomeng le borataro (1/16) jwa selekanyo sa lefatshe la Botswana) se se dira gore lefelo le le nne mo maemong a bobedi a diphologolo mo lefatsheng ka bophara.

Go na le diphologolo tsa naga jaaka dithutlwa, manyau,nkwe,ntsha tsa naga, mangau,ditau le tse dingwe fela jalo. 
Bontsi jwa lefashe le bopapetla, gape ka bori le apesitswe ke ditlhatsana le bojang tse di apesitseng ditotoma le mafelo a go nang le ditlhare tse ditona. Bontsi jwa melapo e apesitswe ke letswai la kwa makgadikgadi. Dinoka tse nne tse di bopilweng gotsweng ditlhatsaneng le diphologolo tse di suleng bogologolo di  tshokodia  ka lefelo la diphologolo go akaretsa bogwerepa jwa molapo oo simolotseng go agega ka dingwaga tse di makgolokgolo a lesome le borataro malobeng.

Basarwa  ,ba sale ba agile mo lefelong go tsweng makgolokgolong a dingwaga e sale ba ntse mo lefelong e le batsumi ba ba neng ba iphetelang.

Le fa go ntse jalo, e sale ka bogare jwa dingwaga tsa 1990 puso ya lefatshe la Botswana e lekile go fudusa Basarwa go tswa mo lefelong la diphologolo ba lebeletse gore ke lefelo la didirisiwa tse di tlisang madi mo lefatsheng le mororo dipoelo di oketsega ka bojanala go ya lefelong la diphologolo. Ka ngwaga wa 1997, boraro mo saphatlong ba basarwa ba ne ba fudusiwa go tsweng kwa lefelong la diphologolo la Central Kalahari,gape ka kgwedi ya Phalane ngwaga wa 2005 puso ya simolola go fodusa batho ka go ba patika go ya lefelong la bothibelelo kwante ga lefelo la diphologolo go tlogela fela banni ba sennela ruri ba ka tswa makgolo a mabedi le masome a matlhano. Mme ka ngwaga wa 2006 kgotla tshekelo e ne ya tlhalosa fa go fudusiwa e se ka fa molaong  ka go letelela batho go boela kwa lefelong la diphologolo la Central Kalahari.

Molelo wa naga oo motona o ne wa tshuba naga mo teng le kwa ntle ga lefelo fa gare ga kgwedi ya Lwetse ngwaga wa 2008 gape bontlha jo bo masome a borobabobedi bo ne bo tshubilwe. Kwa molelo o tswang tene ga go itsiwe. 

Tsela ya go ya Teng

Go nale mafelo a botseno a le mararo ebong Khutswe mo Borwa,bophirima ke Xade mme mo bokone-botlhaba ke Matswere.Botseno jo bo rileng mo bokone jwa lefelo le ke fa o tsena ka lefelo la Central Kalahari Matswere.Botseno mo Matswere bo ka dirwa ka go tsena mo Rakops mo eleng dikhilomethara tse di masome a matlhano le botlhano go tswa bolebelelong jwa Matswere. Rakopso ka tsenega o tswa ntheng ya bokone jwa motse wa Maun (go feta Motopi, Kumaga le Tsoe) kgotsa o tswa borwa jwa motse wa Mahalapye (go feta Serowe, Letlhakane le Mopipi).

Baeng mo lefelong la Central Kalahari

Lefelo la Central Kalahari Game Reserve le etelwa ke baeng ba le bantsi mo letsatsing,baeng ba ngokwa ke diphologolo le ditotoma tse di kgabisitseng tikologo.Basarwa ba bonagala thata mo lefelong ka jalo bajanala ba rata go ithuka ka fa ba tshelang ka teng,ka fa ba dirang dilo ka teng,mme e re morago go tlise kutlwisisanyo ee rileng.

Central Kalahari Game Reserve ke lefelo le le kgatlhisang thata ebile bajanala ba rata go le etela.Lefelo le le tletse meamuso ya tlholego ka jalo se se ka godisa itsholelo ya lefatshe.




#Article 102: Lefelo la diphologolo la Khutse (456 words)


Lefelo la diphologolo la Khutse  ke lefelo la boitapoloso mo Botswana.Lefelo la diphologolo la Khutse ke lone le le ratiwang thata ke baeng ba toropokgolo ya Gaborone, ka ebile le le gaufi le yone.selekanyo sa dikhilomithara tse di makolo a mabedi le masome a mane di isa Batsamai kana Bajanala ko mafelong a a rategang jaaka metse ya kgaolo ya Kalahari,go balelwa le motse mogolo o go gorosang kwa Kalahari ebong Molepolole

Lefelo le le gaufi fela thata le Makgobokgobo a Okavango ka jalo dipholologolo ka nako ya pula e tshologa di kopanela teng go oketsa palo ya tsone mme di boe gape do tshola tse dingwe mme se se tlise koketsego ya bojanala.Makgobokgobo a tumile segolo jang ka diphologolo tsa one. Bojanala mo lefelong le bo akaretsa thata go bogela le go kapa ditshwantsho tsa diphologolo le matlotlo a mangwe a tlholego.Letsomo le le laolwang le go tshwara ditlhapi le tsone ke dingwe tsa tse di dirwang. Go nale mefuta e ka nna lekgolo le lesome le bobedi (112) ya diphologolo tse di amusang, mme bontsi jwa diphologolo tse ke tsone tota tse di okang bakjanala.

Khutse o nale mafelo a a palonyana a go ka gorogelang baeng,mafelo a a fa boroko, dijo le gone go bontsha baeng diphologolo mo sekgweng.Khutse o raya lefelo le motho a ka namang maoto a iketle a ja a bo a nwa, mme ebile batho ba boe ba lalediwa go nwa ba bo ba ja ka mo go pharologanyo le ga mafatshe a mangwe.

Dikago tse di agilwe ka mokgwa wa Se Aferika, Khutse Lodge gantsi ba rata go bontsha baeng diphologolo tse di leng teng mo mafelong a a mabapi mme ba boe ba ba kopanya le batho ba morafe wa Sesarwa. Lefelo le le butswe ka ngwaga wa 2003 ,ebile lefelo le la bogorogele le nale mantlo a borobalo a le masome a mabedi le bone.Mantlo a a agilwe ka bonokopila jo bo jesang matlho monatle,mo teng ga ntlo ngwe le ngwe moeng o fitlhela sepe se a se tlhokang

Bontsi jwa merafe e e nnang mo mafelong a a mabapi ke ya Basarwa le Kgalagadi,ke bone tota banni ba ba tlholegang mo lfelong le.Dilo tsa bone tse di betlilweng le tse di bopilweng gantsi di rekisiwa teng fa,se se kgatlha bajanala fa ba etetse lefelo le.Dingwe di rekisetswa Khutse Lodge go dirisiwa go kgabisa.Merafe e ka bobedi e utlwan fela thata le go dirisanya le batho ba merafe e sele ebile ba nale nako e ba rutang bajanala ka difikantswe tsa lefelo la bone.Banni ba lefelo le ke batsomi,seo ke sone se ba tshelang ka sone mme ebile ba dirisa mefutla e le mentsi ya go tsoma.Ba itse go dupa diphologolo fa ba ile go tsoma




#Article 103: Noka ya Nata (510 words)


Noka ya Nata kana ya Amanzanyama  ke motswedi wa metsi wa tlholego mo borwa jwa Aferika. Mo lefatsheng la Botswana noka ya Nata ke motswedi wa metsi kwa Botswana|makgobokgobong] ]a Makgadikgadi, kwa ditshidi di nnang teng.[0] Noka ya Nata e tshela mo Sua Pan{/0go tswa kwa dikgaolong tse di kwa botlhaba jwa Botswana le borwa bophirima jwaZimbabwe.

Selekanyo sa metsi a a tsenang mo makgobokgobong se farologana ngwaga le ngwaga, mme se se bake pharologanyo mo seemong sa morwalela ngwaga go tswa mo go o mongwe. Makgobokgobo a mo lefelong le le lekalekanang, mo go dire gore dipharologanyo tse di nnye di bake phetogo e kgolo mo seemong sa morwalela. Morwalela o, o bake mafaratlhatlha a dinoka tsa sennela ruri, megojwana, ditshutlha tse di fa gare ga metsi tsa setlhatsana sa koma,majwang a a dikaganyeditsweng ke metsi ka dipaka dingwe, dikgwa tse di kitlaneng le tse di mo komelolong ya letshitshi la noka.

Tebelopele ya makgobokgobo ke go nna le tikologo e e dirisiwang ka kelelelo, e e ntshang ditirelo ka tlhamalalo, e bile e na le dipoelo tsa
sennelaruri tse di kgaoganwang ka tekatekano ke bana-le-seabe ba mo gae, setshaba ka kakaretso le ba ditshabatshaba.

Lefatshe la Botswana le ntse le nosiwa metsi ke makalana a a farologaneng mo dingwageng tse di fetileng. Water Utilities Corporation e ntse e nosa ditoropo le ditoropo dikgolo. Mo godimo ga moo, e ntse e thusa Lephata la Metsi le Dikhansele tsa Dikgaolo ka bokete jwa metsi go abiwa le mafelo a mangwe a lefatshe leno. Maikaelelo a Lenaneo la go Dira Diphetogo mo Mhameng wa Metsi ke go baakanya ditsamaiso tse marara mme ka jalo go nne bonolo go isa metsi kwa bathong.

Kanoko ya Lenaneo Legolo la Sechaba la Phatlalatso Metsi la 2005-2006, le ne la re go dirwe diphetogo tse dikgolo mo mhameng wa metsi, mme dingwe tsa tsone e le gore, go kgaoganngwe tsamaiso ya mhama wa metsi le makalana a mangwe a a thusang ka ditirelo. Morago ga dikanoko tse, ba ne ba gakolola gore Water Utilities Corporation e tseye tsamaiso yotlhe ya go nosa lefatshe leno.Go tla a tsewa metse efe la ntlha?Gore go tla a tsewa metse efe lantlha, go tla a laolwa ke mabaka a a farologaneng, mabaka a tshwana le gore ke metse efe e e nang le ditlamelo tse di setseng di siametswe go tsewa mme ke metse efe e ditlamelo tsa yone di sa ntseng di tshwanelwa ke go tlhabololwa seemo pele, jalo le jalo pele ga e tsewa. Metse e e nang le ditlamelo tse di e golaganyang le e mengwe le yone e ka nna ya tsewa ka nako yone eo. Thulaganyo eno e tla a dira gore dikgaolo le dikgaolo-potlana di sobokiwe di nne setlhopha mme di bo di ka tseelwa gongwe fa go ka kgonegang teng.

Go ya ka thulaganyo eno, Water Utilities Corporation e tla a tsaya ditsamaiso tsotlhe tsa metsi a a nowang mo Lefatsheng leno le ditirelo tsotlhe tsa metsi a a dirisitsweng mo dingwageng tse tlhano tse di tlang, go simolola ka Motsheganong 2009.




#Article 104: Go pholodisa bopimana mo Aferika Borwa (888 words)


Pholodiso ya boimana mo Aferika Borwa  e ne e letlelelwa ka mabaka mangwe go fitlhelelela ka ngwaga wa 1997, fa tshwetso ya molao motheo wa go senya boimana (Molao motheo 92 wa 1996) o ne o sutlisiwa, go supa pholodiso ya boimana e tlhokega ka mabaka aa farologanyeng.

Selekanyo sa batho ba Aferika Borwa ba le masome a botlhano le borataro  ba dumela fa pholodiso ya boimana e nna e sa siama le fa go nale kgonagalo ya gore lesea le tlhagogelwe ke bogole fa le tsholwa. Palo ya selekanyo sa batho ba le masome a le bosupa e dumela fa e sa siama fa pholodiso ya boimana  e dirwa ka gore mmangwana ga a na madi aa lekanyeng  gape  go nale kgonagalo ya gore o ka seka a kgona go ka tlhokomela bana ba bangwe.

Mo Aferika Borwa , mme mongwe le mongwe o ka letlelelwa go pholodisa boimana ka go ikopela fela go sena mabaka fa a le dibeke tse di lesome le boraro a imile. Fa a le dikgwedi tse di fagare ga lesome le boraro, le masome a mabedi, o ka thusiwa go pholodisa boimana fa (a) botsogo jwa gagwe jwa tlhaloganyo le jwa mmele bo sa itekanela , (b) lesea le tla nna le mathata a tlhaloganyo le mo mmeleng aa tseneletseng, (c) fa a imisitswe ke wa losika, (d) fa a imile ntateng ya go thubetswa, kgotsa (e) fa a nale mathata a madi kgotsa mo lwapeng a mo letla go ka pholodisa bopimana. Fa a le dikgwedi tse di fetlang masome a mabedi a imile, o ka thusiwa go pholodisa boimana fela fa botsogo jwa gagwe kgotsa jwa lesea bo le mo kotsing kgotsa fa go ka nna le kgonagalo ya gore go tsolwa ga lesea go nne mo kotsing.

Mme yo o kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le borobabobedi o tla bo a kgotlhadiwa go itsise batsadi ba gagwe, gape o kgona go seka a ba itsise kgotsa fa a sa batle go ba itsese. Mme yo o nyetsweng kgotsa a nale mokapelo yo a ratanang le ene o tla bo a kgotlhadiwa go itsese mokapelo wa gagwe, mme gape o kgona go seka a mo itsise.

Fa e le gore Mme o nale bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo bogale kgotsa a se kelotlhoko lobaka le le leele, tlaletso ya mokapelo wa gagwe, batsadi kgotsa mosireletsi wa molao wa tlhokafala.

Ka kakaretso, dikgaka tsa botsogo ke tsone fela tse di dirang loaro lwa pholodiso ya boimana. Baoki ba ba dirileng dithuto tse di faphegileng le bone ba ka dira loaro lwa pholodiso ya boimana mo lobakeng lwa dibeke tse di lesome le bobedi fa Mme a imile.

Babereki ba botsogo ga ba na thata epe ya go ka diragatsa kgotsa ya go pholodisa boimana fa ba sena kgatlhego, ka jalo ba patikiwa ke molao go thusa fa go tlhokafala go sireletsa botshelo jwa molwetse, le fa thuso ya bofefo e le ya go pholodisa boimana.

Mmereki wa botsogo fa a kupiwa ke molwetsi go pholodisa boimana, o ka ganana le seo fa a itlhopela go dira jalo, gape ba letwa ke molao go itsise molwetsi ka ditshwanelo tsa gagwe mme a mo fitlisetse kwa mmereking yo mongwe kgotsa kwa lefelong le a ka bonang thuso e a e batlang.

Bontsi jwa mafelo a kwa go pholosediwang boimana teng a thusa ka dikgakololo tsa ntlha le tsa bobedi fa motho a pholodisa boimana, gape Mme o ka itlhopela ka fa molaong, mme ga se ka fa molaong gore mafelo a a dire loaro lwa go pholodisa boimana.

Pholodiso ya boimana e kgona go fiwa mahala mo dikokelong  kgotsa dikokelwaneng, le fa fela fa mooki a romeletswe ke mmereki wa botsogo.

Pholodiso ya boimana e ka dirwa ke Ngaka ya botsogo kwa lwapeng la gagwe fa moimana a le dibeke tse di bosupa go tsweng mo letsatsing la gagwe la bofelo a sens go bna setswalo. Tsela ee leng yone ke fa go dirisiswa molemo wa antiprogestin, go bo go dirisiwa wa prostaglandin analogue mo malatsing a le mabedi aa tlang.

Dipatlisiso tsa mo bosheng kwa Soweto di supile tse di latelang: palo ya bomme ba ba pholodisang boimana ba ba dingwaga tse di fetlang masome a mabedi di fokotsegile ka selekanyo sa 15,2% mo ngwageng wa 1999 go ya kwa go 13,2% mo ngwageng wa 2001, palo ya bomme ba ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le borataro le masome a mabedi e fokotsegile go tsweng mo selekanyong sa  21% go ya kwa go sa 14,9%, gape palo ya bomme ba ba dingwaga tse di fa gare ga dingwaga tse di lesome le boraro le lesome le borataro di fokotsegile go tsweng mo selekanyong sa  28% go ya kwa go sa 23%. Ka ngwaga wa 2007, 27% ya go pholodisa ga boimana e ne  e le ya bobedi ee masisi .

Go pholodisa boimana ke tswetso ee sa siamang ka jalo e baya botselo jwa Mme yo o itsolofetseng ka fa diphatseng.O ka letlhegelwa ke botselo kgotsa a seka a tlhole a ka kgona go tshola gape.Mo tumelo ya sekeresete pholodiso ya boimana go dumelwa fa e sa siama ka go dumelwa e le go senya botselo jwa sebopiwa sa Modimo.Batho ba tshwananetse go tsaya ditswetso tse di maleba fa ba akanya ka go ka pholodisa boimana.




#Article 105: Thuto mo Botswana (557 words)


Thuto tse dikgolwane mo Botswana  ke mahala kgotsa boitlhopelo. Mo ngwageng wa 2002, palo ya ntlha ee sa rurifadiwang e ne  e le selekanyo sa lekgolo le boraro mo lekgolong, mme ee rurufaditsweng yone ya ntlha e ne e le masome a borobabobedi le motso mo lekgolong. Go kgaogangwa ga bana ba ba tsewang mo dikolong go itebagantse le palo ya baithuti ba ba kwadisiwang kwa dikolong tse di potana gape ga go amane gope le go tsena sekolo sentle ga bana. Dipalo tse di ntsha tsa go tla sekolong mo dikolong tse di potana ga di mo Botswana. Go ya ka dipalo tsa ngwaga wa  2001, masome a borobabobedi le borataro mo lekgolong a bana ba ba simolotseng dithuto tse di potana ba ne ba batlile go fitlhelela kwa lokwalong lwa botlhano. Mo tsamaisong ya thuto ya mo Botswana, basimane le basetsana ba nale tepetepano mo go fiweng dithuto. Basetsana, ka gorialo, ba ka nna ba tswa mo dikolong tse dikgolwane ka ntata ya boimana.

Botswana o dirile tse dintsi mo go tlhabololeng thuto morago ga go tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966. Morago ga seo go ne go nale baalogani ba ba potana mo lefatsheng gape Batswana ba palo potana ba tsene dikolo tse dikgolwane. Ka ponagalo ya ditemane morago ga go tsaya boipuso le go oketsega ga madi a puso, go ne ga nna le koketsego ee kwa godimo ya go aba thuto mo lefatsheng. Baithuti botlhe ba ne ba fiwa dingwaga tse di lesome tsa go ithuta,se se ba fitlisetsa kwa dithutong tse dikgolwane tsa Junior Certificate. E ka ne e le bontlha bongwe jwa palo ya batho mo sekolong ba ba tsweledisang ka ngwaga tse pedi tsa mo sekolong se se golwane se se isang moithuti kwa mphong ya go fiwa setlankana sa Botswana General Certificate of Education (BGCSE). Fa o sena go tlogela sekolo, baithuti ba ne ba ka tsena sekolo mo dikolong tsa ithutelo tiro di le borataro mo lefatsheng,kgotsa ba ithuthuntsha mo dithutong dingwe tsa borutabana kgotsa booki. Moithuti yo o gaisitseng botlhe o ne a ya go tsena kwa mmadikolo ebong University of Botswana, Botswana College of Agriculture, le Botswana Accountancy College mo Gaborone. Palo ee ntsi ya bana ba kwa mmadikolo e solofetswe, fa kago ya bobedi ya mmadikolo mo lefatsheng, ebong Botswana International University of Science and Technology, e fediwa. Bontsi jwa bana ba felela ba tsene dikolo kwa dikholetsheng tse eseng tsa puso mo lefatsheng. Bontsi jwa baithuti ba tsengwa sekolo ke puso. Dipoelo ga di ise di ko di tshwantshangwe le tsa boleng jo bo rileng. Dikolo tse di potana di santse di tlhoka didirisiwa, gape barutabana ba duelwa madi aa kwa tlase go nale badiri ka bone ba kwa dikolong tse dikgolwane. Mo kgweding ya Ferikgong ngwaga wa 2006, Botswana o ne a simolodisa tuelo ya dithuto morago ga dingwaga ngwaga tse pedi tsa thuto ee neng e fiwa mahala .

Thuto ke yone konokono ya botshelo ke moo go leng matshwanedi gore e tsewe ka tlhwaafalo.Baithuti ba tshwanetse go nna ba ithuta gore ba tle go atlega mo botshelong.Ke tshwanelo ya puso go bona gore baithuti ba fiwa dithuto tse di lebanyeng gore ba tle ba kgone go baya lefatshe mo maemong aa fa godimo bogolo jang baithuti ba kwa mmadikolo.

Dithuto mo Botswana di felela ka lekwalo la lesome le bobedi.




#Article 106: HIV/AIDS mo Botswana (522 words)


Botswana ke lengwe la mafatshe a a wetsweng ke seru sa bolwetsi jwa leroborobo.  Dipalo tsa kanamo ya mogare mo bathong ba dingwaga tse di lesome le botlhano go ya kwa go tse di masome a mane le boferabongwe ke 24.1% e leng ngwe ya dipalo tse di kwa godimo mo Aforika.  Tlhakanelo dikobo e diragalang magare ga batho ba bong jo bo sa tshwaneng ke ngwe ya dilo tse di oketsang kanamo ya mogare. Banana ba basetsana ba mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke mogare go feta batho botlhe. Young men ages 15 to 24 experience an HIV prevalence rate of 5.7 percent, while young women in the same age group experience prevalence rates of 15.3 percent.  Palo ya banana ba basimane ba dingwaga tse di fagare ga lesome le botlhano go ya kwa go tse masome a mabedi le bone ke 5.7%, fa basetsana ba dingwaga tse palo ya bone e le 15.3%. Kanamo ya mogare e farologana go ya ka maranyane a a ka ga lefatshe, kanamo ya mogare e ntsi thata kwa metseng ya dintlhana, mme e nne ko tlase kwa motse o motonatona wa dikago tsa segompieno ga mmogo le kwa dikgaolong. Lophatla lwa United Nations Development Programme lo akanyetsa  gore e tlare ka ngwaga wa 2010 bana ba palo e feta 20% e tlaabo e le masiela/ dikhutsana. Lolwapa lo lo katlologaneng le sechaba ba iphele matsapa a go ka tlhokomela masiela a. mogare wa HIV o nnele sekgoreletse mo ditlhabologo tsa lefatshe la Botswana di tshwana le bo itsholelo, tlhomamo ya seplotiki ga mmogo le lobaka lwa dingwaga tse motho a tshwanetse go tshela ka lone mo lefatsheng go simologa ka ngwaga o ne lefatshe le tsaya boipuso. 

Ditshenyegelo tsa go tlhokomela botsog jwa ba ba amilweng ke mogare di e le magoletsa mo malwapeng. Tlatlhegelo ya madi go ka itshetsa ka o ne fa motlhokomedi a tlhokafetse ka ntlha ya mogare le yone e kwa godimo.  Bontsi jwa batho ba ba berekang mo Botswana ke batho ba bagolwane ba ba setseng ba amilwe ke mogare mo ebileng bangwe ba tlogetse tiro.  Go simologa ka ngwaga wa 1999 go ya kwa go 2005 Botswana o latlhegetswe ke batho ba palo e kana ka 17% ba botsogo ka ntlha ya bolwetse jwa leroborobo.  Tatlhegelo e ntsi ya barutabana ka ntlha ya leroborobo o fokotsa boleng jwa thuto ga mmogo le nako e bana ba e tsayang go rutiwa. Go solofelwa fa go palo ya bana ba ba tswang mo dikolong e tla ya magoletsa ka go bob ba patikega go thusa ba ba lwalang ko lawapeng ga mmogo le go thusa ka madi.  Ka ngwaga wa 2011 Lephatla la thuto la thuto le simolola go ruta ka bolwetsi jwa Segajaja. 

Teach Aids le le tlhamilweng ke ba Starnford Uiversity le tla ga neelwa dikolo tsotlhe go ruta batho ba dingwaga tse borataro go ya kwa go tse masome a mabedi le bone. The TeachAIDS prevention software, developed at Stanford University, will be distributed to every primary, secondary, and tertiary educational institution in the country, reaching all learners from 6 to 24 years of age nationwide.




#Article 107: Poso ya Botswana (286 words)


Poso ya Botswana  ke kompone ee itebagantseng le go romela dikwalo mo Botswana. Ke kompone ee laolwang ke lefatshe,tota ya puso ya Botswana, ee direlang ka fa tlase ga lephata la tsa dipuisano le maranyane.

Poso ya Botswana e simolotse morago ka ngwaga wa 1875,fa lekgotlana la London Missionary Society le ne le simolola go dira. Morago, bobedi jwa “batabogi” ba ne ba rwala makwalo gare ga mafelo a mabedi go tsweng  Bulawayo yo a bitswang gompieno Zimbabwe, go ya  Mafikeng, yo a bitswang gompieno Aforika Borwa. Morago, fa seporo se sena go agiwa, terena ya emisetsa batabogi. Ka ngwaga wa bo 1990 lephata la Dikwalo le ne la ithekela dikoloi tsa bone tse di bofefo go rwala dikwalo le ngata ya dithoto. Lephata la Poso le le simolodisitsweng ke barongwa ka lobaka lwa dingwaga tse di lekgolo le simologile mo Bechuanaland Protectorate Postal Services. Fa Botswana a tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966, le ne la itshwaya ka lena la Lephata la Poso le megala. Mo nakong eo dithuso tse di neng di fiwa e ne e le tsa go baya madi mo bankeng. 

Ka ngwaga wa 1980, Botswana Telecommunications Corporation e ne ya ikemela ka nosi. Ngwaga tse pedi moragonyana, banka ya  Botswana Savings e ne ya ikemela ka nosi le yone. Labofelo Poso ya Botswana e ne ya ikemela ka nosi ka ngwaga wa 1989. Botswana Savings Bank e nale tumalano le Poso ya Botswana, go fa teseletso ya go banka madi mo makalaneng a le lekgolo le masome a mabedi a poso (120) Botswana otlhe.

Poso ya Botswana e ntse e dira sentle mo nakong ya gompieno.Bontsi jwa batho ba dirisa kompone e go romela makwalo a bone mo mafelong aa farologanyeng.




#Article 108: Bere (188 words)


Bere ke motsana o mo kgaolong ya Ghanzi mo Botswana. Motse o mo botlhaba jwa kgaolo e, gape motse o na le sekole se se potlana. Mo palong batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a mane, masome a matlhano le boraro. Bere gone jaanong ke nngwe ya mafelo a a setseng mo Central Kalahari mo go tsoma go setseng go le mo tirisong.

Motsana wa Bere o santse o nale palo ya batho ee kwa tlase ka jalo ditlhabololo di santse di ide di simololwe.Banni ba Bere ba tsenya bana ba bone dikwele tse dikgolwane kwa Gantsi le metsana ee gaufi.Go nale tsela ee fetlang mo motsaneng wa Bere go ya mafelong a mangwe.

Kwa motsaneng wa Bere go na le merafe ee farologanyeng jaaka Baherero,Basarwa le emengwe.Ka jalo diteme tse di buiwang koo ke tsa Shekalahari, Seherero le Sesarwa.Banni ba koo ba nale tirisanyo mmogo ee tseneletseng le ntswa ba tswa mo mefrafeng ee farologanyeng.

Bere o etelwa thata ke bajanala  bogolo jang fa ba fetela kwa Gantsi le Kgalagadi.Jaaka dipalo tsa batho di gola ditlhabololo di tla bo di simolola go dirwa.




#Article 109: Charles Tibone (295 words)


Mbiganyi Charles Tibone  ke lepolotiki mo Botswana. O ne a tlhophiwa go ya  palamenteng  mo ditlhopong tsa  Phalane ngwaga wa 2004 go tsweng mo kgaolong ya Bophirima jwa Tati gape a emetse phuthego ee busang ya  Botswana Democratic Party. Go tsweng ditlhophong,Rre Tibone o ne a tlhophiwa go nna modiredi wa lephata la kgotlheletso ya metsi le ditswa mmung, ka Ngwanatsele a tlhola borobabongwe,ngwaga wa 2004, a direla mo lefelong le go fitlhelela ka kgwedi ya Ferikgong ngwaga wa 2007, fa a ne a tlhophiwa modiredi wa tsa Metse le selegae. Fa tautona Rre  Ian Khama a tsena mo ofising ya botautona ka kgwedi ya Moranang a tlhola ga ngwe,ngwaga wa 2008, o ne a ntsha Rre  Tibone mo khuduthamageng ya palamente.

Tibone o ithutetse dithut tsa gagwe kwa unibesithing ya Botswana, Lesotho le Swaziland. Moragonyana o ne a fiwa setlankana sa maemo a go tsweng boalogane jwa dithuto tsa mafatshefatshe tsa tshomarelo- madi le tsa go dira le molao wa mafatshefatshe kwa uniesithing ya  Oxford. O ne a direla kwa lephateng la metse selegae le kwa maphata a tsa thomo ya mafatshe a sele pele ga a tsena mo maphateng a e seng a puso.O ne a nna mokaedi mogolo wa kompone ya Gaborone Delta.

Rre Charles Tibone ke motho yo o ratang go itsane le batho.Mo nakong ya fa e santse e le mopalamente o ne a ikitsise sechaba fa a ile gom buisa puthego kwa metsaneng le kwa ditoropo.Charles o tseneletse maranyane a go buisanya a Facebook,mo e le tsela ya go ikgolaganya le batho ba ba batlang go itse ka katlego ya botshelo jwa gagwe.

Ka go tuma le go rutega ga gagwe Tibone o fetlogile mogaka wa sekgantshwane mo bananeng ka e le mokaedi wa tlhwatlhwa mo matshelong a bone.




#Article 110: Mokoro wa kwa Kazungula (489 words)


Mokoro wa kwa Kazungula  ke  pantoni ee kgabaganyang boleele jwa selekanyo sa makgolo a mane a noka ya Zambezi gare ga  Botswana le  Zambia. Ke nngwe ya mekoro ee metona mo borwa bogare jwa Aferika, o nale nonofo ya selekanyo sa 70 tonnes. Thuso e e fiwa ke bakgweetsi ba le babedi ba mokoro gape ba direla fa melelwaneng ya Kazungula, Zambia le Kazungula, Botswana. 

E kopanya tsela ya  Livingstone- Sesheke (ee kopanelang kwa  Trans–Caprivi kwa Katima Mulilo gape e bo e aga bontlha bongwe jwa Walvis Bay) go ya kwa go ee tona mo bokone-borwa jwa Botswana go fetla ka Francistown le Gaborone go ya Aferika Borwa,gape le go ya kwa {8 } Kasane- tseleng ee fetlang kwa maphothophothong a Victoria go tsena mo  Zimbabwe. E direla mafatshe a mararo go kaela dikoloi mo (Zambia, Zimbabwe le Botswana)gape le a mangwe a mararo ebong (Namibia, South Africa le DR Congo).

Ka ngwaga wa 2003 mokoro o ne wa tlhagogelwa ke  kotsi  fa koloi ya mogobagoba e e neng e rwele phetelela ya kwa Zambia e ne ya menola mokoro mme batho ba le lesome le borobabobedi ba ileng ba nwela mo metsing. Kotsi e e ne ya lebagangwa ba ba kalang bokete jwa dithoto mo Zambia go tlhoka go lebisisa bokete jwa dikoloi.

Ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa 2007 puso ya lefatshe la Zambia le Botswana ba ne ba tlhalosa ka maikaelelo a go dira borogo fa lefelong le go emisetsa mokoro.  

Kwa Kazungula bokopanelo jwa mafatshe a mane ebong (Zambia, Zimbabwe, Botswana, Namibia)a tla ka selekanyonyana se sennye kgotsa selekanyo sa lesome go kopanela fa lefelong le le rileng (CLARIFY  THIS SENTENCE) Edwin Mogoelelwa. Go nna go fetoga ga metswedi ya noka gape le go tlhoka kgolagano kgotsa ntlha ya botlhokwa go baka go sa kgonagaleng ka teng ga ntlha  ee leng teng gompienong. 

Mafatshe a a kgatlhwa thata ke go aga borogo,Botswana le Zambia, a mo ntlheng e ngwe mo go lebegang a kopanela molelwane yo o kgotsa selekanyo sa lesome, mo go ka diragalang gore go tlhokege dirisiwa ga molelwane mongwe wa baagisanyi. Popego ya noka gape le letsogo la noka mo lefelong e ela mo kgonagalong ya go bokhutlo jwa gore borogo bo tla nna fa kae go tsweng gaufi le fa ntlheng ya lefelo gape jaana gongwe e tsenelela kwa molelwaneng wa Zimbabwe. Zimbabwe o nale borogo le Zambia kwa maphothophothong a Victoria , sekgele sa dikhilomethara tse di masome a bosupa go tsweng kwa Kazungula. Namibia o nale makgabaganyo le Zambia gale kwa Katima Mlilo go tswa sekgele sa dikhilomethara tse di lekgolo le masome a matlhano kwa godimo ga noka. Bao ba ba tlang ba tswa Aferika Borwa go ya moepong wa kopore kwa Zambia kgotsa Lusaka ka tsela,ba tsena ka Zimbabwe ba dikhilomethara tse di mmalwa gaufi.

Mokoro o thusa batho go tlolela kwa mafatsheng a mane a ka jalo se se tlisa kutlwisisanyo gareng ga mafatshe a mane.




#Article 111: Tumelo ya Islam mo Botswana (298 words)


Islam  ke tumelo e e tona ya boraro mo Botswana, e latela ya Christianity gape le ditumelo tse dingwe# Islam e tlile mo lefatsheng ka go fuduga ga Ma muslim go tsweng borwa jwa Asia, ba ba agileng mo lefelong ka nako ya puso ya ga Mmamosadinyana# Ma muslim ba akaretsa bongwe mo lekgolong jwa batho# Losika fa gare ga ditlhopa tsa ditumelo tse e tlisa kagiso le botsalano le mororo kgolo ya dikgogakgogano tsa tumelo mo ntlheng e ngwe ya Aferika# 

Tumelo ya Islam mo Botswana go dumelwa fa e simolodisitswe ke Moporofita Muhammad Morongwa wa Modimo Allah. Batho ba tumelo e ba similotse go tla mo lefatsheng la Botswana ka dikgwebo bangwe go etela ba ditsala. Ka se palo ya bone e ne e oketsega mme bangwe ba bone ba felele ba tsere boagedi mono.Ba ne ba aga ntlo ya kobamelo ya bone gore phuthego ya bone e atlege. MaMuslim ke batho ba ba nang le tumelo ee kwa godimo mo go Allah ebile ga go motlhofo go fetola Modumedi go tsena mo tumelong e nngwe.

Ma Muslim ba kopanela fa kereng ya bone matlhatso mngwe le mangwe go ya ditlhapelongKereke ya bone e bapile le mmadikolo wa Botswana.Lefoko“Muslim” le raya gore ene yo o ikanang go sala morago dikeletso tsa modimo ,go sa kgatlhalesege gore ke wa letso la kwa kae,gore ke mokae kgotsa ditso tsa kwa morafe wa gagabo. Go nna bontlha jwa tumelo ya Islam go motlhofo.Mongwe o ka ikana a le nosi kgoa fa pele ga bakaulengwe ba gagwe kwa kerekeng.

Tumelo mo Botswana]e a ka bontsi ba Botswana ba ba ithutang kwa Asia ba solofetswe go nna bontlha jwa tumelo gape go ka seke go nne kgakgamalo fa Botswana a ne a ka nna puso ya Islamic mo ngwageng wa 3000]




#Article 112: Puo ya Sekalaka (390 words)


Puo ya sekalaka  , kgotsa Ikalanga/TjiKalanaga  ,ke puo ya Sebantu e e buiwang ke morafe wa Bakalaka, dingwaga tse di makgolokgolo a lekgolo le masome a matlhano mo ##Botswana|Botswana## gape le makgolokgolo a makgolo a bosupa mo ##Zimbabwe|Zimbabwe ### diteme tsa mafatshe ## Ke puo ya Sebantu ee itsegeng ka go atabala ga modumo, e e farologanyeng e e pheletsang puo, gape le ditlhaka tse di bakang go hema# Se batlile go tshwana le puo ya Seshona#

Bakalaka le Bashona ba fudugile mo ditlhopeng go tsweng mo kgaolong e e ngwefela mo bokone# Batho ba ba buang puo ya Sekalaka ba akanyediwa go nna ba ntlha# Ba agile pele mo Aferika Borwa# Matota a bone a metse a bidiwa matota a Mapungubwe# Puo ya bone e supa pharologanyo e e nyenyane mo go ya Bashona#

Sekalaka ke puo e e pharologanyo ka boyone le dipuo tse di latelang: se se biditsweng TjiKalanga tjekuDombodema #jaaka se buiwa kwa kgaolong ya Plumtree, leina pele le biditswe ke UCCSA ngwaga wa 1929#, Lilima, Talahunda, Jahunda, Nanzwa#kgotsa Nambya#, Venda, Lobedu, Hlengwe gape le Lozwi# Go tshwanetse ga lemogwa gore tsotlhe tse ke dipuo tse di farologanyeng ka botsone, mme ka ditso di supa fa di simolotse kwa Bukalanga/Vhukalanga# #E tlhoka go atlolosiwa#### 

Sekalaka ke, sekai,yone puo e e nang lel   modumo; tse dingwe tsa Seshona di nale modumao wa r   fela# Puo e tshwana le ya setlhopa sa Balobedu-baka-Modjadji ba dipuo tse di akaretsang Shona, Karanga, Zezuru, Venda, Birwa, Tjililima le Shankwe# Go tsweng mo go se go dumelwa fa ba tswa mo bathong ba ba tlholegang kwa mafelong a ##Limpopo|Limpopo##/Drakensburg mo ##Aferika Borwa|Aferika Borwa## gape ba aga mo bokone jwa Botswana le mo Zimbabwe# Matota a bogologolo a Bakalaka a tshwana le matota a kwa Zimbabwe# Matota a nale dipopego tse di tshwanang le tsa kwa matoteng a Zimbabwe# Matota a kwa Mapungubwe a fetla a kwa Zimbabwe# Go elatlhoko mo go tlhomamisa gore baagi ba matota a kwa Zimbabwe ,Khami,Lusvingo le a mangwe mo bophirima jwa Zimbabwe gape le mo botlhaba jwa Botswana ke a Bakalaka# Bakalaka ke dikokomane tsa morafe wa Sebutua#

Sekalaka ke puo ee tumileng fela thata mo Botswana,ebile batho ba nale kgatlhego ya go batla go se ithuta.Morafe wa bakalaka go dumelwa fa e le mengwe ya merafe e e utlwanang le kagiso ebile ba rata kutlwsisanyo thata.




#Article 113: Motsana wa Gumare (413 words)


Gumare  kgotsa Gomare  ke motsana o o bonwang kwa kgaolong ya Bokone-bophirima jwa ##Botswana|Botswana##, gaufi le makgobokgobo a Okavango# Palo ya batho ba Gumare e ne e le makgolokgolo a a borataro, masome a borataro le bosupa mo palo bathong ya ngwaga wa 2001#

Makalana a puso a le mane a laola kgaolo ya Ngamiland:

Maun o okametse ditirelo tsa bogare jwa Ngamiland# Gumare ke yone fela kgaolwana, e e bitswang kgaolwana ya Okavango, gape e nale kokamelo ya tsamaiso ditiro tsa yone# Molelwane wa bookamelo jwa Okavango o simolola kwa Habu, go akaretsa Qangwa le Xaixai go ya kwa Gudigwa# Molelwane wa sepolotiki o simolola kwa Etsha 1 go fitlha kwa Gudigwa mme se se pharologanyo le thuto le temo-thuo# Go nale metsana e le masome a mabedi le bosupa mo kgaolwaneng ya Okavango#

Okavango ke ene fela wa bontlhabongwe kwa go nang le diphologolo le ditlhare mo Kalahari# Okavango o ikaegile fa lefelong le le sa siamang fa lefatshe le , tshikinyegelang teng le thoromo ya lefatshe# Go tswa fa, phetlogo ya popego ya lefatshe e nna e fetloga gape e sa tshepege# Go nale komelelo ya lefatshe, makgobokgobo, metswedi, lekadiba, bojang mo lefatsheng, bodiba gape le ditlhake tse di sa balegeng tsa selekanyo se se sa tshwaneng le popego e e pharologanyo#

Merafe e e tumileng mo kgaolwaneng e ke ya Batawana, Bayei, Bahereo gape le Bambukushu, le Basubiya# Gape go nale Banoka #noka ##Basarwa|Basarwa###, baagi tota ba Okavango, gape le Bakgalagadi le Baherero# Bontsi jwa ditlhopa tse di agile fa tlhoko ga noka, e ba e dirisang go tshwara ditlhapi gape le go nosetsa diruiwa tsa bone# Ba lema mo dibateng tsa merwalela,mmidi le mabele#

Nngwe ya dilo tse di ba thusang ka go dira madi ke bojanala #le fa dikompone tse e le tsa batswa kwa#, thuo ya diruiwa, togo ya ditlotwana gape le madirelo a a potlana, le temo-thuo# Kgaolwana ya Okavango ke legae thata ka palo ya batho e e itebagantseng le temo-thuo gore ba kgone go itshelela# Ka ngwaga wa 1975 khutlola ya United Nations Development e ne ya thusa batho mo Gumare le Etsha go godisa botswerere jwa go loga ditlatlana gore di kgone go rekisiwa kwa mafatsheng a mangwe# Ditlatlana le tse dingwe tse dinnye, dipetlo tsa maemo di ne tsa isiwa kwa Gabarone gape tsa isiwa kwa United States le Europa go rikisiwa#

Jaaka dikgaolo tse dingwe mo Botswana, Okavango o lebaganwe ke kgwetlho ya kanamo ya mogare wa HIV/AIDS mo bathong#




#Article 114: Kemedi ya lefatshe la Botswana kwa Washington, D.C. (411 words)


Kemedi ya Botswana kwa Washington, D.C.  ke yone rephaboliki ya Botswana ya  tlhomo botsalanyo kwa lefatsheng la United States of America. E bonwa kwa pateng ya 1531 New Hampshire, mo bokoni-bophirima jwa, Washington, D.C., kwa sedikong sa Dupont mo mabaping.

Moemedi ke Tebelelo Seretse. O ntse moemedi wa lefatshe la Botswana kwa United States of America ka Tlhakole a tlhola lesome le borataro ngwaga wa 2011. Se ke tiro ya gagwe ya ntlha ya go nna moemedi wa lefatshe.

Go tshweng ka ngwaga wa 1999 go fitlha ka ngwaga wa 2004 o ne a direla mo pusong ya Botswana.O ne a le tona wa ditiro, mesepele le dipalamo go tsweng ka kgwedi ya Tlhakole ngwaga wa 2002 go ya kwa kgweding ya Phalane ngwaga wa 2004. Seretse o mo setlhopeng sa ba badiri ba molao mo Botswana mme a amogela go nna modiri wa molao e sale ka ngwaga wa 1995, gape le leloko la bitsanape ba ba kanokang itsholelo go tsweng ka ngwaga wa 2009. E ntse e le leloko la phutlhego ya Botswana Democratic Party.

Seretse o amogetse setlankana sa dithuto tsa go dira le molao tsa kwa Mmadikolo wa Botswana ka ngwaga wa 1995, MA mo go tsa kanoko ya Itsholelo kwa Mmadikolo wa Cincinnati (Ohio) ka ngwaga wa 1980, o nale bana ba le bane ebile o rata go go itshidila mmele, go bala le go etla.Seretse io bua puo ya Sekalaka, Setswana le Sekgowa.

Kago e ne ya agiwa ka ngwaga wa 1887 go tlisa botsalanyo, badiri ba molao, gape le mokwadi Simon Wolf. Ke seatswi sa bodiko jwa kgaolo ya ditso tsaDupont, mme e lopile selekanyo sa $2,266,160 Beng Ba ba itsegeng ba akaretsa William F. Aldrich, Thomas H. Anderson, Thomas Leiter (morwa wa ga Levi Leiter) gape le  badiredi ba puso le setlhopa sa bagodi.

Go tswa goo ngwale Botswana o dira sentle mo go godiseng botsalano le lefatshe la United States. Botsalano jo! ba bakile gore go nne le kutlwisisanyo gareng ga mafatshe a mabedi. Mo go se lefatshe la United States of America le thusa Botswana ka go letla baithuti go ithutela dithuto tsa tiro kwa lefatsheng leo. Kabelano ya dingwao tse pedi ke sone se tlwaelesegileng. Bagwebi ba Botswana ba nale teta ya go ka rekisa dithoto tsa bone kwa lefatsheng leo.

Go botlhokwa go simolodisa botsalano gareng ga mafatshe,se se tlisa kutlwisisanyo e e netameng gareng ga mafatshe a mabedi. Mafatshe a thusana ka nako ya fa go tlhagogile mathata.




#Article 115: Glody Dube (159 words)


Glody Dube  (o tshotswe ka Phukwi a tlhola gabedi ngwaga wa 1978 mo Matshelagabedi ) ke motlabogi wa Botswana yo o itebagantseng le mabelo a a fagare a selekanyo sa  makgolo a borobabobedi.Glody o tsene sekolo se se potlana kwa Matshelagabedi Primary School ka ngwaga wa 1985-1992 a ya go tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa Matsiloje Secondary School ka ngwaga wa 1993-1996.O ne a dira bontle mo dithutong tsa gagwe tse dikgolwane.

Motlabogi ebong Glody Dube o ne a tlhopiwa go nna leloko la Botswana Arthlets Association ka ngwaga wa 2007 morago ga go tlogela go tlabogela lefatshe la Botswana.E ne  e le modiri yo o ratang tiro ya gagwe mo maemong a bokwaledi jwa lekoko la BAA.O ntse o direla mo lekokong la BAA le fa mo bosheng a ne a kgaphelwa ka fa tlhoko ntateng ya boitsholo jwa gagwe jo bo neng bo sa jese diwelang ba lekoko la gagwe.Mme o ne a itshwarelwa mme ba mmusetse.

 

 




#Article 116: Setlhopha sa ECCO City Green (339 words)


ECCO City Greens FC ke setlhopa sa kgwele ya dinao (kgwele) go tswa mo Botswana kwa  Francistown. Mokatisi wa tlhwatlhwa yo o tlhabolotseng setlhopa se ke Rre Stanley Muwanga yo ileng a kobiwa moragonyana ga lobaka ka magatwe a gore ga a bereke sentle le setlhopha.

 1.Township Rollers (Gaborone)              30 24  4  2 79-24 76  Champions
 2.Centre Chiefs (Mochudi)                  30 19  8  3 80-24 65
 3.ECCO City Greens (Francistown)           30 16  7  7 54-44 55
 4.Gaborone United (Gaborone)               30 14  7  9 47-36 49
 5.Botswana Defence Force XI (Mogoditshane) 30 14  6 10 43-40 48
 6.Nico United (Selebi Phikwe)              30 14  6 10 53-55 48
 7.Uniao Flamengo Santos (Gaborone)         30 14  4 12 53-53 46
 8.Botswana Meat Commission (Lobatse)       30 11  9 10 49-40 42
 9.Police XI (Otse)                         30 11  7 12 36-42 40
 10.TAFIC (Francistown)                     30  9 10 11 34-42 37
 11.Notwane FC (Gaborone)                   30  9  9 12 42-46 36
 12.Extension Gunners (Lobatse)             30 10  4 16 36-47 34
 13.Miscellaneous (Serowe)                  30  6  8 16 38-60 26
 - - - - - - - - - - - - - - - - - - - - - - - - - - - - - - - -
 14.Motlakase (Palapye)                     30  5  9 16 37-58 24  Ba ba kgaolwang mo tlhogong ya lekgotla la Mascom.

 1.ECCO City Green (Francistown)            30 21  4  5 65-37 67  Champions
 2.Centre Chiefs (Mochudi)                  30 19  5  6 72-36 62
 3.Botswana Defence Force XI (Mogoditshane) 30 16  9  5 43-25 57
 4.Gaborone United (Gaborone)               30 14  6 10 41-43 48
 5.Police XI (Otse)                         30 12 10  8 47-42 46
 6.Botswana Meat Commission (Lobatse)       30 11 11  8 32-26 44
 7.Notwane FC (Gaborone)                    30 11  9 10 49-36 42
 8.Township Rollers (Gaborone)              30 11  9 10 43-36 42
 9.TAFIC (Francistown)                      30 10  8 12 40-45 38
 10.Nico United (Selebi Phikwe)             30  8 11 11 38-46 35
 11.Uniao Flamengo Santos (Gaborone)        30 10  5 15 37-47 35
 12.TASC (Francistown)                      30  9  7 14 37-44 34
 13.Lobtrans Gunners (Lobatse)              30  7 10 13 31-40 31




#Article 117: Motse wa Tsao mo Botswana (658 words)


 
Tsao  kgotsa Tsau  ke motse yo o mo kgaolong ya bokone-bophirima jwa Botswana. O bapile le makgobokgobo a  Okavango gape le lekadiba la Ngami. Mo palong batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le makgolokgolo, makgolo a mabedi le masome a boferabongwe.

Banni ba motse wa Tsao mo kgaolong ya Okavango ba eme sejaro go bogela ditso di diragala mo matshelong a bone jaaka go kgonagetse ka tiriso ya ditlhaeletsano mo motsaneng wa bone.E ne ya re mo potsolotsong, boeteledipele jwa motsana oo jo bo neng bo lebega bo tletse ka boitumelo jwa leboga dikoporasi tsa mafaratlhatlha ka di arabile selelo sa bone se se sa bolong go ba kokonela.Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Gaboipeelwe Manja, a re ka ntlha ya phatlalatso ya ditlhaeletsano bogolo jang tsa beMobile jaanong ba na le sebaka sa go tlhaeletsana ka tshosologo le ba masika, ditsala le setshaba ka kakaretso ka e tshwara gongwe le gongwe go na le tse dingwe.

Rre Manja a re o solofela fa ngwaga eno e le o o monamagadi kwa motsaneng wa bone ka gore puso e sa tswa go araba selelo sa bone sa letlhoko la dipalamo ka go ba rekela mokoro o o tlaa ba thusang go golaganya motsana wa bone le metse e e mabapi e tshwana le Seronga le Etsha.Le fa go ntse jalo, modulasetilo a re ga ba itumedisiwe ke go bo badirelapuso ba sa tle kwa go bone mo e bileng jaanong go ba rontshang go inaakanya le mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone.Rre Manja a re ka lebaka leo, mangwe a mananeo a siiwa ke nako ba ise ba a akole ka gope ka ba beilwe ka fa mosing ke ditlhaeletsano.A re badirelapuso ba ipata ka gore motse wa Jao o mo makgobokgobong mme ka jalo ba tshaba metsi kgotsa go dirisa mokoro, a re jaanong o ipotsa gore seemo seo se tla a tswelela go fitlhela leng ka gore Jao ke lone legae la bone.O file sekai ka lephata la banana le ngwao a re ba le utlwalela fela ka ba se ke ba etela motsana wa bone go imolola banana mo lehumeng jaaka go diragala ka banana ba metse e mengwe.

Kgosana ya motsana oo, Johanne Xhokwe o kopile babegadikgang go etela motsana wa bone go gasa ditiragalo tsa motse wa bone jaaka e le bone bagokaganyi ba puso le setshaba.Motse wa Jao o mo makgobokgobong a noka ya Okavango, ka jalo ga go na motsamao wa dikoloi fa e se fela go dirisa mokoro kgotsa sefofane mme go belaesega gore badirela puso ba tshaba go etela teng.Mo go tse dingwe, modulasetilo o ngongoregile gore ka ntlha ya go tlhoka marekisetso kwa motsaneng wa bone mme banni ba koo ba tshabelelwa ke lehuma ka ba sa kgone go rekisa tse ba nang natso jaaka ditlatlana le ditlhapi go itshetsa ka tsone.O ngongoregetse gape go bo puso e diegela go tlhomamisa motse wa bone o a rileng o sale o nnile teng ka ngwaga wa 1931 mme nakokgolo ke eno ntswa metse e e runyang morago ga one jaaka Seronga e setse e tlhomamisitswe.A re ka ntlha ya seo, motsana wa bone ga o tlhabologe mo jaanong banni ba Jao ba fudugetseng kwa metseng e sele jaaka Seronga, Etsha le e mengwe go ya go tsenya bana ba bone dikole go latela bongaka le tse dingwe.Le fa go ntse jalo, o lebogetse puso go bo e kgonne go ba agela kokelwana mo motsaneng wa bone ntswa ba se na mooki fa e se go thusiwa ke mooki wa Seronga le yo o ba etelang gangwe fela mo kgweding a re seo se ba baya ka fa mosing bogolo jang mo malwetseng a tshoganetso.A re mo nakong eno fa go na le molwetse yo o pitlaganeng ba mo rwala ka mokoro go mo isa kwa Seronga, sekgele sa dioura di ka nna tharo kgotsa go feta ba ntse ba le mo metsing.




#Article 118: Hotele ya kwa maphothophothong a Victoria (193 words)


Hotele ya kwa maphothophothong a Victoria   ke hotele ya ditso kwa maphothophothong a Victoria mo, Zimbabwe. Hotele e e lebaganye le kgoro ya bobedi gape le  borogo jwa maphothophotho a Victoriac go tsweng kwa a elelelang teng. 

Hotele e e butswe ka ngwaga wa 1904 go fa bapagami ba ba neng ba fetla ka seporo se se neng se sa tswa go agiwa, nngwe ya maano a seporo sa Cape go ya Cairo. Moragonyana e ne ya nna sefetla sa makwalo a BOAC a ditirelo gareng ga Southampton le  Aferika Borwa. Hotele e e santse e kile ya fa baeti ba bogosi boroko mo makgetlhong a mmalwa, ba akaretsa King George VI ka kgwedi ya Moranang ngwaga wa 1947.

Hotele e ntse e ele lefelo la bokopanelo jwa sepoloti. Ka ngwaga wa 1949 Roy Welensky o ne  rulaganya bokopano gone koo go bua ka ka tlholo ya Federation of Rhodesia le Nyasaland, gape ka ngwaga wa 1963 bokopano jwa kwa hoteleng e e kwa maphothophothong e ne ya baka kgaogano ya bokopano.

Hotele ke leloko la dihotele tse di eteletseng pele mo dtlhopheng tsa lefatsheng. E laolwa ke kompone ya African Sun Limited.




#Article 119: Toropo ya Ramokgwebana (170 words)


Ramokgwebana ke toropo e e mo kgaolong ya  bokonebotlhaba jwa  Botswana, go bapa le molelwane wa kwa botlhaba. Mo ntlheng e nngwe go motse wa  Plumtree mo, Zimbabwe. Toropo e e ikaegile fa bokopanelong jwa seporo gare ga Francistown gape le Bulawayo mo, Zimbabwe.Letso la batho ba ba tlholegang kwa toropong e ke bakalaka bangwe ke matebele a saleng a sitse mo Botswana ka nako ya dintlwa tsa bogologolo.Puo e e buiwang ke batho ke Setebele,Sekalaka le Setswana..

Ramokgwebana o golagangwa ke tsela ya A1 e e tswang mo toropong ya Francistown go ya Kwa Zimbabwe.Tsela e e ne ya ntshafadiwa mabaka e le gore e ne e baka dikotsi tse di neng di fetsa matshelo a batho fa go le dipula Ramokgwebana.Tsela ya A1 e agiwa ke kompone ya Sinohydro Corporation Limited.A1 e ne e tshwanetse go wediwa ka Morule a tlhola masome a mararo le motso mme letsatsi le le ne la atlolosiwa ka mabaka a dipula tse di neng di kgoreletsa le go fuduga ga kompone e.




#Article 120: Koranta ya Mmegi (961 words)


Mmegi   ke koranta ya puo ya sekgowa mo lefatsheng mo Botswana. E simolodisitswe ka ngwaga wa 1984, e kile yabo e anamisiwa malatsi otlhe ke baanamisi ba ntlo ya Dikgang  mo toropokgolo ,  Gaborone. 'Mmegi  e kile yabo ele yone koranta fela ya mo Botswana e e ikemetseng ka nosi e anamisiwa malatsi otlhe.

Leina la Koranta le raya mmoledi ka Setswana gape News we need to know. Go tsweng ka ngwaga wa 1989 e e ne e bidiwa Mmegi wa Dikgang/moboledi.

PALAPYE - Go lebega temo ya monongwaga e tlaa nna boutsana fela thata fa e tshwantshanngwa le ya ngwaga o o fetileng ka mabaka a pula e e kwa tlase, e e neleng morago.
Se se tlhomamisitswe ke molemisi wa Palapye Rre Badiredi Motsatsing mo potsolosong le lekanana la dikgang la BOPA.
O tlhalositse fa ngogola mo sebakeng se, ba ne ba setse ba sekasekile ditema tsa selekanyo sa diekere tse di masome a matlhano, fa monongwaga ba sekasekile tshimo e le nngwe ya diekere tse 1.308 fela.
Rre Motsatsing o boletse fa balemi ba tsweletse ka go baya ditema le mororo go na le tlhaelo ya dijwalo le menontshane, mo go ka feletsang go isa temo kwa tlase.
O ne gape a ntsha matshwenyego a tlhaelo ya dipolantara.
A re le ntswa ba rotloetsa balemi go lema ka ditselana ka go na le maduo a a botoka, boraditerekere ga ba na didirisiwa tsa go nna jalo.
O ne a tlatsa ka gore boraditerekere ba a gaisana kwa go lemeng ka go gasa ka go na le madi a mantsi go na le go lema ka ditselana.
O kaile fa balemi ba sa tsise thobo ya bone kwa diofising morago ga temo.
A re se se ka baya lefatshe ka fa mosing go dira ditshekatsheko tsa dijo, bogolo jang fa go lebilwe selekanyo sa thobo mo lefatsheng le gore go ka batliwa dife kwa ntle ga lefatshe.
O ne a tswelela ka go rotloetsa boraditerekere go reka didirisiwa tsa temo tsa segompieno jaaka dipolantara ka di ka thusa go bona thobo e e botoka.
O rotloeditse gape balemi go ipeela dipeo go itsa gore e re fa puso e tlhaelelwa ke dipeo ka nako ya temo, ba bo ba ema fela. 

TUTUME - Banni ba metse ya Maitengwe, Dagwi le Changate ba kopilwe go nna le seabe go diragatsa maikaelelo a Tebelopele ya setshaba ya 2016.
Kopo eo e ntshitswe ke mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Rre Edwin Batshu, fa a buisa diphuthego tsa kgotla mo metseng eo, ka Mosupologo.
Rre Batshu a re matshego ao, ga a itebaganya le batho ba ba rileng mme ke a Motswana mongwe le mongwe.
A re go nna setshaba se se rutegileng se na le kitso le mogodi go a kgonagala go diragatse tseo ka metlhale ya go rutega le go na le kitso e mentsi ebile ba ka e abelana le ba bangwe.
A re go nna setshaba se se sirelegileng ga go bewe mo mapodising kana fela ba itshireletso
A re setshaba se tshwanetse go lwantsha borukutlhi, go tlhokomela loruo, le go tlogela mokgwa wa go thapa batswakwa ba ba se nang diteseletso.
Rre Batshu a re ka seo ba tlaa bo ba diragatsa letshego leo.
Mo go tse dingwe o ne a kopa banni ba metse eo, go tlogela diphapaano tsa sepolotiki ka jalo ba nne batho ba ba bopaganeng ba na le maikaelelo le maikemisetso a go tsweledisa metse ka ditlhabololo ba le moono mongwe wa go direla setshaba le lefatshe.
A re fa ba ka nna le botho, ba bereka ka tshwaragano le lerato go sena kilano ba ka isa metse ya bone kwa Tebelopele ya 2016.
A re ba le banni ba tshwanetse go tla ka maano/metlhale e e tla fokotsang seemo sa borukutlhi, koketsego ya masiela le go wela tlase ga thuo.
Rre Batshu o ne a ba kopa go dirisa bokgola jwa pula ya ntlha go ya go lema le go epa disana gore ba kgone go lema ka diterekere ka lenaneo la ISPAAD.
Banni ba metse eo, ba ne ba lela ka leruo la bone le le tlolelang molelwane kwa Zimbabwe, mme fa le tla mono le bo le bolawa.
Kwa motseng wa Maitengwe, banni ba ne ba kopa letamo le baka nosang leruo la bone. Kwa Dagwi ba ne ba ngongorega ka tsela, mooki mo kokelwaneng le go agelwa diofisi tsa kgotla.
Ba ne ba lela ka lephata la metsi le ba boletseng fa le tletse boitseme.
Ba bolela fa ba na le dingwaga ba dueletse go gokelwa metsi mo malwapeng nako kgolo ke neo, le mesele e ba ne ba laetswe go e epa e setse e katagesetse.
Selelo seo sa ba lephata la metsi se ne sa utlwala gape kwa motseng wa Changate.
Banni ba bolela fa bangwe ba duetse ka ngwaga wa 2007.
Fa a araba matshwenyego a banni bao, mookamela lephata la metsi mo khanseleng potlana ya Tutume, Rre Vincent Ragabane, o ne a solofetsa banni ba metse eo, fa ba tla thusiwa mo bogaufing.
Rre Ragabane a re motse wa Maitengwe o ne o na le palo e ntsi ya baikopedi ka jalo ba tsere nako e ntsi ba leka go gokela le go phatlalatsa metsi le motse ka bophara le go gokela mo malwapeng.
A solofetsa gore tiro ya kwa motseng oo e gaufi le go wela ka jalo ba tlaa bo ba simolola mo metseng eo, ka palo ya yone e le kwa tlase.
Mopalamente Batshu fa a akgela mo go mangwe a matshwenyego a banni o ne a bolela fa a ne a tsile go ba leboga le gore ba itsane.
A re ka dikgomo tse di bolawang di tloletse molelwane kwa Zimbabwe, ke maikaelelo a puso go nyeletsa bolwetse jwa tlhako le molomo.




#Article 121: Folaga ya sechaba sa Botswana (269 words)


Folaga ya setshaba ya Botswana ene ya tlhomiwa ka Lwetse a tlhola masome a mararo ngwaga wa 1966.Pele fa lefatshe la Botswana le tsaya bopuso ka kgwedi ya Lwetse a tlhola masome a mararo ngwaga wa 19966 Botswana o ne a bidiwa  British Prolectorate Bechuanaland a busiwa ke barongwa ba kwa Aferika Borwa.
Ka nako eo Folaga e ne e nale diribo tsa kopana le kgolokwe fagare ka mekwalo ya S.A.H.C. e e emetseng South Africa High Commission.
Ka Lwetse a tlhola masome a mararo ngwaga wa 1966 Botswana atsaya Boipuso Folaga e ntsha e ne ya dirwa e nale leina “Botswana”. Botswana o nale ledi le le nonofileng fela that go fetla mafatshe a Aferika.Folaga ga se letsela fela le le nang le sesupo.E tshwnetse go bua mo dipelong tsa batho le gone go fa molaetsa kwa bathong.Botswana ke lefatshe le le sha le le busitsweng dingwaga tse di lesome le boraro mme gape le nale ngomaelo e e atlegileng,re ka nna ra Bona Botswana e le mangwe a mafatshe a a eteletseng pele.

Folaga e nale mmala wa botala jwa loapi le yo kgabaganyang folaga ka bogare ole montsho , leyo  mosweu yo bonalang   le mebala e mengwe.  Mebala e e tsaya karolo ka selekanyo sa  9:1:4:1:9. Mmala wa botala jwa Loapi o emetse metsi, tota o raya pula, ebile otswa mo sekanong  sa Botswana se se mo Botswana coat-of-arms,se se kwadilweng gotwe Pula, seele sa Setswana se rayang Let there be rain. Mebala ya bontsho le bosweu e emetse Kagiso, mme gape e emetse pitse ya naga e e nang le mebala ya sekano sa Lefatshe.




#Article 122: Badimo (323 words)


Badimo ke leina le le tlholegang mo tumelong ya Batswana.Le fa buka ya bopaki ya lekgotla la dipatlisiso la CIA e tlhalosa fa selekanyo sa 6% ya batswana e le badumedi, mme nnete ke gore bontsi jwa Batswana ba dumela thata mo Badimong le fa ntswa ba dumela gape thata mo ditumelong tse dingwe di sele.Leina Badimo ga le reye fela batho ba ba tlhokafetseng, mme le raya batho ba ba tlhokafetseng mme mewa ya bone e ntse e tshela le batho mo lefatsheng.Ka ngwao ya se Aferika,Badimong e bong Batho ba ba tlhokafetseng ba tswelelwa ka go nna teng le go tsaya karolo mo matshelong a batho le mo ngwaong ya bone.

MaAfrika a le mantsi ba dumela gore Badimo ba teng ebile ba re sireletsa mo  baloying. Jalo fela jaaka Jeso Kreste (Badimo ba Jews). Ke ka moo gape re nang le Baporofeta, Mathuela le di Ngaka tsa Setswana.Fa o leba ka fa letlhakoreng le lengwe; go nale boloi jo bo tswewang bo sa siama mme batho bone ba nale tumelo ya gore badimo ba ka ba sireletsa mo go tsotlhe tse di ka amang matshelo a bone

Tumelo ya boKreste e farologana ka moo e dumelang mo Modimong ka teng le ka moo e tlhaloganyang boKreste ka teng. Sekao ke Kereke ya Efangele ya Luthere e e rutang mo Katekisimeng e nnye ka ga taolo ya ntlha gore BaKreste ba tshwanela ke go boifa le go rata le go ikanya Modimo godimo ga dilo tsotlhe. Dikereke di le dintsi di dumelana le se se tlhalosiwang ke tlhaloso ya taolo ya ntlha gore kobamelo ya batho e tshwanetse go lebisiwa kwa Modimong fela ebile kobamelo ya boaammaaruri ke kobamelo ya Modimo ka Jesu Kreste fela.
Le fa go ntse jalo, Dikereke tse dingwe di Ruta ebile di dumela fa Modimo o dirisana le badimo fa tse dingwe di Ruta gore kobamelo ya Modimo le badimo e ka kopanelwa go sena molato.




#Article 123: Pelonomi Venson-Moitoi (315 words)


Pelonomi Venson-Moitoi  ke Motswana mokwaladikgang gape le lepolotiki le le emetseng phuthego ya Botswana Democratic Party. O ne a tlhophiwa go ya lekgotleng le legolo le le dirang melao ka ngwaga wa 1999 e le mongwe wa leloko le le kgetlhegileng go tlhophiwa gape a tlhophiwa mo ditlhophong tsa ngwaga wa 2004.
Venson-Moitoi e ne e le tona wa mebereko, dipagamo le ditlhaeletsanyo go tsweng ka ngwaga wa 2001 go ya kwa go wa 2002 gape le tona wa dipapadi, madirelo, diphologolo le Bojanala go tsweng ka ngwaga wa 2002 go ya kwa go 2004.
O ne a tlhomiwa go nna tona wa ditlhaeletsanyo le maranyane kwa khudutlhamageng ka ngwaga wa 2004. Mo khudutlhamageng ya ngwaga wa 2009, Venson-Moitoi o ne a tlhomiwa go nna tona wa ditlhaeletsanyo,maranyane le kakanyo. O ne a tla ka metlhale ya go tlhabolola itsholelo ya lefatshe ka tiriso ya Maranyane a ICT. Ebile o ne a akaretsa tiriso ya maranyane mo dithung tsa baithuto,mo e le nngwe tsela ya go tlhabolola maduo a bone.

Mme Venson o direla kwa lephateng la thuto e le tona wa lone.O ikemiseditse go thusa baithuti le barutabana ka tsotlhe dithuso tse ba ka di tlhokang. Pelonomi Venson-Moitoi o ne a tswa ka leano la go thusa baithuti ba dikolo tsa ithutelo tiro ka go ba duelela madi gore ba tsene dikolo kwa mafatsheng a sele, se e le tsele ya gore ba atswe maranyane le kitso tsa mafatshe a sele mme e re morago ba bowa ba kgone go tla go thusa lefatshe mo go tlhabologeng.

Venson o diretse lefatshe la Botswana ka lobaka le le leele. Ke ka moo a nang le tirisanyo mmogo le maloko a palamente.Bopelotele jwa gagwe mo tirong bo thusa lefatshe go tswelela le tlhabologa. Botswerere jwa gagwe bo ka nna jwa felela bo dirile gore a felele a tlhophilwe go nna mothusa tautona wa lefatshe la Botswana.




#Article 124: Mababe (442 words)


 
Mababe  ke motsana yo mo kgaolong ya bokone bophirima jwa Botswana. Motse o mo botlhaba jwa kgaolo e, gape motse o na le sekole se se potlana. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile lekgolo le masome a matlhano le bosupa.

Mababe le dikgaolong ya Maun di akgoletswe tiro e ekgatlisang mo go gateleng pele mo kgwele ya dinaong.Komiti e e tsamaisang metshameko ya banana ya Constituency Tournament ya Maun e galaleditse maphata a a ba thusang segolo jang ka bodiredi, dipagamo le tse dingwe ka dinako tsotlhe fa e kopa dilo tsa go nna jalo.
Go buile jalo mothusa molaodi Mme Gaehetswe Maphakwane mo phuthegong ya go lebogela tirisano ya komiti le maphata a a thusang ka didirisiwa ka dinako tsotlhe, a re fa e ne e se ka tirisano eo kgaolo eo e ka bo e sa kgone go bona maduo a e a bonang.
Mme Maphakwane a re go le gantsi kgaolo ya Maun ga e ke e tlhoka go tsenelela metshameko eo go twe ga go na dikoloi kana dilo dingwe ka jaana komiti e agilwe ka badirela puso ba maphata ka bontsi ka jalo therisano e nna e le teng.

Mme Maphakwane o ne a itsese komiti ya gagwe gore tikologo ya bosupa e a simologa mme a re gore ba tswelele ka phenyo ya bone, ke gone gore ba godise tirisano e e ntseng e le teng.
O tlhalositse fa bothata jwa kgaolo e le fela gore ga e tsewe sentle kwa e felelang e tshameka teng ka jaana e nna e fenya ka matshwao a a kwa godimo mme go setse go lebega o ka re jaanong ga ba a tshwarana sentle le bagolwane ba dikgaolo tseo.
Mogolwane wa Lephata la Metshameko kwa Maun, Rre Othata Dikobe ene o ne a leboga komiti eo, a re e ne ya thusa kgaolo ya Chobe e e neng e na le bothata jwa go simolodisa metshameko eo kwa dikgaolong tsa Sankoyo, Mababe, Khwai le Savuti ka ntlha ya go tlhoka dipagamo.
O tlhalositse gore Chobe e mo setlhopheng sa bobedi (Group 2), mme a re e tshwanelwa ke go thusiwa fa e na le mathata, a re o leboga thata gore go fitlha jaanong, go bo go ise go nne le bothata bope kana dingongorego dipe ka maloko mangwe a komiti.
Bangwe ba maphata ba ba neng ba tsene pitso eo ba ne ba leboga thata ka ba re se se ba itumedisang segolo bogolo ke gore ga go na dingongorego ka batho ba bone ba ba ba ntshitseng go tsena mo komiting mme ba re ke bosupi jwa tirisano e e tlileng.




#Article 125: Polokelo ya madi ya ABC (300 words)


Polokelo ya madi ya ABC  ke polokelo ya mo Aferika e e thusa ka madi,dikagokgolo tsa yone di kwa  Gaborone mo, Botswana. Polokelo ya ABC e nale makalana mo Aferika mo mafatsheng a a latlelang: Botswana, Mozambique, Tanzania, Zambia le Zimbabwe. Lesomo le le tshwereng bodiredi jwa phuthego e le bidiwa ABC Holdings Limited . Baabi ba  diabe ba lesomo le le tshwereng, ba supiwa mo Papadisanyong ya diabe tsa Botswana  (BSE) gape le mo Papadisanyong ya diabe tsa Zimbabwe (ZSE), kwa di rekisang ka sekano sa: ABCH .

Polokelo ya madi e ke yone e e fang dithuso tsa madi mo borwa jwa Aferika gape le ntlha tse dingwe tsa  botlhaba jwa Aferika. , didirisiwa tsa setlhopha sa polokelo ya madi di ne tsa lopa tlhwatlhwa tse di fetlang  selekanyo sa US$:932 million,le tekatekano ya baabelani ya tlhwatlhwa tse di fetlang US$67.9 million.

Tshimolodiso ya  ABC Holdings Limited e simolotse ka kgaoganyo gareng ga polokelo ya madi  ya First Merchant  (FMB) le polokelo ya madi ya Heritage Investment(HIB) ka ngwaga wa 1997. ABC Holdings Limited e ne ya kwadisiwa gape ya sobokiwa mo Papadisanyong ya diabe ya Botswana, le tshoboko ya bobedi mo Papadisanyong ya diabe tsa Zimbabwe ka ngwaga wa 2000. Komiti e e abang ditlankana ya Botswana International Financial Services Centre (IFSC) e ne ya abela IFSC tsotlhe boemo kwa go ba ABC Holdings Limited  gape le African Banking Corporation (International) Limited , e e leng leloko le le feletseng la ABC Holdings Limited. Ka kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2009, polokelo e ya ipitsa BancABC.

Ka Motsheganong ngwaga wa 2009, maloko a baabelani le go akaretsa ba bangwe: Old Mutual, Botswana Insurance Fund Managers (BIFM),le International Finance Corporation (IFC) gape le Citi Venture Capital Investments - the investment arm of Citibank. Bona tafole kwa tlase:




#Article 126: Motse wa Malatswai (658 words)


 
Malatswai ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o dikhilomethara di le masome mabedi kwa bokone bophirima jwa Mahalapye, gape o na le sekolo se se botlana. Mo palong bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a borobabobedi, masome a bosupa le bongwe.

Banni ba metse ya Malatswai, Dimajwe le Mmashoro ba kopilwe go nna pelotelele go emela gore itsholelo ya lefatshe leno e boele mannong, ka ke gone ditlamelo tsa metse ya bone di tlaa tsibogelwang.Ba boleletswe jalo kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya bone ya Serowe Bokone Bophirima, Rre Tshekedi Khama, fa ba arabiwa ka ga tse ba di kopileng jaaka megala ya mosokela tsebeng kwa diofising tsa puso, koloi ya mapodisi go lwantsha borukutlhi le tse dingwe.Ba Malatswai ba ngongoregile ka khiro ya go kgaola ditlhare mo ditseleng, ba re ba lephata la ditsela ba hira banni ba motse wa Mmashoro go tswa kwa motseng oo go goroga kwa go wa Malatswai, mme ba kopa go kgaoganyediwa gore le bone ba bone go itshetsa.Kwa Dimajwe, banni ba ngongoregile ka tsela e e saleng e tshetswe mmu go e baakanya, mokhanselara o ne a solofetsa fa go le gaufi gore e simololowe ka thendara e setse e dule.
Mopalamente le ene o ne a supa fa a tshwenyegile thata ka ntlha ya lebaka le le tserweng go baakanya tsela eo.Monana mongwe o kopile puso go romela badirela puso ba maphata a a farologaneng a mananeo a dithuso go etela motse wa bone, go ba rutuntsha ka one ka ba le mo lefifing fela ka mananeo a puso.Modulasetilo wa Mmashoro o ne a ngongorega ka boimana jwa baithuti ba sekole se segolwane sa motse oo, a re batsadi bangwe ba rotloetsa mowa wa boitaolo ka go ba rekisetsa ditagi.Ba Mmashoro ba kopile go fiwa motshine wa bobedi wa go jesa bolase ka kgaolo eo e dirisa o le mongwe fela mme go tlhokega wa bobedi go tsweledisa tiro fa o mongwe o ile merakeng.Mopalamente o ne a kopile ba kompone ya Kalahari Gas e e gaufi le motse wa Mmashoro go tla go tlhalosetsa banni ba motse oo, gore ba bokgakala bo kae le go simolola tiro ya go fetlha gase.Mogolwane wa kompone eo Rre Trevor Corrivan, o tlhalositse fa tiro ya go fetlha gas e sa ntse e le kgakala ka ba sa ntse ba tsweletse ka dipaakanyo.A re se a se solofetsang Batswana ke gore go tlile go thapiwa batho ba bantsi ka ditiro tsa teng di farologane mme di tlhoka go dirwa bosigo le motshegare malatsi otlhe, e bile go tlhoka tlhokomelo e e tseneletseng.Mopalamente o ne a tlhalosetsa banni ba metse eo ka ga ngalo ditiro.O tlhalositse gore itsholelo e ka tswa e ne ya amiwa ke ngalo ditiro e e neg ya diragala mo bosheng.

Mapodisi a Letlhakane a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di masome a mane le botlhano a fitlhetsweng a akgega mo setlhareng a ikaleditse. Mogolwane wa mapodisi a Letlhakane Rre Loeto Ramabokwa, o boleletse lekalana Bopa mo potsolotsong gore monna yoo o bonwe ka Labobedi ke mofeti-ka-tsela yo o neng a ya kwa mabitleng mme a ya go begela mapodisi.
Rre Ramabokwa a re ba ne ba ya kwa lefelong la tiragalo, kwa ba fitlhetseng monna yoo a lepeletse mo setlhareng, a ikaleditse ka terata. O boletse fa monna yoo a tlholega kwa motseng wa Malatswai mo kgaolong ya legare, mme go sa itsiwe se se ka tswang se bakile gore a ipolae ka jaana a sa tlogela molaetsa.
Rre Ramabokwa o ne a tlhalosa le go re setopo sa gagwe se kwa setsidifatsing kwa kokelong ya Letlhakane, se letetse go tlhatlhobiwa ke dingaka. O bile a re go ipolaya ga se yone tharabololo ya mathata a re gagwe le gape ba gakolola batho gore fa ba na le mathata ba kope thuso mo batsading, bommaboipelego le baruti.




#Article 127: Lokgwabe (275 words)


 
Lokgwabe  ke motse o o mo kgaolwaneng ya Kgalagadi e mo Botswana. Motse o fitlhelwa kwa sekakeng sa Kalahari Desert motse o gape o nale sekole se se potlana. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le sekete, makgolo a mararo le  bone.

Mothusa modulasetilo wa khansele ya Kgalagadi, Rre Aidoo Leshope, o kopile banana ba Lokgwabe go itshekatsheka le go ikaga sesha.
Rre Leshope o buile jalo kwa phitlhong ya baratani bangwe ba ba neng ba ikgapela matshelo bosheng kwa Lokgwabe.
O kgadile fela thata ditiro tsa dipolaano tse di tlhotlhelediwang segolo bogolo ke go sa iketlang ga marato a banana, mme a dira boikuelo mo bananeng gore ba seka ba itlhaganelela go inaakanya le tsa tlhakanelo dikobo ba ise ba tlhaloganye dintlha dingwe tsa botshelo.

Rre Leshope, yo gape e leng mokhanselara wa Lokgwabe, a re go tlhabisa ditlhong gore banana ba motse oo ba bo ba inaakantse le go senya leina la one le lentle.

O tsweletse ka go ba kgothatsa go ikaga le go netefatsa gore ba nna le seabe mo go ageng bokamoso jwa bone.E rile a tswa la gagwe, Kgosi Clerkson Molatole a kopa batsadi go nna bokao mo matshelong a bana ba bone.

Kgosi Molatole o ne gape a kopa batsadi go lesa mokgwa wa go bipa mpa ka mabele nako tsotlhe fa bana ba bone ba dirile molato, mme ba ba tsise fa pele ga lekgotla ba tle go arabela melato eo.

Mopalamente wa kgaolo, Rre Phillip Khwae, one a kopa banana go kopa thuso mo go ba boipelego fa ba na le mathata go na le go bolaana le go ikgapela matshelo.




#Article 128: Toropo ya Mahalapye (1305 words)


Mahalapye  ke toropo e e bonwang mo kgaolong ya legare ya Botswana.
Motse yo o nale banni ba ka nna makgolokgolo,masome a mararo le borobabongwe gape o ikaegile fa thoko ga tsele e e tona  gareng ga toropo kgolo Gaborone le ya toropo ya bobedi ya Francistown.
Mahalapye o nale maemelo a di dipagamo, maemelo a terena, mafelo a bogorogelo a baeng gape le mafelo a marekisetso a a nang  le mabentlele gape le marekisetso a dijo tse di apeilweng. E nale marekisetso a leokwane a le mmalwa, a mangwe a bulwa bosigo jotlhe. Go bo Motse yo o le gaufi le  Sekaka sa Kalahari go molelo, le megobe e e mo motseng e kgadile fa e se ka paka ya dipula. Mo dinakong tsa gompieno, e sa tswa go nna toropo ya boemelo jwa nakwana mo baeting go ya le go bowa kwa Gaborone.

Matlhogotshweu ba iteile kgomo lenaka fa ba ne ba re maano a botshelo ga a site go sita a loso.Batswana ka go farologana ba tlhaloganya Setswana se ka ditsela tse di sa tshwaneng mme ba se dirise go tokafatsa matshelo a bone.Rre Joseph Puso wa Mahalapye a re e rile go bona letlhoko la mmereko a tswa ka leano la go roka ditlhako gore bogolo a bone se a ka itshetsang ka sone.A re e sale a simolola ga a ise a tlhole a boela kwa morago go fitlhela mo nakong eno.Rre Puso o boleletse ba lekalana la dikgang la BOPA gore o simolotse go roka ditlhako bogologolo mo Gaborone mme e rile a bona a ketefalelwa ke dikgwetlho tsa toropo a bona go le botoka go tla go leka kgwebo ya gagwe mo Mahalapye.A re e rile a simolola o ne a lopa P5 go baakanya ditlhako, mme a tlhalosa fa mo nakong eno ditlhwatlhwa tsa gagwe di oketsegile mo a kgonang go lopa P40 mo setlhakong bogolo jang fa se tlhokana le go baakangwa thata.O tlhalosa gore gantsi batho ba ba tlisang ditlhako ke basadi gore di tsenngwe direthe mme a kopa banna go mo etleetsa ka dipalo tse di bonalang. Puso a re kgwebo ya go roka ditlhako le yone fela jaaka tse dingwe e na le dikgwetlho tse dintsi jaaka go tlhoka lefelo le a ka rokelang teng. Mo nakong eno o rokela ka fa tlase ga moriti gone mo mmolong wa Mahalapye.A re fa seemo sa lewapi se fetoga bogolo jang fa go le diphefo le dipula o tlamega go tswala, selo se a reng se dira gore a felele a sa dira dipoelo.A re le fa a ne a ka bona dithuso di tshwana le madi a go reka mochine o o rokang ditlhako o ne a ka bona dipoelo tse dintsi ka jaana go roka ka diatla go bonya.Mo go tse dingwe Puso a re kgwebo ya go roka ditlhako e na le madi fa batho ba duela sentle, mme a rotloetsa ba ba e eletsang go e dira go nna pelo telele.

Makhanselara a kgaolo potlana ya Mahalapye ba boleletswe fa khansele ya legare e abetswe P21 million go dirisiwa mo ditirong tsa lenaneo la Ipelegeng mo ngwageng wa madi wa 2009/2010.
Se se boletswe ke balomaganya ditiro tsa lenaneo la Ipelegeng mo kgaolong potlana ya Mahalapye, Mme Keitumetse Batshu le Rre Gerald Mahumba mo phuthegong ya khansele potlana e mo go yone khansele e neng e begelwa ka ditiro tse di tsweletseng.
Rre Mahumba le Mme Batsu ba boleletse makhanselara gore lenaneo leo, le e leng la sennela ruri le abetswe P21 million e le madi a a tlaa dirisiwang mo ditirong di le 194 kwa dikgaolong tsa botlhophi tsa Mahalapye botlhaba, Mahalapye bophirima le Tswapong tse go bolelwang di thapa batho ba le 2 652 kgwedi le kgwedi.
Ba re le fa lenaneo leo, le mo nakong eno go setseng go dirisitswe P4 799 590 le thapile batho ba le 719 mo kgaolong ya Mahalapye bophirima, ba le 710 kwa Tswapong borwa, ba le 614 mo Mahalapye botlhaba le ba 613 kwa kgaolong ya Shoshong.
Ba re le fa lenaneo leo, le le itebagantseng le ditiro di tshwana le kagelelo ya mabitla, go tlhoba dikole, go phepafatsa tikologo, go katolola mesele le go thapa mapodisi a tikologo le tsweletse sentle, sebe sa phiri ke tlhaelo ya dikoloi tse di isang didirisiwa tsa kago kwa dikgaolong, boitseme jwa babereki bangwe ba Ipelegeng le boeteledipele jo bo reketlang jwa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo ka e le bone ba neilweng tshwanelo ya go thapa babereki.
Mo phuthegong eo, makhanselara a boletse fa ditiro dingwe di tshwana le kago ya metshelakgabo kwa Poloka/Dibete, Palla-road/Mmaphashalala, Mosolotshane/Moralane, Otse/Mokgenene le tsela ya Chadibe/Matlhako di weditswe fa dingwe tsa tsone di le gaufi le go wediwa.
Mogolwane wa tsa ditogamaano mo khanseleng ya Mahalapye Mme Kealeboga Kwailane, o boletse fa dingwe tsa ditiro tse di dirwang e le go shafadiwa ga dikokelwana le dikole kwa metsing ya Mokgenene, Ikongwe, Otse, Chadibe, Moshopha, Poloka gammogo le go gokelwa ga motlakase mo dikoleng tse dipotlana kwa dikgaolong tsa Shoshong, Mahalapye le Tswapong borwa.
Mabapi le ngongorego ya makhanselara ya tlhaelo ya metsi mo kgaolong ka bophara, Mme Kwailane o tlhalositse fa go tsweletswe le go lwantsha seemo seo ka go gokela dipompo mo sedibeng se se tlaa nosang motse wa Poloka le go gokelela sediba se se tlaa nosang motse wa Pilikwe, mme a bolela fa tiro ya Pilikwe e sa wediwa ka jaana beng ba konteraka e neng e thapetswe tiro eo ene ya phuaganya tiro e sa felelediwa.
E rile makhanselara a tswa la bone ba lebogela thata lenaneo la Ipelegeng ka ba re le diretse Batswana ba le bantsi ditiro tse ba tlaa itshetsang ka tsone, mme ba re ba ngongorisiwa ke dituelo tse di kwa tlase tse di newang batho ba ba berekang mo Ipelegeng.
Makhanselara a kgaletse badiri ba khansele go tlhoka go tseela dikgato beng ba dikonteraka tse di tlogelang ditiro di sa wediwa le mororo ba tsere bontlha bongwe jwa dituelo.
Ba kopile mokwaledi wa khansele le molaodi go akanyetse go agela batho ba tennyanateng kwa metseng ya Moralane, Otse, Mokgenene le Poloka matlo a boroko ka lenaneo la Ipelegeng gore e re ka ngwaga wa 2016 batho bao ba bo ba na le matlo a a ka itepatepanyang le merwalela.

Jaaka toropo ya Mahalapye e le boemelo jwa nakwana go nale dikotsi tse di tlhagogang ganngwe le gape tse di tlhobaetsang.Mapodise a Mahalapye a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone batho ba le babedi ba neng ba tlhokafala fa koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e thulana le khombi mo tseleng ya Gaborone/Francistown.Mothusa mookamela mapodise a Mahalapye Superintendent Tawana Tawana a re kotsi eo, e diragetse ka Labobedi wa beke eno, gaufi le meraka ya Morale.O bega fa koloi eo e ne e tswa kwa Mahalapye e ya kwa borwa fa khombi yone e ne e tswa Gaborone e ya kwa bokone.A re batho bao, ba botlhe e leng banna, go tlhomamisitswe fa ba tlhokafetse fa ba goroga mo kokelong ya Mahalapye.Rre Tawana o boleletse ba BOPA gore batho ba le lesome le boraro ba ba neng ba palame khombi ba ne ba alafelwa dikgobalo tse dipotlana le letshogo, mme morago ba gololwa go ya magaeng ka lone letsatsi leo. A re e re ka ba ise ba itse kwa batho ba babedi bao ba tlholegang teng e bile ba masika ba ise ba itsisiwe, maina a bone a sa ntse a lobilwe fa ditlhotlhomiso tsa mapodise tsone di sa ntse di tsweletse go bona se se bakileng kotsi eo.

Mahalapye ke toropo e santse e tla tlhabololwa ka gore ke yone toropo e baeti ba fetlang ka yone go ya mafelong a a farologanyeng.Itsholelo ya toropo e e a tlokafala fela thata,lebaka e le gore batho ba inakantse le dikgwebo tse di nang le poelo e e ntsi.




#Article 129: Maru a Pula School (360 words)


Sekolo sa Maru-a-Pula   ke sekolo se se ikemetseng , mo dithutong tsotlhe, se se golwane se se bonwang mo Gaborone, Botswana. Se simolotswe ka ngwaga wa 1972, ebile se godile go tsweng mo setlhopheng sa baithuti ba le masome a mabedi le botlhano go ya kwa palong ya baithuti ba le makgolo a marataro le masome a matlhano. Maru-a-Pula se ruta dithuto tsa tlhwatlhwa, le baithuti ba ba kwalang ditlhatlhobo tse di tsewang tsia lefatshe ka bophara tse di akaretsang  Cambridge International General Certificate of Secondary Education (IGCSE) gape le tsa GCE (ditlhatlhobo tsa legatlo la tswelelo go tsena mo Mmadikolo). E ka ne e le 25% ya baithuti ba ba nnang mo sekolong. Bontlha bongwe jwa baithuti ke Batswana,mme go fetla ba le mafatshe a le masome a mane a emetswe, go akaretsa United States, India, England, South Africa, Nigeria, China, Zimbabwe, gape le Romania.

Sekolo se se kile sa tshegetsa dikgaisano tsa World Individual Debating and Public Speaking Championships ka ngwaga wa 1999 gape sa romela ditlhopha tsa baemedi tse pedi go tsenelela dikgaisano ka ngwaga wa 2008 tsa Championships in Stuttgart.

Sekolo sa Maru a pula se dirisa motlhale wa boleng jo bo kwa godimo mo go amogeleng moithuti go nna moithuti wa sekolo.Gore moithuti a tsene mo sekolong o tshwanetse go bo a pasitse ka maduo a a nametsang.Sekolo se se itsege lefatshe ka bophara ka jalo se se lopa gore ba ntshe maduo a a kgatlhisang gore ba kgone go amogela bauthuti ba ba le bantsi.Motho yo o batlang go nna moithuti wa sekolo o tshwanetse gore a bo a pasitse potsotherisano(Interview) ya bone ebile a nale maduo a A,B,C fela.

Mo sekolong go nale metshameko ka go farologana jaaka Kgwele ya dinao le emengwe fela jalo.Baithuti ba nale bokgoni jwa go itlhophela se ba batlang go se tshameka ba lebile bokgoni jwa bone.Baithuti ba kgona go tsamaya mesepele go iteisana borathana le ba dikolo tse dingwe.Mme se tlisa botsalano fa gare ga baithuti.

Maru a pula ke nngwe ya dikolo tse di fang thuto ya maemo a ntlha mo lefatsheng la Botswana.Batho ka bontsi ba batla go tsenya bana ba bone teng mo sekolong.




#Article 130: Palo ya matamo le mabolokelo a metsi mo Botswana (509 words)


Tse di latelang ke thekegelo ya palo ya matamo  le mabolokelo a metsi mo Botswana . 

Metsi a a tshedisa. A nosetsa masimo a balemi; a nosetsa dijalo ebile a
nosa leruo la batho ba metse-selegae; a naya boitlosobodutu; a tshegetsa
go dirwa ga motlakase wa rona, ditoropo tsa rona le metse-setoropo, meepo
ya rona, madirelo a rona le ditlhare le diphologolo tse e leng bontlhanngwe
jwa boswa jwa rona jwa tlholego.Metsi a a ka ikanngwang, a a siameng go nowa, metsi a go tsamaisa leswe le a go boloka bophepa le metsi a go godisa dijalo a botlhokwa thata go namola khumanego mo Afrika Borweng. Go tlhabololwa ga metse-selegae le go ntshafadiwa ga metse-setoropo ka bobedi go ikaegile ka metsi gore
go fitlhelelwe mekgele eo.Boikarabelo jwa konokono jwa Lephata la Merero ya Metsi le Dikgwa ke go tlhomamisa gore metsi a a lekaneng a boleng jo bo space dumelelwang a teng go kgotsofatsa ditlhoko tsa batho le go tshegetsa tlhabololo ya merero ya itsholelo le ya batho.

Lefatshe la Botswana le ntse le nosiwa metsi ke makalana a a farologaneng mo dingwageng tse di fetileng. Water Utilities Corporation e ntse e nosa ditoropo le ditoropo dikgolo. Mo godimo ga moo, e ntse e thusa Lephata la Metsi le Dikhansele tsa Dikgaolo ka bokete jwa metsi go abiwa le mafelo a mangwe a lefatshe leno. Maikaelelo a Lenaneo la go Dira Diphetogo mo Mhameng wa Metsi ke go baakanya ditsamaiso tse marara mme ka jalo go nne bonolo go isa metsi kwa bathong.
Ke eng se se tlamileng gore go diragadiwe Lenaneo la Diphetogo tsa Mhama wa Metsi?
Kanoko ya Lenaneo Legolo la Sechaba la Phatlalatso Metsi la 2005-2006, le ne la re go dirwe diphetogo tse dikgolo mo mhameng wa metsi, mme dingwe tsa tsone e le gore, go kgaoganngwe tsamaiso ya mhama wa metsi le makalana a mangwe a a thusang ka ditirelo. Morago ga dikanoko tse, ba ne ba gakolola gore Water Utilities Corporation e tseye tsamaiso yotlhe ya go nosa lefatshe leno.
Go tla a tsewa metse efe la ntlha?
Gore go tla a tsewa metse efe lantlha, go tla a laolwa ke mabaka a a farologaneng, mabaka a tshwana le gore ke metse efe e e nang le ditlamelo tse di setseng di siametswe go tsewa mme ke metse efe e ditlamelo tsa yone di sa ntseng di tshwanelwa ke go tlhabololwa seemo pele, jalo le jalo pele ga e tsewa. Metse e e nang le ditlamelo tse di e golaganyang le e mengwe le yone e ka nna ya tsewa ka nako yone eo. Thulaganyo eno e tla a dira gore dikgaolo le dikgaolo-potlana di sobokiwe di nne setlhopha mme di bo di ka tseelwa gongwe fa go ka kgonegang teng.
Tsamaiso eno e tsile go goga lobaka lo lo kae?
Go ya ka thulaganyo eno, Water Utilities Corporation e tla a tsaya ditsamaiso tsotlhe tsa metsi a a nowang mo Lefatsheng leno le ditirelo tsotlhe tsa metsi a a dirisitsweng mo dingwageng tse tlhano tse di tlang, go simolola ka Motsheganong 2009.




#Article 131: Phathi ya Tomokoraga (573 words)


Phathi ya Tomokoraga(BDP) ke phathi ee busang mo Botswana.  Modulasetilo wa yone ke rre Daniel Kwelagobe.

BDP e thailwe ke rre Seretse Khama, yo o akgolelwang go kgolo ya itsholelo le sepolotiki sa Botswana. Phathi e e thaetswe mo magaeng a setswana, ebile ka dinako dingwe  e ne e tle e bidiwe phathi ya kgosing(go tewa Seretse Khama). Mo ditlhophong tsa bofelo, phathi e e ne e gapile masome a matlhano le boraro mo lekgolong(53.26%) a ditlhopho tse di tlwaelesegileng le ditilo dile masome amane(45) mo go tse masome a matlhano le bosupa(57). Ntlhopheng wa phathi ya Tomokoraga Ian Khama ke ene tautona wa Botswana gompieno. 

Ka ngwaga wa 1961 ,Seretse Khama o thaile phathi e. Pele ga boipuso bo tsewa ka ngwaga wa 1966, e ne e bidiwa kana e itsege ka leina la Bechuanaland Democratic Party. E rile ka kgwedi ya Phalane  e tlohla malatsi a le masome a mararo ka 1966,dikeletso tsa ga khama tsa go ipusa tsa atlega. Mo ditlhophong tsa ntlha tsa botlhe ka ngwaga wa 1965,phathi ya gapa ditilo tse di masome a mabedi le borobabobedi  mo go tse masome a mararo le bongwe. Khama a nna tautona wa Botswana.

E ntse e le yone phathi e e itsegeng mo ditlhophong tsotlhe go simolola nako e boipuso bo neng bo tswewa. ka fa tlase ga boeteedipele jwa Phathi ya tomokoraga ,tlhabolo ya tsa tsa itsholelo e godile fela thata. Botswana o atlegile  ka maemo aa kwa godimo mo ditlhabololong le puso ya batho ka batho.

Rre Festus Mogae o dirile ele ene tautona wa lefatshe go tloga ngwga wa 1998 go fitlha 2008. O ne a abelwa tlotla ya Grand Cross of the Legion d'honneur ke Tautona wa French rre Nicolas Sarkozy ka kgwedi ya mopitlo e le masome a mabedi ka go nna sekai mo bogoging le go dira Botswana  seelo sa puso ya batho ka batho le go busa ka tshiamo. Rre Mogae o ile a gapa Ibrahim Prize  ka 2008 ele katlego mo boeteledipeleng jwa Africa

Rre Ian Khama, ngwana wa ga tautona wa pele rre Seretse Khama, o tseneletse phathi e pele ga ditlhopho tsa 1999. Mo bogompienong  phathi e faraferwe ke makgamu ebile ba ela dilo tlhoko bare fa botho/maitseo  asa gatelelwe,phathi e e tla thubega. lekgamu lengwe(le le ipitsang  Barata-Phathi) le eteletswe pele ke rre Ponatshego Kedikilwe, le mokwaledi mogolo wa pele rre Daniel Kwelagobe,fa  lekgamu le lengwe (le le ipitsang The A Team) le eteletswe pele ke matona ;rre Jacob Nkate le Mompati Merafhe. Lekgamu le lengwe la A team le ne le eteletswe pele lantlha ke Tautona  rre Festus Mogae le mothusi wa gagwe rre Ian Khama. Bobeding jwa bone ba ikgoetse ko ntle ga makgamu a le fa ntswa ba ntse ele maloko a 'The A Team

E rile kgedi ya Moranang e tlhola letsatsi ka 2008,rre Ian Khama a tlahtlogela mo maemong a botautona ele tautona wa bone wa lefatshe la Botswana, ka go rialo a tlogela bodulasetilo jwa BDP Phatlha  ya bodulasetilo e ne jaanong ya tsewa ke modiri yo o boikanyego  le yo o berekileng ka lobaka Daniel Kwelagobe.

 Mo ikanisong ya gagwe, rre Ian Khama o nankotse tebelopele ya setshaba ya 2016.

Mo bosheng Phathi e kgaogane,Barata Phathi ya itlhamela Botswana Movement for Democracy,jaanong a-team le maloko a mangwe a Barata Phathi a setse kwa Tomokoraga,se se tla morago ga go palelwa ke go buisanya magareng gta makgamu ka rre K Masire(tautona wa pele).




#Article 132: Pasa ya Botswana (1066 words)


Pasa ya Botswana  e fiwa banni ba Botswana fa ba etela mafatshe a sele.

Batswana ka kakaretso ba kopilwe go dira teseleto ya mosepele e ntsha ya pasa ya e-passport.Se se builwe ke modiri mo lephateng la mosepele le boagedi Rre Metlha Otsogile jaaka a ne a buisa diphuthego mo metseng ya Ramokgwebana le Jackalas No.2 bosheng.Rre Otsogile a re Batswana ke batho ba ba bonya fa ba rotloediwa go inaakanya le dilo tsa sesha mme e re ka motsotso wa bofelo batho e bo ele gone ba tabogang lepotlapotla.O boletse fa teseletso eo e le botlhokwa fela thata mo go bao ba tsayang mesepele go ya mafatsheng a sele kgapetsakgapetsa, mme a re fa motho a sa tswe mo lefatsheng leno gangwe le gape, ga go tlhokafale gore o ka dira teseletso eo.A re batho ba go nna jalo, ba ka kopa teseletso ya nakwana e duelelwang P12 fela, mme e tsaya dikgwedi tse tlharo e le mo tirsong.Rre Otsogile o boletse fa e-passport e duelelwa P260 a tlatsa a re e tsaya lobaka la dingwaga tse lesome go ntshafadiwa.O ne a re e tsaya selekano se sesa feteng malatsi a lesome le bone morago ga kopo.Rre Otsogile o ne a rotloetsa gore bao ba tshotseng dipasa tse disha, ba di tlhokomele fela thata, e seng jalo motho a tla lefisiwa P1000 fa e latlhegile. O ne a bolelela morafe gore tiriso ya teseletso mosepele e kgologolo e tla emisiwa ngwaga o tlang o ya fifing.O ne a bolelela fa bao ba neng dirile dikopo tsa pasa batla busetswa madi a bone, mme fela fa ba tshotse sesupo.Go tswa lephateng le le itibagantseng le ditiragalo tse di kwadisiwang, Rre Paul Magazine o ne a kopa Batswana go nna le ditlankana tsa matsalo.Rre Magazine a re mo metlheng eno ya ditlhabologo, go tlaatla gore sepe se se dirwang se bo se dirwa go na le sesupo sa matsalo, a tlatsa a re ba nnile le gore bangwe ba basa tshwanelang ba bo ba filwe karata ya Omang.A re seo se dirisitswe ke gore bangwe, bogolo jang ba ba bapileng le mololwane ba bolela fa batho bao e le bana ba bone ntswa go sa nna jalo.Rre Magazine o ne a kopa batho go nna le boammaruri a tlatsa a re go thusa motswakwa go nna le Omang go borai mme fa ope a ka lemogiwa o tla tseelwa dikgato tse di lebaneng.Rre Magazione o ne a bolela fa ofisi ya bone e sa itibaganya le go kwadisetsa Omang fela jaaka bangwe ba akanya, mme ba kwadisa matsalo, manyalo, le dintsho, a tlatsa a re le ditlankana di tswewa kwa go bone.Mme Mpho Phatsimo, molomaganyi wa dikgang tsa bomme o ne a bolele morafe fa ba itibagantse le lehuma le le mo basading e le baeteledipele ba malwapa.Mme Phatsimo a re ka jalo ba rutuntsha ba bo ba katisa bo mme go ema ba lwantsha lehuma le gore ba nne le boikarabelo mo sechabeng.O ne a kopa bo mme gore ba ikopanye e nne setlhopa go dira projeke ba bo ba ya go kopa dithuso tsa madi mo lephateng la bone.Go tswa lephateng la Pereko le selegae, Mme Dimpoetse Keolefhile o ne a kopa setshaba go tswelela ka go ikwadisetsa go batla mebereko kwa lephateng la pereko.

Batho ga ba patelediwe go nna le pasa e ntsha. Mafoko a a builwe ke tona ya pereko le selegae, Rre Peter Siele, a tlhalosa gore pasa e ntsha ga e patelediwe jaaka karata ya O mang. O ne a tlhalosa jalo a buisa phuthego kwa Tatisiding mo boseng.Tona Siele o ne a tlhalosa le gore puso e simolotse tiriso a pasa e ntsha e se na go lemoga gore e kgologolo e setse e kgona go dirisiwa ke manweenwee, ka jalo go tlhokega e e ka se keng e utswege motlhofo, bogolo jang ke batswakwa.O ne a tlhalosa le gore Batswana bangwe ba setse ba simolotse mokgwa wa go rekisetsa Batswakwa dipasa tsa bone ba bo ba re di latlhegile. O ne a supa le gore mafatshe a mangwe jaaka la Britain, a ne a tlhagisitse la Botswana gore le fetole sebopego sa dipasa gore Batswana ba se ka ba batliwa di-visa fa ba ya teng, jaaka batho ba mafatshe a mangwe. E rile fa a bua ka ditlhwatlhwa tsa go dira pasa e ntsha, tona Siele o ne a supa fa madi a P260.00 a le kwa tlase ga a mafatshe a mangwe a kgaolo ya SADC.O ne a gakolola gore batho ba ba sa tloleng melelwane thata, ba ka dirisa dipampiri tsa nakwana tsa, tse le tsone di kgonang go balwa ke metshine fa ba etela kwa mafatsheng a a bapileng le la Botswana.Tona Siele o ne a supa gore bontsi jwa Batswana bo ikopetse dipasa tse di tswang ka bofefo le tse di diegang, se se supang gore ba ka kgona go duelela dipasa tse disa. Tona o ne a supa gore Batswana ga ba na bothata jwa go duelela dipasa tse disa, a supa le gore ba kgona go reka megala ya letheka e e lopang madi a mantsi.Mo dikgannyeng tse dingwe, tona o ne a bolelela banni ba Tatisiding ka molao wa lephata la gagwe wa go kwadisa matsalo, boagedi, pereko, manyalo, diswaete le ka mathata a ba lebaganeng le one ka go di kwadisa.O ne a tlhagisa setshaba gore se emise go thusa batho ba e seng Batswana go ikwadisetsa go fiwa dikarata tsa O mang ka go sa bolelele dikgosi boammaaruri. O ne a supa le gore go setse go na le manyalo a a seng ka fa molaong, a tlhagisa ba ba dirang molato oo go emisa go dira jalo. Tona o ne a tlatsa ka gore batho ba ba supang fa ba latlhegetswe ke dikarata tsa O mang, ba tlaa lopiwa P100 go di emisetsa.Mookamedi wa kwadiso ya matsalo le O mang, Mme Neo Lepang, o ne a tlhalosa gore kgaolo ya Francistown e na le dipalo tse di kwa godimo tsa dikgetse tse go tserweng dikarata tsa O mang mo batswakweng. O ne a supa gore go na le dikgetse di le 50 tsa go nna jal

Batho ba ba nang le dipasa ba ba etela Thailand, United Kingdom, Canada ba sa tlhoke go siamisetswa teseletso ya Visa. Visa e tla bo e fiwa fa motho a tsena mo mafatsheng a a balolotsweng fa motho atsena mo go lone.




#Article 133: Nyalo-lefufa mo Botswana (573 words)


Seamo sa sanpieno sa Nyalo-lefufa  se thata go letelelwa mo Botswana , jaaka molao, jaaka lenyalo fela la mosadi le monna le letelelwa, le ntswa go nale dikgogakgogano. Monna o ka nyala mosadi wa gagwe (kgotsa Mme wa mo motsaneng ) ka fa tlase ga molao,le fa mme go nyala mosadi wa bobedi ka fa tlase ga molao wa lefatshe. le fa go ntse jalo tiro e e akanyediwa go bo e sa tlhole e le teng mo mo kgaolong, go sa tswa go tlhalosiwa gore bagokagadi ba lenyalo-lefufa ba santse ba le teng mo Botswana, le fa ba sa itsege. Go sa tswa go tlhalosiwa fa go nale mathata a a tlhgogileng a le mantsi a a bakwang ke bogokagadi jwa nyalo-lefufa, jaaka ditlhalo dintlwa, go robalana e se ka fa tumalanong, le go anamo thata ga mogare wa HIV/AIDS, se eleng mathata a go simololwang ka one mo lefatsheng.

Maloko a lekgotla la baruti kwa Thamaga le Molepolole a ne a kopanye go itebaganya le seemo se se tshwenyang thata sa kanamo ya mogare wa HIV.E rile a bua kwa moletlong wa go gakologelwa le go hutsafalela batho ba ba amilweng ke HIV/AIDS, Moruti David Thokwane wa kereke ya Calvary Baptist kwa Molepolole a supa gore baruti ba tshwenngwa thata ke ka fa mogare o anamang ka teng.A re ba ne ba bone gore gongwe lefa ba ka tswa ba rera efangele kwa dikerekeng tsa bone ga go a lekgana mme ba tswele kwa setshabeng ba se rute ka boikgapo le boitshwaro.Moruti Thokwane a re setlhogo sa go isa kereke kwa bathong le go itebaganya le bakapelo ba bantsi, se rwele go le gontsi ka se supa gore mogolagang wa bakapelo ke one o anamisang mogare, mme a re fa batho ba kgaola chaene ya baratani, go ka thusa go tlhabantsha kanamo ya mogare.O ne a re boitshwaro jo bo siameng bo ka fokotsa kanamo ya mogare le go inaakanya le modimo.A re temana nngwe ya re lefoko la modimo ke lebone la dinao tsa me seo se raya gore lefoko le ka bonesetsa motho go mo inola mo sebing ka go tlhaloganya molemo le bosula.Moruti Thokwane a re se se tlhabisang ditlhong ke gore lefa mogare o anama jaana, baruti le bone ba na le seabe ka go supega ba amega mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang le go itseela dikobo ka dikgoka mo bananeng.A re baruti ba tshwanetse go nna sekao mo setshabeng, ka go solofetswe dithuso tse di ka isang setshaba golo gongwe mo go bone.O ne a re sengwe ke nyalo ya lefufa e e senyang ngwao ebile e seyo le mo baebeleng ka e le maikutlo a batho bangwe ba ba iphitlhang ka baebele ba re ya re ba ka nyala basadi ba feta bongwe.Moruti Thokwane o ne a rotloetsa gore mongwe le mongwe a nne lefufa ka mogare wa gagwe, gore a seka a o anamisa le go o abelana le ba bangwe ka tlhakanelo dikobo.Moruti wa Flying Mission Church of Botswana Emanuel Ngwako o ne a re kereke e na le mananeo a go thusa bana, batsadi le botlhe go fokotsa tirisanyo le bakapelo ba bantsi.A re kereke e na le bokgoni go neela motho lefoko, le go retolola setshaba go fedisa malwetse a a sa foleng.A re seo se ka dirwa ka tumelo le tsholofelo ya batho ka bongwe ka bongwe fela fa ba batla go fetoga go tsalwa sesha mo tumelong.




#Article 134: Motsana wa Salajwe (490 words)


 

Salajwe   ke motse yo mo kgaolong ya Kweneng e e mo Botswana. O bonwa mo bogare jwa Botswana, mo sekakeng sa Kalahari , sekgele sa dikhilomethara tse di masome a bosupa mo bokone-bophirima jwa Letlhakeng. Palo ya batho ba Salajwe e ne e le makgolokgolo a,makgolo a bosupa le botlhano.

Kgosi ya motse wa Salajwe mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Gaerupe Moala, a re o tshwenyegile fela thata go utlwa fa go na le batho ba ba tsereng moepo wa Gope, e bile ba tsamaela go o bula mme ba sa ba rerisa.Kgosi Moala a re o tshwenngwa thata ke gore a tota bana ba motse wa Salajwe ba tlaa bona ditiro.A re e rile ka 1982 go simololwa dipuisano, morafe wa Salajwe o bo o le teng, mme gompieno fa go na le merero go rerisiwa batho ba ba kgakala jaaka bo Ghanzi le Mmathethe, bone ba kgaphetswe kwa thoko.A re o eletsa fa bana go tswa Salajwe ba ka bona ditiro gore le bone ba akole meamuso ya lefatshe leno e bile ba kgone ba fitlhelwe ke ngwaga wa 2016 ba tlhabologile.Mo go tse dingwe kgosi o ne a kgothatsa batho ba motse gore ba inaakanye le go thusana.A re Batswana ba boele kwa dinakong tsele botshelo bo sale monate go thusanwa, ka jalo ba ba sa lemang ba thusane le ba ba lemileng gore le bone ba dike ba oba letsogo ka ngwaga ono o le o monamagadi.A re a batho ba eme ka dinao go thusana, ba tlhokomele dijo tse ba di itiretseng, ka di sa tshwane le dijo tse ba di fiwang ke puso ka e bile tsone ga go motlhofo di ka senyega. A re dijo tsa setso di na le dikotla tse dintsi fela thata, mme e bile go thusana ke botshelo jwa Setswana.E re le fa go ntse jalo, kgosi a re seemo sa pula se ba baketse mathata fa go tla ka kwa ditseleng, a tlatsa ka gore ke matamotamo fela mo tseleng go tswa Letlhakeng go ya Kaudwane.Kgosi Moala a re o eletsa fa tsela e ka tshelwa sekontere gore le bone ba nne le dipalamo tsa morafe go fema seemo sa dikotsi.O bile a bua a sa kgwe mathe ka motse wa Salajwe a re o fetogile motse wa dipoto. A re go setlhogo, e bile ga go a siama ka bojalwa bo dirile bana dikhutsana ntswa batsadi ba bone ba le teng mo botshelong.A re matlhotlhapelo a bojalwa ke gore batsadi ba roma bone bana ba bannye, mme ka jalo le bone ba felele ba nole ka e bile ba bangwe ba pateletse batsadi ba re ba romilwe ke bone ntswa ba ithekela.E rile a itebaganya le batsadi, kgosi a re ba tlhabisa ditlhong ka gore ke bone ba ba rekisetsang bana bojalwa mme e re ba sa dira sentle kwa dithutong, ba bo ba re barutabana ke bone ba sa dirang tiro ya bone ka botlalo




#Article 135: Motse wa Radisele (666 words)


 
Radisele ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o fa tlase ga tsela e e kopanyang Palapye le Mahalapye.Ditoropo tse di kgaoganngwa ke dikilomethara di le masome a matlhano Ka ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne ele 2,741.

Banni ba motse wa Radisele ba kgotlhaditswe go nna le seabe mo go tsweledisetseng pele tebelopele ya lefatshe la Botswana ya Vision 2016.Se se builwe ke Mopalamente wa Palapye Rre Moiseraele Goya yo e neng e le sebui sa tlotla kwa moletlong wa kabo dimpho oo neng o dirilwe ke lekgotla la ditlhabololo tsa motse wa Radisele ka labone.Rre Goya a re Puso ya Botswana e dirile tebelopele ya lefatshe e le mola wa go betla tsela ya go lwantshana le dikgwetho di tshwana lehuma, leuba le go tlhabolola matshelo a batho.A re mongwe le mongwe o tlamega go nna senatla, go ipelega le gone go nna le maikaelelo le boikanyego.Rre Goya o ne a kgalela batho go nna le mowa wa go iketla ka e le o ne o o bolayang go itirela ka diatla.O ne a gwetlha batho go bereka ba tiisitse go ntsha lefatshe la Botswana kwa morago ka go tshwarwa ka natla.A re komiti ya ditlhabololo e dirile sekao ka go supa lorato le tlhokomelo ya bana ba ba senang batsadi ka go ba abela dimpho ka gotwe go sego letsogo le le abang gona le le amogelang.Ke mosupi wa gore VDC ya Radisele e ne ya dira moletlo wa kabo dimpho e le maiteko a matona a go fitlhelela Vision 2016.

Rre Goya a re Batswana ba tshwanetse go ipotsa gore seabe sa bone ke eng mo tebelopeleng ya lefatshe la Botswana.A re e ne ya re mo ngwageng oo fetileng palamente ya dumalana go fetisa molao wa bana o o itebagantseng le go tlhokomelwa ga bone.O ne a leboga batsadi ba ba tlhokomelang bana go tswelela ka tiro e ntle e bantseng ba e dira.Rre Goya a re e re ntswa go na le batho ba ba sotlang ka bana ba masiela molao o, o itebaganya le dikgang tse le gore go ka di dirwang go thusa bana ba.

O ne a tlatsa ka gore dilo tse di ka kgonwa fela fa batsadi le morafe ka karetso ba tshwaragane gore bana ba bone tlhokomelo e e lolameng.

A re dingwe tsa dilo tse Tautona Lt Gen Seretse Khama Ian Khama a di tlhomamisang ke gore Motswana mongwe le mongwe a nne le seriti mme a supa gape le ka ditiro go rurifatsa gore Batswana ba tshela sentle. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa motse Mme Botsang Balapi o ne a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi le e le go tshegetsa matshego a Vision 2016 bogolo jang letshego la setshaba se se kutlwelobotlhoko se se tlhokomelang.

Mme Balapi a re setlhogo sa letsatsi se se reng Le rona re bana re tlhoka lorato se maleba ka jaana bana ba masiela ba tshwanetse go tlhokomelwa le go fiwa lorato fela jaaka ngwana mongwe le mongwe.A re batho bangwe ba sotla bana ba masiela mo go utlwisang botlhoko, fa bangwe bone ba ba ntsha banna le basadi ba bone.Balapi a re ba itlamile ba le VDC gore ba tlile go dira ka natla go rurifatsa gore bana ba ba isiwa sekolong le tlhokomelo ya bone ke ya maemo a ntlha.O kgadile batsadi ba ba tsayang dithuso tsa bana ba masiela ba bo ba di itirisetsa, a supa fa e le go tlhoka lorato le kutlwelobotlhoko.Motlhokomedi wa bana bao Rre Osupang Maruswaneng a re batsadi ba lese go isa bana kwa masimong le kwa merakeng fa ba tshwanetse gore ba ka bo ba le kwa sekolong.O kgotlhaditse batsadi go lesa go raya bana maina aa utlwisang botlhoko le go ba kgoba ka dipuo ka di isa seriti sa bone kwa tlase.Rre Maruswaneng a re o itlamile go tlhokomela bana bao go fitlhela ba gola ba bo ba ba iperekela.Rre Goya o ne a abela VDC P400 go rotloetsa moletlo oo.




#Article 136: Motse wa Semitwe (314 words)


 
Semitwe ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o dikhilomitara dile masome matlhano kwa bokone bophirima jwa Francistown, gape o na le sekolo se se botlana. Mo palong batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a mane ,masome a matlhano le boraro.

Mothusa Tona ya Dikgaolo, Mme Botlogile Tshireletso o dumalane le banni ba motse wa Semitwe mo kgaolong potlana ya Tutume gore motse wa bone o godile e bile o lekanwe ke go nna le kgosana.Mme Tshireletso ne a bua mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi. O ne a araba selelo sa bone sa gore fa e sale ka ngwaga wa 2005, ba bolelelwa ke mopalamente wa bone wa nako eo gore kgotla ya bone e tlaa godisiwa maemo, ba ntse ba lebile tsela. Mme Tshireletso o ne a ba solofetsa gore o tlaa sala kgang eo morago ka e bile dikgang tsa bogosi di wela ka fa tlase ga lephata la gagwe. O tsweletse a ba bolelela gore kgodiso ya kgotla ke selo se se tlhokanang le madi, ka jalo e ka nna ya nama e tshwerwe ke letlhoko la madi. Banni ba ne ba ikuela ka tsela ya lekgarapana ya Semitwe/Orapa e ba reng e tsaya lebaka go gopiwa.E rile mokwaledi mogolo wa kgaolo Potlana ya Tutume, Mme Betty Bangale a ba araba, a ba tlhalosetsa gore go gopiwa ga tsela ya Semitwe/Orapa go dirwa ka dikompone tse di ikemetseng ka nosi.

A re ba kile ba ntsha ikopelo ya go gopa tsela eo, mme ka maswabi dikompone tsotlhe di ne di lopa madi a a kwa godimo go feta a ba nang nao. Mme Tshireletso o tsamaya le metse e e mo kgaolong ya Tonota Bokone ga mmogo le Nkange go lekodisa sethaba ka thulaganyo ya go hudusiwa ga ditirelo tsa metsi go ya ko go ba koporasi ya metsi ya Water Utilities.




#Article 137: Nama ya Seswaa (249 words)


Seswaa  (kgotsa chotlho ) dijo tsa setswana tsa mo Botswana, tse di dirilweng ka nama, le fa nako dingwe se dirwa ka nama ya Podi kgotsa ya Nku. Nma e e mafura e apewa lobaka le le leele go fitlhelela e botswa thata mo dipotong tse ditona, ka letswai le le ntsi,e bo e kgaogangwe kgotsa e sitiwa.Se ete se shabiwe ka morogokgotsa mabele.

Seswaa ke dijo tse di apewang ka nama ya kgomo ka mogote o lekane go fitlhela e butswa, mme moragonyana e setwe e bo e tsengwa letswai go jewa ka phaletshe. Ke dijo tsa Batswana tse di tlotlegang bogolo jang mo meletlong e tshwana Dintsho le Manyalo. Gantsi nama ya Seswaa e ka apewa go dirisiwa Podi, Nku, Koko kgotsa Kgomo. Go apaya nama go motlhofo, mme go e setla ke kgwetlho. Ditsetlana tsa go apaya di tlhalosa gore e tshwanelwa ke go setlwa ka legong le le thata gore e sale o kare e kgebeteletswe ka ditokinyana

Nama ya Seswaa e na le dikotla tse di nonotshang mmele. Dikotla tse di thusa go aga ditshika tsa mmele.Batho ba ratang nama ba godile ebile ba nonofile.Seswaa fa se shabiwa ka dijo tse dingwe jaaka Merogo,bogobe, mabele kgotsa Phaletshe di dira dijo tse di nonofileng ebile di fa mmele dikotla tsotlhe tse di tlhokiwang ke mmele.

Seswaa se nale dikotla tse di ntsi tse di siametseng mmele.Batho ba tswanetse go se shabisa ka dijo tse dingwe go oketsa dikotla tsa sone gore di tswele mmele mosola.




#Article 138: Ronald Baipidi (147 words)


Ronald Baipidi  ke motshereganyi wa Botswana trade unionist. Baipidi e ne e le tautona wa lekgotla la  Botswana Federation of Trade Unions, lekgotla le le tona mo  Botswana, e sale ka ngwaga wa 1997. K ngwaga wa 2005, Baipidi o ne a kopana le ba lekgotla la Chinese trade unionists go tla g buisanya ka tirisano mmogo gareng ga makgotla a. 

Mo bokopanong jwa baeteledipele ba makgotla kwa thuto puisanyong ya itsholelo mo papading gape le tse dingwe tse di amanang mo dikganyeng ka ngwaga 2007 Baipidi o ne a tshwantsha lekgotla la European Union Economic Partnership Agreements le lengwe la Scramble for Africa, a le baya molato a re ga le tlise ditlhabololo mo Aferika. O ne a tlhalosa gape gore ka molao moteo wa kgolo le ditshono tsa Aferika  lefatshe la United States le ipeile mo mo go tshwaneng go godisa lefatshe le le tlhabologang.




#Article 139: Vernon Nkadimeng (162 words)


Vernon Nkadimeng  (Seetebosigo a tlhola masome a mabedi le botlhano ngwaga wa 1958 kwa Alexandra - Motsheganong a tlhola masome a mabedi le motso ngwaga wa 1985 mo Gaborone, Botswana) e ne e le leloko la African National Congress yo o neng a bolawa fa a le mo mofalading mo Botswana ke ba sepodisi sa sephiri ka nako ya dintlwa tsa kgetlhololo ya letso le mmala.

O ne siela Aferika Borwa a latela baganani ba 1976 Soweto  fa a le dingwaga tse di lesome le borobabobedi. O ne a tsena mo Umkhonto We Sizwe (MK) kwa Angola, sesole sa ANC gape moragonyana a gola le sesole sa MK. O ne a ya kwa Czechoslovakia le ba MK, kwa ileng a fitlha tlhatlhelelwa dithuto tsa go katisa masole. Ka Motsheganong a tlhola Masome a mabedi le motso ngwaga wa 1985, Nkadimeng o ne a bolawa ka tiba ya koloi e e neng e beilwe ke ba sepodosi sa balwantshi ba letso le mmala.




#Article 140: Motsana wa Tsootsha (365 words)


 
Tsootsha ke motsana o mo kgaolong ya Ghanzi mo Botswana. O gaufi le molelwane wa Namibia Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le makgolokgolo le makgolo a le mararo,masome a borobabongwe le bosupa.

E rile bosheng ba sekolo se se botlana sa Botlhapatlou ba bo ba tshwere mogwanto o o duelelwang wa dikhilomethara di le lesome le boferabobedi ka maikaelelo a go rekela bana ba mmino wa Setswana ba sekole seo paka.Go ya ka mogokgo wa sekole seo mo puisanyong le BOPA, Mme Florah Molefi, ba gwetlhilwe thata ke go bo bana ba sekole seo ba itse go bina mmino wa Setswana e bile ba aga ba dira bontle thata ka kwa dikgaisanyong mme sebe sa phiri e le go tlhoka paka.Mme Molefi a re sengwe gape se se neng se ba tshwenya fela thata e ne e le go tlhoka madi a go rekela bana dijo le tsotlhe tse ba di tlhokang ka tsone dinako tsa maeto a sekole mo letloleng la bone.A re le mororo botsadi bo ne bo leka fa bo kgonang teng ka go ntsha bonnye jo ba nang le jone, se se ne se sa lekane mo letlhokong le ba nang le lone.O ne a kopa setshaba go ba thologa mokgosi ka go ba latlhelela sepe fela se ba nang le sone gore maikaelelo a bone a atlege.

Fa a ntsha la motlapitsong, mogwanti mogolo e bile e le mopalamente wa kgaolo, Rre Gordon Mokgwathi o ne a kopa gore go busediwe ngwao ya Setswana ya go suga matlalo.A re madi a a tlaa ntshiwang mo mogwantong o, a tshwanetse a tla go akolwa ke batho ba motse wa Botlhapatlou ka go direla bana ba sekole seo paka ya matlalo go na le go letlelela madi a tsewa ke batho ba sele ba roka paka eo.Mopalamente Mokgwathi a re batho ba ithute go itirela ka mabogo a bone, bogolo jang dilo tsa Setswana tse di sa batleng sepe se se kalo go ka dirwa, a a fa sekai ka gone go suga matlalo.A re letlalo ga le batle sepe se se kalo kgotsa sepe fela se se rekwang kwa bentleleng go ka sugwa.

Gantsi District




#Article 141: Tshotlego Morama (181 words)


Tshotlego Morama , yo o tsholetsweng kwa Lethakane ka ngwaga wa 1987, ke Motswana yo nang le bogole  wa motlabogi.

Mo go emeleng Botswana  kwa dikgaisanong tsa ba ba nang le bogole ka ngwaga wa 2004 kwa Athens, o ne a fenya gouta mo letlhakoreng la bomme la batlabogi ba lebelo la selekanyong sa sekgele se se makgolo a mane mo letlhakoreng la T46 la ba ba nang le bogole, a dira ditso ka go sia batlabogi ka ene mo lefatsheng, mo nakong ya 55.99. E sale e nna ene motlabogi motswana wa ntlha go bo a ne a emela Botswana kwa mabelong a ba ba nang le bogole.

Morama gape o fentse gouta kwa  metshamekong ya mafatshe a Aferika ka ngwaga wa 2007 , a dira ditso tse dingwe mo Aferikamo letlhakoreng la bomme ba lebelo la selekanyo sa sekgele se se makgolo a a mabedi.

Morama o ne a tshwanetse go emela Botswana gape kwa  dikgaisanong tsa batlabogi ba ba nang le bogole ka ngwaga wa 2008  kwa Beijing, mme ga a ka a kgona go tsenelela dikgaisano tseo.




#Article 142: Lefelo la motlakase kwa maphothophothong a Victoria (218 words)


Lefelo la motlakase kwa maphothophothong a victoria  is a ke khutlola e e fetlang motlakase ka tiriso ya metsi mo nokeng ya Zambesi mo Zambia. Le bonwa mo lekadibeng la boraro fa tlase ga  maphothophotho a Victoria. Go nale mafelo a mabedi a a ntshang motlakase wa selekanyo sa 108 MW: 

Tlhomo e  ke ya lefatshe la Zambia Electricity Supply Corporation Limited (ZESCO).

Motlakase selo se botlhokwa mo matselong a rona,ke ka moo o tlhokegang fela thata.Lefatshe la Zambia le iponetse tsela ya go oketsa itsholelo ya lefatshe la bone ka go rekisa motlakase yo ba o fetlhang mo metsing a a tswang mo nokeng ya Zambezi.Mafatshe ka bontsi mo Aferika a reka motlakase o ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo mme se se tlise dipoelo tse di kgatlisang e le ruri mo lefatsheng la Zambia.Mafatshe a tshwana le la Botswana.Zimbabwe,Aferika Borwa ke nngwe tsa mafatse a a dirisang motlakase o o fetliwang ka metsi.

Motlakase yo o fetliwang ka metsi ga o kgotlhele tikologo jaaka yo o dirwang mo magaleng.Osiametse go dirisiwa ke mafatshe a a nang le dinoka tse di emang matsi a mantsi.Le Le fa mongwe a ka akanya gore metsi a kgotlhelesega seo ga se boamma ruru ka gore k one matsi a a nowang mo lefatsheng fa a sena go kolomakiwa.

South Africa




#Article 143: Setlhaketlhake sa Kubu (247 words)


Kubu   ke setlhaketlhake se se omeletseng sa letlapa  se se bonwang kwa Makgadikgadi  mo lefelong la Botswana. Leina  Kubu  le raya  hippopotamus ka sekgowa mo Tswana. Setlhaketlhake se bonwa mo sekgeleng se kae go tsweng kwa Orapa gape le Letlhakane ditoropo tsa moepo gape go ka tsenwa teng ka Mmatshumo mo kgaolong ya  Boteti.

Setlhaketlhake se ke  ke sefikantswe sa lefatshe , gape e le lefelo le le ilelwang ke batho ba bogologolo.

Go iwa teng ka dikoloi tsa maotwana a le mane gape se nale didirisiwa tsa bothibelelo. Lefelo la bothibelelo le dirisiwa go tswa mosola banni ba koo..

Mothelesetsi wa moapari yo motona ebong Jeremy Clarkson  o tlhalositse setlhaketlhake e le nngwe ya mafelo a a hakgamatsang a a iseng a bone mo botshelong jwa gagwe mo koranteng ya kgwedi ya Ngwanatsele a tlhola ga nne ngwaga wa 2007 .

Makgadikgadi Pan ke  lefelo le le apesitsweng ke letswai  mo bokoni jwa Botswana, lefelo le le tona le le apesitsweng ke letswai mo Botswana. Letswai le le apesitse lefatshe sekgele sa dikhilomethara tse di 16,000 2 gape le bo le aga motheo wa bogologolo wa   lekadiba la Makgadikgadi le le simolotseng go kaolosa metsi bogologolo. Baithuti ba ditso tsa bogologolo mo go buseng  Makgadikgadi go supile gore boleng teng jwa banni ba ntlha le didirisiwa tsa matlapa; didirisiwa tse di  simolotse mo bosheng go  somarelwa ka go dumelwa e le tsa ba  batho ba bogologolo .

 2008 Makgadikgadi , The Megalithic Portal, ed. A. Burnham 




#Article 144: Kgotla (558 words)


kgotla    ke bokopano jwa setshaba, batho ba ba nnang mmogo kgotsa molao wa setswana  kgotlatshekelo ya magae a Botswana. Gantsi e etelelwa pele ke  kgosi  kgotsa mogolwane, gape le ditshwetso tsa batho di  tlisiwa ke barongwa. Mongwe le mongwe o letelelwa go ntsha mafatlha a gagwe, gape ga gona ope  yo o ka tsenang ganong se motho a se buang  fa ba bua maikutlo a bone. Go nale  Setswana se se reng (ntwa kgolo ke ya molomo ). Ntateng ya ngwao, Botswana o ithaya a re ke ene yo motona mo pusong ya batho ka batho. 

Mokgwa wa go letelela batho go bua mafatlha a bone go direlwa mo bokopanong jwa mefutla ka kakaretso, go tsweng mo go buisaneng go ya kwa go buisiweng  ka boripana, gape go kgona go raya bokopano jwa metsotso e mentsi.

Kgotla  gape e kgona go raya lone lefelo le go kopanelwang teng . Se se kgona go simolola ka ditlilo  di le kwa tlase ga moriti go ya kwa lefelong la sennela ruri le nale ditlilo. Mo tlhaloganyong,leina  le adimilwe  mo sekgoweng sa Botswana go tsweng mo Setswaneng, le le rayang  kgotla .

Mo sekgoweng sa Aferika Borwa , lekgotla   ke bokopano jo bo bidiwang ke puso go buisana ka ditlogamano. Leina le adimilwe mo Sesothong, gape le raya kgotla .

Kgotla e kaiwa mo setsong sa Setswana jaaka lefelo la botlhokwatlhokwa. Ke felo kwa melao ya morafe e dirwang gone le ditsheko di tsenelang gone. Kgotla ngwe le ngwe, go ya ka Setswana, e biletswa boreaitse go thaya kgotla gore go sireletswe kgosi le morafe. Go epelwa lenaka la mere kgotla lenaka le beiwa mo mpontsheng go ya ka thato ya kgosi le baeletsi ba gagwe. Kgotla e agiwa go ya ka bogolo jwa morafe mme e agiwa jaaka seripagare sa kgolokwe.

Gantsi, ke Kgosi, borangwanaagwe le bao ba tlhopilweng ke ntlo ya kwa kgosing ba ba dirang le go fetola melao ya morafe. Manno kwa kgotla a dulwa go ya ka maemo a motho mo morafeng. Batlhanka le batlhoki ba dula kgakala xle kgosi. Bomatwetwe, batlhabani ba diganka le bahumi ba dula gaufi le kgosi. Ke gone fa mannong fa moo go neng gp bonwa gore ke mang yo nang le meraka e mentsi, e e sasailang ka metlhape ya dikgomo le letsomane la dinku.

Kgotla, kwa dipitso tsa morafe di tshwarelwang gone, ka gale e agiwa gaufi le kwa kgosing ka magong a ditlhare tsa mokgalo le moselesele, mme e agiwa ka mokwa yo o latelang:

Manno a kgotla - gantsi ka fa tlase ga setlhare

Lepatlelo la kgotla – go amogela bao ba tla emang ka dinao kwa kgotla

Leobo – moago e ruletsweng ka bojang

Leiso – kwa molelo o besiwang gone go ithuthafatsa, go apaya tota le go baya metsi mo isong

Lesaka la dikgomo

Ntlwana – e agiwa ka kwa morago ga lesaka

Kgotla e e kwa godimodimo ke kgotla ya kgosi. Mme yona e latelwa ke dikgotla tsa dikgosana le dikgotla tsa malapa. Senno sa kgotla se dirisiwa kwa kgotla fela, ga se tswe ka kgotla. Mme senno seno se dirwa ka legong la setlhare sa mokgalo, morolwana kgotsa mokabi. Dinno gantsi di betliwa ke banna ba motse.

Mo malatsing a gompieno dikgotla di fetogile go tsamaya le dinako. Sepodisa le meago mengwe ya puso e agiwa gaufi kgotsa go nna karolo ya kgotla.




#Article 145: Kazungula, Zimbabwe (603 words)


Kazungula  ke molelwane wa bothibelelo kwa  bokone jwa Matabeleland mo  , Zimbabwe go bapa le  Botswana, Namibia gapa le Zambia. Mo bophirima go nale motsana wa molelwane wa Botswana wa Kazungula , go tsweng kwa go nang le dithuso tsa mokoro tsa dikoloi go kgabaganya  noka ya Zambezi  go ya toropong ya Zambia e e bidiwang Kazungula.

Kazungula o golagangwa le tsela e e yang kwa mapothophotong a Victoria , sekgele sa dikilomethara sa masome a bosupa mo bokone .

Mogolwane wa letsholo la ipabalelo tseleng la kgaolo ya Chobe Rre Thuso Mogapi a re ga a jesiwe diwelang ke gore monongwaga ga go na tirasano mmogo magareng ga bakgweetsi le ba letsholo la gagwe.Mo potsolosong le BOPA, Rre Mogapi o boletse gore bontsi jwa bakgweetsi ba feta fa go bone ba sa batle go emisiwa gore ba rutuntshiwe ka tsela ya Pandamatenga/Kasane ba re ba tsere molaetsa kwa go ba Nata.O tlhalositse fa ba simolotse dithuto tsa bone kgwedi eno e le 20 mme di ya go wela kgwedi e e tlang e le 5.Rre Mogapi a re go botlhokwa go ruta batho ka tsela e ya Pandamatenga/Kasane ka jaana e le mo lefelong le le sailang diphologolo.A re tsela eo ga e a teratelwa, e le gore diphologolo di nne le motsamao o o sa kgorelediweng, a re ke ka jalo diphologolo di tlalang mo go yone.A re tsela ya Nata/Kazungula e tsweletse ka go dirwa, ka jalo o gakolola batho go sa tabogise dikoloi, go fema dikotsi.A re moono wa monongwaga ke somarela botshelo, kgweeletsa go tshela ka jalo o gakolola Batswana go nna kelotlhoko mo ditseleng.Rre Mogapi o gakolotse bakgweetsi go nna keletlhoko fa ba reka maotwana a koloi go bona gore ga a feta nako ya one ya tiriso le gore ba dirise lebante la koloi ka dinako tsotlhe.A re go utlwisa botlhoko go bo bakgweetsi ba itlhokomolosa melaetsa ya bone ka jaana go diragetse dikotsi tse nne kgwedi eno fela.A re ya ntlha e diragetse kgwedi eno e le masome a mabedi le bongwe mme mo go yone koloi e ne ya pitokologa, ga seka ga gobala ope.Rre Mogapi a re kotsi ya bobedi e diragetse letsatsi le le latelang fa koloi e thula tlou mme ga gobala motho a le mongwe fa mo go ya boraro kotsi go tlhokafetse motho a le mongwe ntateng ya letsapa la mokgweetsi.

A re mo go enngwe kotsi koloi e ne ya thula phala mo tseleng ya Pandamatenga/Kasane mme ga go a nna le dikgobalo dipe.Rre Mogapi a re dikotsi tse tsotlhe di diragetse batho ba teng ba sena go tlhoka go ema fa go bone, a tlhalosa gore gongwe fa ba ne ba kile ba feta ka bone ba ka bo ba sa nna le dikotsi tseo ka jaana botlhe ba ba ithutileng mo go bone ba ne ba goroga kwa mafelong a ba neng ba a etetse go sena mathata.A re go botlhokwa gore bakgweetsi ba eme fa lefelong la bone go tsaya molaetsa o ba o ba tsholetseng ka jaana ba sa itse borai jwa tsela e ya Nata/Kazungula.Rre Mogapi a re ka letsatsi la keresemose go fetile dikoloi di le 89 mme mo palong eo ba kgonne go bua le bakgweetsi ba le 27 ba ba neng ba tswa Kasane ba labile Nata.Go tswa Nata go ya Kasane go fetile dikoloi di le 224 mme ba kgonne go bua le ba le 38.A re fa go lebilwe dipalo tse go supa sentle gore ga gona tirisano mmogo, ka jalo o kopa bakgweetsi gore ba itse fa go le botlhokwa gore ba tsee sebakanyana ba ba reetsa.




#Article 146: Botswana Wildlife Training Institute (187 words)


Botswana Wildlife Training Institute  e ne e ipelela dingwaga tse masome a mabedi le botlhano tsa bodiredi ka ngwaga wa 2009 ka go dira moletlho wa dikganoge tse masome a supa, ba ba neng ba fiwa ditankana tse di supang fa ele baitsanape mo go supegitseng baeti mafelo, kgotsa mo tsamaiso ya ditsanaga, kgotsa mo go sireletseng ditsatholego. 

Maitlamo le maikaelelo a sekolo se sa mmadikolo ke go di goga kwa pele mo go ruteng baeteledipele ba ditsatlholego ba maemo a kwa tlase le a fa gare gore ba fe dikgakololo tsa maemo a a kwa godimo, mo go tsa dipatlisiso  le dikgang ka tshireletso ya diphologolo tsa naga, bojanala le ba CBNRM mo lefatsheng la Botswana le mafatshe a a mo Aferika Borwa.
Ithutontsho e na le mananeo a a itebagantseng le go tokafatsa boleng jwa thuto le go abelana megopolo go akaretse kitso le go tlhaloganya tsamaiso ka tsa diphologolo tsa naga, bojanala le tsamaiso ka tsa dikgwebo.
Ithutontsho e itebagantse le go rutuntsha ka go dira ka diatla.Sekole se se na le ditsamaiso tse di mmalwa. Tse di ntseng di le teng di baakantswe.   




#Article 147: David Magang (186 words)


David N. Magang  (o tshotswe ka 1938) ke agente/mmueledi, mogwebi le lepolotiki mo Botswana. O tsene dithuto tsa gagwe kwa University of London, Ke ene monggae/motswana tota wa ntlha go bula kompone e eikemetseng ka nosi ya molao mo Botswana.  ke leloko la phathi e e busang: {1 }Botswana Democratic Party. Magang e ne e le Tona wa Palamente ya dikgaolo tsa botlhophi tsa Kweneng botlhaba /Lentsweletau go tloga ngwaga wa 1979 go eme ka wa 2002. O ntse le maemo a le mmalwa a berekela ka fa tlase ga bo Tautona Quett Masire le Festus Mogae, go akaretsa Tona wa meepo le metsi (1994-97) le Tona wa ditiro, dipalamo le ditlhaeletsanyo (1992-94, 1998-2001). Magang o ne gape ele moeteledipele wa African Development Bank go tloga 1989 go ema ka 1992. Morago ga go tlogela puso Magang o atlegile thata mo go tsa tlhabololo manno/bonno , a aga the dikago tsa maemo a ntlha mo Gaborone kwa Phakalane. O kwadile buka ka ga ene kana ka botshelo jwa gagwe e e atlegileng thata e e bidiwang The Magic of Perseverance  .

Mapolotiki a Botswana Democratic Party




#Article 148: Mokgatlho wa Kankere mo Botswana (307 words)


Mokgatlho wa Kankere mo Botswana (CAB)  ke mokgatlho wa baithaopi, ebile o se ka fa tlase ga puso 
o tlhomilwe ka 1998 e le lekalana la kgobokanyo.

Mokgatlho wa kankere mo Botswana o itlamile go fokotsa  kanamo ya kankere mo go botlhe ba ba amegileng 
 mo Botswana.

Mokgatlho wa kankere mo Botswana o itlamile go fokotsa kanamo ya kankere ka 
go godisa kitso le thuto go rotloetsa mekgwa e e babalesegileng ya go tshela le go lebela kwa pele 
kankere,go neela tlhokomelo ya melemo, bogakolodi le kemonokeng mo go ba ba amegileng.

Mokgatlho wa kankere mo Botswana(CAB) o rotloetsa thibelo ya kankere, dithuto tsa botsogo  ka methale e tshwana le dithuto seka dipuisano, 
ipapatso le go aba dipampitshana tsa kitsiso mo lefatsheng ka 
kakaretso.

Ka lenaneo la ntlo ya Tshiamo(ntlo ya tlhokomelo)matlo a nakwana 
a boroko, tlhokomelo ya melemo, le dijo di fiwa balwets ifa ba  
tsaya kalafi ya bone kwa sepateleng sa Princess Marina le Gaborone Private. 
Mokgatlho wa Kankere mo Botswana gape o neela balwetsi sepalamo go 
ya go tsaya kalafi ya bone kwa dikokelong.

CAB e neela balwetsi,masika le ditsala bogakolodi ntle le go anamisa diphiri tsa bone. 
Fa balwetsi ba sena go boela magaeng,go na le tatediso go bona gore ba tsoga jang 
ka go ba leletsa mo megaleng kana go ba etela mo malwapeng.

CAB e nale setlhopa sa ba tswa setlhabelo ba ba etelang balwetsi ba kankere kwa malwapeng a bone  
go ba ema nokeng semoya le mo maikutlong a setho. Se se dira  
gore ba ba amilweng ke kankere ba fetogele mo go nneng ba tswa setlhabelo sa kankere ka go 
akanya sentle,mekgwa ya go tshela e e babalesegileng le botsogo.

Cancer Association of Botswana 
Diktlhakore Way, Extension 12, Gaborone 
Tel/Fax: 3932948 
cab@botsnet.bw
Lorato le tswa fela kwa Modimong.
Go nna le kankere ke ntlha e nngwe ya go tshela.




#Article 149: Motse wa Mokubilo (845 words)


 
Mokubilo ke motse o o mo kgaolong ya legare la Botswana.  Ke motse o o sekgele sa dikhilomithara di le lekgolo le lesome (110 km) gotsweng bophirima jwa toropo ya bobedi e kgololwane mo Botswana, e bong Francistown. Motse o o nale sekolo se se potlana fa godimo ga moo ka ngwaga wa 2001 palo batho kwa motseng oo e ne e le sekete le lekgolo le masome a mabedi le boferabonngwe.[2]

Motse wa Mmeya le Mokubilo e nosiwa ke sediba se le sengwe, mme metsi a Mmeya a feta ka motse wa Mokubilo pele, selo se se dirang gore tlhaelo e utlwale thata kwa Mmeya go na le kwa Mokubilo.A re seemo seo se tshwenya thata ka jaana ba kgona go nna dibeke tse tharo ba se na metsi mo motseng, mme e bile a re ba khansele ba a tle ba ba tshelele metsi mo tankeng ya bone, selo se a reng ga se thuse go le kalo ka jaana tanka eo e tsaya malatsi a le mabedi fela e bo e kgaritlhega.O ne a ngongorega gape ka gore ba lekalana la metsi la khansele ba tsaya nako e telele go tshela metsi mo tankeng eo. Rre Maduma a re mo kgweding ya Phalane, sekole se sebotlana sa motse se ne sa gomagomediwa ke go tswalwa ka ntlha ya letlhoko la metsi.

Kgosi ya motse oo Kgosi Polson Keitlhaganetse, a re ba na le dipelaelo tsa gore diphaepe tse di nosang motse wa bone di dipotlana ka jalo ga di kgone go tsisa metsi ka bontsi jo bo tshwanetseng.A re ba kile ba buisana ka kgang e le ba khansele potlana ya Boteti kwa Letlhakane, mme ba ne ba solofetswa fa di tlaa tokafadiwa ka kgwedi ya Seetebosigo, mme nako kgolo ke eno.A re se se ba tshwenyang e le baeteledipele ke gore batho ba motse ba simolotse go nwa metsi a megobe, selo se a reng se ka nna sa tsisa malwetse.E rile a arabela dingongorego tseo, mothusa mokwaledi mogolo wa khansele potlana ya Boteti, Rre Motshwariemang Matseka, a re ga se boammaruri gore metsi kwa motseng wa Mmeya a tlhaediwa ke kago ya matlo a tennyana teng kwa Mokubilo, ka a re mo nakong e e fetileng motse oo o ne o ntse o bona metsi a lekaneng le morago ga matlo ao a sena go agiwa.

A re metse ya Mosu, Mmeya le Mokubilo e noswa ke sediba se le sengwe, mme motse wa Mmeya ke one o o kgakala go na le e mengwe, mo go rayang gore ke one o utlwang manokonoko a mantsi fa go nna le tlhaelo ya metsi.Mo go tsa go tokafatsa diphaephe, Rre Matseka a re diphaephe tse di nosang motse oo ke tsa boatlhamo jo bo lekaneng, mme a re sebe sa phiri ke gore go na le dithotana tse di dirang thelelo ya metsi go ya Mmeya go nna bokete, a bo a re kgang ya go di tokafatsa e kile ya buiwa kwa khanseleng e kgolo ya legare, mme a re e ne e le mogopolo fela o o sa tsenngwang gope mo mananeong a ditogamano.O ne gape a ganetsa dikgang tsa gore ba tsaya nako e ntsi go tshela tanka ya motse oo metsi, a re ba dira jalo ka ponyo ya leitlho fa ba begelwa mathata a tlhaelo ya metsi.

Kgosi ya Mmeya mo kgaolong ya botlhophi ya Tonota bokone, Rre Polson Keitlhaganetse a re go tlhoka mokwaledi wa kgotla mo kgotleng ya gagwe go mo paledisa go dira tiro.
A re go tlhoka mokwaledi moo, go raa gore ga a kgone go sekisa, seemo se a reng se dira gore borukutlhi bo gole mo motseng. A re mo nakong ya gompieno, ditsheko tsa motse wa gagwe di sekiwa kwa motseng wa Mokubilo, selo se a reng se imetsa kgosi ya motse oo tiro ka jaanong ke mokang a dirang tiro ya metse e mebedi.
Kgosi Keitlhaganetse a re e sa le ka a tsena mo setilong ngwaga ono o rogwa, o ntse a lela ka go tlhoka mokwaledi, mme a re gago nko e tswang lemina.
A re go dilo dile mmalwa mo motseng wa gagwe tse a neng a eletsa go di tsibogela ka bofefo, jaaka boitaolo ja banana jo a reng bo tsare phekelo e sele.
A re gona le banana bangwe ba ba iketshitseng tsebe seutlwe, ba a reng ba na le go leletsa diletso kwa godimo tsatsi lotlhe go ya go tsena bosigo gare.

Kgosi Keitlhaganetse a re ke gangwe le gape a ntse a bitsa diphuthego tsa kgotla gotla go bua ka mathata a, mme a re seo go lebega o ka re se bifisa seemo le go feta, A re o lekile go buisanya le mapodisi a Tatitown kwa Francistown ba e leng bone ba tlhokometseng kgaolo ya Mmeya, mme maiteko a ba sepodise a folodisiwa ke go tlhoka dipagamo
A re medumo ke boremelelo ja dintwa, ka jaana e rile mo bosheng bangwe banana mo motseng ba lwa mo yo mongwe a neng a robadiwa kwa sepateleng se segolwane sa Nyangabgwe.




#Article 150: Sheila Tlou (594 words)


Sheila Dinotshe Tlou  ke moitsaanape wa Botswana mo bolwetseng jwa HIV/AIDS le mo botsogong jwa basadi, ga mmogo le mo dithutong tsa booki. O kile a nna tona wa botsogo ka ngwaga 2004 go fitlha ka ngwaga wa 2008.

Tlou o ithutile kwa sekolong sa Teachers College, Columbia University, U.S., a amogela setlankana sa M.A. sa Dithuto (sa go itebaganya le taelo ya maranyane a botsogo). O ne a amogela setankana sa PhD mo bodireding jwa botsogo mo tikologong(Community health nursing) le setankana sa diploma tsa dikgang tse di amanang le bong (gender issues), gotsweng ko sekolong sa University of Illinois at Chicago ka ngwaga wa 1990.
O ne a ruta kwa mmadikwele, ke gore University of Botswana gotsweng ka ngwaga wa 1980 . Go simolola fela ka ngwaga wa 1994 go ya ko ngwageng wa 1996, o ne a nna mookamedi wa lephata la Nursing Education, ka jalo gwa modira gore a nne moitsanape wa tlwatlwa ka ngwaga wa 1999 le wa  2002–04 fa a ne le moteledipele wa HIV/AIDS mo mmadikwele ka go farologana.

Tlou o ne a emela lefatshe la Botswana ko tirelong ya 1995 Fourth World Conference on Women kwa lefatsheng la Beijing. E rile ka ngwaga wa 2002 o ne a lebagangwa le tiro ya botlhokwa ya UN ya banyana, basadi , le HIV/AIDS mo kgaolong ya borwa jwa Africa. O ne a buisana le UNAIDS, UN Commission ka boleng jwa bomme le World Health Organisation. O ne a tsaya karolo mo moletlhong wa bodiredi jwa batho ba ba rutang ba banngwe lefatshe ka bophare wa HIV Vaccine Trials Network.

Tlou o ne a tsena mo nyalong e e boitshepho le moitsanape wa tsa ditso tsa  Botswana e bong Professor Thomas Tlou.

Tlou o ne a tsena mo ditlhakong tsaga Precious Ramotswe mosadi wa senaka wa dibuka tsedi farologaneng tsa Alexander McCall Smith #1 Ladies' Detective Agency, e le ntlha nngwe ya go fetisa nako le go ekentsha bodutu ka motshameko o. Ka nako nngwe ba-bega dikgang ba kile ba bega gore go ka nna ga nna le kgonagalo ya gore a tshameke motshameko e le Mma Ramotswe mo ditswantshong tsa motshikinyego tsa Hollywood.

Ga tla kgwedi ya Phalane ka ngwaga wa ditlhopho tsa lefatshe 2004, Tlou a neelwa maemo a gore a nne tona wa tsa Botsogo ka kgwedi ya Ngwanaatsele a tlhola malatsi a le boferabongwe ka ngwaga wa 2004. Morago ga go latlhegelwa ke ditlhopho tse di potlana tsa Botswana Democratic Party (BDP) ko Palapye, Tlou o ne tswanelwa ke go rola marapo ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya Moranang ka ngwaga wa 2008 fa Ian Khama a nna tautona ya lefatshe.

Go bereka thata ga ga Tlou mo Africa borwa ka bolwetsi jwa HIV/AIDS,  go dirile gore basadi ba buisane le bakapelo ba bone ka tsela tse di siameng tsa go tlakanela dikobo ka go sa tlakanela dikobo go sa itsherelediwa e le gone mo go bakang bolwetsi jo, segolo jang basadi ba ba nyetsweng. O berekile le basadi ba motiya ba maphata a bomme le mekgatho e e dirwang mo lefatsheng go tsibosa ka bolwetsi jwa AIDS mo Botswana. O dirile go ka tlala diata mo go lwantsheng le go fokotsa kgethololo ya batho ba ba nang le AIDS le go thusa batho ba ba nang le HIV gore ba amogele seemo sa bone gore ba tswelele le matshelo a bone.

Tlou ke mongwe wa bakwadi tota ba buka ya itsetso ya batho ba ba nang le bolwetsi jwa HIV/AIDS mo Africa:

Ditiro tse dingwe tse di thophilweng: 

Category:Mapolotiki a Botswana Democratic Party




#Article 151: Noka ya Kabompo (240 words)


Noka ya Kabompo  ke nngwe ya letsogo la  tse ditona  tsa  kwa godimo ga  noka ya Zambezi  . E elelela mo Zambia, e palamela kwa bokone jwa Zambezi, mo Bokone-bophirima jwa kgaolo ya lefatshe  go bapisa bophirima jwa metsi a kgaphetsweng ntle fa gare ga  Zambezi gape le  noka ya Congo  fa molelwaneng gare ga Zambia gape le  DR Congo.

Noka ya Kabompo e elelela kwa bokone-bophirima jwa  miombo woodland, gotsweng e elelele kwa sekgweng sa  Cryptosepalum  ecoregion, le ka  bophirima jwa lefelo la diphologolo la  Lunga  mo bophirima jwa letshitshi la yone. Fa e sena go elela go fetla toropo ya  Kabompo, e aga makgobokgobo a  floodplain a a bophara jwa dikhilomethara tse di matlhano.  Mokoro wa Kabompo  kwa tlase ga one mo bokone-borwa go tsela ya mmu yo o makgarapana mo  botlhaba jwa Zambezi. Noka e tsena ka  Zambezi mo bokone jwa toropo ya Lukulu, kwa bofelong jwa toropo ya  Barotse Floodplain

Matsogo a a matona a tsone ke a noka e e mo bophirima ya  Lunga  e e elelang go tsweng bokone , gape le  la noka ya  Dongwe go tswa botlhabatsatsi.

Noka ya Kabompo ke nngwe ya donoka tse di tsewang di le botlhokwa fela thata mo lefatsheng la Zambia le DR Congo.Metsi a yone a dirisiwa go fetla motlakase mo fatsheng a mabedi a.Banni ba mafatshe a le bone boa nosa leruo la bone mo go yone.F banngwe bone ba a dirisa go a nwa.




#Article 152: Lekgotla la babereki ba mafelo a baeng le mesepele le bojanala la Botswana (370 words)


Lekgotla la babereki  ba  mafelo a go gorogelang baeng, mesepele le bojanala   (BHTamp;TWU) ke {1lekgotla la papadi le le ikgolagantseng le la  Botswana Federation of Trade Unions mo Botswana.

Temotsho e e dirilwe ke mothusa mookamedi wa lephata la tsa khiro, Rre Jacob Nkala mo phuthegong e ka yone ba neng ba tlhalosetsa babereki ba ba ntseng duelwa ka letsatsi ka tsamaiso ya go ba fetola go nna babereki ba sennelaruri.Rre Nkala o ne a itebagantse le kgang ya go tsena mo peneneng ga babereki ba, a tlhalosa fa puso e ne ya lemoga gore lenaneo la pele la go tsaya madi a karathuthi morago ga dingwaga tse tlhano dingwe le dingwe ga go tswele babereki bangwe mosola ka ba felela ba tlogela tiro ba sa itirela sepe.O ne a tlhalosa fa jaanong molao o moa wa khiro o dirile gore babereki ba puso botlhe ba nne selo se le sengwe fela mo a reng ke gone go dirang gore babereki ba jaanong ba kgone go tsena mo peneneng.

Rre Nkala o ne a rotloetsa babereki go tsena mo peneneng ka madi a bone a karathuti a re go ka ba thusa gore ba tle ba nne le penene e e botoka fa ba setse ba tlogela tiro.Babereki ba ne ba ngongorega ka dituelo ba re di kwa tlase mo ba belaelang gore penene ga e na go ba tswela mosola.Ba ne ba supa gape letshwenyego la go tlhoka go bolelelwa ka mananeo a tiro ka na go bontshiwa dipampiri tsa tiro tse di ba amang.

Ngongorego e nngwe e ba e ntshitseng ke ya go patelediwa go tsaya malatsi a boitapoloso fa ba sena go bereka morago ga dioura tse di beilweng tsa tiro le go sa tsewe sentle ke bagolwane ba bone mo maphateng.Mogolwane wa Manual Workers Union, Rre Otladisa Maswabi, o ne a ba kopa go dirisa lekgotla la bone la babereki go isa dingongorego tsa bone, e seng go leta diphuthego, a re go itshupa gore ga ba tsene diphuthego tsa lekgotla.Rre Maswabi o ba rotloeditse go dira dikomiti tsa lekgotla la babereki mo maphateng a bone a re di ka ba thusa go tsibogela dikgang a rotloetsa ba e seng maloko a lekgotla go ikwadisa.




#Article 153: Polokelo ya madi ya Botswana (276 words)


Polokelo ya madi ya Botswana   (BoB ) ke  polokelo ya bogare  jwa  Botswana.

Fa Botswana a tsaya boipuso kwa Britain ka ngwaga wa 1966, lefatshe le ne le bontlha bongwe jwa  Rand Monetary Area. Ka ngwaga wa 1974 Botswana o ne a tswa mo RMA, gape Polokelo madi ya Botswana gape le makalana a madi a mangwe a simolodisa molao motheo wa polokelong gare mo  Botswana go simolodisiwa ka ngwaga wa 1975. Ledi la pula le ne la simolodisiwa e le madi a lefatshe ka ngwaga wa 
 1976, gape le ka  ngwaga wa 1977  polokelo madi ya lefatshe la  Botswana ya nna polokelo madi ya puso.

Setshaba se itsisiwe fa Banka ya Botswana e tsweletse ka go amogela
dipego tse di bolelang fa bangwe mo setshabeng le dikgwebo ka
kakaretso ba sa amogele madi a magologolo a tshipi a P2. Lebaka le
legolo la go gana go amogela madi a magologolo a P2 ke gore gatwe
bangwe ba bolela fa a ntshitswe mo tirisong mme ebile a sa tlhole a reka.
Banka ya Botswana e itsise setshaba fa dipego tsa go nna jaana di sena
nnete. Madi a tshipi a P2 a masha le a magologolo a mo tirisong otlhe,
ka jalo, a tshwanetse go amogelwa ke setshaba le dikgwebo tsotlhe go
reka kgotsa go duela, go sena poifo epe. 

Polokelo madi ya lefatshe la Botswana e ikemiseditse go thusa lefatshe ka go sireletsa madi a lone.Le fa dithuso tsa mofutla o ba dikompone tse ditona jaaka tsa bo Debswana le Fair Grounds Holdings.Ba polokelo e ga ba rekisetse setsaba diabe tsa bone ka gore bontsi jwa diabe ke tsa lefatshe la Botswana.

Bank of Botswana




#Article 154: Lekgotla la Babereki ba moepo mo Botswana (918 words)


The Lekgotla la babereki ba meepo mo Botswana  (BMWU) ke lekgotla la papadi  le le ikgolagantseng le  Botswana Federation of Trade Unions mo Botswana.

Moeteledipele wa lekgotla la babereki ba ba duelwang ka letsatsi (Manual Workers Union) Rre Johnson Motshwarakgole a re lekgotla leo le leka bojotlhe gore ba ba latlhegetsweng ke ditiro ba boele mo tirong, le gore ba ba batlele ditiro kwa ntle ga lefatshe leno.Rre Motshwarakgole e ne e le sebui sa tlotla kwa moletlong wa go ipelela phenyo mo ikgaratlhelong ya go kopa koketso dituelo ka 16 per cent o o neng o tsenwe ke badirela puso, le badirela puso ba ba pele ba le 700 ba ba neng ba latlhegelwa ke ditiro mo lefatsheng leno kwa Makhubu Club bosheng.A re ba tsere tshwetso ya go batla diphatlha tsa ditiro di tshwana le tsa baoki kwa ntle, go balelwa kwa Namibia kwa di leng di ntsi teng.

A re ba setse ba batletse ba le lesome le bosupa kwa lefatsheng leo,mme ba solofela fa ba le lesome le bosupa ba tlaa bona ditiro mo bogaufing.A re kgang kgolo ke gore diphathi tsa kganetso le e e busang ya Domkrag ba reng ka seemo sa badirela puso.Rre Motrshwarakgole o ne a kopa boeteledipele jwa makgotla a babereki go ne ba laletsa diphathi tsotlhe tsa kganetso le e e busang meletlo ya bone.  

Lekgotla la babereki ba meepo ya Orapa, Letlhakane le Damotshaa mo kgaolong potlana ya Boteti lesupile ngongorego ka batswakwa ba ba tlhapiwang ka kutusiso ya gore baya go thswaragangwa le Batswana gore ba ithute mo go bone mo ngwageng tse tharo ka maikaelelo a re gotsweng foo trio tseo di boele mo diatleng sa Batswana.Basupile ngongorego eo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa tsa pereko le tsa selegae Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri maabane fa ane a kopane le badiri go utlwa mathata a bone le gore goka tokafadiwa jang melao ya tsa pereko.Erile mokwaledi wa Botswana Mne Workers Union Rre Molebatsi Mukani a lekodisa tona a supa fa basa itumedisiweng ke kafa diteseletso tsa batswakwa di shahadiwang ka teng le fa go sa thokafale, maikaeleleo ele gore motswana yoo o ntseng a tshwaragane le motswakwa a ithuta mo go ene a seka a bona sebaka sa go tsaya maemo ao.Rre Mukani yo oneng a buwa mo boemong ja lekgotla one a re gape go lenaneo la PMS le ithaganeletswe go diriswa are nako ga e e isi e tle ya gore lenaneo leo le dirafadiwe kwa meepong are ga letsamaisiwe sentle.Ene yare a itebaganya le gontshiwa ga ditiro dingwe mo moeepong go neelwa dikonteraka tse di ekemetseng ka nosi a re Debswana e simolotse godirafatsa molao oo kwa ntle ga ditumelano la ba makgotla a babereki ba meepo, a supa fa bookamedi boise book bo kopanele ditherisano le makgotla a babereki.O ne a re godira jalo ke go koafatsa bodiredi le lekgotla la babereki ka gore bontsi ja maloko a lekgotla botlaa bo bo satlhole bo le teng.O ne gape a re puso e tsaya lebaka go tsibogela mathata a babereki ba supa fa ngalo ditiro ya ba bereki ba meepo ya 2004 e tlogetsa badiri ba le 461 ba sena ditiro, mme puso ene ya itshele moriti o tsididi.

Ba lekgotla le lesha le le lone le neng le emetse badiredi la National Mining Allied Workers Union (NAMAWU) le bone batswa la bone batlhalosesa tona maikemisetso a lone, segolobogolo le gateletse that mo goreng a bookamedi boseka jaana le letshogo la gore fa makgotla a runya go buwelela babereki a feta bongwe a tlaa kgoreletsa ditsamaiso ba supa fa ele tshwanelo ya gore makgotla a ka tlhamiwa Erile a latlhela mo boemo ja lekgotla leo modulasetilo Rre Thompson Koboyatau a supa fa bone batlhaloganya sentle gore ba tshwanetse go kopanela ditherisano le mmuso, badiri le bone ele badiri gore gotle gone Bonolo gore balemoge dikgoreletsi tse dikgoreletsi tse di kgoreletsang mo melawaneng ya pereko le go tla ka maano a gor edika bakangwa jang.A re ba lemoga sentle gore seabe sa bone se botlhokwa thata mo go ageng lefatshe leno go le somarela le gore godisetsa dikokomane, a re mme seo seka kgonagala fela fa boraro joo boka dirisana mmogo.Ene yare a bakgwa dikgaba mothusa tona Rre Matlhabaphiri are tota tsamaiso yotlhe ke gore a gokopanelwang mathata gotiwe ka metlhala ya tokafatso le paakanyo melawana ya tsa pereko fa go bonweng e katswa e sielwe ke nako teng.Mothusa tona one a re ao ke one maikaeleleo magolo a go kopana le mhiri le mhiriwa gore bonwe ditsela tsa kafa go ka dirwang ka teng go tokafatsa melwana ya tsa pereko, ene ya re morago a kopana le bookamedi jo le jone boning ja itumelela bokopano joo thata.Ene yare mo mafko a gagwe a kamogelwe mookamela meepo ya Orapa le Letlhakane Rre Sebetela Sebetela a supa fa foneela beng gae ditiro mo meepong ye a e okametseng gole kwa godimo thata, mme a dumelane le gore gongwe bantse bas a tshwaragenele ditherisano le makgotla a babereko go ba rerisa ka thulaganyo e eteng.

One a kopa gore a gofefosiwe go abiwa ga diteseletso tsa pereko gore bakgone go tlhapa baitsaanape ba ditiro tse dihaphegileng ka bofefo fa gotlhokege, one gape a totomatsa kompone ya gagwe gore e thoka go tshephiwa ka gole gantsi e direle dilo mo pepeneneng goitsa dikgothang.Erile a lathela mookamela lephata leo Rre Claude Mojafi a re dikompone tse ditona jaaka Debswana dina le lenaneo le le haphegileng la go direlwe diteseletso ka bofefo 




#Article 155: Phuthego ya Botswana Movement for Democracy (211 words)


Botswana Movement for Democracy  (BMD ) ke phuthego e ntsha  ya sepolotiki mo Botswana. E similodisitswe ka ngwaga wa  2010 ke mapalamente gape le mapolotiki mangwe ba ba ikgaotseng go tsweng mo phuthegong e e busang ya Botswana Democratic Party ka go tlhoka kutlwisisanyo le  Ian Khama, moeteledipele wa  BDP gape e le tautona wa  Botswana.  E ne e le yone phuthego ya ntlha go kgaogana le  BDP, e e saleng e busa  Botswana a tsaya boipuso  ka ngwaga wa 1966. Moeteledipele wa yone ke Gomolemo Motswaledi, yo o tlhophilweng ka Motsheganong a tlola ga bedi,ngwaga wa  2011 ka nako ya fa phuthego e simolodisiwa. Botsalo Ntuane, yo eleng mopalamente wa kgaolo ya  Gaborone bophirima le borwa gape e le moeteledipele kwa palamenteng, o ne a tlhopiwa go nna mothusa tautona wa phuthego eo. Sydney Pilane, yo o ntseng a direla a le mo ofising ya ditogamano le botsalano jwa batho e sale e simolodisiwa, o ne a latlhegelwa ke tlhopho mo go tautona wa puthego ebong  Motswaledi.

Phuthego ya BMD e simolotswe go farafarwa ke dipuo tse di ganang go fela.Se se tla morago ga gore tautona wa phuthego ebong Gomolemo Motswaledi a isiwa kgotla kgolong ya ditsheko go arabela melato ya gagwe.

Botswana Movement for Democracy
Botswana Democratic Party

 




#Article 156: Motse wa Mabesekwa (382 words)


 
Mabesekwa ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse wa Mabesekwa o sekgele sa dikhilomitara tse masome a marataro go tsweng bophirima jwa toropo ya Francistown, e bile o na le  sekolo se se potlana. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo tsa motse wa Mabesekwe di ne dile makgolo a borobabobedi masome a borobabobedi le borataro.

E rile Tshipi ba maphata a kgaso le dikitsiso ba kgaolo ya Francistown ba abela lolwapa longwe kwa Mabesekwa dijo, dikobo le diaparo.
Dilwana tseo, tse di akaretsang dijo tsa madi a a fetang P1 400, materase a le mabedi, dikobo tse pedi le diaparo, di lopile madi a a fetang P5 000.
Fa a rolela boora-Oabile dimpho tseo, mogolwane wa lephata la kgaso, Rre Phenyo Butale o ne a tlhalosa fa dithoto tseo di rekilwe ka madi a a neng a kolekwa ke badiri fa e sale ngwaga o simologa.

A re badiri ba ne ba dumalana go oketsa madi ao gape morago ga go bona letlhoko la lolwapa loo, a tlatsa ka gore thuto e ba lekang go e tsenya mo Batswaneng ke ya gore motho mongwe le mongwe fa a leng teng, go sa kgathalesege gore o itsholetse go le kae o ka thusa mong ka ene ka Setswana se re bana ba motho ba kgaogana tlhogwana ya ntsi.
O rotloeditse banni ba Mabesekwa go thusana go lwantsha lehuma, a re fa ba tshwaragane ba ka tswa ka maano a go itshetsa mme ba inoge mo lehumeng.
Fa a tswa la gagwe, Rre Oabile Phaphela o ne a lebogela Modimo go bo a rometse badirela puso go mo tla matshidiso, a re dimpho tseo di tlaa ba thusa thata ka ba itlhoka.

Dibui tse dingwe, ebong molemisi wa Mabesekwa, Mme Gaontebale Class le mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Gibson Basiami ba ne ba akgola maiteko a maphata a kgaso le dikitsiso ba re e le ruri go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang.
Lolwapa loora Oabile lo na le mosadimogolo le monnamogolo ba ba setseng ka bana ba bana ba supa ba masiela ba ba sa kgoneng go amogela dithuso tsa puso ka go bolelwa ba se na ditlankana tsa matsalo le fa e le tsa loso tsa batsadi ba bone.




#Article 157: Lebala La Metshameko La Francistown (239 words)


Lebala la metshameko la Francistown ke lebala le le dirisiwang metshameko ka mefutla mo Botswana, le le santseng  le agiwa.Fa le fela ka ngwaga wa 2009,le tla bo le dirisiwa gantsi go tshameka Fa le fela ka ngwaga wa  2009, le tla bo le dirisetswa kgwele ya dinao  gape le tla  tshegetsa metshameko ya setlhopha sa mo gae sa  TAFIC. Lebala le le tla nna le nonofo ya selekanyo sa go tshegetsa batho ba le 27,000. 

Le tla nna le ditlamelo tse di tona tsa tlhwatlhwa. Le nale manno a ditilo a a tlhomaganeng go ya ko godimo a le borobabongwe. Lebala le le tla tsenngwa motlho wa nnete. Mmanno a a tlotlegileng a a bidiwang Pavilion a tla nna le ditlamelo tsa batlotlegi tsa maemoa a ko godimo. Lebala le ke lone le le tona mo Botswana,le tla dirisediwa go tshegetsa metshameko ya tlhwatlhwa ya mafatshe e e totegang.Ke nngwe ya mabala a a fiwang tota gape a tsewa tsia ka gore toga-maano a sone ke e e kwa godimo mo lefatsheng ka bophara.

Bodulo jwa puisanyo le jwa itshidilo mmele bo tla tsenngwa mo labaleng. go solofelwa fa lebala le le tla fela ngwaga o o tlang ka kgwedi ya Hirikgong e simolola. Lebala le ke lengwe la ditlamelo tse ba lekgotla la metshameko ya kgwele ya dinao (FIFA) e ikaelelang gore le dirisewe ke ditlhopha tsa sejana sa lefatshe sa ngwaga wa 2010 pele ga metshameko.




#Article 158: Noka ya Molopo (400 words)


Noka ya Molopo  e bonwa mo borwa jwa Aforika. Noka e e elelela kwa borwa-bophirima go tsweng kwa motsweng wa yone, e boleele jwa selekanyo sa dikhilometara di le makgolo a borobabongwe le masome a borataro. Go elela ga noka go bonako Fa e tletse, e tshololela mo nokeng ya Orange , e e rakantshang fa e fologela tlase kwa maphothophothong a lefelo la diphologolo a Augrabies  . Go akanyediwa gore se se ka tswa se simolotse mo dingwageng tse di fetlang makgolo bogologolo.

Noka e fa kabo nngwe e e botlhokwa ya molelwane fa gare ga Botswana gape le Aforika Borwa. Toropo ya  Mafikeng, Aferika Borwa, e ikaegile ka lotshitshi la noka, mo go dumelwang fa e le yone e fang batho metsi .

Molopo  Nossob letsogo la yone le boleele jwa dikhilomethara tse di masome a matlhano mo borwa jwa Twee Rivieren, mo selekanyong sa makgolo a borobabobedi le masome a borobabongwe fa godimonyana.

Banni ba metse e e gaufi le noka ya Molopo mo Kgalagadi ba kopiwa go ela tlhoko bana ba bone ka noka eo e elela e bile e setse e kgabaganya motse wa Bray.Mogolwane wa mapodisi a Tsabong, Rre Chabaesele Mazebedi o boletse mo potsolosong fa noka ya Molopo e elela go tswa kwa botlhaba e ya bophirima, mo e setseng e tshelegela mo Kgalagadi.O rile metsi ga a itsege, ga se naga, ka jalo o gakolola batsadi ba metse e e gaufi le noka eo go tlhokomela bana, ba ba kgaphele kgakala ka jaana go tsamaya ga metsi ao go le borai mo go ka bakang dikotsi.

Rre Mazebedi o gakolotse le bone badirisi ba dikgoro tsa molelwane mo kgaolong e go tsibogela seemo seo pele ga ba ka kgabaganya, a bolela fa kwa dipolasing tsa Banyana tereta e e ka kwa Afrika Borwa e e tsamayang e bapile le e e kgaoganyang molelwane e sa bonale sentle e le metsi, selo se se sa tlwaelesegang mo Kgalagadi.Mogolwane go tswa mo lephateng la dipasa le mesepele kwa Makopong, Rre Joseph Rantung o kopile badirisi ba kgoro ya molelwane kwa Bray go dirisa ya Makopong, ka a re eo e tswetswe ka one mabaka a noka ya Molopo e e elelang.Rre Rantung a re e le badiri kwa diofising tsa molelwane ba tlaa baya seemo sa metsi ao leitlho thata, mo ba tlaa nnang ba ntse ba afa badirisi ba kgoro ya molelwane dikgakololo.




#Article 159: Mmino wa Setswana (870 words)


Batswana ke morafe wa Aferika, o thata o agileng kwa  Aferika Borwa.
  Bonyemyane jwa morafe o bo fitlhelwa mo Botswana kwa bodirileng morafe o motona  Mmino wa Setswana  ga o a tlwaelesega ka go tlhoka tiriso ya Meropa , gape o ikaegile thata mo didirisiweng tsa mmino tsa mefuta ya katara le go opela.
 
Didirisiwa tse dingwe di akaretsa segaba le  setinkane. Segaba se tshwana thata le violin, ka go dirwa, mme se dirisa leseka le le lengwe le le hakisitsweng mo sebagabikeng. Fa setinkane sone se dirwa ka ditshipi tse difarologanyeng tse di se phaphathi mme di tshamekiwa jaaka keyboard. 

Ka nako  ya bokoloni, mokgwa wa mmino wa setswana o ne o kgalwa ka gore o ne o kaiwa fa  kgoreletsa ditlhabololo mo kgaolong le mo bathong. Go tsweng boipuso jwa Botswana, tsela kgotsa mekgwa ya mmino e ne ya busetswa mo tirisong, le fa mmino e le malwa go tsweng gongwe le gongwe mo Aferika (thata Aferika Borwa),  United States le Europa e setse e tsere phekeloe sele go ya ka fa e ratiwang ka teng.

TSUTSUBE, PHATISE, HOSANA, HURU,DINAKA, SETAPA SA DIPHATE LE MMAMARUTLE.
Mmino wa Setswana fela jaaka mmino wa ditso tse dingwe, Ke sekgantshwane, ebile ke sekao sa Setshaba sa Setswana. O farologane ka mokgwa o o diragadiwang ka teng. bogolojang fa re lebile dikao tsa ditso tse dingwe mo Aforika. Didiriswa tsa teng ga se tsa manobonobo mme di natifisa pina thata, jaaka mokgwa wa go opa diatla, Matlhoa le diphala. Molodi wa pina ya Setswana o supa gore Batswana ke bo mang le gore Botshelo jwa bona bo ntse jang. Mo mminong go bonala Boitumelo, Kutlobotlhoko, Metshameko, kalafi, Kaloso le ditiro tse di amanang le setso tse di dirwang ngwaga le ngwaga jaaka go rapelela Pula le ka nako ya thobo.

Tsutsube ke mmino o ka bonwang mo dikgaolong tsa Botswana mo go nnang teng Basarwa le Bakgalagadi. Gantsi le kgaolo tsa bogareng le bokone bophirima. Tsutsube ke mmino o amanang thata le ngwao le botshelo jwa Basarwa, ba e leng morafe o tshelang o ikaegile thata ka tikologo e ba agileng mo go yone. Go tshela ka ngwao e e sa kgotlelesegang ga Basarwa go itshupang thata mo mminong wa Tsutsube, o ka lemoga dilo dile dintsi tsa ngwao ya Basarwa mo mminong wa bone jaaka Bongaka, go bapala maungo a naga, kapei, diphologolo ka farologana ga tsone, letsomo le didirisiwa tsa letsomo, metlhale ya itshetso mo nageng, tumelo kgotsa kobamelo modimo kgotsa medimo le badimo le metshameko ka go farologana ga yone. 

Phatise ke mmino o o tlholegang mo merafeng ya Bangwaketse le Bakwena. O tumile thata kwa Bokwena e bile o binwa thata ke bo rre. Bothakga jwa o na botswa mo go tswakatswakannyeng Maoto, mo go bidiwang morabaraba. Kana morabaraba ke motshameko wa Setswana o o nang le matswakabele.

Hosana ke mmino o o binwang thata ke Bakalaka, o binwa fa go rapelelwa pula. Fa o binwa go aparwa bontsho le bosweu. Bontsho bo supa maru a mantsho a pula, fa bosweu bo supa gona ga pula kgotsa metsi.

Huru ke mmino wa se ka motshameko wa basimane, o tlwaelegile thata mo morafeng wa Basarwa ba ba nnang kwa kgaolong ya Gantsi. Ba bine ba etsisa diphologolo fa ba o bina.

Dinaka ke mmino o bonalang thata mo dikgaolong tsa Botlha-tsatsi tse di mo tikologong ya noka ya Limpopo e e kgaoganyang Botswana le Aferika Borwa. Ke mmino o mo Botswana o bidiwang mmino wa Babirwa mme kwa Aferika Borwa o bidiwa mmino wa Sepedi mme merafe e mebedi e ele morafe ole mongwe mme o bidiwa ka maina a farologaneng. Dinaka ke Leina la mmino o mo mafatsheng o mabedi le le amogelesega gape le itsege hela thata. Ke mmino o nang le sedimo (kobamelo badimo) o ka one morafe oka ipelelang letlhafula (Dikgafela) kgotsa paka e ntle, morafe o ka rapedisa pula kgotsa wa ipelela moletlo o motona jaaka meletlo ya bogosi.Dinaka di binwa ke banna le basadi ba apere diaparo tsa ngwao kgotsa tsa bone fela tse gantsi di sa patelesegeng go tshwana, mongwe le mongwe o tsena mo mminong ka se a se apereng le se a se tshwereng jaaka phala kana lonaka e ka nna la kgomo kana phologolo mme moropa ke nngwe ya didirisiwa tsa konokono. moopedi o tlhabeletsa pina (kosha) mme morafe kgotsa setlhopha se mo arabe ka go opela, ba bina ka maoto ka tsela o ka bonang okare ba faapana, ba letsa melodi le megolokwane

Setapa sa diphate ke mofuta wa setapa o o tlwaelegileng kwa Ngwaketse. Se bidiwa sa diphate ka go re bogologolo se ne se dirisediwa matlalo e seng matlhoa jaaka gompieno. Ke mmino o o biniwang ke borre. Bo mme ba ka bina fela fa borre ba ba tsaya ba ba binisa, mme le gale fa bo rre ba tswelela ka go bina, ba itlhokomodisa bo mme, bo mme ba ka tsena fela fa pele ga bona ba theta, go dira jalo go bidiwa konkomi, ka gore ba be ba ba konkometsa mme go sa re e sepe. Ka na gatwe konkomi ka fa morago ka fa pele kgomo di a tswa.

Mmamarutle ke mmino o o fitlhelwang thata mo Lehurutshe, o binwa fa go robiwa. 




#Article 160: Moepo wa Diteemane wa Letlhakane (351 words)


Moepo wa Letlhakane wa diteemane o mo bophirima jwa toropo ya Francistown mo Botswana. Letlhakane go tewa matlhaka a mannye, o okametswe ke ba Debswana ba o tshwaraganetse le ba kompone ya De Beers le goromente wa Botswana. Ke moepo wa bobedi mo go e megologolo e mene e e okametsweng ke kompone, o simolotse go bereka ka ngwaga wa 1975.

Letlhakane ke moepo fela o o mosima o o bulegileng yo go berekelwang teng. Moepo o ntsha matlapa a teemane a e leng gone a epiwang ale diketekete dile tharo le borataro (3.6 million) ka ngwaga, mo godimo ga moo le matlapa a le diketekete dile di le lesome le botlhano a a senang mosola. Ka ngwaga wa 2003 moepo wa Letlhakane o ne wa ntsha diteemane tsa diketekete di le lekgolo le borataro tsa dikarata le bokete jwa lekgolo le lesome le bobedi  (212kg). Letlapa le le lengwe kwa moepong ke la dikarata tsa bo 0.26 le bokete jwa bo masome a matlhano le bobedi (52mg). Mafelo a a itseweng a tla tsweledisiwa mo dingwageng tse di le lesome le bongwe tse di latelang.

Letlapa la teemane le e leng gone le epiwang le tlhabololwa kwa moepong o o mabapi wa Orapa wa diteemane o o seng kgakala. Moepo wa Letlhakane o okametswe gape ke ba moepo wa Orapa.

Meepo ya Orapa. Letlhakane le Damtshaa e ntsha diteemane tse dintsi go feta meepo epe fela mo lefatsheng ka bophara. Se se jesang monate ke gore moepo wa Debswana kwa Jwaneng. One o ntsha diteemane tse di tlhwatlhwa kgolo go na le ya diteemane dipe fela mo lefatsheng. Ka bokhutshwane, lefatshe a Botswana le ipelafatsa ka gore ke lone le nang le diteemane tse dintsi ebile e le tsa tlhwatlhwa-kgolo lefatshe ka bophara. Segolo bogolo, diteemane tse di dirisiwa go tokafatsa matshelo a batho ba lefatshe leno. Gammogo le go tlhabolola seemo sa itsholelo.

Mogojwa o gateletse gore ke lone lebaka le, le le pateletsang gore go tlhongwe kwa pele methale ya motia ya go babalela ditswa-mmung tse, e sere gongwe dirukutlhi tsa tloga tsa ntsha Orapa kwa ga mmapereko.




#Article 161: Maina a Dibanka tsa Botswana (666 words)


A ke maina a dibanka tsa  kgwebo tse di mo Botswana 

Mokwaledi wa lephata la madi le ditogamaano tsa ditlhabololo, Rre Solomon Sekwakwa o kopile Batswana go tsosolosa mowa wa go boloka madi go na le go jela mo ganong.Rre Sekwakwa o ntshitse kopo eo fa a bula moletlo wa letsatsi la Botswana Savings Bank la go rotloetsa go boloka madi kwa kgotleng ya Masunga semmuso bosheng.A re ba lemogile fa bontsi jwa Batswana ba dulwe ke mowa wa go boloka madi diatleng mme ba jela mo ganong, e re ba tlhagelwa ke mathata a tshoganetso e nne selelo le khuranyo ya meno.A re gore motho a kgone go boloka madi, ga go tlhokane le gore a bo a amogela madimadi mme bonnyennyane bope fela jo motho a ka tswang a bo dira, o tshwanetse a boloka bontlhanyana jwa jone go baakanyetsa isago.

Rre Sekwakwa o gwetlha batho go tlogela go dirisa madi a bone mo dilong tse di seng botlhokwa kgotsa di se na motlhala ope, a re go wela tlase ga itsholelo lefatshe ka bophara go ka nna ga baka tatlhegelo ya ditiro ka jalo bonnyennyane jo motho a nang le jone o tshwanetse a bo boloka go baakanyetsa seemo se se tlang.Mokwaledi o tsweletse a tlhalosa fa go boloka go tlhokana le go tsewa tsia ka jaana go na le seabe mo go fediseng lehuma mo bathong, a re puso e leka bojotlhe go tsosolosa mhama wa temo thuo, bogolo jang mo dikgaolong mme tsholofelo ke gore e re morago batho ba rekise thobo le bontlha bongwe jwa leruo la bone mme ba boloke lemmenyana kwa bankeng ya Botswana Savings.Rre Sekwakwa o kopile batsadi go rotloetsa bana ba bone go boloka madi le go reka diabe, a bo a gakolola ba BSB go tiisa ipapatso ya bone mo bathong go rotloetsa mowa wa poloko ya madi mmogo le go tlhokomela badirisi ba ditirelo tsa bone.E rile a tlhalosetsa batsena moletlo oo ka maikaelelo a one, mogolwane wa tsa ipapatso wa banka eo ya Botswana Savings, Rre Harry Marks a re maikaelelo magolo ke go rotloetsa batho go boloka madi gore e re mpuru a faretswe ba kgone go itshwarelela ka sengwe.Mo moletlong oo go ne go na le metlaagana e kwa go yone batho ba neng ba tlhalosediwa ka ditirelo le ditsamaiso tsa banka eo, maikaelelo e le go isa banka eo kwa bathong.

Rre Marks a re ba bone go tshwanela gore ba nne ba rulaganya meletlo eo mo dikgaolong ka go farologana go gasa molaetsa wa botlhokwa jwa go boloka madi mo bathong. Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa Botswana Savings Bank, Rre Landrick Sianga o ne tlhalosa fa BSB e le banka ya puso e thamilwe go tsaya karolo mo go rotloetseng setshaba gore se boloke.A re BSB e itlamile go tlhabolola Batswana gore ba kgone go tsaya karolo mo go tokafatseng itsholelo ya lefatshe leno, ka jalo a leboga ba Botswana Post lefatshe leno ka bophara go ba thusa gore ba kgone go diragatsa maitlamo a bone, a tlhalosa fa ope yo o tlhokanang le thuso ya BSB a ka e bona kwa posong nngwe le nngwe.Rre Sianga o ne a ba a tlhalosa ka mananeo a bone ka go farologana a a itebagantseng le matshelo a Batswana, a re e bile kwa bankeng ya bone go motlhofo gore bana ba bulelwe dibukana tsa go boloka.O gakolotse batho kgatlhanong le go baya dithebenyana tsa bone mo matlong, a ba kopa go bula dibukana tsa go boloka kwa BSB gore madi a bone a sireletsege mo bogodung e bile a dira morokotso, a re fa motho a boloka kwa go bone ga a kgethisiwe morokotso o a o itiretseng.E ne e rile a amogela baeng, kgosi Maruje III le ene a kopa batho go ikgolaganya le ba banka eo go boloka dithebenyana tsa bone gore ba kgone go itshetsa.

Go somola fela thata go boloka madi ka gore go thusa motho go tsweledisa botshelo mo nakong e e tlang.




#Article 162: Kgaolwana ya Kgalagadi (368 words)


Kgalagadi ke kgaolo e e mo borwa bophirima mo Botswana, mo mololwaneng wa Botswana le Namibia. Diofisi tse dikgolo di ko Tsabong. Kgalagadi o tsaya bophara jo bontsi jwa sekaka sa Kalahari. O na le sekgala sa dikilomethara di le 105,200, ka ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne e le 42,000. Kgaolo ka bontsi e tserwe ke lefelo la boitapoloso la Kgalagadi Transfrontier, e e tswelelelang ko Aferika Borwa.

Kgalagadi e tshwaraganetse melelwane le dikgaolo tse di latelang:

Melelwane ya mo gae

Dikgaolo_Potlana tsa Kgalagadi di akaretsa

Lefelo le le nang le batho ba bantsi mo kgaolong ke la Tsabong le le neng le na le dipalo tsa batho di le 6,591 ka ngwaga wa 2001, fa Hukuntsi di ne di le 3,807,Kang dipalo tsa botho di le 3,744. Metse e e neng ya balwa ka palo batho ya ngwaga wa 2001

 Kgalagadi-Borwa 

 Kgalagadi Bokone

Banana ba kgaolo ya Kgalagadi ba kgothaditswe go batla ditsela tsa go tsena mo kgwebong ya bojanala.Go ne go gakolola mopalamente wa kgaolo ya kgalagadi bokone Rre Phillip Khwae kwa dithuto puisanong tsa lephata la bojanala kwa motseng wa Kang ka bofelo jwa beke. Rre Khwae o kgothaditse banana a ba kopa gore ba inaakanye le bojanala, ka bo ka thusa mo go lwantsheng lehuma le le apesitseng kgaolo ya gagwe kobo ka lestshoba. O tswelela ka go ba rotloetsa go tlhoafalela dithuto.

Mogolwane mo lephateng la bojanala Rre Moremi Mabote, ene o ne a bolelela banana gore puso e simolotse go rotloetsa dikgwebo tsa Batswana, a re dikgwebo di sale boutsana mo kgaolong ya Kgalagadi jaaka tsa go supegetsa bajanala lefatshe, tsa ngwao ka kakaretso le tsa maroko. A re lephata la bone le tshwara moletlo wa bojanala ngwaga le ngwaga go rotloetsa ngwao ka kakaretso le gore bagwebi ba tle go abelana dikitso ka go tlhabolola dikgwebo. A re seemo se se sa iketlang sa itsholelo se ba pateleditse gore monongwaga ba lebagane fela le dithuto puisano jaanong go na le ditiragalo tsa dingwaga tse di fetileng tse di neng di akaretsa dikhwaere le disupiwa tsa ngwao. Rre Moagele go tswa lephateng la diphologolo makgabisa o ne a gwetlha banana go rua bontshe le diphologolo tse dingwe tsa naga




#Article 163: Motsana wa Dinokwe (157 words)


Dinokwe  (Palla Road) ke motsana yo mo kgaolong ya legare ya Botswana. Motse yo o nale batho bale sekete le makgolo a mabedi goya ka palo batho ya ngwaga wa dikete tse pedi mme ebile o bapile le tsela e kgolwane ya toropo kgolo Gaborone le ya toropo ya bobedi ya Francistown. Dinokwe o nale setaishane sa dikgomo se se didiwang ka sekgowa gotwe cattle railway station. Diphunyidi tse di ntshang metsi kafa tlase ga lefatshe tsa Botswana diko Dinokwe. Pele ga porojeke ya Bokone ya carrier, motsana yo one o abela motsana wa Mahalapye (yo nang le batho bale dikete tse di masome a mane le makgolo ale mabedi) metsi. Motse yo o gaufi le  Sekaka sa Kalahari go molelo, le megobe e mo motseng e a kgala fa ese paka ya  dipula. Mo nakong tse di fitileng bobeo jwa magala mo  Borwa jwa Aferika bone jwa bonwa dikilometara dile lesome le botlhano gotswa mo Dinokwe.




#Article 164: Molalatau (219 words)


 
Molalatau ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O bonwa kwa bolhaba jwa nko ya Botswana, mo teng ga sekgele sa dikhilomethara tse di makgolo le Zimbabwe gape le Aforika Borwa. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le 1,788 tsa batho.
Ga gona sepe se banni ba ikaegileng ka sone go tsholetsa itsholelo ya bone ka gore banni ke balemi ba ba lemelang go itsetsa.

Molalatau o biditswe ka leina la noka e e fetang mo bokone jwa motsana  gape e bonwa mo sekgeleng sa dikhilomethara tse di masome a mabedi go tsweng motseng wa Bobonong yo o eleng one o o fang ditirelo mo kgaolong . Banni ba Molalatau ke  Babirwa gape ba bua puo ya sebirwa  ka tlholo ba tswa kwa botlaba jwa nko ya lefatshe mo lefelong go dikologa fa dinoka di kopanelang teng ya Limpopo le Motloutse. Ba ne ba patikiwa go tswa mo lefelong le ke barongwa ba ga Mmamosadinyana go fa kompone ya British South Africa Company e eileng ya fiwa lefatshe le ba atlolosa boleele jwa noka ya Limpopo mo teng ga Botswana ke Khama III. 

Batho ba ba ne ba eteletswe pele ke kgosi Malema morago ga go nna le dikgogakgono le puso ya barongwa ba ga Mmamosadinyana e direla go tsweng Serowe. 




#Article 165: Motse wa Molalatau (879 words)


 
Molalatau  ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O bonwa kwa bolhaba jwa  nko ya  Botswana, mo teng ga sekgele sa dikhilomethara tse di makgolo le  Zimbabwe gape le Afrika Borwa. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le 1,788 tsa batho.
Ga gona sepe se banni ba ikaegileng ka sone go tsholetsa itsholelo ya bone ka gore banni ke balemi ba ba lemelang go itsetsa.

Molalatau o biditswe ka leina la noka e e fetang mo bokone jwa motsana  gape e bonwa mo sekgeleng sa dikhilomethara tse di masome a mabedi go tsweng  motseng wa Bobonong yo o eleng one o o fang ditirelo mo kgaolong . Banni ba Molalatau ke  Babirwa gape ba bua puo ya sebirwa  ka tlholo ba tswa kwa botlaba jwa nko ya  lefatshe  mo lefelong go dikologa fa dinoka di kopanelang teng ya  Limpopo le Motloutse. Ba ne ba patikiwa go tswa mo lefelong le ke barongwa ba ga Mmamosadinyana go fa kompone ya British South Africa Company e eileng ya fiwa lefatshe le ba atlolosa boleele jwa noka ya Limpopo mo teng ga  Botswana ke Khama III. 

Batho ba ba ne ba eteletswe pele ke kgosi  Malema morago ga go nna le dikgogakgono le puso ya barongwa ba ga Mmamosadinyana e direla go tsweng Serowe.

Mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi a re ka ntata ya kwelo tlase ya itsholelo, ditiro dingwe tsa ditlhabololo di tlaa seegelwa fa thoko lefatshe ka bophara go balelwa kgaolo ya Bobirwa.A re mafatshe a neng a reka diteemane tsa lefatshe leno le o ne a amilwe ke kwelo tlase ya itsholelo, a re seemo se, se ka nna sa felela se bakile go kgaolwa ga babereki mo ditirong.Legale mopalamente a re mme e tlaare fa seemo sa itsholelo se ka tokafala ke gone ditiro tse di tlaa dirwang, a tlhalosa fa go na le tse di tlaa tswelelang di dirwa jaaka go agwa ga letamo la Thune le a reng go setse go simolotswe, go agwa ga matlo a bodiredi le go betlwa ga tsela ya Bobonong/Tsetsebye.Rre Kgathi yo a neng a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Motlhabaneng, Mathathane le Molalatau o boletse fa go le botlhokwa gore setshaba se nne le seabe mo ditlhabololong le go thusa go atolosa itsholelo go na le go baya fela pusong.Kgathi yo gape e leng tona wa banana, metshameko le ngwao a re, dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le dingwe di tshwanetse tsa tswa ka maano a go dira madi ka ditsela tsedi farologanyeng go tlhabolola metse ya bone.Mo dikganyeng tse dingwe mopalamente o gwetlhile batsadi go tsaya thuto ya bana ka tlhwaafalo mme ba tshwaragane le barutabana ka jaana thuto e le yone motswedi wa botshelo mo matshelong a gompieno a diphetogo.A re ba rotloetse bana go itebaganya le dithuto tsa bone go na le go inaakanya le nno tagi, boganana, tsa marato le ditiro tsa borukhutlhi ka gore, dika ba senyetsa bokamoso jwa bone, a re ba ba feditseng sekole ba sena ditiro ba inaakanye le mananeo a banana a dithuso go itirela bokamoso.

Legale Rre Kgathi o ne a akgola dikole tse di dirileng sentle mo maduong a ngogola, a re ba itsolopanye go dira ka bonatla go feta fa ba dirileng teng.A re mme tse di saletseng kwa morago o kopa barutabana ba ba neelang tshwene marapo go dira natla ka gore metlha ga se ya maloba ka jaana go berekwa ka dielo.A re bone e le barutabana ba neetswe thuto e e ba sologetseng moelemo mo matshelong a bone mme le bone ke tshwanelo gore ba neele bana thuto e e tla a solegelang molemo bokamoso jwa bone.O bile a kopa banni ba metse e, gore fa ba na le mathata a a tlhokanang le thuso ya gagwe ga ba tshwanela go emela diphuthego tsa kgotla, a re ba ikopanye le ba ofisi ya gagwe, ya ga molaodi kana ya mogolwane wa khansele go kopa thuso.Modula setilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Bobonong, Rre Morgan Makgasane a re ba dumalane gore gonne le koketso ya lefatshe kwa ba ka atolosetsang ditsha tsa masimo a batho ba motse wa Motlhabaneng teng.Rre Makgasane a re sebe sa phiri ke gore ba na le bothata ba gore batho bangwe bane ba ipeile masimo, a a reng a ka dira gore bangwe ba tlhaelelwe ke lefatshe.Modulasetilo a re ba setse ba segile ditsha tsa masimo a motse oo, dile masome a mararo mme ba tsweletse ka go sega, a re bothata jo bongwe ke gore lefatshe la bone le na le matlapa a mantsi le melapo mme se se bo dira gore lefatshe le ngotlege.Fela jaaka kwa metseng e mopalamente e tshwareng diphuthego kwa go yone, banni ba metse e ba supile matshwenyego mabapi le bogodu jwa loruo jo ba reng bo dirwa ke batho ba lefatshe la Zimbabwe.Banni ba motlhabaneng ba ne ba ngongoregela gore batlhoki ga ba thusiwe sentle le gore bana ba sekole ba ba tlhokang ba thusiwe go fitlhelela ba fetsa dithuto tsa bone gona le gore ba thusiwe go ema bale dingwaga dile 18.Mogolwane wa boipelego, Rre Sandy Molosiwa a re bana ba ba tsenang sekole ba thusiwa go fitlhelela ba fetsa dithuto tsa bone fa ba sekasekilwe go bonnwe letlhoko la bone.




#Article 166: Motsana wa Mokgware (529 words)


 
Mokgware ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o dikhilomithara dile masome matlhano kwa bokone  jwa Mahalapye, gape o na le sekolo se se botlana. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a mararo,masome a mararo le botlhano.

Botlhoki e ntse ke kgwetlho e tona kwa kgaolong potlana ya Palapye jaaka bomme ba le bantsi go feta borre ba humanegile.Modulasetilo wa khansele potlana ya kgaolo Rre Onneetse Ramogapi o boletse beke eno gore mo batlhoking ba ba 1507 ba ba kwadisitsweng, ba ba 1062 ke bomme fa borre ba le palo potlana.A re se se swabisang ke gore ba ba thusiwang ka lenaneo le ga ba kgatlhegele mananeo a go ba thusa go itshetsa. Batho bano ba santse ba ikaegile thata ka mephako ya mmuso mo ba sa dumeleng go ipopa ditlhopha kgotsa ka bonosi ba inaakanya le ditiro tsa go ba nonotsha mo itsholelong, a tlhalosa.

Rre Ramogapi le gale a re khansele e tsweletse ka go rutuntsha le go batlisisa tse di tlhokwang ke batho ba, le go lwantsha kgwetlho eo.O bile a lela ka tlhaelo ya madi a tlhokomelo ya dikhutsana le lenaneo la tlhokomelelo mo lwapeng le a reng, le ntswa le na le palo e ntsi ya dikhutsana tse di kwadisitsweng ya 2390, le direla mo tlhaelo ya madi ya boleng jo bo fetang P5 million.

Tlhaelo ya metsi e apesitse banni ba Mokgware kobo ka letshoba.E setse e le sebaka sa kgwedi motse wa Mokgware o le mo leshekereng la tlhaelo ya metsi, e ba koporase ya metsi ba tlhalositseng fa e bakilwe ke tlhaelo ya metsi ka fa tlase ga lefatshe.
Mogolwane wa koporase ya metsi Mme Daphne Motsumi o tlhalositse fa didiba tse di nosang motse wa Mokgware di se na metsi e bile di tswa seretse fela, mo go supang gore metsi ka fa tlase ga lefatshe a fedile.E setse e le selelo sa khuranyo ya meno ka bangwe jaanong ba setse ba simolotse dikgwebo tsa go rekisa metsi.Mme Ntesetsang Gaobonegwe o tlhalositse mo potsolosong fa seemo se se kokonetse banni ba Mokgware. A re selekanyo sa sekupu sa 25L se rekisiwa P2.50, a tlatsa ka gore fa madi a seyo ba wela mo isong. A re seemo se se kokonetse le bana ba dikole ka ba setse ba ya dikoleng ka diaparo tse di seng phepa e bile ba sa tlhapa.Le fa ba koporase ya metsi ba dira maiteko a go tlisa metsi ka dikoloi, ga a lekane banni ba Mokgware.

Mma Motsumi o tlhalositse fa banni ba Mokgware ba tlhoka metsi a mantsi mme koporase ya metsi e sa kgone go emelana le letlhoko la metsi mo motseng oo.A re letamo la Lotsane le le sa ntseng le agiwa ke lone le le tsileng go rarabolola tlhaelo ya metsi.
A re go bokete mo koporaseng ya metsi go tshelela metsi metse e e mo leshekereng la lenyora ka gore metse ya go nna jalo e mmalwa ntswa dikoloi tsa metsi di le nne fela.
O tlhalositse le gore koporase ya metsi e na le kgwetlho a re ba tshelela metse e tshwana le Radisele, Mokgware, Tamasane le Malaka metsi.

 




#Article 167: Motse wa Mochudi (515 words)


 

Mochudi  ke mengwe ya metse  e e metona mo Botswana ka palo ya batho ba ka nna makgolokgolo a le masome a mane. O mo kgaolong ya  kgotla kgolo ya   Bakgatla , mo kgaolong ya Kgatleng , e ka nna mo  bokone botlaba jwa  Gaborone. Motse ga o kgakala thata le tsela ya  Gaborone–Francistown , gape wa bonala  fa motho a tsenela mo motsaneng wa  Pilane.

Mochudi o ne o nniwa ke Batswana  ka ngwaga  1871.

Mafelo a bojanala  a a itsegeng mo  Mochudi ke la  Phuthadikabo Museum kwa godimo ga tlhaba,le le nang le metako ya mafoko le dinepe tse di amanang le motse wa Mochudi gape le ditso tsa  Bakgatla. Le agetswe mo ntlong e e neng e le sekolo sa ntla sa  Mochudi, jaaka go supagala kwa ntle. Go bapa go nale koloi ya ntla go nna ya  Motswana gape le dikgato tse tlhamane e reng ke tsa ga Matsieng, mogaka gape le modimo wa  Batswana, yo ileng a etelela batho le diphologolo tsa gagwe go tsweng mo bogareng jwa lefatshe go ya go nna mo lefatsheng 

Mochudi o itsege ka mantlo a setswana a a takilweng gape a nale  kgotla ya setswana  (bokopano jwa motse).

Kitso e e tseneletseng ka  Bakgatla e ke bonwa mo bukeng ya David Suggs' ethnography entitled A Bagful of Locusts and the Baboon Woman: Constructions of Gender, Change, and Continuity in Botswana.

Batswana ba kopilwe go tsenelela mokento wa mhikela wa AH1N1 go itshireletsa. Kopo e, e dirilwe ke mooki Mrs Belinah Radikgomo mo diphuthegong tsa kgotlana tsa Tshukudu le Rantsipe kwa Mochudi bosheng.Mme Radikgomo o boletse fa letsholo la mokento o o simolotseng go fiwa ka Mosupologo o tla fiwa bana ba ba dikgwedi tse thataro, bomme ba ba itsholofetseng, balwetse ba sukiri, balwetse ba madi a matona, ba ba lwalang bolwetse jwa HIV/AIDS, baoki le ba ba tsenang ka melelwane yotlhe ya Botswana. A re batho ba bangwe ba tlaa kentelwa mhikela o morago. A re go tla kentelwa batho bangwe pele go lebilwe gore ke bone ba ka tsenwang ke mhikela oo mothofo.O boletse fa mhikela oo, o bonwe la ntlha kwa Mexico.Are mo Botswana o ne o setse o tsene batho ba le masome a mararo le boraro (33) mme ka lesego go sena yoo bolailweng ke mhikela oo.

Mme Radikgomo a re bomaitseanape ba ne ba dira ditshekatsheko tsa gore ba ka fedisa bolwetse jo jang mme ba ne ba dira molemo go sireletsa batho gore fa mhikela oo o go tsena o seka wa nna bogale. O boletse fa bagolo le bana ba tlaa kentelwa mhikela mo dibekeng tse nne (4) mme ba bangwe ba tlaa kentiwa morago ga moo.A re ba ikaeletse go kenta mongwe le mongwe go tswa kwa melolwaneng ya lefatshe leno lotlhe a tlhalosa fa baeng botlhe ba ba tsenang mono le bone ba tla kentiwa.Banni ba dikgotla tsa Tshukudu le Rantsepe ba ne ba amogela mokento oo wa itshireletso mme ba batla go itse gore badisa kwa merakeng le kwa masimong bone ba tlaa thusiwa jang gore ba kgone ba bone mokento oo wa itshireletso. 




#Article 168: Motsana wa Mmatshumo (488 words)


 
Mmatshumo ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O bapile le lefelo la Makgadikgadi Pan. Motsana o o nale sekolo se potana le kokelwana, agape le palo ya batho e ne  e le makgolo a borobabobedi,masome a borataro le botlhano mo palo bathong ya ngwaga wa 2001.
Mo bokone jwa motsana wa  Mmatshumo go nale setlhaketlhake sa Khubu gape mo borwa jwa motse go nale moepe wa diteemane wa Damtshaa yo o eteletsweng pele ke kompone ya Debswana. Tsela e e kopanyang  Letlhakane mo borwa go ya Mmatshumo e tsentswe sekontere.

Morago ga go itaaana ka noga e utlwa ka lobaka lo lo leele tebang le yo o tla a tlhatlhamang kgosi Jacob Baganetseng fa a sena go fologa setilo ka ntlha ya bofofu ngogola morafe wa Mmatshumo o ne wa amogela Rre Keletswaretse Phetsogang.Morafe o ne wa amogela Rre Phetsogang kwa kgotleng ya Mmatshumo fa a ne a tlhomamiswa semmuso jaaka kgosi ya motse o ke Kgosi Gonkgang Mankgatau wa kwa Rakops.E rile a rolela morafe kgosi ya bone kgosi Mankgatau a tlhalosa fa a sa itumelela tshologo ya bone ka jaana kgosi a tshwanelwa ke go rolelwa mo atleng tsa bone.O ne a tlhalosa fa kgosi e bewa mo diatleng tsa morafe otlhe wa motse mme a rotloetsa kgosi Phetsogang go tla go dira ka maatlametlo le kagiso a tlatsa ka gore o tshwanetse go nna bori ebile a na le nonofo ka nako tsotlhe fa a afa morafe dithuso.
A re jaaka a dumetse fa a tla a apara kobo ya bogosi teme ya sepolotiki e tshwanetse ya ilwa ke loleme la gagwe ka go sa nneng jalo o tla a kgaoganya morafe ka yone.
Kgosi Mankgatau o tsweletse a mo tlhalosetsa fa tiro ya bogosi e kgonwa ka go kopa dikgakololo mo bagolong le go bereka le dikomiti tsotlhe tsa motse bogolo jang ya ditlhabololo.

Batsadi ka go farologana ba ne ba kopa kgosi Phetsogang go lebala diphapang tsa bone fa ba ne ba santse ba le mo mererong ya bogosi mme a ikanye go bopaganya morafe wa motse o ka go o tsaya ka tekatekano mo tlharabololong ya mathata a one.Molaodi wa kgaolo Rre Rapetse Mathumo ene o ne a lebogela morafe wa Mmatshumo go nna pelotelele mo tharabolong ya mathata a a neng a apere bogosi jwa motse wa bone ntleng ga tshololo ya madi jaaka go a tle go diragale mo mafatsheng a mangwe.Rre Mathumo o ne a kaya seo fa e le boikarabelo jo Batswana mo lefatsheng leno ka bophara ba ka bo supang go somarela kagiso ga mmogo le puso ya batho ka batho e ‘fatshe leno le ikgantshang ka yone.Fa a latlhela la gagwe kgosi Phetsogang o ne a tshephisa morafe wa Mmatshumo fa a tla a bereka le one ka tekatekano ntleng le kgethololo ebile a dira ka bonatla go netefatsa gore ditlhabololo tse di neng di emisitswe tsi! ke bogosi di tswelela pele.




#Article 169: Motsana wa Mmadikola (646 words)


 
Mmadikola ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O mo bophirima jwa ntlha ya kgaolo, go bapa le  Makgadikgadi Pan, gape o nale sekolo se se potana. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne e le makgolo a borobabobedi.masome a mabedi le borobabobedi.

Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti a ledile ka kgokelo le kanamiso ya metsi ga mmogo le tiego ya ditsela tsa metsenelela mo metseng, bogolo jang kwa Mopipi, Mmadikola le Rakops.
Makhanselara a ntshitse selelo seo kwa bokopanong jo bo faphegileng jwa bone jo mo go jone ba neng ba buisana ka tswelelopele ya lenaneo la Ipelegeng ga mmogo le ditlhabololo mo kgaolong eo bosheng.Mo kgannyeng ya moruthutha, ba ne ba supa fa go na le tsietsego e bile e le yone e bakelang banni ba kgaolo ya bone lenyora mo kgokelo ya metsi ka setlhophana se ba welang mo go sone sa bokone se tsere lobaka go atlega le go gokelelwa metsi mo lenaneong leo.
Ba tsweletse ba supa fa kgokelo ya metsi ka setlhophana sa bokone e itsa gore ba lephata la metsi ba gokelele didiba tse di neng di ka tlosa banni ba kgaolo eo mo lenyoreng.
Mongwe wa makhanselara a a supileng fa banni ba kgaolo ya gagwe ba tshelela mo lenyoreng le ntswa go na le sediba se ba ka nosiwang ka sone ke Rre Matshwenyego Shaka wa Mopipi.
Go ya ka Rre Shaka, batho ba Mopipi ba tshelela mo lenyoreng mo go bileng go amile maduo a bana ba dikole ka ba rwala masigo ka tlhogo go tshwara mola metsi a a tshelwang ka dikoloi.
Ka jalo o ne a kopa ba lephata la metsi go netefatsa fa e le ruri letlhoko la metsi kwa motseng oo le tshwenya ka ntlha ya go kgala ga metswedi ya didiba tse di neng di o nosa go sekaseka leano lengwe la go o bonela metsi. 

Tona wa dikgaolo, Rre Lebonaamang Mokalake o boletse gore o itse seemo sa letlhoko la metsi mo metseng ya kgaolo ya Boteti ka bontsi, bogolo jang kwa Mosu, Toromoja, le Xhumu.
A re kgaolo potlana ya Boteti e tsaya metsi mo dienjeneng di le 21, mme tse dingwe tse tlhano ga di bereke ka ntlha ya go kabiwa ke motlhaba, go senyega, go kgotlelega ga metsi le gore metsi a mangwe a na le letswai le lentsi, ka jalo a ka se nowe.
E ne e rile pele, tona a tlhalosa gore go botlhokwa gore lephata la gagwe le dire ditogamaano tsa nakwana le tsa nako e telele go itebaganya le seemo sa letlhoko la metsi.Rre Mokalake o tlhalositse gore ditogamaano tsa nakwana e ka nna go isetsa batho ba metse ya Xhumu le Toromoja metsi ka dikoloi mme ba metse ya Mmadikola le Mokoboxane bone ba a nwa metsi mo dienjeneng.

O ne a tswelela ka go tlhalosa gore go tsenngwa phaephe go tswa kwa enjeneng ya Seipone, e e tlaa thusang batho ba metse ya Mopipi, Xhumu le Toromoja ka metsi. O ne a re togamaano ya nako e telele ke gore lephata la gagwe le kgaoganye metse ya kgaolo potlana e, gabedi gore e fiwe metsi sentle.Dikgaolo tse e tlaa nna ya Boteti Bokone, e e tlaa bong e na le metse ya Makalamabedi, Khumaga, Motlopi le Moreomaoto, fa ya Boteti Borwa e tlaa bo e le metse ya Xere, Rakops, Mmadikola, Xhumu, Toromoja, Mopipi, Kedia le Mokoboxane. Rre Mokalake a re dipaakanyo tsa go kgaoganya metse eo di sale di dirilwe ka ngwaga wa madi wa 2009/10, mme tsa seegelwa fa thoko ka ntlha tlhaelo ya madi. 

Kgotso Tshenyego ke mankge, morotoetsi le mosireletsi wa loleme la setswana se se tlhololo le ditsa ngwao ka gofarologana.

Mo bogompikong ke mokwadi, mogasi mo thelebishineng, moithuti le morutisi.
Othusa gape ka tsamaiso ditirelo, go gasa mo diromamoweng le TV.
Oka ikopanya nae ko
tshenyegokgotso@gmail.com




#Article 170: Setlhopha sa Matsieng (117 words)


Matsieng  ke setlhopha sa moopelo sa Setswana batho ba le bararo se se tlhamilweng ka ngwaga wa  2005 mo Gaborone {3 }Botswana. Ba tsene mo moopelong ka dipina tsa bone ka letsatsi la matsalo a morena  a ngwaga wa 2005 nngwe ya tsone e boidiwa, Semakaleng. Ba itsege ka dipina tsa bone tse di thlalosegang, boraro jo bo tsamaile  Botswana, Malaysia gape le Aferika Borwa. 

Dipina tsa bone tse di sha ngwe ya tsone ke ya, Setswana Sa Borre, e eteletse dipuisano mono Botswana gape e ratiwa go tshamikiwa kwa Aferika Borwa, ba laolwa ke go tlhaloganyesega ga pina ya bone ya, Tinto. Bobedi jwa bone ke  batswana ba kwa Gabane gape yo mongwe a tswa  Kanye.




#Article 171: Motse wa Masunga (849 words)


Masunga  ke nngwe ya metse ya Bakalanga e e fitlhelwa mokgaolong ya Bokone-Botlhaba mo Botswana.
Ntlo kgolo ya kgaolo Bokone-botlhaba e kwa motseng wa Masunga. Toropo e gaotshwane le motse o ke Francistown ka selekanyo sa +/- 120 km (74.5 mi). 
Kgosi ya motse o ke Thabo Maruje Masunga yo o tsereng bogosi go tsweng malomagwe Christopher Masunga.

Gaofi le Masunga go na le dithaba tsa Dombo Shaba, tse di nang le matlotlo a morafe wa Bakalanga, go tshwana thata le lefelo la Great Zimbabwe (Mutapa).O itsege e le  nngwe ya mafelo a kgatlhisang bajanala mo Botswana kwa morafe wa Bakalanga o tshwarang modiro teng ngwaga le ngwaga ipelelelwa ngwao ya se Ikalanga. 

Puo e buiwang thata mo kgaolong ya Bokone-botlhaba keKalanga,e seng Tswana e leng puo tletseng lefatshe ka bophara la Botswana. Morafe Bakalanga o nyalana thata le Shona, puo ya mangmang ka kwa Zimbabwe.

Mo maitekong a go araba pitso ya Lephata la Botsogo mabapi le go ruta, go rotloetsa le go abelana megopolo le morafe mabapi le dikgang tsa botsogo, ba Lephata la Botsogo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba sa tswa go bolotsa letsema leo.E ne ya re kgwedi ya Phalane e le masome a mabedi le boferabobedi, ba Lephata la Botsogo kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba tswa letsholo mme ba phutha banni ba metse ya Masunga le tikologo go tla go tlhalosa ka maitlamo a lephata la bone le go abelana megopolo le banni tebang le go tokafatsa tsa botsogo. Letsholo leo, le le bidiwang Botsogo Pitso le ne le tshwaretswe mo kgotleng ya motse wa Masunga ka tlhogo e e reng Ku simisa itjaba ku be ne tjiabe mu zwithu zwe mamuko, mo go rayang gore Go nonotsha morafe go nna le seabe mo dikgannyeng tsa botsogo.Fa a nankola maikaelelo a letsatsi leo, moeteledipele wa bodiredi jwa botsogo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba Mme Gasebatho Kedikilwe o ne a re letsatsi la go nna jalo le botlhokwa ka jaana e le tsela nngwe ya go gasa melaetsa ya botsogo mo bathong le go fa bodiredi jwa botsogo le morafe sebaka sa go nna le morero wa tsa botsogo ba phuthulogile.

Mme Kedikilwe a re lephata la botsogo le leka bojotlhe go fa batho ditirelo tsa botsogo tsa maemo a a kwa godimo mme sebe sa phiri ke go bo le lebanwe ke dikgwetlho, jaaka tlhaelo ya ditsompelo le bodiredi.O ne a tlhalosa fa mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba na le sepatela se se botlana se le sengwe, dikokelo di le lesome le motso mme mo go tsone tse di belegisang di le tlhano fela.A re kgaolo ya bone e na le dikokelwana di le masome a mabedi le botlhano le dikoloi tse di tsamaisang kalafi di ferabongwe. Mogolwane mongwe wa sepatela sa Masunga Mme Helen Mushango, ene o ne a gatelela botlhokwa jwa gore bodiredi jwa botsogo bo netefatse gore bo nna le mowa wa botho, tirisanyo mmogo, go berekela mo nakong, go tshegetsa sephiri sa molwetsi mmogo le tebelopele.Mme Mushango a re ba netefatse gore ba diragatsa maitlamo le maikemisetso a lephata la botsogo, a re ba dire tiro ya bone ba itse fa ba le foo go thusa setshaba ka fa tshwanelong e seng go itirela tse bone ba di ratang.

Batswana ba kopilwe go leka bojotlhe go nyeletsa lehuma mo lefatsheng leno. Se se builwe ke mothusa tona ya madi le ditogamano, Rre Charles Tibone mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa mo kgaolong ya Bokone botlhaba bosheng. Rre Tibone o ne a re puso e dirile bojotlhe go leka gore Batswana ba ikimolole mo lehumeng.O ne a re puso e agile matamo, ya dira maharatlhatlha a metlakase gore Batswana ba itirele, a re puso ga e sa tlhole e kgona go dira atlhama ke go jese jaaka e ne e le tlwaelo.O ne a re go ne go tlwaelesegile gore Batswana ba fiwe sepe fela se ba se tlhokang ke puso, mme ka jalo a re metlha e fetogile, nako e tsile ya gore ba fetole maikutlo le maitsholo a bone e seng jalo lehuma le tla ba fekeetsa. O ne a re nako e etla ya gore lefatshe leno le be le sa kgone go thusa Batswana gotlhelele.

O ne a kopa morafe wa Bokone botlhaba gore ba eme ka dinao, mme ba amogele mananeo a puso ka tsoo pedi, a tlatsa a re kgaolo eno e ka nna le maduo a a botoka fela thata fa go lebeletswe ka fa mohameng wa temo ya merogo ka go na le metsi a mantsi fela thata.
O ne a re lefelo leno le dikagenyeditswe ke matamo mo go rayang gore metsi a mantsi fela thata, ka jalo a re fa ba ka simolola temo ya merogo, Batswana botlhe ba tla a reka merogo go tswa Bokone botlhaba , mme ba itshetse.E rile ba mo kgwa dikgaba banni ba bolela fa ba tshwenyegile ka gore fa ba dira dikgwebo jaaka go buiwa, ga gonne le bareki ka gore Batswana ba tlotla thata dilo tse di rekwang kwa mafatsheng a sele go na le tsa bone.

 




#Article 172: Motsana wa Machaneng (552 words)


 
Machaneng  ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O bapile le noka ya Limpopo gape le molelwane wa lefatshe la Aferika Bowa,dikhilomethara tse di masome a boferabobedi mo botlhaba jwa Mahalapye. Ka ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne ele makgolokgolo a mabedi le masome a matlhano mo palo bathong.   

ona wa papadi le madirelo Mme Dorcas Makgato-Malesu e rile bosheng a isa lephata la gagwe kwa metseng ya Sefhare, Machaneng le Chadibe.O kopile banni ba metse eo go bula dikgwebo tse di tlaa ba thusang go tlhabolola matshelo a bone ga mmogo le go tlhama ditiro mo kgaolong ya Tswapong.A re kgaolo ya Tswapong e sa ntse e saletse kwa morago mo go akoleng mananeo a puso a tshwana le la madi la CEDA le la LEA le le itebagantseng le go rutuntsha bagwebi ba babotlana.A re ga a jesiwe diwelang ke madi a P6m a a adimilweng kwa CEDA mo kgaolong e, a re a mannye fela thata mme kgaolo ya Tswapong e na le batho ba bantsi, ba ba ka bong ba ipulela dikgwebo.A re o kopile babereki ba CEDA le LEA go ikgata motlhala ba tla go itsese banni ba Tswapong ka dithuso tse ba nang le tsone, mme o kopile banni go dirisa sebaka seo go ithutuntsha ka tse di tlhokegang gore ba adimiwe madi.A re lephata la gagwe le lemogile fa go na le bothata jwa go kopa diteseletso tsa go gweba ga mmogo le go di ntshafatsa, a re e ntse e le madiadia a e bileng a ne a tshwenya le bagwebi ba ba kwa ntle, ba ba eletsang go gweba mo lefatsheng leno. A re ka jalo bagwebi ba tsile go neelwa teseletso ya sennela ruri e e tlaa ba thusang go kgaola mosepele ngwaga le ngwaga, a re le fa go ntse jalo ba tsile go nna ba tlhola kgapetsakgapetsa gore a bagwebi ba diragatsa molao mo dikgwebong tsa bone.
Mo godimo ga moo, Mme Makgato-Malesu a re puso e mo letsholong la go kabakanya itsholelo, ka gore theko ya diteemane e ile kwa tlase.A re teemane ke yone e lefatshe leno le ikaegileng ka yone, ka jalo kwelotlase ya itsholelo e e bakilweng ke kwelotlase ya theko ya teemane e kokonetse lefatshe leno. A re lefatshe leno le sa ntse le lwantshana le go duela sekoloto sa lone ka jalo go sa ntse go se na madi.

O tlhalositse gape fa lephata la gagwe le ikaelela go laola thekiso ya majalwa a Setswana fela jaaka ba dira ka majwalwa a Sekgoa. A re batho ba setse ba latlhegetswe ke matshelo ka ntlha ya majalwa a.Le fa go ntse jalo, banni ba Machaneng ba kopile gore thekiso ya bojalwa jwa Sekgoa e okeletswe nako fa go na le maitiso a mmino kwa holong ya motse, mme tona o tlhalositse fa a tlaa sekaseka kopo ya bone.Banni ba iteetse kgang ye teseletso ya sennelaruri mogolokwane ka gore ba ntse ba sokola, ba boa kgapetsakgapetsa kwa diofising e bile ba tlhokega meriti ya dipampiri e mentsi, mo go neng go kokonela dipata tsa bone.Le fa go ntse jalo, ba kopile tona go leba diteseletso tsa bojanala, ba re le tsone di a sokodisa e bile di tlhoka meriti ya dipampiri e mentsi, ka jalo ba kgobega marapo go di dira.




#Article 173: Toropo ya Letlhakane (611 words)


Letlhakane ke motse selegae o o mo kgaolo ya legare ya Botswana. O mo borwa jwa Mmatshumo ebile motse selegae wa Letlhakane, one o nale batho bale  dikete dile lesome le bone ,makgolo a le borobabongwe ka palobatho ya ngwaga wa 2001.   

Go nale meepo ya diteemane e le meraro e bong moepo wa Letlhakane kafa borwa botlhaba,Orapa kafa bokone bophirima le Damtshaa kafa bokone dikhilomethara dile lesome le botlhano go tse lesome le bobedi go tswa Letlhakane. e e okametsweng ke Debswana.

 Mokhanselara wa Orapa Rre Balopi Chilume, o gakolotse banni ba toropo eo gore Orapa ga se legae la bone mme a re ba tshwanetse ba leka ka natla go ipeela mesasana.Mokhanselara Chilume o buile seo bosheng fa a ne a buisa phuthego kwa kgotleng ya Orapa, a rotloetsa banni ba toropo eo go ikemela ka dinao go bona gore ba batla ditsha tsa bonno go itirela bokamoso le ba malwapa a bone.Rre Chilume o ne a ba gakolola gape gore ba tshwanetse ba leka ka natla go ipolokela kwa dipolokelong go dira gore, ba nne le se ba ka itshetsang ka sone fa ba dule mo tirong.Mo go tse dingwe, mogolwane go tswa ka lephateng la merero ya kgwebo, Rre Samuel Suping, o ne a tlhalosetsa banni ka ditirelo tsa lekalana leo, mme a supa fa baikopedi ba setlankana sa go rekisa mo mekgwatheng ba lopiwa madi a a kana ka dipula tse di masome a mabedi, a re setlankana seo se letlelelwa go dirisiwa fela mo kgaolong ya Boteti.

Fa Rre Resego Boitumelo, moemedi kwa lekalaneng la tiragatso melao, a ne a tlhalosa gore, tiro ya bone ke go tlhomamisa gore, tumalano e moikopedi a e dirileng le ba lekalana la merero ya kgwebo e a diragadiwa, a supa fa ba tshwanetse ba fitlhela maina le setshwantsho sa moikopedi mo setlankaneng sa gagwe. A re ga ba a tshwanela go tsaya teseletso kgotsa setlankana, ba bo ba se neela morekisi yo mongwe a se itirisetsa.O tsweletse a sedimosa go re katlholo ya go rekisa o se na teseletso e ka lopa madi a a kana ka dikete tse tlhano tsa dipula. O ne a tlhalosa gape fa go tlaa nna le taolo ya thekiso ya majalwa a setso a e bileng a letlelesega, mme a re majalwa ao akaretsa mokuru, khadi, morula, setopoti le ila.Rre Boitumelo o boletse fa majalwa ao otlhe a tlaa rekisiwa go simolola ka nako ya bobedi mo tshokologong go fitlha ka nako ya borataro mo maitseboeng ka malatsi a fa gare ga beke.

Ka Labotlhano le ka Matlhatso go tlaa rekisiwa go simolola ka nako ya sethoboloko go fitlha ka nako ya bosupa mo maitseboeng, mme ka tshipi go tlaa rekisiwa ka nako ya boraro mo tshokologong go fitlha ka nako ya borataro mo maitseboeng.Fa a akgela, mongwe wa banni Rre Tshekatsheko, o ne a supa ngongorego ya gore fa ba kopile teseletso ya go rekisa kwa lephateng la merero ya kgwebo, ba ofisi ya Orapa enterprise ba fokotsa palo ya dilwana tse di letleletsweng go ka di rekisa.Mongwe wa banni o ne a botsa gore a ba tlhokega teseletso fa ba rekisa dijo tsa letlhafula.Fa a araba, Rre Suping o ne a gakolola gore ba tshwanetse ba botsisisa fa ba sa itse molao, a tlhalosa fa toropo ya Orapa e le lefelo la mong wa lone ka jalo a re ba tshwanetse ba sala morago ditaelo tsotlhe tse di a lopiwang mo go bone.O ne a tlhalosa gape gore dijo tsotlhe tsa temo ga di tlhoke teseletso go di rekisa, mme a re fa e le tse motho a di rekang a bo a di rekisa di tlhoka teseletso.

Botswana/Boteti Region




#Article 174: Motse wa Letlhakane (614 words)


Letlhakane ke motseselegae o o mo kgaolo ya legare ya Botswana. O mo borwa jwa Mmatshumo ebile motse selegae wa Letlhakane, one o nale batho bale  dikete dile lesome le bone ,makgolo a le borobabongwe ka palobatho ya ngwaga wa 2001.   

Go na le meepo ya diteemane e le meraro e bong moepo wa Letlhakane ka fa borwa botlhaba, Orapa ka fa bokone bophirima le Damtshaa kafa bokone dikhilomethara dile lesome le botlhano go tse lesome le bobedi go tswa Letlhakane e e okametsweng ke Debswana 

 Mokhanselara wa Orapa Rre Balopi Chilume, o gakolotse banni ba toropo eo gore Orapa ga se legae la bone mme a re ba tshwanetse ba leka ka natla go ipeela mesasana.Mokhanselara Chilume o buile seo bosheng fa a ne a buisa phuthego kwa kgotleng ya Orapa, a rotloetsa banni ba toropo eo go ikemela ka dinao go bona gore ba batla ditsha tsa bonno go itirela bokamoso le ba malwapa a bone.Rre Chilume o ne a ba gakolola gape gore ba tshwanetse ba leka ka natla go ipolokela kwa dipolokelong go dira gore, ba nne le se ba ka itshetsang ka sone fa ba dule mo tirong.Mo go tse dingwe, mogolwane go tswa ka lephateng la merero ya kgwebo, Rre Samuel Suping, o ne a tlhalosetsa banni ka ditirelo tsa lekalana leo, mme a supa fa baikopedi ba setlankana sa go rekisa mo mekgwatheng ba lopiwa madi a a kana ka dipula tse di masome a mabedi, a re setlankana seo se letlelelwa go dirisiwa fela mo kgaolong ya Boteti.

Fa Rre Resego Boitumelo, moemedi kwa lekalaneng la tiragatso melao, a ne a tlhalosa gore, tiro ya bone ke go tlhomamisa gore, tumalano e moikopedi a e dirileng le ba lekalana la merero ya kgwebo e a diragadiwa, a supa fa ba tshwanetse ba fitlhela maina le setshwantsho sa moikopedi mo setlankaneng sa gagwe. A re ga ba a tshwanela go tsaya teseletso kgotsa setlankana, ba bo ba se neela morekisi yo mongwe a se itirisetsa.O tsweletse a sedimosa go re katlholo ya go rekisa o se na teseletso e ka lopa madi a a kana ka dikete tse tlhano tsa dipula. O ne a tlhalosa gape fa go tlaa nna le taolo ya thekiso ya majalwa a setso a e bileng a letlelesega, mme a re majalwa ao akaretsa mokuru, khadi, morula, setopoti le ila.Rre Boitumelo o boletse fa majalwa ao otlhe a tlaa rekisiwa go simolola ka nako ya bobedi mo tshokologong go fitlha ka nako ya borataro mo maitseboeng ka malatsi a fa gare ga beke.

Ka Labotlhano le ka Matlhatso go tlaa rekisiwa go simolola ka nako ya sethoboloko go fitlha ka nako ya bosupa mo maitseboeng, mme ka tshipi go tlaa rekisiwa ka nako ya boraro mo tshokologong go fitlha ka nako ya borataro mo maitseboeng.Fa a akgela, mongwe wa banni Rre Tshekatsheko, o ne a supa ngongorego ya gore fa ba kopile teseletso ya go rekisa kwa lephateng la merero ya kgwebo, ba ofisi ya Orapa enterprise ba fokotsa palo ya dilwana tse di letleletsweng go ka di rekisa.Mongwe wa banni o ne a botsa gore a ba tlhokega teseletso fa ba rekisa dijo tsa letlhafula.Fa a araba, Rre Suping o ne a gakolola gore ba tshwanetse ba botsisisa fa ba sa itse molao, a tlhalosa fa toropo ya Orapa e le lefelo la mong wa lone ka jalo a re ba tshwanetse ba sala morago ditaelo tsotlhe tse di a lopiwang mo go bone.O ne a tlhalosa gape gore dijo tsotlhe tsa temo ga di tlhoke teseletso go di rekisa, mme a re fa e le tse motho a di rekang a bo a di rekisa di tlhoka teseletso.

Botswana/Boteti Region




#Article 175: Motsana wa Maboane (375 words)


 

Maboane   ke motse yo mo kgaolong ya Kweneng e e mo Botswana. O dikhilometara tse di masome a marataro mo botlhaba jwa  Jwaneng gape palo ya batho e ne e le makgolo a borobabobedi lesome le borararo mo palo bathong ya ngwaga wa  2001.

Batswana ba kopilwe go dira ka natla go bona gore ba dira dingwe tsa ditlhabololo mo metseng ya bone.Se se builwe ke mopalamente wa Letlhakeng bophirima, Rre Maxwell Motowane jaaka a ne a buisa diphuthego mo metseng ya kgaolo ya gagwe ya botlhophi bosheng.
Rre Motowane, yo e bileng e le mothusa tona wa botsogo, o ne a rotloetsa Batswana go ikemela ka dinao go itirela, a tlatsa ka gore puso e tlaa ba tsaya tema fa seemo sa itsholelo se boetse mannong.Mothusa tona a re tsholofelo ke gore banni ba motse ba itirele tse ba ka di kgonang ba seka ba baya fela mo pusong.Rre Motowane a re dilo dingwe bogologolo di ne di dirwa ka go ithaopa, mme a re mowa wa boithaopo o tshwanetse go boela.A re puso e dirile ditlamelo tsa thuto, botsogo, ditlhaeletsanyo le tse dingwe tse di thusang batho go tshela sentle, ka jalo a re tse dingwe di mo maruding a batho go na le go ema ba re ba kopile sennanne se mo lenaneong la puso.

O ne a re doholo dingwe di dirilwe puso e sena seabe sepe, mme e le boeteledipele jwa motse bo nnile le seabe go bona gore motse o a tlhabologa.Mothusa tona o ne a re fa batho botlhe ba ka tsenya letsogo mo ditlhabololong, tema e ka nna teng.O ne a akgola banni ba motse wa Metsebotlhoko ba ba agileng ntlwana ya mabeelo kwa kokelwaneng ka lenaneo la Ipelegeng, a re moo ke go itirela go na le go nna ba kopa puso gore e oketse kokelwana ntswa ba tlhaloganya fa itsholelo e wetse tlase. E rile a afa malebo, mokhanselara wa kgaolo ya Maboane, Rre Bright Segwagwa a konotelela mafoko a mopalamente a re batho ba seka ba itsapela go itirela.
Rre Segwagwa a re dilo tse di ntle di a itirelwa, a tlatsa ka gore maloba jale batho ba ne ba kgaratlha ka go ntsha koleke ntswa ba sa bereke, mme ditlhabologo di nne teng.




#Article 176: Motsana wa Lesoma (305 words)


 
Lesoma   ke motsana yo mo kgaolong ya bokone bophirima jwa Botswana. O mo kgaolong botlhaba jwa  kgaolo , e e rileng moragonyana ga ngwaga wa 2001 wa aga kgaolo ya Chobe  gape o bapile le toropo ya Kasane. Lesoma o nale sekolo se se potana gotlhe le se se golwane, gape palo ya batho e ne e le makgolo a mane le lesome ka palo batho ya ngwaga wa 2001.

Baruti ba bangwe kwa merapelong eo ba ne ba supa gore baeteledipele bangwe ba dikereke le bone ba na le seabe mo go gakatseng go anama ga mogare wa HIV ka jaana ba ratana le bana ba phuthego ba le bantsiBa bile ba ikuela mo baruting gore e nne sekao mo diphuthegong tsa bone ka go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV, ba re seo se ka diragala fela fa ba emisa go nna le bakapelo ba le bantsi.Kgang e nngwe e ba boletseng fa e tshwenya ke ya gore baruti bangwe ba na le mokgwa o o sa siamang wa go rotloetsa balatedi ba bone go emisa go tswelela ba nwa dipilisi tsa di-ARV, mme ba re seo se borai ka jaana batho ba go nna jalo ba felela ba tlhokafetse. Ba bile ba tlhalosa gore dipilisi tsa di-ARV di direletswe go nowa botshelo jotlhe ka jalo ba ikuetse mo baruting ba go nna jalo go emisa go dira jalo.E ne ya re mokhanselara wa Kazungula/Lesoma Rre Baboloki Mpebe a a fa malebo a supa fa bokopano ja mohuta oo bo le botlhokwa mo go thuseng mmuso go lwantsha mogare wa HIV le AIDS.Rre Mpebe o bile a ikuela mo baeteleding pele ba dikereke tse di farologanyeng mo kgaolong ya Chobe gore ba fetole kgang eo seo-modiro, a re bogolo ba nne ba kokoana dikgwedi dingwe le dingwe tse tharo go rapedisa Mogare o.




#Article 177: Motsana wa Kopong (678 words)


Kopong  ke motsana o o mo  kgaolong ya Kweneng  mo Botswana. O dikhilomethara tse di masome a mabedi le botlhano go dikologa Gaborone, toropokgolo ya  Botswana. Palo tsa batho di ne di le makgolokgolo a matlhano, makgolo a matlhano le masome a bosupa le motso mo palo bathong ya ngwaga wa  2001,mme se sa dira gore a nne mo legatong la borataro la nngwe ya metse e e metona  mo Kweneng.

Banni ba motse wa Kopong ba iteetse legofi dikago tsa motlobo wa dibuka tse di tlaa agiwang kwa motseng oo ke lekgotla lengwe la baithaopi go tswa kwa Amerika la Rothchild Foundation, tse di tlaa lopang madi a a fetang P540 000.Kgosi Michael Molefe wa motse oo, o supile boitumelo kwa phuthegong ya kgotla a amogela le go lekodisa mopalamente wa kgaolo ya Kweneng Botlhaba, Rre Moeng Pheto ka dingwe tsa dikgang tsa motse oo.O boletse fa ba setse ba bone setsha se dikago tseo di tlaa agiwang mo go sone, a ba a re ba solofela fa tshimolodiso ya dikago tseo e ka nna nako nngwe mo kgweding e e tlang.

Kgosi Molefe o kgothaditse batho ba motse oo go nna le seabe mo tirong eo, ka jaana dikago tseo e tlaa bo e le bontlha bongwe jwa ditlhabololo tse di tlaa tlotlomatsang motse wa bone.A re ba dumalane gore mongwe le mongwe mo motseng oo a ntshe P5 e le seabe sa gagwe.A re bana ba dikole le bone ba atlile thata mogopolo oo, le gore bangwe ba setse ba simolotse go ntsha P2.A re baithaopi bao gape ba boletse fa ba ba nnileng le seabe ba tlaa neelwa karata e le sesupo sa seabe mo kagong eo.E rile a ntsha la gagwe, Rre Pheto a re gantsi batho ba ikgatholosa mowa wa boipelego, ba lebala fa mokoduwe go tsoswa o o itekang.Rre Pheto le ene o kgothaditse batho ba motse oo go supa mowa wa tshwaragano, a re fa ba sa dire jalo seo se ka kgoba batho marapo.O boletse fa baithaopi bao ba setse ba agile dikago tsa mofuta oo tse di nang le maranyane a segompieno kwa motseng wa Mmankgodi.

Banni ba motse wa Kopong ba boletse fa ba tshwenngwa ke manweenwee a a ba tsietsang a ba tseela dikoko.Ba boletse jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo ya Kweneng Botlhaba, Major General Moeng Pheto ka Laboraro.E rile fa ba tlhalosetsa mopalamente ba bolela fa go na le batho bangwe ba ba tsamayang mo kgaolong ba ikaya e le ba Twantsho Matlhoko a Leruo mme ba bolela fa go na le bolwetse bongwe jwa dikoko jo bo tlhagogileng.Banni ba boletse fa dirukutlhi tse di ba bolelela gore di laetswe go tla go bolaya dikoko tsotlhe mo motseng ba bo ba di tshuba.Ba ne ba tshwaela ba bolela gore dilalome tse di leka go timetsa motlhala ka go ba bolelela gore madi a phimolo dikeledi ke dipula tse tlhano (P5) mo kokong nngwe le nngwe.Mongwe wa batswasetlhabelo Mme Diile Motlanyana o ne a tlhalosa fa a utlwaletse ka maepantlo a ka podi ya tsela mme a batla a ganyaola dikoko tsa gagwe ntle le molato. A re o ne a nna sebete se molangwana ka a ne a se kile a utlwa ope wa bagolwane ba motse ba umaka kgang epe ka go tlhagoga ga bolwetse jwa dikoko. A re se se ne sa dira gore a bitse bana ba gagwe go tswa Gaborone a ba tlhagisa ka kgang e mme le bone ba ne ba gakgametse fela thata.

E rile a tswa la gagwe, Kgosi Michael Molefe a bolela fa mafoko ao a le maa mo ditsebeng tsa gagwe. O ne a tlhagisa banni ba motse gore borukutlhi bo tla ka methale e e farologaneng mme go botlhokwa gore sethaba se itlhokomele. O tsweletse ka go tlhalosa gore phetogo nngwe le nngwe e e tlang mo motseng e itsisiwe bagolwane ba motse gore ba e fitisetse kwa morafeng.A re batho bao ba dira borukutlhi ka jalo ba tshwanelwa ke go tseelwa dikgato tse di maleba. 




#Article 178: Kgosi ya Bangwaketsi, Seepapitso wa IV (283 words)


Go utlwala fa kgosi kgolo ya Bangwaketse, Kgosi Seepapitso IV a sa tsoga.
Mothusa Kgosikgolo, Kgosi Malope Gaseitsiwe o lotlegetse Bangwaketse ka bolwetsi jwa kgosi ya bone mo phuthegong ya kgotla mo Kanye ka Labobedi.
Kgosi Gaseitsiwe o buile fa Kgosi Seepapitso a robaditswe kwa Gaborone Private Hospital.
O tsweletse ka gore ngaka e e tlhokometseng Kgosi Seepapitso e kopile gore a ikhutse le gone gore a seka a tlholwa ke morafe.
Morafe o ne wa supa fa go le botlhokwa go tshwara merapelo go rapelela kgosi. 

Kgosi Seepapitso IV  (o tlhokafetse ka Mopitlwe a tlhola masome a mabedi le bone ka ngwaga wa  2010), e ne e le kgosi ya ga Ngwaketse morafe wa Botswana. E ne e le ngwana wa ga kgosi  Bathoen II.O eteletse ntlo ya dikgosi makgetlho a le mantsi gape e ne e le mongwe wa dikgosi tsa mo  Botswana yo o neng a fiwa tlotla e e kwa godimo e le ka fa a neng a rarabolola dikgang tse di masisi tsa merafe. Seepapitso o ne a le moemedi wa lefatshe la  United States, moragonyana a nna wa lefatshe la China.

Malope ke ngwana wa bobedi wa wa ga Kgosi Seepapitso,o filwe setlilo sa bogosi ke mogolwe yo o kabong a ne a se filwe.Ka botsogo jo sa itekanelang o ne a bona go le matshwanedi go bo neela monnawe.Malope o ne a fiwa tlotla ya bogosi ke morafe wa ga Ngwaketsi morago ga leso la ga rragwe.

Kgosi Seepapitso ke mongwe wa dikgosi tse di diretseng lefatshe la Botswana ka manontlhotlho le botswerere ka lobaka le leele.O ne a fiwa tlotla e e rileng mo lefatsheng ka botho le botswerere jwa gagwe mo tirong ya gagwe.




#Article 179: Kgalagadi le dikgaolo tse di mabapi (368 words)


Kgalagadi ke kgaolo e e mo borwa bophirima mo Botswana, mo mololwaneng wa Botswana le Namibia. Diofisi tse dikgolo di ko Tsabong. Kgalagadi o tsaya bophara jo bontsi jwa sekaka sa Kalahari. O na le sekgala sa dikilomethara di le 105,200, ka ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne e le 42,000. Kgaolo ka bontsi e tserwe ke lefelo la boitapoloso la Kgalagadi Transfrontier, e e tswelelelang ko Aferika Borwa.

Kgalagadi e tshwaraganetse melelwane le dikgaolo tse di latelang:

Melelwane ya mo gae

Dikgaolo_Potlana tsa Kgalagadi di akaretsa

Lefelo le le nang le batho ba bantsi mo kgaolong ke la Tsabong le le neng le na le dipalo tsa batho di le 6,591 ka ngwaga wa 2001, fa Hukuntsi di ne di le 3,807,Kang dipalo tsa botho di le 3,744. Metse e e neng ya balwa ka palo batho ya ngwaga wa 2001

 Kgalagadi-Borwa 

 Kgalagadi Bokone

Banana ba kgaolo ya Kgalagadi ba kgothaditswe go batla ditsela tsa go tsena mo kgwebong ya bojanala.Go ne go gakolola mopalamente wa kgaolo ya kgalagadi bokone Rre Phillip Khwae kwa dithuto puisanong tsa lephata la bojanala kwa motseng wa Kang ka bofelo jwa beke. Rre Khwae o kgothaditse banana a ba kopa gore ba inaakanye le bojanala, ka bo ka thusa mo go lwantsheng lehuma le le apesitseng kgaolo ya gagwe kobo ka lestshoba. O tswelela ka go ba rotloetsa go tlhoafalela dithuto.

Mogolwane mo lephateng la bojanala Rre Moremi Mabote, ene o ne a bolelela banana gore puso e simolotse go rotloetsa dikgwebo tsa Batswana, a re dikgwebo di sale boutsana mo kgaolong ya Kgalagadi jaaka tsa go supegetsa bajanala lefatshe, tsa ngwao ka kakaretso le tsa maroko. A re lephata la bone le tshwara moletlo wa bojanala ngwaga le ngwaga go rotloetsa ngwao ka kakaretso le gore bagwebi ba tle go abelana dikitso ka go tlhabolola dikgwebo. A re seemo se se sa iketlang sa itsholelo se ba pateleditse gore monongwaga ba lebagane fela le dithuto puisano jaanong go na le ditiragalo tsa dingwaga tse di fetileng tse di neng di akaretsa dikhwaere le disupiwa tsa ngwao. Rre Moagele go tswa lephateng la diphologolo makgabisa o ne a gwetlha banana go rua bontshe le diphologolo tse dingwe tsa naga




#Article 180: Motse wa Kang mo Botswana (568 words)


Kang  ke motse yo o mo kgaolong ya Kgalagadi mo Botswana. Motse o, o fitlhelwa mo lefelong la Kalahari Desert e bile o mo tseleng ya Trans-Kalahari Highway fagare ga bokone jwa Ghanzi le borwa jwa Sekoma. Kang gape o fa tletla ya go tsenelela kwa Kgalagadi Transfrontier Park o mo
Borwa-Bophirima ga mmogo le Central Kalahari Game Reserve e kwa Bokone-Botlhaba. Tsela e ralelang Ghanzi ke e e ka tsayang mongwe ya mo isa kwa molelwaneng wa Namibia, le fa gontse jalo ya Sekoma yone e latedisadisa tsela e ka isang mongwe kwa Gaborone, toropo kgolo ya Botswana. Ka 2001 palo batho e ne e le 3,744.
Motse wa Kang o mo kgaolong ya Bokone jwa Kgalagadi  e leng gore mopalamente wa kgaolo eo ke Hon. Phillip Khwae. Motse o o kgaogantswe ka dikgotla tse pedi tse e leng, Bokone jwa Kang  le Borwa jwa Kang.

Babereki ba ba berekang mo diofising tsa khansele potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go tsaya dikgato tse di maleba mabapi le botsogo jwa bone gore ba tle ba ntshe maduo a a kgatlhisang.Seno se builwe bosheng ke Dibui ka go farologana kwa meletlong ya go tshwaya beke ya boitekanelo mo badiring ba khansele.Fa a bula meletlo eo semmuso, mogolwane wa kwa lephata la botsogo kwa Gaborone, Mme Bernice Mosime o ne a bolela fa komiti le lenaneo le la boitekanelo jwa babereki le simolodisitswe morago ga gore puso e lemoge fa go na le kwelo tlase e kgolo ya maduo mo ditirong.A re puso e ne ya tlhama komiti e ka maikaelelo a go fokotsa kwelo tlase e, mme gape se e le gore go rotloediwa babereki go tlhagafalela go fetola boitshwaro jwa bone go lebilwe yone ntlha ya botsogo le ya tiro.Mme Mosime o tlhalositse fa go sa remelelwa fela mo botsogong jwa mmele, jwa malwetsi a akaretsa bo sukiri, madi a matona, bolwetsi jwa segajaja le a mangwe mme go remeletswe gape le mo botsogong bo akaretsa itshidila mmele le botsogo jwa maikutlo.

A re lenaneo le le tshotse go le gontsi mo go ka solegelang botlhe ba ba le tsayang ka tlhoafalo molemo fela thata, a kgothatsa bagolwane kwa ditirong go rotloetsa bo monnaabone go le dirisa go somarela matshelo a bone. A re setlhogo sa meletlo eo se se reng Botsogo jwa me ke bokamoso jwa me se maleba mme e bile se tlhoka go tsewa ka tlhoafalo ke botlhe mme gape a re batho ba itse gore thibelo e botoka gona le kalafi, ka jalo batho ba thibele malwetsi pele a ba tsena.E ne e rile a amogela baeng, Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Letlhakeng Rre Gobe Mudongo a gatelela thata ntlha ya gore go botlhokwa gore batho ba tsene mo ditirong tsa bone tsa malatsi otlhe ba itekanetse mo mebileng le tlhaloganyo gore ba tle ba ntshe maduo a mantle.A re lefatshe leno le beile gore itsholelo ya long e tlaa nonotshiwa ka bodiredi jwa lone ka ntlha e nngwe, mme ke gore botlhe ba tlhagafalela go le direla ba itekanetse segolo bogolo.One a re o lebogela maiteko a go bo go simolodisitswe komiti e mo kgaolong, mme a ba a re o rotloetsa gore e tswelele e dirisiwe ka tlhoafalo.
Gone kwa moletlong eo, gone ga fiwa batho sebaka sa go itlhatlhobela malwetsi ka go farologana a akaretsa HIV/AIDS, bolwetsi jwa sukuri, bolwetsi jwa madi a matona, le selekanyo sa bokete jwa mmele




#Article 181: Toropo ya Jwaneng (338 words)


Jwaneng ke toropo e e mo kgaolong ya Borwa jwa Botswana, mme ga e bontlha bongwe e, ka go nna kgaolwana, ka lekgotla la yone. 

Toropo e e tlhamilwe go dikologa moepo wa teemane wa Jwaneng, o o tsewang e le mengwe ya meepo e e humileng mo lefatsheng ka bophara ka diteemane tsa one tsa maemo a a kwa godimo. Pele e ne e le  toropo e e tswalegileng, se se raya gore fa motho a botla go ya teng o ne a tlhoka teseletso go tsweng kwa beng ba moepo, Debswana. 

Toropo le moepo di ne di direlwa ke  kompone ya dipalamo tsa difofane ya Jwaneng.

Mothusa Ratoropo wa pele wa Jwaneng, Rre Moshe Gare a re toropo ya Jwaneng e gatetse pele mo ditlhabololong di tshwana le dikole, dikokelwana le mafelo a mnagwe a setshaba se bonang dithuso mo go one. A re dikole tsa Jwaneng tse dikgolwane di tsweletse ka go dira bontle fela thata. Rre Gare a re mo bogompienong, toropo ya Jwaneng e na le dikokelwana di le tharo nngwe ya tsone e le e e belegisang. A re dikokelwana tse ga di a itebaganyana le banni ba toropo eo fela, mme di thusa le ba metsana e e mabapi. O tlotlomaditse lefelo le le tlhokomelang bana la Mpule Kwelagobe Childrens Centre a re le thusa bana, sebe sa phiri ke gore le lenabwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya ditsompelo, mme a gwetlha Batswana ka kakaretso go otlolola letsogo go thusa. A re go na le bana ba ba fetang masome a mabedi ba ba santseng ba letile go ya go nna teng mme ka ntata ya letlhoko ga go ise go kgonege. Tse dingwe ditlhabololo a re ke tse di tsisitsweng ke dikompone tsa Cut 8 tse di hirilweng ke moepo wa Debswana.A re dikompone tse di tlhamile mebereko e bile di tsisitse ditlhabololo.Rre Gare o supile fa nako ya boipuso e le sebaka se Batswana ba tshwanetseng go ikanoka ba lebe kwa ba go tswang le kwa ba go yang.




#Article 182: Buka ya Phetlogo ya loapi (299 words)


 Change of Climate   ke buka ya teme ya sekgowa e e kwadilweng ke Hilary Mantel  e  e gatisitsweng lantlha ka 1994 ke Viking Books, ka nako e mokanoki  wa dibuka a ileng a e kaya e le buka ya popotla  mo go tse a dibadileng.[1]
 E gatisitswe kwa United States ke Henry Holt ka ngwaga wa 1997 fa e sena go lemogiwa ke New York Times Book Review  e le nngwe ya dibuka tsa popotla tsa ngwaga. Buka e ekailwe e le nngwe ya tsa popotla ka dingwaga tsa bo 1990s,

A Change of Climate  e simolotswe kwa Norfolk ka ngwaga wa 1980, gape le modiro wa ga Ralph le Anna Eldred, batsadi ba bana ba le bane, ba botshelo jwa lelwapa la bone bo leng mo tlhankantshukeng mo pakeng nngwe ya selemo, fa segopotso sa bone se ba neng ba se gateletse dingwaga tse di masome se ile sa bonagala go senyaka mosola gape le kagiso ya matshelo a ba neng ba leka go a etelela pele e sale ka nngwe ya ditiragalo tse di ileng tsa ba etelela pele ka nako ya lenyalo la bone le santse le le lesha. Ditiragalo tsa buka di boela kwa dingwageng tse di fitileng tsa bo 1950s jaaka ba ne ba berekela lekgotla ba sokolodi kwa ditoropong tse di diphatsa gape di na le batho ba bantsi tsa Afrika Borwa go bo go latela gore bobedi jo bo tla go direla mo Bechuanalandkwa go nna nosi mo lefelo le le kgakala morago ga tlhatlhegelo e e sa bueng e ile ya nna teng.  Buka ke ka dikgonagalo le go sa kgonagala ga boitshwarelo, thulano ya dilo tse dintle le tse dimaswe le kitso ya gore botshelo pele bo ka simolola go nna jone tota bo tshwanetse go nna le mathata pele.




#Article 183: Tiragalo ya Air Botswana ya ngwaga wa 1999 (674 words)


Tiragalo ya ngwaga wa 1999 ya Air Botswana  e diragetse jaaka Chris Phatswe, wa Botswana airline yo e neng le mokgweetsi wa difofane yo o ipolaileng ka go phatlhakanya sefofane mo sekonotere le setlhopha sa difofane kwa lebaleng la maemelo a difofane la Sir Seretse Khama International Airport mo Gaborone   Tshwetso ya gagwe e bakile kgoreletso e ntsi mo ditirelong tsa Air Botswana.

Ka kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le lesome le bongwe ka ngwaga wa 1999, Phatswe yo o neng a fofisa sefofane sa Aérospatiale ATR-42, se se kwadisitsweng ka nomoro ya  A2-ABB, mo lephateng la Air Botswana kwa lebaleng la maemelo a difofane le kwa di emelelelang teng.   Lebaka dioura tse pedi o ne a fofa a dikologa lebala la maemelo a difofane, a tlhaeletsa ka seromamowa kwa towereng ya taolo a bolela fa maikaelelo a gagwe e le go batla go ipolaya. Motho mongwe le mongwe o ne a tswa mo maemelong a difofane ao e le go iphemela; mme moragonyana pabagami ba difofane ba supile fa ba na le poifo ka lefelo le o. Badiredi ba towara dirisa tumalano e kgolo e maiteko a go leka gore a fetelo maikutlo a gagwe gore a emise sefofane ka tsela e e siameng; maiteko a a ne a etleletswe pele ke General Tebogo Masire, yo e neng e le motshusa mogolwane wa Botswana Defense Force ka nako eo.. 

Fa sefofane se ne se simololo go felelwa ke lookwane, Phatswe o ne a tshosetsa ka gore o tla se phatlakanyetsa mo dikagong tsa ofisi ya Air Botswana; a re o batla go fetsa kgotlhang le motsamaisi jwa Air Botswana. O ne a kopa go bua le Ian Khama,yo e neng e le mothosa tautona ka nako eo mme sefofane se ne sa felelwa ke lookwane go le mo maitekong a go mo kopanya le ene. Dikeletso tsa gagwe di ne tsa seka tsa diragatswa. Moragonyana dipego di latlhetse dire o ne a tshosetsa ka go sephatlakanya kwa bonnong jwa ga Festus Mogae yo e neng e le tautona ka nako eo.  

Badiredi ba towara ya tlaolo ba tlhaloseditse Phatswe gore go na le batho mo dikagong tsa Air Botswana gone kwa ka bofefo jo bo rileng a ileng a phatlakanyetsa sefofane se a neng a se tsere ko ntle ga tetla epe, mo go tse dingwe tse pedi tsa modiro wa sone tse di neng di le mo maemelong.  Difofane tse ka boraro jwa tsone di ne tsa sugakana mo go senang bo bankanyetso, le Phatswe e bo a tlhokafala. Ke e ne fela yo o ileng a latlhegetsweng ke botshelo.

Difofane tse tlharo tse e ne e le tsone fela tse di dirisiwang mo go tsa mesepele ya difofane ya Botswana; fa se se sengwe sa bone sa modiro wa BAe-146, se ne se se motirisong ka se ne se na le mathata a bothekiniki. Ditlamorago tsa ditshwetso tsa ga Phatswe diamile ditirelo tsa folaga ya tsa mesepele ya difofane ya Botswana  

O ne a kopa go bua le {0}Ian Khama{/0},yo e neng e le {1}mothusa tautona{/1} ka nako eo mme sefofane se ne sa felelwa ke lookwane go le mo maitekong a go mo kopanya le ene. Ka nako ya tiragalo o ne a le malatsing a sa tlheogele ka mabaka a tsa botsogo, ka gore o ne a feila ka seemo sa boitekanelo jwa mmele kgwedi tse pedi tse difitileng mme o ne a laelwa gore ga a itekanela go ka fofisa sefofane, gape o ne a sa neelwa tetla go ka tsaya sefofane seo. Moragonyana go lemogilwe fa Phatswe a ne a na le bolwetsi jwa {0}AIDS{/0}, le fa bontlhabongwe jwa se se ka tswang se se tlhoteleditse mo ditshwetsong tsa gagwe se sa itsiwe.

Moragonyana go lemogilwe fa Phatswe a ne a na le bolwetsi jwa AIDS, le fa bontlhabongwe jwa se se ka tswang se se tlhoteleditse mo ditshwetsong tsa gagwe se sa itsiwe.. Ntle ga kgapelo ntle ga gagwe ka mabaka a tsa botsogo o ne a na letselana ya pabalesego ya tsa lebala.




#Article 184: Lekgotla la Kankere mo Botswana (304 words)


Mokgatlho wa Kankere mo Botswana (CAB) ke mokgatlho wa baithaopi, ebile o se ka fa tlase ga puso o tlhomilwe ka 1998 e le lekalana la kgobokanyo.

Mokgatlho wa kankere mo Botswana o itlamile go fokotsa  kanamo ya kankere mo go botlhe ba ba amegileng mo Botswana.

Mokgatlho wa kankere mo Botswana o itlamile go fokotsa kanamo ya kankere ka go godisa kitso le thuto go rotloetsa mekgwa e e babalesegileng ya go tshela le go lebela kwa pele kankere,go neela tlhokomelo ya melemo, bogakolodi le kemonokeng mo go ba ba amegileng.

Mokgatlho wa kankere mo Botswana(CAB) o rotloetsa thibelo ya kankere, dithuto tsa botsogo ka methale e tshwana le dithuto seka dipuisano, ipapatso le go aba dipampitshana tsa kitsiso mo lefatsheng ka kakaretso.

Ka lenaneo la ntlo ya Tshiamo (ntlo ya tlhokomelo) matlo a nakwana a boroko, tlhokomelo ya melemo, le dijo di fiwa balwets ifa ba  
tsaya kalafi ya bone kwa sepateleng sa Princess Marina le Gaborone Private.
 
Mokgatlho wa Kankere mo Botswana gape o neela balwetsi sepalamo go ya go tsaya kalafi ya bone kwa dikokelong.

CAB e neela balwetsi, masika le ditsala bogakolodi ntle le go anamisa diphiri tsa bone. 

Fa balwetsi ba sena go boela magaeng,go na le tatediso go bona gore ba tsoga jang ka go ba leletsa mo megaleng kana go ba etela mo malwapeng.

CAB e nale setlhopa sa ba tswa setlhabelo ba ba etelang balwetsi ba kankere kwa malwapeng a bone go ba ema nokeng semoya le mo maikutlong a setho. Se se dira gore ba ba amilweng ke kankere ba fetogele mo go nneng ba tswa setlhabelo sa kankere ka go akanya sentle, mekgwa ya go tshela e e babalesegileng le botsogo.

Mokgatlho wa kankere mo Botswana:

Lorato le tswa fela kwa Modimong. Go nna le kankere ke ntlha e nngwe ya go tshela.




#Article 185: Batho ba letso la India mo Botswana (333 words)


Ma Indians mo Botswana ga ba dire palo ya batho ba bantsi. Ba makgolokgolo a mararo PIOs gape le makgolokgolo a borataro  NRIs mo Botswana.

Malwapana mangwe a letso la Indian go tswa Aferika Borwa  ba tlile mo Botswana mo tshimologong ya lobaka la dingwaga tse di makgolo a mabedi. Ba irileng mo tshimologong ba tsena mo papadisanong, ba ile ba tswelela ka go aga dikgwebo ka go reka didirisiwa tsa  diabe tsa mafatshe a sele , mme gape ba atlega ka go beeletsa mo dithothong tsa bone. Bontsi jwa bone ba fiwa boagedi mono. Se se ne se le motlhofo ka gore diteseletso tsa  Botswana mo dingwageng tse di fetlang lesome’ tsa bonno jwa go nna mo lefatsheng gokopa boagedi jwa sennela ruri le bonno. Palo nngwe ya batho ba India ba ba tlileng mo lefatsheng mo bosheng le bone ke baagedi ba Botswana. Bangwe ba bone ba santse ba tseneletse dipolotiki .

Ponagalo ya diteemane le meepo ya tsone ka ngwaga wa 1960 e bone tshimologo ya  tlhagogo ya itsholelo e e tlhomameng mo Botswana. Se se ne sa oka ba PIOs mo lefatsheng le. Botlhe baitsaanape le borradikgwebo ba ne ba tla go tsweng mafatsheng mangwe a Aferika, bogolo jang Aferika Borwa, Zambia, Zimbabwe gale le kwa Kenya le Uganda. Puso ya Botswana ga e rotloetse go tsamaya ka ditiro tsa batswa kwa mme ka letlhoko la baitsaanape, le simolotse go rutuntsha  baitsaanape ba letso la se  India go tsweng India go tsweng ka ngwaga wa 1980 – barutabana, dingaka, baitsaanape ba ditiro tsa diatla gape le badiri ba puso. Batho ba letso la India ba fiwa tlotla e e kwa godimo fela thata mo  Botswana ka go itse kgwebo ga bone gape lego bereka ka nata mo tirong. Boeteledipele jwa sepolotiki bo itumelela dikatso tsa bone tsa go tlhabolola  lefatshe.

Ka go rialo ga go ope wa PIO yo o kileng a fenya ditlhopho dipego ya khudutlhamagengya  Botswana, a le mongwe o kile a nna  motlhophiwa yo o faphegileng.




#Article 186: Toropo ya Tlokweng (172 words)


Tlokweng  ke toropo e e gaufi le toropokgolo ya Botswana, Gaborone, mo kgaolong ya borwa-botlhaba. E ka tsewa e le bontlha bongwe jwa Gaborone. Tlokweng o ka kwa ntlheng e nngwe ya noka,gape o mo tseleng e e yang kwa molelwaneng wa Aferika Borwa, molelwane o dikhilomethara tse di lesome le botlhano kwa botlhaba. Mo palong batho ya 2001 batho ba ne ba le dikete tse masome a mabedi le bongwe, lekgolo le masome a mararo le boraro.

Tlokweng o tshwantshangwa le moanelwa mogolo mo pading ya   No. 1 Ladies' Detective Agency  mo dibukeng ka mefutla tsa mokwadi Alexander McCall Smith. Moganedi ebong , Mma Precious Ramotswe, o nyala Mr. J.L.B. Matekoni, yo tsholetsweng ebile a boa a godisetswa mo Tlokweng, morwa modiri mongwe wa tshimo yo o neng a bereka e le motlhokomedi yo mogolo wa moeteledipele wa ofisi ya kompone ya diterena. Setswerere se se baakayang dikoloi ebong , Mr. J.L.B. Matekoni ke ene mong wa lefelo le go baakanyediwang dikoloi mo Gaborone le le bidiwang Tlokweng Road Speedy Motors.




#Article 187: Motse wa Nswazwi (798 words)


Nswazwi ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O gaufi le molelwane wa Zimbabwe Motse o o na le dikolo tse dipotlana le tse dikgolwane,sepatela le (brigate development trust). Ka ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne e le 1,741.

Kompone ee tlhapilweng go aga boranyane jwa ditlhaeletsanyo tsa Nteletsa II kwa motseng wa Nswazwi e gakolotswe go itsolopanya go netefatsa gore tiro e ba e filweng e fela ka nako le ka madi aa dumalanweng.Kgakololo e e ntshitswe ke modulasetilo wa kompone ya ditlhaeletsanyo ya Botswana Telecommunications Cooperation, Rre Leonard Makwinja kwa tshimolodisong ya kgokelo ya megala ya Nteletsa II kwa motseng wa Nswazwi ka Labotlhano.Rre Makwinja o boleletse kompone eo gore goromente ga ana ditsompelo le fa ele nako ya go pepetletsa ditiro tsa ditlhabololo tse di sa lelang morago.O bile a kopa le kompome e e tlhapilweng go fa baagi bao bogakolodi gore ba ba tsenye legonnyana go netefatsa gore tiro eo e wela ka nako.O boletse fa ba na le tsholofelo ya gore e tla a re mo nakong e e dumalanweng ba bo ba boetse gape mo motseng wa Nswazwi, jaanong ba tla go bula semmuso tiro eo.

Rre Makwinja a re ka BTC e le bone beng ba tiro eo, ba tla nna ba etela lefelo leo kgapetsakgapetsa go netefatsa gore tiro eo ga e salele kwa morago.E rile a a fa malebo kwa moletlong oo, mopalamente wa kgaolo ya Nkange Rre Edwin Batshu one a tlhalosa fa lenaneo la Nteletsa II le tla  a akaretsa metse e le 35 lefatshe ka bophara, mme e e supang mo go yone e tla a bo e le mo kgaolong ya Nkange.O bile a bolela fa batho ba ba tsileng ka moono wa go simolodisa lenaneo la Nteletsa ba tshwanetse go lebogiwa ka jaaana lenaneo leo le thusitse metse e mebotlana ka bontsi.O ne gape a gatelela mafoko a ga Rre Makwinja a gore tiro eo e tshwanetse go wela ka nako e e dumalanweng ka jaana batho ba e nyoretswe.E ntse e le kwa moletlong oo, kompone ya Huawei ee tlhapilweng go dira tiro eo, e ne ya abela komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Nswazwi ditilo di le lekgolo, fa kompone ya megala ya BTC yone e ne ya abela sekolo sa diatla sa motse oo mochine oo ntsifatsang dipampiri.

aikutlo a ne a kukegile kwa phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Nswazwi mabapi le ditshwetso tse di tsewang ke boeteledipele jwa motse le komiti nngwe ya bogakolodi. Kgang e e senogile mo phuthegong e e neng e biditswe ke dikgosi tsa dikgotlana tsa motse oo, ka Labotlhano.E rile Kgosi Batshani Monyatsi a amogela morafe mo kgotleng ya gagwe, a bolela fa a sa itse ka pitso eo.Kgosi Chawangwa Mmolawa o ne a bolela fa kgangkgolo e le ya komiti ya bogakolodi ya ba ntlo ya bogosi ba ba kwadileng lekwalo ba kwalela ba bogosi jwa ga Mmangwato ba kopa gore kgosi ya bone e apesiwe letlalo la nkwe. Kgosi Mmolawa a re batho bao ga ba a ka ba ba rerisa e le baeteledipele le fa e le sone setshaba tota ka mokwalo oo e le maikaelelo a bone.A re bone e le dikgosi tsa dikgotla tsa Nswazwi, ba ne ba bidiwa kwa Serowe go tlhalosa ka mokwalo oo.O boletse fa koo go dule kgang ya gore ba batla go tsosa kgang ya ga Nswazwi le Tshekedi.A re ba ne ba bitsa komiti eo, go ba lebisa diphoso tsa bone.A gatelela gore go na le bangwe banni ba ba rotloetsang tlhakatlhakano eo.Mongwe wa batsena phuthego, Rre Ambrose Masalila, a re bone e le banni ba Nswazwi ga ba itse sepe ka kgang eo.A re a komiti eo e bolelelwe gore e tlogele go tshamekela mo Nswazwi. Rre Masalila o ne a kopa gore komiti eo e emisiwe ka e tlaa ba kopakopanyetsa dilo.

O ne a gakolola kgosi ya motse, Kgosi Batshani Monyatsi go ela tlhoko batho ka ba tlaa mo dirisa diphoso.O ne a otlelela gore a gopole gore go ne go na le batho ba ba neng ba le kgatlhanong le go bewa ga gagwe mo setilong sa bogosi.Bangwe ba ne ba bolela fa ba sa bone phoso mo mokwalong oo.Ba re se se neng se dirwa ke komiti eo e ne e le kopo ya gore kgosi ya bone e apesiwe letlalo.Mongwe wa makomiti, Rre Themba Motlhabani, a re ba ne ba emetse phetolo gore morago ba tle ba itsise setshaba.Kgosi ya Makuta, Kgosi Khimbeni Moalosi o ne a kopa gore ba ba nang le dikitso ba ne ba dira morero le setshaba go na le go itseela ditshwetso.Kgosi Moalosi a re bone ba nyoretswe ditlhabololo mo motseng e seng go thuba motse.Kgosi a re ba tshwanetse go emisa go kubetsana le go nyatsana.

 




#Article 188: Motse wa Pandamatenga (832 words)


Pandamatenga  ke motse o mo kgaolong ya Bokone-bophirima jwa, Botswana. Motse o o gaufi le molelwane wa Zimbabwe, lefelo la molelwane o le itsewe ka leina la Pandamatenga. 

Kgwebo ya tsa temo-thuo e dirwa thata mo masimong a dikaganyeditseng motse wa Pandamatenga, kwa go tlhagileng metlhale e mecha ya didirisiwa tsa temo thuo go tsweng Australia tse di tokafaditseng seemo sa tsa temo thuo.
Palo batho kwa Pandamatenga ka ngwaga wa 2001 e ne le 1545.

Mothusa tona wa lephata la dikgaolo Rre Maxwell Motowane o kopile banni ba motse wa Pandamatenga go nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse wa bone.Mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Rre Motowane o kopile banni ba motse oo gore ba bope makgotlana a ka one ba ka thusang puso go tlhabolola motse ya bone.A re komiti ya ditlhabololo tsa motse e le nosi ga e ka ke ya kgona go tlhabolola motse e le yosi ntswa go na le methale mengwe e ba ka e dirisang go bopagana ba tlhabolola motse.O ne a tlhalosa gore makgotlana kgotsa dikomiti di tshwana le tsa distrust di kgona go tlhabolola motse di thusana le puso fa e tlhaelelang teng.Rre Motowane a re fa dikomiti tse di itlamile go dira mmogo, ba kgobokanya megopolo ba dirisana le kgosi, mokhanselara wa kgaolo ditlhabololo di ka nna teng.O ne a ba kopa gore ba batle megopolo e ka yone ba ka tsholetsang leina la motse wa bone ka lone, a tlatsa ka gore puso e tlhoka go ka tsewa tema ka e ka se kgone e le nosi.O ne a tlhalosa gore ditiro tsa puso di dintsi, ka jalo e ka se di kgone e le nosi ka e bile le one madi tota a se yo malatsing ano, mme palo ya Batswana, masiela, ba na le bogole le botlhe ba ba thusiwang ke puso dipalo tsa bone di ntse di ya magololetsa.

Mo go tse dingwe Rre Motowane o ne a lekodisa banni ba motse wa Pandamatenga ka melao kakanyetso e e builweng kwa palamenteng e akaretsa molao kakanyetso wa go tlhomamisa semolao makgotlana a tshwana le a di VDC le a metse e e tlhomilweng gore ke yone e ditlamelo di tlaa isiwang kwa bathong mo go yone (service centres).A re go lebaka makgotlana a go nna jalo a bereka fela mme a sa beiwa ka fa molaong kgotsa go se na melawana e e e tlamang.

Banni ba motse wa Pandamatenga mo kgaolong ya Chobe ba lela ka dituelo tse di kwa godimo tsa metsi.Banni ba ntshitse selelo se mo phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya bone, Rre Gibson Nshimwe kwa motseng oo bosheng. Ba kaile fa e sale koporasi ya metsi ya Water Utilities e tsaya mo go ba khansele le Water Affairs ba duela madi a mantsi.Ba re e re le ntswa puso e re ba intshe mo lehumeng ka go nna le ditshingwana tsa merogo mo malwapeng, ga ba bone gore ba tlaa kgona ka gore ditshingwana tseo di tsile go batla metsi a mantsi.Mo go tse dingwe, banni ba ne ba kaya fa mananeo a puso e a dirang go thusa Batswana, a sa ba solegele mosola ka go nne ba nna fela mo lefelong la diphologolo le bojanala mme e bile le lone leruo la bone ga ba kgone go le rekisa ka kwa ntle ga kgaolo.Ba file sekai se sengwe, sa molawana wa thekiso ya matlalo a diphologolo, ba re ga ba na go boelwa ke sepe ka ntlha ya bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya bone.

Mo go tse dingwe banni ba ne ba lela ka ofisi ya motlakase gore motse wa bone o motona e bile o na le motlakase mme ga ba na kwa ba o rekang teng fa e se kwa Kasane fela, dikhilomethara di le lekgolo go tswa mo motseng wa bone.Mongwe wa batsenelela diphuthego e Mme Sarah Tlou o ne a bua ka pelo e e botlhoko gore e re le mopalamente a bua ka molao gore jaanong dikgwebo tse dipotlana di tsile go sireletswa, beng ba marekisetso a mogolwane ga ba ba tshedise sentle.Mme Tlou o kaile fa beng ba marekisetso ba ba koba fa pele ga marekisetso a bone ba re ba ba tseela kgwebo ntswa ba sa rekise sepe se se tshwanang le sa bone.Monana wa motse Johnson Moyo, ene o ne a kopa mopalamente gore banana ba kgaolo ya Chobe le ba motse wa Panadamatenga ba saletse kwa morago le gone go ineela mo nnotaging ka ntlha ya gore ga go na kwa ba ka itlosang bodutu teng.E rile a tswa la gagwe, mopalamente a ba bolelela ka mananeo a puso a LIMID le ISPAADD a ba ithusang ka one e le balemi barui.Rre Nshimwe o ne a ba tlhalosetsa gape le ka ditlhabololo tse di tlaa diragalang mo kgaolong ya bone jaaka go katolosiwa ga lebala la difofane, go simolodiwa ga Zambezi Agro farming le kago ya borogo jwa Kazungula.




#Article 189: Karabo Sampson (186 words)


Karabo Sampson  (o tshotswe ka Morule a tlhola malatsi a le masome mabedi le bosupa,ka 1990) ke ene a santseng e le Miss Botswana le Miss World Botswana 2011. O rwesitswe korone ya Miss Botswana ka tsatsi la ntlha la kgwedi ya Phukwi 2011 kwa Gaborone International Convention Center (GICC).

Karabo, the only daughter and last-born of three siblings, originates from Herero Ward in Tsabong, and she is a Herero/Mbanderu descendant whose ancestors fled to Botswana from Namibia during the Battle of Waterberg in 1904. 

Karabo, o bereketse maemo a gagwe a Beauty with Brains  Botswana morago ga go supa botlhaga jwa gagwe ga mmogo le botlhale jwa dikarabo tsa gagwe ka nako ya dipuisano tsa bofelo tsa dikgaisano tsa Miss Botswana Pageant. O rwesitswe korone ke mofenyi yo a molatelang e bong, Miss Botswana 2010 gape e le Miss World 2010 wa maemo a bobedi, Emma Wareus.

Mmabontle o o godisitswe sentle, Karabo ne a kile a fenya Miss Little Botswana ka maemo a bobedi ka ngwaga wa 2002 a na le dingwaga tse lesome le bobedi. O tlhaga thata mo puong yaSekgowa le Setswana.




#Article 190: Noka ya Boteti (374 words)


Noka ya Boteti  e e etsegeng  gape ka Botlele  ke motswedi wa metsi wa tlholego mo Botswana. 
Noka ena e tsaya metsi a yone mo metsweding e e elang go tswa Letamong la Okavango a feta ka noka ya Thamalakane 
E ne e ela ngwaga otlhe o pele ga le gare la dingwaga tsa 1990s, mme go ela gone ga fokotsega le dipaka. 
Ka paka tsa dipula noka ya Boteti e kgwela metsi a yone mo Makgadikgadi Pan, e tsisa botshelo mo lefelong leo le temo ga mmogo le dipoele mo temong.  
Ka nako tsa komelelo noka ya Boteti e botlhokwa fela thata ka e nna lefelo la Bokopano jwa diphologolo tsa naga, ka gore matamo a mantsi a bo a sena metsi a mantsi.  

Noka ya Boteti e tshela metsi a yone mo nokeng ya Thamalakane ko Toteng, e bo e ela ntlheng tsa Bokone a feta ka Tlkaseoulo, e feta gape ka Ghautsa Fall, e bo a elela ntlheng ya botlhabatsatsi go feta motse wa Makalamabedi, Muekekle le Matima, go tswa foo kwa Kwaraga e bo e leba Borwa e feta motse wa Phukumakaku, Sukwane, Rakops (Jacops) le Xhumo (Khomo).  
 
E bo e elela e feta Tamo ya Xau (kana ka ngwaga wa pula e tsene ebo e fete ka letamo la Xau) e bo e leba botlhabatsatsi e feta ka motse wa Mopipi (Madista) e bo e tsena ka Ntwetwe Pan.

Noka ya Boteti e thapologa go tswa Nhamiland go ya kgaolo kgolo ya Boteti ko e dirisiwang go tlatsa tamo ya Mopipi, e e leng botlhokwa thata mo meepong ya diteemane tsa lefelo leo, e leng moepo wa diteemane wa Orapa.[10][11] 
Go fetolwa ga noka e go tlogetse batho ba ba nnang gaofi nayo ba sena metsi a a lekanyeng a a phepa, gape ba sala jaanong ba sa kitla ba tshwara ditlhapi, kana go dirisa noka jaaka ene e le tlwaelo.

Bogologo Boteti ene a itsege e le lefelo le legolo le le lemang mmedi, le na le di hekere dile makgolo a masome mabedi ka fa tlase ga temo go fitlhela ngwaga wa 1980. However, the number and extent of wet years has declined, and the river was channelized below Rakops to increase flow to the Mopipi Dam.




#Article 191: Motse wa Botlhatlogo (485 words)


 
Botlhatlogo  ke motsana yo mo kgaolong ya bokone bophirima jwa Botswana. O kwa borwa, gobapa le makgobokgobo a Okavango le Ngami, gape o na le sekolo se se botlana. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a mane le masome a marataro le bosupa.

Baagi ba Botlhatlogo le Toteng ba supile lekgotla la kabo ditsha la Tawana ka monwana ba re le aba dipolasi mo lefatsheng la morafe kwa ntle gago rerisanya nabo.Ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone, Rre Taolo Habano gore metse ya bone e dikilogilwe ke dipolasi tse disha tse di tsere mafudiso a morafe. Mongwe wa baagi ba Botlhatlogo, Rre Gositwang Phiritswana o tlhalositse fa ba sa tlhole ba kgona go rua sentle ka mafudiso a bone a tserwe ke bo radipolase le mororo bane ba itse fa lefatshe ele la morafe otlhe.Ke kopa lo sekaseke dipolase tse, fa dikgomo tsa rona di tsene mo teng re tshaba go a go di tsaa ka ke polasi ya mong,ga bua Rre Phiritswana.

Rre Amerika Sebetwane wa Toteng ene a kopile mopalamente wa kgaolo go ba kopela tona yo o lebaganeng go tla go ba tlhalosetsa gore tota gatwe ba tshele jang.Rre Sebetwane o tlhalositse fa go ka bo go le molemo fa dipolase tseo di kabo di kgaogangwa mme tsa abelwa merafe ya metse eo ka go tserwe mafudiso a bone.Mongwe wa bagodi ba motse wa Botlhatlogo, Rre Jospeph Melere a re ene o gakgamadiwa ke gore ere ntswa metse ya bone e dikilogilwe ke dipolase tsa Haina Veld le moepo o mosha wa kopore, lekgotla la kabo ditsha le santse le aba sekidi se se setseng sa lefatshe.Mme fa bana ba Botlhatlogo bare ba kopa lefatshe ba tewa gotwe ga leyo, ga bua Rre Melere.A re o swabisiwa ke fa lephata la kabo ditsha la Tawana le berekisanyang le bone ka teng ka le palelwa ke go rerisanya nabo fa le tsaya ditswetso.Bangwe baagi ba metse eo, ba ile ba supa batlhokomedi ba lefatshe ka monwana bare ba lekunutu le lekgotla la kabo ditsha le bo radipolasi bao, mme ba re ba belaela fa go katswa go dirisiwa maretshwa mangwe go amoga morafe lefatshe.Fa a tswa la gagwe, mopalamente Rre Habano o kaile fa mathata a batho ba metse eo a bakwa ke gore gaba tsee tsia dikomiti tsa metse ya bone tsa ditlhabololo. O kaile fa morafe o rwele maikarabelo a go bona gore lefatshe le abiwa jang ka ba na le boemedi jo eleng maloko le batlhokomedi ba lefatshe ba ba berekisanyang le lephata la kabo ditsha babo ba supe fa ele ruri lefatshe le ka abiwa.Rre Habano o ile a gatelela mafoko a gagwe ka gore, baemedi ba lefatshe ke bana ba lona, ba tlhotshwa ke lona.Mopalamente Rre Habano one a le mo loetong la go buisanya le batlhophi ba kgaolo ya gagwe ya Ngami ka tsa palamente ee fetileng le go tsaya megolopo




#Article 192: Shaw Kgathi (694 words)


Shaw Kgathi  ke lepolotiki la Botswana . Ka ngwaga wa  2009 o ne a tlhophiwa go nna tona wa banana,metshameko le ngwao . Ke leloko la khudutlhamaga ya Botswana gape o emetse Bobirwa.

O ne kile a tshwara maemo a le mmmalwa, a akaretsa boeteledipele jwa metshameko kwa dikolong tse di kgolwane gape a nna mokaedi wa lephata la metshameko gape le itloso bodutu .

Mo go tlhophiweng ga gagwe, Kgathi o ne a ikana go tlhabolola lephata mo lobakeng lo a tlabong a le mo ofising, a tlhabolola botlhale le mabala a metshameko mo  Botswana gape a rotloetsa mekgatlho ya banana jaaka wa Re Ba Bona Ha mo lefatsheng le a dumelang gore puso e tshwanetse go dirisa madi a mantsi mo go lone go lemoga gape le go rotloetsa botswerere Jwa metshameko mo lefatsheng. O ne a re , “Go nale botswerere  kwa metsaneng jwa bath ba e kabong e se bontlha bongwe jwa mekgatlho e tswhwana le wa BOTESSA gape le BISA gape ba ka tlhoka ditsompelo tse ba ka di dirisang go tlhabolola botswerere jwa bone. Re rotloetsa metshameko yotlhe ka kakaretso go ipaya mo bogareng gore kgolo ya metshameko mo lefatsheng e tswelele.”

Banana bangwe ba motse wa Kanye ba inaakantse le mananeo a puso a banana ba dira dikgwebo e le tsela nngwe ya go itlhamela ditiro, go itshetsa le go godisa itsholelo ya lefatshe.Banana bao ba bagwebi ba babotlana ba supeditse Tona wa Banana,Metshameko le Ngwao Rre Shaw Kgathi dikgwebo tsa bone fa a ne a di etetse go lekola ka fa ba dirang ka teng le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo kgwebong.Mongwe bone Gaopalelwe Modietswane yo o mo kgwebong ya tsa maranyane ya (Internet caf) o boleletse tona gore o thusa batho ka tsa dikhompiutara, fax, go kopisa dipampiri le dikarolo tsa dikhompiutara.

Rre Modietswane o dirile lekwalo la form 5 fela mme a tsaya botsipa jwa go dirisa dibalamakgolo kwa lebenkeleng le a neng rekisa kwa go lone fa a sena go fetsa dithuto tsa gagwe.A re o simolotse kgwebo ya gagwe ka go adima madi mo ditsaleng a bo a reka dikhompiutara tse tharo, mme morago ga ngwaga a ikwadisetsa go adima madi a dithuso tsa banana mme lephata leo la mo thusa ka P95 000 a mo go one a tlaa busang fela P45 000 yo a setseng a simolotse go mo duela.Rre Modietswane a re mo nakong eno o setse a simolotse kgwebo ya go rekisa difitlholo (coffee shop) a tlhalosa fa dikgwebo ka bobedi di dira sentle ebile a thapile banana ba le bararo.Mme Keolebogile Kgaodi ene o boletse fa a ikwadiseditse madi a dithuso tsa banana a le dingwaga di 28 ka ngwaga wa 2007 mme a dira kgwebo ya borotho e ka yone a rekisetsang dikole tse dipotlana di le tlhano, marekisetso a leokwane,le mabentlele a dijo. A re o thapile banana ba le babedi mo kgwebong e a tlhalositseng fa e dira sentle.

Tona wa banana, metshameko le ngwao Rre Shaw Kgathi o gwetlhile morafe go tlotlomatsa ngwao ya one.E rile a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Mabolwe beke e e fetileng, Rre Kgathi a leboga setlhopha sa koo sa mmino wa Sebirwa sa Sekgobokgobo go bo se gapile maemo a ntlha mo dikgaisanong tsa go ipelela malatsi a ga Tautona tse di sa tswang go feta, a re seo se tlotlomaditse ngwao ya Sebirwa ka jalo a gwetlha morafe gore le one o ithute o bo o tlotlomatse ngwao ya one.Rre Kgathi yo gape e leng mopalamente wa Bobirwa, o ne a supa gore lefatshe leno le latlhegelwa ke ngwao ntswa e na le mosola e bile e na le bokao jo bo rileng.

O ne a gape a tlhalosa gore kapari ke karolo nngwe ya ngwao, a tswelela ka go supa matshwenyego a gore batho ba le bantsi mo malatsing ano ga ba apare jaaka ngwao ya Setswana e letla jaaka bomme ba ba aparang kapari e e ntshang mohubu.O ne a tlhalosa fa lephata la gagwe le simolotse thulaganyo ya go kwala ngwao e e sa tshwaregeng jaaka ya diphitlho, manyalo le ditsamaiso tse dingwe tsa ngwao tsa merafe e e farologaneng.




#Article 193: Motse wa Mogoditshane (864 words)


Mogoditshane  ke toropong e e fithelwang mo Kgaolong ya kweneng mo Botswana.
ke toropong e e gaufi le motsemogolo wa Botswana  Gaborone.Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 o ne a nale palo ya batho ba le makgolokgolo le masome a mane.Motsana wa Mogoditshane o nale sekolo se se potana,tse di kgolwane tsa Mogoditshane Secondary School le sa Mogoditshane Senior School se se satswang go agiwa mo bosheng.

Mogoditshane o nale ditlamelo tsotlhe tse di thusang banni ba koo jaaka motlakase le metsi a ba a nosiwang ke letlamo le le mo toropong kgolo ya Botswana ebong Gaborone.Motsana wa Mogoditshane o santse o na le ditlhabololo tse di o emeng nokeng le tse di santseng di tsweletse nakong ya gompieno.

Batswana ba kopilwe go fedisa kgokgontsho mo malapeng gore go tle go nne le kagiso, lerato le tshwaragano.
Go kopile jalo Mothusa mookamela mapodisi a Botswana, Rre Kenny Kapinga mo thuto puisanyong ya twantsho borukutlhi e e neng e tshwaretswe kwa Ramonaka mo kgaolong ya Kgatleng ka Matlhatso.Rre Kapinga a re gore kgokgontsho e fedisiwe ke gore setshaba se dirisane le mapodisi go bega ka dikai dingwe le dingwe tsa kgokgontsho mo go bao ba o bapileng nabo.A re go le gantsi baagisanyi fa ba bona go na le matshwenyego a go sa tsheleng sentle mo go ba ba bapileng nabo, ba ithela moriti o tsididi ba re ga di ba ame.Rre Kapinga a re selo seo ke molato o moagisanyi a ka o tshwarelwa a ba a sekela go itlhokomolosa bosetlhogo jo bo diragalang mo pepeneneng.Rre Kapinga a re fa go nang le lerato le kutlwano teng, ga go na kgokgontsho e e diragalang. O kopile batsadi go tlogela go gogela kobo ntlha e le nngwe fa go tsenwa mo kgannyeng ya kgokgontsho a re go dira jalo go felela go tsisa dintsho.A re kgokgontsho gantsi e simololwa ke batho ba le babedi mme e felela e ama mongwe le mongwe mo lapeng le ba masika tota.O kgothaditse batho go nna le tumelo mo Modimong gore mmaba saatane a seka a ba dirisa diphoso.
O supile dipalo tsa batho ba ba bolaaneng fa e sale ka ngwaga wa 2003, a re ba masome a matlhano le bone, mme mo go bone bomme ba masome a mane le borataro, fa borre ba roba bongwe.Ka 2004 ba ba bolailweng ba ne ba le masome a matlhano le borataro fa ka 2005 ba ne ba le masome a roba bobedi le botlhano, mo go bone bomme ba le masome a supa le boraro, fa borre ba ne ba le lesome le bobedi.
Rre Kapinga a re ka 2006 dipalo di ne tsa fokotsega mme ya re ka 2007 tsa oketsega go ya kwa go lekgolo le bosupa, mo go tsone, bomme ba ne ba le masome a robabobedi le borataro, fa borre ba ne ba le lesome le borobabobedi.

Mookamela mapodisi a kgotla, Rre Seabe Maboka o ne a kgothatsa batho ba Ramonaka go dira dikomiti tsa dikgotlana ka se se ka fokotsa borukutlhi jo bo diragalang mo kgaolong ya bone.O ngongoregetse gore fa e sale go tlhongwa dikomiti tseo, maloko a komiti e tona ya twantsho borukutlhi ga ba sa tlhole ba tsena diphuthego tsa bone.A re komiti eo ke yone e tona e e tshwanetseng go okamela le go begelwa ke dikomiti tse dinnye ka dilo tse di diragalang mo kgaolong.O tsweletse a re go lwantsha borukutlhi ka makkgotlana go ama mongwe le mongwe mo kgaolong e a leng mo go yone, a re kgosi ke ene modulasetilo, e bile kgosi o tshwanetse go nna a bitsa diphuthego le go laletsa mapodisi go tsena diphuthego tseo go ba lekodisa gore go diragala eng mo motseng wa gagwe.Modulasetilo wa komiti ya twantsho borukutlhi mo kgotleng, mme Naomi Lekgaba a re go dira dithuto tsa twantsho borukutlhi ke maiteko a go tsibosa batho ka bomosola jwa go begela mapodisi dikgang tse di tshwenyang tse di akaretsang tsa kgokgontsho mo malapeng.A re dikgang tse di felela ka dipolaano mme go sa begelwa mapodisi le fa e le ba Boipelego. O kopile batho go bega dikgang tsa go tshwana le tseo kwa mapodising ka dinako tsotlhe.

Mapodise a Mogditshane a tshwere banna ba le bararo ka molato wa go thuba ba bo ba utswa dibalamakgolo di le pedi kwa madirelong a Botswana Red Cross le mmoshara wa Lynn’s ka di 18 le 25 tsa kgwedi e e fetileng.Mogolwane wa mapodise ao, Superintendent Onkemetse Tawana o boletse se mo potsolotsong le BOPA gore babelaelwa bao ba dingwaga tse di masome a mabedi le barataro go ya go tse di masome a mabedi le bosupa ba tshwere kgwedi eno e le 27 mo mafelong a a farologanyeng mo motseng wa Mogoditshane.O tlhalositse fa babelaelwa ba babedi e le banni ba Mogoditshane fa a le mongwe a tswa Maitengwe, a bolela fa ba tla itshupa kwa kgotleng ya ditsheko mo bogaufing go lebisiwa molato wa go thuba ba bo ba utswa.A re e le nngwe ya dibalamakgolo tseo e ne ya bonwa gone mo Moshupa fa e le nngwe e tswa go bonwa kwa Mogoditshane, mme a tlhalosa fa beng ba tsone ba kgonne go rurifatsa fa e le tsa bone. 




#Article 194: Motsana wa Molalatau mo Botlhaba (883 words)


 
Molalatau  ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O bonwa kwa botlhaba jwa  nko ya  Botswana, mo teng ga sekgele sa dikhilomethara tse di makgolo le  Zimbabwe gape le Afrika Borwa. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le 1,788 tsa batho.
Ga gona sepe se banni ba ikaegileng ka sone go tsholetsa itsholelo ya bone ka gore banni ke balemi ba ba lemelang go itsetsa.

Molalatau o biditswe ka leina la noka e e fetang mo bokone jwa motsana  gape e bonwa mo sekgeleng sa dikhilomethara tse di masome a mabedi go tsweng  motseng wa Bobonong yo o eleng one o o fang ditirelo mo kgaolong . Banni ba Molalatau ke  Babirwa gape ba bua puo ya sebirwa  ka tlholo ba tswa kwa botlaba jwa nko ya  lefatshe  mo lefelong go dikologa fa dinoka di kopanelang teng ya  Limpopo le Motloutse. Ba ne ba patikiwa go tswa mo lefelong le ke barongwa ba ga Mmamosadinyana go fa kompone ya British South Africa Company e eileng ya fiwa lefatshe le ba atlolosa boleele jwa noka ya Limpopo mo teng ga  Botswana ke Khama III. 

Batho ba ba ne ba eteletswe pele ke kgosi  Malema morago ga go nna le dikgogakgono le puso ya barongwa ba ga Mmamosadinyana e direla go tsweng Serowe. 

Mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi a re ka ntata ya kwelo tlase ya itsholelo, ditiro dingwe tsa ditlhabololo di tlaa seegelwa fa thoko lefatshe ka bophara go balelwa kgaolo ya Bobirwa.A re mafatshe a neng a reka diteemane tsa lefatshe leno le o ne a amilwe ke kwelo tlase ya itsholelo, a re seemo se, se ka nna sa felela se bakile go kgaolwa ga babereki mo ditirong.Legale mopalamente a re mme e tlaare fa seemo sa itsholelo se ka tokafala ke gone ditiro tse di tlaa dirwang, a tlhalosa fa go na le tse di tlaa tswelelang di dirwa jaaka go agwa ga letamo la Thune le a reng go setse go simolotswe, go agwa ga matlo a bodiredi le go betlwa ga tsela ya Bobonong/Tsetsebye.Rre Kgathi yo a neng a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Motlhabaneng, Mathathane le Molaladau o boletse fa go le botlhokwa gore setshaba se nne le seabe mo ditlhabololong le go thusa go atolosa itsholelo go na le go baya fela pusong.Kgathi yo gape e leng tona wa banana, metshameko le ngwao a re, dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le dingwe di tshwanetse tsa tswa ka maano a go dira madi ka ditsela tsedi farologanyeng go tlhabolola metse ya bone.Mo dikganyeng tse dingwe mopalamente o gwetlhile batsadi go tsaya thuto ya bana ka tlhwaafalo mme ba tshwaragane le barutabana ka jaana thuto e le yone motswedi wa botshelo mo matshelong a gompieno a diphetogo.A re ba rotloetse bana go itebaganya le dithuto tsa bone go na le go inaakanya le nno tagi, boganana, tsa marato le ditiro tsa borukhutlhi ka gore, dika ba senyetsa bokamoso jwa bone, a re ba ba feditseng sekole ba sena ditiro ba inaakanye le mananeo a banana a dithuso go itirela bokamoso.
[edit] Banni ba akgolwa

Legale Rre Kgathi o ne a akgola dikole tse di dirileng sentle mo maduong a ngogola, a re ba itsolopanye go dira ka bonatla go feta fa ba dirileng teng.A re mme tse di saletseng kwa morago o kopa barutabana ba ba neelang tshwene marapo go dira natla ka gore metlha ga se ya maloba ka jaana go berekwa ka dielo.A re bone e le barutabana ba neetswe thuto e e ba sologetseng moelemo mo matshelong a bone mme le bone ke tshwanelo gore ba neele bana thuto e e tla a solegelang molemo bokamoso jwa bone.O bile a kopa banni ba metse e, gore fa ba na le mathata a a tlhokanang le thuso ya gagwe ga ba tshwanela go emela diphuthego tsa kgotla, a re ba ikopanye le ba ofisi ya gagwe, ya ga molaodi kana ya mogolwane wa khansele go kopa thuso.Modula setilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Bobonong, Rre Morgan Makgasane a re ba dumalane gore gonne le koketso ya lefatshe kwa ba ka atolosetsang ditsha tsa masimo a batho ba motse wa Motlhabaneng teng.Rre Makgasane a re sebe sa phiri ke gore ba na le bothata ba gore batho bangwe bane ba ipeile masimo, a a reng a ka dira gore bangwe ba tlhaelelwe ke lefatshe.Modulasetilo a re ba setse ba segile ditsha tsa masimo a motse oo, dile masome a mararo mme ba tsweletse ka go sega, a re bothata jo bongwe ke gore lefatshe la bone le na le matlapa a mantsi le melapo mme se se bo dira gore lefatshe le ngotlege.Fela jaaka kwa metseng e mopalamente e tshwareng diphuthego kwa go yone, banni ba metse e ba supile matshwenyego mabapi le bogodu jwa loruo jo ba reng bo dirwa ke batho ba lefatshe la Zimbabwe.Banni ba motlhabaneng ba ne ba ngongoregela gore batlhoki ga ba thusiwe sentle le gore bana ba sekole ba ba tlhokang ba thusiwe go fitlhelela ba fetsa dithuto tsa bone gona le gore ba thusiwe go ema bale dingwaga dile 18.Mogolwane wa boipelego, Rre Sandy Molosiwa a re bana ba ba tsenang sekole ba thusiwa go fitlhelela ba fetsa dithuto tsa bone fa ba sekasekilwe go bonnwe letlhoko la bone.




#Article 195: Motsana wa Mookane (652 words)


 
Mookane ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o o sekgele sa dikilomitara di le lekgolo le masome a matlhano go tswa Bokone-botlhaba jwa toropo kgolo Gaborone, e bile motse o o nale dikolo tse di potlana le tse digolwane gammogo le kokelwana. Mookane ke motse o dikaganyeditsweng ke metse e tshwanang le Dibete, Mmaphashalala le Phala Road. Ka ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne ele 2,297.

Mokhanselara wa Mookane Rre Timothy Mmopi a re o kopa gore puso e bee letlhoko la tsela kwa motseng wa bone kwa pele ka jaana e ka tokafatsa kanamiso ditirelo kwa motseng wa bone.Rre Mmopi o buile mafoko a kwa phuthegong ya Kgotla e e neng e biditswe ke Tona wa botshogo Rre DR Rev John Seakgosing kwa Mookane ka Labobedi.Mokhanselara a re o kopa tona go ema nokeng tona wa dipalamo le ditlhaeletsano Rre Frank Ramsden le Mopalamente wa Mahalapye botlhaba Mmaetsho Botlogile Tshireletso fa ba bua ka letlhoko la tsela eo kwa Palamenteng.O ne a tswelela ka go tlhalosa gore tsela e tlhokafala thata kwa motseng wa bone ka jaana metse e e gaufi e tsaya dithuso le ditlamelo tsedingwe kwa go bone mme tsela e ka khutshwafatsa mosepele o batho ba o tsayang fa ba tla kwa motseng wa bone.A re metse e tshwana le Mmaphashalala, Dovedale le Poloka e tsaya ditlamelo di tshwana le tsa botsogo kwa go bone mme a tlhalosa fa tsela e ka thusa gore batho ba kgone go fefosa dithuso bogolo jang ka motse wa Mookane le one o tsaya ditlamelo kwa Mahalapye.

Mmopi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ditsela tsa motse wa bone di sa siama mme a tlatsa ka gore matshelo a balwetse le bomme ba ba itsholofetseng a mo diphatseng bogolo jang fa go tlhokafala gore molwetse a fefosediwe kwa sepateleng.Tsela ya rona e dikhuti tse di ka nnang tsa tsosetsa bangwe ditlhabi kana tsa gakaletsa balwetse ditlhabi.Mokhanselara o ne a tlhalosa fa go tlhokafala ga sekontere go baya motse wa bone ka fa mosing fa go tla mo dipalamong tsa sechaba ka jaana ba ba nang le keletso ya go simolola kgwebo eo ba felela ba tlogela ka jaana ba sa dire dipoelo tsa sepe ka tsela e felela e senya dipalamo tsa bone.Le fa go ntse jalo Mmopi o ne a kopa tona ya botsogo gore e re nako e itsholelo e tokafalang tsela ya motse wa bone e nne nngwe ya dilo tse di tlaa fiwang maemo a ntlha.

Barutabana ba dikole tse dikgolwane mo kgaolong potlana ya Mahalapye, ba amogetse kopo ya lephata la thuto ya go ruta baithuti ba dikole tseo morago ga dinako tsa tiro le ka mahelo a beke.Barutabana ba dirile tumelano e mo bekeng e e fetileng, e le tsela nngwe ya go diragatsa kopo ya lephata la thuto ya go ruta bana morago ga dinako tsa tiro le ka mafelo a beke go emisetsa dinako tse bana ba neng ba sa rutwe ka tsone ka ntlha ya ngalo ditiro ya badirelapuso e e neng ya goga dikgwedi tse pedi.Megokgo ya dikole tseo, e e akaretsang mothusa mogokgo wa sekole sa Shoshong Senior Secondary Rre Bremer Mapii, mogokgo wa sekole sa Mookane Community Junior Secondary Rre Solomon Setswe le mogokgo wa sekole sa Sefhare Community Junior Secondary Mme Lesedi Gaotingwe ba re ba dumelane go ruta bana go tloga metsotso e le masome a mararo go tlogela nako ya bone mo tshokologong go tsena metsotso e le masome a mararo go tlogela nako ya botlhano mo maitseboeng.Rre Bremer le Rre Setswe gammogo le Mme Gaotingwe ba re ka ntlha ya tumelano ya barutabana le lephata la thuto, ba na le tsholofelo ya gore baithuti ba mophato wa boraro le wa botlhano ba tlaa kgona go kwala ditlhatlhobo tsa bone ka tshosologo ka jaana ba tlaa bo ba rutilwe le dithuto tse di neng di saletse kwa morago.




#Article 196: Motsana wa Nojane (532 words)


Ncojane  kgotsa Ncojane  ke toropo e mo sekakeng sa Kalahari  e mo kgaolong ya Ghanzi, mo Bophirima jwa Botswana. Motse wa Nojane o sekgele sa dikilomitara tse masome a mabedi go tsweng molelwaneng wa kwa Namibia, fa godimo ga moo motse o na le dikole tse dipotlana le tse digolwane ga mmogo le kokelwana. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le sekete le makgolo a mane le masome a mararo le borobabongwe.

Batho ba le batlhano ba bone dikgobalo morago fa bese e ba neng ba tsamaya ka yone go tswa Ncojane e menoga mo tseleng ya Metsimantsho le Lokalane ka tshipi ka nako ya botlhano maphakela.Mookamedi wa Mapodisi a Ncojane Superintendent Mompoloki Ramatsia, a re bese eo e e neng e pegile maloko a kereke ya Old Apostolic ba le 60, e ne ya thula setlhare mme ya wa, morago ga gore mokgweetsi wa yone a latlhegelwe ke taolo.
Superintedent Ramatsia a re batho ba le batlhano, bomme ba le bararo le borre ba le babedi, ba bone dikgobalo mme ba ne ba ragosediwa kwa sepateleng sa Ghanzi go bona bongaka, mme ba robadiwa.A re ba bangwe ba ba boneng dikgobalo tse di potlana ba ne ba isiwa kwa kokelwaneng ya Motse wa Ncojane mme ba ne ba alafiwa ba bo ba gololwa ka letsatsi leo.Ramatsia o kopile bakgweetsi ba ba tlang mo dikgaolong tsa Ghanzi go kgweetsa ka keletlhoko le go obamela matshwao a tsela ka gore ditsela tsa Kgaolo eno di maswe fela thata.

Ramatsia a re ka malatsi a paseka dilo tsotlhe di ne di tsamaya ka thelelo.O ne a tswelela ka go kopa batho ba motse wa Nojane go itshwara fela jalo ka gore ke selo se se itumedisang. Mo dikgannyeng tse dingwe Mapodisi a Ghanzi a tlhothomisa dikgang tse pedi tsa bogodu.O boletse fa go thubilwe ntlo nngwe kwa Ghanzi ga utswiwa dilwana ka go farologana tsa madi a fetang P25 000.Mogolwane wa mapodisi kwa Ghanzi Superintedent Ishmael Morebudi a re tiragalo e diragetse ka Mosupologo mo mosong mme a re ga ba ise ba tswhare ope mabapi le yone ka gore dipula di ne dina. O boletse fa dithotlhomiso di santse di tsweletse.Superitedent Morebodi a re mo tiragalong e nngwe kwa Kgaolwaneng ya Bosele go utswilwe dilwana tsa madi a kana ka P892 e le gas cylinder le garawe mme ga go ope yo o tshwerweng ntateng ya dipula.Morebudi a re ka malatsi a paseka go nnile le dikotsi tse pedi mme ga go na ope yo o gobetseng mo dikotsing tseo.A re mo tikologong ya Ghanzi go ne go sena sepe se se maswe.Superitedent Morebudi a re o lebogela batho ba Toropo ya Ghanzi ka fa ba neng ba itshwere ka teng a re go supa fa dithuto tsa Mapodisi di tsene mo go bone.O ne gape a lebogela maloko a dikomoti tsa itshireletso tsa metse le ba ipelegeng gore ba nne ba tswelele fela jalo ka tiro ya bone ya go lwantsha borukutlhi.Morebudi a re sengwe se a se bonang se saletse kwa morago ke ntebela ke go lebele ka gore batho ba santse ba palelwa ke go laela ba ba bapileng le bone fa ba tsaya maeto.

 




#Article 197: Koranta ya The Voice (Botswana) (768 words)


The Voice  ke kompone e e dirang ka kgatiso ya dikgang tse di kwadilong mo dipampiring le mo maranyaneng a Internet mo lefatsheng la Botswana. The Voice is a simolotse go dira ele pampiri ya dikgang ko  Francistown ka ngwaga wa 1993 e le ntlha nngwe ya go tatsa mo bodireding jwa toropo ya Francistown; e rile ka ngwaga wa 1999, The Voice ya bula dioffice tsa bodiredi tse ditona mo Gaborone.  

Beke le beke go nna le kgatiso e ntsha ya pampiri ya dikgang ya The Voice , letlhotlho la boranyane la The Voice le supa gore The Voice ke kompone e e di gogang kwa pele mo go rekiseng pampiri tsa dikgang mo Botswana; e bile le supa gore pampiri tsa bone di nna di kgwarela dikgang tse di amang bolwetsi jwa HIV.

Botswana o iphitlhela mo lobakeng lwa ditiragalo tse mo go tsone dikakanyo
tsa batho le dilo tse di tlhokegang di fetogang ka bofefo jo bo gakgamatsang.
Batho ba tshwanetse go inaakanya le diphetogo tse di diragalang mo
mafatsheng otlhe mme e r e  ba dira jalo ba bo ba tlampar etse tse di siameng
tsa ngwao ya bone tse di r e  far ologanyang le dichaba tse dingwe.
Ka jaanong e le dingwaga di le masome marar o r e  ntse r e  ipusa, r e  tshwanetse
go akanya ka ga tse dintle tse di fetileng le gor e r e  dirile go le kae go di
kgona. Mme e re  go ntse jaana, re  akanye re  bo re  lor e tse di tlang tse dintle.
Re tla a bo re  le sechaba se se ntseng jang ka 2016, ngwaga wa dingwaga tse
di masome matlhano re  ntse re  ipusa? Diphetogo tse re  batlang go di dira di
tla a tsaya lobaka. Dingwaga tsa diphetogo tse di tla a akar etsa tokafatso ya
thuto le botsogo. Jalo he, re  tshwanetse go lebela kwa pele thata gor e re
tsaya ditsela tse di ntseng jang.Gore re  ipaakanyetse phetogo ya itsholelo ya mafatshe otlhe le botshelo
jwa batho, a re  dirise dipaka tse di re  tlelang ka botlalo. Dilo tse r e  batlang
go di dira di tla a nna le mathata a re  sa kakeng ra a solofela gompieno. Re
tshwanetse go nna re  fetola dilo re  digile dibete re  le pelokgale.
Re tshwanetse go ineela go fetola dilo mo go tla a solegelang lefatshe la
rona molemo. Ga go na yo o ka re  di fetolelang. Diphetogo tse di raya gore
re  dir e ka natla, mme tuelo e tlaa nna tswelelo ya rona rotlhe.

Tlhabologo ya Botswana e thailwe mo matshegong a le mane a e leng, Puso
ya batho ka batho, Tlhabologo, Go itir ela le Kopano. Matshego a a tshwanetse
go lebagana le diphetogo tsa seemo sa tlhabologo ya Botswana gompieno.
Letshego la botlhano ka ga Botswana ke Botho . Se se raya sengwe sa tse
dikgolo tsa ngwao ya Aferika; se se bonwang mo mothong se mo supa a le
maitseo mantle, a itshwer e sentle, a itemoga gor e o tokololo e ntle ya motse
wa gagabo.Mogopolo wa Botho  o tshwanetse go anama mo Botswana. O tshwanetse
go tsena gongwe le gongwe mo matshelong a r ona jaaka phefo e re  e hemang,
re  sa thokgame fela mme r e  itse gor e yo mongwe o a tlhoka.

E tla a r e  ka ngwaga wa 2016, thuto ya r ona e bo e le mo seemong se se e
letlang go lebagana le diphetogo tsa lefatshe la r ona le mafatshe a mangwe.
T se di tokafatsang thuto e nne tsone tse r e  di lebang thata mo T ebelopeleng
e e tlang.Thuto e tshwanetse go nonotsha mongwe le mongwe go nna motho yo o ka
fetolang dilo, a nna modiri wa dithoto le didirisiwa tsa maemo a kwa
godimo. Go tla a nna le bagwebi ba babotlana ba ba thapang batho. Go r uta
mongwe le mongwe go tla a dira gor e ba rate botswer er e.
Batswana botlhe ba tla a bulelwa ditsela go r utega. Go tla a ithaopa moithuti
gor e o tsaya lephata lefe a le mo sekoleng se segolwane kana o tsaya thuto
ya diatla. Go tla a tshwaraganelwa thuto ke botlhe; ya dibuka le ya diatla.
Thuto e tla a nonotsha Botswana go lemoga khumo ya dipuo tse di
far ologanyeng le ngwao ya merafe. Ga gona yo o tla a patikwang mo thutong
ka ntata ya gor e puo ya gagabo e far ologana le Setswana le Sekgoa tse go
tsewang gor e ke tsone dipuo tsa sechaba.




#Article 198: Motsana wa Topisi (496 words)


 
Radisele ke motse o o mo kgaolong ya legare la Botswana. Motse wa Topisi o sekgale sa masome a matlhane (55) km gotsweng bokone jwa Palapye, go bapisa tsela ya Palapye–Francistown, mo palong batho ya ngwaga wa 2001 go ne go nale batho ba le  1,289.[3]

Botlhoki e ntse ke kgwetlho e tona kwa kgaolong potlana ya Palapye jaaka bomme ba le bantsi go feta borre ba humanegile.
Modulasetilo wa khansele potlana ya kgaolo Rre Onneetse Ramogapi o boletse beke eno gore mo batlhoking ba ba 1507 ba ba kwadisitsweng, ba ba 1062 ke bomme fa borre ba le palo potlana.A re se se swabisang ke gore ba ba thusiwang ka lenaneo le ga ba kgatlhegele mananeo a go ba thusa go itshetsa. Batho bano ba santse ba ikaegile thata ka mephako ya mmuso mo ba sa dumeleng go ipopa ditlhopha kgotsa ka bonosi ba inaakanya le ditiro tsa go ba nonotsha mo itsholelong, a tlhalosa.Rre Ramogapi le gale a re khansele e tsweletse ka go rutuntsha le go batlisisa tse di tlhokwang ke batho ba, le go lwantsha kgwetlho eo.O bile a lela ka tlhaelo ya madi a tlhokomelo ya dikhutsana le lenaneo la tlhokomelelo mo lwapeng le a reng, le ntswa le na le palo e ntsi ya dikhutsana tse di kwadisitsweng ya 2390, le direla mo tlhaelo ya madi ya boleng jo bo fetang P5 million.Khansele potlana eo e setse e phuthile ditlhopha tse some tse di tlaa tsenang mo mananeong a go tsosolosiwa a go solofetsweng a tlaa thusa batho ba le 15.Rre Ramogapi o boletse gore mananeo a a akaretsa madirelo a le mabedi a borotho kwa Malaka le Lecheng a a rekisetsang dikole tse dipotlana mo metseng ya bone.O boletse gore ditiro tse di busa dipoelo tsa kgwedi tsa selekanyo se se fa gare ga P1200 le P1600, tse mo go tsone beng ba duelwang P300 mongwe le mongwe.

Fa godimo ga moo modulasetilo wa khansele potlana eo a re thuo ya dipodi kwa Mokungwane le yone e busa maduo, ka jaana mongwe wa barui o setse a rekisitse tse tlhano ka P500 nngwe le nngwe fa babangwe ba babedi ba santse ba tlaa rekisa.Le fa go ntse jalo a re ditiro tsedingwe tse pedi ga di ise di dire dipoelo mo kgaolong eo ka di santse di le disha thata.Tsa go loga, thuo ya dinotsi le masingwana a ka fa segotlong ga di ise di ntshe maduo a a bonalang ka di sale disha, a tlhalosa.Rre Ramogapi o bile a re go na le thulaganyo ya go dira dinnkgwana e e fatlhogang kwa Palapye, e maloko a yone ba tlaa rutuntshiwang kwa Gabane Pottery pele ga bokhutlo ja ngwaga ono wa madi.Fa godimo ga moo, a re go na le ditiro tse supa tse di tlaa nshediwang madi mo ngwageng o o tlang wa madi tse di akaretsang kapei ya borotho kwa Mokgware, Topisi, Matlhakola, Mogapinyana le Tamasane.Tsedingwe di akaretsa go loga le go roka kwa Lerala le Palapye.




#Article 199: Bojanala jwa lefatshe la Botswana (558 words)


Dingwe tsa konokono tse nyokang bajanala mo Botswana ke mafelo a bojanala, go tsoma le go kapa ditshwantsho. Tse dingwe tse di nyokang bojanala di akaretsa lefelo la Okavango Delta le le elelang ka metsi segolo jang ka nako ya dipula, ditlhaketlhake le matsha. Lephata la Bojanala le thusitse mo tlhabololong ya itsholelo ya Botswana mo go lentsheng go ikaegeng mo ditsa tlholego jaaka diteemane le nama ya kgomo, mme e ne ya re ka ngwaga wa 2005 la dira ditiro di le dikete di le masome a mabedi le boraro.

Central Kalahari ke lefelo le letona la diphologolo mo sekakeng sa Kalahari mo Botswana. Ka ngwaga wa 1961 le ne la simolodisiwa le na le bophara jwa sekgele sa dikete tse di masome a matlhano bobedi le makgolo a robabobedi (52,800 km) le go dira go nna lefelo la bobedi le letona mo lebopong lotlhe. Go na le diphologolo tsa naga jaaka dithutlwa, manyau,nkwe,ntsha tsa naga, mangau, ditau le tse dingwe fela jalo.

Chobe National e e mo bokone bophirima jwa Botswana, e na le diphologolo tse di dintsi thata mo Aferika. Ke lefelo la boraro la boitapoloso le letona mo lefatsheng morago ga la Central Kalahari Game Resserve le Gemsbok,ke lone le le nang le dilo ka go farologana. Ke lefelo la ntlha la boitapoloso mo lefatsheng.

Kgalagadi Transfrontier ke lefelo le letona mo Aferika yo o mo Borwa le go tlhokomelwang diphologolo tsa naga teng. Lefelo le, le fa gare ga lefatshe la Aferika Borwa le la Botswana, gona le la Kalahari Gemsbok le le mo Afericka borwa, le la Gemsbok le le mo Botswana. Bophara ba lefelo le bo dikete tse di masome a mararo le boferabobedi (38000). Bontsi ba lefatshe bo mo Botswana go na le Aferika Borwa.

Molao motheo wa puso ya Botswana mo go tlhokomeleng tsa bojanala o ne wa dirwa e le leano la go rotloetsa bojanala le tshireletso mafelo a diphologolo tsa naga. Banni ba United States,Aferika Borwa, mafatshhe a selekane le a bophirima jwa Europe ga ba tlhoke visa fa ba eta malatsi a a kwa tlase ga masome a ferabongwe le bongwe. Go tlhokega pasa go tsaya leeto mo lefatsheng. Bajanala ba ba tswang kwa mafelong a a amegileng ba tshwanetse go rurifatsa fa ba tsere mekento ya letshololo le letshoroma le legolo. 

Ba mafatshe fatshe ba tsa mesepele le bojanala ba ne ba baya lefatshe la Botswana mo maemong a bo masome a ferabobedi le bosupa (87) mo go a le lekgolo le masome a mararo,morago ga dikgaisano tsa mesepele le bojanala tsa ngwaga wa 2008. l 
Dipalo tseo di ne tsa galaletsa thata bojanala mo Botswana, dikgwetlho tse di lebaneng bojanala jaaka ditlhaelo tsa maranyane, seemo sa bophepha se se sa itumediseng, ditsela le ditlhaeletsanyo di ne tsa baka go tlhoka go dira sentle. 

Ka ngwaga wa 1999, matlo a borobalo  a ne a le dikete tse pedi le lekgolo (2,100),malao a le dikete tse tharo makgolo a supa le masome a mabedi (3,720).Bajanala go tswa mo mafatsheng a Aferika mo ngwageng eo ba ne ba goroga mo Botswana ka dipalo di ka feta 720,000. Dipoelo tsa bojanala mo ngwageng wa 2000 di ne di le diketekete di le 313 (313 million). Ka ngwaga wa 2003                                      Ditlhwatlwa mo mafelong a mangwe mo lefatsheng di kwa tlase ka didolara tsa America di le masome a matlhano.  




#Article 200: Dipalamo tsa mesepele mo Botswana (675 words)


Le mororo lefatshe la Botswana le na le batho ba ba palo potlana gape le le mo sekakeng le kgonne go bopa itsholelo ya lone. Ditsela tse di kopanyang metse megolo le dikgaolo tsotlhe di tshetswe sekontere, mme ya Trans-Kalahari Highway e e kopanyang lefatshe leno le la Namibia ko Walvis Bay.

Lefatshe la Botswana le nna le diporo tsa boleele jwa dikhilometara di le makgolo a ferabobedi, masome a ferabobedi le boferabobedi go ya ka dipalo tsa ngwaga wa 2002, mme e bile di tsamaela ditoropong di le mmalwa gape di kopanya lefatshe leno le a a mabapi.

Lefatshe la Botswana le nna le diporo tse tshwaraganeng le tsa mafatshe a Zimbabwe le Aforika-Borwa. Le ntswa go nne go solofetswe go bulwa ga seporo sa motlakase ka ngwaga wa 2006, se se yang Lüderitz kwa lefatsheng la Namibia go isa magala, ga gona seporo se tlhamalalelang kwa lefatsheng la Namibia mme go nna le se se fetang ka lefatshe la Aforika-Borwa.

Go ne ga nna le kgang ya go bula seporo se se ntšha fa gare ga lefatshe la Botswana le la Zambia, se feta ka lefatshe la Zimbabwe ka rre Andrew Lunga yo e leng mookamedi wa kompone ya Botswana Railways. Seporo se ne se solofetswe go feta kwa borwabophirimsa go tswa Livingstone, se feta ka Zambesi, se bo se tswelelela kwa marakanelong a a ntseng a le teng a Mosetse. Mme e ne yare morago ga kgang e ya ga rre Lunga,kompone ya la latlhegelwa ke diterena ka bokete jo bo kwa godimo bo bo nne jwa latelelwa ke go bulwa ga seporo sa Beitbridge-Bulawayo se se ileng sa dira gore dipalo tsa bapalame le dithoto di fokotsege go tswa ko sedikeng le sekete ka ngwaga go ya go dikete di le lekgolo le masome matlhano ka ngwaga. Seemo sa itsholelo ya lefatshe la Zimbabwe ga gakatsa seemo ka go ile ga fokotsa go tsamaya ga diterena ka phuthologo. Seropo se rre Lunga a nneng a kaile se ile sa nna sone se kopanyang mafatshe a Aforika-Borwa, Zambia and le la Democratic Republic of Congo.

Mesepele yotlhe ya diterena tsa batho e ile ya emiswa mo lefatsheng la Botswana, mme ga sala tse di yang mafatsheng a sele tse di kopanang le sa lefatshe la Zimbabwe go tswa Francistown, se e leng sone se se mo tirisong fela. Diterena tsa dithoto di santse di le mo tirisong tsone. Tse di latelang ke mafelo a a kileng a bo a na le diterena tsa batho go fitlhelela ka ngwaga wa 2009, kgwedi ya Motsheganong. 

Lefatshe la Botswana le nna le ditsela di le dikete di le lesome,makgola a mabedi le lesome le bosupa,mme ebile mo go tsone di le dikete tse matlhano,makgolo a marataro le masome mabedi di tshetswe sekontere. E sale go tloga ka dikabelelo tsa ngwaga wa 1996, go na le phokotsego mo dipalong tsa ditsela tse di sa tshelwang sekontere. Go tlhoga ka ngwaga wa 1996 go fitlha ka 1999 dipalo tsa ditsela tse di sa tshelwang sekontere di ile tsa fokotsega go tswa kwa dikhilometareng tse dikete tse lesome le bone, lekgolo le masome mararo le boferabongwe go ya go dikete tse nne, makgolo a matlhano le masome a ferabongwe le bosupa. 

Go ne ga nna le kabelelo ya gore go nna le maemelo a difofane a le masome a ferabobedi le boferabobedi ka ngwaga wa 2004 mme di le lesome di tshetswe sekontere,se e ne e le ka ngwaga wa 2005. Kompone ya Air Botswana e e leng ya ga goromente ke yone e okametseng difofane tse di yang Francistown, Gaborone, Maun le Selebi-Phikwe. Go nna le difofane tse di yang ditoropong tsa  mafatsheng a sele jaaka Johannesburg kwa Aforika-Borwa; Mbabane kwa Swaziland; le Harare kwa Zimbabwe. Go nna le maemelo a mantšha gaufi le toropo ya Gaborone e e butsweng ka ngwaga wa 1984. Bapalami ba difofane ba ba neng ba goroga le ba ba neng ba emelela go tswa Botswana ba ne ba le dikete tse di lekgolo,masome a ferabobedi le boraro ka ngwaga wa 2003.




#Article 201: Mothusi wa Tautona mo lefatsheng la Botswana (287 words)


Mothusa tautona wa Botswana  ke ene wa maemo a bodedi mo lefatsheng  go tlhatlhama tautona goya ka puso ya Botswana.

Mothusa tautona wa lefatshe la Botswana, Motlotlegi Lt. Gen. Mompati sebogodi Merafhe ke mang?
Morago ga katlego e kgolo e le lepodisi, Motlotlegi Lt. Gen. Mompati Merafhe o ne a tswelela go nna mookamedi wa ntlha wa sesole sa Botswana fa se tlhomiwa ka 1977. Fa a tlogela tiro ka bogodi ka 1989, o ne a dirwa mopalamente yo o itlhophetsweng ke puso mme a dirwa tona ya merero ya ga tautona le bodirelapuso, maemo a a ntseng mo go one go fitlha ka1994 fa a ne a hudusediwa kwa lephateng la merero  ya mafatshe a sele jaaka tona.  Godimo ga manontlhotlho a a dirileng tiro ka one e le mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, kwa a neng a ntse a tlhophiwa fa e sale 1994, Rre Merafhe o supile bokgoni jo bogolo e le tona ya mafatshe a sele.O itsege thata mo mafatsheng a mangwe jaaka motho yo o tlhotlhw, ka megopolo e e edileng. O dirile bontle jo bogolo go buelela dikeletso tsa lefatshe leno le tsa kgaolo e e ka kwano mo diphuthegong tse di farologaneng.

O tlhomilwe mothusa tautona wa Botswana kaMoranang 1 2008.Ke sethakga mo tsamaisong ya tsa metshamek, tse a di dirang ka lorato, e bile o kile a nna modulasetilo wa lekgotla la metshameko la Botswana National sports Council ka 1980-89)a nna modulasetilo wa Botswana National Olympic Committee (1980-89), a nna moeteledipele wa lekgotla la mabelo(BAA) (1978-80). Ke morotloetsi wa mekgatlho e le mmalw jaaka: mokgatlho wa sesole wa bolo ya sephailane, setlhopha sa kgwele ya dinao sa BDF 1X, khwaere ya Gaborone Choral, Bamalete Lutheran Hospital Hospice le Tshole Trust.




#Article 202: Diteemane tse di epiwang kwa moepong wa Orapa (689 words)


Moepo wa diteemane wa Orapa ke one moepo o motona lefatshe ka bophara wa diteemane. Moepo o o kwa Orapa, kwa toropong e e kwa kgaolwaneng ya Boteti ya Botswana e ka nna dikhilomethara tse di masome a mabedi, masome a mabedi le bone mo bophirima jwa toropo ya Francistown. Orapa (boikhutso jwa ditau) bng ba yone ke kompone ya  Debswana, e e kopanetsweng gareng ga kompone ya De Beers gape le puso ya Botswana. Ke one moepo o mogologolo ya mengwe e e mene e e dirisiwang ke kompone e, e e simolotseng go dira ka  Phukwi ngwaga wa 1971.

Orapa ke moepo o o bulegileng gape ke one o o motona lefatshe ka bophara. Moepe o, o bonwa ka kakana ya kimberlite e e phuthaganelang fa godimo, e nale setswalo sa dikhilomethara di le 1.18 mo lefatsheng. Orapa o dira malatsi a le bosupa mo bekeng, gape a bo o ntsha selekanyo sa didikadike di le masome a mabedi ka ngwaga tsa borale, gape le koketsego ya kgakgabalo ya mantswe a a sa dirisiweng a selekanyo sa makgokgolo a masome a mane ka ngwaga. Ka ngwaga wa 2003, moepo wa Orapa o ne wa ntsha  16.3 million carats (3260 kg) tsa diteemane. Selekanyo se ka bosiwang sa boleng jwa borale kwa moepong ke 0.87 carats (174 mg) per ton. Moepo o ne wa atlolosiwa ka gwaga wa 1999, o oketsega nonofo ya one. Kwa go tlhatswiwang teng deteemane mo Orapa go lepeaniwa borale jobo ntshiwang kwa Orapa gape le kwa meepong e mengwe e e mebedi  ya Debswana, wa Letlhakane gape le wa diteemane wa Damtshaa.

Orapa gape le kgaitsadie Letlhakane ba tlhapile batho ba le makgolokgolo a mararo le lekgolo, Debswana o nale gape sepatela sa malao a le lekgolo, sekolo sa banana gape le sekolo se se potana go direla bana ba babereki, gape le lefelo la diphologolo la Orapa. Moepo o nale ditlankana tsa ISO di le makgolokgolo a le lesome le bone le motso tse di dumalanang le go tlhokomela tikologo, gape di bo di baya botlhokwa jwa go somarela metsi gape le le go latlha sentle ga kgakgabalo.

Mookamela lekalana la tshireletsego kwa moepong wa Orapa, o jaanong o godileng go nna wa Orapa, Letlhakane le Damtshaa, Sonny Mogojwa, o tlhalosa fa kgang kgolo e se go tswalela sechaba kwa ntle ga moepo wa Orapa, mme e le go babalela mokoti. E re ka khamphane ya Debswana e na le moepo o mongwe gape kwa Jwaneng, motho o ka ba a ipotsa gore Jwaneng ene ke eng a sa rulaganngwa ka tsela e.

Meepo ya Orapa, Letlhakane le Damtshaa e ntsha diteemane tse dintsi go feta meepo epe fela mo lefatsheng ka bophara. Se se jesang monate ke gore moepo wa Debswana kwa Jwaneng, one o ntsha diteemane tse di tlhwatlhwa kgolo go na le ya diteemane dipe fela mo lefatsheng. Ka bokhutshwane, lefatshe la Botswana le ipelafatsa ka gore ke lone le nang le diteemane tse dintsi ebile e le tsa tlhwatlhwa-kgolo lefatshe ka bophara. Segolo bogolo, diteemane tse di dirisiwa go tokafatsa matshelo a batho ba lefatshe leno, ga mmogo le go tlhabolola seemo sa itsholelo.

Mogojwa o gateletse gore ke lone lebaka le, le le pateletsang gore go tlhongwe kwa pele methale ya motia ya go babalela ditswa-mmung tse, e sere gongwe dirukutlhi tsa tloga tsa ntsha Orapa kwa ga mmapereko.

Fa o na le wa lesika kgotsa tsala e direla kwa moepong o, o tshwanetse wa mo fa maina a gago ka botlalo le nomoro ya Omang. Ene o tlaa go kopela teseletso. Malatsi a ka nna mararo pele ga o goroga kwa Orapa. Nnyaya tlhe, maina a gago a tlaa bo a setse a lebilwe go tlhomamisa gore ga o na botlhabetsi bope mo sechabeng. Ke ka moo e tlaa reng motsing o goroga mo motsaneng o, o fitlhele teseletso e go emetse kwa magorogelong a baeng. Thulaganyo e ke e e tsepameng ya go tlhomamisa gore fa o na le maikaelelo a sele, o a retelelwa. Motswana wetsho, o seka wa bo wa leka, ga go lekege go utswa kwa Orapa. O tswa fela o iphotlhere.




#Article 203: Moeedi wa Noka ya Boteti (376 words)


Noka ya Boteti  e e etsegeng  gape ka Botlele  ke motswedi wa metsi wa tlholego mo Botswana. 
Noka ena e tsaya metsi a yone mo metsweding e e elang go tswa Letamong la Okavango a feta ka noka ya Thamalakane mo Maung.] 
E ne e ela ngwaga otlhe o pele ga le gare la dingwaga tsa 1990s, mme go ela gone ga fokotsega le dipaka. 
Ka paka tsa dipula noka ya Boteti e kgwela metsi a yone mo Makgadikgadi Pan, e tsisa botshelo mo lefelong leo le temo ga mmogo le dipoele mo temong.  
Ka nako tsa komelelo noka ya Boteti e botlhokwa fela thata ka e nna lefelo la Bokopano jwa diphologolo tsa naga, ka gore matamo a mantsi a bo a sena metsi a mantsi.  

Noka ya Boteti e tshela metsi a yone mo nokeng ya Thamalakane ko Toteng, e bo e ela ntlheng tsa Bokone a feta ka Tlkaseoulo, e feta gape ka Ghautsa Fall, e bo a elela ntlheng ya botlhabatsatsi go feta motse wa Makalamabedi, Muekekle le Matima, go tswa foo kwa Kwaraga e bo e leba Borwa e feta motse wa Phukumakaku, Sukwane, Rakops (Jacops) le Xhumo (Khomo).  
 
E bo e elela e feta Tamo ya Xau (kana ka ngwaga wa pula e tsene ebo e fete ka letamo la Xau) e bo e leba botlhabatsatsi e feta ka motse wa Mopipi (Madista) e bo e tsena ka Ntwetwe Pan.

Noka ya Boteti e thapologa go tswa Nhamiland go ya kgaolo kgolo ya Boteti ko e dirisiwang go tlatsa tamo ya Mopipi, e e leng botlhokwa thata mo meepong ya diteemane tsa lefelo leo, e leng moepo wa diteemane wa Orapa] 
Go fetolwa ga noka e go tlogetse batho ba ba nnang gaofi nayo ba sena metsi a a lekanyeng a a phepa, gape ba sala jaanong ba sa kitla ba tshwara ditlhapi, kana go dirisa noka jaaka ene e le tlwaelo.

Bogologo Boteti ene a itsege e le lefelo le legolo le le lemang mmedi, le na le di hekere dile makgolo a masome mabedi ka fa tlase ga temo go fitlhela ngwaga wa 1980. However, the number and extent of wet years has declined, and the river was channelized below Rakops to increase flow to the Mopipi Dam.




#Article 204: Motsana wa Hukuntsi (822 words)


Hukuntsi  ke motse o o mo Kgaolong ya Kgalagadi  (Kalahari) mo Botswana.

Hukuntsi, a raya dintlha tse nne,o biditswe ka seemo sa one jaaka nngwe ya metsana e mene mo kgaolong ya yone ya sekaka sa Kgalagadi. O dikhilomethara tse di lekgolo le lesome le bone go tsweng motseng wa Kang, mo tseleng e e tswang Gaborone-Ghanzi. O ka nna
le palo ya batho ba le 4,500  (3,807 ka 2001).
Bontsi jwa banni ba Hukuntsi ke Bangologa.

Hukuntsi o okametse kgaolwana ya bokone ya Kgalagadi  ka go rialo ke motse wa ditirelo tsa puso tsa metsana ya koo. E ntse e le mo Hukuntsi go nale kokelo le kokelwana, dikolo tse tharo gape le sekolo se segolwane se le sengwe. Ditirelo tse di leng teng mo  Hukuntsi di akaretsa  matlo a go gorogelang baeng, mabentlele a a rekisang dijo tse di apeilweng, lebentlele le le ikemetseng ka nosi, mabentlele a matona a mabedi, mabentlele a a rekisang nama gape le a mangwe.

Seemo sa loapi se a farologana fela thata- bosigo jo bo tsididi gape go fisa motshegare ka paka ya selemo. Tlhagiso ka diphefo tsa kgwedi ya Phatwe.

Banni ba motse wa Monong kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone ba kopa puso go tsaya maikarabelo a go tsamaisa sekole se sebotlana sa motse oo.Sekole seo mo nakong eno se tsamaisiwa ke ba kereke ya Roma mme se amogela bana botlhe ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse thataro.Go ya ka mothusa modulasetilo wa lekgotla la ditlhabololo tsa motse Mme Kedibone Mabotenyana, sekole seo ga se mo seemong se se jesang diwelang ka jaana se le segologolo e bile se tlhaelelwa ke ditlamelo tsa botlhokwa jaaka matlo a borutelo le didirisiwa tsa itloso bodutu.Mme Mabotenyane o supile gape fa tlhaelo ya dijo kwa sekoleng e ba apesitse kobo ka letshoba ka e ama dithuto tsa bana fela thata.A re ka dinako dingwe, bana ba nna malatsi ba sa apeelwe ka jaana go a bo go se na dijo mme ba patalesege go busetsa bana kwa malwapeng.O tsweletse ka go tlhalosa fa sekole se tlhaelelwa gape ke barutabana ba ba rutetsweng tiro, a re mo nakong eno sekole se na le barutabana ba le babedi ba mme e bile ba se na boitseanape bope jo bo tlhokegang mo go ruteng bana. A re lore lo ojwa lo sa le metsi, mme ka jalo go tlhokwa fela thata gore bana ba amogele thuto ya maemo a ntlha ba sa ntse ba le babotlana.

A re o dumela gore fa barutabana ba sekole seo ba ka bona thutuntsho ya maemo a ntlha, ba ka kgona go e fetisetsa mo baneng mme se se tlhabolole seemo sa thuto se se kwa tlase mo kgaolong ya Kgalagadi ka bophara.A re o dumela fa seemo se ka tokafala fela thata fa puso e ka tsaya boikarabelo ba sekole, ka gongwe go ka nna le ditokafalo tsa ditlamelo.E rile a tswa la gagwe, mookamela lenaneo le le tsamaisang sekole seo Rre Moalosi Koti, a tlhalosa fa lenaneo la bone, le ba le tshwaraganetseng le ba kereke ya Roma, le itlamile go thusa puso mo go tlhabololeng seemo sa thuto mo lefatsheng leno. Rre Koti o latotse fa bana ba a tle ba nne malatsi ba se na dijo.O tlhalositse fa ba netefatsa gore go na le dijo tse di lekaneng ka dinako tsotlhe.A re lenaneo le setse le itshupile fa le ntsha maduo a a nametsang fa e sale le nna mo tirisong mo dingwageng tse di fetilen.

Ba kereke ya Evangelical Religious Protestant Unity Church ba ne ba tlisa boitumelo mo baneng ba motse wa Monong ba le masome a matlhono ka go ba abela dimpho tsa malatsi a botsalo jwa morena.Dimpho tseo tse di tswang Smaritans kwa America di kopilwe ke ba lekgotla la sekeresete kwa Hukuntsi,di ne di akaretsa diaparo le dimpopi.Mookamedi wa kereke Rre Kelopile Kebadireng o boletse fa ba lemogile gore letlhoko le le ntsi kwa dikgaolong tse di ko tengnyana teng,mme ka moo ba ne ba itlama go abela motse wa Monong. A re dimpho tse di abelwa ngwana mongwe le mongwe wa dingwaga tse pedi go ya go tse di lesome le bone, e le sesupo sa lerato le boutlwelo botlhoko.

Mme Nkagisang Kazinkize yo le ene e leng morutabana wa sekolo sa tshipi kwa kerekeng e e abang dimpho o lebogetse batsadi ba bana ba motse wa Monong go bo ba nnile le seabe se segolo mo tirong eo, a rotloetsa bana gore ba rapele ba bo ba bale baebele ka nako tsotlhe.E rile fa a ntsha malebo, kgosi Xenke Lesetlhe wa motse wa Monong a re o utlwisiwa botlhoko ke gore ga go na le fa e le kereke mo motseng wa gagwe,mme le fa go ntse jalo a re o kgothatsa morafe go ikitaya ka thupana ba batle lefelo la go rapelela gore diphuthego tse di ba tlholang di ba fitlhele teng e seng go tsenala kereke mo kgotleng.




#Article 205: Motsana wa Mogapi (764 words)


 
Mogapi  ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motsana o o dikhilomethara tse di masome a mane le bosupa mo borwa jwa toropo ya Selebi-Phikwe gape o kwa tlase ga dikhilomethara tse di sa feteng lekgolo go tsweng molelwaneng wa  Aferika Borwa. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le sekete, makgolo a mabedi le borataro.

Banni ba motse wa Mogapi kwa kgaolong ya Bobirwa ba rotse matshwenyego a kgaolo ya bone, a ba reng a akaretsa letlhoko la koloi e ba ka e dirisang go tshwara dirukutlhi.Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla ya mopalamente wa kgaolo Rre Ponatshego Kedikilwe kwa motseng wa Mogapi bosheng.E ne ya re ba tswelela, ba re go na le mathata a didirisiwa jaaka kapari kana dikarata tse di ka ba supang gore ke ba twantsho borukutlhi. Ka jalo ga go bonolo go tshwara dirukutlhi ka ba se na sesupo sa tiro eo. Ba ne ba re batho ba ba setlang kwa sekolong le ba Ipelegeng ga ba duelwe ka nako.Mogolwane wa sepodisi sa kgaolo ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe Rre Langanani Mudongo a re ba Ipelegeng ba a hirwa mathata ke gore bontsi ke bomme fela, mme borre ba le teng mo motseng wa Mogapi sa bone e le go nwa majalwa fela kwa dipotong, mme kwa Ipelegeng ba seo.

Rre Mudongo o tladitse ka gore go na le tlhaelo ya koloi e e tlaa bong e patorola mo motseng oo bosigo, mme seo se bakwa ke gore kgaolo ya bone e aname jaaka ba lebeletse metse ya Tobane, Sefhophe, Mogapi le kgaolwana ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe. A re ntlha e nngwe ke gore beng ba leruo ba thapa badisa ba leruo la bone go tswa foo ba tsene ka lenga la seloko, gape ga ba duele babereki ba bone mme kwa bofelong mmereki o ituela ka leruo go bona se a se jang.O kgothaditse beng ba leruo go ne ba etela meraka ya bone go bona gore seemo se ntse jang, go itsa gore go nne le dikgang tsa go utswiwa ga leruo.Mogolwane wa lekalana la metsi Rre Monametsi Ramusu a re go na le dikgwetlho tsa metsi jaaka ka boipuso go ne ga nna le tlhaelo ya metsi. O tladitse ka gore seo se bakwa k e gore ba dirisa motlakase go pompa metsi,mme fa go na le kgaogo ya motlakase go nna le tlhaelo ya metsi.

Motse wa Mogapi e nnile mongwe wa metse e e wetsweng ke merwalela morago ga go newa ke pula e e bokete e se na go na kwa motseng o o boseng.Banni ba motse o ba iphitlhetse ba le mo legoeleleng, matlo a bone a sena go wa fa bangwe ba ile ba latlhegelwa ke diruiwa tsa bone.Kgosi ya motse, Kgosi Boago Monnawapula, a re motse wa gagwe o amilwe ke merwalela mme se se bakilwe ke matangwana a a epilweng mo gare ga motse ga mmogo le metsi a a tswang kwa thabeng a tla ka masetla.A re metsi ao a bakile tshenyo e ntsi ka matlo mangwe a ole, fa diruiwa di tshwana le dikoko di tserwe ke metsi.Kgosi o boletse fa e ne e le la ntlha a bona pula e na ka bokete jo kwa Mogapi e bile tsela ya Selibe Phikwe-Lerala e ne e sa tsamaege, dikoloi di sa kgone go ralala metsi.Batho ba ba amilweng ke dipula tse ba setse ba filwe ditante ga mmogo le dijo go nama ba sietse mo go tsone go fitlhelela ba baakanya matlo a bone.Le fa go ntse jalo kgosi o rotloeditse ba malwapa a a amegileng go aga matlo a a thata e seng a mmu ka a senyega motlhofo.A re go tlaa dirwa sengwe ka matangwana a go fokotsa tshenyo e e ka bakiwang ke metsi, bogolo jang ka a re pula e e fitlhetse ba sa ipaakanya.

Mongwe monni yo o amegileng, Mme Maipelo Simon, a re metsi a ne a tsena a le mantsi mo ntlong ya gagwe ya mmu, a re ka pula e ne e na go le bosigo ba ne ba eme fela go se na kwa ba sielang teng.A re go ne go le modumo batho ba kua ba bangwe go ba tswa thuso.Mme Oaitse Mpitse ene a re ntlo ya gagwe e ole, mme metsi a ralala motse wa gagwe.A re le fa dilwana tsa gagwe di kolobile, ga di a senyega mme go senyegile dijo.Le fa go ntse jalo mme yoo le ene o filwe tante go nama a letetse mo go yone go fitlhelela seemo se siama.




#Article 206: Motsana wa Mogome (612 words)


 
Mogome  ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o fa tlase ga tsela e e kopanyang Palapye le Mahalapye.Ditoropo tse di kgaoganngwa ke dikilomethara di le masome a matlhano Mogome o nale sekolo se se potana, gapw palo ya batho e ne e le makgolo a mararo,masome a bosupa le motso mo palo bathong ya ngwaga wa 2001.

Modulasetilo wa mokgatlho wa Tapologong Association Rre Molemane Maje o kopile boeteledipele mo setshabeng go nna le seabe ka nako tsotlhe mo ditirong tsa bopelotlhomogi.O buile mafoko a ka matlhatso fa mokgatlho oo o ne o tshwere mogwanto wa dikhilometara di le masome a mabedi go kgobokanyetsa ba Motswedi Rehabilitation Centre madi.Rre Maje a re fa mongwe le mongwe a ka tsaya kgato go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, matshego a tebelopele ya setshaba, Vision 2016, ke gone a ka atlegang.O ikuetse mo sechabeng gore batho botlhe ba rwale ditlhako go tsweledisa go thusa sekolo sa Motswedi Rehabilitation Centre ka dithuso tsa bopelotlhomogi.Rre Maje o buile a sa kgwe mathe ka batho ba ba itlhokomolosang bahumanegi mme a kopa setshaba go tsenya letsogo go thusa ba ba seng lesego mo botshelong.

A re manokonoko a lehuma a maswe mme a ka kgonwa fela fa mowa wa bopelotlhomogi o le teng mo setshabeng.Kgosi Mothibe Linchwe, le ene, o ne a rotloetsa batsadi le banana go tsenya letsogo mo ditirong tsa kutlwelobotlhoko.O ne a leboga barulaganyi ba mogwanto a bolela fa mogwanto e le nngwe ya ditsela tsa go itshidila mmele.E rile moemedi wa Setlogelwa-tsatsing Rre Michael Moji a bua a rotloetsa bana ba Motswedi Rehabilitation Centre go ithutuntsha thata mo go direng ka diatla gore ba tle ba kgone go ikgobokanyetsa madi a ba ka ithusang ka one.O boletse fa mokoduwe go tsosiwa o o itsosang ka jalo a ba kgothatsa go leka ka thata go itsosa botshelo jwa bone bo tokafale.

Badirela puso ba kgaolwana ya legare le tikologo ba ba duelwang ka letsatsi ba kgothaditswe go bereka ka mashetla le go ikanyega mo tirong le fa puso e santse a ba beile ka fa mosing mo go ba okeletsang dituelo.Ba kgothaditswe ke moeteledipele wa lekgotla la bone la babereki, Rre Johnson Motshwarakgole bosheng mo phuthegong e a neng a e tshwere le bone bosheng.Rre Motshwarakgole o ne a ba kopa gore ba ititee ka thupana fa ba tshwere tiro ya bone gore ba kgotsofatse mohiri, ba seka ba eletsa dithoto tsa motirong mo ba ka felelang ba di utswa jaaka fa go setse go nnile le dikgang dingwe tsa batho ba ba neng ba tshwarwa ba utswile dingwe tsa mo tirong.Bangwe ba atle ba tshwarwe ba utswile madi a puso ka go bereka ba eta ba ngwega mo tirong le boitseme. Gape lo seka lwa dirisa dikoloi tsa Puso botlhaswa.E rile a bua ka go okeletsa babereki madi a re bone e le babueledi ba babereki ba buile le boeteledipele jwa puso gore ba ye go kopana go buisana ka dituelo tsa babereki jaanong ba maketse e re ba ise ba kopane tona wa tsa madi e ne a bo a ya go bua ka dituelo tsa babereki mo phatlalatsong ya madi, mme a teilwe go twe a name a tlogetse kgang eo.

Motshwarakgole a re mo malatsing a makhutshwane khansele ya bone e tlaa ya go kopanela kgang kgolo e le go bua ka dituelo tsa babereki.

E rile a wetsa kgang ya gagwe a ba leboga a re le fa ba sa amogele sepe ba leka go tsutlaganya bonnyennyane jo ba bo amogelang ba duelela bana dikole ba ba rekela dijo, diaparo, ba aga le go duela dipalamo gore bana ba kgone go ya dikoleng. 




#Article 207: Lefelo la tshomarelo ya tlholego la Mokolodi (866 words)


Lefelo la tshomarelo ya tlholego la Mokolodi   ke lefelo le eseng la puso le le sa itebaganyang le go dira dipoelo la diphologolo mo borwa jwa Botswana. Le simolodisitswe ka ngwaga wa 1994 ke mokgatlho wa  Mokolodi Wildlife Foundation, le dikhilomethara tse di masome a mararo mo lefatsheng le ba le filweng  dikhilomethara tse di lesome mo borwa jwa toropokgolo Gaborone. Lefelo le le nale  diphologolo ka mefutla tse di bonwang mo Aferika, dinonyane gape le digagabi, dingwe e le tse di sa itsa tlwaelesegang gape di le mo mathateng a go ka fela motlhofo. Ditshukudu tse di mmala o mosweu  tse di ruilweng kwa lefelong la tshomarelo ya tlholego la  Mokolodi ke bontlha bongwe jwa losika lwa mokgatlho o o nang le seabe mo go oketseng tse di leng Botswana.

Thuto ya tikologo le go somarela ke dintlha tsa botlhokwa tsa mokgatlho wa tshomarelo ya tlholego wa Mokolodi Wildlife Foundation. Lefelo le le amogelang baithuti go tsweng mafelong a le malwa a Botswana, mo bangwe ba bone ba tswang mo malwapeng a a sa itsholelang. Ditirelo tse di duelelwang le boroko tse di fiwang  setshaba ke lefelo la tshomarelo ya tlholego la Mokolodi  di rotloetsa maitlamo a  mokgatlho, go baya bana ba Botswana mo sebakeng sa go galaletsa dilo tsa tlholego tsa mafatshefatshe gape le go rotloetsa go sireletsa dilo tsa tlholego tsa lefatshe la Botswana.

Lefelo le le nale diphologolo ka mefutla jaaka Tshukudu tsa mmala o mosweu, Mangau, , Dithutlwa , Dipitse , , Dikukama, Ditlou, Tholo , , Matlhalerwa, Dinkwe gape le dinonyane tsa metsi. Lefelo le le agilwe e le la diphologolo go nale kgolagano e efetlang ka pila ,e e letlang go bona diphologolo gautshwane . Bodiredi jwa lefelo le dule ka maano a go oketsa molelwane wa bone wa go somarela lefelo go fitlheng le kwa  somareleng ditau.

Tona wa tikologo, diphologolo le Bojanala Rre Kitso Mokaila a re go botlhokwa go somarela ngwao gore e seka ya nyelela mme Batswana ba tlhoka se ba itshupang ka sone.Fa a bua mo moletlong wa go ipelela ngwao kwa motseng wa Kanye beke eno o tlhalositse fa moono wa letsatsi leo e le bojanala bo golaganya ngwao, a lebogela gore tiro eo e nnetse mo Kanye, a re ke thotloetso le go lemotsha batho botlhokwa jwa ngwao.Tona a re moono wa letstatsi leo o tsibosa Batswana gore ba ikgakologelwe le gore banana ba itse ngwao ya bone le tse di amanang le bojanala.Tona a re go na le mafelo a mantsi a a kgatlhisang a a etelwang ke bajanala ka jalo merafe e e bapileng le mafelo ao ba ka kgothatsega go itshetsa ka one.Rre Mokaila a re bojanala bo tokafatsa tsa mesepele mo lefatsheng ka baeti ba dirisa dipalamo le tsone difofane go etela mafelo ao, a gatelela gore ka ngwaga wa 2010 go tsile bajanala ba le 2.1million mo lefatsheng leno mme ba dirisa P4.7million.A re seabe sa bojanala se se golo mo itsholelong ya lefatshe mme a kgothatsa Batswana go tswelela ba itirela ka diatla ka ba ka kgona go itshetsa ka ditiro tsa bojanala.

Tona a re puso e thusa go lwantsha lehuma ka ditsela tsotlhe le gone go laola tiriso ya ditsatlholego gore di sireletsege.Rre Mokaila o ne a sirolola mafelo a bojanala mo kgaolong ya borwa ja lefatshe leno e bong Livingstones Memorial, Dimawe, Ditshwantsho tse di mo matlapeng kwa Manyana, Kgophu ya Mogonye, Lentswe la baratani, Mosenekatse, Bathoen II Museum, Sefikantswe sa ga Kgosi Bathoeng le Kgophu ya Pharing.A re ngwao le ditsatlholego di golaganngwa ke ditso tsa mafelo a bojanala mo kgaolong ya borwa mo Botswana.Tona a re botlhokwa jwa go lemotsha sechaba ka mafelo ao a bojanala ke karolo ya go kabakanya kgwebo ya bojanala le go somarela ditsatlholego mo mafelong ao, gammogo le go thusa go lwantsha lehuma mo bathong ba ba nnang mo metseng ka ke gone kwa mafelo a bojanala a fitlhelwang teng.Kgosikgolo Malope wa Bangwaketse o ne a leboga ba lephata la Tikologo, Diphologolo le Bojanala go bo ba kgethile Kanye go tshwanela moletlo oo go tla go abelana maele le morafe ka tsa ngwao le bojanala.Kgosi Malope a re ngwao ke pinagare ya sechaba re eletsa gore Mmakgodumo o ka nna lefelo la bojanala a rurifatsa.Fa a leboga Mopalamente wa Kanye bokone rre Kentse Rammidi o ne a rotloesa Batswana go somarela diphologolo tsa naga le gone go amogela gore fa di ba senyetsa kwa masimo di tshwana le fa go sentse dikgomo tsa bone ka jalo ba seka ba di bolaya go itsa gore di seka tsa nyelela mo isagong.O gakolotse gore mafelo a Bojanala a dirisediwe tiro ya one a seka a tsewa a dirisediwa ditiro di sele a re ka jalo go botlhokwa gore mafelo a boroko a bojanala (lodges/hotels) a okediwe mo tseleng ya Trans Kalahari.Rre Rammidi a re go molemo go bo go ipelelwa mo motseng wa Kanye a rotloetsa gore go dirwe le dithuto puisanyo go ruta morafe ka bojanala le ngwao.O gakolotse gore mmino wa ngwao ya Setswana o somarelwe go dirwe mokwalo kana molao o o ka o sireletsang go itsa mafatshe a a mangwe go o kopa kana go o utswa ba o ntsha mo diatleng tsa Batswana.




#Article 208: Motsana wa Mogonono (723 words)


 

Mogonono   ke motse yo mo kgaolong ya Kweneng e e mo Botswana. Motsana o  dikhilomethara tse di lesome go tsweng bogareng jwa motse wa Molepolole, go bapisa tsela ya  Molepolole–Letlhakeng , gape o nale sekolo se se potana. Palo ya batho e ne e le makgolo a mabedi le motso ka palo batho ya ngwaga wa 2001.

Molemisi wa kgaolo ya Mogonono, Mme Noma Selawe o gakolotse balemi ba masimo a a mo tikologong ya motse oo go ya go ikuela mabapi le barui ba diruiwa tsa bone di ba jelang dijwalo.Mme Selawe o ne a bua mo phuthegong ya kgotla ya mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng botlhaba, Rre Lika Kably kwa motseng oo.A re go dira jalo go ka dira gore go itsewe botoka se se bakileng gore molemi a tlhoke go bona thobo, a tlatsa ka gore gape go botoka gore go tlhokomelwe masimo fela thata, go agelelwe masimo ka terata kgotsa matlhaku a a tiileng, go tlhagolelwe dijwalo nako e sa le teng gore di gole di sa lwele dikotla le mhero.Le fa go ntse jalo, Mme Selawe o ne a bolela fa go nnile le tlhaelo e kgolo ya digogi tsa temo mo kgaolong eo, mabaka e le go senyega ga ditshukudu tsa temo tse pedi tsa puso tse di neng di isitswe koo go thusa go lema.O ne a kopa balemi go intsha kwa morago ka go itemela ka ditonki le dikgomo go thusa ditshukudu tsa temo tse di leng teng tsa beng go tila go tswalelwa kwa ntle.E ne e rile a a fa pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Tirelo Ramoroka, a bolelela mopalamente gore ga ba tsosiwe ke leruo le le jang masimo go rata le go kgona.

Rre Ramoroka a re le fa go na le balemi ba ba sa agelelang masimo a bone mo go lekaneng, fela le ba ba itekileng, ba ageletse ka mashetla ba ntse ba jelwa fela.Mo go tse dingwe, Rre Ramoroka o ne a bolela fa ba tsweletse sentle ka mananeo a Ipelegeng.E ntse e le ka lone letsatsi leo, mopalamente o ne a tshwara phuthego kwa masimong a Mosinki kwa batho ba teng le bone ba neng ba ikuela ka go jelwa dijwalo ke leruo.Ba re bone ba kgona go laola leruo la bone, mme bothata ke leruo la batho ba ba kopileng go ruela koo le le sa disiweng gotlhelele.Banni bao, ba ba neng ba bua ba tshwenyegile fela thata, ba kopile mopalamente Kably go ba tswa thuso ka bone ba tlhotswe.Mo go tse dingwe, banni ba ne ba kopa go thusiwa ka kokelwana ya koloi e e etelang kwa masimong a bone, ba ngongorega ka go sokodisiwa ke go lata bongaka kgakala kwa Molepolole.Gape ba ne ba lela ka go tlhoka ditsela kwa masimong, mme ba ikopela lenaneo la ipelegeng gore ba kgone go kopa go ithemela ditsela ka lone.Fa a akgela, mopalamente Kably o ne a kopa balemi go emela masimo a bone ka dinao, ba a tlhokomele ka tlhoafalo gore a tsoge a ba tshedisitse, a ba ntshitse mo botlhoking.O ba akgoletse go sa ipone tsapa ba itemela ka digogi tsa bone morago ga go lemoga fa ditshukudu tsa temo di tlhaela ka ba ne ba ka tlolwa ke letsema, a tlatsa ka gore se ba se dirileng se sentle fela thata ka gape ba tlaa kgona le gone go ikamogelela madi a bolemo.Ka dikgomo tse di senyang mo masimong, mopalamente Kably o boletse fa go dira jalo e le go supa lenyatso mo baleming ga beng ba leruo le le senyang, ka jalo a kopa balemi go ya go ikuela kwa go kgosi kgolo ya Mokwena.

Banna ba le bararo ba tshwerwe ke mapodisi a Molepolole ka dinama tsa diphologolo tsa naga.Mogolwane wa mapodisi mo Molepolole, Rre Andrew Bosilong a re ba tshegeditse banna ba le bararo fa ba bangwe ba le bane ba santse ba ineile naga .A re banna bao ba tshwerwe bosheng kwa masimong a Mogonono mapodisi a sena go longwa tsebe ke batho bangwe, mme ba fitlhelwa ba bolaile ditholo di le tharo le dinoko tse pedi.Rre Bosilong a re banna bao ba tlaa isiwa fa pelega lekgotla la ga mmakaseterata mo Molepolole go ya go arabela molato oo.A re dinama tsa diphologolo tseo tsone di santse di le kwa go ba lephata la diphologolo gone mo Molepolole.




#Article 209: Motsana wa Moreomabele (1054 words)


 
Moreomabele  ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O dikhilomethara tse di masome a bosupa le botlhano mo bokoni jwa motse wa  Palapye, go bapisa tsela e e tswang motseng wa Palapye go ya toropong ya Francistown, gape o nale sekolo se se potana. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo tsa motse wa Moreomabele dipalo tsa batho  di ne dile makgolo a mane,masome a bosupa leboferabobedi.

Banni ba motse wa Moreomabele mo kgaolong ya Legare ba itumeletse go tlhatlosiwa maemo ga kgotla ya bone.Banni ba supile boitumelo joo mo moletlong wa go ipelela tlhatloso maemo kwa motseng oo ka Matlhatso.Go ya ka Kgosi ya Moreomabele, Kgosi Kgololo Motshwaedi, tlhatloso maemo ya Kgotla e tla morago ga tshwetso ya Puso ka Moranang mono Ngwaga.Fa e sale Kgotla ya Moreomabele e tlhomamisiwa ka 1996 e ntse e le ya tetlanyo mme jaanong e tlhatlositswe maemo go nna e e sekisang. Dibui ka go farologana di kaile fa go tlhatlosiwa maemo ga Kgotla ya Moreomabele go tsile ka nako e e tshwanetseng.Dibui tse di neng di akaretsa makhanselara le magosi di supile fa tlhatloso e ya Kgotla e tlaa thusa mo go fokotseng dikgwetlho tsa pele tse di neg di akaretsa go tsaya leeto go ya go kopa thuso kwa makgotleng a magolwane.Kgosi Motshwaedi o sedimositse fa batho ba motse wa gagwe ba ne ba tsaya leeto la go ya kwa Topisi kgotsa Serule go ya go itsheka, a supa fa jaanong ba tlaa thusega segaufi.Pele ga kgolo e ya rona re ne re seka ditsheko tsa rona kwa Topisi le Serule ka re le fa gare jaaka diphilo. Re tshwanetse ra leboga Serule le Topisi go re godisa ka re se re leng sone ka metse e mebedi e. Kgosi Motshwaedi o tsweletse ka go supa gore go tlhatlosiwa maemo ga bone ga go khutlise tirisanyommogo ya bone le ba Serule le Topisi.

Bogosi jwa ga Mmangwato le jone bo galaleditswe thata ke Motshwaedi ka a tlhalosa gore mo dinakong tshotlhe bo ne bo mo fa tsela le thotloetso mo tsamaisong ya Kgotla.Bagaetsho re leboga go menagane Kgosi Sediegeng Kgamane le Kgosi Ntebele go re tlhatlhelela mo tsamaisong ya kgotla. Sebui sa tlotla mo moletlong o, Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Keotlogele Kerebotswe o ne a nankola ditso tsa motse wa Moreomabele.Mo tlhalosong ya ditso tsa motse Mme Kerebotse, yoo neng a emetse Mopalamente wa Serowe Bokone-Botlhaba Rre Dikgakgamatso Seretse, o ne a supa fa motse wa Moreomabele o simolotse ka ngwaga wa 1952 e le kotoisi ya maemelo a terena a mabotlana.Mme Kerebotswe o tsweletse ka gore leina la Moreomabele le tswa mo setlhareng se se neng se le mo motseng.A re popego ya setlhare seo e ne e tshwana le ya motho wa mme.Batho betsho setlhare seo se ne se na le maungo a a neng a tshwana le mabele a mosadi, ka jalo ba feletse ba re more o o Mabele ke gone motse o wa bidiwa go twe Moreomabele. Mme Kerebotswe o tsweletse k ka gore motse o simolotswe ke batho bangwe ba ba ne ba dira mo seporong ka nako e se neng se le sa ba National Railways of Zimbabwe.Mo go goleng ga motse Mme Kerebotswe a re go ne ga simologa ka kago ya letamo, sekole se botlana, kokelwana e e kwa tlase mme morago ga latela kgotla ka ngwaga wa 1996.Mme Kerebotswe o kopile ba Moreomabele gore ba amogele baagedi ba bone a supa fa phuduga ya batho e e bakwang ke ditlhabololo e tlaa ama motse wa bone.Go agwa ga Mmadikole kwa Palapye le katoloso ya moepo wa Morupule di tlaa oka batho ba ba tlaa felelang ba kopile go nna mono,' ga tlhalosa Mme Kerebotswe a kgothatsa ba Moreomabele gore ba inaakanye le dikgwebo.Tlhotloso maemo ya Kgotla ya Moreomabele e tsisitse mokwaledi le mapodisi mo motseng.Moletlo oo o ne o tseneletswe ke magosi a ga Mmangwato, badirela-puso, makhanselara, baruti le morafe ka kakaretso.

Mopalamente wa kgaolo ya Serowe bokone botlhaba, Rre Dikgakgamatso Seretse o kgothaditse banni ba Mabeleapodi, Paje, Moreomabele, Serule, Gojwane le ba masimo a Patwe go tsosolosa letlole la kgaolo ya bone la Ipelegeng.Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo bosheng, tona o ba kopile go nna tlhaga mo go ntshetseng letlole leo madi ka ele lone le ba ka le dirisang go intsha mo lehumeng le go tlhokomela ba ba sa kgoneng.A re letlole le tla sologela molemo ba ba le ntshetsang madi mme ba tla thusiwa go lebilwe seo.Rre Seretse yo ebileng ele tona ya itshireletso molao le thokgamo, o ba kgothaditse go ipopa ka masimo a bone go a teratelela ka lenaneo la ISPAAD, ka go dira jalo ba ka fedisa selelo sa malatsi otlhe sa dikgomo le ditholo tse di ba jelang mo masimong.A re go molemo thata go le aramela le sa ba tlhabetse e sere kgabagare ba iphitlhela ba tshwere ngwana moikotlhai, ka kwelotlase ya itsholelo e ka ama mananeo a mohuta oo.

A re lenaneo la teratelelo masimo le tlhoka gore masimo a a teratelelwang a bo a le dieketara tse 150 le go feta. O ba kopile gore ba dirise balemise go ba thusa ka go tlhoka go dirwa molao motheo e bile go kgonega gore ba epelwe sediba.Ba bolemise ba tlhalositse fa go rotloediwa gore 60 per cent ya balemi ba reme masimo go tla go teratelelwa, mme ba ba sa remang go tla a tswa mo molaong motheo wa balemi gore ba dire jang. Ba bile ba rotloetsa balemi go tlhokomela matamo.Mopalamente o bile a ba tlhalosetsa gore machine e e kgaolang ditlhare e teng, go tlhokega fela gore ba ba e dirisang ba lebogwe ka jaana letlole le feletswe ke madi e bile go nne le madi a a ka baakanyang machine eo fa e senyegile.Morafe mo metseng ya Mabeleapodi le Paje ba ikuetse gore ba kgaletswe, mme ba lephata la metsi ba ba solofetsa fa mo bogautshwaneng ba tla a bona metsi ka go ne ga nna le bothata mme ba bo tsibogetse. Ba dikgotla tsa Setswana ba ne ba kopa go thusiwa ka mekowakowa ya dikoloto tse di saleng di eme, fa mapodise a kgotla a kopana le a Botswana Police, mme mopalamente a ba solofetsa fa kgang eo e tsentswe leitlho go rarabololwa ka go dira dikgotla tse di itebagantseng le tsa leruo.




#Article 210: Motsana wa Morwa (1143 words)


 

Morwa   ke motse o mo kgaolong ya Kgatleng  mo Botswana. O dikhilomethara tse di lesome le botlhano mo borwa-bophirima jwa motse wa Mochudi, gape palo ya batho e ne e le makgokgolo a mabedi ,makgolo a marataro masome a borobabongwe le borataro mo palo bathong ya ngwaga wa 2001.

Morwa ke motsana o o mo Botswana o o dikhilomethara tse di masome a mararo mo bokoni jwa toropokgolo  Gaborone. Motsana o o golagangwa le toropokgolo ke tsela e bo e o golagangwa ke motlakase o o abelwang lefatshe lotlhe. Noka ya  Metsimotlhabe e e elelang ka dipaka e elelelela mo borwa jwa motsana o. Noka e e elelela kwa letlamong la Bokaa le le nelang banni ba Bokaa, Morwa le toropo ya Gaborone metsi. Pele ga ditlhabololo batho ba ne ba nosiwa metsi go tsweng  mo didibend gape pele ga se le mo dinokeng le mo megobeng.

Kgosi ya motsi ke Rre Eric Masisi Ntshole yo o tsereng mo go rragwe ebong Rre Mogotsi Ntshole. Rre Mogotsi Ntshole o tsere mo go rragwe ebong Rre Ramogotsi Ntshole. Bontsi jwa banni ba Morwa ke ba letso la Bakgatla gape di kgaogantswe ka dikgotlana ebong; Mokone, Matetswane, Manakedi le tse dingwe.

Ditsela tse ditona di nale sekontere gape go nale dikolo di le bone, ebong Ramogotsi se se potana, Our Lady of Carmel , BORWA  se se golwane  gape le se eseng sa puso sa kholetshe . Motsana o nale dipone tse di tshubang bogolo jang mo mebileng ya ditsela tse ditona.

Morwa o nale ditlhopa tsa kgwele ya dinao di le tharo ebong Morwa Dynamos, Morwa Rising Stars gape le Lelotong Young Stars. Ka malatsi a botsala jwa morena gape le meletlo e mengwe e e faphegileng batho gantsi ba itumedisiwa ke ditlhopa tsa meopelo ya setswana gape le maboko.
Motsana o o nale ntlo ya lekgotla ya batho botlhe ba ba nnang mmogo e e dirisediwang ditiro tse di farologanyeng tsotlhe e ke tswa e le tsa mosimegi gape e le tsa go nna sekwena.

Banni ba motse wa Morwa ba ba berekelang kwa Gaborone le Tlokweng, ba boletse mo phuthegong ya kgotla fa ba ka nna ba senyegelwa ke ditiro nako nngwe le nngwe ka ntlha ya letlhoko la dipalamo tse di ikanyegang.Ba re dipalamo tse di tswang Mochudi le Rasesa di ba tsenya kwa ditirong. Banni ba re dibese tseo ga di ba thuse ka sepe ka di tla di tletse mme ba tlhoke se ba se palamang gore ba goroge kwa ditirong ka nako.Ba buile seo mo phuthegong ya kgotla e biditswe ke mopalamente wa Kgatleng Botlhaba, Isaac Mabiletsa, le ba lephata la diteseletso le taolo ya mesepele ya dikoloi tsa setshaba le beng ba dipalamo tseo.Ba re tharabololo ya leruri mo mathateng a bone ke fa go ka nna le bese ya Morwa/Gaborone.Mathata a mangwe a babereki ba neng ba bua ka one ke a gore le fa ba sa kgona go palama dibese jalo, ga ba letlelelwe go ka ikopela mosepele mo dikoloing tsa batho ba ba berekelang kwa Gaborone.Ba re fa mongwe wa bone a ka bonwa a palama koloi e seng ya setshaba, beng ba dibese tsone tse ba lelang ka tsone o bitsa mapodise le ba taolo mesepele ya dikoloi mme motho wa go nna jalo a emisiwe mo tseleng mme ba folosiwe mo sekgweng.

Babereki ba re dikgang tseo di ba tshwenya fela thata ka ba sa kgone go bereka ba le matlhagatlhaga kwa ditirong ka ba goroga thari e bile ba lapile.E rile ba tswa la bone batsamaisi ba dipagamo tsa setshaba ba ba neng ba tseneletse phuthego ba tlhalosa fa ba tlaa itoma molomo wa tlase go leka go fedisa mathata a a tshwenyang bapagami.Shadrack Gaborekwe wa dibese tsa Motshweneng le Sekai Linchwe wa Sekai Express, ba re ba amogetse dingongorego tsa bapagami ka tsoo pedi e bile ba tlaa dira tsotlhe tse ba ka di kgonang go ba kgotsofatsa.Moemedi wa dibese tsa Ramotswetla Express, ene o kopile batsena phuthego gore ka moso e nne basupi ba se ba se buang, a re ka ba re ba batla bese ya Morwa/Gaborone, e re fa e ka nna teng, ba bo ba ikemiseditse go e palama ka ene a re o lemogile fa bontsi jwa bone ba rata dilefiti go na le dibese tsa setshaba.Kgosana ya motse wa Morwa, Eric Ntshole, o kopile boradikgwebo ba dipalamo tsa setshaba gore ba nne ba buisa diphuthego tsa kgotla gore ba utlwe matshwenyego a setshaba go tila dikgotlhang tse di sa tlhokafaleng.

Moemedi wa lephata la tsa mesepele le diteseletso tsa dipagamo tsa setshaba, Meshack Moshabi, a re le ene o lemogile fa go le botlhokwa gore banni ba Morwa le bone ba nne le bese e e yang Gaborone.O kopile beng ba dibese gore ba kgalemele babereki ba bone mme ba ba rute go tlotla bapagami ka gore babereki ba go nna jalo ba ka tsenya dikgwebo tsa bone mo mathateng.A re go botlhokwa gore gangwe le gape go nne le bokopano jwa mofuta oo gore ba buisane ba kgone go tsaya megopolo mo setshabeng mme ba tokafatse ditirelo tse ba di neelang setshaba.Phuthego eo e tsile morago ga gore banni bangwe ba motse wa Morwa ba ikuele mo mopalamenteng wa bone, Mabiletsa, ka seemo se se sa ba jeseng monate sa dipalamo.Mabiletsa a re o ne a ikopanya le ofisi ya tsa dipalamo mme a ba bontsha botlhokwa jwa go nna le phuthego ya mofuta oo mme ba dumalana le one.

Go kopanngwa ga maphata a puso go diretswe go tokafatsa ditlamelo le go fokotsa kgotlhakgotlhano ya maphata a a farologanyeng mme a dira tiro e le nngwe.Mafoko a a tlhalositswe ke tona wa lephata la tsa selegae, Rre Lebonaamang Mokalake, mo phuthegong ya kgotla kwa Gakuto mo kgaolong ya Kweneng  bosheng.Tona Mokalake a re gape seo se ya go solegela Batswana molemo ka ba tlaa akola maduo a tiro eo mo isagong, a tlatsa ka go re, maduo a go kopanngwa ga maphata a a dirang ditiro tse di tshwanang a ya go nna a a molemo ka jaanong go tlaa a fa setshaba sebaka sa go itebaganya le lephata le le lengwe, bogolo jang la metsi.O tlhalositse fa mo nakong e e fetile metsi a ne a abilwe ka dirwe go ya ka metse e metona, metsana, masimo le meraka, a re jaanong morwalo oo otlhe o ya go rolelwa ba koporase ya metsi ya Water Utilities (WUC).Kgopho ya metsi a a leswe le a a nowang e ya go nna boikarabelo jwa lephata leo la WUC. Ba Gakuto ba wela mo metseng e le lekgolo le bone ya lekgamu la boraro go sielwa metsi ke WUC.Tona o ne a tlhalosa gape gore seo se ya go ama bodiredi, bogolo jang bapompi ba maduo a bone a ntseng a sa itumedise puso, mme le gale go tlaa sekasekwa gore ba ya kae. 




#Article 211: Motsana wa Moshaweng (1210 words)


 

Moshaweng  ke motse yo mo kgaolong ya Kweneng e e mo Botswana. O dikhilomethara tse di masome a borataro mo bophirima jwa  motse wa Molepolole. Palo ya batho ba  Moshaweng e ne e le makgolo a borobabongwe,masome a bosupa le bone mo palo bathong ya ngwaga wa  2001.

Kgosi Rantsimane Banyatsi wa Moshaweng o buile a sa kgwe mathe ka go latlhega ga ngwao ya setswana.Kgosi Banyatsi o ne a bua jalo a amogela baeng kwa dikgaisanyong tsa banana tsa ngwao kwa Letlhakeng ka mafelo a beke.O ne a itebagantse le banana ba ba neng ba tsile dikgaisanyong, a re go tlhabisa ditlhong go bo ba basetsana ba apere marokgwe ntswa ba ne ba itse gore dikgaisanyo tseo di tshwaretswe mo kgotleng.O ne a bolelela banana gore ka ngwao ya Setswana, mosadi ga a letlelelwe go tsena mo kgotleng a apere borokgwe, mme e bile le rre o tshwanetse a role hutshe fa a tsena ka lekgotla.Kgosi Banyatsi a re seo ke tlotlo e bile ke tlholego ya kgotla, ka jalo a re go kgalemelwe fela thata gore go tle go nne le pharologano.Mo dikgaisanyong tseo, banana ba Moshaweng ba nnile bommampodi.Ya bo e le semphete ke go fete mo kgotleng ya Letlhakeng banana ba kgaolo ba kopane go gaisana, mme ba Moshaweng ba ikgapela sekgele mo dikhwaereng ga mmogo le bodiragatsi fa sekgele sa mmino sone se tserwe ke banana ba Mantshwabisi Dikgaisanyo tse, ke maiteko a ga tautona a go ntsha banana mo ditseleng tse di makgaphila, le go ba rotloetsa go dirisa dineo tsa bone go itshetsa.

E rile a tswa la gagwe, modiri mo lephateng la bodiragatsi le ngwao, Rre Bopelo Gaothusi a bolela fa banana ka bontsi, bogolo jang ba ba sa direng, ba inaakantse le diritibatsi, nnotagi, le go senya, mme ka jalo Tautona o ne a bona go tshwanela gore go nne le sengwe se ba ka intshang boduto ka sone. Rre Gaothusi a re bodiragatsi le mmino ke go naya banana sebaka sa go itumela, go ipela le go abelana botsipa le boitsaanape jwa neo ya Modimo.O ne a ba kgothatsa gore ba tsee boikarabelo mme ba dire ka natla, a re ka madi a ba a boneng ba tshwanetse ba dire sengwe sa itshetso, gona le go jela mo ganong.Le fa go ntse jalo, kgosi o ne a lebogela thulaganyo ya ga tautona a tlatsa a re mogolo o ne a bolela a re tshaba e senang ngwao e latlhegile ka jalo a re tautona o buseletsa ngwao gore Batswana ba seka ba latlhega. E rile a itibaganya le magosana a motse wa Letlhakeng, a bolela fa go tlhabisa ditlhong gore e re ba etetswe ba nne moriti o tsididi go iponatsa kwa kgotleng.A re ka tshwanelo, baeng ba ne ba tshwanetse ba fitlhele beng gae kwa kgotleng ga mmogo le ba dikomiti tsa tlhabololo ya motse ka bobedi, a tlatsa a re sago la moeng le bewa ke mong gae Go lebelelela dikgaisano e ne le mopalamente wa kgaolo Rre Liakat Kably, mokhanselera le dikgosi tsa motse wa Mantshwabisi, Moshaweng, Khudumelapye le Malwelwe.E rile a fa malebo mopalamente Kably o ne a kopa banana go fedisa ngwao ya dipolaano.Rre Kably a re go ategile ngwao e sa siamang ya dipolaano, a tlatsa a re ngwao ke boitshwaro le tlotlo.O ne a re bogologolo e ne e re batho ba tlhoka kwitlwisisanyo, balwe ka moretwa, e seng dithipana le ditlhobolo tsa malatsing ano.Mopalamente o kopile banana go tswa mo nnotaging a re e ruta maitsholo a makgapila a tshwana le a boganka le go tlhoka tsebe.E rile a itibaganya le ba ba sa fenyang mo dikgaisanong, Rre Kably o ne a ba kgotlhatsa gore ba seka ba ineela mme ba ikiteye sehuba go ithutuntsha go dira ka nata mo dikgaisanong tse di latelang.Kwa Kgaolong ya Letlhakeng Bophirima, setlhopa sa banana ba Tsetseng se dule ka tse di tsididi mo dikgaisanong tsa moopelo.

Banni ba motse wa Moshaweng mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba lela ka tsela ya Molepolole/Moshaweng ba re ga e a siama.Ba boleletse modulasitilo wa Khansele ya Mokwena Rre Motlhopi Leo fa ane a buisa phuthego kwa motseng oo maabane.E rile a amogela baeng, moemela kgosi ya motse wa Moshaweng Kgosi Kegobonye Maruping a ngongoregela gore tsela ya Moshaweng Molepolole e agwa e baakangwa, sebe sa phiri e nne gore ga go sepe se se bonalang morago ga e fetswa go dirwa.Kgosi Maruping a re go dirwa ga tsela eo, ga go nke go kgotsofatsa gotlhelele ka gore e tshelwa seretse se se paledisang go tsamaya fa dipula di nele, le lerole le le betang kolobe fa go fisa.A re ke ka moo go senang ope yo itlhaopelang go tsenya sepalamo sa sechaba mo tseleng e : ka e sa siama gotlhelele ,a tlatsa ka gore tsela eo e ba diela tswelelopele.Kgosi o ne a kopa gore bogolo tsela eo, e tshelwe sekontere le fa e le sekgala sa dikhilomitara tse pedi a re go ka boloka madi a dirisiwang fa go ntse gotwe e a baakangwa.Mo go tse dingwe kgosi Maruping one a kopa gore ba tseye ditlamelo golo go le go ngwefela. A re o tshwentswe thata ke gore dingwe dithuso ba di latlela kwa khanseleng ya Letlhakeng fa dingwe ba tshwanelwa ke go ya Thamaga jaaka tsa kabo ditsha .Kgosi o ne a bua a sa kgwe matlhe gore fa bagolo ba tsena koo, ba a latlhelelwa, go makgetlho mantsi ba boa fela ba sa thusiwa ka fa go tshwanetseng. O ne a kopa gape gore badiredi ba Lekgotla la kaboditsha ba atumele, go fokotsa madi a banni baa dirisang go palama.E re dikgang di eme jalo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Lebogang Manthukhwi o ne a ngongoregela gore lephata la makgotla a setswana le gana go adimana koloi ya puso le maphata a mangwe mo motseng.

O ne a bua a sa osheoshe gore ba gana le gone tota go thusa go isa leokwane kwa sedibeng sa motse, mme motse o felele o le mo lenyorengMme Manthukwi o ne a re koloi e dirisiwa ke lephata leo fela, a tlatsa a re le mapodise mo kgotleng ga ba letlelelwe go e dirisa tota.E rile a rabela matshwenyego ao, modiri mo kgotleng ya motse Mme Lechedzane Chilume a bolela fa taolo eo e tswa kwa mogolwaneng wa gagwe kwa Letlhakeng.Ba kabo ditsha bane ba solofetsa morafe gore batla atumetsa ditlamelo tsa go ba tlisetsa ditlankana tsa ditsha tsa bone, go itsa go dirisa madi a mantsi mo mosepeleng. Modulasetilo wa Khansele ya Kweneng o ne a araba ka gore go utlwisa botlhoko gore e re Taurona a ntshitse taelo gore a didirisiwa tsa puso di amoganwe, go bo go santse go na le bao ba ba di ikgagapelelang. Rre Leo o ne a re ga se gone gore koloi ya puso e nne fela, a tlatsa a re e ka amoganwa le ke maphata a mangwe fa ba batla thuso. Ka Jalo , o ne a kopa tirisanyo mmogo gore tiro ya puso e tsamae ka thelelo. Mabapi le tsela ya Moshaweng Molepolole, Rre Leo o ne a tlhalosetsa sechaba ka kwelo tlase ya itsholelo mme a ba kopa go sa fele pelo mme e tlaare seemo se boela mannong ba akanyetswe sengwe.




#Article 212: Noka ya Mosetse (670 words)


Noka ya Mosetse   ke tlholego ya motlhala wa metsi mo Botswana. Mo lefatsheng la Botswana noka ya Mosetse ke yone motswedi go eleng kwa  makgobokgobong a Makgadikgadi Pans, kwa bontsi jwa  ditshidi tse di sa bonaleng motlhofo. Ka go rialo Noka ya Mosetse e tshelegela kwa  Sua Pan, mesele mongwe e e mo botlhaba jwa  Botswana.

Puso ya Botswana e beile go sireletsa metsi kwa godimo mo ditogamaanong tsa yone jaaka dipusiano tsa go a bona kwa mafatsheng a mangwe di tsweletse.E rile fa a bua kwa phuthegong ya go somarela metsi ya botlhano mo Gaborone bosheng, tona ya lephata la meepo, kgothetso le metsi, Rre Ponatshego Kedikilwe o ne a fa sekai sa lefatshe la Lesotho, le puso ya lefatshe leno e tsweletseng ka go buisana le lone ka go bona metsi kwa go lone.Rre Kedikilwe o ne a tlatsa le ka gore puso e gateletse le mo go phepafatseng metsi, bogolo jang mo dikgaolong tsa bophirima jwa lefatshe leno, a a nang le letswai le lentsi.Maiteko a mangwe ke a go batla boranyane jwa go fedisa kgotlelego ya metsi, tse a boletseng gore di lopa madi a mantsi.Rre Kedikilwe o ne a tlhalosa gore diphetogo tsa tsamaiso ya metsi le tsone di ba lopile madi a mantsi, ke ka moo di tsereng lebaka le leleele.Tona o ne a tlhalosa le gore metsi a dirisiwa ka bontsi mme a gaisanelwa thata ke temothuo, madirelo le malwapa.Le fa lefatshe leno le ne la bona dipula tse dinamagadi e bile matamo a Letsibogo, Shashe le Nnywane a ne a tletse, ga go na bosupi jwa gore dipula tse di kalo di tlaa na mo ngwageng o o tlang.Le fa go ntse jalo, Rre Kedikilwe o ne a netefaletsa setshaba gore le fa dikgwetlho di le dintsi jalo, di ka fenngwa, ka maduo a dipuisano tsa puso le ba-na-le-seabe.A re mengwe ya megopolo e e ntshiwang mo diphuthegong tsa kgotla jaaka wa go emisiwa ga lekgetho la metsi, e setse e diragadistwe

Banni ba Mosetse le Dukwi ba kopa koporasi ya metsi ya Water Utilities go tlhoma diofisi tse go duelelwang tiriso ya metsi kwa go tsone kwa metseng ya magae.Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo, Major General Moeng Pheto yo o neng a wetsa loeto lwa go lekodisa batho ka dikgang tsa palamente e fetileng.Batho ba metse eo le e mengwe mo kgaolong, ba kgadile thata koporasi ya Water Utilities go bo e sa neele batho bogolo jang kwa metseng ya magae ditirelo tse di tshwanetseng jaaka kwa ba ka duelelang metsi teng.Bangwe ba tlhalositse fa ba sale ba duelela tiriso ya metsi mo malwapeng a bone ngogola ka Seetebosigo, ba bo ba supa fa ba na le poifo ya gore ba tsile go kgaolelwa metsi ka jaana fa e sale koporasi eo e tsaya tiro eo mo dikhanseleng ga e ise e bale dimmithara mo malwapeng a bone.Mo go tse dingwe, batho ba Lentsweletau ba re motse wa bone o saletse kwa morago mo ditlhabololong, ba re ba ipotsa gore a kwelotlase ya itsholelo e amile motse wa bone go feta e mengwe ka jaana ditiro tsotlhe tse di neng di tshwanetse go dirwa di seegetswe fa thoko jaaka fa ba ne ba solofeditswe gore motse wa bone o tlaa nna kgaolo potlana go lebilwe gore o kgakala le ditlamelo mme nako kgolo ke eno.Kgosi Muenda Mureti wa Dikgatlhong a re nako le nako batho ba rutwa ka tshomarelo tikologo le bophepa.A ga ba itumedisiwe ke malele a a tshwanang le metseto ya bana le tse dingwe tse di maswe tse di latlhelwang mo motseng wa bone ka e le diphatsa mo leruong.O kopile gore ba tsenyediwe motlakase le gore go agwe kokelwana ka jaana motse wa bone o godile.Ka molao kakanyetso o o tlaa bewang pele palamente e e tlang wa go oketsa dingwaga tsa banana, batho ba dikgaolo tseo ba dumalana gore dingwaga tsa banana di okediwe go tswa kwa go 29 go ya kwa go 35.




#Article 213: Motse wa Nata, Botswana (414 words)


Nata  ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O mo botlhaba jwa kgaolo, gape o direlwa ke  kompone ya difofane ya Nata . Mo palong bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a mabedi le masome a borobobedi. Motse wa Nata o ikaegile fa thoko ga noka ya  Nata  e e eledisetsang metsi a yone kwa  Makgadikgadi Pans, lekadiba le nang le letswai le lentsi.

Batho ba motse wa Nata ba ikuetse mo go Motshwarelela Tona wa tsa Itshireletso Melao le Thokgamo Rre Edwin Batshu ka borukutlhi jo bo golang letsatsi le letsatsi.Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla bosheng, ba re ga ba robadiwe ke borukutlhi ja bana ba Nata.Erile ba tswelela banni ba re borukutlhi joo ke bogodu ja leruo, go thuba matlo gammogo le dititeo. Ba re ga go fete letsatsi go sa thujwa mo motseng.Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Peter Senamolelo a re ba tlhaelelwa ke didirisiwa bogolo jang dikoloi tsa sepodisi,a tlatsa ka gore mapodisi jaanong ba dirisa dikoloi tsa maphata a mangwe mme go dia ditiro tse dingwe tsa puso.Rre Senamolelo a re kwa Nata Sanctuary, batho ba kgaola terata go tlhatlhela dikgomo mo teng go di tshuba dinaka, a tlatsa ka gore batho ba utswa leruo ka dipitse.Rre Buti Mphotho o ngongoregile ka tlhaelo ya mapodisi mo motseng, a re ga go na itshireletso.Mme Kutlobotlhoko Seitatolo o boletse gore ga a robadiwe ke dirukutlhi tse di nnang fela kwa ga gagwe.A re o tshelela mo letshogong ka dirukutlhi tse di a tshwarwa,ka moso di bulelwe.Bangwe ba ditlhopha (cluster) tsa twantsho borukutlhi ba ne ba kopa tona go ba fa dipitse go lwantsha borukutlhi ka tsone,ba re ga ba kgone go lwantsha dilalome tse di tsamayang ka dipitse di utswa leruo mme bone ba tsamaya ka dikoloi, jaanong ba re go botoka gore ba fiwe dipitse.Ba kopile gape go fiwa kapari ya ma- clusters ba re batho ga ba ba tsee tsia ka ba sena paka.E rile a araba mangwe a matshwenyego a bone Rre Batshu a re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seabe mo pusong, a tlatsa ka gore megopolo e e tswang mo Batswaneng ke yone bogakolodi jwa boeteldipele.Rre Batshu a re tsamaiso ya lephata la gagwe ke go lekola melelwane gore Batswana botlhe ba sireletsege.O kgothaditse batho ba Nata go lwantsha borukutlhi ba bo pataganetse. O kopile kgosi, mapodisi le morafe go dirisa lenaneo la ntebele ke go lebele go lwantsha borukutlhi.




#Article 214: Motse wa Shoshong (719 words)


Shoshong  ke motse yo o bonwang mo lefatsheng laBotswana, ke motse wa pele wa Bamangwato.

Shoshong o bonwa fagare ga  latitude-22.95, longitude-26.48  mo kgaolong ya legare, dikilometara dile makgolo a mararo le masome a mabedi ale kwa bokoni jwa bokoni botlhaba jwa toropo ya Mafikeng  a le dikilometara dile masome a mane le bofera bobedi jwa seporo se se gokaganyang  toropo ya Kapa(Cape Town) le ya  Bulawayo.  Go ya kwa motseng yo o tsamaya dikhilomethara dile masome a mane o ya kwa Bophirima gotswa mo motseng wa Mahalapye.  Motse yo o kanna dikgato dile dikete tse tharo(3 000ft) kgotsa di metara dile makgolo a ferang bongwe le lesome(910 m) kwa godimo ga lewatle mo mokgatsheng wa shoshong (shoshong valley)  yo o tshwaraganyeng le noka ya Limpopo. Metse e e bapileng le motes wa Shoshong ke Tobela, Ikongwe,  Kalamare, Mmutlane le Mosolotshane.

O  tlhalosiwa fa ele motes yo o mogote  gape o nale mantswe a mantsi. O kgona go nna le dipula tsi di tona ka paka ya selemo, mo motseng yo go nna gole diphefo bontsi jwa nako.  O ageletswe ke dithaba tse dintsi tse  dikgomo di fulang mogo tsone.

Motse yo o simologile e le wa morafe wa baphaleng (Tlou and Campbell 1997; A.M. Chebanne and K.C. Monaka 2008), ba e riling morago ba fitlelwa ke bangwato ba bane ba le ka fa tlase ga taolo ya ga kgosi sekgoma wa ntlha (Sekgoma I) ka dingwaga tsa bo 1850. Go ya ka beng ba motse  kgosi ya baphaleng e tsere bangwato gotswa ko Mosu ko baneng ba tshwengwa le go tlhaselwa kgapetsa bogolo jang ke Morafe wa Batebele. motse yo fa o leng teng gone go tlhophilwe ka gone go le motlhofo go itshireletsa kgatlhanong le morafe wa Matebele
Go bo e ne e le motse wa bokopanelo jwa papadisanyo go tsweng borwa gape le botlhaba o ne o tsewa o le botlhokwa  ke bautolodi (ba akaretsa David Livingstone) gape le barekisi mo borwa-bgare jwa Aferika. Lefelo la barongwa la  London Missionary Society (le eteletse pele ka lobaka le leleele ka lefelo la Hermannsburg Lutheran Missionary Society) le le simolodisitsweng ka ngwaga wa 1862. Ka ngwaga wa 1875, Kgosi Sekgoma o ne a gokgodisetswa ke morwae wa tumelo ya   sekeresete (moragonyan ya nna  Khama wa boraro. Ka ngwaga wa 1885 (ka nako ya kitsiso ya British protectorate of Bechuanaland) Shoshong o ne a nale  banni ba le 20,000 go ya kwa go  30,000, go akaretswa ba kwa ga mmamosadinyana ba le masome a mabedi.

Ka ngwaga wa 1880 motse yo o setse o nale dingwaga tse masome a mane o le teng e bile ele motse o yo o godileng, gone ga  simolola go nna sekaka le tlaelo ya metse  motse one o bona metsi mo motsweding ole mongwafela leswe le lone lene le setse le le lentsi.  But it become a 'Desert Cit Ka lebaka la tlhaelo ya metsi khama le  batho ba gagwe bane ba fudugela kwa motseng wa  phalatswe/phalapye motse yo o dikilometara tse di herang bobedi kwa bokoni botlhaba jwa motseng wa shoshong magare ga dingwaga tsa 1888 le 1889 kwa e riling morago ba bo ba fetela kwa motseng wa serowe yo oleng kwa bokoni Bophirima jwa phalapye. . Fela jaaka shoshong metse e le yone ene e agilwe mo mekgatŠheng ee tsamaelang kwa Limpopo.  Gore kgama a kgone go fuduga mo lifelong le le le neng le sireletsegile  one a itshwaragantse le bag a mma mosadinyana ba ban eng ba ipaakanyetsa go lefatshe la mashona le matebele.

ba ntse ba le kwa phalapye ka ngwaga wa 1898  tlhaelo ya metsi e ne ya nna teng mme khama one a busetsa bangwe ba batho ba gagwe kwa shoshong. Baphaleng ba boile ka ngwaga wa 1900 bakaa bone ba boile ka ngwaga wa 1902, motse mogolo one wa fudusediwa kwa serowe. Fa go ntsiwa boka ya kitso e eneng e bidiwa  Encyclopædia Britannica ka ngwaga wa 1911 palo ya batho mo motseng wa shoshong ene e le makgolo a herang bobedi.

Goya ka palo ya batho ya ngwaga wa 2001 palo ya batho mo shoshong le metse ee mabapi e ne e  tsamaya kwa go diketse di lesome le motso lekgolo le masome a supa le borataro, fa ba ba mo shoshong bale dikete dile supa makgolo ale mane le masome a herang bongwe.




#Article 215: Mpule Kwelagobe (516 words)


Mpule Keneilwe Kwelagobe  wa Gaborone, Botswana o ne a apesiwa korone ya  Miss Universe ka Motsheganong ngwaga wa  1999 kwa Trinidad and Tobago. O sale a fiwa korone eo ka ngwaga wa  1999, Mpuleo sa tswa go tswewa tsia gape gape a tlhomphiwa go bo e le modiragatsi wa ditshwanelo tsa batho tsa botsogo tsa batho, bogolo jang mo ntweng ya gagwe ya mogare wa HIV/AIDS gape e le mmueledi wa banana le bomme go nna le thtu e e tseneletseng ya tsholo le diterelo tse dingwe.

Kwelagobe wa borataro o ne a tsenelela dikgaisano tsa  Miss World pageant (ka ngwaga wa 1997) mme ga a ka tswa sentle. E ne e le ene Mma lobopo wa  Botswana gape e le ene lekgwarejwana la Botswana go tsenelela dikgaisano tsa  Miss Universe pageant.

Go latedisa tumo ya gagwe e le Mma lobopo, Mpule o ne a nna mmueledi wa  Clairol. Tsebe tse pedi di ne tsa supiwa mo koranteng ngwe ya kwa US fa ne Mpule a ntse e le Mma lobopo.

Ka ngwaga wa 2000, o ne a tlhophiwa go nna moemedi ke ba United Nations, a itebagantse le banana gape le bolwetse jwa HIV/AIDS.Mo go tse dingwe, O kile a buisa phuthego ya lefatshe la United States (ntlo ya lefatshe la United States ya baemedi ba komiti ya ditirelo tsa  baboloki ba madi gape le ditlogamano. Mpule o ne a rurifatsa mo ditengmorago tsa botsalano le batho ba ba lwang bolwetse jwa  AIDS mo Aferika gape a kanela panpitshana e e supang ditlhwatlhwa ts dituelo go simolodisa mokgatlho wa  World Bank AIDS). Gape o kile a buisa:

Mpule Kwelagobe o ne a fiwa tlotla ya Jonathan Mann Health Human Rights  ke ba lekgotla la International Association of Physicians in AIDS Care (IAPAC). O ne a gape a fiwa tlotla ya e ngwe fa thoko ya go nna moeteledipele wa European Commission HIV programme, Lieve Fransen, gape le William Clintonya o kileng a bo e le tautona . Ka ngwaga wa 2003, o ne a tlhophiwa gape e le moeteledipele wa lefatshe ka bophara wa kamoso(GLT) ke ba World Economic Forum, a kopana le ba le makgolo a matlhano ba ba ikemetseng  go tsweng mo dikgwebong, dipolotiki, ba kgaso, gape le ba botaki le maranyane, ba akaretsa Bill Gates, British Prime Minister Tony Blair, Michael Dellgape le  Bono,yo o saleng a tlhophilwe ka nako ya fa mokgatlho o simolodisiwa ka ngwaga wa 1993.

Ka ngwaga 2006, o ne gape a tlhophiwa ke ba  World Economic Forum jaaka monana yo o eteletseng lebopo lotlhe (YGL). Kgotla ya baeteledipel ba banana ba lefatshe lotlhe e simolotswe mo bosheng e pharologanyo, lofatsa la batho ba ba ntsi lwa lefatshe le le pharologanyo la baeteledipele ba ba dingwaga tse di masome a mane kgotsa ba le kwa tlase ga dingwaga tse gape ba iketleeditse go dirisa nako le maatla a bone  mo go ageng bokamoso jo bo rileng.

Mpule gompieno o nale setlankana sa boemo jo bo kwa godimo sa dithuto tsa  maranyane a dipolotiki (dipolotiki tsa itsholelo ya mafatsheftshe) go tsweng kwa mmadikolo wa Columbia  mo toropokgolo New York.




#Article 216: Oliver Pikati (1279 words)


Oliver Pikati  (o tshotswe ka Motsheganong a tlhola lesome le boferabongwe ka ngwaga wa 1973) ke motshameke wa pele Botswanamotshameki pele wa kgwele ya dinao yo o neng a tshamekeke kwa pele. O kile a tshamekela  setlhopa sa sechaba sa Botswana mo dingwageng tse di fagare ga 1997 le 2002.

Sekgantshwane sa kgwele ya dinao e bong Oliver Pikati o gakolotse banana go tsaya ka tlhoafalo metshameko e e farologanyeng go akaretsa kgwele ya dinao, ka ba ka kgona go felela ba itshetsa ka yone isago.Oliver yo o tumileng ka leina la kgwele ya dinao la Msawawa o boletse seno,mo moletlong wa go baakanyetsa mabelo ka Labotlhano beke e e fitileng kwa kanye o o neng o rulagantswe ke komiti ya Olympic ya Botswana go kopanya banana ka metshameko e e farologaneng.A re fela jaaka mo mafatsheng a mangwe, dikgantshwane tsa metshameko e e farologanyeng ba itshetsa ka yone, mo go ba beileng mo bontleng jwa go amogela madi a a kgotsofatsang.A re banana ba tshwanetse ba tsee malebela mo go bone le gore ba tsee kgwele ya dinao jaaka talente e e nang le bokamoso go sa kgathalesege gore ba simolola mo ditlhopheng tse di senang maina, a re ke yone tsela ya go palamelela kwa ditlhopheng tsa tlhwatlhwa.Fa ke tshwantshanya kgwele ya dinao le dinako tsa maloba, go ntshupegetsa gore motshamiki o ka tshela fela go sena kwa a berekang teng jaaka mo nakong eno ke beile matshelo ame mo setlhopheng sa Olando Pirates FC ko Afrika borwa Mongala a rurifatsa.A re o simolotse a tshamekela setlhopha sa Kanye Happy fighters, a tshamekela Kanye Southern Pirates, a ya kwa Townshiprollers go fitlha a ya go tshameka kwa Aferika Borwa a tshamekela setlhopha sa Silver Stars FC se jaanong se bidiwang Platinum Stars.O tlhalositse fa mo nakong eno a tsabakela ko setlhopheng sa Orlando Pirates FC le sa sechaba sa Botswana.

Ke itumeletse go nna le sebaka sa go tshameka kgwele ya dinao le banana, le go ba kgothatsa go nna Botho ka re itsege ka letshego leo.
A re banana ba tsene mo metshamekong yotlhe ka go farologana ka e le tsela nngwe ya go itshidila mmele. Moeteledipele wa lekgotla la Botswana Integrated Sports Association le le simolotseng ka ngwaga wa 1979 Rre Steve Botlhasitse o tlhalositse fa lekgotla le tlhamilwe fa go baakanyediwa metshameko ya mafatshe a selekane.Botlhasetse o boletse fa moono wa Botswana National Olympic Committee e le go baakanyetsa metshameko le gone go e isa ko bathong go sena sekgoreletsi sa dingwaga gore a motho ke ngwana kana ke mogolo.A re metshameko ke tsela ya go itshidila mmele le go nna matlhagatlhaga ka nako tsotlhe.Metshameko ya letsatsi e ne e akaretsa basketball,di aerobics le kgwele ya maoto e ka yone banana ba ileng ba nna le sebaka sa go e raga le Phenyo.Ditlhopha tsa kgwele ya dinao tse di neng di na le seabe ke Tribal team, District Administration (DA), VDC1, VDC2, BOFWA, Kgosing, Raisong Stars,IS le Mabogodika,fa tsa basketball di ne di akaretsa Race B Ballers, Face Ballers, Base B Ballers le sa K Base Ballers.

Puso e kopilwe go fetola tsamaiso ya tiriso ya madi a metshameko ya banana e e rotloediwang ke tautona go tila tiriso madi botlhaswa Kgang e e remeletse segolo jang mo bojalweng jo boleng kgatlhanong le moono wa metshameko eo.Se se nopotswe ke monni wa motse wa Gudigwa, Rre Mmolai Emang mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa molaodi wa kgaolo ya Okavango, Rre Lenamile Montsho kwa Gudigwa bosheng.Rre Emang a re go setse go itshupile gore madi a metshameko ya banana ga a dirisiwe sentle mo mafelong mangwe ka jalo go a tlhokafala gore go dirwe ditshekatsheko tse di tseneletseng tse e tlaareng kwa bofelong di rarabolole bothata joo mo go ka solegelang Batswana molemo.A re mo nakong eno ditlhopha dingwe go akarediwa sa Gudigwa ga di dirise madi a metshameko eo sentle ba itontela ka one majwalwa .Rre Emang o dule ka mogopolo wa gore pele ga ditlhopha di ka fiwa madi a tsone go itsiwe pele gore di batla go dira eng ka one gore ba tle ba direlwe thekethe ee rekang kgotsa go itsa go a jela mo ganong jaaka go diragala mo nakong eno.A re fa puso e ka seke e sekegele tsebe ntlha eo madi a setshaba a tla a felela mo phefong a sa diragatse maikaelelo a one e leng go namola banana mo manokonokong a lehuma.A bo a ikuela mo ofising ya ga molaodi wa kgaolo potlana ya Okavango go lebelela ntlha eo ka itlho le le nchocho dilo di ise di senyegele pele.

Rre Emang o gwetlhile ofisi ya ga molaodi go dira thulaganyo e e tlhapileng go thusa ditlhopha tsa kgwele ya dinao ka dipalamo go ba isa kwa mafelong a mangwe go ya go tshameka ka jaana mo motseng wa bone go sena dipalamo tse ba ka di dirisang.A re ba tlhola ba utlwa go buiwa fela ka molomo gore ditlhopha di tshwanetse go thusiwa ka dikoloi tsa puso mo dikgaolong fa go na le maeto a go ya go tshameka kwa mafelong a mangwe, ntswa kwa go bone go sa diragale ka gore bagolwane ba maphata a puso ba batla mokwalo o o rurifatsang mafoko a go nna jalo.E rile a akgela mongwe wa batshameki ba ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa Gudigwa, Rre Boatametse Mukwami a rurifatsa fa ba dirisitse madi ao go nwa ka one bojalwa ka lebaka la go tlhoka bogakolodi jwa baeteledipele ba motse ba tshwana le kgosi le mokhanselara.A re kgosi ya bone le mokhanselara ba ba latlheletse fela kwa tshimologong mme morago ga bokhutlo jwa metshameko bone ba bona go tshwanela gore ba ithube matsadi a metshameko ka go nwa bojalwa ka madi ao.Rre Mukwami o rile ba ne ba utlwisiwa botlhoko thata ke gore ene e are ba kopa bagolwane bao go ba thusa ka dipalamo go ya go tshameka le ditlhopha tse dingwe kwa mafelong a mangwe ba gane go ba thusa mme kwa bofelong ba bo ba tla ka dikgakololo tsa tiriso ya madi ao a setse a fedile.Sebui se sengwe, Rre Mokwengu Kavetu o ngongoregetse lebala la bone la metshameko a re go medile ditlhare mo go lone mme le ba kgoreletsa go ikatisa abo a kopa gore ba thusiwe ka katakata go le tlhabolola.Legale, Mokhanselara wa kgaolwana ya Gudigwa, Olatotse Sarefo o ne a kgwela botlhoko balatedi ba setlhopha seo, o boletse fa ba sa bue nnete fa ba re ba tlhokile bogakolodi jwa go dirisa madi ao.A re o lekile go ba gakolola ka tiriso ya madi ba ise ba a senye gore ba reke ditlhako tsa ikatiso ka one le go beela fa thoko madi a go hira koloi go ba isa kwa mafelong a mangwe fa ba ya go tshameka le ditlhopha tse dingwe mme ba gana, fela ka bane ba batla go a dirisa botlhaswa.A re se se tlhomolang pelo ke gore gompieno ga ba na tsone ditsompelo tsa go tsamaisa setlhopha sa bone ka jalo ba eme eme fela morago ga go kgaritlha madi otlhe.Mokhanselara a re ka bo ene o thusitse setlhopha seo mo makgethong ale mantsi ka go ba isa kwa mafelong a tshwana le Seronga, le gone go ya go ba tseela cheke ya madi kwa Gumare a dira jalo ka ditshenyegelo tsa gagwe.O tlhagisitse balatedi ba ditlhopha tseo gore fa ba ka tswelela ka go dirisa madi ao botlhaswa Tautona o ka nna a emisa ka gore se ba se dirileng se kgatlhanong le moono wa gagwe.Mothusa molaodi o kopile balatedi ba ditlhopha tseo go ya go kopa bogakolodi mo bogoging jwa motse jaaka bogosi, mokhanselara le bodirela puso ka tiriso ya madi ao.




#Article 217: Phandu Skelemani (778 words)


Phandu Tombola Chaka Skelemani  (yo o tshotsweng ka kgwedi ya Ferikgong a tlhola ga tlhona,ka ngwaga wa 1945) ke lepolotiki la Botswana la phuthego e e busang ya  Botswana Democratic Party (BDP), yo o direlang gompieno e le tona wa  ditogamano le merero ya tsa mafatshe a sele. Ke leloko la palamente kwa kwa khudutlhamageng ya  Botswana gape e le leloko la  palamente  yaPan-African  go tsweng mo Botswana; moragonyana e ne e le , mmueledi mogolo wa lefatshe la Botswana go simololeng ka ngwaga wa 1992 go fitlha ka ngwaga wa  2003.

Skelemani o tsholetswe kwa motsaneng wa Mapoka. O nale stlankana sa boemo jo bo kwa godimo  mo dithutong tsa molao go tsweng mmadikolong wa  Botswana, Lesotho le Swaziland gape a berekele puso dingwaga di ka nna masome a boraro, fa a ne a simolola e le mosekasiki wa molao ka ngwaga wa 1973. Mo atlolosong maemo ya gagwe o ne a nna mosekasiki wa molao yo o motona ka ngwaga wa 1975, yo o eteletseng molao pele ka ngwaga wa 1978, gape a nna mothusa mmueledi ka ngwaga wa 1980. O ne a tlhapiwa go nna mmueledi ka ngwaga wa 1992; mo nonofong eo,o ne a gakolola khudutlhamaga mme gape a tsenelela diphuthego.

Fa Mme Joy Phumaphi a ithola marapo kwa palamenteng ka  Phatwe ngwaga wa 2003 go nna mothusi wa moeteledipele wa  World Health Organization, Skelemani le ene a ithola marapo a gagwe a go nna mmueledi  mme gape a ema e le motlhophiwa wa phuthego ya BDP candidate mo ditlhophong tse di neng di tshwarelelwa mo boemong jwa ga Mme Phumaphi jwa, Francistown botlhaba. Mo go ikopeleng setlilolo, Skelemani o ne a supa kwa a goletseng teng , a re se se ka mo thusa go emela lefelo la gagwe sentle kwa palamenteng . Skelemani o ne a fenya ditlhopho gape a tsaya setlilo sa bopalamente ka Ngwanatsele ngwaga wa 2003. Ngwaga o o latlelang , ka Ngwanatsele a tlhola borobabongwe,ngwaga wa  2004,o ne a tlhophiwa kwa palamenteng go nna tona wa merero ya tsa ga tautona le setshaba.

Skelemani o ne a sutlisetswa kwa maemong a go nna tona wa ditirelo tsa tshiamiso, moemedi wa molao, Sesole sa Botswana , Sepodisi, Tshenyetso setshaba gape le ya itsholelo, le tshireletso ka Ferikgong ngwga wa  2007. Fa Rre Ian Khama a tsaya stlilo sa botautona ka Moranang a tlhola ga nngwe ngwaga wa  2008, o ne a baya  Skelemani go nna tona wa ditogamano le merero ya mafatshe a sele .

Tirisano e ntle fa gare ga mafatshe a Botswana le United Kingdom e tsiseditse mafatshe ao dipoelo tse di bonalang mo mafatsheng oomabedi.E rile fa a bua kwa moletlong wa matsalo wa dingwaga tse 85 wa ga Queen Elizabeth II mo Gaborone la Labobedi, tona ya tsa mafatshe a sele le tirisano ya mafatshe, Phandu Skelemani a re tirisano ya go nna jalo e e tswang kgakala, pele ga lefatshe la Botswana le bona boipuso, e na le maduo mo mehameng ya botsogo, kgwebo, tshireletso, thuto le go thusa setshaba ka kakaretso.Rre Skelemani a re thuso e lefatshe la Botswana le tsweletseng go e fiwa ka ntlha ya tshwaragano ya makgotla a SADC/UK le ACP/EU e tsweletse ka go solegela Batswana molemo mo mehameng ya tshwaragano mo dikgaolong, kgwebo, go lwantsha HIV le AIDS, go fedisa lehuma le go tlhabolola botshelo jwa batho.A re lefatshe la Botswana le tsweletse ka go akola dithuso tsa madi go tswa kwa go ba ofisi ya boemedi jwa lefatshe la Britain mo Botswana. Dithuso tseo ke tsa go tlhabolola matshelo a Batswana jaaka Motse wa Badiri, Somarelang Tikologo le Kgetsi ya Tsie.Rre Skelemani o ne a netefaletsa batsenelela moletlo oo, ba bontsi jwa bone e neng e le ba lefatshe la Britain gore lefatshe la Botswana le ikaeletse go tiisa tirisano le botsala fa gare ga mafatshe ao.E rile fa a ntsha la gagwe, moemedi wa lefatshe la Britain mo Botswana, Mme Jennifer Anderson o ne a supa fa a itumeletse moletlo oo, a supa gore o tiisa tirisano fa gare ga ba lelwapa la bogosi jwa Britain le mafatshe a selekane.Princess Anne, le ene o ne le teng kwa moletlong oo morago ga gore a etele Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama pele le go baya dikgare fa ntle ga dikago tsa palamente.Dikgare tseo e ne e le segopotso sa Batswana ba ba neng ba lwela lefatshe la Britain ka nako ya ntwa ya lefatshe ya bobedi.Princess Anne o setse a kile a etela lefatshe la Botswana, gabedi. Queen Elizabeth II le ene o kile a etela lefatshe la Botswana gantsinyana, leeto gagwe la ntlha e le la ngwaga wa 1947.

Category:Mapolotiki a Botswana Democratic Party




#Article 218: Motsana wa Sojwe (941 words)


 

Sojwe   ke motse yo mo kgaolong ya Kweneng e e mo Botswana. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo tsa batho di ne di le makgolokgolo a mabedi le,masome a matlhano le borataro.

Banni ba motse wa Sojwe mo kgaolong ya Kweneng Botlhaba, ba buile ka molao kakanyetso wa go fokotsa dinako tsa go bulwa le go tswalwa ga marekisetso a bojalwa ka megopolo e e farologaneng.Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Sojwe, Omphemetse Botsoba, o boletse fa dinako tse di akantsweng di siame, a dumalana le tsone, mme a bolela fa go tlogetswe dinako tsa ba ba rekisang chibuku le majalwa a Setswana.Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo, Moeng Pheto, kwa motseng oo.Botsoba o boletse fa bojalwa bo tsala dilo tse di maswe, a re banwi ba chibuku ba e nwa bosigo jotlhe le jone bojalwa ja Setswana, ba re morago ba dire dilo tse di seng mo tseleng ka e bile chibuku e rekwa ka madi a a kwa tlase.O boletse fa go tshwanetse ga tseelwa dikgato ba ba rekisetsang bana ba dikole bojalwa. Fa banni ba bangwe ba re bojalwa bo siame ke jone bo tshidisang ba ba sa berekeng ebile ba re go ka bo go gagamadiwa molao fela gore go tswalwe ka dinako tse di teng eseng go fokotsa, ba boletse fa jaanong borukutlhi bo tlaa gola ka bojalwa bo tlaa bo bo rekisiwa bosigo.Mo go tsa ditlhabololo tsa motse Botsoba o boletse fa batsadi ba sa thuse barutabana mo go kopaneleng bana. O boletse fa ba sa tsene dipitso tsa komiti ya batsadi le barutabana.A re barui mo kgaolong eo ga ba jese dikgomo tsa bone omang fa e se fela fa baya go rekisa. A re go jesa dikgomo go botlhokwa fela thata ka gore go fokotsa bogodu jwa leruo jo a boletseng bo ile magoletsa mo kgaolong eo.Botsoba o tlhalositse gape gore ba tlhobaetswa ke batho ba ba rekisang masimo a bone kwa Sojwe.O kopile ba lephata la banana go rutuntsha banan ba ba ntseng fela mo kotseng ba sa bereke gore le bone ba tle ba ikopele madi ba dire dikgwebo go tokafatsa matshelo a bone.E ne e rile go le pele Kgosi ya Sojwe, Kgosi Tlhabologang Hube, a ngongorega ka bogodu jwa leruo, a bolela fa bontsi jwa babelaelwa ba sa batle go sekela kwa makgotleng a Setswana ba siela kwa go bo mmakaseterata kwa ba itseng gore ba gololwa motlhofo fela.Kgosi Hube a re bogosi bo tshwanetse go kopana le bo mmakaseterata go buisana ka ditsheko tsa bogodu jwa leruo.Banni ba bangwe ba ngongoregile ka leruo le le senyang mo masimong a bone, ba bolela fa monongwaga ba ne ba lemile sentle mo dipuleng tse di namagadi jaanong sebe sa phiri e le barui ba ba sa tlhokomeleng.Pheto o ne a ba lekodisa ka bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo tlhagogileng kwa kgaolong ya Bobirwa, mananeo a puso e a ntshitseng go thusa banana, molao kakanyetso wa go fokotsa dinako tsa go bula le go tswala marekisetso a bojalwa.

Banni ba motse wa Sojwe ba kopile puso go gagamatsa molao wa leruo fela jaaka wa diphologolo.Ba re seo se tlaa dira gore magodu a leruo a tseelwe dikgato tse di gagametseng.Banni ba boleletse mopalamente wa bone, Rre Moeng Pheto, mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo gore bogodu jwa leruo bo gakadiwa ke go bo babelaelwa ba letlelelwa go duela madi mangwe go letela ditsheko ba le kwa ntle.Ba re seo se rotloetsa magodu go tswelela a utswa leruo go le rekisa le go nna le madi a ba tlaa kgonang go batla babueledi ka one.Ba boletse gape fa madi a a lopiwang mo go bone go letela ditsheko ba le kwa ntle, a le mannye fela thata. Banni ba motse oo gape ba ngongoregile ka tlhaelo ya metsi mo motseng, ka jalo ba kopa khansele go atumetsa metsi kwa motseng oo gore batho ba kgone go a itsenyetsa mo malwapeng a bone.Kgosi ya motse oo, Rre Tlhabologang Hube, ene o kopile puso go thusa mapodisi a mmuso le a morafe kwa metseng ya magae ka dikoloi le go ba agela matlo.A re mapodisi a tlhaelelwa ke matlo a boroko mme seo se dira gore ba se ka ba dira tiro ya bone ka phuthulogo. O bile a kopa gore dikoloi tsa sepodisi di tsenngwe dirojaroja gore ba kgone go tlhaeletsanya fa ba latile dirukutlhi. Le fa go ntse jalo, Kgosi Hube o akgoletse mopalamente kemonokeng ya gagwe.E rile a itebaganya le dikgang tse di amang borukutlhi, mogolwane wa mapodisi a Sojwe, Sazi Mpinyane, a bolela fa molao motheo wa lefatshe leno o letlelela mongwe le mongwe go sekela kwa a batlang teng, fela fa a sa tsuolole ditshwanelo tsa batho ba bangwe.A re mme ke ka moo babelaelwa ba letlelelwang go letela ditsheko ba le kwa ntle ga kgolegelo. O kopile barui go tlhokomela leruo la bone, e seng go baya tlhokomelo ya lone mo badiseng.Mo phuthegong eo, mopalamente o ne a lekodisa batho ba motse oo ka molawana o o tokafaditsweng wa dikoporase, tse a tlhalositseng fa bontsi jwa tsone di phutlhame ka ntata ya borukutlhi le go tlhoka tsamaiso e e siameng go tswa mo bodireding.A re maikaelelo ke go araba le go itebaganya le dikgwetlho tse dikoporase di lebaganeng natso.O ba boleletse fa lephata la papadi le madirelo le neetswe boikarabelo jwa go di tsamaisa.Mopalamente o boletse fa a sa itumedisiwe ke ka fa lenaneo la namola leuba le saletseng morago mo kgaolong eo ka teng, ka jaana go sale go tshelwa metlhaba le ditena mme go se na tema epe e e tswang.




#Article 219: Motsana wa Werda, Botswana (922 words)


 
Werda   ke motsana o o mo kgaolwaneng ya Kgalagadi ya mo Botswana. Motse o o  bapile le molelwane wa Aferika Borwa. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le sekete le lekgolokgolo,makgolo a boferabongwe, masome a marataro le motso.

Go ne go rena boitumelo jo bogolo thata kwa motseng wa Werda, bosheng, fa Mme Magdeline Van Wky a ne a abelwa ntlo ya dikamore tse pedi ke mokgatlho wa Dipula tsa Letlhogonolo.Rre Elias Joseph Sethomo yo e leng moeteledipele wa mokgatlho oo o tlhalositse gore ba o kwadisitse semmuso ka kgwedi ya Tlhakole monongwaga.O tsweletse a tlhalosa fa ene le bangwe ba ne ba bopa mokgatlho o go leka go ntshana mo lehumeng le go thusa puso go fitlhelela lengwe la matshego a tebelo pele ya setshaba la tshaba e e kutlwelo botlhoko.Rre Sethomo a re go nna leloko la bone, motho o tshwanelwa ke go ntsha P120, e le madi a boloko. Fa a setse a na le batho ba robabongwe o tsaya P650. lekgetho la ntlha, la bobedi P1 300, la boraro P3 000, la bone P4 000, la bofelo la botlhano e le P40 000, mme motho a kgone go agelwa ntlo, a rekelwe koloi kana a rekelwe dikgomo ka one.O gateletse thata gore ka lorato, bopelotelele, tshwaragano le kemonokeng ya maloko ba ka kgona go fitlhelela ditoro tsa bone. A re ba ne ba tsaya tshwetso ya go agela Mme Van Wky ka go bona a se na bonno jo bo kgatlhisang le fa a ne a ise a tsene mo kgatong ya bofelo ya go agelwa ntlo. Fa a amogela ntlo, Mme Van Wky o ne a leboga maloko a mokgatlho wa gagwe, ka a ne a se na fa a latsang tlhogo teng. Tirelo Setshogela wa motse wa Tshabong le ene o ne a nna lesego ka go abelwa motshine o o tlhatswang diaparo, ka le ene e le mongwe wa batho ba ba tlhokileng lesego.E ne e rile a amogela baeng Kgosi Keleofile Phihadu a galaletsa thata ba Dipula tsa Letlhogonolo ka lerato la bone le le ntshang setshaba mo lehumeng le go tsibogela tema e e segilweng ke Tautona ya go ogola ba bangwe mo lehumeng.A re ba tsene mo motseng ka go ipega ka tlhamalalo kwa boeteledipeleng jwa motse, mme go supa sentle fa ba na le boammaaruri. Fa a ba kgwa dikgaba mokhanselara Mme Bake Mathule o ne a eleletsa Dipula tsa Letlhogonolo masego le matlhogonolo gore ba gole. Bomme ka bontsi ba ne ba tshologetse modiro o ka e bile e le bone ba ba tshabelelwang ke lehuma.Maloko ka bontsi go tswa Werda le metse e e mabapi ba kaile fa Mme Rachel Podise e le ene motho wa ntlha go tla ka mogopolo wa go tlhama mokgatlho o, le go tlhalosetsa maloko a mangwe ka mosola wa mokgatlho.Ka bopelotelele le botlhaga jwa gagwe, peo e a e jwadileng e wetse mo mmung o o siameng. Kwa bokhutlong bangwe ba maloko ba ne ba rotloediwa ka go abelwa ditlankana tsa go dira ka natla. 

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Werda a re boeteledipele jwa motse le sekolo ba tshwenngwa ke boimana jo bo tsweletseng jwa baithuti ba sekolo se segolwane sa Tapologo.Rre Tuelo Kesenkile o buile jalo jaaka a ne a ntsha pego ya komiti ya VDC mo phuthegong ya kgotla e biditswe ke Tona wa Dikgaolo, Lebonaamang Mokalake a re o kopa batsadi go ema ka dinao ba tshwaraganela bana le barutabana gore ba kgone go fetsa dithuto tsa bone.O supile gape gore se se tshwenyang le go feta ke gore bontsi jwa baithuti ba ba imileng ke ba mophato wa ntlha le wa bobedi ba dingwaga tse di sa lekanang gore ba tlhakanele dikobo le gore gape go supagala ba sa imisiwe ke baithuti ba bangwe.Rre Kesenkile a re se ke kgwetlho e e tlhokang tshwaragano e e nonofileng mo batsading le botsamaisi jwa sekolo le boeteledipele jwa motse ka kakaretso a lebeletse gore ngwaga o tsamaile kgwedi tse tlhano mme go setse go dule baithuti ba le batlhano Rre Kesenkile o ne gape a tlhalosetsa Tona gore go lobaka ba kopile gore Kgosi wa motse a thapelwe mothusi le mophepafatsi wa diofisi mme le mo nakong eno ba setse ba letile ba ise ba fiwe karabo.Mo go tse dingwe Kgosi wa motse, Rre Keleofile Phihadu o kopile banana go tswelela ba dirisa mananeo a puso jaaka la LIMID le CEDA Young Farmers go tlhabolola matshelo.Kgosi Phihadu o rotloeditse ba ba iseng ba kgone go bona dikolo le ditiro kgotsa go simolola dikgwebo gore ba inaakanye le lenaneo la Ipelegeng le a supileng le tsweletse sentle mo motseng.Sengwe sa tse Kgosi a supileng di tshwenya ke gore morafe o sale o abetswe ditsha tsa bonno mme ba palelwa ke go tlhabolola fa bontsi e le bothata jwa gore go tlhaela ditlamelo segolo bogolo metsi a tlatsa ka gore ba ba kgonneng go aga ba ne ba sokola ka go ne go se motlhofo go bona metsi.Kgosi Phihadu a re e sale goromente a tsaya tsamaiso ya dikokelwana go na le tlhaelo ya melemo mme a re se se nametsang ke gore ba botsogo ba supile fa ba tlaa dira bojotlhe go tokafatsa seemo.Kgosi o lebogetse puso go thapa dingaka tse di thusang bolwetse mo dikokelwaneng ka go farologana jaaka ya Werda.Kgosi a re o tshwenngwa gape ka dishabini ka di tsweletse ka go rekisa majalwa a tsenngwang metswako e e borai mo matshelong a batho le gone go rotloetsa ditiro tsa borukuthi.




#Article 220: Motsana wa Zutswa (820 words)


 
Zutswa   ke motsana yo mo kgaolong ya Kgalagadi mo Botswana. O kwa bonwa kwa sekakeng sa Kalahari , gape o nale sekolo se se botana. Mo palo bathong ya ngwaga wa dikete tse pedi le bongwe dipalo di ne dile makgolo a mane masome a marataro le borobabongwe.

Banna ba lefatshe la Botswana ba kgothaditswe go nna le seabe mo kgodisong le tlhokomelo ya bana ba bone.Kgakololo e e ntshitswe ke mooki wa kokelo ya Zutswa, Mme Cecilia Boitshwarelo, mo thutopuisanong e e neng e tshwaretswe kwa Nata boeng.Mme Boitshwarelo o gakolotse borre gore tlhokomelo ya ngwana e simologa fela fa mme a sa ntse a itsholofetse, mme a gakolola ba e leng borabana go nne ba tsamaya le bomme ba bone kwa tshidilong le kwa sekaleng go tsaya botsipa mabapi le tlhokomelo ya ngwana.A re go itshupile gore seabe sa borre mo tlhokomelong ya ngwana fa a ise a belegwe le fa a sa ntse a le monnye thata se le kwa tlase.Mme Boitshwarelo o boletse gape gore go botlhokwa gore borre ba itse seemo sa ngwana fa a ise a belegwe gore ba tle ba tlhaloganye seemo sa ga mme botoka.Thutopuisano eo e ne e rulagantswe ke komiti ya botsogo ya kokelo ya Zutswa, mme e ne e itebagantse le go rotloetsa borre go nna le seabe mo go tsa botsogo le pelegi.

Mopalamente wa kgaolo ya kgalagadi mo botlhaba Mme Botlogile Tshireletso o kgothaditse batlhophi ba kgaolo ya gagwe, go dirisa mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone le go nyeletsa lehuma le le apesitseng lefatshe leno.Mme Tshireletso yo e bileng e le mothusa tona mo lephateng la dikgaolo o dirile kgothatso e mo diphuthegong tsa gagwe kwa metseng ya Makwate, Kudumatse, Dovedale, Mmaphashalala, Mookane le Dibete tse mo go tsone a neng a lekodisa banni ba metse eo ka dikgang tsa palamente e e fetileng.A re maikaelelo a go simolola mananeo a ipelegeng, ISPAAD le la LIMID e ne e le maiteko a mmuso go lwantsha lehuma, letlhoko la ditiro le go tsosolosa mohama wa temo-thuo ka e le tsone tse di ka tswakanyang itsholelo le go nyeletsa lehuma.Mopalamente o boleletse banni ba metse eo gore lenaneo la LIMID le ka ba thusa go apola batho lehuma ka go ruwa dikgomo, dihutshane le dikoko tsa setswana gammogo le go epa didiba tse ba ka di dirisang mo temong ya nosetso. Mothusa tona a re fa Batswana ba ka ikemisetsa go dirisa lenaneo la ISPAAD le la LIMID ba ka kgona go ntsha dijo tse di lekaneng le go imolola lefatshe leno go ikaega ka dijo tse di rekwang kwa mafatsheng a sele.Mme Tshireletso o tsweletse ka go lekodisa batlhophi ba kgaolo ya gagwe ka maikaelelo a puso a go dira molao o o tlaa laolang dinako tsa thekiso ya majalwa mangwe a setswana le molao wa go simolola go kgwathisa basadi mo dikgotleng tsa ditsheko.A re puso e ikaelela go dira molao o o tlaa nyeletsaang thekiso ya majalwa a maitirelo jaaka mokoko o ntshebile, laela mmago, motse o teng godimo le sethulaphoko ka jaana go lemogilwe fa e le one a tsenyang botsogo jwa batho mo diphatseng, e bile a rotloetsa boganana jwa banana, dintwa, go thubega ga malwapa le dipolaano.

Mo diphuthegong tseo, batho ba ne ba itumelela ditlhabololo tse di dirilweng mo metseng ya bone jaaka tsela ya Mahalapye kudumatse, phatlalatso ya motlakase, ditlhaeletsano le ditiro tse di dirilweng ka lenaneo la IPELEGENG jaaka go aga diterata tse di kgaoganyang masimo le mahudiso, diofisi tsa makgotla a setswana, kagelelo ya mabitla le go baakanya ditsela le go phepafatsa tikologo ya metse ya bone.Le fa banni ba Makwate, Kudumatse, Dovedale, Mmaphashalala, Mookane le Dibete ba lebogetse ditlhabololo tse di dirilweng mo kgaolong ya bone,ba ne ba ngongorega thata ka ditsela tsa kgaolo eo tse ba reng ga di tsamaege ntateng ya dikhuti. Ba re e re ka jaanong puso e herekanetse go tshela ditsela tseo sekontere ntswa e sale e ba solofeditse mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, ba kopa gore ditsela tseo di neelwe goromente yo motona ka jaana khansele ya kgaolo potlana ya Mahalapye e sa kgone go di tlhokomela ntateng ya go tlhaelelwa ke didirisiwa.Dingwe tse ba ngongoregileng ka tsone ke tlhaelo ya bodiredi mo kgaolong, tlhaelo ya dikoloi mo makgotleng a setswana, tlhaelo ya metsi, tiego ya go isa didirisiwa tsa lenaneo la Ipelegeng mo mafelong a bone le melelo ya naga e ba reng e gomagometsa go nyeletsa phulo ya diruiwa le diphologolo tsa naga.Mabapi le ditsela Mme Tshireletso o tlhalositse fa go dira ditsela mo kgaolong ya gagwe go kgoreleditswe ke go phutlhama ga itsholelo. A re ka ntlha ya letlhoko la madi puso e neng ya seegela kwa thoko go dira tsela ya Parrs Halt / Mahalapye le go dira tsela e e tshwaraganyang metse ya Dibete, Mookane, Makwate le Machaneng, mme a re fa madi a ka bonwa ditsela tseo di tlaa dirwa.




#Article 221: Motse wa Mmanoko (1006 words)


 

Mmanoko   ke motse yo mo kgaolong ya Kweneng e e mo Botswana. O dikhilomethara tse di masime a mane mo bokone-botlhaba jwa toropokgolo ya  Botswana, ebong Gaborone, mo letlhakoreng la tsela ya  Gaborone–Molepolole. Mo palong bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo tsa batho di ne dile makgolo a bosupa,masome a brataro le boraro.

Banni ba motse wa Mmanoko mo kgaolong ya Kweneng, ba boletse fa ba sa robatswe ke banana ba motse oo ba ba inaakantseng thata le borukutlhi, mme ba ikgatholosa mananeo a puso a itshetso.Ba buile seo mo phuthegong ya kgotla kwa Mmanoko e buisiwa ke tona ya merero ya tsa ofisi ya ga tautona le bodirelapuso e bile e le mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe.Ba boletse fa banana ba motse oo ba tlhasela bagolo ba bone masigo ba batla madi ka dikgoka, ba re ba inaakantse le dinotagi, ba rata ntwa, e bile ba dirisa dithipa bobe go golafatsa ba bangwe.Ba kopile gore kgotla ya bone e godisiwe maemo gore kgosi a sekise, a nne le mapodisi, le bakwaledi go ritibatsa seemo seo.Ba boletse fa go tsaya lobaka go biletsa mapodisi borukutlhi go tswa kwa Molepolole le Gamodubu.Ba akgoletse Rre Kwelagobe go bo a ba etela kgapetsakgapetsa, go ba tlhalosetsa ka mananeo a puso, mme ba mo rotloetsa go tswelela a dira jalo.Ba ne ba ngongorega ka komiti ya matlakala, ba bolela fa e sa tlhole e tshela jaaka pele, ba boletse fa motse wa Mmanoko o na le dingwaga tse pedi o tsaya sekgele mo bophephepeng mo kgaolong ya Kweneng.Ba ngongoregile gape ka lekgotla la kabo ditsha le le botlana la Molepolole ka go sa abeng ditsha kwa motseng wa Mmanoko, ba tlhalosa fa e le lobaka go ntse go emisitswe.Le gale leloko la kabo ditsha la Molepolole, Mme Oabona Thebeetsile, o ne a ba tlhalosetsa fa ditsha di santse di sa bewe kwa Mmanoko ka motse oo o dikologilwe ke masimo a mantsi jaanong lekgotla le santse le dira ditshekatsheko gore le ka baya ditsha fa kae le sa kgoreletse masimo.

Mme Thebeetsile o boletse fa ba tlhobaediwa ke batho bangwe ba go bolelwang ba ipaya ditsha kwa masimong a Mmantsho le mo Mmanoko.O boletse fa seo se le kgatlhanong le molao wa lefatshe, a bolela fa ba tsile go tseela batho bao dikgato tse di lebaneng.O boletse fa lekgotla la bone le tshwere bothata ka banana ba ba rekisang ditsha mo Kweneng mme morago ba bo ba kopa gape, o boletse fa ba di rekisa fela di sa tlhabololwa, mme ba dira boferefere ba bolelela lekgotla la kabo ditsha fa ba di abela ba masika a bone fela, ntswa e se boammaaruri.Mme Thebeetsile o boletse gape fa batsadi bangwe ba rekisa ditsha tsa bana ba dikhutsana tsa boswa, ba re seo ga se letlelelwe, setsha se nna fela se letela ngwana go fitlhelela a tla a se itirisetsa.Ka ditsha tse dikgologolo o boleletse banni gore motho o ikopanya le kgosi go netefatsa fa setsha seo e le sa motho yoo tota, mme ba lekgotla la kabo ditsha ba tla mmaya semmuso go se na kgang.Le fa go ntse jalo, Mme Thebeetsile o boletse fa lekgotla la kabo ditsha la Molepolole le na le dikopo di le 14 800, mme ba kgonne go aba di le 1 163 kwa kgotleng ya GaRanta le Lekgwapheng.A re kwa Gamodubu ba na le dikopo di le 6 000 fela, mme ba solefela gore kwa Mmanoko ba tlaa simolodisa go aba ditsha mo bogaufing, a kopa banana go iketleetsa.O tlhalositse fa banana ba ba kopileng dithuso mo mananeong a puso a itshetso ba tlaa fiwa dithuso tsa ntlha e bile di faphegile di tsaya fela dibeke tse pedi.\

Ba mokgatlho wa Hope World Wide Botswana ba abetse bana ba Mmanoko le Gakutlo dimpho kwa motsaneng oo ka Matlhatso.Ka moono o o reng; Ka lorato le le lengwe, rotlhe re ka kgona go ya kwa letsatsing la Botsalo ja Morena ja 2011. Mookamedi mogolo wa mokgatlho wa Hope World Wide Botswana Mme Kedibonye Malejane, a re maikaelelo a bone ke go direla setshaba sa Botswana ka go aga ngwana, go mo ruta, go ipha sebaka sa go tshameka nae, gore a golele fa go mo siametseng.O tladitse ka gore ba ikaelela le go ruta motsadi go tshwara ngwana sentle, a bo a rotloetsa gore banana ba ipope ditlhopha gore ba kgone go ba thusa le go ba ruta ka botlhokwa jwa mokgatlho wa Hope World Wide o se dirang le mowa wa boithaopo.O ne a re ba direla mo mafelong a tshwana le Molepolole, Mmanoko, Mogonono, Mosokotso le Gakuto. Bomme ba motsana wa Mmanoko ba ne ba ipopa setlhopha gore ba kgone go thusiwa mo ba feletseng ba nna le lebentlele le le apayang borotho le bo le bo rekisa, ba rutuntshiwa ke bomme bao go dira tiro.

Mme Malejane a re gompieno ba bone go le botlhokwa go tlhopha motsana wa Gakuto go tla go tshwarela moletlo wa kabo dimpho tsa Botsalo jwa Morena teng.Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Gakuto Mme Lulu Leselwa, o ne a re o itumelela gore ba mokgatlho wa hope world wide ba bo tshwaretse moletlo wa go abela bana dimpho mo sekoleng sa gagwe, a bo a supa gore bana ba sekole sa Gakuto ba reketswe paka ya sekole ke ba mokgatlho oo.Mokhaselara wa Mmanoko Mme Winnie Nkonyane, le ene o galaleditse ba mokgatlho wa hope world wide ka go dira tiro e ntle eo.A re ba santse ba sekaseka kwa Mmakanke gore ba tswelele ka lenaneo la go ba thusa, o ne a nankola gore mokgatlho wa hope world wide ke wa batho ba ba nang le kgatelopele mo botshelong. Mme Nkonyane o ne a gatelela gore paka ya sekole
e tlhokomelwe, mme boikarabelo bo mo batsading go direla bana, a re mpho ke selo sa botlhokwa.Motsana wa Gakuto le one o na le bomme ba ba ikopantseng go kopa dithuso tsa go dira lebentle le la go apaya borotho le go bo rekisa, ba emetse go kopa dithuso ko go ba mokgatlho wa Emang Basadi.




#Article 222: Ditlhopho tsa ngwaga wa 2009 tsa lefatshe la Botswana (1056 words)


Ditlhopho tsa sechaba di tshwerwe ka kgwedi ya Phalane e tlhola lesome le borataro 2009. E ne e le ditlhopho tsa bolesome tsa sechaba di tshwarwa morago ga Botswana a tsaya boipuso ka 1966. Palamente ya Botswana e na le ditilo di le masome marataro le motso, mo go tsone ba le masome matlhano le bosupa ba ba tlhophiwa ke sechaba go ya ka dikgaolo tse di emelwang ke mopalamente a le mongwe, se se reela gore gore go na le dikgaolo tsa botlhophi dile masome matlhano le bosupa, nngwe le nngwe ya tsone e itlhophela mopalamente a le mongwe. Ditilo tse nne tse tsone, mapalamente a a itlhophetsweng ba tlhopa gore ke bomang ba ba tla a di tlatsang. Kwa ntle ga palamente, Batswana gape ba tlhopha makhanselara.

Lekgotla la sepolotiki la Botswana Democratic Party le ne la gapa ditilo di l dintsi se se reela gore ke bone ba ba tlaabong ba tsaya puso ya Botswana.

Makgotla otlhe a polotiki a a neng a tsere karolo mo ditlhophong tsa sechaba tsa ngwaga wa 2004 a ne a emela ditlhopho tsa bopalamente ka 2009: Lekgotla la Botswana Democratic Party (BDP), Botswana National Front (BNF) le Botswana Congress Party (BCP). Makgotla a mannye le one a ne a tsere karolo, le bontlhopheng ba ba neng ba ikemetse ka nosi ba le lesome le botlhano (mo dikgaolong tsa botlhophi di le lesome le boraro).

Phathi ya domokoraga (BDP) e ne e tlhomileng baemedi mo dikgaolong tsotlhe tsa botlhophi di le masome matlhano le bosupa. Moeteledipele wa yone, ebong tautona wa Botswana Ian Khama o ne a sa emela ditlhopho, mme mothusa-tautona Mompati Merafhe o ne a sireletsa setilo sa gagwe kwa Mahalapye Bophirima. BDP e fentse ditlhopho tsotlhe tse di tshwerweng mo Botswana morago ga boipuso.

Moeteledipele wa BNF o ne a sa ema e le ntlhopheng. O ne a ikaeletse go sireletsa setilo sa gagwe sa palamente sa Gaborone Bophirima Bokone mme o ne a latlhegelwa ke ditlhopho tsa peo letlhokwa tsa BNF teng. Go ne go na le dipelaelo tsa gore gongwe o ka emela phathi ya gagwe kwa Gaborone Borwa, mme Moupo o ne a seka a dumela go emela ditlhopho. Ka ditlhopho tsa 2004, Moupo o ne a emetse ditlhopho kwa Selibe-Phikwe Bophirima mme a latlhegelwa kgatlhanong le ntlhopheng wa BDP Kavis Kario. O ne a tlhophiwa go nna mopalamente wa Gaborone Bophirima Bokone ka ditlhopho tsa poeletso ka ngwaga wa 2005 morago ga go tlhokakafala ga mopalament wa BNF Paul Rantao.

BCP e dirisanya le Botswana Alliance Movement (BAM), mme ba thusanya go ka tlhopha moemedi wa phathi e nngwe. BCP-BAM e ne e tlhomile baemedi mo dikgaolong tsa botlhophi di le masome mane le borataro. Moeteledipele wa BCP Gilson Salashando o ne a emela ditlhopho kwa Selibe-Phikwe Bophirima e e neng e tshwerwe ke ntlhopeng wa BDP Kavis Kario.

Pele ga ditlhopho go ne ga diriwa dipatlisiso di le mmalwa ka patlo maikutlo, go leka bona gore sechaba se slofetse eng.

BDP mo bogompienong e na le mathata a a mo teng ga phathi, e bile Tautona Khama  a ntsha matshosetsi a go kopa Modulasetilo wa phathi e bile e kile ya nna Tona Daniel Kwelagobe, moeteledipele wa lekgamu la  Barata-Phathi le le fitlhelwang mo teng ga BDP. Lefa fa Khama le Kwelagobe ba baakantse dipharologanyo tsa bone, go itsetsepela ga BDP go santse go reketla.

Ka gore bathophisi le mapodisi ba tshwanetse go tsamaisa ditlhopho ka Phalane a tlhola lesome le boratato, go ne ga nna le tsamaiso ya gore bone ba tlhophe pele ga nako ya ditlhopho.  Se se ne se tshwanetse go dirwa ka Phalane a le masome mabedi le borobaboongwe. Mme le fa go ntse jalo, ka mathata a go gatisa ko Johannesburg, se ne sa sa seka sa tsamaya jaaka go ne go tshwanetse. Dipalo tse di fitlhelwang mo pampiring ya ditlhopho di ne di fitlhelwa di iipoeletsa go feta bongwe. Jaanong ba sepodisi le batlhophisi ba ne ba tshwanetse go tlhopha le sechaba ka kakaretso ka Phalane a le lesome le borataro. Jaanong se e ne e le mathata a a tlhwaafetseng mo badireding ba ba ikwadiseditseng go tlhopha mo mafelong a a kgakala le kwa ba yang go tlhophisa teng. BCP e ne ya ntsha matshosetsi a go tsaya kgatlo ya semolao kgatlhanong le lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la IEC.

Go tlhopha pele ga na nako mo mafelong a botlhophi a a kwa ntle ga lefatshe go ne ga dirwa ka Phalane a le gararo mo mafelong a botlhophi lefatshe ka bophara.

Dipalo tse dintsi tsa batlhopi di ne tsa gatisiwa mme nako ya go bulwa ga mafelo a botlhophelo e ne ya okediwa go ka emelana le mela e metelele ya batlhophi. Balebeledi ba ditlhopho batlhalositse fa di tsamaile ka thelelo le fa go nnile batho ba ba rileng ba ba sa kgonang go tlhopha. BDP e ne ya supa kgolo mo maduong a 2004 ka go gapa setilo se sengwe go dira gore di nne masomemane le botlhano mo ditilong tsa palamente di le masome matlhano le bosupa. Ba kganetso ba BNF ba ne ba bona kwelotlase go tswa mo ditilong tse di lesome le bobedi go ya ko go tse thataro. BCP e e duleng mo BNF e ne ya oketsa kemedi ya yone go tswa kwa go bongwe go ya kwa go bone le badirisanyi mmogo ba bone BAM ba ne ba ikgapela setilo se le sengwe. Nehemiah Modubule, mopalamente wa Lobatse o ne a fenya ditlhopho a ikemetse ka nosi, a ne a tlhophilwe ka 2004 ka fa tlase ga BNF. Kwa ntle ga go gapa ditilo di le dintsi BDP e ne ya boelwa mo tsamaisong ya pele ya ditlhopho  ka palo ya diphathi tsa kganetso e lekane go ka fenya BDP mo dikgaolong di le dintsi tsa botlhophi. Seelo sa phathi ya BDP e ne e le go oketsa kemedi ya bone go tshwara masome matlhano moanamisa mafoko o supile fa ba itumeletse maduo.

BDP e gapile ditlhopho tse dintsi, fa BNF e gaisitse badirisanyi mmogo BCP-BAM ka mola o mosesanyane go ka gapa maemo a bobedi.

Maduo a ne a neela Khama sebaka se sengwe sa go busa ngwaga tse tlhano. O ne a ikanisiwa morago ga ditlhopho, mme mokete wa phenyo o ne wa dirwa ka Phalane a le lesome le borobabobedi mo Gaborone.




#Article 223: Setlhopha sa Bolotlowa sa Botswana (236 words)


Setlhopha sa bolotlowa sa sechaba sa Botswana  se ne sa emela lefatshe la  Botswana mo ditekong tsa bolotlowa tsa mafatshe fatshe.  Lefatshe la Botswana le ne le le mo dikgaisanyong tsa 2007 World Netball Championships‎ go iteisana borathana le ditlhopha tse dingwe gotsweng mafatshe a sele, ba ne ba fitsa kgaisanyo ya World Championships  bale mo maemong a lesome e le lekgetho lantlha ba tsenelela kgaisanyo eo.  Ba ne ba tsweledisa phenyo ya bone ka go tsaya maemo a bobedi ko kgaisanyong ya Nations Cup. Ko Singapore gone, ba ne ba tsaya maemo a bolesome le boraro.mo kgaisanyong ya 2011 World Championships.  Ka kgwedi ya Phukwi ya ngwaga wa 2011, Botswana e mo maemong a bolesome le borataro go ya ka kalo ya IFNA World Rankings. 

Ka kgwedi ya Seetebosigo ya ngwaga wa 2011, ba Botswana Netball Association (BONA) ba ne ba bolelela sechaba gore batshameki ba le lesome le botlhano gore ke bo mang ba ba yang go tshameka ko metshamekong ya dichabachaba ya 2011 World Netball Championships e e simololang ka kgwedi ya Phukwi e tlhola malatsi a le mararo go ya go malatsi a le lesome kwa lefatsheng la Singapore.  Mo setlhopheng se se pikilweng, batshameki ba le lesome le bobedi ba tlhojwa go emela lefatshe la Botswana mo tournamenteng e tlabong e tswerwe go simolola ka kgwedi ya Phukwi e tlhola malatsi a le mararo go ya go malatsi a le lesome. 




#Article 224: Phuthego ya BDP (1102 words)


Phuthego ya Botswana Democratic Party (BDP) ke phathi ee busang mo Botswana.  Modulasetilo wa yone ke rre Daniel Kwelagobe.

BDP e thailwe ke rre Seretse Khama, yo o akgolelwang go kgolo ya itsholelo le sepolotiki sa Botswana. Phathi e e thaetswe mo magaeng a setswana, ebile ka dinako dingwe  e ne e tle e bidiwe phathi ya kgosing(go tewa Seretse Khama). Mo ditlhophong tsa bofelo, phathi e e ne e gapile masome a matlhano le boraro mo lekgolong(53.26%) a ditlhopho tse di tlwaelesegileng le ditilo dile masome amane(45) mo go tse masome a matlhano le bosupa(57). Ntlhopheng wa phathi ya Tomokoraga Ian Khama ke ene tautona wa Botswana gompieno. 

Ka ngwaga wa 1961 ,Seretse Khama o thaile phathi e. Pele ga boipuso bo tsewa ka ngwaga wa 1966, e ne e bidiwa kana e itsege ka leina la Bechuanaland Democratic Party. E rile ka kgwedi ya Phalane  e tlohla malatsi a le masome a mararo ka 1966,dikeletso tsa ga khama tsa go ipusa tsa atlega. Mo ditlhophong tsa ntlha tsa botlhe ka ngwaga wa 1965,phathi ya gapa ditilo tse di masome a mabedi le borobabobedi  mo go tse masome a mararo le bongwe. Khama a nna tautona wa Botswana.

E ntse e le yone phathi e e itsegeng mo ditlhophong tsotlhe go simolola nako e boipuso bo neng bo tswewa. ka fa tlase ga boeteedipele jwa Phathi ya tomokoraga ,tlhabolo ya tsa tsa itsholelo e godile fela thata. Botswana o atlegile  ka maemo aa kwa godimo mo ditlhabololong le puso ya batho ka batho.

Rre Festus Mogae o dirile ele ene tautona wa lefatshe go tloga ngwga wa 1998 go fitlha 2008. O ne a abelwa tlotla ya Grand Cross of the Legion d'honneur ke Tautona wa French rre Nicolas Sarkozy ka kgwedi ya mopitlo e le masome a mabedi ka go nna sekai mo bogoging le go dira Botswana  seelo sa puso ya batho ka batho le go busa ka tshiamo. Rre Mogae o ile a gapa Ibrahim Prize  ka 2008 ele katlego mo boeteledipeleng jwa Africa

Rre Ian Khama, ngwana wa ga tautona wa pele rre Seretse Khama, o tseneletse phathi e pele ga ditlhopho tsa 1999. Mo bogompienong  phathi e faraferwe ke makgamu ebile ba ela dilo tlhoko bare fa botho/maitseo  asa gatelelwe,phathi e e tla thubega. lekgamu lengwe(le le ipitsang  Barata-Phathi) le eteletswe pele ke rre Ponatshego Kedikilwe, le mokwaledi mogolo wa pele rre Daniel Kwelagobe,fa  lekgamu le lengwe (le le ipitsang The A Team) le eteletswe pele ke matona ;rre Jacob Nkate le Mompati Merafhe. Lekgamu le lengwe la A team le ne le eteletswe pele lantlha ke Tautona  rre Festus Mogae le mothusi wa gagwe rre Ian Khama. Bobeding jwa bone ba ikgoetse ko ntle ga makgamu a le fa ntswa ba ntse ele maloko a 'The A Team

E rile kgedi ya Moranang e tlhola letsatsi ka 2008,rre Ian Khama a tlahtlogela mo maemong a botautona ele tautona wa bone wa lefatshe la Botswana, ka go rialo a tlogela bodulasetilo jwa BDP Phatlha  ya bodulasetilo e ne jaanong ya tsewa ke modiri yo o boikanyego  le yo o berekileng ka lobaka Daniel Kwelagobe.Mo ikanisong ya gagwe, rre Ian Khama o nankotse tebelopele ya setshaba ya 2016.

Mo bosheng Phathi e kgaogane,Barata Phathi ya itlhamela Botswana Movement for Democracy,jaanong a-team le maloko a mangwe a Barata Phathi a setse kwa Tomokoraga,se se tla morago ga go palelwa ke go buisanya magareng gta makgamu ka rre K Masire(tautona wa pele).

Baemela ditlhopo ba phathi ya Botswna Democratic Party (BDP) mo kgaolong ya Kweneng Borwa Botlhaba ba gakolotswe gore ba tshwanetse ba tlotla, go reetsa le go rata batlhophi ba bone.Mopalamente wa Tati botlhaba, Rre Samson Guma o buile se kwa phutegong ya phatlalatsa ee ne e tshwaretswe kwa motseng wa Metsimotlhabe.Rre Guma a re tiro ya boeteledipele ke go buelela batho, ka jalo bontlhopheng ba tshwanetse ba ipotsa gore ba ya go direlang Batswana morago ga ditlhopo.A re ba tshwanetse go rekisa maitlamo a Domkrag, a supa gore maitlamo a phathi eo ga se go bua ka diphathi tsa kganetso mme ke go supa se e leng gore ba tlaa se dira morago ga ba sena go tlhophiwa.Mopalamente Guma a re bontlhopeng ba tshwanetse go tlhaloganya dikgwetlho tsa Batswana mme e re morago ba sena go tlhophiwa ba bone gore ba ka fedisa mathata a go nna jalo jang.O ne a ba gakolola gape gore Batswana ba batla ditiro tsa boeteledipele, ka jalo ba tshwanetse go nna tlhaga mo ditirong tsa bone fa ba ka tlhophiwa jaaka makhanserala kgotsa mapalamente.Rre Guma supile gore puso e na le dikgwetlho tse di ntsi fela thata mme fa dikgwetlho tse di sa fedisiwe ke boeteledipele ga go na mosola gore boeteledipele bo tlhophiwe, ke gone ka moo go leng botlhokwa gore boeteledipele e nne batho ba ba tlaa kgonang go buelela Batswana.O tsweletse ka gore Batswana ba batla ditiro mo go bontlhopeng e bile ba batla batho ba ba ka kgonang go fetola matshelo a bone.O ile a raya batlhopi a re puso ga e ke elekelediwa ke ka mong ba tshwaentseng go tlhopa Domkrag ka ntlha ya gore eitseng tsamaiso ya puso ya batho ka batho, a supa gore phathi e ga ya tsaya tsamaiso ya puso ya batho ka batho kwa mafatsheng a sele ba e sere mo ngwaong ya lefatshe leno mo dilo di tshwanang le dikgotla.

Rre Guma o supile fa BDP e le phathi ee nang le ditso ebile e nale boitseanape jwa go busa ka puso ya batho ka batho , a ba gakolola gore ba ye go tlhopa phathi ee nang le mananeo a a itsegeng.Mopalamente wa kgaolo ya Okavango, Rre Vister Moruti e ne go gakolotse batho ba Metsimotlhabe gore ba seka ba dira phoso ya go tlhopa diphathi tsa kganetso a re fa ele gore ba batla ditlhabololo ba tshwanetse ba tlhopa phathi ya Domkrag.Rre Moruit a re phathi ya BDP e kgona go diragatsa di tsolofetso tsa yone ebile a supa fa ba dira ditsolofetso tse di kgonagalang ebile di tshepiwa, gape a re Domkrag e tshwere gotlhe , lorato , ditlhabololo le tebelopele.Mme Lesego Motsumi yo eleleng mopalamente wa kgaolo ya Borwa botlhaba borwa ene o rile phathi e e kgathala thata ka Batswana le matshelo a bone , ka jalo a re fa ele gore BDP ke yone ee busang batho ga ba tshwanela go tlhopa diphathi tsa kganetso ka gore diphathi tsa kganetso ga dina mananeo.O ne a kopa batho ba kgaolo e go tlhopa mokhaserala wa Domkrag ga mmogo le mopalamente wa phathi eo gore batle ba kgone go dirisana mmogo ba lebile mananeo aa tshwanang.




#Article 225: Dijo tsa Setswana,Botswana (1395 words)


Dijo tsa lefatshe la Botswana di kgethegile le fa di na le mekgwa mengwe e e tshwanang le dijo tsa mafatshe a mangwe a mo Borwa jwa Aferika. Dikai di akaretsa phaletshe,setampa,magwinya le phane. Dijo tse di kgethegile sa lefatshe la Botswana di akaretsa seswaa,nama e e lokilweng thata e bo e thugiwa.

Mebaraka ya Botswana e tletse ka mefuta e le mentsi ya dijo. Dingwe di lemilwe gone mo Botswana go dirisiwa temo ya nosetso fa tse dingwe di tsewa kwa mafatsheng a baagisane. Nama ya selekanyo se se kwa godimo le boleng jwa bo kgatlhisang  e dirwa mo Botswana.  Nama ya nku, koko le  dinama  tse dingwe di dintshi thata. Nama ya kgomo ke yone nama e e tlwaelesegileng thata e latlelwa ke ya podi. Tlhapi ya noka le yone ke nngwe ya dijo tsa Botswana.

Mabele le  mmidi ke tsone dimela tse thata di lengwang mo Botswana.
Borotho le raese le mefuta e mengwe ya  dijo tsa losika lwa raese kgotsa borotho ga dilengwe mo gae di tswa kwa mafatsheng a sele. Mefuta e le mentshie ya dinawa e lengwa mo gae, e tshwana le cow peas, ditloo, and letlhodi. Manoko le o ne a lengwa mono. Merogo e le mentsi e lengwa mono e tshwana le spinach, carrots, cabbage, dikwii, matapole, ditamati, dipotata le lettuce. 

Go na le merogo e e tlhogang ,mo sekgweng e e nnang teng ka dipaka dingwe. Morogo wa dinawa ke dijo tsa setswana tse di tlwaelesegileng thata.

Go nna le maungo a le mantsi mo lefatsheng la Botswana a a akaretsang morula.  Go dumelwa fa magapu a tlholegile mo lefatsheng la Botswana mme nna mantsi ka paka ya one. Mefuta e mengwe ya magapu e akaretsa lerotse kgotsa lekatane le le lone le lemiwang mono. Go nna le mefuta e mengwe ya magupa a naga a a tlhogang mo mafelo a a metlhaba e bile a le dikaka a le botlhokwa mo banning ba dikgaolo tse ka ba a dirisa e le dijo e bile gape e le metsi.   Bontsi jwa merogo e bonwa ka dipaka dingwe mme ebile e a omelediwa kgotsa e lokiwa e le tsela ya go e itsa go senyega. Go nna le metlhale e le mentsi ya go apaya merogo e e omeleditsweng e.

Seswaa kgotsa Chotlho ke nama ya setswana e e apewang mo medirong e e kgetlhegileng. Gantsi e apewa ke borre mo pitsaneng e e maoto mararo kwa leisong,e apewa ka leswai le metsi fela mo molelong o o kwa tlase go fitlhale le butswa thata e bo e nna boruma. Dijo tse dingwe tse di itsegeng thata ke serobe;mala la dirwe tsa podi,nku kgotsa kgomo tse di apeilweng go fitlhelela  di nna boruma.Fa phologolo e le nku kgotsa podi tlhako e apewa le tsone.

Go dumelwa fa koko ya setswana e gaisa ya kgodiso ka seatla ka tatso.  Go apaela moeng koko ya setswana go dira gore a ikutlwe a amogelesegile. Go e apeela mo pitsaneng e e maoto mararo go e e efa tatso ya maemo a a kwa godimo.

Motogo kgotsa bogobe bo apewa ka go faga bopi jwa mabele,jwa phaletšhe kgotsa jwa lebelebele,mme o fudue ka bonya ka bonya go fitlhelela go lowa. Nako tse dingwe bopi jwa mabele kgotsa jwa phaletšhe bo a bidisiwa  bo bo bo jerwa ka maši le sukiri. Dijo tse di bidiwa ting. Ko ntleng ga maši le sukiri,ting e ka jewa ka nama le mrogo e le dijo tsa motshegare kgotsa tsa maitseboa. Tsela e ngwe ya go apaya bogobe ke go bo tsenya madila le lerotse. Dijo tse di bidiwa tophi ke morafe wa baKalanga.

Bopi jwa borotho ke ngwe ya dijo mme bone bo nna le dingwaga bo ntse bo rekiwa go tswa mo mafatsheng a sele.Go nna le mefuta e mentsi ya go apaya borotho e e setseng e itsege lefatshe ka bophara. The most common are dumplings (matemekwane), flat cakes (diphaphatha) and fat cakes (magwinya).
Mo go se boupi jwa borotho bo a dubiwa e bo bo apewa ka ditsela tse difarologaneng ditshwana le go bo bidisa le nama, go bo apaya ka mafura a molelo kgotsa magala.

Dijo tse di itsegeng thata mo mafelong a dikgaolo a akaretsa morama, kungwa e ka fa tlase ga lefatshe e e jewang mme e baka malwetsinyana..[1] Phane ke seboko se kima se se batileng go tshwana le seboko se ka teme ya sekgowa se bitswang caterpillar se se apewang ko magala a molelo, go bediiwa le go gadikiwa[2]  

Dino tsididi le bojalwa ka bontsi di dirwa ke madirelo a Botswana tse di akaretsa  Fanta le Coca-Cola. Local brands ke Castle le Lion beers. Masi a remisiwa go dira madila (sour milk) a a kgonang go nowa e le o ne fela kgotsa a tsenngwa mo motogong. 
Seno se se rategang se se itiretsweng mo lwapeng e se bojalwa ke gemere.

Dino tse dingwe tsedi rategang ke Khadi, Chibuku, Setopoti le Tipi ya mokwatla.

Basimane ba ne ba a ja bogobe jo bo tswang kwa magabone. Borrabasimane kgotsa
bomalomaabasimane ba ba tswang kwa metseng e e kgakala ba ne ba romela dikgetsi tsa
mabele kwa kgosing ya motse o o rupisang, mme go bonwe ba ba ka ba apeelang. Ba motse
bone ba ne ba apeelwa ke bommaabo, ka dipitsa tse di kgethegileng, le maiso a a
lebaganyeng bone fela. Fa go ne go rupa leitibolo, batsadi ba gagwe ba ne ba sa tshwanela
go ja bogobe jo a bo apeetsweng, go twe ba ka mo tshereanya.

Fa bogobe jwa gagwe bo budule, bo, tsholelwa mo mogopong o a tlholang a jela ka one fa a
le mo gae. Bo tshwanetse go tsholwa le go isiwa bo sa le bolelo. Go ne go isiwa dijo gabedi
ka letsatsi mo mosong, fa dikgomo di bolola; le mo maitseboeng, fa di goroga.

Basadi ba kgoro e le nngwe ba ne ba tsamaya mmogo, mme ba fete ba eme fa setlhareng
se ba tla beng ba laetswe go letela fa go sona. Magobe a a feta a tsewa ke
bagokane/makgajane, ba ye go a ntsha, mme ba buse megopo e. Basadi ba fa ba tsena kwa
gae ba tlhatswa megopo e, mme ba e beele kwa thoko. E ne e le moila gore bana ba e
kgome, kgotsa ba e dirise.

Basadi ba ne ba ka nna ba tsisa bojalwa, fa bo le teng, mme bo ne bo nowa ke banna ba
bagolo fela, e seng magwera kgotsa badisa ba bona. Legwetla fa le le teng le lona le ne le
amogelesega, mme e le la banna fela.

Rramosimane kgotsa malomaagwe o ne a ka ntsha kgomo kgotsa podi, gore e tlhabelwe
magwera. Fa e sena go begwa kwa go ‘mogokgo’ e neelwa bagokane go e tlhaba, mme e
jewe ke ba kgoro ya yo o tlhabisitsweng. Kgosi le yona e ne e a tle e ntshe dikgomo kgoro
nngwe le nngwe e bona kgomo. Kgomo nngwe le nngwe fa e sena go ralwa e
tshwarwatshwarwa ke ngaka; e dire moswang wa yona, e be e kgatshe nama yotlhe ka
metswako ya yona. Se se ne se direlwa gore fa e ka re bosigo mongwe a re o tla go tlopola
moswang o, di ye nae.

Pele ga basimane ba a ja ba ne ba tlhapa diatla, mme ba je ka go tlhakanela. Fa ba fiwa 
nama ba ne ba ema ka go tlhomagana, mme e re mongwe le mongwe a ntse a abelwa jaana,
a ete a logediwa ka thupa. 

Bogobe jwa lerotse ke mofuta o mongwe wa dijo tsa Setswana. Bogobe jwa lerotse fela jaaka
dijo dingwe le dingwe, bo apeelwa go jewa ke batho botlhe. Go le gantsi, bogobe jwa lerotse
bo jewa thata ka dinako tsa letlhafula ka e le dijo tse di lemiwang kwa masimo ka nako ya dipula. 
Jone bo apewa jaana; Moapei o simolola ka go kgabetlelela lekatane mo pitseng. 
A pharanye metsi a se kae. A lete metsotso e le masome mabedi gore lekatane le butswe. 
Fa lekatane le sena go butswa, o ka faga boupi jwa mabele mo lekataneng le le budulweng wa fetlha 
go thuba mangope mo bogobeng. O bo o leta metsotso e le lesome gore boupi le jone bo butswe.
O ka pharanya lebese fa o batla go tiisa tatso ya bogobe jwa gago. Jaanong o ka tsholela ba lelwapa 
la gago bogobe jwa lerotse go kganela ramatheka




#Article 226: Motsana wa Bokspits (946 words)


 
Bokspits ke motsana o o fitlhelwang mo kgalagadi mo Botswana. Ke motsana o o ko tlasetlase fa borwa jwa Botswana gape o fitlhelwa go bapa le mololwane wa Aferika Borwa. Bokspits o na le sekolo se se botlana le kokelwana.   Mo palong bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a mabedi le masome a borobobedi.

Mopalamente wa Kgalagadi borwa, Rre Neo Moroka o sa tswa go lekodisa banni ba kgaolo eo ka kwelo tlase ya itsholelo ya lefatshe leno, a re ba nne pelotelele fa go na le ditlhabololo dingwe tse ba di solofeditsweng mme di sa diragadiwe.Fa a buisa diphuthegong tsa kgotla bosheng, Rre Moroka, e bileng e le tona ya papadi le madirlo, o boletse fa lefathse leno le ikaegile ka teemane e go tloga ka Phalane ngogola go fitlha gompieno e iseng e be e rekwe e le ka mabaka a ithsolelo e e ileng tlase ya mafatshe a a ntseng a e reka.A re puso ya lefatshe leno e eletsa go tlhabolola motse mongwe le mongwe, mme ka go ya tlase ga itsholelo ditlhabololo di tlaa diega.A re gape puso e bone gore go seka ga okediwa diphatlha tsa ditiro tsa puso gore bogolo go tladiwe tse di leng teng.O kopile badirela puso go somarela dithoto tse ba di tshwereng tsa puso, a re ba fokotse le yone mesepele e e sa tlhokafaleng.O ne gape a kopa baeteledipele ba maphata go dirisana fa go na le mosepele, ka a re go kopanelwe koloi fa e le gore mosepele o iwa golo go le gongwe.

Banni ba motse wa Staizedum, Bokspits le e mengwe bane ba lekodisa mopalamente ka tlhaelo ya barutana le megokgo mo dikoleng tsa bone, selo se ba reng se ka baka kwelo tlase mo dithutong tsa bana.Mo metseng e mengwe jaaka Gakhibane, Khawa, Khuis le e mengwe ba supile fa ba tlaa aswa ba bo a nyelela ka ntata ya lenyora ka metse ya one e aname thata mo e leng gore le fa khansele e dira maiteko a go ba tlisetsa metsi ka koloi ga a ba lekane, bogolo jang kwa dikoleng mo ngwana a kgonang go idibala go bo go tlhokwa le one a a ka mo kolobetsang leleme tota.Ba ne ba itsese mopalamente fa go na le sediba sengwe se ba se boneng sa nomore ya 9 437 se ba solofelang fa se na le metsi a a ka nowang, ka go rialo ba mo kopa go ba isetsa kopo ya sone kwa go ba ba lebaneng fa ba Kolonkwaneng bone ba supile fa ba bone sa nomore ya 7424.Mogolwane go tswa mo lephateng la thuto, Mme Modiegi Mmila o ne a itebaganya le tlhaelo ya barutabana a re mathata a ba kopanang nao mo lephateng ke go bo barutabana ba gana go tla mo kgaolong ya Kgalagadi le bone bana ba kgaolo tota, mme a solofetsa fa seemo sa tlhaelo ya barutana le megokgo mo dikoleng se tlaa siama mo bogaufing.Mopalamente o ne a akgola ba lephata la metsi ba khansele go bo ba sa ipone tsapa ka go nosa tshaba e e kanakana ka dikoloi, mme a ba kopa go oketsa metsi a ba a isang kwa dikoleng bogolo jang se segolwane gore bana ba kgone go tlhapa le go ja.

Mothusa tona ya Ditiro le Dipalamo, rre Frank Ramsden, a re letlhoko la metsi mo kgaolong eno le bakile gore kago ya tsela ya Middlepits/Bokspits e boele kwa morago.Mogolwane wa tsa boitseanape jwa ditsela, rre Peter Crosslyn, a re sengwe gape se se bakileng gore go dirwa ga tsela eo go boele morago ke lebaka le ba le tsereng gore ba fiwe teseletso ya go epa mmu o ba o tlhokang le gone go batla mafelo a ba ka epang mo go one.A re ka ntlha ya seo ba saletse kwa morago ka dikgwedi di le 12, a re ba kgonne fela go ka dira 27% ya tsela ya go nna jalo, a re mme ba solofela gore e tlaa re kwa bokhutlong jwa ngwaga ono, ba kgone go bula ditselana dingwe gore batho ba kgone go di dirisa.E rile a akgela ka seemo sa tsela eo, rre Ramsden, a re ke nnete tsela eo ga e a siama ka jaana e na le dikhuti le motlhaba o montsi, mme a supa fa a na le tsholofelo ya gore badiri ba yone ba tlaa araba dilelo tsa batho ba kgaolo eo.A re kwa tshimologong ba ne ba lemoga gore metsi e ka nna mathata mo kagong ya tsela eo, a re go lebega fa kago ya tsela e tlaa boela kwa morago thata fa ba setse ba atumela motse wa Bokspits ka ntlha ya metsi.

Mo nakong eno, kompone e e dirang tsela eo, ya Grinaker LTA, e dirile tumalano le ba Aforika Borwa gore ba phunye sediba, ka jalo ba dirile didiba di le pedi go kgabaganya molelwane gaufi le motse kwa Gakhibana.E rile a bua ka kago ya tsela ya Tshabong-Middlepits, rre Ramsden o supile gore ba ne ba solofetse gore kago ya tsela eo e tlaa simololwa ka Moranang monongwaga, mme ga pala ka gore kompone e e neng e filwe tiro eo e ile ya oketsa ditlhotlhwa la bofelo, mme moo ga ba dira gore ba boele gape kwa baikopeding.E rile a itebagantse le matshwenyego a batho gore ke eng go simolotswe ka tsela ya Middlepits-Bokspits, e seng Tshabong-Middlepits, a re ditsela tseo di bona dithuso kwa makgotlaneng a a farologanyeng, a supa gore a tsela ya Middlepits-Bokspits, a gorogile pele.Kago ya tsela ya Middlepits-Bokspits e akanyeditswe gore e lope P200 million, mme go solofelwa gore e bo e fedile ngwaga o o tlang ka Phatwe.




#Article 227: Mme Amantle Montsho (876 words)


Amantle Montsho  (o tshotswe ka Phukwi a tlhola ga nne, ngwaga wa 1983 kwa motsaneng wa Mabudutsamo, Ngamiland, Botswana) ke mme wa motlabogi wa lobelo  le lekhutshwane go tsweng mo Botswana yo o itebagantseng le lebelo la 400 metres. 
O ne a emela lefatshe la gagwe ka ngwaga wa 2004 le 2008 mo kgaisanyong ya Summer Olympic, mme a fitlhelela ko legatong la bofelo ka motsotso wa bofelo. 

O tseneletse gape dikgaisanyo tsa world Championships in Athletics le IAAF World Indoor Championships. Mo bo gompienong ke mmamputi mo lefatsheng lotlhe mo kgaisanyong ya gagwe ya lebelo la basadi la dimetara tsa makgolo a mane a fenya mo nakong ya 49.56 kwa Daegu.

Amantle Montsho yo o fentseng ga bedi bo mmampudi jwa lebelo lwa di metara tse makgolo a mane mo Aferika o ne a ikgapela seetsele sa  gauta, O itiretse leina gape mo metshamekong ya 2007 All-Africa Games, 2010 IAAF Continetal Cup le 2010 CommonWealth Games. 
Phenyo ya gagwe mo motshamekong wa commonwealth ya mo dira motswana wa ntlha go fenya gauta mo kgaisanyong e.

Nako ya gagwe e a gaisang thata ka yone mo lebelong la di metara tse lekgolo ke metsotwana e 11.60, Mo lebelong la di metara tse makgaolo a mabedi o gaisa ka nako ya metsotswna e 22.94,le metsotswana e 49.56 mo di metareng tse makgolo a mane. O ikatisa ko Dakar, Senegal mo High Perfomance Training Center.

O santse a tshwere tlota ya bo mmampudi mo lebelong la di metara tse makgolo a mane mo lefatsheng la gagwe ga mmogo le a kwa ntle.

O kile a tsenelela di kgaisanyo tsa 2004 Olympic Games, le 2006 Commonwealth Games ga mmogo le sejana sa mafatshe sa mabelo ka ngwaga wa 2005 le 2007 mme a tlhoka lesego la go fitlhelela ko ko legatong la bofelo la kgaisanyo.

O fentse seetsele sa selefera mo kgaisanyong ya mabelo a 2006 African Championships le seetsele sa gauta mo mabelong a 2007 All-Africa Games.
 
Kwa metshamekong ya Mafatshe otlhe a Aferika o ne a fetsa a le mo maemong a botlhano mo lebelong la selekanyo sa  makgolo a mabedi. Mo kgaisanong ya mabelo a 2006 IAAF World Cup o ne a fetsa a le mo maemong a borataro mo 4x400 metres relay. O ne a fenya ka nako ya gagwe ya metsotso e le 49.83 mo kgaisanong ya mabelo a African Championships in Athletics. Mme o ne a itirela leina ka e le motswana wa ntlha go fenya mo nakonyaneng e kalo. 
 
E ne ya sala e le dikgakagamalo ka phenyo e ya bommampudi mo motshamekong o. 

O tlabogile kwa dikgaisanong tsa 2008 IAAF World Indoor Championships mme ga a ka a fitlhelela kwa legatong la bofelo morago ga go sa dira bontle mo legatong le le isang kwa makgaolakganyeng.

Montsho o ne a tsenelela mabelo a mafatshe otlhe e le lwantlha ko 2008 Beijing Olympics, mme nako ya gagwe ya 51.18 ya mo tlogela mo maemong a bofelo mo lebelong le. Ngwaga o o latelang, o ntlabogile mo nakong ya 49.89 mo legatong le le fitlisetsang kwa makgaolakganyengnkwa dikgaisanong tsa 2009 World Championships mo mabelong  e e neng e lekane go ka mo fitlisetsa kwa  makgaolakganyeng a selekanyo sa 400 m. O tlabogile ka bonya mo makgaolakganyeng fa go tshwantshangwa le se a se dirileng mo legatlong le le fetlisetsang kwa makgaolakganyeng ka go rialo a nna phokonje jo o tshwarwang ke dintsha. O feditse ngwaga a le mo legatong la botlhano mo dikgaisanong tsa 2009 IAAF World Athletics tsa makgaolakgang.

Ngwaga wa  2010 o ne a fitlhela mompudu o ole ka setlhare wa mo tlela sentle:o ne a atlamela gaufi kwa dikgaisanong tsa 2010 IAAF World Indoor Championships: ka go etelela dikgaisano tsa mo gae le mo legatlong le le fetlisetsang kwa makgaolakganyeng, o ne a gaisiwa mo a feletseng a filwe seetsele sa kgotlho ke mme Vania Stambolova. O ne a tla sentle mo dikgaisanong tsa kwa ntle mo lebelong la  400 m ka go tlaboga, a fenya mme Gabriel Tiacoh mo nakong ya  50.35 seconds – gongwe e kanna bobedi fa pele ga motlabogi ka ene ebong Ndeye Fatou Soumah yo o ileng a fetsa morago ga gagwe.

O ne a sireletsa tota ya gagwe ya bomampudi jwa lefatshe ka bophara mo lebelong la 400 m kwa dikgaisanong tsa  2010 African Championships in Athleticska go tlaboga mo nakong ya 50.03 seconds.

Mo dikgaisanong tsa  2010 Diamond League o ne a fenya metshameko ya  Bislett  mme gape a nna mo boemong jwa bobedi mo lebelong la 400 m fa morago ga motlabogi ka ene ebong Allyson Felix. Montsho o tlabogile ka nako e e kwa godimo ya ngwaga kwa dikgaisanong tsa  2010 Continental Cup kwa a neng a emetse Aferika, o ne a fenya Debbie Dunn go fenya seetsele sa goutla mo nakong ya 49.89 seconds.

O ne a tswelela ka go tlaboga le kwa dikgaisanong tsa 2010 Commonwealth Games. Gone teng kwa o ne a nna motlabogi wa ntlha mo Botswana go fenya goutla mo metshamekong eo! ka go fenya lebelo la 400 m  mo nakong ya 50.10 second.

O ne gape a thusa setlhopha sa Botswana mo lebelong la neelano la 4x400 la makgaolakgang mme ba fetsa ba le mo legatlong la bosupa.

Category:Dikgaisano tsa metshameko ya mafatshefatshe ya Botswana




#Article 228: Ledi la Pula la Botswana (629 words)


Pula   ke madi  a Botswana. E nale khoute ya ISO 4217 BWP  mme gape e bo e kgaoganngwa ka mathebe a le makgolo. Pula o raya pula ka Setswana, ka gore pula ga e bonale thata mo Botswana - bogolo jang kwa kgaolong ya Sekaka sa Kalahari ka jalo se nale boleng. Pula o raya tshegofatso ka jaana pula e tsewa e le tshegofatso. Thebe o raya thebe.

Pula e simolotse ka ngwaga wa 1976, go emisetsa ledi la Aferika Borwa la Ranta . Le fa 12% a ile a wela tlase ka Phukwi ngwaga wa  2005, pula e tswelela fela e ntse e le ngwe ya ledi la boleng jo bo kwa godimo mo Aferika.

Ka ngwaga wa 1976, madi a ne a similolwa ka 1, 5, 10, 25 le 50 thebe le 1 pula.  1 thebe o ne a dirilwe ka tshipi ya aluminium , le 5 thebe ka tshipi ya kgotlho mme a mangwe ka tshipi ya kopore. Madi otlhe a ne a le kgolokwe kwa ntleng ga 1 pula yo o neng a le lenyeketshane. Kgotlho, ya madi a  2 thebe e simolotswe ka ngwaga wa 1981, mme ya emisiwa morago ga ngwaga wa 1985. Ka ngwaga wa 1991, kgotlho e e mennweng e  ne ya emisetsa  5 thebe, nekele e e mennweng yone e ne ya emisetsa  10, 25 gape le 50 thebe le 1 pula a ne a fetlogela  kwa popegong e nyenyane ya, nekele le kgotlho, popego e e lekalekanangya dintlha tse di bosupa.Le e ngwe e e tshwanang ya, nekele le kgotlho ya 2 pula e ne ya simolodisiwa ka ngwaga wa 1994. Ka ngwaga wa 2004, kopana e e ne ya fetogela kwa kgotlhong e e mennweng le popego e ne ya fetolwa.
Ka ngwaga wa 1998, mo go lateleng ga go ntshiwa ga 1 le 2 thebe,madi a manye a 5, 10, 25 le 50 thebe a le ntlha tse di bosupa a ne a simololwa, madi a 5 le 25 thebe gape le 10 le 50 thebe a tlogelwa a le kgolokwe.  5 pula yo o dirilweng ka ditshipi tse di farologanyeng o ne a simololwa ka ngwaga wa 2000 a nale tshipi ya kopore fagare mo kgolokweng e e dirilweng ka Aluminium-Nekele-Kgotlho.

Ka Phatwe a tlhola masome a mabedi le boraro,ngwaga wa 1976, Polokelo ya madi ya Botswana e ne ya simolola madi a dipampiri a 1, 2, 5, le 10 pula; madi a pampiri a 20-pula a latela ka Tlhakolo a tlhola lesome le borataro,ngwaga wa 1978. Madi a dipampiri a 1 le 2 pulaa ne a emisetswa ke madi a ditshipi ka ngwaga wa 1991 le 1994,fa madi a 50 le 100 pula a ne a simololwa ka Phukwi a tlhola masome a mabedi le boferabobedi,ngwaga wa 1990, gape le Phatwe a tlhola masome a mabedi le boraro,ngwaga wa 1993, ka go latelelana. Madi a dipampiri a 5 pula a ne a emisetswa ke a tshipi ka ngwaga wa 2000. Madi a dipampiri a nnete a 1, 2 le 5 pula ne a ntshiwa mo tiriosng ka Phukwi a tlhola ga nngwe ka ngwaga wa 2011.

Madi a masha ka go farologana a ne a simololwa ka Phatwe a tlhola masome a mabedi le boraro ka ngwaga wa 2009, mme e le la ntlha go dirilwe, madi a pampiri a 200-pula.

Ntateng ya  kwelotlase ya itsholelo  kwa Zimbabwe ka ngwaga wa 2006 go fitlhelela ka ngwaga wa 2008, puso ya  Zimbabwe e ne ya letlelela tiriso ya madi a mafatshe a sele e sale ka kgwedi ya Lwetse ngwaga wa 2008 mme madi a mo lefatsheng leo a bo a sa tlhole a nna  le mosola  e sale ka Phukwi ngwaga wa  2009. Ranta ya Aferika Borwa le pula ya Botswana a letlelwa mo Zimbabwe.

 




#Article 229: Motse wa Kanye, Botswana (687 words)


 

Kanye  ke toropo e fitlhelwang mo borwa jwa Botswana. ke kwa go fitlhelwa ntlo kgolo ya ditsamaiso mo kgalong ya Borwa.Kanye o na le ntlo e kgologolo ya ditsamaiso mo Botswana, e tlhamilweng ka ngwaga wa 1853. Ke motse-mogolo wa  morafe wa Bangwaketse ba kgosi ya bone e leng Kgosi Malope wa bobedi morwa Seepapitso  wa bone. Kanye ke one motse wa mmatota wa morafe wa Bangwaketse, ka moo morafe o ke one o mengwe ya merafe e megolo thata mo Botswana. Motse o tlhagile thata kwa dithabeng tse di mo kgaolong ya borwa jwa Botswana. Motse o o dikaganyeditswe ke Moshupa, Lobatse, Jwaneng gape go tsaya metso e le masome mane le botlhano go kgweetsa o tswa Gaborone, yo o leng toropo kgolo ya Botswana.

Go nnile le Pego ya metsetso e le masome a a robang bobedi ka lolwapa lwa bogosi jwa Bangwaketse kwa Kanye go tloga ka ngwaga wa 2003 go fitlha ka ngwaga wa 2005 ee e biditsweng Kwa mosasaneng wa ga mma kgosi 

Mothusa tona wa dikgaolo mme Botlogile Tshireletso o gakolotse ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse wa Kanye go nna seopo sengwe, go dira ka natla go isa ditlhabololo kwa morafeng.Mme Tshireletso o ntshitse kgakololo eo mo phuthegong e a neng a e tshwere le ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse bosheng go lekodisana ka tse di amang dikomiti tseo, di akaretsa mananeo a tsone, a di a kgonneng le a a padileng ga mmogo le ditharabololo tsa bothata jo.O tlhalositse gore diphuthego di tshwana le tse, di botlhokwa ka, ka tsone ke gone go ka bonwang gore a ditlhabololo di goroga kwa bathong le go bona gore mananeo a tshwana le la Ipelegeng a ntsha maduo a a nang le boleng.

A re dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ke tsone di tsenyang leitlho mo ditlhabololong, a tlhalosa fa lephata la gagwe le tlhophile go nna le phuthego go sekaseka gore ditlhabololo di tsamaya jang le go amogana megopolo le ba ba amegang.O gakolotse baduladitilo ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse go etelela pele mananeo a Ipelegeng ka kelotlhoko ka ke bone ba itseng dikgwetlho tse di amang mananeo a.O tlhalositse fa ditogamaano tse di beetsweng fa thoko ka ntlha ya letlhoko la madi, di beilwe leitlho gore fa itsholelo e tokafala di bo di dirwa mme a re ba tlaa tsaya dikgakololo tsa VDC tsia ka dinako tsotlhe.O rotloeditse ba dikomiti tsa ditlhabololo go nna ba fana sebaka, ba ntsha megopolo mme e sekasekiwe gore maduo a tle a bonale.Mme Tshireletso o kopile ba VDC go fokotsa dikoloto tsa bahirisi ba matlo ka go dira ditumalano le batho pele ga ba tsena mo matlong ka go netefatsa gore ba duela leng le gone go netefatsa gore madi a a phuthwa pele ga kgwedi e felela ruri.

O rotloeditse ba dikomiti ka go farologana go fa batho maele a go itirela go leka go nyeletsa lehuma a re ba seka ba lebagana le go thapa batho mo Ipelegeng le go ba phakisa fela.Moeteledipele wa komiti e tona ya ditlhabololo tsa motse Rre Patson Motswagae, o ne a lekodisa mothusa tona ka maikaelelo a bone a go nna le melelwane ya bone e e ba farologanyang le ya sepolotiki gore ba kgone go itebaganya le ditlhabololo.O kopile mothusa tona go tsibogela letlhoko la dikomiti tsa gagwe a tlhalosa fa di lebalwa fa go dirwa tshekatsheko ya madi.E re dikgang di eme jalo, Rre Kagiso Moleti o tlhalositse fa ditlhabololo di dirwa ka botlhale e seng ka thutego mme a kopa dikomiti go tlhagafala go itirela.Batsena phuthego ba ne ba supa matshwenyego mabapi le go sa dirisaneng sentle ga bone le ba boipelego.Ba kopile mothusa tona go bona gore ba ka golaganya dikomiti jang le maphata a mangwe a puso gore ba kgone go ntsha maduo.Fa a araba, mothusa tona o ne a tlhalosa fa go tlaa sekasekwa sebaka se komiti e se tsayang gore e tle e ntshe maduo.O supile fa go tlaa tsibogelwa dingongora dipe tse di amang ba boipelego ka a supa fa di golela pele.O kgothaditse dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, makhanselara,dikgosi,le badiri ba boipelego go dira mmogo.




#Article 230: Merwalela ya kwa lefatsheng la Mozambique ka ngwaga wa 2000 (653 words)


Morwalela kwa Mozambique ka ngwaga wa 2000 e ne e le sebetso sa tlholego se se diragetseng ka kgwedi ya Firikgong le Mopitlo ka ngwaga wa 2000. Morwalela o masisi ke pula e ntsi e e neleng lebaka la dibeke tse tlhano e e tlogetseng bale bantsi ba sena metse. Palo gotlhe ya ba ba tlhokagetseng e ne e le makgolo a ferabobedi fa mafelo a phodiso a selekanyo sa 1,400 km² a ne a amegile le dikgomo di le dikete tse masome mabedi di ile tsa swa le tsone.

E ne e le mengwe ya merwalela e e maswe thata mo lefatsheng la Mozambique mo dingwageng tse di masome a matlhano .

Merwalela e simolotse ka Tlhakole a tlhola borobabobedi ka dipula tse di neleng thata go kgabaganya Aforika Borwa , Botswana le Swaziland le one a ne a amegile. Mozambique o ne a amogela dipula tse di fetlang selekanyo mme toropo kgolo ebong Maputo ya nna le morwalela. Dipula tse di sa emeng tsa tswelela fela mo kgweding ya Tlhakole e tlhola lesome le motso, mo molapong wa Limpopo mo Mozambique, lotshitshi la noka ya Limpopo le ne la thubega , se sa tlhola ditshenyegelo tse di maswe; banni mo lefelong leo ba tsenwa ke malwetse.
Ka kgwedi ya Ferikgong e tlhola malatsi a le mabedi setsuatsue sa Cyclone Leon–Eline se na sa tlhasela bontlhabongwe jwa Mozambique go bapa le Beira Ka kgwedi ya Firikgong e tlhola malatsi a le masome mapedi le bosupa merwalela e ne ya imelela mafelo a ko tlase a thuo ntlheng tsa Chokwe le Xai-Xai.

Batho ba ka feta dikete di le masome a mane le botlhano ba ne ba halotswa fa godimo ga borulelo jwa matlo, ditlhare le mo mafelong a mangwe a a kgaoganeng. Maiteko a a ne a dirwa ke batho bangwe ba Mozambique bale sekaenyana fela ba dikepe. Goromente wa Afrika Borwa, Malawi le Mozambique o ne a abela ba setlhopha sa thuso ya potlako difofane tsa 
lefetlho. Sengwe sa dikapo tse di neng di utwlisa botlhoko ka merwalela e e ne e le mme Sofia Pedro yo o neng a belegela mo setlhareng a dikaganyeditswe ken metsi.
O ne a thuswa ke ba lephata la Afrika Borwa la sesolo sa difofane ba ba ileng ba mo fufisetsa le losea la gagwe kwa Chibuto. Kgatlo ka goromente le makalana a lefatshe ka bophara e le bonya. Didirisiwa tse di thusang di gorogile go tswa Europa le Bokone jwa Amerika morago ga beke tse tharo morwalela o simolotse.

Morwalela o amile themothuo ya Mozambique ka tsela e utlwisang bothoko. Bana ba ka nna bararo(????) baile ba latlhegelwa ke botshelo ka mabaka a tlala, ga ba sena go kgaoganngwa le masika a bone ba ba mo ditlhaketlhakeng.90% ya dikago tsa temo ya nosetso ya lefatshe le e ne ya senyega, go baka tlhathlegelo e kgolo ya temothuo. 1,400 km² ya mafelo a temo le mafudiso a ne a a lathlegela lefatshe le, e tlogela 113,000 metsana ya leruo e sena sepe.Dikgomo di le dikete tse masome a mabedi go begilwe fa di sa bonwe, ga bontsi go belaelwa di nwetse mo metsing kgotsa di amilwe ke bolwetsi. Melatswana e metona ya borwa jwa Beira e ne ya amiwa ke go tlala mo go feteletseng gwa dinoka.

Dikolo di makgolo a le marataro le masome a mararo di ne tsa tswalwa, di tlogela bana ba le dikete di makgolo a mabedi le lesome le bone le barutabana ba sena matlo a borutlelo. Dikago tsa botsogo di le masome a mane le bobedi di senyegile, di akaretsa sepatlela se setona sa Beira Central Hospital. 
Diphologolo di ne tsa bonwa di sule, jaaka di ne di feelwa ke maatla a magolo a metsi.

Goromente wa Mozambique o kopile $450 million mo mading a mafatshe ka bophara a thosu ya potlako kwa bokopano jo bo neng bo tshwaretswe kwa Rome ka kgwedi ya Motsheaganong ka ngwaga wa 200. 




#Article 231: Selekanyo sa Boimana (539 words)


Selekanyo sa Boimana   mo go alafiweng ga go sa tshola ke  selekanyo se se atlegileng  sa boimana. Ke bontlha bongwe mo lekgolong jwa tekeletso e e bakang boimana,ditekeletso tse  ka kakaretso go raya fa motho a tsena mo kgweding fa go tsengwa  kgotsa go dirisiwa sengwe se e seng sa tlholego , se se ka nnang motlhofo go tsengwa ga sengwe se eseng sa tlholego (AI) kgotsa tsotlhe ka kakaretso mo vitro fertilization.

Ga go na tlhaloso e e letlelelwang lefatshe ka bophara ya lefoko le. Ka go rialo mo selekanyong sa boimana jwa  IVF  go itebagantswe le kalafi ya sedika e e dirisiwang, didika tse di tsamaileng mo lenaneong la oocyte retrieval, kgotsa didika tse  ngwana a fetlotsweng di ne tsa dirwa. Mo diteng moragang, boimana ba ka raya bimana jwa boammaruri , bosupi jwa boimana  kangwana kgotsa go ipaya ga ngwana mo popelong ya ga mmagwe  (ka go rialo go papamadiwa  ka go re selekanyo sa go ipaya ga ngwana mo popelong ya ga mmagwe ). Fa go tswelelwa, selekanyo sa boimana se ka rotloediwa mo IVF ka go fetlola bana ba le bantsi mo go ka bakang tsholo ya bana ba le bantsi. Tlhaloso e e tsepameng mo  IVF e ka raya selekanyo sa boimana bo le bongwe se se kayang gore matshelo a a ka tsholwang fa go tshwantshangwa le didika tsa IVF.

Mo ntlheng e nngwe, selekanyo sa katlego se akaretsa kgotsa go nna teng ga losea le le tshelang(jaaka go ka twe selekanyo sa katlego  kgotsa tsholo ya masea a a tshelang  ka go latelelana). 

Selekanyo sa tsholo ya masea a a tshelang ke bontlha bongwe mo lekgolong jwa sedika se se elang kwa masea a a tshelang, gape ke selekanyo sa boimana jo bo katlolositsweng sa boimana jwa tshenyegelo gape le  masea a a tsholwang a tlhokafetses.
Fa go abelelwa, ka ngwaga wa 2007, dikokelwana tsa kwa Canada di nshitse kakanyo ya  Selekanyo sa tsholo ya masea a a tshelang ya selekanyo sa masome a mabedi le bosupa mo lekgolong go nale  vitro fertilisation. 

Mo IVF kgotsa le kwa le tswang teng, Selekanyo sa go kopana ga peo ya ga Rre le Mme  go ka dirisiwa go kala gore di kae oocytes tse di kopanang le karolonyana e nye ya setshidi ya peo ya ga Rre. Selekanyo sa peo e e kopana ya peo ya Rre le Mme  ya lefela mo sedikeng ,kwa go senang oocytes e felela di kopana, e bidiwa go sa kgonagala ga kopana ya peo ya Rre le Mme ka tshobokano . Kalafi e e boeletswang ya ICSI e ka dirisiwa kgotsa fela e le dipilisi ka go sa kgonagala ga kopana ya peo ya Rre le Mme ka tshobokano.

Ka tshoboko,selekanyo sa boimana sa AI ke lesome go ya kwa selekanyo sa lesome le botlhano mo lekgolong la sedika sa go tsna mo kgweding fa go dirisiwa ICI,gape le selekanyo sa lesome le botlhano go ya kwa masome a mabedi mo lekgolong sa IUI.

Ka maranyane a a tlokafaditsweng, selekanyo sa boimana di thatafalela pele mo bogompienong fa go tshwantshanngwa le maloba. Ka ngwaga wa 2006,dikokelwana tsa kwa Canada di ntshitse kakanyo ya kakaretso a selekanyo sa boimana e le  masome a mararo le botlhano mo lekgolong. 




#Article 232: Setlhaketlhake sa Impalila (210 words)


Impalila  (yo nako dingwe a kwadiwang gotwe Mpalila ) ke setlhaketlhake se se kgakala mo botlhaba jwa ntlha ya lefatshe la Namibia, se se thibetsweng mo bokone ke metsi a noka ya  Zambezi  gape le mo borwa le mesi a noka ya  Chobe . Ke motse wa banni ba ka tshwra masome a mararo mo metsaneng  e le masome a mabedi le botlhano, go akarediwa Batswana  (go tswa mo Botswana) gape le  morafe wa Masubia  (go tswa mo  Namibia).

Impalila gantsi o tsenwa ka  Kasane mo Botswana, mo ntlheng ya lotshitshi la noka ya  Chobe. Go nale letso la ma Namibia gape le poso ya ba lephata la tsa phudugo mo setlhaketlhakeng. Gape go nale lefelo la maemelo a difofane la selekanyo sa lekgolokgolo le makgolo a mararo le di fofelang mo go lone, le le dirisiwang ke ba kompone ya charter flights go tlisa bajanala mo mafelong a go gorogelang baeng mo go one mo setlhaketlhakeng. Lefelo la difofane le ne le dirisiwa ke masole ka ngwaga wa 1980 ke sesole sa Aferika Borwa , ka botlhale lefelo le le mo boemong mo go lebaganeng le   Botswana, Zambia gape le Zimbabwe.

Impalila o eteletswe pele ke kgosi,yo o nang le ditlhata tsa go ka abela batlhoki lefatshe.

South Aferika




#Article 233: Motsana wa Pitseng, Botswana (518 words)


Pitseng  ke motsana yo o mo  Botswana. O ikaegile fa gare ga toropo ya  Jwaneng le Moshupa mo kgaolong ya borwa. Plo ya batho ba Pitseng e ne e le makgolo a boferabobedi le masome a matlhano mo palo bahong ya ngwaga wa 2001. Mong wa motsana  ebong(Kgosi) ke  Mmolotsinyana Mafhoko.

Makhanselara a kgaolo ya borwa a kopile puso go emisa go dira diphetogo tse di dirwang kwa polaseng ya Banyana ka gore ga e a ba rerisa.Ba ne ba ntsha dingongorego tseo kwa phuthegong ya khansele, e e neng e biditswe ke mothusa tona ya temothuo, Rre Oreeditse Molebatsi ka Mosupologo.Makhanselara a ne a supa gore a swabisitswe ke dipapatso tse di ntshitsweng mo bosheng tsa go hirisa lefatshe la selekanyo sa diakere di le lesome mo polaseng eo ba sa rerisa bagolwane ba kgaolo jaaka kgosikgolo le one makhanselara.

Ba ne ba supa gore bontlha bongwe jwa polase eo, jwa sekidi sa diekere di le 22 0000, bo mo kgaolong ya ga Ngwaketse, ka jalo ba bona go tshwanetse gore go rerisiwe kgosikgolo ka lefatshe la bone.Mokhanselara wa ntlha go akgela e ne e le Kenalemongwe Mopipi wa Ranaka, a supa gore jaaka lephata la ditsha le la kaboditsha la ga Ngwaketse le bapaditse ditsha tseo mo dipampiring ka go farologana, go supa gore ga go na puso ya batho ka batho. Mokhanselara Abram Dibeela wa Pitseng le ene o ne a tlatsa mafoko a ga mokhanselara Mopipi ka gore ga a itumedisiwe ke se se dirilweng. 

Mokhanselara wa Lotlhakane West, Rre Obakeng Modisaotsile, o ne a supa gore  thulaganyo e e tlaa solegela molemo balemibarui ba ba itsholetseng fela.

Mokhanselara Lentswe Mosanako wa Moshupa East, ene o ne a ngongorega ka gore kgaolo ya borwa e boleletswe gore ga e sa tlhole e na le lefatshe le le ka dirisediwang dipolase, o makatswa ke gore puso e bo e tsere tshwetso e. O ne a supa gore ka ntlha ya tlhaelo ya lefatshe, balemibarui ba kgaolo ya gagwe ba paletswe ke go dirisa mananeo mangwe a puso a a ka ba solegelang molemo. O ne a solofetse gore ba tlaa bona sengwe mo polaseng ya Banyana, gore ba tle ba akole mananeo jaaka Batswana ba bangwe.E rile fa a ntsha la gagwe, modulasetilo wa khansele ya borwa, Rre Leach Tlhomelang, a re “go mo pontsheng” gore therisano ga e a dirwa jaaka makhanselara a bolela.O ne a supa gore dingongorego tsa makhanselara a di ntshang di supa gore batlhophi ba bone ga ba a itumela mme a kopa gore go emisiwe mogopolo wa go bapatsa go hirisa lefatshe leo.

Le fa go ntse jalo, mothusa tona o ne a supa gore dikakgelo tsa makhanselara di supa gore di ka tswa di tsamaile bogole golo gongwe. O ne a bolela gore o tlaa isa dingongorego tsa bone kwa bagolwaneng gore ba sekaseke kgang e.Rre Molebatse, yo e leng mopalamente wa Tswapong borwa, o ne tlhalosetsa makhanselara gore dipapatso tse di ntshitsweng ga se tsa go rekisa lefatshe, ke tsa go le hirisa gore balemibarui gore ba oketse thobo ka gore seemo sa yone se kwa tlase.




#Article 234: Motsana wa Mosetse (717 words)


 
Mosetse  ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motsana o o iphaphathile fa thoko ga tsela e e tswang  Francistown e fetela  Nata. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo tsa batho di ne di le lekgolokgolo,makgolo a borataro,masome a borataro le motso. Mosetse o ikaegile fa lotshitshing la noka ya Mosetse,e e kgwelang kwa  Sua Pan,e eleng bontlha bongwe jwa Makgadigadi Pan.-

Kgosi ya ntlha e ne e le Rre mongwe a bidiwa Nfila, yo tlileng mo motsaneng e le molemisi. mme kgosi ya gompieno ke Kebailele Polokakgolo. palo ya batho e solofelwa go bo e oketsegile ka ntateng ya ponagalo gape le go bulwa  ga moepo wa Kopore mo motsaneng. ka seo, motse yo o ntseng o sa tlhabololwa, o tla simolola go tlelwa ke ditlhabololo jaaka sekolo sa bobedi se se potana le kokelwana.

Banni ba Mosetse motsana o o nale batho ba letso la Sekalaka gape le  Basarwa. Mmusi ike mongwe wa banni ba  mosetse yo o tsenang kwa Mmadikolo wa  Botswana.Batho ka bontsi ba ikaegile ka temo thuo go itshetsa ka dijoba bangwe ba akaretsa ba lelwapa la bo Kehitile ba ba tlileng ba tswa kwa motseng wa  Tutume ba eteletswe pele ke Kehitile Madubeko. Lesley Tibabo kehitile ke mongwe wa baalogani ba kwa motsaneng wa Mosetse.

Khansele potlana ya Tutume e ne e tshwere thuto-puisano ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse kwa Marapong bosheng. Thuto-puisano e e ne e tsaya malatsi a le mabedi, maikaelelo e le go tlhatlhelela maloko a dikomoti tsa ditlhabololo tsa metse, a a tlhophilweng bosheng ka kitso yotlhe e e tlhokegang go bereka ka ditlhabololo tsa metse ya bone. Metsana e e neng e tseneletse thuto-puisano e ke Lepashe, Kutlamogoreng, Marobela, Semitwe, Matsitama le Mosetse. Motse mongwe le mongwe o ne o na le maloko a komiti ya ditlhabololo a le matlhano mme ba tladitswe ke kgosi ya motse le mokhanselara wa bone.Barutuntshi e ne e le bo mmaboipelego, bagolwane ba tsa ditlhabololo tsa metse, bakwaledi bagolo ba khansele ya Tutume gammogo le badupi ba dibuka tsa madi. Fa bokopano jo bo dirwa mo Marapong jaana, bo ne bo sa tswa go tshwarwa ga kwa dikgaolong tsa boGweta le Maitengwe mo dibekeng tse di fetileng. 

Maikaelelo le maikemisetso a bokopano jo ya bo e le go rutuntsha maloko a masha a, le go ba fa dithuto tse di tlaa ba thusang go tsamaisa ditlhabololo le go tokafatsa matshelo mo metseng ya bone. E rile a buisa bontsi jo bo tsileng, mothusa mokwaledi mogolo wa khansele ya Tutume Mme Kene Mololwane a tlhalosa fa thuto-puisano e e tshwaretswe go tlhabolola matshelo mo metseng ka go rutuntsha bagolwane ba motse ka ditsela tse di maleba tsa go tlhabolola metse ya bone. Mme Mololwane o tlhalositse gore mmuso wa Botswana o ikaeletse thata e bile o ikemiseditse go tlhatlhelela ba e leng baeteledipele gore ditlhabololo tsa metse di nne bofefo. Dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, ke tsone tse di ka tlhabololang metse. Maloko ao ka e le beng ba metse ba itse botoka metse ya bone le tseo ba di tlhokang, ga bua Mme Mololwane yo a tsweletseng ka go tlhalosa fa maloko ao a tlhokana le go rutwa go etelela le go fefosa ditlhabololo. Mme Mololwane o buile fa maloko a dikomiti tseo a tsile go rutwa ka go tsamaisa dikomiti, go ba ruta ka ditsela tsa go tlhokomela madi, go a dirisa sentle le gone go a godisa. O tlhalositse fa maikaelelo e le go lemotsha badulasetilo, bakwaledi le batshwaramadi ba dikomiti tseo tsamaiso yotlhe e e ba lebaneng. 

Mongwe wa dibui tsa tlotla Rre Imi Phili, yo e leng modulasetilo wa lephata la ditlhabololo tsa metse le tsa boipelego (Community Development and Social Services), gape e le mokhanselara wa Tutume, o buile fa bontsi jwa dikomiti tsa ditlhabololo di tlhaelelwa ke kitso e e maleba. Dikomiti tse dingwe di retelelwa ke go tlhabolola metse ka gobo maloko a se na boitseanape jwa go tlhabolola, go tshwara madi le gone go dirisana sentle le banni ka maikaelelo a mangwe a go tokafatsa matshelo a setho, ga bua Rre Phili.Rre Phili o kopile jalo maloko a dikomiti tseo go nna ba tsaya dithuto tsa go nna jalo ka tlhoafalo ka e le maiteko a mmuso go tokafatsa bodiredi, le go tsisa maduo mo setshabeng.




#Article 235: Motse wa Marapong (818 words)


 
Marapong ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O mo bophirima jwa toropo ya Francistown, mo tseleng e e yang kwa borwa e kopanya Francistown go ya Nata. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le sekete le makgolo a mane le masome a mararo le borobabongwe.

Modulasetilo wa mokgatlho wa Bomme ba Thapelo kwa motseng wa Marapong o kgothaditse botlhe ba ba nang le bokgoni go thusa puso go diragatsa matshego a Tebelopele ya 2016. E rile a bua kwa moletlong wa kabo ntlo o o neng o diretswe ba lolwapa loora Dambe kwa motseng oo, Mme Kopano Bapileng a re batho ba tshwanetse go itse gore go thusa puso mo go tlhabololeng Batswana baba kobo dikhutswane ke ntse ke tsela nngwe ya go tlhabolola metse ya bone. A re e le ba mokgatlho wa Bomme ba Thapelo, ke maikaelelo a bone go thusa Batswana ba ba tlhokang thuso lefatshe ka bophara, e seng mo motseng wa Marapong fela. Mme Bapileng one gape a rotloetsa batho go nna ba ntsha letsogo fa dikereke di kopa dithuso di tshwana le madi ka gonne go a iponatsa gore kereke e dira eng ka madi ao. 

Mokhanselara wa kgaolo Rre Jabulani Vuke o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Mme Bapileng, a tlhalosa fa puso a tlhoka thuso mo go tlhokomeleng Batswana ba ba kobo dikhutswane, mme a re se mokgatlho wa Bomme ba Thapelo o se dirileng ke maiteko a mantle. Le fa go ntse jalo o ne a ba kopa gore ba nne ba ikopanya le bagogi ba motse jaaka dikgosi le makhanselara pele ga ba dira tiro gore ba tle ba ba tswe thuso. A re o dumela gore fa moletlo oo o ne o nnile le morero oo tseneletseng, o ka bo o atlile go feta jaaka o ne o ntse, mme a re se se jesang monate ka mokgatlho o, ke gore ba ikaelela go atolosetsa tiro ya bone ya bopelotlhomogi le kwa metseng ee kwa ntle. Bomme ba Thapelo ke mokgatlho o o dirilweng ke bomme ba dikereke tse di farologanyeng go tswa mo motseng wa Borolong. Mokgatlho oo o ne wa tlhabolola ntlo ya dikamore tse pedi mo lwapeng loora Dambe kwa Borolong, mme mo lwapeng lo lo nang le bana ba le barataro ba ba tlhokomelwang ke mogoloabone yo o dingwaga tse masome mabedi.Motlhokomedi yo o Mme Nametso Dambe o boletse fa ba ne ba nna le nkokoabo le maabone ba ba tlhokafetse ka ngwaga wa 2 000 le 2008.

Modulasetilo wa khansele potlana ya Tutume, Rre Phillip Makale a re o tshwentswe thata ke mokgwa wa batho ba ba thapilweng mo lenaneong la Ipelegeng wa go sa tsee tiro ya bone ka tlhoafalo.E rile mo mafokong a gagwe a Kamogelo kwa pulong ya khansele potlana eo, mokhanselara Makale a tlhalosa fa go ntse le ditiragalo di le mokawana tse mo go tsone babereki ba Ipelegeng ba bonwang ba tlhabile kgobe ka mutlwa ka nako ya tiro, babangwe ba bonwa ba rapame le gone go apaya tota.O ne a tlhalosa fa boitseme jo bo ka folodisa maiteko a lenaneo la Ipelegeng fa bo sa tsibogelwe ka potlako, mme a kopa makhanselara go bua le batlhophi ba bone go lemotsha botlhokwa jwa go tsaya tiro ya Ipelegeng ka tlhoafalo fela jaaka tiro nngwe le nngwe.O ne a tlhalosa fa lenaneo leo le ka kgona go tlhabolola lefatshe leno fa le ka tsewa ka tlhoafalo.

Mo go tse dingwe, mokhanselara Makale o ne a supa matshwenyego a gagwe mo ditlhabololong tse di mo kgaolong potlana ya Tutume, a re di tsamaya ka bonya, mme a ntsha mogopolo wa gore go dirwe komiti e mo go yone makhanselara le badirela puso ba tlaa nnang ba kopana go suga ka botlalo dikgang tsa ditlhabololo.E rile ba a kgwa mokhanselara Makale dikgaba, makhanselara ba supa matshwenyego a bone ke bonya ja khansele mo go gopeng le go tokafatsa ditsela tse di mo kgaolong.E ntse e le tsa khansele potlana ya Tutume, khansele eo e ne ya dumalana le mogopolo wa mokhanselara wa Marapong, Gubungano Chilume wa gore maloko a komiti e e dupang dibuka ba tsenngwe mo dikomiting tse dingwe tsa khansele eo.O ne a tlhalosa fa komiti eo e kopana gangwe mo kgweding tse tharo, fa dikomiti tse dingwe di kopana gangwe mo kgweding, selo se a reng se baa maloko a komiti eo ka fa mosing ka jaana ba nna ba bona dikgang tse di amang kgaolo morago ga nako.O ne a tlhalosa fa go tsenngwa ga maloko a mo dikomiting tse dingwe go ka dira gore le bone ba nne ba bona dikgang di ise di tswapoge.
Megopolo oo o ne wa dumalanwa ka tlhopho morago ga go buisanngwa ka lebaka le leele, mme makhanselara ba le lesome le boraro ba ne ba dumalana le one, fa ba supa ba ne ba o gana. 

Botswana/Marapong




#Article 236: Motsana wa Matlapana (787 words)


 
Matlapana  ke motsana yo mo kgaolong ya bokone bophirima jwa Botswana# O mo bokone-botlhaba jwa toropo ya ##Maun|Maun### Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le sekete le makgolo a mane le masome a mararo le borobabongwe.

Banana ba Ngami ba neseditse pula mananeo a masha a puso e tlaa bong e a baya pele Batswana go simolola Moranang monongwaga. Mo diphuthegong tsa kgotla tse di ntseng di buisiwa ke mopalamente wa Maun Botlhaba, rre Frank Ramsden, bontsi jwa banana bo atlile mananeo ao, bogolo jang la CEDA le le tlaa bong le itebagantse le go thusa banana ba ba dingwaga di 18 go ema ka 35 ka madi go gweba ka temo-thuo.Le fa go ntse jalo, bangwe ba banana ba tlhalositse fa go santse go na le difatlhi tse di ba emeng pele go ka tla go akola lenaneo leo.Botshologile Thutoetsile yoo dingwaga di 31 wa motse wa Thamalakane, o ne a bolela fa a sale a ikopetse setsha sa tshimo ka 2002, mme nako kgolo ke eno.O boletse fa a bone ba ofisi ya kabo ditsha mo Maun makgetho a le mmalwa mme go se nko e tswang lemina. 

O tlhaloseditse batsena phuthego kwa Thamalakane gore ba diofisi tseo ba mo tsenya mo ofising e, gotwe a tsene kwa go ele, mme o iteile sefololetse mo maetong ao otlhe.E rile a itebaganya le selelo sa gagwe, rre Ramsden a bolela fa go se motlhofo go akgela mo kgannye ya gagwe, ka jaana le bone ba ofisi eo ya kabo ditsha ba ne ba sa pata mopalamente kwa motseng oo go ka tlhalosa botoka. O ne a gakolola monana yoo go ikatumetsa mokhanselara wa kgaolwana eo go mo lekodisa.Mokhanselara Isaac Phoi wa Boseja le ene o ne a otlelela mafoko a mopalamente gore e le mokhanselara, o foo ka bone, ka jalo ba se ka ba nna ba emela mopalamente go go ntsha dingongorego tsa bone.Mo potsolotsong le BOPA Thutoetsile o boletse fa e le molemi morui yo mmotlana, a fetsa nako e ntsi kwa morakeng a tlhokometse leruo la ga bone. O boletse gore o emetse lenaneo leo la banana ka matlho a mahibidu ka e bile ene a batla go lema dijo tsa dikgomo.O boletse fa selelo sa gagwe se se sesha. Rre Thutoetsile o bile a galaletsa puso go bo e okeditse dingwaga tsa banana ba ba ka thusiwang kwa go 35.

Monna yo o dingwaga di masome a matlhano le boraro wa motse wa Matlapana mo kgaolong ya Ngami o tlhokafetse morago ga go nwela mo nokeng ya Gomoti gaufi le motse wa Shorobe mo bosheng go le bosigo. Mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi a Maun Assistant Superintendent Thusoemang Letibirwa o boletse fa go kaiwa gore rre yoo o ne a itisitse kwa motseng wa Shorobe mme ya re mo maitseboeng a laela a re o bolela kwa Matsaodi ka di 31 tsa kgwedi e e fitileng.Go kaiwa fa e rile kgwedi eno e tlhola gabedi ba lelwapa ba itsise mapodisi gore ga ba ise ba mmone, a re ba ne ba itsese ba sesole mme ba simolola go mmatla mo nokeng kwa serepa sa gagwe se bonweng teng kgwedi eno e tlhola gararo.Ramapodisi a re se se gakgamatsang ke gore moswi o tswa go bonwa a setse a tlodile dinoka tse tharo, a re ba lemogile gore o ka tswa a wetse mo nokeng ka motlhala wa gagwe o ne wa supega fa o feletse mo nokeng ya Gomoti.A re serepa se sa ntse se le mo setsidifatsing sa kokelo ya Letsholathebe go tlhatlhobiwa ke dingaka fa maina a sa ntse a lobilwe go fitlhelela ba masika ba itsisiwe, mme ditlhotlhomiso tsa ba sepodisi di sa ntse di tsweletse. 

Mo dikgannyeng tse dingwe, Assistant Superintendent Letibirwa a re ba ne ba begelwa kotsi e e diragetseng mo mosong wa kgwedi eno e tlhola garataro mo tseleng ya Sedie kwa Maun, fa mokgweetsi wa koloi ya Toyota Corolla a thula pitse e e neng e tlola tsela.A re koloi eo e ne e na le bapagami ba le bane go balelwa le mokgweetsi mme ba le bararo ba ne ba alafiwa ba bo ba gololwa fa yo mongwe e ne a sa ntse a le mo kokelong ka dikgobalo tse di masisi.A re mokgweetsi wa koloi eo, yo o dingwaga di 21 wa motse wa Matlapana o ne a se na setlankana sa go kgweetsa gape a le mo kgatelelong ya bojalwa e bile a siana ka lebelo le le feteletseng.O boletse fa e tlaa re mo bogaufing a itshupe kwa kgotleng ya ga mmakaseterata go lebisiwa molato. O tlhalositse gore fa a ka bonwa molato o ka lefisiwa madi a a sa feteng dikete tse di lesome.




#Article 237: Batho ba Letso la Zimbabwe mo Botswana (840 words)


Go na le dipalo tse di duleng seatla tsa mazimbabwe mo Botswana. 

Mathata a tsa itsholelo le polotiki mo (KWA) Zimbabwe a bakile koketsego ee duleng diatla ya go fudugela mo botswana ga mazimbabwe go tswa ko tshimologong ya dingwaga tsa 2000. Ya re 2003, go ne ga abelelwa gore go na le mazimbabwe ale dikete tse masome a mane ba ba fudugetseng mo lefatsheng le, mo go bone (mo palong e) sephato se le sengwe mo go tse tharo se ne se (ba ne ba letlelelwa) letleletswe go nna mo Botswana. Bontsi bo nna mo mannong a mabono a Ledumadumane mo toropo kgolo Gaborone. Gape go na le Kampa ya batshabi ba Zimbabwe ko Dukwe.

The number of undocumented Zimbabwean migrants in Botswana was estimated at between forty and one hundred thousand .

kgwetlho ya Phudugo ese kafa molaong e bakile dikgotlano tse di farologaneng magareng ga dipuso tsa Botswana le Zimbabwe, Fa e bile Paul Mangwana a tshosetsa go koba batho botlhe ba Botswana ko zimbabwe go araba go tsewa mo go bosula mo Mazimbabwe ba lebanang le gone mo Botswana. Botswana claims to have deported 26,717 Zimbabweans residing in the country illegally in 2002.  Tshimologo ya ngwaga o o latelang, gangwe gape ba ile ba simolola go aga terata ya motlakase mo mololwaneng wa bone le Zimbabwe. Badiri ba temo-thuo ba Botswana ba tshepisa fa tiro ya motiya ya terata e ele go emisa phudugo ya diphologolo eseng phudugo ya batho, ka maikaelelo a go emisa kgasamo ya bolwetsi jwa tlhako le molomo, mme motona wa Zimbabwe mo Gaborone a ganetsa mabaka a, are ke maiteko a go ntsha Zimbabwe Gaza Strip. Dipatlisiso dingwe di fitlhetse tlhotloetso ya selekanyo sa masome a marataro le boraro go tswa mo go tse makgolo ya terata.

Go tsuolola ditshwanelo Mazimbabwe a kopanang le tsone mo Botswana le yone e nnile setlhogo sa motshameko o o bitswanang Voice of the people(Lentswe la Batho), ka batsameki go tswa mafatsheng oo mabedi.

Mazimbabwe ke bone batho ba palo e e ko godimo ya batho ba batswakwa ba ba kwadisitsweng mo Botswana.  Go fitisa sephato sa babereki ba Mazimbabwe ba ba tlodileng mololwane ba tlhapilwe ele badisa leruo le tse dingwe tsa temo thuo, fa ba bangwe ba bereka mo go tsa kago, tsa lefatshe le dikago, mabentlele, thuto, boitekanelo le tsa go tlhama. Ba bangwe, go remeletswe mo go ba ba sa tlhamalalang mo moweng ebile ba le motlhofo go dirisiwa, ba tsaya karolo mo go tsa go bereka mo malwapeng le ditiro tsa tlhakanelo dikobo.

Dikgoro tsa melelwane tsa Ramokgwebana di ne di tletse phololela jaaka batho ba ne ba tsena le go tswa mo lefatsheng leno ka mafelo a beke.
Mogolwane wa tsa melelwane, Mme Keamogetse Gaetwesepe, a re motsamao wa batho o oketsegile fela thata mo malatsing a boikhutso. A re bontsi jwa batho ba ba neng ba tsena mo lefatsheng leno, ba ne ba tletse go tsena go ditirelo tsa dikereke kgotsa ba etetse ba masika le ditsala.

Mme Gaetwesepe o ne a bolela gore le fa dipalo di ne di le kwa godimo jalo, ba ne ba dirisana bontle fela thata e bile ba kgona go ba thusa ka bofefo. O ne a supa gore mo malatsing a boikhutso, go ntse le sefatlhi se le sengwe fela, fa batho ba Zimbabwe ba ne ba leka go tsena mo lefatsheng leno ka bokukuntshwane. O ne a a tlhalosa gore ba lemogile gore batho bao ba ne ba sa temepelwa ke ba lefatshe la Btswana mme ba ba busetsa kwa morago, kwa ba fetileng ba otlhaelwa go nna lebaka le le fetileng mo lefatsheng leo. E rile go tswa foo, dipasa tsa bone di ne tsa tempiwa mme ba thusiwa ka fa go tshwanetseng.

E rile a ntsha la gagwe, mookamedi wa molelwane wa Phitshane Molopo, mme Malebogo Jorowe, le ene o ne a supa gore motsamao wa batho o ne oketsegile mo malatsing a boikhutso jaaka ba ne ba tswa ba bo ba tsena mo lefatsheng leno. O ne a re o etse tlhoko gore palo ya ba ba neng ba tsena mo lefatsheng leno e ne e feta ya ba ba neng ba tswa, a supa gore bangwe ba ne ba etetse masika le ditsala, ba tletse manyalo le dintsho. Mme Jorowe o ne a supa gore palo e e di fetileng tsotlhe ya batho ba ba tsamayang mmogo ke ya batho ba le 65 ba Kereke ya Wesele, ba ba neng ba ya kwa Mabule go tsena ditirelo tsa kereke tse di farologaneng.Mme Jorowe o ne a bolela gore badiri ba molelwane oo ba ne ba thusa ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang le fa ba na le dikgwetlho tse di tshwanang le dikago tse dinnye le gore go na le ntlwana ya boithomelo e le nngwe e e dirisiwang ke baeng le badiri.Mo dikgannyeng tse dingwe, Mme Jorowe o ne a kopa tona ya tsa pereko le selegae gore a ba etele, go bona seemo se se bokete, se ba direlang mo go sone




#Article 238: Motsana wa Bonwapitse (1371 words)


 
Bonwapitse ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motse o dikhilomitara dile masome mabedi kwa bokone bophirima jwa Mahalapye, gape o na le sekolo se se botlana. Mo palong batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a matlhano ,masome a mane le bone.

Batho ba kgotla ya Ditlharapa kwa Bonwapitse ba re Kgosi Kebaletile Moilwa, jaanong a sutele ngwana wa bone mo setilong sa bogosi ka a setse a lekane go nna mo setilong sa gagwe.Batho ba Ditlharapa ba buile jalo mo phuthegong e ba neng ba e kopanetse le kgosi ya Mahalapye Rre Tsoebebe Segotsi, morago ga taelo e e neng e tswa kwa go ba bogosi kwa Serowe.Batho bao, ba ba neng ba akaretsa Rre Gojamang Koma, Rre Keikgopotse Raditse, Rre Selela Tshegang le Mme Leeme Tshegang, ba re e re ka Rre Tlotswana Tshegang, a lekane go tsaya bogosi jwa gagwe, ba kopa gore Rre Moilwa yo e ntseng e le kgosi ya Bonwapitse, a sute mo setilong.Batho rile e re ka ba tswa kgakala ba bua ka bogosi jwa bone, mme go se nko epe e tswang lemina, ke sone se ba neng ba isa kgang ya bone kwa Serowe kwa e rileng ba goroga teng ba kopana le mothusa motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Tlholego Seretse, yo a neng a laela gore e le ba lelwapa la bogosi kwa Bonwapitse ba kopane go tlhopha leina la motho yo e ka nnang kgosi ya bone.Ba re ditso di supa fa Rre Tlotswana Tshegang, e le ene a tshwanetsweng ke bogosi jwa Bonwapitse ka jaana rraagwe e bong Tshegang Setamere, a beilwe mo setilong sa bogosi jwa Bonwapitse ke Rre Sephekolo Tshukudu.

E rile Kgosi Moilwa a tswa la gagwe, a kopa ba Ditlharapa go tsaya kgang eo ka matsetseleko ka jaana a neetswe bogosi joo ke morafe wa Bonwapitse ka ditlhopho tsa 1989, mme ya re morago ka 1990 a tlhomamisiwa ka fa molaong ke Kgosi Sediegeng Kgamane.Kgosi Moilwa o rile ka nako ya batho ba Bonwapitse ba mo neela setilo sa bogosi ga go ise go nne le ope yo a neng a mo lebisa mafoko a gore o tshwarelela mongwe, mme ka jalo a bolela fa e sa ntse e le kgosi ya bone go fitlhelela a tlogela tiro ka bogodi kana a ntshiwa ke ba bogosi kwa Serowe.Rre Segotsi o rile le fa ba kopa gore bogosi bo neelwe Rre Tshegang, ba tshwanetse go lemoga gore e le banni ba Bonwapitse, ke bone ba tlhophileng Rre Moilwa go nna kgosi ya bone.O kopile botlhe ba ba amegang mo kgannyeng eo, go balelwa Kgosi Moilwa, Rre Tshegang le batho ba kgotla ya Ditlharapa, go dirisanya mmogo le go emisa go bua ka kgang ya bogosi go fitlhelela ba bogosi kwa Serowe ba rarabolola kgang eo ka botswerere.

Kgosi Tsoebebe Segotsi wa Mahalapye o kopile banni ba Bonwapitse, go dirisana sentle le kgosi ya bone gore ba kgone go tsweledisa ditlhabololo tsa motse wa bone mmogo.Rre Segotsi o ntshitse mafoko a mo moletlong o mo go one morafe wa Bonwapitse, o neng o ipelela go tlhongwa ga ga Rre Totswana Tshegang mo setilong sa bogosi jwa motse oo.A re motse wa bone o ka gatela pele mo ditlhabololong fela fa go na le tirisano fa gare ga bone le kgosi e bile ba abelana megopolo le dikomiti di tshwana le ya ditlhabololo tsa motse, twantsho borukutlhi, botsogo le ya badirelapuso.Kgosi Segotsi o tsweletse ka go kopa Rre Tshegang go nyala gore a kgone go nna le bana ba e ka reng sehularong sa gagwe, ba mo tlhatlhama mo setilong sa bogosi, go hema dikgang tsa go lwela bogosi jaaka go direga mo dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno.A re e le ba bogosi le lephata la dikgaolo ba tlhokisiwa boroko ke dikgang tse di a golelang pele tsa go lwela bogosi mo kgaolong ya Ga-Mmangwato, mme a re seo se bakwa ke go tlhoka go itlhaloganya ka fa bana ba lelwapa la bogosi ba tlhomaganang ka teng.E rile kgosi Loomatsoga Gaogane wa Mmutlane a tswa la gagwe, a bolela fa kgosi e le thotobolo ya matlakala, ka jalo a kopa Rre Tshegang go tshwara morafe wa gagwe ka tekatekano le go ikgapha mo go mpampetseng fa a reeditse ditsheko le go emisa go itshunya nko mo dipolotiking ka jaana e le modirelapuso.

E rile Kgosi Gaogane a itebagantse le morafe wa Bonwapitse a ba kgothatsa go tlhwaafalela ditlhabololo tsa motse wa bone boemong jwa go diiwa ke ditshele tse a reng di ka busetsa motse wa bone kwa morago.Mokhanselara wa kgaolwana eo Rre Magogodi Phatalalo, ene o ne a kopa banni ba Bonwapitse go tsena diphuthego tsa kgotla ka e le tsone tse ba ka lekodisiwang ka ditsamaiso tsa puso mo go tsone le go lekodisiwa ka ditlhabololo tse di dirwang mo motseng wa bone.E rile Rre Tshegang a tswa la gagwe, a tlhomamisetsa morafe fa a tlaa dirisana le bone ka dinako tsotlhe, mme a re o tshwenngwa ke ka fa ditsha di bewang ka teng mo motseng wa gagwe.Moletlo o ne wa natefisiwa ka maboko le moopelo wa dikhwaere ka baithuti ba sekole se sebotlana sa motse oo le khwaere ya Diphalana go tswa kwa Palla-Road.

E re ntswa toropo ya Mahalapye e tlwaelesegileng ka leina la diponeng e le engwe ya ditoropo tsa ntlha go nna le motlakase, go lebega o ne wa se ka wa nna le ditlhabololo tse ditona morago ga diofisi tsa diterena mo nakong e e fetileng.Go lebega ditlhabololo di ne tsa se ka tsa tla ka bonako mo motseng oo mme tsa tsaya lebaka go tla ntswa e le motse o mogologolo.Kgosi Tshipe Tshipe wa Mahalapye ene a re o dumela gore ga se gore ditlhabololo di diegile fela tsamaiso ya ditlhabololo tsa setshaba ke yone e ka diang ditlhabololo go ya kwa metseng ka go farologana.A re ditlhabololo le tsone di a farologana go ya ka gore batho ba ba nnang mo lefelong leo ba tlhoka eng.E rile bosheng ditlhabololo tsa simolola go ya kwa Mahalapye ka monokela mme motse wa simolola go bonala gore o tlaa nna le ditlhabololo.

Mahalapye o ne a agelwa kokelo e tona e e tlaa thusang metse e e mabapi mme a salwa morago fela bosheng jaana ke matlo a masha a Botswana Housing Corporation.Tse diterelo di thusa banni ba metsana e e gaufi le toropo e,jaaka wa Bonwapitse,Radisele,Machaneng le emengwe.E re matlo a ntse a tsweletse a agiwa, mothusa Tautona Lt Gen Mompati Merafhe a ya go simolodisa semmuso kago ya otele ya Cresta e e yang go nna le matlo a le masome a marataro le botlhano.Kgosi Tshipe a re se ke selo se se itumedisang tota ka jaana motse jaanong o simolola go nna le ditlhabologo tse dikgolwane.A re diofisi tsa mapodisi tse di tlogang di fela di neetse motse wa Mahalapye seriti ka jaanong e bile motse oo o tlile go okamela diofisi tse dingwe tsa sepodisi.Go setse go na le menahune ya gore go tlaa nna gape le marekisetso a masha a a tlaa yang go agiwa kwa Mahalapye.Motse le one o setse o godile ka bosheng jaana go sa tswa go bewa Flowertown wa bobedi mme tseo ke dingwe tse di tlaa tlisang ditlhabololo.Kgosi Tshipe a re e re ntswa motse wa Palapye o setse o feta wa Mahalapye ka ditlhabololo, seo se bakilwe ke gore go agiwe mmadikolo wa maranyane teng mme bagwebi ka bontsi ba nna le kgatlhego ya go simolodisa dikgwebo ba lebile batho ba ba yang go nna teng. A re go na le madirelo a a runyang kwa Palapye jaaka a go dirwa ga galase mme seo ke lenaneo la puso gore Mahalapye le ene a tle a tlhabologe.Tshipe a re kwa Lose go dirwa semente mme seo ke nngwe ya ditlhabololo tse di godisang motse wa Mahalapye.A re go tshwanetse ga elwa tlhoko gore ditlhabololo tse di tlang di tlaa thapa banana ba motse wa Mahalapye e seng fela go tlisa dikago tse di sa busetseng batho wa motse sepe.O ne gape a re a ditlhabololo le tsone di na le dikgwetlho tsa tsone jaaka borukhutlhi jwa maemo a a kwa godimo mme seo go ka thusa batho ba dirisana le mapodisi.




#Article 239: Toropo ya Maun (1445 words)


Maun  ke toropo ya botlhano mo ditoropong tse di kgolo tse di mo Botswana Jaaka ka ngwaga wa 2001 e ne e na le palo ya batho bale dikete di le masome a mane le boraro le makgolo a supa le masome a supa le borataro.  Ke motse wa sebobego se se tswakangtsweng jaaka o na le dikago tsa sesa le tsa setswana. Maun ke lefelo la konokono la bojanala jwa Botswana le baokamedi ba legare la kgaolo ya Ngamiland   
 Gape ke tlhogo ya makalana a le mantsi a safari le difofane a a rulaganyetsang mesepele go ya Okavango Delta.

Le fa e le motse, Maun o tlhabologile ka bofefo go tsweng toropo seka kgaolo gape o gola go bapisa  noka ya Thamalakane.  O na le marekisetso, dihotele le dilodge ga mmogo le pheriso ya dikoloi, le fa a setse a tshwere tebego ya kgaolo gape barui ba motse ba tswelela ba tisa dikgomo mo Maun go direkisa. Batho ba Maun thata ba agile go tsamaela mo matshitshing a a ikadileng a noka ya Tlhamalakane kwa o kgonang go bona matswee a fula le ditonki, dipudi ga mmogo le dikgomo.Maun o sekgele se se dikhilomethara tse di masome a mararo le motse wa Toteng.

Go tsweng go tlhamiweng ga Maun ka 1915 jaaka e le motse mogolo wa Batawana 
o tlwaelesegile thata ka botshelo jwa dikgwa tsa borwa tsa toropo  tse di thusang mo thuo ya dikgomo le ditiragalo tsa letsomo. Lefa go ntse jalo, kgolo ya madirelo a bojanala le go fetswa ga tsela ya sekonotere e e kopanyang Maun le Nata ka dingwaga tsa bo 1990, Maun o godile fela thata a latlhegelwa ke tebego ya segologolo. Ke motse wa batho ba ba feta dikete dile masome a mararo.

Mo bo gompieno Maun ke toropo e e golang ya bojanala,e etseging thata ka ditoki tse di gobeyang mo mebileng ga mmogo le dipudi tse di seng kalo kalo.   Diphologolo tse o ka di bona di eme eme mo tikologong ya toropo jaaka barui ba motse ba goroga ka dipalo tse di kwa go dimo ka dipalamo tsa setshaba go tla go rekisa dithoto tsa bone fa tlhoko ga ditsela kgotsa mo ditseleng. 

Ka kgorogo e ntsi ya madi ka tsa bojanala,tota fela matlo a setso a kgapetswe ntle ke matlo a sesa a a ruletsweng ka disenke gape a na le bodilo jwa manobonobo jwa ditile.

 Ditirelo tsa tlhaeletsanyo ya megala ya lotlheka ga e ikanyege, e laolwa ke maemo a bosa.

Maun e nna konokono ya tsa mesepele ya ditlhotlo mo kgaolong jaaka e tsamaisa didirisiwa le thuso ya  kamogano dithoto ke batho ba ditirelo tsa dikampa tsa motse le makalana a disafari le didirisiwa tsa dikampa tsa meepo e e mo bokone bophiriba jwa Botswana.   Go na le ditirelo tse dimalwa mo mabenteleng ga mmogo le bontsi jwa dikgwebo tsa batho ba motse tse di dirang nosetso ya ditshipe ka fa mahuri.

Bajanala gantsi ba fofela mo lebaleng la difofane la Maun International Airport.  Gantsi bajanala ba ba adima dikoloi tse di dirilweng sentle tsa di 4x4 go didirisa go kampa le go bona diphologolo mo diphakeng, kgotsa ba fofela kwa dikampeng tsa bojanala tse di kwa Okavango Delta kgotsa Makgadikgadi.

Maun jaaka mafelo a mantsi mo Borwa jwa Aferika, o na le ditso tsa lebaka le leele la ditso tsa difofane.

Ngwana mongwe o tlaa re o leboga Modimo le monnawe morago ga go falola loso ka bobi jwa Segokgo ngwaga tlola ka Letsatsi la Keresemose.Tshepo Boiphetso o ne a longwa ke kwena fa ba ile go tlhatswa kwa nokeng kwa morakeng wa Dikgatlhong go bapa le motse wa Maun le mmaagwe e bong Botho Boiphetso, le monnawe wa dingwaga tse tlhano e bong Gaone Boiphetso.Mo puisanong le BOPA, Mme Boiphetso o boletse fa a ne a tlhatswa mme a kopa Tshepo le monnawe gore ba e go ga metsi mo nokeng.O ne a tlhalosa gore kwena e ne ya tshwara Tshepo mo leotong la moja, mme e rile Gaone a lemoga fa Tshepho a tshwerwe ke kwena, a tlolela fa godimo ga kwena a e tshwara mo molaleng, mme ya tlogela Tshepho, ya siela mo metsing.E rile ba re ba tswa mo metsing ya boa gape ya tshwara Tshepo mo letsogong la molema mme a kgopola a sia.E ne ya tlogela ngwana yo ka dintho tse di masisi, mme ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Letsholathebe kwa Maun, kwa a fetileng a bona ba bongaka le go sidilega teng.

Mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima Rre Gilson Saleshando a re thulaganyo ya motlakase o o dirisiwang kwa magaeng e mo go yone motho a rekang motlakase wa tlhotlhwa e a e batlang o o seng turu, e tlaa re mo bogaufing e bo e tsene mo ditoropong.O buile mafoko bosheng a tshwere phuthego ya kgotla kwa lekeishaneng la Kagiso kwa Selebi Phikwe, e mo go yone a neng a rolela banni ba kgaolo tse di buisantsweng kwa palamenteng.A re motlakase oo o tshwana fela le di-units tse e reng di fela o bo o tsenya tse dingwe.Rre Saleshando a re Mme Mothobi o ne a tswa ka mogopolo wa gore babereki ba Ipelegeng ba dirisiwe go aga dikolo tsa bananyana, mme ga o a amogelesega ka mabaka a gore bone ba bereka kgwedi e le nngwe fela.Mo go tse dingwe Rre Saleshando o ne bolela gore sekolo sa Letlhakane le sa Boswelakgomo di tlhaelelwa ke dibuka, mme seemo se se kgoreletsa barutabana mo tirong ya bone.O ne a kgothatsa batsadi go tsena diphuthego tsa mokgatlho wa batsadi le barutabana go bona gore go diragala eng mo thutong ya bana.Ntlha e nngwe a re palamente e dumalane gore ba ba amogelang go simolola ka P3 000 go ya kwa godimo ke bone ba tlaa kgethisiwang.O tsweletse a tlhalosa fa go na le ditshekatsheko tsa gore go nne le madirelo a dithoto tse di tlaa rekisiwang kwa ntle ga lefatshe leno, mme e le tsa boleng jo bo kwa godimo.

A re Selebi Phikwe e siametswe ke thulaganyo eo,ka gore go na le dikago tsa difeme tse di ntseng fela di sa dirisiwe, ga go tlhokege gore gotwe go a agwa.A re mo metseng e e gaufi le Selebi Phikwe go na le batho ba ba nang le boitsenanape jwa go roka mme ba ntse fela kwa malapeng.Mo dikgannnyeng tse dingwe mopalamente a re kwa palamenteng e e tlang go ya go buisanngwa gore a molao motheo wa lefatshe leno o siilwe ke nako, ka ba bangwe ba re o fetolwe fa bangwe ba re o tlogelwe fela.Ntlha e nngwe a re go na le kgang ya gore fa motho a tlhophilwe mo phathing a bo a fudugela kwa go e nngwe ke go dirwe jang.Batsena phuthego eo ba ne ba araba ka gore fa motho a tlhophilwe ke batho a bo a ba tlogela a ya kwa phathing e nngwe, go bidiwe ditlhopho sesha.Ntlha e nngwe e banana ba neng ba lela gore fa go nna le kwelo tlase ya itsholelo dikgwebo tsa bone di a amega mme fa ba lebisa ba ba ba adimileng madi kgang e ga ba reediwe. A re potso ke gore a kwelo tlase e ama lefatshe fela bone ga ba reediwe?.

Leina la Maun le tswa mo lefokong la  Basarwa la 'maung' le le tlhalosang 'lefelo la  letlhaka le le khutshwane '.  Motse o o simolotse ka ngwaga wa 1915 e le motse mogolo wa morafe wa Batawana Motse mogolo o dule kwa  Toteng morago ga go fenngwa ga ga Kgosi Lobengula wa matebele. 

Ka tebelelo e kgolo ya tlhaloganyo le maikutlo Maun ke konokono e kgolo e go ka tsamaelang teng go ya go bona bokone jwa Botswana; sekai ke palo e kwa godimo ya baeti go tswa kwa ntle ga kgaolo go tla go bona le go ithuta ka Ditlhaba tsa Tsodilo le Mapapana a Makgadikgadi. Noka ya Tlhamalakane e tshela noka ya Boteti e ka metsi a mantsi a paka e fitlhelelang Makgadikgadi.  

Ka ngwaga wa (2011) Maun e na le makalana a banka ya Barclays,banka ya First National Bank Botswana,banka ya Stanbic  le banka ya Standard Chartered tse di nale mechini ya di ATM. Gakologelwa gore di karata tse di bitswang di mastercards ga dikgone go dirisiwa go tsaya madi mo mechineng ya ATM (sekgoreletsi ke sa banka ya Stanbic gaufi le maemelo a difofane).

Maun o na le dihotele tse ditona di le tlharo - , Riley's Hotel le Maun Lodge.
 Go na le mafelo a boroko a le malwa le dikampa, tse di agilweng thata kwa dikgwebong tsa safari  di tshwana le Okavango River Lodge, Thamalakane Lodge, the old Bridge Backpackers ga mmogo le tse dingwe. 

Category:Sekaka sa Kalahari 




#Article 240: Motsana wa Nata mo Botswana (776 words)


Nata  ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O mo botlhaba jwa kgaolo, gape o direlwa ke  kompone ya difofane ya Nata . Mo palong bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a mabedi le masome a borobobedi. Motse wa Nata o ikaegile fa thoko ga noka ya  Nata  e e eledisetsang metsi a yone kwa  Makgadikgadi Pans, lekadiba le nang le letswai le lentsi.

Puso e ikemiseditse go tlhabolola lefatshe leno le go tlhokomela Batswana ka ditsela tsotlhe tse e ka di kgonang.Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Nata, Rre Keiphile Stephen, o tlhalositse seo mo potsolotsong le ba BOPA bosheng fa ba etetse kwa motseng oo.Rre Stephen a re ditsholofetso tsa puso tse di solofeditsweng ba motse wa Nata go lebega di le gaufi le go rurifadiwa, a tlhalosa fa kago ya sekole se segolwane e simolotse ka go tlhatlhoba lefelo le se yang go agiwa mo go lone.A re dipelo di boela mannong ka go le bogologolo ba kopile puso go ba agela sekole seo, ka bana ba bone ba ya dikoleng kwa metseng e e kgakala jaaka Tutume, Maun le Francistown. A re seo se tlaa thusa batsadi go nna le bana ba bone gaufi go ba thusana le barutabana mo go ba kgalemeleng.Rre Stephen o ile a leboga fa go bodilwe kokelwana ya dipilisi tsa diritibatsi tsa HIV/AIDS, a re seo ke tswelelopele, mme fela le fa ba santse ba tlhaelelwa ke baoki go thusa ngaka yo o nosi, ba solofela fa puso e tlaa lebisisa seo.A re le fa tota baoki gotwe ba a tlhaela mme o sebete se molangwana ka go na le dikokelo tse di se nang tiro e ntsi mme baoki ba feta bobedi kwa go tsone.O ngongoregile ka khuduso ya baoki mo Nata, a re go ba emisetsa go tsaya sebaka mme seo se tlhokisi banni ba motse oo bongaka.A re ba tlaa tswelela ba lelela puso go fitlhelela e utlwa selelo sa batho ba motse oo ka tota motse wa Nata o tlhoka kokelo e e berekang bosigo le motshegare.Rre Stephen a re Nata ke kgaolo e tona jaaka go na le ofisi ya matlhoko a leruo, fa ya diphologolo yone e tshwanetse go agiwa, ya peo ya ditsha yone e agilwe, a re seo se supa kgatelopele.A re go tlaa agiwa sekole sa tiro ya diatla se a tshephang gore se tlaa thusa le bone banni ba motse wa Nata le tikologo ka ditiro.Kwa Jamataka, modulasetilo wa motse oo Rre Letsita Baikuetse a re motse wa bone go sale gotwe o rurifaditswe mme ditlhabololo ga di simololwe.Rre Baikuetse a re batho ba motse oo ba tlaa nyelela ntateng ya lenyora ka ba se na metsi ba sielwa ka dikoloi tsa khansele mme fa di senyegile, e nne selelo le khuranyo ya meno. 

Mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Nata Rre Lekoko Lesolame a re go a tshwenya go bona go na le Batswana bangwe ba ba sa ntseng ba rekisa ditsha, le go se tlhaloganye tiriso ya lefatshe.A re Batswana ba tshwanetse go tsaya lefatshe ka tlhoafalo.O ne a tlhalosa gore se se diragala fela thata mo motseng wa Nata, ka e le motse o o golang ka bofefo mme e bile o na le ditlhabologo tse dintsi, a re se se rotloetsa batho go tsenya dikopo tsa ditsha mme morago ba di rekise.Rre Lesolame o ne a tswelela ka gore ga a jesiwe diwelang ke go bona Batswana ba sa tlhabolole lefatshe le ba le filweng ke ba kabo ditsha a re se se dira gore tiro ya bone e nne bokete le go feta.O tladitse ka gore boradikgwebo ga ba duele madi a ditsha tsa kgwebo, a re lekgotla la kabo ditsha le kolotiwa madi a mantsi a dikgwebo.A re go a tshwenya ka go na le batho bangwe ba ba tsayang lefatshe mme ba le dirisetse se sele jaaka marekisetso a bojalwa.O ne a tlhalosetsa batsena thuto-puisano gore motse wa Nata o na le palo e ntsi ya bomaipaafela ba ba fitlhelwang kwa Semowane, a re puso e dirisa madi a mantsi le ditlamelo go fudusa batho ba go nna jalo mme a gakolola Batswana gore ba tshwenetse go sala morago melao ya lefatshe leno.Kgosi Kelethobogile Baatholeng wa motse wa Gweta o ne a kgothatsa botlhe ba ba amegang mo kabong ya ditsha go direla dilo mo pontsheng gore Batswana ba kgone ba tlhaloganye tsamaiso le ditirelo tsa kabo ditsha.Rre Baatlholeng o ne a supa matshwenyego a gore dikgosi ga di sa tlhole di na le seabe se se kalo mo kabong ya lefatshe selo se a supileng se tshwenya fela thata. 




#Article 241: Motse wa Bobonong (1140 words)


Bobonong ke motse oo mo kgaolong ya legare ya Botswana o le dikilomethara di le masome a robabobedi go tswa kwa toropong ya Selibe Phikwe. Bobonong o na le dipalo tsa batho di le dikete dile lesome le borobabongwe. Babirwa ba fitlhelwa mo motseng o. Matlapa a a kgatlang matlho go bona a mapinki a fitlhelwa mo kgaolong ya Bobonong.

Bobonong ke ofisi kgolo ya kgaolo potlana ya Bobirwa o tsaya oura ele nngwe go tswa kwa Tuli Block ko lefelo la diphologolo la Tuli Game Reserve le leng teng.  Bajanala ba bona boroko mo Mashatu le Tuli Safari Lodge.

Bobonong  o na le sekolo se segolwane se se amogelang bana ba dikolo tse di potlana mo kgaolwaneng ya bobirwa. O na le diofisi tsa ga goromente jaaka ofisi ya ga Molaodi,sepatela se se potlana,ba sepodise,Poso,Motlobo wa dibuka le ko mmarakeng.

O ka dirisa tsela ee tswang Francistown e ralala Selibe Phikwe kana  ee tswang Gaborone e feta ka Palapye fa o ya Bobonong, ditsela tse ka bobedi di na le dikontere di kgaogana mo tseleng e kgolwane ya bokone borwa e e fetang go tsweng mo Ramokgwebana go ya Ramatlabama

Ke motse oo nang le matlo a dikago tsa modiro wa setswana le wa segompieno, oo nang le motlakase o o ikanyegang segoolo bogolo ditlamelo tsa ditlhaeletsanyo mo malwapeng le wa matheka.

Jaaka e le kgaolo potlana ya Ofisi e tona o na le batho ba bantsi, go na le dibase tse di berekang go tswa Selibe Phikwe, Gaborone le metse e mengwe go tswa mo mafelong mo Botswana.

Dikomiti tsa badirela puso di rotloeditswe go tshwaragana le tsa ditlhabololo tsa metse jaaka bodiredi e le bagakolodi mo ditogamaanong le ditlhabololo tsa setshaba.Seno se builwe ke modulasetilo wa khansele potlana ya Bobirwa mokhanselera Ishmael Legwaila a ema ka lefoko phuthego ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa dikgotla tse di farologaneng tsa motse wa Bobonong Rre Legwaila yo a ntseng a tsamaya le metse ya kgaolo potlana ya Bobirwa a tshwara diphuthego tsa dikomiti tsa go nna jalo a re, go botlhokwa gore badirelapuso ba bereke le dikomiti tsa metse ka moono o le mongwe, a re bogolo jang ba boipelego ba e leng bone ba lebaganeng le tsa matshelo a batho ba metse ya magae.A re komiti kgolo ya bodirela puso (Village Extension Team) e tshwanetse ya tlhomamisa gore dikomiti tsa ditlhabololo di a tshela, di nonofile e bile di dira ditiro tse di nang le bokamoso tse di ka tlhabololang matshelo a batho le motse wa bone ka dikgakololo le thotloetso ya bodiredi.Rre Legwaila a re le yone puso tota ga e ka ke ya tsamaya sentle fa bodiredi jwa yone bo sa e gakolole ka jaana mapolotiki bone sa bone ke go dira melao le go buelelela setshaba mme ditlhabololo tsone di tsamaisiwa ke badirela puso ka e le bone matlho a puso.O bile a re ba eletsa go bona dikomiti tsa go nna jalo di godile e bile di itshetletse di dira ka mashetla le manontlhotlho di na le tebelopele e bile ba dira ditiro tsa ditlhabololo tse di nang le dipoelo go tsweleledisa ditlhabololo mo kgaolong ya bone.Modulasetilo a re ke sone se puso e neng ya tsaya tshwetso ya gore go nne le dikgaolo potlana mo kgaolong ya legare, e le maiteko a go atametsa ditlamelo kwa bathong.

Rre Legwaila o tlhalositse gore e re ntswa puso e tlhaelelwa ke madi, bone e le khansele ba leka ka natla go isa ditirelo kwa bathong ka bonnyennyane jo ba nang le jone ka jalo a ba rotloetsa go amogela khansele ka diatla tsoopedi.A re maikaelelo ke gore puso ya selegae e e akaretsang, khansele, ofisi ya molaodi, lekgotlana la kabo ditsha le bogosi ba tshwaraganele ditlhabololo ka e le bone konokono go bona gore ditlhabololo le merero ya selegae e tsamaya sentle.O bile a ikuela mo batsading go nna le seabe mo tlhokomelong ya bana ba dikhutsana go thusana le puso, a re bana ba go nna jalo fela jaaka bana ba ba nang le batsadi ba tlhoka lerato le tlhokomelo.Fa a tswa la gagwe mothusa modulasetilo wa khansele ya kgaolo ya legare mokhanselera Oabile Moupi o ne a supa maitlamo a konokono a re tiro ya dikomiti tsa ditlhabololo metse e a reng ke go tshwaraganya setshaba go se ruta tsamaiso le ditlhabololo, gammogo le go direla batho tshiamo ka go direla dilo mo pontsheng.Rre Moupi a re dikomiti tsa go nna jalo ke tsone baatlhodi le baletlanyi ba go bona gore dilo di dirwa sentle, le go tlhomamisa gore morafe le one o nna le seabe mo ditlhabololong.O ba gakolotse gore ga ba a tshwanela go itebaganya fela le ditiro tsa Ipelegeng, a re fa ba ka tswa ka mananeo a a kwenneng a a ka ba thusang go dira ditiro tsa ditlhabololo tse ba ka kgonang go thapa batho ka ditiro tsa bone go tlhabolola bangwe ka bone, a re ga a re ba se ka ba nna le seabe mo Ipelegeng.A re ba ka dira jalo ka dikgakololo tsa ba boipelego le go ithuta kwa dikgaolong tse dingwe tse di gatetseng pele ka go twe dilo makwati, e le go rotloetsa gore batho fetoge ba itirele.Mothusa modulasetilo wa komiti ya VDC ya Bobonong bophirima Rre Matoteng Gaborone, a re ba komiti ya VET ga ba dirisane nabo ka jaana ba sa tsene diphuthego tsa bone le fa ba laleditswe go ba neela bogakolodi. A re ba boipelego ga ba ba thuse sentle ntswa go na le diofisi tse di tlhabolotsweng gore ba direle kwa go tsone kwa dikgotleng tse di farologaneng tsa motse wa Bobonong. 

Banana ba motse wa Bobonong ba kopile badiri ba Lephata la banana go ba rulaganyetsa dithuto tsa go ba fa lesedi ka go ikopela mananeo a bone, gore dikopo tsa bone di tle di atlege.E rile ba bua kwa phuthegong e e neng e rulagantswe ke lephata leo,go ba tsibosa ka mananeo a banana bosheng, ba supa fa go le botlhokwa gore ba rutwe ka go tlatsa difomo tsa ikopelo madi. Ba ne ba tlhalosa fa ba lapisitswe ke go aga ba kopa dithuso tsa madi mme go se nko e tswang lemina.Mongwe wa banana Rre Godfrey Maake yo o duleng ka mogopolo oo,o ne a tlhalosa gore thutuntsho e ka sologela banana molemo fela thata ka ba ka simolola go ikopela ka bontsi ka ba tlaa bo ba na le lesedi ka ikopelo madi.Mongwe wa banana Rre Robert Bantsinyana le ene o ne a tlhalosa fa a amogela mogopolo oo ka tsoo pedi ka a ne a setse a tlelwa ke boitlhobogo.E rile Mookamedi wa Lephata la Banana mo kgaolong potlana ya Bobirwa, Rre Galeemelwe Ntsebele a ntsha la gagwe, le ene a galaletsa mogopolo oo a tlhalosa fa ene le ba lephata la gagwe ba tlaa rulaganyetsa thuto seka dipuisano mo nakong e e tlang.




#Article 242: Toropo ya Lobatse (1407 words)


Lobatse ke toropo mo borwa botlhaba jwa Botswana,dikhilomitara di le masome a supa go tswa borwa jwa toropo kgolo Gaborone,mo twatswaneng e e yang bokone jwa Gaborone. lobatse o na le batho ba le dikete tse masome a mabedi le boferabongwe le makgolo a le masupa. The town is an administrative district, with a Town Council.Toropo ya kgaolo  ya makgotla,katoropo ya khansele.

Bangwaketsi ke bone batho ba ntlha go aga mo lefelong le , mo le ileng la felela le agilwe ke Bangwaketsi mo lobakeng lwa dingwaga tse di lekgolo la lesome le borobabobedi. Marapo a bogologolo a ntse a teng mo pakeng ya gompieno.

Go filhelela ka boipuso ka ngwaga wa 1966, ,Botswama e ne e le British Protectorate ya Bechuanaland,e ne e nale mathata ka gore e ne e le lefatshe mo toropong e eneng e le kwantle ga molelwane wa lefatshe. Mafikeng, South Africa ka nako eo e ne e le yone toropo kgolo,godimo ga moo toropokgolo e ne e tshwanetse go nna Lobatse kgotsa Gaborone. Gaborone o ne a tlhopiwa e le setilo sa puso ,fa Lobatse a tlhopiwa e le setilo sa molao.

Ka ngwaga wa 1954 barongwa ba development co-operation ba ne ba aga matlhabelo a Lobatse a gompieno a bidiwang B.M.C (Botswana Meat Comission). Lobatse o pharologanyo ka tsela ya ntlha mo Botswana,e e dirilweng ka 1958. Ka boipuso kgwedi ya lwetse a le masome a mararo ka ngwaga wa 1966,dikilomithara tse tlhano e ne e le tsela e e nang le sekonotere lefatshe ka bophara.E ne e le tsela e e tswang maemelo a terena a Lobatse go ya kwa kgotla tshekelong e e neng agilwe ka mo go kgetlhegileng ga loetlo lwa ga kgosi George vi gape le Queen Elizabeth ba England ka ngwaga wa 1947.

Kgotla e tona kwa Lobatse e leng ya Peleng, e ne e penologa ka boidiidi jwa batho, go se na lone bobeo jwa lonao e bile bangwe ba eme ka dikgora kwa ntle go jesa matlho monate le gone go itseela ka tsebe. Bafeti ka tsela le bone ba ne ba se ka ba ipona tsapa, ya re go bona mosi o kueletse, ba ikatametsa go tshela matlho bofufu.Dipotso di sa kgale ka mongwe le mongwe a ne a batla go itse gore go eng mo kgotleng. Di ne di sa tlhoke moarabi ka motho o ne a bona fela ka kapari gore fa, go ketekwa letsatsi la ngwao. Bomme ba ne galalela ka mateisi a segilwe ke setswerere ba beile megagolwane e ka re ba ya go batla ngwetsi golo gongwe fa borre bangwe le bone ba tla ba ipapanne ka kapari ya matlalo a Setswana.E re ka toropo ya Lobatse e oletse merafe ka go farologana, ope a se ka a batla gore ngwao ya gaabo e salele kwa morago mme ra bona kapari ka mefutafuta, bangwe ba apere Sezazuru, Sesotho, Seswati, Seherero mme moono wa letsatsi e ne e le go supa le go ipelefatsa ka ngwao ya Setswana ka setlhogo se se reng Ngwao letshego la setshaba.Morafe wa bo o ntse ka tshisibalo go amogela bagaka ba lefatshe leno ba akaretsa matlhogotshweu a toropo ya Lobatse. Bone ba ne ba akaretsa tautona wa pele wa lefatshe leno Sir Ketumile Masire yo e neng e le ene sebui sa tlotla gammogo le moatlhodi mogolo wa kgotla tshekelo, Justice Dibotelo, magosi go tswa kwa dikgaolong tse di farologaneng le motlhatlhelela dithuto kwa mmadikole Dr Roggers Molefi.

Tiro ya simologa, tlhako sa lelela boatleng, dipina, metshameko le maboko e le matsorotsoro, megolokwane le yone e lelela boatleng go supagala tota fa banni ba ne ba nyoretswe letsatsi leo.Banana gammogo le bana ba dikole le bone ba ne ba iketleeditse go tla go anya thuto le maele a Setswana.Kgosi ya Peleng Kgosi Pius Letsholo le ene a nna le sebaka sa go amogela boidiidi jo bo neng bo tshologetse tiro eo.Mo puong ya gagwe, a supa fa a le motlotlo ka jaana toropo eo e le makgatlhanelathapong mme tshwaragano ke ya maemo a ntlha.A re ka one mowa oo wa tirisano, ba ne ba thulanya ditlhogo e le banni gore ngwaga ono ba rulaganya letsatsi la ngwao go itsaya motlhala go leba kwa ba go tswang le gone go amogana thuto le dikitso ka dingwao tsa bone.A re e re ka ngwao e tswa kgakala e tshegeditse e bile e bopa setshaba, maikaelelo a bone e le dikgosi ke go rotloetsa Batswana go e tsosolosa gongwe le gongwe fa ba leng teng, le mo ditoropong tota.Ya re fela a wetsa a nna fatshe, rre mongwe a goa ka lentswe le le kwa godimo a re: Dikgafela tseo! A di goroge kwa kgosing A di goroge ka pula ya masokelele! Fa morafe o thaakanya ditsebe, rre mongwe a suthoga ka letlhaku la moologa a tla a di bokolola dikgafela tseo, a setswe morago ke bomme ba rwele ditlatlana, dinkgo ba bopeletse isa kwa go Kgosi. Kgosi le ene a di amogela ka diatla tsoopedi.

Fa a tlhalosa ka seo, Rre Kebinakgabo Baabina a tlhalosa fa dikgafela di ne di isiwa kwa kgosing e le sesupo sa go itumelela thobo.E ne ya re a nankola ditso tsa Lobatse, Rre Molefi a tlhalosa fa toropo eo e humile ditso tse di tlhokwang go kwalwa gore dikokomane di di fitlhele, a tlatsa ka gore le mo go tlhabololeng lefatshe leno banni ba Lobatse ba nnile le seabe.A re toropo eo e itsege thata ka ngwao e e faphegileng le ditlhabololo tse di nonofileng a kaya fa bommantswitswidi ba tsa thuto, metshameko le kgwebo ba tlholega kwa Lobatse. A re banna le basadi ba ba nnileng le seabe mo go fetoleng le go tokafatsa matshelo a ba bangwe ba bonwa kwa Lobatse mme ka jalo batho bao ba tshwanelwa ke go lemogwa le go fiwa tlotla ka go kwala ka ditiro tsa bone.Dr Molefi o boletse fa mo tlholegong, toropo eo e le ya bagwebi a tlhalosa fa batho ba ntlha go thibelela teng e le Bangwaketse le Bahurutshe mme ba fitlhelwa ke Bazezuru. A re merafe eo e ne e le dikwankwetla tse di neng di itshetsa thata ka ditiro tsa diatla ka mefuta ya bone a tlatsa ka gore go ne go se motlhofo gore ba ka fuduga fa ba leng teng.

Kgotla tshekelo e bonwa kwa Lobatse, le tsone diofisi dikgolo tsa lephata la tshekatsheko ya lefatshe gape le sepatela sa balwetse ba tlhalogayo sa Lobatse Mental, se eleng sepatela balwetse ba tlhaloganyo fela mo  Botswana. Madirelo ka bontsi a kwa Lobatse,,e leng mathabelo (BMC), ka go rua ka  e le  konokono mo itsholelong ya  Botswana pele ga go lemogwa ga diteemane e le botlhokwa  e bo e sala e le bontlha bongwe jo bo mosola jwa ngwao. , ke kompone e tona e e seng ya puso e e tlhapang.

Makhanselara a Lobatse a akgoletse bodiredi jwa khansele tiro e ntle ya go neela setshaba ditirelo tse di ba kgotsofatsang.Ba galaleditse bodiredi morago ga go begelwa fa khansele eo e ikgapetse sekgele sa go gaisa dikhansele tse dingwe mo go neeleng setshaba ditirelo.Mmatoropo Mme Caroline Lesang o ne a lekodisa makhanselara a Lobatse fa mo dikhanseleng di le lesome le borataro, khansele ya Lobatse e se lwa ntlha ba iponela maemo ao ka jaana le ngogola ba ile ba ikgapela kopi.O ne a ba itsise gape fa ba lephata la makgotla le bone ba tlotlomaditse toropo eno ka go ikgapela maemo a ntlha kwa phutheogong e e neng e tshwaretswe kwa Jwaneng bosheng.Makhanselara a ne a iteela bodiredi legofi ba re ba supa fa ba dira ba le ngata e bile ba ikemiseditse go direla setshaba ka manontlhotlho le ka bopelotelele.Ba re go supagala fa bodiredi bo ikemiseditse go dirisana le morafe, bogogi jwa toropo go tlhabololo.Ba supile fa le bone ba lemoga pharologanyo ka jaana ditirelo ka bontsi di tokafetse ba supa sekai ka melemo kwa dikokelwaneng.Mokhanselara Rre Molaodi Mantle o ne a leboga mokwaledi wa toropo a re mogopolo wa gagwe ya go akaretsa makhanselara mo bokopanong jwa go itshekatsheka e le bodiredi o dule maduo mme a mo rotloetsa go tswelela ka mowa o montle oo.Le fa go ntse jalo, makhanselara ba ne ba ikuela ka go bewa ka fa mosing ke bobega dikgang jwa thelebeshine.Ba re khansele ya Lobatse e dira tiro e ntle mme go sa supiwe mo thelebeshineng le ntswa fa go dikhansele tse dingwe di ne di ka tsaya malebela mme ba tokafatse ditirelo tsa bone.




#Article 243: Motsana wa Mmashoro (759 words)


 
Mmashoro  ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O bonwa mo bokone bophirima jwa Botswana dikhilomethara tse di masome a boferabobedi go tsweng  Serowe. gape palo ya batho e ne e le lekgolokgolo,makgolo a matlhano masome a mane le boraro mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 .

Banni ba metse ya Malatswai, Dimajwe le Mmashoro ba kopilwe go nna pelotelele go emela gore itsholelo ya lefatshe leno e boele mannong, ka ke gone ditlamelo tsa metse ya bone di tlaa tsibogelwang.Ba boleletswe jalo kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya bone ya Serowe Bokone Bophirima, Rre Tshekedi Khama, fa ba arabiwa ka ga tse ba di kopileng jaaka megala ya mosokela tsebeng kwa diofising tsa puso, koloi ya mapodisi go lwantsha borukutlhi le tse dingwe.Ba Malatswai ba ngongoregile ka khiro ya go kgaola ditlhare mo ditseleng, ba re ba lephata la ditsela ba hira banni ba motse wa Mmashoro go tswa kwa motseng oo go goroga kwa go wa Malatswai, mme ba kopa go kgaoganyediwa gore le bone ba bone go itshetsa.Kwa Dimajwe, banni ba ngongoregile ka tsela e e saleng e tshetswe mmu go e baakanya, mokhanselara o ne a solofetsa fa go le gaufi gore e simololowe ka thendara e setse e dule.Mopalamente le ene o ne a supa fa a tshwenyegile thata ka ntlha ya lebaka le le tserweng go baakanya tsela eo.Monana mongwe o kopile puso go romela badirela puso ba maphata a a farologaneng a mananeo a dithuso go etela motse wa bone, go ba rutuntsha ka one ka ba le mo lefifing fela ka mananeo a puso.Modulasetilo wa Mmashoro o ne a ngongorega ka boimana jwa baithuti ba sekole se segolwane sa motse oo, a re batsadi bangwe ba rotloetsa mowa wa boitaolo ka go ba rekisetsa ditagi.

Ba Mmashoro ba kopile go fiwa motshine wa bobedi wa go jesa bolase ka kgaolo eo e dirisa o le mongwe fela mme go tlhokega wa bobedi go tsweledisa tiro fa o mongwe o ile merakeng.Mopalamente o ne a kopile ba kompone ya Kalahari Gas e e gaufi le motse wa Mmashoro go tla go tlhalosetsa banni ba motse oo, gore ba bokgakala bo kae le go simolola tiro ya go fetlha gas.Mogolwane wa kompone eo Rre Trevor Corrivan, o tlhalositse fa tiro ya go fetlha gas e sa ntse e le kgakala ka ba sa ntse ba tsweletse ka dipaakanyo.A re se a se solofetsang Batswana ke gore go tlile go thapiwa batho ba bantsi ka ditiro tsa teng di farologane mme di tlhoka go dirwa bosigo le motshegare malatsi otlhe, e bile go tlhoka tlhokomelo e e tseneletseng.Mopalamente o ne a tlhalosetsa banni ba metse eo ka ga ngalo ditiro.

Maloko a phathi ya Domkrag a motse wa Mmashoro a kopilwe go lebalelana melato ya maloba go tsweledisa ditiro tsa phathi ya bone le go itsise batho ka mananeo a puso ya bone gore Batswana ba intshe mo lehumeng.Go buile jalo mopalamente wa Palapye Moiseraela Goya yo o neng a bua kwa phuthegong ya Domkrag ya go amogela maloko a phathi eo le go ba kopanya morago ga dipharologanyo tsa bone nako ya ditlhopho tse di fitileng tsa 2004.Rre Goya a re ke nako ya go gagamatsa chaene, go tsibosa Batswana ka mosola wa mananeo a puso ya bone ya Domkrag le go nna tlhaga mo go diriseng lenaneo la temo la ISPAAD ka ke lone le ka ntshang Batswana mo selelong sa gore mabenkele a turisa dijo, ka go lema ka tlhoafalo go ijesa le go rekisa, a re seo se ka thusa gore beng ba dikgwebo tse di rekisang dijo ba fokotse di tlhwatlhwa.O kgothaditse barua kgomo go disetsa kwa merakeng, a re bajanala ba e leng bone ba rekang nama ya Botswana, fa ba feta dikgomo mo metseng ba di tsaya ditshwantsho le di e ja dipolaseteke, a re seo se borai thata mo thekisong ya tsone kwa mafatsheng a sele.A re go tsile go hetlhwa gase e ntsi mo Mmashoro, e e tlaa tlhamelang Batswana ditiro, a tlhalosa fa seo e le tsela nngwe ya go fokotsa go ketemela ga batho ba ba batlang ditiro kwa ditoropong.Leloko la khuduthamaga ya phathi ya Domkrag Mme Neo Kealotswe, o akgoletse ma-Domkrag a Mmashoro go supa fa ba fedisitse dikgang tse di neng tsa ba kgaoganya.A re maraganateng a bana ba mpa a ipaakanyediwa ke beng.O ba kopile go tsena diphuthego ka a lemogile fa ba itshupa fela ka nako ya buleladitswe, a re ditiro tsa phathi di tshwanetse go tswelela.




#Article 244: Motse wa Serule (808 words)


 
Serule  ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Serule, o nale seemo sa loapi sa selekanyo sa  -21.95 (21° 56' 60 S) gape le sa 27.3 (27° 18' 0 E), ke motse o o mo mebilen, fa thoko ga tsela, kgotsa fa thoko ga seporo sa terena. Motse o o bonwa fa tlhoko ga tsela ya Francistown le Palapye, gape ke motse yo o botlhokwa o o kopanyang diporo tse di tswelang kwa bokone jwa toropong ya Francistown, le borwa jwa motse wa  Palapye gape le mo botlhaba jwa toropo ya moepo ya Selebi-Phikwe, e e dikhilomethara tse di masome a bosupa le bobedi go tswa kwa Palapye go ya fela kwa godimo mo tseleng e e yang bokone jwa tsela ya A1, dikhilomethara tse di masome a boferabobedi le bobedi go ya Francistown mo borwa jwa tsela ya  A1 gape le dikhilomethara tse di masome a borataro mo bophirima jwa toropo ya  Selibe Phikwe go ya kwa makopanelong a tsela.. O bonwa thata mo dikhilometharang tse di makgolo a mararo le masome a mane mo botlhaba  selekanyo sa seemo sa loapi sa  (90°) gongwe e ka nna bogare jwa lefatshe la Botswana gape le dikhilomethara tse di makgolo a mararo,masome a boraro le bobedi mo seemong sa loapi sa selekanyo sa mo bokone jwa (26°) toropokgolo Gaborone.

Palo tsa batho go ya ka palo batho ya ngwaga wa 2001 e ne e le  2,268 gape e akanyediwa  go fetla selekanyo sa  3000 mo bofelong jwa ngwaga wa 2011.
Banni ba motse wa  Serule ba akaretsa  Bangwato, Bakwena, Batalaote, Bakalanga, Bahurutshe gape le dikgotlana tse di leng teng ke tsa  Borotsi, Mokwena, Botalaote, Basimaneng le Leupane. Lefelo le ka nna selekanyo sa dikhilomethara tse di makgolo la Serule le nale palo ya batho ba ka nna  1515 (0.000015 motho a le mongwe a tsaya ntlha ngwe a lefatshe) gape le go tsholetsega ga lefatshe ga selekanyo sa makgolo a boferabongwe,boferabongwe le boraro mo lefatsheng.

Kgosi ya motse ke  Kgosi Oletile Modise,  Motalaote yo o tsereng bogosi ka ngwaga wa  2001 go tsweng mo go kgosi  Tau Lesego. Oletile Modiseke morwa  Kgosi Gabana yo o simolotseng motse . Kgosi Modise o thusiwa ke Kgosi Mmese. Banni ba Serule  ba eteletswe pele ke phuthego ya  Botswana Democratic Party. Boleng teng jwa phuthego ya  Botswana National Front mo motseng bo ne jwa nyelela se se latedisa tshimololo ya  bolengteng jwa phuthego ya Botswana Congress Party e e tswelelang e le yone e e itesang borathana le fa e sena tatedi e e tseneletseng.

Mokhanselara wa  Serule ke Seno Fani Mokhondo yo o ka fa tlase ga phuthego ya Botswana Democratic Party. Mokhanselara  Seno Fane Mokhondoke leloko la Presidential Certificate of Honour ka ngwaga wa 2006. Presidential Certificate of Honour e tlhalosiwa e le  “setlankana se se abelwang motho go bo a berekile ka lobaka gape a le boikanyego mo lefatsheng la Botswana.” Tona wa lefatshe mo bogompienong wa Tshireletso,kagiso le tlhokgamo ke ene moemedi wa motse kwa khuduthamageng wa kgaolo ya  Serowe bokone botlhaba,yo o ka fa tlase ga phuthego e e busang. Badirela molao ba ba ntseng ba emetse  Serule ba akaretsa tautona Festus Gontebanye Mogae gape le  Lephimotswe Boyce Sebetlela yo kileng a bo e le tona kwa khuduthamageng.

Le fa  Serule e le motse yo o nang le dipalo tsa batho ba ba palo e e tsenang mo seatleng,mo nakong e e fitileng go nnile le ditlhabololo tsa dikago. Dikago tsa mantlo di fa bosupi ka mefutla ya dikago tsa tsone tse di tlhabologileng. Bontsi jwa ditirelo tse di ka bonwang mo Botswana gape le mo ditoropong di ka bonwa gape le kwa motseng wa Serule. Ke nngwe ya dikgaolo tse di mo maemong a lesome mo go laoleng ga sepodise sa Botswana mo  Serule. Gape mo motseng go nale sekolo sa  Little Tomy Day Care Centre, Serule Primary School, Bonwatlou Junior School,kokelwana ya Serule, le poso. Bonno jwa one jo bo rileng fa tlhoko ga tsela ya  A1bo bakile tshimolodiso ya lefelo le go kalwang bokete jwa dikoloi tsa megobagoba gape le dikolo tse dingwe tse ditona tse di simolotsweng ka ngwaga wa  2000. Motse o o akola tsela e e dikhilometharanyana e e mo motseng. Gape le e e leng teng kwa difikantsweng tsa  Majoje, tse di bonwang kwa dithabeng tsa  Majoje tse o kareng lefelo la peeletso la ditso la motse.

Banni ba motse wa  Serule bontsi ba bone ke balimi ka jalo ba ikaegile thata ka temo thuo agriculture le fa go ntse go nale palonyana ya batho ba ba ikaegileng ka mebereko mo motseng le kwa ditoropong tse di mabapi. Bontsi ba bone ke balemi barui ba ba direlang go jesa malwapa a bone. Ba nale dikgomo kwa merakeng ya Makgorwane, Libu, Xomexhwa, le Seokane. Majoje ke lone lefatshe le ba lemelang kwa go lone le tsaya thobo ya bone. 

  




#Article 245: Toropo ya Sowa mo Botswana (900 words)


Sowa  ke toropo  e e bonwana mo kgaolong ya legare la  of Botswana, mme e ikemetse ka bonosi. Toropo ya Sowa e simolodisitswe ka ngwaga wa  1991 ke molaomotheo wa khuduthamaga, wa Statutory Instrument No.26 wa ngwaga wa 1991 gape o laolwa ke melawana ya toropo ya  Sowa , 1991 ka fa tlase ga molaomotheo wa  Township Act (Cap 40:02). Palo ya batho e ne e le 2,879 ya banni, go ya ka ba palo batho ya ngwaga wa 2001.

Sowa  o raya letswai  mo temeng ya  Basarwa. Toropo e bapile le  Sua Pan (gape go itsege ka  Sowa Pan),  letswai kwa sodium carbonate (soda ash) e epiwang teng.

Makhanselara a masha a toropo ya Sowa a supile ngongorego morago ga go lekodisiwa fa go se na dipe ditlhabololo tse di rulaganyeditsweng toropo eo mo ngwageng ono wa madi.E rile ba bua kwa phuthegong ya malatsi mabedi o o neng o rulaganyeditswe go ba rutuntsha ka tsamaiso ya khansele, mongwe wa makhanselara ao, Rre Baemedi Medupe o ne a re ka ntata ya go bo go se na ditlhabololo tse di rulagantsweng mo toropong eo, go tlaa ba thathafalela e le baemedi ba batho go ema fa pele ga setshaba ba ba bolelela ka fa go se nang ditlhabololo ka teng.Mogolwane go tswa mo ofising ya khansele ya Sowa, Rre Letswalo Moesi o ne a tlhalosetsa makhanselara ao gore tshwetso ya go emisa go dira ditlhabololo tse disha mo toropong eo e bakilwe ke letlhoko la madi le le dirilweng ke kwelo tlase ya itsholelo lefatshe ka bophara.Rre Moesi o ne gape a gakolola makhanselara ao go tsenelela diphuthego tsa kgotla tse di bidiwang ke ba khansele go lekodisa setshaba ka mananeo a puso, gore le bone ba tle ba thuse go tlhalosa ka jaana e tlaabo e le bone baeteledipele ba dikomiti tse di farologanyeng mo khanseleng.O bile a lekodisa makhanselara ao gore batho ba Sowa ba na le mokgwa wa go goga dinao fa ba bilediwa diphuthego tsa kgotla, ntswa khansele e dira gotlhe mo e nang nago jaaka go ba bitsa ka digoagoe.

Makhanselara ba ne ba ngongorega ka gore mo nakong ya gompieno ditsha tse di mo Sowa ke tsa moepo le tsa kompone ya matlo ya BHC fela, mme ba re ba belaela gore selo seo ke sone se dirang gore batho ba seka ba tsenelela diphuthego tsa kgotla ka jaana ba sa tseye toropo eo e le legae la bone. Ba ne ba tswa ka mogopolo wa gore go abelwe batho ditsha tsa bonno mo Sowa gore batho ba tle ba tsenwe ke mowa wa go tlhabolola toropo eo ka jaanong e tlaabo e le baagi ba sennelaruri.E rile Rre Moesi a ba kgwa dikgaba, a ba bolelela gore go sa tswa go simolodisiwa lenaneo la SHHA mo Sowa, mme a re ke tsholofelo ya bone e le bagogi ba toropo eo gore batho ba ba filweng ditsha tseo ba tlaa oketsa palo ya batho ba Sowa, e bontsi jwa yone mo nakong ya gompieno e leng babereki ba moepo.Makhanselara a ne a rutuntshiwa ka ditsamaiso tsa khansele ka go farologana, jaaka melawana e e laolang boitshwaro jwa bone le go tsisa melao-kakanyetso mo khanseleng.

Banni ba metse ya Gweta, Tsokatshaa,Dzoroga,le Sowa ba ne ba ikuela ka seemo sa metsi a a sielwang batho ba metse eo, ba re a letswai, a ka ama botsogo jwa bone.Ba ntshitse boikuelo joo, mo phuthegong ya kgotla e biditswe ke mothusa tona, mme Botlogile Tshireletso kwa metseng eo, ka Mosupologo. Ba kopile gore metsi ao, a dirwe sengwe go timola letswai leo.Ba ne gape ba lela ka lephata la metsi la khansele ya Tutume, ba re badiri bao ba tsaya nako go gokela metsi le go bala dimmithara.Kwa Tsokatshaa, banni ba ne ba ikuela ka tsela ya lekgarapa ya Dzoroga/Tsokatshaa, ba re go tsaya nako gore tsela eo e gopiwe.Mme Kesentsemang Gadibolae wa Dzoroga, a re ba le balemi ba motse oo, ba leka ka bojotlhe go diragatsa lenaneo la ISPAAD bothata ke terekere.O ne a bolela fa e sale ba solofediwa terekere ya mmuso, lebaka la temo la bo la wela ba sa e bona.

Mafoko a gagwe a ne a tlatswa ke rre Keolekile Malepa, yo o neng a bolela fa mmuso o ntsha mananeo a a siameng, sebe sa phiri e nne barongwa ba ba fiwang boikarabelo jwa go diragatsa mananeo ao.A re seo se tlaa dira gore batho ba felele ba tlhoboga mananeo ao. Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Lenyatso Gobela, o ne a bolela fa diterekere tsa ISPAAD di tlhaela mo e bile kgaolo potlana ya Tutume e abetswe diterekere tse nne go thusa balemi ba kgaolo yotlhe, mme go rotloediwa balemi go dirisa methale e mengwe go lema.E rile a ba araba ka kgang ya metsi, mogolwane mo lephateng la metsi la kgansele potlana ya Tutume, Rre Vincent Ragabane.O ne a bolela fa go thapilwe kompone nngwe ka thulaganyo ya metsi ya Sowa Water Supply Master Plan go thusa metse eo.Rre Ragabane a re ka thulaganyo eo e tlaa bo e le go arabela dilelo tsa bone tsa go tokafatsa seemo sa metsi ao, le ntswa a le mo seemong se ka boranyane a siametsweng go nowa.Mme Tshireletso o tsamaya le metse e e mo kgaolong ya Nata/Gweta go rerisa sethaba ka thulaganyo ya go hudusiwa ga ditirelo tsa metsi go ya kwa go ba koporase ya metsi ya Water Utilities.




#Article 246: Motsana wa Oodi (676 words)


 

Oodi  kgotsa  Odi  ke motsana yo o mo  kgaolong ya Kgatleng  ya Botswana. O dikhilomethara tse di masome a mabedi mo bokone-botlhaba jwa toropokgolo Gaborone. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le 3,139.

Bakwena ba simolotse ka dingwaga tsa bo 1500 go ya ka bakwadi ba hesitori. Ba simolotse ba tswa mo Bahurutsheng morago ga ntwa ya bana ba ga Kgosi Malope e bong Mohurutshe morwadia Malope wa ntlha wa ntlo e tona le Kwena Morwa Malope wa ntlha wa ntlo ya bobedi. Ntwa e ene e le gore a bogosi botsewe ke ngwana wa ntlha wa ntlo e tona le fa e le mosetsana gongwe botsewe ke ngwana wa ntlha wa mosimane mo ntlong ya bobedi yo e neng e le Kwena. Ntwa e ne ya simolola magareng ga balatedi ba ga Mohurutshe le ba ga Kwena ke mo kgaogano e simolotseng teng fa ba ba neng ba sa la Kwena morago ba bidiwa baKwena. Morago ga losika lwa botlhano go ya ko go la bosupa Bakwena ba sena go kgaogana le Bahurutshe fa Mogopa e sa ntse e le kgosi, go ne ga nna lešekere le le golo. Go ne ga nna tlala e e boitshegang ka ngwaga tsa bo 1700 e e neng ya dira kgaogano e tona mo morafeng wa Bakwena. Bakwena ba ga Modibedi, Mogorosi, Bahlakwana, Bamonaheng, BaMokotedi le ba Makhoakhoa, ba ne ba tsamaela ntlheng ya borwa jwa noka ya Lekwa go ya Foreisetata, fa ba bangwe ba ne ba nna kwa Ntsuanatsatsi go bapa le Bafokeng.

Bakwena ba ba tsamaetseng ntlheng ya Borwa go feta Noka ya Lekwa ba ne ba ikopanya ba dira Bogosi jwa Lesotho. Bangwe ba Magosi a Bakwena jaaka baMoletse, baPhogole, le baPhalane ba ne ba tsamaela ntlheng ya botlhaba mme ba nna le bogosi jo bo itlhaotseng.

Kgosi Mogopa le Bakwena ba ba neng ba setse jaaka Bakwena ba Modimosana ba ne ba dira morafe wa Bakwena ba Botswana. Ba ne ba ya Mabjanamatshwana go bapa le Noka ya Odi mo ba neng ba aga motse wa Rathateng fa nokeng ya Madikwe e kopannang teng le ya Odi. Mogopa-Kwena o ne a boela kwa Mabjanamatshwana mo motseng wa Brits wa teransefala, mme morwarragwe Kgabo (2) o ne a seka a mosala morago e na a sala kwa Rathateng morago a Kgabaganya noka ya Madikwe le balatedi ba gagwe go ya Botswana. Bakwena ba ga Kgabo ba ne ba nna kwa Dithejwaneng mo bophirima jwa Molepolole wa Botswana. Kgosi Kgabo o ne a salwa morago ke Motshodi ngwana wa gagwe wa mosimane, le fa go sa itlhalose gore ke mang tota yo o ne a eteletse Kgabo-kwena pele fa ba ya Botswana bangwe bare ke Kgabo fa ba bangwe ba re ke Motshodi. Bakwena ba ne ba kgaogana gape kwa Molepolole, ya nna ba ga Ngwaketse ba ba itsegeng ka BaNgwaketse, le ba ga Ngwato ba ba itsegeng BaNgwato. 

Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa motse wa Manyana, a re ngwao e amana thata le bojanala.Kgosi Mosielele o ne a bua jalo mo puisanong le babegadikgang gore moopelo, kapari le dijo tsa Setswana di ka dirisiwa go godisa bojanala, ke ka moo bajanala le babeeletsi ba ratang motse wa Manyana.Kgosi o ne a re batho ba motse wa gagwe ba tshwanetse go bababela ditsangwao le ditsatlholego tsa kgaolo ya bone jaaka mekwalo le metako e e mo matlapeng kwa Manyana, tse di mo mantsweng a Dimawe, fa gare ga metse ya Manyana le Mmankgodi gammogo le setlhare sa ga David Livingstone.Le fa go ntse jalo, Kgosi Mosielele o ne a supa gore ga go na go nna motlhofo go fetolela megopolo ya batho ba motse wa gagwe kwa go tlhokomeleng le go bapatsa bojanala jo bo mo motseng wa bone.A re o setse a bone lefelo kwa Ramoshaga, kwa go tlaa agiwang lefelo la ngwao teng.Kgosi Mosielele o ne a tlhalosa gore maikaelelo a gagwe ke go tsweledisa maikaelelo a ga rraagwe, yo o duleng mo tirong ka ntlha ya bogodi jaaka go tsosolosa mmino le ditsamaiso dingwe tsa Sehurutshe jaaka dikgafela.




#Article 247: Motsana wa Lerala (1405 words)


Lerala  ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motsana o o dikhilomethara tse di masome a mararo go tsweng kwa  nokeng ya  Limpopo  gape le molelwane wa Zimbabwe gape o ka nna dikhilomethara tse di masome a boferabongwe mo botlhaba jwa motse wa  Palapye. Palo ya batho ba  Lerala e ne e le  5,747 palo bathong ya ngwaga wa  2001.

Kompone ya kwa lefatsheng la Australia e e bidiwang, DiamonEx Limited, e akanya go bula moepo wa diteemane  mo dikhilomethareng tse di lesome le botlhano mo bokone0bophirima jwa motsana wa Lerala. Leina la moepo le le itsegeng ka  Martins Drift Diamond Project  o tla bulwa ka tshimologo ya ngwaga wa 2008 gape o bo o tlhapa babereki ba le makgolo a mabedi le masome a mararo go ya kwa makgolong a mabedi le masome a boferabongwe go ntsha selekanyo se se akanyediwang sa   ngwaga.
Mo nakong e e fitlileng kompone e e kopanetsweng ya  De Beers gape le puso ya  Botswana ba ne ba direla fa gare ga ngwaga wa 1998–2001 moepo wa tshimolodiso wa diteemane gone kwa lefelong leo.

Mokgatlho wa Royal Family Culture and Charity o abetse banni bangwe ba ba neng ba wetswe ke seru sa dipula tse di ileng tsa senya kwa motseng wa Maunatlala. Moeteledipele wa mokgatlho o, Rre Joseph Thakgathi, a re mokgatlho wa gagwe o itlamile go tswelela o abela malwapa a a tlhokang.A re Keresemose ke letsatsi le malwapa a a tlaa bong a kopane, mme a bone go tshwanetse gore malwapa a a tlhokang le one a nne le dijo le diaparo.Mokgatlho oo, o abetse malwapa a mabedi kwa Maunatlala dijo le diaparo ga mmogo le dingata tse di lesome tsa bojang gore ba kgone ba rulele matlo a bone a a ileng a rutlulolwa ke dipula le diphefo kgwedi e e fetileng.Rre Thakgathi a re ba dirile tiro e ba itebagantse le letshego la tebelopele ya 2016 la tshaba e e kutlwelobotlhoko, e e babalelang. Mokgatlho oo itebagantse gape le go tlhabolola ngwao ka go rotloetsa mmino wa Setswana, le poko.

Fa a tswa la gagwe, monni wa motse o, Mme Salome Lesole, yo le ene a nnileng le seabe mo go abeleng malwapa ao, o rotloeditse banni ba Maunatlala go nna le pelotlhomogi mo batlhoking. A re kutlwelobotlhoko e e tshwanetse go supiwa ke bone pele, e seng batho ba ba tswang kwa ntle. A re puso e sa ntse e le mo lesekereng la tlhaelo ya madi mme a kopa banni ba motse o go thusa go agela batlhoki.Kgosi wa motse oo, Kgosi Phopho Mapena, le ene o lebogetse mokgatlho oo ka go thusa malwapa ao ka dijo le diaparo. A re go a lebosega go bona banana ba tswa kgakala batla go supa kutlwelobotlhoko mo banning ba Maunatlala, bogolo jang ba ba ileng ba amiwa ke dibetso tsa tlholego

Ka Matlhatso, Bapedi ba Mapulan ba ne ba tshologetse kwa motseng wa Sefhare go ipelela ngwao ya bone.Letsatsi leo, le le le tshwarwang ngwaga le ngwaga, le ne le eteletswe pele ke mokgatlho wa Lentswe la Batswapong, o o itebagantseng le go rotloetsa ngwao le puo ya Sepedi.Fa a buisa Batswapong ka letsatsi leo, tona wa dipagamo le ditlhaeletsano, Rre Frank Ramsden a re go botlhokwa gore merafe e ipelele dingwao tsa yone.A re le fa ditso tsa merafe bontsi di kwadilwe, go botlhokwa go ipelela ngwao go ruta dikokomane le go di tsweledisa.A re merafe ya lefatshe leno e tshwanetse go itumelela popagano ka gore mo mafatsheng a mangwe semorafe ke sone se se tlang pele mme se tsale dikhuduego le dintwa.Tona Ramsden a re mo lefatsheng leno, le fa merafe e farologana ga go paledise gore merafe e kopane ka mekgwa epe.O akgotswe morafe wa Batswapong, a re se ba se dirang ke sone se puso e se rotloetsang gore morafe mongwe le mongwe o tshegetse ngwao le teme ya one, a re ke sone se puso e ileng ya tlhoma lephata la banana, metshameko le ngwao.

Rre Ramsden a re go a itumedisa go bona merafe e e farologaneng e eme ka dinao go supa le go akola se ba leng sone, a re letsatsi le le lone le supa ka fa morafe wa Batswapong o ratang e bile o ipelela se o leng sone.A re kgaolo ya Disikalala ke nngwe ya mafelo a a humileng tlholego jaaka mantswe a a nang le metswedi ya metsi a monate jaaka Sefhare, Goo-Moremi le Borotsi, a tlatsa ka gore Tswapong ke lefelo le lentle le le kgatlhisang ka mantswe a lone.Fa a tswa la gagwe, moemedi wa kgaolo ya Disikalala kwa ntlong ya dikgosi, Kgosi Sello Moroka o akgoletse lekgotla la Lentswe la Batswapong go kopanya morafe wa Batswapong.A re se se supa fa Bapedi ba itemogile bogolo jang ka ngwao ya bone.Le fa go ntse jalo a re ngwao e a fetoga, e amiwe ke ditlhabololo mme a kopa Batswapong go tswelela ba tshwere ngwao ya bone gore e se ka ya ba latlhegela.A re ngwao ke yone e kgaphang batho mo ditseleng tse di sa siamang, mme fa morafe o sa ntse o tshwere ngwao, o ka tila go tsena mo ditseleng tse di sa siamang.

Kgosi ya motse wa Sefhare, Kgosi Oteng Suping, o ne a tlhalosetsa morafe ka botshelo jwa Bapedi, a re Bapedi ba tswa kgakala e le balemi bogolo jang ka dipula di ne di na thata.O tlhalositse gape ka dijo tse di neng di jewa jaaka bogobe jwa lerotse, le diletso tse di neng di letswa ka nako eo.Letsatsi le le ne le ketekiwa ka dipina le maboko, mmogo le go etela mengwe ya metswedi e nnang e ela metsi.

Banana ba Disikalala Bokone ba amogetse mogopolo wa gore go okediwe dingwaga tsa banana go tswa mo go masome mabedi le boferabongwe go ya kwa go masome mararo le botlhano.Ba akgotse mopalamente wa Disikalala Bokone Rre Prince Maele, mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Lerala, Ratholo, Majwaneng le Manaledi, ba re dingwaga tse masome mabedi le boferabongwe di dinnye e bile di goroga ka nako e ba sa ntseng ba ise ba tlhaloganye dilo ka bontsi.Ba re ba ntse ba sa kgone go inaakanya le mananeo a puso a tshwana le la madi a banana a ba thusiwang ka one go ipulela dikgwebo.Bontsi jwa banana ba tlhalositse fa dikopo tsa bone di sa kgona go atlega ka ntlha ya dingwaga, ba re ba tsile go ititaya ka thupana gore ba kgone go akola lenaneo le.Fa mopalamente Rre Prince Maele a ba baya pele tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng, o ne a ba tlhalosetsa gore molao o o iteetswe legofi ke palamente, a re e bile o tlaa bewa monwana ka kgwedi ya Phukwi.A re banana ka bontsi mo kgaolong ya gagwe ba ntse ba lela ka kgang e, ya gore dingwaga di okediwe gore ba kgone go akola lenaneo la madi a banana.

Le fa go ntse jalo, a re o sa ntse a tshwenyega ka banana ba kgaolo ya Disikalala bokone ka gore ba maoto a tshupa go tsenya dikopo go ipulela dikgwebo tse di tlaa ba thusang go itlhamela ditiro go inamola lehuma.O kopile batsadi go mo thusa seemo se ka go bua le banana kwa malwapeng, a re go a swabisa go bona banana ba ba ka bong ba tsholetsa kgaolo e, e le bone ba ba nnang fela mo bojalweng le mo borukutlhing. Rre Maele o kgothaditse banana go bula dikgwebo gongwe le gongwe kwa Disikalala, a re ba se ka ba ikganelela fela mo metseng e ba tlholegang mo go yone, a re ke gone mo go dirang gore dikopo tsa bone di se ka tsa atlega ka gore bontsi jwa bone ba batla go dira dikgwebo tse di tshwanang mo lefelong le le lengwe.Le fa banana bangwe ba ne ba kopa gore madi a ba thusiwang ka one a P100 000 a okediwe, Rre Maele a re go thata gore madi a okediwe ntswa banana ba sa ntse ba sa kgatlhegele go a tsaya.Le fa go ntse jalo, Rre Maele o lebogetse banana ba ba kgonneng go ipulela dikgwebo ka madi a banana go tshwara ka thata gore dikgwebo tsa bone di se ka tsa phuphama.O ba kopile go thusa ba bangwe ba ba sa ntseng ba palelwa ke go tlatsa difomo gore le bone ba kgone ba ipulele dikgwebo tse di tlaa thusang go tlhabolola kgaolo ya Disikalala bokone.

Selebe Phikwe




#Article 248: Motsana wa Sefophe (1504 words)


Sefophe ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O dikhilomethara tse di masome a mane mo borwa-botlhaba jwa toropo ya moepo ebong Selebi-Phikwe, mo dikhilomethareng tse di makgolo go nale molelwane wa lefatshe la  Zimbabwe gape le wa lefatshe la Aferika Borwa. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le 3,139.

Ba ba goletseng mo motseng wa Sefophe o o mo kgaolong ya Bobirwa.fa o re ‘Ya met si’ ba tla a ne ba sale ba itsile gore o buwa ka mang, ka jaana motho o kare bontsifa e se botlhe banni ba motse o ha tsholetswe mo matlhong a gagwe. 0 alositse banna le basadi ba ba rweleng maikarabelo a motse wa bone ka magetla. Dingwaga tsa gagwe di ganetsa seemo se a leng mo go sone. 0 santse a kgona go itirela ditiro ka bontsi mo lelwapeng la gagwe.

Le ntswa tihogo ya gagwe e setse e le tshweu twaa! e kare o ne a rwele kgetsi ya phaletshe matlho a santse a bona sentle. sebe sa phiri fela ke kwa ditsebeng. Ga a sa tlhole a utlwa sentle motho wa maloba mme ka jalo fa o buwa le ene o tlamega go tlhatlosa lentswe gore le tie le kgone go utlwana. Mmele wa gagwe ga se e e fa e ba bongaka ba a tie ba reng ke e e tshabelelwang ke malwetsi. O fa gare ka seemo. O santse a itekanetse, o kgona go ema a bo a tsamaya ntle le thuso ya thobane. le ntswa yone e sa mo katoge. Koloti Basuti o tsholetswe kwa Sefophe ka ngwaga wa 1908, a tsalwa ke Scntlafe Suping mo kgotleng ya Star gone mo Sefophe. Motalaote ke ngwana wa borataro mo lelwapeng la bana ba le borobabobedi. Go setse ene fela ka jaana ba bangwe ba iketse badimong. Fa o buwa ka sekolo. Koloti kgotsa ‘Ya-metsi’ jaaka fa a bidiwa mo motseng, ga a itse gore o buwa ka eng. O tlhalositse fa e rile fela a sena go fatlhoga. a bo a sala medimo e e nko e metsi ya ga Rre-rragwe morago. O ne a gopola dingwaga tseo tsa gagwe tsa bonana jaaka e kare ditiragalo tsa teng di diragetse maabane fela jaana. A re ga a ke a lebala letsatsi le Khama wa ntlha a tlhokafetseng ka lone le mororo e ne e santse e le ngwanyana. “Tsatsing leo
ke ne ke ile go disa dipodi mme ya re fela ke santse «; le kwa sekgweng, letsatsi la fifala mme go tloga foe r, ke ise ke tlhole ke itse gore kwa gae ke kae. Ke ne I. tloga ka tobatoba fa morago ga dipodi, ke beile fela rr go tsone gore di nkise gae ka gore ke ne ke timetse . tlhalosa jalo a ingatile ka ditshego.

Ke yone metlha eo e Koloti a neng a apara makgatx fa a disitse. O ne a rwala mpeetshane wa phatla ya kgorr mme gape a na le tse dingwe diaparo tse di ne di dirii’A; ka matlalo. A re e ne e re fa a disitse kwa sekgweng a r a tlhola a a ja maungo a naga le digwere mme e re a tser _ kwa gae maitsebowa a je bogobe jwa scbube. Koloti boletse fa a tswa kgakala ka go rata ngwao e bile a it-; dipina tse dintsi tsa setso ka jaana o ne a tla a re je-_ kgakge. fa a re thubegela ka leboko le le khutshwane A re morago ga gore a dise ka lobaka, o ne a tsena m nyalong e e boitshepo le Rre Basuti Phuti wa sika la bogosi jwa Sefophe mo kgotleng ya Mogwathe mme ka maswabi ga a gakologelwe gore ke ngwaga mang k^ jaana a ise a tsene sekolo. O ne a segofadiwa ka bana borobabobedi. banna ba le bararo le basadi ba le batlhan* mme ka maswabi go setse go hulere ba le babedi le rraabo. Koloti a re nako tseo di ne di le monate e le ruri mme a re o gakologelwa dingwaga tsa gagwe fa a ne a lema ka dikgomo ene le monnamogolo wa gagwe. “Ke ne ke tshwara mogoma go ne go sena mo go tweng o lema dibanka.”

A re nako tseo lefatshe le ne le le monate mme batho ba kgona go roba mabele a mantsi. a a boletseng fa a ne a bewa mo disigong. “Mabele a ne a bolokwa mo disigong tse ditona kwa kgosing a bolokelwa nako ya tlala le gore ngwaga o o tlaa bong o latela wa temo go nne le dipeo.” Botshelo bo ne bo tobetsega ka nako tseo ka gore ba ne ba sena leruo la go lema. ba ne ba fiwa dikgomo tsa mafisa gore ba ithuse ka tsone mme le bone ba iteka thata ka e ne e re di seo ba seke ba ipone tsapa mme ba ye majako.

A re o utlwisiwa botlhoko ebile o gakgamadiwa ke bo tlhoka tsebe jo bo apesitseng lefatshe malatsing ano. O ne a fa sekai ka nako e a reng bana ba ne ba apara makgabe fela mme o se kake wa utlwa gotwe go ntse le dipetelelo, ntswa bana ba basetsana ba ne ba nna fela mo sekgweng ba disitse. A tlatsa ka gore ene o belaela gore dilo tse go tweng dikhontomo (condoms) ke tsone di rotloetsang malwetsi a segompieno ka jaana batho ba sa
le ba na le boitshwaro ka ba akanya gore ba

thata.

Nna ke setse ke lapile mme ke batla go ikela badimong ke ye go ikhutsa.” Fa a buwa do ngwana wa gagwe wa monna a tlhalosa fa mme-mmagwe a sa bolo go itopela go ikela badimong dingwaga di ka nna tlhano tse di fetileng mme ka jaana thato ya Modirno e ise e diragale. ba santse ba na le ene. Koloti o boletse fa a alositse bana ba gagwe ka temo le leruo mme jaanong e le batsadi e bile ba na le dijarata tsa bone. Koloti yo o ipelafatsang ka gore o tswa kgakala ka go rata Modimo le kopelo ya sekeresete, le gompieno o ntse o tshwere ka mokgwa o le mongwe fela. lefa jaanong a nna le dingalo tsa go ya kerekeng ka a nna nako e ntsi kwa masimo le mongwe wa bana ba gagwe yo o mo tlhokomelang.

Ngwana wa gagwe a re mmaagwe o santse a kgona go tlhabeletsa mme fa a ise a wetse gore bolelela. ‘Ya metsi” a thunya ka sefela se a reng o se rata thata sa ‘Ditshaba tsotlhe tsa lefatshe …,’ “e ne e re fa ke rialo a bo ke teba-teba ke gopotse morena.” mme ka lemoga gore e le ruri mme yo e ne e le sethakga ebile e le mokereki wa nnete. Ya-metsi o tlhalositse fa a kereka kwa Apostle (One Nation) fa e sale dingwaga tsa bonana jwa gagwe mme ebile a tsofaletse mo go yone.

tomagano e e tiileng e e ka sekeng e kgaoganngwe ke ope.

Monana mongwe wa mo motseng yo o ipiditseng fela a re ke Thuso, a re ga gona sepe se se mo itumedisang jaaka go nna le botsadi jwa dingwaga le serodumo sa ga Ya Metsi mo motseng. “Ke motsadi wa mongwe le mongwe mo motseng mme re ba fa lerato gore re tie re kgone go nna le masego le matlhogonolo, gape ke na le tumelo ya gore ke dipilara tsa rona, ke bone ba tshwaragantseng motse o,”ga buwa jalo Thuso ka lentswe le le kwa tlase leo le a reng ke la kutlobotlhoko. Motho a ka ipotsa gore e tlaa re phularong ya letlhogo putswa le bangwe ba tlaa sala ba tshela jang ka jaana ba santse ba kwatabolotsa magokonyane a botshelo mo go ene.

Motalaote a re ka letsatsi la matsalo a morena ba ne ba opela dikhwaere le ba metse ya bo Mogapinyana bosigo jotlhe go itumelela botsalo jwa morena. “Go ne go sa tshwane le malatsi a gompieno a o fitlhelang bagolo le bannye ba itontela majalwa ba re ke gone jaaka ba itumelela malatsi a boikhutso. Rona re tshedile lebaka ka gore re ne re tlhokomela tempele (mmele) e ya Modimo re sa e tsenye dilo tse di botlhoko mme ke ka moo re okclcditsweng malatsinyana mo lefatsheng le le ka kwano.” Fa a latlhela tlhware legonnyana ka manyalo a malatsi ano a a sa berekeng, Ya Metsi o supile fa bomme ba malatsi ano ba batla go nna ditlhogo tsa malwapa e bile ba sena boikobo mo banneng ba bone mme ka jalo ditlhalo di nne dintsi.

A re banyalani ba tshwanetse go utlwana le go tlotlana gore ba tie ba kgone go emelelana le dikgwetlho tse ba tlaa kopanang le tsone fa ba ntse ba tshidile, le gone gore ba tie ba godise bana ba ba utlwang molao mo lelwapeng le le feletseng. 0 weditse ka gore bana ba tshwanetse go itse gore gatwe “tlotla mmago le rrago gore malatsi a gago a tie a okediwe mo lefatsheng.”




#Article 249: Motsana wa Phuduhudu mo Ngamiland (1021 words)


 
Phuduhudu   ke motsana yo mo kgaolong ya bokone botlhaba jwa Botswana. Motse o mo botlhaba jwa kgaolo e, gape motse o na le sekole se se potlana. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo tsa motse wa Lepokole di ne dile makgolo a matlhano le botlhano.

Baagi ba Phuduhudu kwa kgaolong ya Nhabe ba ngongoregile mo mopalamenteng wa bone gore e setse e le dingwaga tse thataro ba letile gore dikgomo tsa bone di hudusiwe mo motseng ka ditau di itlhabela ka go kgona le go rata.Motse wa Phuduhudu o mo diphakeng tsa Makgadikgadi le Nxai mme banni ba bolela fa dibatana tsa naga bogolo jang ditau di tswetse masaka a bone.Kgosi ya motse oo, Rre Bobota Yokhwi, o boletse fa ba ne ba boleletswe fa puso e ba bonetse dipolase kwa mafelong a mararo e bong C1, C2, le C3 gautshwane le Mopipi go di tshabisa ditau.Rre Yokhwi a re, E setse e le dingwaga tse thataro re ntse re reeditse, mme ga gona sepe se se lebegang se dirwa, le sone sediba ga go na sepe se se epilweng. Mme mafelo ao, a siame thata ka jaana re ne re tlaa bo re bapile le ba kgwediso ka seatla.Mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo, Rre Frank Ramsden, baagi ba boletse fa ba sa itse gore khudugo ya bone e lebane le lephata lefe fa e le la diphologolo le la temothuo.E rile Rre Ramsden a tsibogela kgang eo, a kopa morafe go mo fa sebaka gore a ikopanye le matona a temothuo le ya tsa diphologolo go rarabolola seemo.O boletse fa e le kgang e ntsha mo ditsebeng tsa gagwe gore ba lephata la temothuo ba boleletse morafe wa Phuduhudu gore go se ka ga nna leruo lepe le le hudusetswang kwa polaseng tseo.A re se a se itseng ke gore ba lephata la diphologolo, ba solofeditse fa ba le mo lenaneong la go tlisa ditlamelo di tshwana le go phunya didiba kwa dipolaseng tse disha tseo, gore e re isago barui ba Phuduhudu ba hudusetse leruo teng.

Kgang e nngwe e ne e le ya gore go na le dipelaelo tsa gore ba ofisi ya kgotla kwa Maun ba ikgagapeletse dikoloi, mme ba dira dilo thata gore dikgaolo tse dingwe di se ka tsa nna le dikoloi tsa kgotla.Ba boletse fa go kile ga bo go na le koloi ya kgotla, mme kgang e le gore ga go na mokgweetsi.Ba boletse gore mo bogompienong ba na le mokgweetsi yo e leng lepodisi la kgotla, mme ba bolelelwa fa koloi ya bone e ntshitswe mo tseleng ka e sa itekanela.E rile a tsibogela kgang eo, Rre Dikaelo Serige wa ofisi ya kgotla kwa Maun a bolela fa koloi eo e sa botiwa, mme e bereka kwa Maun. Mopalamente o solofeditse fa a tlaa sala kgang eo morago mme koloi e boele Phuduhudu.

Banni ba motse wa Phuduhudu ba ne ba phuthegetse kwa kgotleng bosheng go utlwa ka bokamoso jwa Trust ya bone le mogwebi yo a neng a neetswe tetla ya go gweba ka diphologolo mo Phuduhudu.Phuthego ene e tsenwe ke morafe, baemedi ba lephata la diphologolo ka e le bone ba ba fang bogakolodi jwa di Trust tsa mofuta oo.Modulasetilo wa Trust, Boronamang Yakhwe, o tlhalositse gore kgaruru e tsositswe ke go bo marafe o ne o kgaogane ga bedi, ba bangwe ba batla gore mogwebi yo o ntseng a dira le bone a kobiwe.Mogwebi yoo go tswa kwa Aforika Borwa,Dawie Groenwald, banni ba ne ba sa itumelele ka fa a dirisanyang le bone ka teng.Tlhoka tirisanyo mmogo eo e bile ya gwetlha ba Trust go isa mogwebi yoo fa pele ga molao ka go isa mathata a bone kwa diagenteng, mme ka nako ya phuthego ya bosheng, agente go ne go bolelwa a santse a sekaseka kgang eo.Modulasetilo wa Trust o ne a bolela gore go ne ga buisanngwa mo kgotleng ngogola ka Ngwanatsele gore, a ke go thendariwe gape kana diphologolo di rekisiwe ka palobalo, mme morafe wa dumela gore go rekisiwe ka palobalo.O ne a bolela gore phuthego e biditswe gape go tla go rurifatsa kgang gore tota morafe o batla eng, ka a ne a re go na le dipuo mo motseng tsa gore bangwe ba batla mogwebi yo mogologolo gore a boele a gwebe.

Banni ba motse wa Phuduhudu ka go farologana ga bone ba ne ba akgela mo kgang mme bontsi jwa banana ba a swa ba ikepela ka Groenwald, fa bagolo bone ba gana.Dingwe tsa dibui, Dodo Moleele, o ne a tlhalosa gore tumalano ya motheo wa Trust ke gore mogwebi yo o fentseng thendara o tshwanetse go duela pele a simolola tiro, mme a re Groenwald ga a a dira jalo.A re mogwebi yoo le gone o bogale, ga a ba buise sentle e bile o ba lebela kwa tlase.Mazonye Tlhapi o boletse gore go dumalanwe le Groenwald gore a dirisanye le bone dingwaga tse tlhano, a re go botoka gore ba nne ba dirisanye le ene gore a tle a duelele melala e a ka tswang a e kolota.Banni ba re ba batla motho yo o nang le madi go tla go tokafatsa matshelo a bone.Ramsden Kelebemang a tswa kwa ofising ya kabo ditsha kwa Maun, o ne a gakolola gore batho ba Phuduhudu ga ba tlhoke go ya kgotla tshekelo go koba mogwebi fa a sa dirisanye sentle le bone, ka fa konteraka e tlhalosang ka teng.O ne a tlhalosa gore go tlhophiwe, ba ba sa batleng mogwebi ba itshupe, mme ba ba mmatlang le bone ba itshupe.Ditlhopho di ne tsa dirwa mme banana ka e ne e le bone bontsi ba ba tlang mogwebi yoo, ba bona palo ya 106, fa bagolo le palo e e kwa tlase ya banana ba itswela ka 43.Mo potsolotsong le BOPA Bobota Yokhwe, kgosana ya motse, o ne a tlhalosa gore ene jaaka morongwa wa setshaba, o tlaa netefatsa gore ditshwetso tse di tserweng di salwa morago gore go dirisanwe sentle, motse o tle o tlhabologe.Groenwald o ne a gana go buisana le BOPA, a re go buiwe le Sechele agente ya gagwe.




#Article 250: Botsalano jwa lefatshe la Botswana le Russia (393 words)


Botsalano jwa lefatshe la Botswana le Russia   () bo simolotse ka kgwedi ya Mopitlwe a tlhola borataro ngwaga wa 1970 fa lefatshe la Botswana gape le fa  bokopano jwa Soviet  bo simolodisa  botsalanano. 

Botsalano jwa gompieno magareng ga mafatshe a mabedi bo tlhalosia e le  jo bo tsamaalanang gape e le jwa sennela ruri.

Go ya  ka tona wa tsa merero ya mafatshe a sele a re , Russia ke nngwe ya mafatshe a ntlh go simolodisa botsalano  jo bo tsepameng  le lefatshe la  Botswana. 

Botswana le bokopano jwa  Soviet bo simolotse botsalano jwa bone ka kgwedi ya Mopitlwe a tlhola borataro ngwaga wa  1970, gape le ditiro tsa  Soviet di ne di direlwa kwa diofising tsa boemidi jwa Soviet  kwa Lusaka, Zambia. Le fa mediro ya bone e amana thata le ngwao ya sekgowa lefatshe la, Botswana le ne la tsaya karolomo metshamekong ya 1980 Summer Olympics, se se le diri go nna lefatshe la ntlha go tsaya karolo mo metshamekong ya mafatshefatshe kwa  Moscow. Gape ka Ferikgong a tlhola lesome le bone ngwaga wa, 1977, mo pitsong ya go tlhaselwa ya  Botswana ke Southern Rhodesia,Soviet Union e ne ya kopana le lekgotla la tshireleltso molao la  United Nations Security Council  go kgala ditlhaselo tseo.

Thekiso le itsholelo magareng ga mafatshe a mabedi ebong Russia le Botswana di  kanetsew mo tumalanong ya molao motheo wa Trade Agreement wa ngwaga wa 1987 gape le  ya  Agreement on Economic and Technical Cooperation of ngawaga wa 1988. Puso ya Russian Federation gape le puso ya lefatshe la  Botswana di dirile tshupo ya monwana ya tumalana mo ngwaong , boranyane jo bo kwa godimo le dithuto ka kgwedi ya Lwetse ngwaga wa 1999. Lefatshe la Russia le Botswana a sa tswa go nna le ditlamorago tse di nametsang tsa botsalano mo mafelong a le mantsi,bogolo jang mo go tlhabololeng matshelo a batho. Gape lefatshe la Russia le ntse le fa baithuti ba Botswana tshono ya go ithuta kwa lefatsheng la bone bogolo jang mo dithutong tsa botsogo tse mo bogompieng di thobaetsang lefatshe fela thata. Botswana gape ke ngwe ya mafatshe  a banni ba lefatshe la  Russian ba sa tlhokeng go dira diteseletso tsa Visa.  Russia e nale diofisi tsa kemidi mo Gaborone, fa Botswana a nale tsa gagwe di ofisi mo Russia  kwa Stockholm (Sweden) gape le borongwa gare ga mafatse a mabedi kwa Moscow.




#Article 251: Merwalela ya kgaolo ya Borwa jwa Aferika ka ngwaga wa 2010–2011 (708 words)


Merwalela ya ngwaga wa 2010–2011 ya kgaolo ya Borwa jwa Aferika   ke merwalela e e diragetseng   go kgabaganya mafatshe a a mo borwa jwa Aferika. E golagangwa le wa ditiragalo tsa  La Niña ,dipula tse di fetlileng selekanyo tse di simololang ka kgwedi ya Ngwanatsele di ne tsa baka merwalela . Makgolokgolo a batho a ne a sutlisiwa go ntse go tsweletse. , mme batho ba ka tshwara lekgolo,lesome le bone go ne ga tlhalosiwa fa ba tlhokafetse, go akarediwa ba le lesome le boferabobedi le boferabobedi kwa KwaZulu Natal. Puso ya  Aferika Borwa  e ne ya tlhalosa fa go nale lefelo le le nag le  mathata .

Ka Morule ngwaga wa  2010, seru sengwe se se itsegeng ka leina la  La Niña se ne sa tlhagoga ka koketsego ya pula e e neleng mo borw jwa Aferika. Ditiragalo tse di tshwanang le tsa  La Niña di diragaletse mafatshe a le mantsi lefatshe ka bophara, go akarediwa la  Australia, Sri Lanka, Brazil, Pakistan le  Philippines.

Mo Aferika Borwa dipalo tse di fetlang  6,000 tsa batho di ne tsa fudusiwa  gape ba ka tshwara  masome a bosupa ba tlhalosiwa ba tlhokafetse . Dipalo di solofetswe go oketsega ka mapodisiba tsweletse ka go batla bao ba ba sa bonweng. Mafatshe a tshwara boferabobedi mo dikgaolong tse di boferabongwe go sa tswa go tlhalosiwa fa go nale mathata a mofutla o, se se tlama gore madi a lefatshe a dirisiwe go thusa batho. Ditshenyegelo tsa dijwalo di akanyediwa go ka nna  R1 billion ($145 million USD). Fa ditshenyegelo tsa dithoto di akanyediwa go ka nna $52 million. Kakanyetso ya selekanyo sa  20,000 hectares (49,200 acres) ya lefatshe le go lemelwang mo go lone e sa tswa go amiwa ke merwalela.

Difofane tsa sesolel sa Aferika Borwa  di ne tsa tlisiwa go thusa mo phudusong ya banni ka difofane  mo kgweding ya Ferikgong a tlhola lesome le botlhano. Mo posolotsong tona yo otlisang  tirisanyo mmogo  mo pusong ebong Sicelo Shiceka, o ne a tlhalosa gore batho ba  ba fudusitsweng kwa malapeng a bone ba seka ba boela teng go fitlhelela ba fiwa teta ke baitsanape.

Bophara jotlhe jwa lefatshe la  Mozambique, digakolodi di ne tsa romelwa mo dinokeng tse di mo lefasheng. Palo di ka tshwara 13,000 tsa batho ba ne ba fudusiwa fa ba le 13 ba sa tswa go tlhokafala. Ka go tshaba poeletso ya merwalela ya  ngwaga wa 2000 ya  Mozambique banni botlhe ba ba nnang  fa lotshing la noka ya  Limpopo  ba ne ba simolola go utla ka Ferikgong a tlhola lesome le boferabongwe jaaka noka e ne e simolola go tshela ka seemo se se tsitsibanyang mmele. Mo mafelong mangwe,metsi a mo  dinokeng a ne a santse a apesitse le matshitshi ka metsi, a a neng a pesa le dimela. Go ya ka  mookamedi wa kgaolo ya Chokwe /0} ebong Alberto Libombo, o ne a tlhalosa gore koketsego ya metsi a dinoka e ka tswa e bakiwa ke gore matamo a ne a tletse phetelela mme morago a kgwele mo dinokeng tseo 

Mo Zimbabwe, mafelo amngwe a ne a nna le dipula tse di kwa godimo go fetla mo dingwageng tse di masome a mararo, mme se sa tlisa poifo ya gore gongwe merwalela e ka ne ya nna ya tlhagoga.  Mookamedi wa lekgotlana la tshireletso ebong Madzudzo Pawadyira o ne a  tlhagisa batho go fuduga mo mafelong a a ka tswang a ka amega motlhofo. Mo go tshwaneng ka mmo gape dipula di ne tsa tshosetsa le kwa lefatsheng la Zambia gape le  Malawi; mme ga go ise go itsewe gore a mme merwalela e ne ya ama mafatshe a.

Mo borwa jwa  Botswana, diketekete tsa batho ba di ne tsa tshosediwa ke go anama ga metsi a a neng a ka apesa mtsana ya bone. Dinoka tse pedi ebong ya  Shoshong le ya  Mpolonyane, di ne di tlhatsetsa fa matshitshing a tsone. Ditiro tsa letsatsi di ne tsa kgaopediwa fa gare ga Shoshong le Kalamare mme se sa tlama dikolo go tswalelwa. Bontlha jwa Namibia bo ne jwa lebagana le merwalela le yone, mme puso e ne ya tsaya tsibosa e e rileng ,morago ga merwalela e e filileng mo dingwageng tse tharo , e e ileng ya ama bontlha bongwe jwa lefatshe.

South Aferica




#Article 252: Polokelo ya madi ya lefatshe la Windhoek (403 words)


Bank Windhoek Limited , e e itsegeng ka leina la polokelo ya Windhoek , ke  polokelo ya madi ya kgwebo mo Namibia. Ke ngwe ya tse di botlhano tse di letleletsweng go direla mo lefatsheng leo ke {0) polokelo ya madi ya lefatshe la Namibia, balaodi bagolo ba molao wa go go boloka madi.

Polokelo ya madi ya  Windhoek ke baabi ba dithuso tsa madi ba batona mo lefatsheng la  Namibia. , polokelo eo ke yone ya bobedi e tona mo lefatsheng la Namibia , e e itebagantseng le go tlhomamisa dithoto, tse di ka lopang   US$2.08 billion. Polokelo e e fa batho dithuso ka mefutla ka go farologana, go ya kwa dikgwebong tse di potlana go ya kwa go tse di kgolwane (SMEs) gape le tsone dikgwebo tse ditona tota. Dithuso di akaretsa dipolokelo tsa dikgwebo, dipolokelo tsa dikgwebo tse ditona, dipapadisanyo tsa madi, dithuso tsa kadimo ya madi and le gone go aba madi mo makgotlaneng, le tse dingwe fela jalo.

Polokelo ya  Windhoekke bontlha bongwe jo bo feletseng jwa  Bank Windhoek Holdings Limited (BWHL). BWHLka boyone ke bontlha bongwe le yone jwa  Capricorn Investment Holdings (CIH),e e atswang selekanyo sa 73% mo  BWHL. Capricorn ke kompone e tona e e nang le dikatso tse di nametsang mo mafatsheng a mararo a a mo kgaolong ya  Borwa jwa Aferika ebong: Botswana, Namibia le Zambia.

Ka Phukwi ngwaga wa  2010,  Polokelo ya  Namibia (BON), batlhami ba melao ya go boloka madi ba ne ba ikgatlholosa kopo ya ba lekgotla la dipolokelo tsa madi la Aferika Borwa ya Absa Group go tsaya selekanyo sa  70% tsa go kopanela dipeeletso mo Capricorn Investment Holdings. BON ba ne ba tlhalosa gore 0}Absa e ne e ka nna ya amogela kitsiso ya go letlelelwa ka melawana ya bone.

Palo ya dipolokelo tsa bontlha bongwe jwa  CIH e kwadilwe fa tlase.

Capricorn Investment Holdings e na le maloko a mangwe a a dirang le madi ka bogotlhe kgotsa a mo go one karolo ya one e dirang le tsa madi, go akaretsa :

, Polokelo ya madi ya  Windhoek e tshegeditse kgolagano ya makalana a dipolokelo tsa madi a le masome a matlhano go kgabaganya  Namibia. Mme se se tladiwa ke mafelo a kgolagano ya tiriso ya go tsaya madi ka karanta yo polokelo a le masome a boferabobedi le borataro a ATMs.

Balaodi ba polokelo madi ya Windhoek go simolola ka Seetebosigo ngwaga wa 2010 ke:




#Article 253: Kgaolo ya Ghanzi (253 words)


Ghanzi  (nako tse dingwe Gantsi ) ke kgaoloee ko bophirima jwa Botswana, e kopanetse molelwane le Namibia ka ko bophirima e bo e namela ko botlhaba le boteng jwa lefatshe. Toropo ya kgaolo ya botsamaisi ke Gantsi. Bontsi jwa sepatlo sa Ghanzi ke Lefelo la diphologolo la Central Kalahari. Dipalo tsa batho tsa ngwaga wa palobatho wa 2001 e ne ele 33,170, palo ee kwatlase go fetwa ke ya kgaolo epe fela mo Botswana. Ghanzi o bophara jwa 117,910 km².

Mo bophirima jwa molelwane wa , Ghanzi go nale kgaolwana ya  Omaheke mo lefatsheng la Namibia. Ka kakaretso o kopanetse molelwane le dikgaolo tse di latelang:

Gantsi o ralalwa ke mola wa bokone bophirima.

Dikgaolwana tsa kgaolo ya Ghanzi di akaretsa:

Motse o motona mo kgaolong ke toropo ya  Ghanzi e e nang le palo ya batho ba le 9,934 go ya ka palo batho ya ngwaga wa  2001 , e e leng tona gatlhano go feta motse o motona wa Ncojane. Palo e e latelang ke ya metsana e e mo kgaolong ya Ghanzi e e kwadilweng e kgaogantswe ka palo batho ya 2001:

Kgaolo e e apesitswe ke sekaka sa Kalahari , se sengwe se apesitse  Makgadikgadi Pans, makgobokgobo a matona a a laolwang ke dipaka. Makgadigadi  kile ya bo e le  nngwe ya makadiba a matona ka nako ya   Pleistocene, mme gompieno ke makgobokgobo a a matona ka nako ya selemo kwa diphologolo ka mefutla di tlang go nwa teng tota le tsone  dinonyane ka nako ya paka ya selemo.




#Article 254: Rre Abdul Patel (375 words)


Abdul Razak Mosa Patel  (yo o tshotsweng ka kgwedi ya Sedimontlhole a tlhola ga nngwe ,ngwaga wa  1972 kwa India)ke motshameki yo o tsholetsweng kwa  India e le motshamiki wa  motshameko wa cricket yo mo bogompienong a tshamekelang setlhopha sa Botswana national cricket.

O tshameka mo maemong a go ngatla bolo e e latlhelwang ke batshameki ba ba kgatlhanong mo letsogong la moja le la molema mo setlhopheng sa  Botswana national cricket. O fentse seetsele sa mogaisa batshamiki botlhe mo lebaleng kwa makgaolakganyeng a dikgaisano tsa  World Cricket League Africa Division 2 , o ne a kgona go nna le dintlha tse di masome a bosupa le motso ka go tlaboga mme se sa kgona go fentsha setlhopha sa  Botswana kgatlhanong le lefatshe la  Mozambique.

Rre Abdul Patel o tseneletse tsebe kgolo ya maranyane a internet ya Facebook.Go tuma ga gagwe go tla jaana moragao ga gore a fenye seetsele sa mogasa batshamiki ka ene mo lebaleng,ke ka moo baelamedi ba gagwe ba mo ratang le go fetla.Facebook e mo dira gore a tume fela thata ka gore batho ka bontsi ba batla go nna ditsala le ene.Abdul Patel ke motho yo o ratang go itsana le batho ebile o rata go nna le ditsala,ka a dumela gore seo se mo dira gore a ithute sengwe mo go bone.

 Current

        * Director at Rajby Australia Pty Ltd

        * Product Development and Quality Specialist at Woolworths Australia / BIG W
        * Sourcing Executive at Texline Associates Pakistan (S) Pte Ltd
        * Regional Manager (Sourcing) at Mondial Orient Ltd (CA Singapore)

        * Office Manager at Mondial Orient Ltd (CA)
        * Merchandiser at CA (Mondial Orient Ltd)
        * Merchandiser at Hawkesbay Sportswear Inc.

    see less

    see all

        * Singapore Institute of Management
        * Southeastern University, Washington DC

    89 connections

        * Company Website

Abdul Patel ke motho yo o ratang ka fa batho ba aparang ka teng ebile o dirile le dithuto tseo mme aboa a aloga mo go tsone.Ka go bo a dira le tsa kapari o ikgolagantse le barekisi ba tlhwatlhwa mo lefatsheng ba dikano di tshwana tsa Diesel, JackJones, Nudie, Evisu, Miss Sixty and then the brands jaaka tse di bosupa tsa bo Rre tsa , J brand, True Religion, Paige le stores jaaka HM, Espirit..




#Article 255: Thuto Isago Trust (262 words)


Thuto Isago Trust e bonwa mo dikagong tsa  BNYC kwa kgotleng ya  White City mo Gantsi (Ghanzi), Botswana. 

Thuto Isago Trust e ne e itsege pele ka leina la  Gantsi Task Force on Out of School Youth (GTFOSY) mme go tsweng ka nqwaga wa  2004 go ya kwa go wa  2008 e ne ya amogela mananeo ka ba  Reducing Exploitive Child Labour in Southern Africa (RECLISA) batlhami ba  United States Department of Labor. RECLISA Homepage: Mokgatlho o o fiwa dithuso go tsweng kwa  UNICEF mo Botswana.

K ngwaga wa 2007, Thuto Isago Trust e ne ya tshwara moletlo wa bothibelelo o o neng o bidiwa  Cuiskurusa o o neng o nale batseneledi ba le  250 ba ba neng ba robala kwa mantlong a borobalo a sekolo ses es potlana sa  K'Joe Primary School kwa New Xade mo Botswana. Ka ngwaga wa 2008, ba ne ba tshwara moletlo o mongwe gape kwa  Metsimantsho,mo  Botswana.

Ponelopele ya Thuto Isago Trust ke go bo ba nale bana botlhe ba kgaolo ya  Ghanzi mo dikolong, le gone go fokotsa dipalo tsa bana ba ba tlogelang sekolo ka boimana. Mokgatlo o o iketleditse go nela bana ba letso ka go farologana dithuto tse di malebang mo kgaolong ya  Ghanzi. 

Maitlamo a Thuto Isago Trust ke go dirisanya sentle le makalana a puso gape le ba NGO mo kfgaolong ya  Ghanzi mo go kwadiseng le go tsenya bana dikolo. Fa re tswelela, mokgatlho o o ruta bana dithuto tse di amanang le ngwao ka merafe ya bone  ka go farologana. 

Dintlha tsa botlhokwa tsa Thuto Isago Trust ke:




#Article 256: Motsana wa Nokaneng (1057 words)


 
Nokaneng   ke motse o mo kgaolong ya Bokone-bophirima jwa, Botswana. O bonwa gaufi le makgobokgobo a  Okavango , gape o direlwa ke kompone ya lefelo la difofane ya Nokaneng. Palo ya batho ba  Nokaneng e ne e le  1,590  mo palo bathong ya ngwaga wa  2001.

Letso la banni ba Nokaneng ke Bayei, Basarwa gape le  Baherero le fa gompieno go simolola go nna le koketsego ya batho jaaka ba letso la  Bahambukushu. Tse ke ditlhopha tsa banni ba ba tumileng mo motseng fa thoko ga lotshitshi la makgobokgobo a  Okavango. Go tsweng kwa  Nokaneng  toropo ya Windhoek, ebong toropokgolo ya lefatshe la  Namibian ga e kgakala mo kalokalo ntateng ya ditsela tse di sa tlhabololwang tse di gorosang kwa molelwaneng le ntswa di sa tlwaelesega. O ka tsena mo motsaneng wa  Nokaneng o tswa ntlheng ya  Tsumkwe kwa molelwaneng wa  Dobe. E ka nna dioura tse di matlhano go tsweng  Tsodilo go ya Dobe. Dobe go ya Tsumkwe ke oura e le nngwe. O ka nna kwa lefelong le le gorogelang baeng la  Tsumkwe. Seemo sa ditsela go tsweng kwa [Nokaneng go ya  Tsumkwe di mefutla . Molelwane yo o  kwa  Dobe, dikhilomethara tse di masome a matlhano le boraro mo bokone jwa  Tsumkwe, o bulwa malatsi a masupa mo bekeng  (7h30 nako ya  Namibian/Botswana ) gape o fa teseletso ya go tsena mo lefatsheng la  Botswana.  Lebelo ola koloi le motho a ka le tshegetsang mo tseleng e ke  50–80 km/h. Mokgweetsi o ka bona leokwane  gaufi dikhilomethara tse di masome a mararo le bosupa mo bokone jwa  Nokaneng kwa Gumare kgotsa kwa  Maun. E ke yone tsela e batho ba rotlosdiwang go e dirisa fa ba ya kwa lefelong le go gorogelang baeng teng.

   

Nokaneng gape e kile ya bo e motse mogolo wa kgaolo ya Ngamiland. E kile ya e le gone kwa  Batawana ba sutlisitseng motsemogolo wa bone ebong Toteng. Ka jalo se se dira motsana wa Nokaneng go nna mengwe ya metsana e e mabapi le motsana wa Toteng le Tsau. Ke gone gape kwa Douglas Wright mookamedi mogolo wa kompone ya Safari South gape le  Ker amp; Downey, setlhopha se se fang bajanala dithuso tsotlhe  kwa a goletseng teng le fa gompieno a nna kwa toropong ya  Maun. Ba kile ba bo ba nale lebentlele kwa Nokaneng. Bontsi jwa babereki ba meepo ya kwa Aferika borwa ba kile ba bo ba phuthiwa mo tseleng eo go ya toropong ya  Johannesburg. Letso la  Basarwa ba ba nnang kwa Nokaneng ba ne ba tshela botshelo jo bo tlhabologileng fa ba tshwangtshangwa le ba ba nnang kwa  Central Kalahari Game Reserve. Se se ne se tlisiwa ke botsalano jo ba nang le jone le ba letso la  Bayei ba ba tumileng thata mo motseng. Ba nale botsalano jo bo tlhaloganyesegang  ebile ba tsaana fela jaaka o kare ba tsalana. Nokaneng gape ke botseno jwa lefelo le le tumileng lefatshe ka bophara la dithaba la Drosky , kgotsa jaaka ba le bitsa  ditlhaba tsa qhwihaba.

Go tsweng  Maun toropokgolo ya kgaolo ya Ngamiland Nokaneng o dikhilomethara tse di makgolo a mabedi ka tsela gape le makgolo a mabidi a dikhilomethara go tsweng kwa Shakawe. Go sa tswa go lemogiwa fa bontsi jwa banni ba  Maun ba tswa kwa motsaneng wa Nokaneng bogolo jang ba ba tswang kwa kgotleng ya  Botshabelo, Boseja le Thito mo Maun.

Bagodi ba metse ya Habu, Nokaneng, Boajankwe le Qwee mo kgaolong ya Ngami ba kgwetse botlhoko ofisi ya bagodi kwa Gumare ka go tlhoka go ba neela ditlamelo ka nako e e tshwanetseng.E rile ba bua mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Taolo Habano bosheng ba tlhalosa gore, badiredi ba ofisi eo ba tsaya lobaka lo lo leele ba sa ye go ba neela madi a bone jaaka e le tshwanelo.Mongwe wa bagodi, Rre Kambaherepo Rukata Mme Mmaditsaro Mokwena a re bagodi ba bangwe ba tsaya dikgwedi tse tharo go ya go tse nne ba sa bona madi a bone fa bangwe ba santse ba kolotiwa madi a bone a ngwaga wa 2006 go fitlha mo nakong eno.Rre Rukata a re se se tshwenyang ke gore badiredi bao fa ba ile go ba amogedisa ba bo ba fitlhela mogodi a seyo ba boa ka madi ao mme gotsweng foo go tseye lobaka lo lo leele madi ao ba sa a bone, mo le bone ba tlelwang ke dipelaelo tsa gore badiredi bao ba ikadima madi ao.Bangwe ba supile ka monwana badiredi bao ka go sa ba tlotla fa ba buisana le bone, ba re ba ba kgadimola ka mafoko fela jaaka o kare ba buisanya le bananyana, ba bo ba kopa mopalamente wa bone go ya go ba buelela le badiri bao go tlogela go ba kgokgontsha ka madi a ba a fiwang ke puso go itshetsa ka o ne.Bagodi ba kopile puso go aga Poso mo Nokaneng gore ba kgone go tsaya madi a bone ka nako e e tshwanetseng jaaka bagodi ba bangwe ba ba amogelelang madi kwa diposong.

Rre Gaolatlhe Mohuhutso o boletse gore se se utlwisang botlhoko ke gore gantsi badiredi bao ba tla morago ga nako ya dijo tsa motshegare go ya go ba amogedisa mme ba palelwe ke go thusa bagodi botlhe mme ba ba tlogele ba kgobokanye foo go boela Gumare ka seipato sa gore nako ya bone ya go golola e fetile ntswa ele bone ba tsileng morago.Mme Mmaditsaro Mokwena o tlhalositse gore gape badiredi gantsi ba isa lenaneo le le supang go tla ga bone, mme bagodi ba tshologele kwa lefelong le ba amogelelang kwa go lone ka tsholofelo ya go ya go tsaya madi a bone mme ka maswabi ba tlhola fela koo ka tlala badiredi ba sa tle gape go sena kitsiso go ba itsise fa ba pitlaganye, mme le fa ba dirile jalo ga ba ke ba ikopa maitshwarelo mo bagoding ka phoso e ba e dirileng go supa fa ba sa kgathale ka bone.Le fa go ntse jalo, magosi a motse wa Nokaneng a kopile bagodi go nna pelotelele fa ba bua ka kgang eo ka jaana ba tsweletse ka go buisana ka yone.Rre Kebonyetsala Fish o boletse fa ofisi ya gagwe e kopile mogolwane wa ofisi ya bagodi kwa Gumare go tla kwa go bone go tla go ngunanguna ka bothata jwa dikamogelo tsa bagodi tse go lebegang di tshwenya.




#Article 257: Lefelo la Tsodilo (683 words)


Tsodilo ke sefikantswe sa UNESCO sa lefatshe ka bophara mo bokone-bophirima jwa Botswana. Go ne ga kwalwa ka ga  lone ka ngwaga wa 2001 ntateng ya go nna pharologanyo ga lone mo tumeding  le botlhokwa jwa tumelo mo go lone ke batho ba motse, gape le palo ya batho e e tshelegelang teng  . Lefelo le le nale mantswe a a tlakilweng  a  ka nna 4,500 mo lefelong go ka nna dikhilomethara tse di lesome mo teng ga sekaka sa  Kalahari.

Go nale dithaba tse nne. E e tona mo go tsone tsotlhe ke ya selekanyo sa 1,400  AMSL gape e le mo  botlhaba. E ke ntlha e tona mo  Botswana. Dithaba tse ka bone jwa tsone go tlhalosiwa  e le ya Monna, e e tona mo go tsone tsotlhe, ya Mosadi, ya Ngwana gape le e ngwe e e sa itsegeng. 

Go nale lefelo le le laolesegang  la bothibelelo fa gare ga dithaba tse, go nale mantlwana a boiteketso le a botlhapelo. A bapile le botlaki jwa letso la Basarwa le le tumileng  fa lefelong , le le bidiwang  Laurens van der Post Panel. Lefelo le go iwa kwa o lone j=ka tsela e e itekanetseng  e e makgabana e e dikhilomethara tse di masome a mane  go tsweng kwa Shakawe. Gape mo lefelong la bothibelelo go nale ntlo ya tshomarelo ya ditso. Gape go nale tsela ya 

Dithaba tse ke tse ditona tsa ngwao le tumelo tsa  ba letso la Sesarwa ba   Kalahari. Ba dumela gore dithaba ke lefelo la mewa ya ba ba tlhokafetseng  gape ba bo ba dumela gore mewa e e ka baka dingwe dilo tse di sa siamang fa motho a ka tsoma kgotsa baka leso gaufi le dithaba tse. Basarwa ba dumela gore dithaba ke tsone tsa ntlha go tlholwa. Ka nnete e e papametseng , Basarwa ba tlakile matlapa a ka tshwara  4500 fa go tshwangtshangwa le dithaba tsa  Tsodilo, se se dira gore e nne lefelo le le tumileng lefatshe ka bophara. Basarwa ba dirile botlaki le fa go nale ba letso la  Bantu ba botshelo jwa bone bo farologanang le jwa Basarwa. Nako e e tsepameng tota ya gore matlapa a tlakilwe leng ga e itsewe le fa go akanyediwa gore e ka tswa e fetla dingwaga tse di makgolokgolo a mabedi. 

Ba letso la  Hambukushu ba dumela gore modimo wa bone ebong, Nyambe, o tsentse letso le leruo la bone mo thabeng ya mosadi. Bosupi jo bo tletseng bo bonwa ka dikgato tse di ipadileng mo matlapeng kwa godimo. (Lefoko Tsodilo  le adimilwe mo lefokona la  Hambukushu la 'sorile' le le rayang go fapoga.) Mo bokone-bophirima jwa thaba ya mosadi , sekgelenyana kwa godimo go tsweng kwa tlase go nale moepo yo o tladitsweng ka metsi. Metsi a a dumelwa fa  a le boitshepo gape batho ba itlhapisa ka one gore ba nne le masego. Lefelo le boitshepo ke le le bapileng le thaba ya monna, lentswe le letona,kwa go dumelwang gore mowa wa ntlha o ne wa khubama teng go rapela fa o tlhola lefatshe. Basarwa ba santse ba dumela gore o santse o ka bona dikakanyo sa mowa ntlha' le one mangole mo mantsweng. Thaba e e nyenyane ke  'ngwana'. La bofelo, go ya ka tlhamane, thaba ya bone e ne e le mosadi wa thaba ya bone ya monna, yo o motlogetseng go ya kwa go yo monye. 

Go ya ka ba  UNESCO, go nale matlapa a le 4500 a a tlakilweng mo dithabeng tsa  Tsodilo.Bontsi jwa matlapa a a tlakilweng  a Basarwa a bonwa thata mo thabeng ya Mosadi e e tumileng thata ka  botlaki jwa ditlhapi, di tshukudu tse pedi gape le Tau mo botlhaba jwa thaba ya  monna.  Go nale matlapa a a tlakilweng , mme ga a amana thata le dithaba tse di mabapi. 

Go nale dikaedi tse di tsentsweng , mme gone botlaki ga bo bonale sentle fela mokaedi yo o rutegileng o ka kgona go go lemogedisa. Ka go rialo baeng ba tlamiwa go tsaya mokaedi wa mo motseng. Se se tlokafatsa itsholelo ya lefatshe mme ebile go bo go sirelediwa lefelo le.




#Article 258: Sedirisiwa ebong Makoro (801 words)


Makoro  (yo o ka bitswang gotwe mekoro , mokoro ) ke mokoro  yo o dirisiwang thata kwa makgobokgobong a  Okavango , mo Botswana. O tsamaisiwa ka legong le le leele ke motho a eme ka dinao , ka fa a ntse a o  kgorometsa.

Makoro a diriwa ka go gajwa thutwa ya setlhare se se tona se se tlhamaletseng , jaaka logong lo lontsho kgotsa logong la setlhare sa  Kigelia. Makoro a a tlhabolotsweng  gompieno, gantsi a dirilwe ka ditlhale tse di itiretsweng tse di thata. Makoro a tlwaelesegile thata ka a dirisiwa ke bajanala fa ba batla go bana makgobokgobo , mo gantsi seo se leng kwa mafelong  a diphologolo, mme makoro a a kgona go dirisediwa go tlodisa batho makgobokgobo kgotsa fa ba tsama mo go one. Mekoro e e tshabelellwa thata ke go tsenelelwa ke kubu, tse di ka o menolang motlhofo. Dikubu di tlhalosiwa fa di sa tswa go simolola mokgwa o morago ga tiriso ya makoro gape le makoro e mengwe ka nako ya fa go tsomiwa.

Banni ba motse wa Jao Flats mo kgaolong ya Okavango ba eme sejaro go bogela ditso di diragala mo matshelong a bone jaaka go kgonagetse ka tiriso ya ditlhaeletsano mo motsaneng wa bone ga mmogo le makoro e e tla abiwang go thusa banni go kgabaganya noka.E ne ya re mo potsolotsong, boeteledipele jwa motsana oo jo bo neng bo lebega bo tletse ka boitumelo jwa leboga dikoporasi tsa mafaratlhatlha ka di arabile selelo sa bone se se sa bolong go ba kokonela.Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Gaboipeelwe Manja, a re ka ntlha ya phatlalatso ya ditlhaeletsano bogolo jang tsa beMobile jaanong ba na le sebaka sa go tlhaeletsana ka tshosologo le ba masika, ditsala le setshaba ka kakaretso ka e tshwara gongwe le gongwe go na le tse dingwe.

Rre Manja a re o solofela fa ngwaga eno e le o o monamagadi kwa motsaneng wa bone ka gore puso e sa tswa go araba selelo sa bone sa letlhoko la dipalamo ka go ba rekela mokoro o o tlaa ba thusang go golaganya motsana wa bone le metse e e mabapi e tshwana le Seronga le Etsha.Le fa go ntse jalo, modulasetilo a re ga ba itumedisiwe ke go bo badirelapuso ba sa tle kwa go bone mo e bileng jaanong go ba rontshang go inaakanya le mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone.Rre Manja a re ka lebaka leo, mangwe a mananeo a siiwa ke nako ba ise ba a akole ka gope ka ba beilwe ka fa mosing ke ditlhaeletsano.A re badirelapuso ba ipata ka gore motse wa Jao o mo makgobokgobong mme ka jalo ba tshaba metsi kgotsa go dirisa mokoro, a re jaanong o ipotsa gore seemo seo se tla a tswelela go fitlhela leng ka gore Jao ke lone legae la bone.O file sekai ka lephata la banana le ngwao a re ba le utlwalela fela ka ba se ke ba etela motsana wa bone go imolola banana mo lehumeng jaaka go diragala ka banana ba metse e mengwe.Kgosana ya motsana oo, Johanne Xhokwe o kopile babegadikgang go etela motsana wa bone go gasa ditiragalo tsa motse wa bone jaaka e le bone bagokaganyi ba puso le setshaba.

Motse wa Jao o mo makgobokgobong a noka ya Okavango, ka jalo ga go na motsamao wa dikoloi fa e se fela go dirisa mokoro kgotsa sefofane mme go belaesega gore badirela puso ba tshaba go etela teng.Mo go tse dingwe, modulasetilo o ngongoregile gore ka ntlha ya go tlhoka marekisetso kwa motsaneng wa bone mme banni ba koo ba tshabelelwa ke lehuma ka ba sa kgone go rekisa tse ba nang natso jaaka ditlatlana le ditlhapi go itshetsa ka tsone.O ngongoregetse gape go bo puso e diegela go tlhomamisa motse wa bone o a rileng o sale o nnile teng ka ngwaga wa 1931 mme nakokgolo ke eno ntswa metse e e runyang morago ga one jaaka Seronga e setse e tlhomamisitswe.A re ka ntlha ya seo, motsana wa bone ga o tlhabologe mo jaanong banni ba Jao ba fudugetseng kwa metseng e sele jaaka Seronga, Etsha le e mengwe go ya go tsenya bana ba bone dikole go latela bongaka le tse dingwe.Le fa go ntse jalo, o lebogetse puso go bo e kgonne go ba agela kokelwana mo motsaneng wa bone ntswa ba se na mooki fa e se go thusiwa ke mooki wa Seronga le yo o ba etelang gangwe fela mo kgweding a re seo se ba baya ka fa mosing bogolo jang mo malwetseng a tshoganetso.A re mo nakong eno fa go na le molwetse yo o pitlaganeng ba mo rwala ka mokoro go mo isa kwa Seronga, sekgele sa dioura di ka nna tharo kgotsa go feta ba ntse ba le mo metsing.




#Article 259: Motsaana wa Tobane (950 words)


Tobane  ke motsana oo mo botlhaba jwa lefatshe la Botswanao ka tshwara sekgele se se masome a mabedi go tsweng mo toropong ee epang kopore/nikile ya Selebi-Phikwe. O 21° 57' 0 kwa borwa, 27° 54' 0 kwa botlhabaMotsana o o nale tsela ya sekonotere e e tswelang ko toropong e. Noka e tona e bidiwang Motloutse e feta ka motsana o kwa ntheng ya bokone botlhaba. Motsana o o nale ditlamelo tse dintsi jaaka metsi aa phepa go tswa letlamong la Shashe, motlakase,kgokelelo ya megala ya letlheka ka ba kompone ya Orange, Bemobile le Mascom. Gape e na le ditirelo tsa megala ya mo ntlong go tsweng kwa kompone ya megala ya Botswana. Go nale kokelwana, sekolo se se botlana le se segolwana. Palo ya batho e ka nna sekete makgolo a ferang bongwe le masome a mabedi le botlhano. 

Komiti ya twantsho borukutlhi ya motse wa Tobane e abetswe P14 000 go tswa mo bathong ba ba farologaneng.Mokwaledi wa komiti eo, Mme Onthusitse Gopolang, o boletse jalo mo phuthegong ya dikomiti tsa twantsho borukutlhi kwa kgotleng ya Tobane ka Laboraro. Bangwe ba ba ntshitseng madi ke Mme le Rre Seamogano Manowe, Rre Mosalagae Sesupeng ene a ntshitse P5 000. Mme Gopolang a re mo teng ga madi a ba dirisitse P9 000 go rekela sekole se sebotlana sa Tobane dibuka di le makgolo a supa. A re sekole seo se dirile sentle mo maduong a lokwalo la bosupa. O tlhalositse fa ba itshegetse seelo sa lesome mo lekgolong sa melato e le meraro jaaka matlhapa le bogodu. O ne a re ka ngwaga wa 2009 go simolola ka kgwedi ya Phalane go fitlha ka Sedimonthole, ba gatisitse melato ya matlhapa e le mebedi e le ya kgotlana ya Manowe, mme e le mebedi e le ya bogodu.Mme Gopolang a re monongwaga ka kgwedi ya Ferikgong go tsena ka ya Mopitlo o ne a supa fa ba sa gatisa sepe ka jalo go supa fa ba dira ka natla go nna le kgatelopele mo go lwantsheng borukutlhi.A re ba lemogile fa bothata bo bakwa ke go oketsega ga madirelo a bojalwa mo motseng a tlatsa ka gore banana ke bone ba ba amegang thata mo bogodung jo.O boletse fa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone e le letlhoko la koloi gammogo le mapodisi, ka jalo ga ba kgone go kopana le maloko a a kwa merakeng. Maloko a twantsho borukutlhi a abetswe ditlankana le dimpho tsa go dira sentle ka dikgaolwana ka fa ba dirileng go gaisa tse dingwe.O ne a rotloetsa borre go tsena mo dikomiting tsa twantsho borukutlhi.

A re dikgwetlho tse di teng ke letlhoko la didirisiwa jaaka dikoloi. Rre Manowe o boletse fa ba tshwanetse go nna le mowa wa boithaopo jaaka fa go na le semente bangwe ba ka ithaopa ba dira ditena e le tsela ya go aga ofisi e e tlaa dirisiwang ke ba twantsho borukutlhi.E ne ya re a tswelela a re lefatshe ka bophara kgang ya borukutlhi ke selelo le khuranyo ya meno, mme seemo seo se ka fokotsega ka go ema ka dinao go bo lwantsha. Fa a rola malebo mokhanselara wa Tobane, Rre Leonard Mosweu o ne a re go dira ka natla go lwantsha borukutlhi mo motseng wa bone le fa go se na didirisiwa.

Ngaka ya kokelo ya Selebi Phikwe Dr Mohammad Al-Mamun, o tlhalositse gore fa motho a tlhakanela dikobo le diphologolo go supa gore tlhaloganyo ga e dire sentle.O buile jalo kwa thutopuisanong ya twantsho borukutlhi kwa sekoleng sa Motlhasedi kwa Tobane bosheng.Dr Al-Mamun a re se se bakwa ke mathata a a farologaneng mme se tshwana le fa rre yo motona a tlhakanela dikobo le ngwana yo monnye.O boletse fa borukutlhi bo ka okotsega ka ntlha ya nnotagi.A re nnotagi e borai mo botsogong jwa motho, bogolo jang mo dikarolong tsa mmele jaaka sebete le makgwafo.Ngaka o tlhalositse fa go nwa phetelela go ka lebatsa motho lelwapa.A re bojalwa bo tsenya bokoa mo mmeleng ka bo kgona ditshika dingwe tsa tlhaloganyo kwa pheletsong motho a bo a sa kgone go akanya sentle.O boletse fa go se na mathata a a ka fedisiwang ke go nwa majalwa, ka jalo ba lese go tshabela mathata mo go jone.O supile matshweneyego a gore banana le bone ba tswa mo tseleng ba inaakanye le majalwa.O ne a rotloetsa bana ba dikole go tsena mo mekgatlhong e e ka ba itsang go wela mo diphatseng a ba gakolola go kopa dikgakololo kwa bathong ba ba tshwanang le ba boipelego, dingaka le baoki.

Dr Al-Mamun o tlhalositse fa nnotagi e na le seabe mo go anameng ga malwetse a tshwana le HIV/AIDS ka batho ba felela ba tlhakanela dikobo ba sa dirise dikausu gape a tlatsa ka gore go borai thata fa motho a na le bakapelo ba le bantsi.Mokwaledi wa mopalamente wa Selebi Phikwe botlhaba Rre Amogelang Mojuta, yo o neng a bua mo boemong jwa mopalamente Rre Nonofho Molefhi, o kopile banni ba motse wa Tobane gore ba ikopanye ba tle ba kgone go hema borukhutlhi mo motseng wa bone.O ne ba rotloetsa go kopa dithuso kwa pusong go ba thusa ka koloi mme a bolela fa gape a tlaa bolelela mopalamente fa ba tlhoka koloi.A re komiti ya twantsho borukutlhi ya Tobane e tsweletse ka e kgonne go goroga kwa dikoleng tse dikgolwane le tse dipotlana.E ne ya re ba akgela, batsena thutopuisano eo ba re mathata a a leng teng ke gore fa borre ba betelelwa ga ba buwe.Ntlha e nngwe ke gore bangwe ba tlogela basadi mo malwapeng mme ba betelele diphologolo jaaka ditonki.Ba ne ba bolela gape fa basadi ba ba ithekisang ba re ba beteletswe fa tuelo e pala go tswa.

Selibe Phikwe




#Article 260: Motsana wa kwa Topisi (859 words)


 
Topisi ke  motse o o mo kgaolong ya legare la Botswana. Motse wa Topisi o sekgale sa masome a matlhane (55) km gotsweng bokone jwa Palapye, go bapisa tsela ya Palapye–Francistown, mo palong batho ya ngwaga wa 2001 go ne go nale batho ba le  1,289.[3]

Mogolwane wa lephata la tshomarelo tikologo le ditsatlholego kwa Serowe Rre Chenamani Ntongwa a re go tlhokega teseletso go bapala phane.Rre Ntongwa o ne a bua mo diphuthegong tsa kgotla kwa Topisi le Maope mabapi le go tsaya diteseletso tsa go tshwara phane.A re molao o setse o le mo tirisong, mme maikaelelo a molao ono ke go sireletsa phane gore e se ka ya nyelela mo mafelong a e setseng mo go one.O tlhalositse gore banni ba Topisi le tikologo ba ka tsaya diteseletso kwa Francistown, a tlatsa ka gore maikaelelo a bone ke go isa ditirelo kwa bathong.Rre Ntongwa a re gore ba tshware diphuthego jaana, ba ne ba amogetse ngongorego go tswa kwa mokhanselareng wa Topisi Rre Lazarus Tumagole, a re ba bona batho ba thibeletse mo lefelong la bone mme go sa dirwa dithulaganyo le bogosi.A re batho ka bontsi ga ba na diteseletso tsa go tshwara phane, a tlatsa ka gore bangwe ba ngongoregela madi a lekgetho ba re a mantsi fela thata.Makgetho ano a mararo ke la P2 fa o tshwarela phane go e ja, P50 fa e tshwarelwa go e rekisa mo gae le P500 fa o e tshwarela go e rekisa kwa ntle ga lefatshe.

Rre Ntongwa a re gape ba na le dikgwetlho tsa go itse gore go boammaaruri go le kae gore diteseletso tse batho ba di tsereng di tlaa dirisiwa ka fa go tshwanetseng, a a fa sekai sa gore mongwe o kgona go tsaya lekgetho la P2 mme a bo a ya go le dirisa jaaka la P50.Mokhanselara wa Topisi Rre Tumagole a re kgang e e mo tshwenyang ke ya gore banni ba motse bone ba e kae fa go setse go na le merafe e e farologaneng mo lefelong, gape le dikgosi tsa motse di sa itse sepe gore go diragala eng.A re diteseletso di ka bo di fiwa batho phane e setse e godile e seng e sa ntse e le nnye, a re go dira jalo ke go neela batho tetla ya gore ba tshware phane nako e nngwe le e nngwe.Rre Tumagole a re batho ba tshwara phane e e fologang e ya go ikatela, mme go dira jaana go ka re kgabagare ga nyeletsa phane.A re banni ba Topisi ba tlhaloganya phane ba itse fa e setse e godile e lekane go tshwarwa, a tlatsa ka gore ba batla go e tshwara ka fa tsamaisong le gore ba itshetse ka ditsatlholego tse di mo lefelong la bone.O bolotse gore batho ba dirisa metsi a a nowang ke diphologolo go tlhatswa phane, ga mmogo le go e apaya, a re go borai mo matshelong a batho.

Motswana wa maloba o boletse a re maano ga a site, go sita a loso. Kgang ya go beola bangwe ka lebotlolo go na le logare jaaka tlwaelo, ke e e tsitsibanyang mmele.E rile mo potsolotsong Mme Selelo Kgonego wa Gweta a re go beola motho ka lebotlolo ga se sepe go tshwana fela le fa o beola ka logare. A re o baakanya mabotlolo ka go thuba a le mantsinyana, mme a tshwanetse go nna bogale, go tswa foo o tshela metsi mo bateng, a ba a tshasa tlhogo ya yo a mmeolang molora a bo a tswelela ka tiro ya gagwe. Ke mohumanegi wa nta ya tlhogo, ke tlaa tsaya madi kae go reka logare ke sa bereke, bo a sa bo a pele, Mme Kgonego o tlhalosa jalo.

Tiro e, ba le bantsi ba a e dira, bangwe ba a e makalela, mo go rayang go re tiro e ga e a tlwaelesega mo bathong. Mme Leutwetse Mokupi wa monana wa Topisi, a re ga go batle o dirisa lengwe le lengwe fela le o le bonang, go na le a a dirisiwang, a re gape go batla motho a le keletlhoko. Mme Mokupi a re gantsinyana go dirisiwa mabotlolo a dinotsididi kana a dijo dingwe a a thatanyana. A re fa o beola ka lone o nne keletlhoko go re lebotlolo le se ka la sega ngwana ka gore le ka tloga la mo tsenya mogare.

O boletse gape gore fa a fetsa ka lone o le phutha le one moriri o mme o latlhela mo motlhobodikeng kana ntlwana ya boitiketso ya lehuti go phepafatsa tikologo. Ngwana yoo o motshasa sepiriti mo tlhogong go itsa go tswa dinthonyana tse di bidiwang lesware fela jaaka o sena go beola ka motshini kana lone logare, go bua jalo Mme Mokupi. Ngaka ya kokelo ya Tutume Rre Kabwe Chibangu o rurifaditse gore ga go na mathata mme thata thata go batla motho a na le kitso le bokgoni ja go dira jalo, a tlatsa ka gore le yone thipa tota bogologolo e ne e kgona go beola moriri fa e looditswe go nna bogale thata. Ngaka Chibangu a re Ma-Aferika ke batho ba go dira dilo tse di makatsang.




#Article 261: Motse wa Tsetseng (450 words)


 

Tsetseng   ke motse yo mo kgaolong ya Kweneng e e mo Botswana. Motse o, o mo Sekakeng sa Kalahari, gotsweng sekgale sa dikhilomethara tse masome mane gotsweng bokone botlhaba jwa motse wa Kang. Mo palong bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a mararo le masome a borobabongwe le botlhano.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Tsetseng, Mme Direemeng Kgolo, a re motse wa bone o beilwe ka fa mosing mo o ka reng one ga o amiwe ke Tebelopele ya 2016.O ne a ikuela mo mopalamenteng wa kgaolo ya Letlhakeng Bophirima, Rre Filbert Nagafela, fa a ba etetse bosheng.Mme Kgolo a re kgaolo ya bone e e leng ya bofelo mo Kweneng, e tlhaelelwa ke didirisiwa tse dintsi. A re ga go na megala ya ditlhaeletsanyo, a tlatsa ka gore seo se ba paledisa go tshwaragana le Batswana ka bophara.O ne a bo a ikuela gore mopalamente a ba thuse gore megala ya Mascom le Orange e kgone go tshwara ka go nne ga go na sepe gotlhelele se se ba gokaganyang le ba masika le ditsala ntlheng e nngwe ya lefatshe leno.A re lenyora le ba apesitse kobo ka letshoba mo motseng wa bone, a re ga go sepe fela se se lolameng. A re metsi mo motseng ga a ise a ke a nne teng ke ka moo a reng ga a bone fa ba amiwa ke Tebelopele ya 2016 ka ba saletse kwa morago mo go sengwe le sengwe, a tlatsa ka gore ntleng ga metsi ga go na botsogo jo bo itekanetseng.

A re selelo se sengwe ke motlakase ka o seyo mo motseng, a re ka jalo ba tlolwa ke ditlamelo. E rile a araba selelo sa motse, Rre Nagafela a re o tlaa ikopanya le ba ba maleba go tsibogela motse ka tse di tshwanetseng gore le bone ba akole didirisiwa tse di farologanyeng.Mme Kgolo a re go le gantsi puso e ba solofetsa dilo dingwe mme e nne moriti o tsididi go diragatsa ditsholofetso tsa yone.O bile a ngongorega ka mananeo mangwe a puso a a tsenngwang mo namola leuba a re puso e tshwanetse e nne boammaaruri.O ne a ikuela gape ka tsela ya Letlhakeng/Tsetseng, a re ga e a siamela matshelo a bone.A re ba eletsa fa le bone ba ka nna le tsela e e botoka e e ka ba thusang go goroga kwa mafelong a tshwana le Letlhakeng kwa ba bonang ditsompelo teng.Kgosi ya Tsetseng, Rre Matausu Gaothuse, a re ba farafarilwe ke borukutlhi mme ka jalo o kopela motse lepodisi la maemo a magolwane go ba thusa.Rre Nagafela a re go maleba gore motse o fiwe kgotsa o nne le ditlamelo tse di tshwanetseng.




#Article 262: Motse wa Tshabong (1044 words)


Tshabong  kgotsa Tsabong  ke bokopanelo jwa tsamaiso ya kgaolo ya Kgalagadi , Botswana. It is located in the Kalahari Desert. Palo ya batho e ne e le 6,591 ka palo batho ya ngwaga wa 2001

Kokelo e e potlana e thusa batho ba le bantsi mo lefelong le legolo, ba ba amilweng ke  kgotlholo e tona ba akaretsa batshabi ba ba batswakwa le ba malwapa a bone ba ba kgonang go nna koo bantse ba tsaya kalafi e telele ya balwetsi ba baeti. 

Go bolelwa fa lenaneo la Ipelegeng le ntsha maduo a mantle fela thata kwa motseng wa Tsabong.Mo nakong e, lenaneo leo le thapa badiri ba ka nna masome a fera bobedi, ba ba fapaanelang tiro kgwedi le kgwedi.Mafoko a a builwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Moswetsi Golaolwang kwa phuthegong ya go neelana megopolo, e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Tsabong.Mme Golaolwang o ne a tlhalosa gore bontsi jwa batho ba ba thapilweng ke bomme ka ntlha ya gore ke bone ba ba tshabelewang ke go tlhoka ditiro.Mme Moswetsi o ne a tlhalosa le gore ba kgonne go tsenya motlakase mo matlong a le matlhano mo go a le lesome kwa botlhabatsatsi jwa motse wa Tsabong.O ne a supa gore dingwe tsa dikgoreletsi tse ba kopanang natso ke ditlhotlhwa tse di kwa godimo tsa go gokela motlakase.

O ne a tlhalosa gore matlo ao a tlaa hirisediwa setshaba mme go tlaa lebiwa thata batho ba ba tswang kwa ntle ga motse wa Tsabong.O ne a bega le gore ba ikaelela go aga matlwana a boitiketso kwa kgotleng le go thusa bangwe mo motseng.O ne a kopa setshaba go tlhopha maloko a a ka dirang tiro ka botswerere.Banni ba ne ba supa fa ba itumelela ditlhabololo tse di dirilweng mme ba supa fa ba eletsa gore palo ya ba ba thapiwang e ka oketsegela kwa go lekgolo.Ba ne ba solofetsa fa ba tlaa thusa mo kagong ya matlwana a boitiketso a kgotla.

Kgosi ya motse wa Tsabong, Rre David Toto II a re morafe o leboga kemonokeng ya badirelapuso jaaka ba tsweletse ka go thusa go tlhabolola matshelo a ba ba kobo dikhutshwane. Kgosi Toto II o buile jaana a amogela babereki ba ba neng ba kokoane mo kgotleng ya Tsabong ka Sontaga go ipelela letsatsi la mafatshefatshe la babereki, a re dikomiti tsa maphata a puso ka go farologana di tsweletse ka go thusa puso go lwantsha lehuma ka go agela batlhoki, go ba lemela masingwana le go ba gokelela metsi mo malwapeng. Kgosi Toto II a re keletso ya gagwe ke go bona babereki ba tsweletse ka ditiro tse tsa bopelotlhomogi. Kgosi Toto a re se se botlhokwa ke gore ba kgaogana bonnyennyane jo ba bo amogelang, le setshaba le fa bosheng ba supile fa bo sa lekana mme ba felela ba ngadile ditiro sebaka sa dibeke tse pedi. A re go itshupa sentle gore ba na le maikaelelo a go thusa puso go nyeletsa lehuma.

Le fa go ntse jalo Kgosi Toto II o gakolotse babereki gore ba se ka ba itebala jaaka ba le mo mafelong a a farologaneng ba thusa setshaba, ba itse fa go le botlhokwa go itirela gore ba seka ba fetoga bakopi isago. O supile gore babereki ba nna lobaka ba sa direle kwa magaeng a bone, ka jalo go botlhokwa gore ba bule matlho mme ba dirise sebaka se ba se filweng jaaka ba nna mo mafelong ka go farologana go latedisa metlhala ya khumo. O kopile badirelapuso gore ba tlhabolole matshelo a bone mme ba lebalebe metswedi mengwe ya botshelo e e ka ba thusang morago ga go tlogela tiro, e seng go emela lemmenyana la phenshene fela.Le gale Kgosi Toto II a re ba tshwanetse ba ele tlhoko e se re gongwe ba inaakanya le tse di kgatlhanong le melao ya pereko mme tsa tsosa dikgotlhang. Kgosi Toto II o gakolotse bodiredi jwa maphata a isang ditirelo kwa morafeng gore ba itse botlhokwa jwa go nna ba buisana le setshaba fa go na le diphetogo dingwe mo tsamaisong ka jalo a ba rotloetsa go nna ba ikopanya le boeteledipele jwa motse e leng magosi le dikomiti tsa ditlhabololo go tshwara diphuthego.

O kopile babereki gore le fa ba tsweletse ka go buisana le puso ka koketso ya dituelo, ba tswelele ba dira ka natla go tlhabolola matshelo a Batswana le go tlhomamisa gore ditirelo tse di fiwang morafe di tla ka nako e bile di na le boleng.Mo go tse dingwe tse di amanang le letsatsi la babereki, modulasetilo wa BOFEPUSU kwa Tshabong, Rre Johannes Motsamai a re o tshwenngwa ke gore le fa letsatsi la babereki le le botlhokwa mo go kalo, bontsi jwa bone go lebega ba sa kgatlhegele go inaakanya le segopotso sa lone. Rre Motsamai a re babereki ba tshwanetse ba lemoge gore bangwe ba latlhegetswe ke matshelo ba lwela ditshwanelo tsa mmereki, le gore letsatsi la babereki le amogelwa ka fa molaong. A re o tshwenngwa ke gore babereki ba tsena dikokoano tsa letsatsi leo ka dipalo tse di felelang mo seatleng, a supa gore monongwaga letsatsi le, le tshwerwe ka nako e babereki ba ngadileng tiro, ka jalo go le botlhokwa gore ba le tsene ka dipalo tse dintsi gore ba kgone go fiwa tekodiso ka maikaelelo a makgotla a babereki go tswelela pele morago ga ngalo ditiro.

E rile a lekodisa ka ngalo ditiro e e ntseng e tsweletse, Rre Motsamai a re go lebega mohiri a ne a seka a sala morago melawana e e neng e beilwe go laola malatsi a a lesome a ngalo ditiro ka go na le dikgang tsa gore mapodisi a ne a dirisiwa go kgweetsa dikoloi tsa dikokelo fa barutabana bone ba ne ba tlogetse go ruta mme ba inaakantse le go apeela baithuti mme tse tsotlhe di le kgatlhanong le melawana e e beilweng.O supile gape gore mo mafelong mangwe makhanselara a ne a thulana le babereki ba ba ngadileng tiro ka ba ne ba supa fa ba le kgatlhanong le tshwetso e mme ba ba kopa go boela ditirong.A re le fa ba sepodisi ba latotse dikgang dingwe, go ne ga nna le bangwe babereki ba ba neng ba supa gore ba ne ba tshosediwa ka ba ngadile tiro.




#Article 263: Motsana wa Tshokwe (763 words)


 
Tshokwe  ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana Motsana o o bonwa mo Borwa-Botlhaba jwa toropoSelibe Phikwe, gaufi le molelwane wa lefatshe la Zimbabwe, gape o nale sekolo se se potlana. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo tsa motse wa Lepokole di ne dile makgolo a matlhano le botlhano.

Maikaelelo a puso ke go tlhabolola lefatshe leno ka go isa ditlhabololo le mananeo ka nako e e tshwanetseng go nonotsha boleng le seriti sa batho.Mothusa tona wa temo-thuo, Rre Shaw Kgathi, yo e bileng e le mopalamente wa kgaolo ya Bobirwa, o bo letse jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo, a lekodisa batlhophi ba gagwe ka dipuisanyo tsa phuthego ya palamente e e fetileng le go tsaya megopolo go e isa kwa go e e tlang.Rre Kgathi a re puso e kgonne go rotloetsa le go rokotsa banana go nna le seabe mo mananeo a dithuso ka go oketsa madi a a fiwang banana ba ba sa tlholeng ba tsena sekole go tswa kwa go P70 000 go ya kwa go P963 480.A re gape banana ba nnile le seabe mo mananeong a temo ya nosetso, thuo ya dikoko, dihutshane, dikolobe le tse dingwe, lenaneo le a reng le letla gore ba ka le akola ka go ipopa ditlhopha kgotsa ba thusiwa ka bongwe ka bongwe.A re ditlhabololo dingwe ke go gokelwa ga motlakase kwa metseng e e neng e saletse kwa morago e e akaretsang wa Motlhabaneng, Mabolwe, Lepokole le Tshokwe mo a reng go tsweletse.O bile a tlhalosa fa kago ya borogo e tsweletse kwa mokeng ya Motloutse mo nokeng e e kgabaganyang tsela ya Lekkerpoet/ Motlhabaneng le kwa nokeng ya Thune e e kgabaganyang tsela ya Bobonong/Tsetsebye, a re tsela eo e tlaa tshelwa sekontere mo ngwageng ono wa madi le gore dingwe ditsela tsa Bobonong di tlaa tshelwa sekontere.

Rre Kgathi o boleletse banni gore ditlhabololo di tshwana ya go nna teng ga banka le marekisetso a Choppies mo kgaolong eno ke kgatelo pele ya go oka bagwebi go tla go bula dekgwebo mono.A re puso e tsere tshwetso ya go atolosa dikokelwana, e le maiteko a go atametsa batho ditlamelo tsa botsogo le go fokotsa mosuke kwa kokelong ya Bobonong.A re maikaelelo a puso ke gore batho ba metse ya Lentswe-le- Moriti, Motlhabaneng, le dipolasi e sobokwe gore ba bone ditlamelo tsa botsogo go balelwa ngaka kwa motseng wa Mathathane go na le go e latela kwa Bobonong.Le fa go ntse jalo, mothusa tona a re dikgwetlho di tshwana le go tlhagoga ga bolwetsi jwa tlhako le molomo, le kanamo ya mogare wa HIV, go thelesegela ga batswakwa mo lefatsheng leno ba se na tetla ke dilo dingwe tse di amang itsholelo le go kgoreletsa ditlhabololo.A re puso e tsere tshwetso ya go direla bagodi le bana-le-bogole dikarata tsa go supa gore ga ba duelele kalafi mo dikokelong tsa puso.O ne a ba itsese fa ditlhwatlhwa tsa phimolo dikeledi ya tshenyo ya diphologolo kwa masimo le kwa merakeng di okeditswe le dikotlhao tsa molao wa tsela di gagamaditswe.

Rre Kgathi a re puso e setse e sekasekile togamaano ya bolesome ya ditlhabololo, mme ba setse ba bone seemo sa itsholelo.E ne e rile pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Mphale Lebotse a lekodisa mopalamente ka matshwenyego a bone, a kopa gore didiba tse di gaufi na bo di katololwe gore ba nose dihutshane tsa bone.Rre Lebotse o kopile gore tsela ya Motlhabaneng/Semolale e gopiwe le go tshelwa lekgarapana gore go dirisiwe yone, ka gore borogo jwa tsela e ba ntseng ba e dirisa bo ntshitswe ntswa jo bo agiwang mo nakong eno bo ise bo fele, a re se se ba baketse mathata ka nako ya dipula.O bile a nankola ditiro tsa ditlhabololo tse ba ikaelelang go di dira ka lenaneo le le thusang batho boemong jwa la namola leuba tse a reng di santse di ile go sekasekwa ke bodiredi jwa kgaolo potlana eno.Mme Lydia Mfolwe a re ba lephata le tlhokomelo matlhoko a leruo ba sale ba ba epetse letangwana le le nosang dihutshane nako kgolo ke eno gale ise le dirisiwe, a bo a kopa gore phimolo dikeledi ya dipodi fa di bolailwe ke dibatana e okediwe go tswa kwa go P25, a re mo nakong eno ditlhwatlhwa tsa dipodi di kwa godimo.Rre Ofentse Moleofe ene a re nako e tsile ya gore meraka le masimo di nne lefelo le le lengwe fela go sireletsa tlhaelo ya lefatshe, a re ba santse ba tlhoka lefatshe la ditsha tsa masimo le meraka.




#Article 264: Motsana wa Tshokatshaa (1025 words)


 
Tshokotshaa ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O dikhilomethara tse di masome a boferabobedi mo bophirima jwa motse wa Nata, kwa bokone jwa tsela e e kopanang le ya Nata go ya Maun. Motse o o ne o nale palo ya batho ba le makgolo a mane,masome a botlhano le boferabobedi mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 , gape o nale sekolo se se potana.

Balemi ba kgaolo ya Nhabe ba gakolotswe go lema dipeo tse di bogadi bo gaufi go itepatepanya le seemo sa dipula tse di boutsana tsa lefatshe leno.Go ne go bua molemi wa kgaolo eo, Mme Kgotso Wright a bula semmuso letsatsi la balemi kwa motseng wa Shorobe mo kgaolong ya Nhabe.? A re ke nako ya gore balemi ba lemele go ja le go rekisa gore ba akole maduo a temo ya bone.E rile a bua tebang le moono o o reng Methale e mesha ya temo, twantsho tlala le lehuma, a re fa ba ka lema dijalo tse di tlhabolotsweng, ba tlhagola, ba lwantsha diji mo masimong le go tsenya menontshane ba ka bona thobo e e lekaneng go ba jesa le ba masika ga mmogo le go rekisa gore ba bone madi a go ithusa.Mme Wright a re letsatsi la balemi le rotloetsa gore go nne le kgaisano e e ka rotloetsang go bereka ka tlhoafalo go ntsha dijo tsa tlhwatlhwa ga mmogo le go tokafatsa kgotsa go oketsa thobo.O kopile balemi gore ba tlhoafalele temo gore ba fedise tumelo ya gore temo ga e ntshe maduo a a nametsang jaaka diteemane, diphologolo le tse dingwe.A re puso e phutholotse letsogo go thusa balemi ka mananeo a a tshwanang le?ISPAAD, diterekere go lemela balemi, go ba phakisa menontshane le dipeo tse di tlhabolotsweng, thotloetso go lema ka ditselana le tse dingwe.

E rile a itebaganya le ba lephata la temothuo, a re ba tshwanetse ba ntsha lentswe ka nako ya fa ba kopane le maphata a a tshwanang le la tikologo, diphologolo le bojanala, a a reng a tlaa felela a itsapisa bangwe go lema ka jaana diphologolo di senya thata mo temong.A re fa e ne e se ka tshenyo ya diphologolo temo le yone e ka bo e galalediwa fela jaaka tsone e bile e tsenya madi a a bonalang fela jaaka tsone.? O ba kopile gore ba se ka ba nna ba didimala fa ba kopane mo dipuisanong mme lentswe la bone le utlwale.E rile a latlhela la gagwe, Mme Olebogeng Ramokgalo, yo tiro e neng e tshwaretswe kwa tshimong ya gagwe, a re e re le ntswa a ne a kopana le mathata mangwe jaaka letlhoko la terekere ka nako fela o ne a kgona go lema ka nako.A re temo e tlhoka motho yo o nang le bopelotelele ka jaana e na le dikgwetlho le tiro e ntsi, a re ga e batle ditshwakga ka jaana molemi fa a le setshwakaga ga kgone go tlhagola masimo mme o tlogela dijwalo go hupediwa ke mohero.Fa a ntsha la gagwe Rre Forembi Forembi, molemi wa masimo a Matsaodi o ne a re ene o dirisa koloi ya gagwe ya Hilux 4x4 go lema tshimo ya gagwe ya diekere tse lesome mme a re o bona go le botoka go na le go hira terekere ka a re o dirisa madi a a kana ka P3 000 fela.A re fa a lemile sentle o kgona go ja a bo a rekisa mme a bone madi a a fetang a a a dirisitseng mo temong, a tlhalosa fa ene a ise a kopane le mathata ape fela, fa e se gore tiro ya teng e tlhoka bopelotelele le lorato.

Mothusa Tona wa Dikgaolo Mme Botlogile Tshireletso o galaleditse Kgosi ya motse wa Tsokotshaa mo kgaolong potlana ya Nhabe go bo a gagamaditse kobamelo ya dinako tsa taolo ya thekiso ya majalwa a masesane a a dirwang mo malwapeng.
Mothusa Tona o dirile jalo fa a ne a buwa mo Phuthegong ya kgotla kwa motseng oo mo bekeng e e fetileng, morago ga gore Kgosi Motsamai a mmolelele gore go gagamatsa melao ya taolo ya majwalwa ao go buseditse motse wa gagwe maduo ka jaanong batho ba gagwe ba a laolesega, a re le dintwa tse di tshesane di fokotsegile mo motseng.O ne a tlhalosa fa ba bogosi ba na le dithata tsa go laola go nowa ga majalwa a masesane mo metseng e seng fela go tlogelela boikarabelo joo ba molao.A re seemo sa kwa Kutamogoree se a itumedisa ka jaana setshaba sa motse oo le sone se supa fa se ratile Kgato eo. Kwa motseng o o mabapi wa Lepashe, mothusa tona o ne a gakolola Kgosi ya motse, Kgosi Mmoloki Tshabisa go gagamaletsa setoropo barui ba ba lesang leruo la bone le tsena mo masimo a babangwe.A re fa go sa tsewe Kgato ka bofefo, balemi ba tlaa tswa kwa masimo ba iphotlhere mme seo se oketse lehuma.Kgosi Tshabisa o ne a tlhalosetsa mothusa tona gore bontsi ja barui bao ba tseetswe dikgato kwa ntle ga ba se kae fela ba dikgang tsa bone di santseng di le fa pele ga lekgotla.A re seemo sa go tlhagela ga dikgomo mo masimong kwa motseng wa gagwe se bifisiwa ke gore terata e e kgaoganyang masimo le mahudiso ga e ise e fele fa e sale e simolola go agiwa, mme tiro ya yone e ntsi ka jalo ga se e e ka kgonegang go fediwa ka lenaneo la Ipelegeng.A re go tlhoka terata eo go dira gore motsamao wa dikgomo o nne bokete go laolesega.

Mothusa Tona o ne a tsamaya mo metseng e supa ya tengnyanateng mo kgaolong potlana ya Tutume go lekodisa banni ba metse eo ka fa puso e ikaelelang go tlhabolola matshelo a bone ka teng, mme a ama dilo di tshwana le go tokafatsa ditlhaeletsanyo le kgokelo ya motlakase kwa metseng eo.Banni ba metse eo ba ne ba amogela mafoko a ga mothusa tona, mme ba re dilo tseo di ka thusa go fokotsa letlhoko la ditiro mo metseng ya bone. Mothusa Tona o tsamaile kwa metseng ya Lepashe, Kutamogoree, Maposa, Manxotae, Sepako, Dzoroga le Tshokatshaa.




#Article 265: Kgomo ya Tswana (894 words)


Kgomo ya swana ke kgomo ya nama e e tlholegang mo Botswana.ke mofuta wa Sanga o o tshwanang le Borotse le Tuli, e ntsho ka mmala kgotsa mebala e e farologaneng: ka tlwaelo e bohibidu jo bo tseneletseng, gape ga se gantsi e nna ntsho mo go tseneletseng mofuta wa tleng o ka fitlhelwa gape kwa Afrika Borwa. diphologolo tsa mofuta o di tlwaetse go nna mo mogotleng, tikologo e e omeletseng le bokgoni

Jo bogolo jwa dikgofa le mogote Maina a mangwe a a tlwaelesegileng mo gae ke ;Bechuana,Sechuana,Setswana,Batawana,Mangwato,Sengologa le Seshaga.

Kgomo ke Phologolo e e botlhokwa thata ka gore fa o lebelela ga gona sepe se se latlhiwang mo go yona. Sengwe le sengwe mo kgomong se na le mosola fa e phela le fa e sule. kgomo ke banka ya Motswana, bogologolo Batswana ba ne ba e tlotlile thata ka e ne e ba thusa mo botshelong. Ka moo ba ne ba e bitsa Modimo o nko e metsi, le fa o lebelela mo dianeng go ne go na le diane tse dintsi tse di buang ka Kgomo. Kgomo fa e santse e phela e golegiwa fa go lemiwa, go ya nokeng ka selei, go goga kolotsana ya kgotokgoto jaaka sepalangwa. Fa o ntse o e tlhokometse e a tsala lesaka le tlale. Maswi a kgomo a botlhokwa thata, re ja bogobe ka ona, re a nwa, re nwa mogodungwana ka ona, re dira madila. Boloko jwa kgomo bodirisiwa go kgapha fa fatshe bo tlhakantswe le mmu le fa go bopelwa, fa bo omeletse bo dirisiwa go besa molelo fa go apeiwa, mme fa bo omeletse bo thugegile bo le motshotelo bo tshelwa mo tshingwaneng ya dijwalo.

Kwa mafatsheng a mose jaaka China ba titiela boloko ba bo khurumetse mme bo ntshe Gase e e tshubang molelo go apaya. Dikgomo di dirisiwa go ntsha magadi fa o nyala gongwe go rekolola sefane sa ngwana yo o sa nyalang mmaagwe, go duela kgotsa go ananya fa o tlhoka sengwe le go leboga ngaka fa e sena go tshwara motse wa gago, le go leboga modisa yo o di tlhokometseng, le fa motho a ne adirile molato o ne a atlholwa kgomo ka go ne go sena dikgolegelo.
Kgomo fa e sule gongwe e tlhabilwe e santse e le botlhokwa thata. Re simolola ka go ja nama, letlalo la yona le ne le dirisiwa ka nako ya fa go tlhagile leso go phuthwa moswi mme a bolokwe ka lona, le dirisiwa gape go nna phate, diaparo le dikobo fa le sugilwe. Letlalo le dira gape thebe, moropa, ditlhako, le dikgole, gape le a fadiwa go ntshiwe makukana. Boboko bo tshasiwa mo matlalong fa a sugiwa, dinaka di dira phala kgotsa lepatata, fa ngaka e fetsa go tshwara lelapa e ne e le tlogelela molemo e o tsentse mo lenakeng. Mafura a dira tsholo fa e le marapo a ne a setlhwe go nna dinakana tsa motsoko le go betliwa go dira mekgothi ya diditsi le ya dithipa. Moswang o ne o dirisiwa go kopanya batho ba ba tlhoaneng ba sa utlwane.

Tona wa temothuo Rre Christian De Graaff o tlhalositse gore dikgomo tsotlhe tse di nang le bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya Zone 6 di tlaa bolawa.
E rile fa a tshwere diphuthego tsa kgotla kwa motseng ya Matsiloje, Patayamatebele le Tonota mo bosheng, Rre De Graaff a re ba tshere tshwetso ya go bolaya dikgomo tsotlhe tse 21 000 mo kgaolong ya Matsiloje.Tshwetso eo e tserwe ka ntlha ya gore kgaolo ya taolo ya matlhoko a leruo ya Zone 6 e na le mogare wa bolwetse jwa tlhako molomo o montsi, a tlatsa ka gore bolwetse joo bo anama ka bofefo.Tona o tlhalositse gore fa dikgomo tseo di sa bolawe, bolwetse bo tlaa anamela kwa dikgaolong tse dingwe.Tona o ne a re dikgomo tse di nang le mogare di tlaa bolawa di bo di hupelelwa go tloga ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola ga raro.O tlhalositse, le gore barui ba tlaa phimolwa dikeledi ka P1 700. kgomo nngwe le nngwe, go sa lebiwa gore e tsiang, ke ya mofuta ofe le seemo se e eleng mo go yone. Tona De Graaf o ne a kgothatsa barui ba ba amegang go dirisana le badiri ba puso go lwantsha bolwetse jo.

A re maikaelelo a bone ke go bolaya le go hupelela dikgomo tseo ka bonako gore bolwetse bo felele gone foo.Tona o ne a kgothatsa banni go tswelela ba kenta dikgomo go fitlhelela ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola lesome le botlhano, go netefatsa gore bolwetse joo ga bo anamele kwa dikgaolong tse dingwe.
Mopalamenete wa Tati East, Rre Guma Moyo o ne a ntsha mogopolo wa gore go sekasekwe madi a phimolo dikeledi.E rile fa ba akgela, banni ba ne ba ntsha mogopolo wa gore puso ya lefatshe leno e rotloetse puso ya lefatshe la Zimbabwe go kenta dikgomo tsa bone tsotlhe, go emisa go anamela ga mogare wa bolwetse joo mo Botswana.Ba ne ba kopa puso le go tsenya terata ya motlakase go laola motsamao wa batho ba lefatshe la Zimbabwe le ba Botswana ba ba tlolang ba se na dipasa.Ba ne ba ntsha le mogopolo wa gore bakenti ba tshwanetse go tlhoma kampa ya sennelaruri gaufi le molelwane o o mo nokeng, ba tlhalosa gore barui bangwe ba kgaola terata ka dinako tsa fa dipula di na. 




#Article 266: Batho ba letso la Setswana (1004 words)


Batho ba letso la Setswana (Batswana, mo bongweng Motswana) ke batho ba ba tlholegang mo brwa jwa Aferika. Puo ya Setswana e buiwa ke batho ba letso la setlhopha sa  Bantu ba ba tswang kwa dipuong tsa kwa Niger–Congo. Batho ba letso la  Setswana ba aga bontlha jwa selekanyo sa masome a boferabobedi  jwa palo ya batho ba Botswana.

Mo dinakong tsa bogologolo, pitso e e neng e tumile ya  Batswana  e ne e le  Bechuana. Europa ba ne ba bitsa raya Tswana e le  Bechuanaland. Mo dipuong tsa Setswana, ka go rialo, Botswana ke leina le le rayang lefatshe la Batswana.

Botswana wa gompieno (yo o neng a bidiwa British protectorate of Bechuanaland) o bileditswe mo bathong ba Batswana. Merafe yotlhe e e 'tumileng' mo nageng eo e bua puo ya Setswana. Merafe yotlhe e, e busiwa ke dikgosi. Yo motona ke   , yo o busang  Ntlo ya Dikgosi. Ka jalo bana ba kgosi go ya ka dintlo, tsa yone ke dikgosi, go tswa go yo mogolo go ya go yo mmotlana. Ba ka latelelana ka go busa. Mo dinakong tsa bogologolo ba ne ba abelwa mafelo kgotsa motse go busa ele dikgosi tsa motse  yo o rileng. Ba na le Kgotlakgolo e mo go yone go busang Kgosikgolo mmogo le morwa yo motona.
Babusi botlhe ba ba tswang mo lelapeng le le lengwe ba a sikarana fa a ba bangwe ba kgaogana go tsweng mo lelapeng kgotsa losikeng loo.

Merafe e e tumileng ya Batswana ke:

Modimo o o nko e metsi
Gantsi ga re lemoge fa tikologo ya rona e ama puo ya rona. Mo Setswaneng go na le dilo tse dintsi tse di amang ka fa re buang ka teng. Dingwe tsa tsone ga re di tseye tsiya, ga re tseye fa di ka nna le seabe sepe se se utlwalang mo go ameng ka fa re dirisang puo ka teng. Mme selo se se fitlhelwa mo puong nngwe le nngwe. Tsaya sekai, morafe wa MaEskimo (bangwe ba ka nna ba tsaya fa ke kgetholola, ba batla gore ke bitse morafe o ke re BaEskimo – ba tlaa nkinela diatla metsing.) go dumelwa fa o na le mafoko a mantsi a a rayang kapoko ka kapoko ke karolo e kgolo ya matshelo a bone. Fela kapoko e le karolo e kgolo ya matshelo a bone, rona jaaka Batswana kgomo ke yone pinagare ya itsholelo ya malwapa ka bontsi. Batswana ka ngwao re ba rua kgomo. E re ntswa dinamanyane di foforwa ke leuba, kgotsa bontsi bo hularela temo, kgomo e santse e le sesupo sa itsholelo e bile monna yo kgomo tsa gagwe di thibang marang a letsatsi o tlotlega setšhabeng. Kgomo e humisitse puo ya rona thata. Re ka akanya ka mafoko a mantsi a a amanang le kgomo. Ga re kitla re kgona go a nankola otlhe mme re tlaa kgotlha fela ka lotlhokwa.

Le rona fela jaaka MaEsekimo re na le kgumo e e boitshegang ya mafoko a a rayang kgomo. A re simolole fela ka gore ngwana wa kgomo o bidiwa namane, mme re bo re tswelela ka go tlhalosa dinamane. Mohungwana ke namane e e fitlhetsweng mo kgomong mmaayo a sena go swa. Lebotlana ke namane e e leng gone e tsalwang. Lesolemotlhabana ke lebotlana le le godileng. Lesole ke namane e e tiileng e e godileng. Moalolelo ke namane e e tlogedisitsweng go anya mmaayo. Kgomo e tonanyana e e sa fagolwang re e bitsa re re poo. Sempoo ke poo e e sa fagolegang sentle. Tshikela ke poo e e fagtsweng e godile.
Mo kgomong tse di namagadi re a tle re re, letsetse ke kgomo e fetsa go tsala. Lephusa lone ke kgomo e dusitse e palangwe ke poo. Kgomo e e gangwang yone re e bitsa leradu. Fa e sa ntshe maši a mantsi re e bitsa re re motete. Fusa ke kgomo, e sena go koba namane gore e sa tlhole e anya – ra re e husitse. Mageri ke mašwi a e leng gone a remang a re a bitsang themisani. Moreba one ke kgomo e e sa tsaleng.

Ke lekile go supa fa Setswana se humile mafoko a a rayang kgomo ka kgomo e le karolo e e botlhokwa ya matshelo a Batswana. Mafoko le diane di di ntsi tse di buang ka kgomo. Go na le ditumelo tsa Setswana tse di amanang le kgomo. Go dumelwa gore fa kgomo e jele lesapo la motho madi a yone a tlhakana le maši. Gape Batswana ba dumela fa dirwe dingwe tsa kgomo di sa siamela batho bangwe. Go na le dirwe dingwe tsa kgomo tse di jewang ke bomme, dingwe e nne tsa borra fa bagodi ba na le tsa bone. Dinama tse di tshwanang le bo telele, diphilo, mokoto le dinama tse dingwe ga di jewe ke mongwe le mongwe. Ka jalo kgomo ke karolo ya tumelo ya Setswana, ke sone se bangwe ba e bitsang modimo o o nko e metsi, le fa nna ke ebisa sešabo fela. Dikai re ka tsaya tse dintsi go supa fa re le baruakgomo, ka jalo a re kgwe mowa di ise di timela batho ba ga matshaba le kgomo matlogela temo e le seholela

Bontsi jwa Batswana ba nna kwa Aforika Borwa. Ke bangwe ba batho ba letso la mmala wa sebilo, mme gape  Puo ya Setswana ke nngwe ya dipuo di le somelebongwe tsa semmuso tsa naga ya Aforika Borwa. Pele ga ngwaga wa 1994, Batswana ba kwa Aforika Borwa e ne e le baagi ba Bophuthatswana e leng bontlha bongwe jwa karolo ya dinaga tsa Bantustan. Ba kgaogantswe jalo ka nako ya dintwa tsa kwa Aforika Borwa tsa tlhaolele. 

Mo bogosing jwa Setswana go tla   (go bo go tla yo motona ebong Kgosikgolo): 

Mo Namibia gape le Zimbabwe Batswana ga ba age bope bontlha jwa merafe ya mafatshe e gope. Mme mo Namibia bonntse jwa Batswana ke Batlharo ba ba agang mo Metsweding, Mokaleng le Gobabis.

Tswana ke leina le lengwe la mefutla ya lerui la mo Botswana.




#Article 267: Motse wa Tuli, Zimbabwe (443 words)


Tuli  ke motsana yo o mo kgaolong ya Matabeleland mo borwa, jwa  Zimbabwe. O bonwa dikhilomethara tse di masome a boferabobedi mo bophirima jwa  Beitbridge mo botlhaba jwa lotshitshi la noka ya  Shashe . Motsana o o goletse go dikologa  Fort Tuli  mo e kileng ya bo e le bothibelelo jwa ntlha jwa ba Pioneer Column ka kgwedi ya Phukwi ngwaga wa 1890 kwa lefelong le itseng ka  Selous Camp gape le ne le dirisiwa ke  Frederick Selous le a neng a nna mo go lone fa a tsoma. Motsana o o nale diofisi tsa sepodisi le mantlo a banni.

Motse o o ka tsenwa fa motho a tla a tswa ntlheng ya toropo ya  Gwanda o fetla ka  Guyu gape le  Hwali, kgotsa o tswa  Beitbridge o fetla ka  Nottingham gape le  Shashi Irrigation Scheme, le fa gompieno tsela e se mo seemong se se sa iketlang.

Tuli e ne e le ntlha nngwe ya ba pioneer column kwa tshimologong, mme gape ga tsena merafe e menngwe ka bofefo mo  Matabeleland mme gape go tsenelela mo bokone ga nna Salisbury (yo e leng  Harare), toropokgolo ya  Rhodesia jaaka a ne a bidiwa bogologolo. Tulie ne e le lefelo la ntlha mo bokone jwa dinoka tsa  Limpopo/Shashe kwa  dikago tsa ba  'Europa' tse di kgatlhisang di ileng tsa tlhomiwa - diofisi tsa sepodisi sa  BSA di ne di agilwe ka logong e le dikago tse di kgatlhisang, tse di neng di agiwa go tsweng lefatsheng la  UK mme gape tsa agelwa le babereki ba sepodisi sa  BSA ba ba neng ba tlhokometse go kgabagangwa ga  noka fela go bapa le borwa jwa dikago.  Ka ngwaga wa  1970 dikago tse di ne tsa fudusiwa go tsweng kwa lefelong leo mme gape  tsa agiwa gape kwa lefelong le le gologolo, gape le le bidiwang, Fort Tuli. Mantlo a a ne a dirisiwa go baya ditshwantsho tse di tlakilweng tse di neng di kgatlhisa tse di neng di tshwantshiwa ke banni ba  old Fort.

Tuligape o aga bodikologo jwa selekanyo sa 10 mile , bontlha bongwe jwa borwa jo bo atlologelang kwa borwa jwa noka ya  Shashe. Bodikologo jo! bo ne jwa simololwa ke ba pioneer ka ditumalano magareng ga dikgosi tsa motse jaaka lefelo le le sa kgabagangweng  la tiriso ya  go fudisa leruo  la dikgomo . Se se ne sa thusa go sireletsa lefelo la phulo go itsa go anama ga malwetse a tshwana  rinderpest go tsweng mo dikgomong tsa mo gae go ya kwa  dikgomong tse di neng di ruilwe kwa  borwa.  Le ke lefelo le le sireleditsweng, le mo bogompieng e leng  lefelo la boikhutso le la diphologolo la Thuli.

South Africa




#Article 268: Motse wa Gabane (730 words)


Gabane   ke motse yo mo kgaolong ya Kweneng e e mo Botswana. O dikhilomethara tse di lesome le botlhano (10 mi) mo bophirima jwa  toropokgolo ya Gaborone, mo  Botswana. Palo ya batho e ne e le 10,399 mo palo bathong ya ngwaga wa  2001, mme se sa dira gore e nne nngwe ya metse e metona ya  Kweneng.

Motse o ke boagedi jwa morafe wa  BaMalete. Kgosi Mosadi Seboko ke ene kgosikgolo ya motse wa Ramotswa, motsemogolo wa  Balete. Bagodi ba motse ba santse ba tseneletse thata mo temo thuong fa banana bone ba tshela botshelo jwa setoropo.

Gabane o itsege e le motse wa ditiragalo tsa  meopelo le kapari ya setso ya mabono. Motse o o nale diopedi tse di tumileng lefatshe ka bophara jaakasetlhopha sa  Matsieng gape le diopedi ebong Franco le Afro Musica. Banni ba motse wa Gabane ke barati le barotloetsi ba kgwele ya dinao. Setlhopha se se tsweletseng pele sa , Uniao Flamengo Santos, se tshameka mo dikgaisanong tsa lefatshe tsa Be-mobile.

Banni ba Gabane ba kopile tirisano e e tseneletseng fa gare ga lephata la kabo ditsha la Mogoditshane le le okametseng motse wa bone le ba koporasi ya Water Utilities.Ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla e tshwerwe ke tona wa tsa Meepo Kgotetso le Metsi, Rre Ponatshego Kedikilwe.E ne ya re a amogela baeng, kgosi ya motse Rre Seeletso Pule, a tlhalosa fa dipompo tsa morafe di sa bereke, mme go na le batho ba bantsi ba ba sa gokelang metsi mo malwapeng.A re Gabane ke motse o o golang ka bofefo ka o bapile le toropo, mme se se bakile tlhaelo ya metsi e ntsi. Fa ba a kgwa kgosi ya bone dikgaba, banni ba ne ba re se se ba makatsang ke gore dipompo tsa metsi di ralala metse le masimo a bone di isa metsi kwa toropong mme ba sa letlelelwe go ka goga metsi mo go tsone.Baagi ba tlhalositse fa bontsi jwa nako, ba kaboditsha ba abela baagi ditsha, mme kwa morago ba di gape ka ba WUC ba ne ba sa kgone go ba gokelela metsi go ka tlhabolola ditsha tseo.Fa a araba matshwenyego a bone, tona Kedikilwe o ne a amogela gore go tshwanetse gore ba makgotla a kabo ditsha ba tshwaragane le ba metsi go isa ditlamelo mmogo kwa setshabeng.

A re go ne go go tshwanela gore puso e rolele ba lekgotla le le ikemetseng ka nosi la WUC, tsamaiso ya metsi, go netefatsa kanamiso ya metsi sentle tse di mo tatsong e e lekalekanang e bile e amogelesega lobopo ka bophara. Mo matshwenyegong a banni a gore WUC e palama setlhare fa e lopa dituelo, tona Kedikilwe o ne a tlhalosa fa go dirwa ke ditlamelo tsa seemo se se ko godimo tse ba WUC ba lwelang go di fa sechaba.A re ba ba dirisang metsi a ka fa tlase ga dilithara di le sekete ka kgwedi ba tlaa se ka ba duela lekgeto la VAT.
Mookamedi wa WUC ya Mochudi, Rre Kenny Labane o ne a re, e re ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho fela jaaka madirelo ape a a magorogo masha ba dira bojotlhe go fitlhelela tharabololo ya dikgwetho tseo. A re ba mo maikaelelong a go neelana, le go rerisana le ba kabo ditsha mo go isetseng setshaba ditlamelo gore ba se ka ba baya setshaba mo mosing ka tsela epe.Mopalamente wa kgaolo Rre Mmoloki Raletobana o ne a soboka mafoko a letsatsi ka go tlhalosa gore letlhoko la metsi mo kgaolong, bogolo jang mo ditsheng tse disha le a tshwenya mme le tshwanetse la potlakelwa ke bana le seabe botlhe.

Banni ba motse wa Gabane ba buile ba sa kgwe mathe ka marekisetso a bojalwa a a lalang a letsa bosigo jotlhe mo motseng wa bone.E ne ya re ba ntsha dikakgelo tsa bone kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke Mothusa Tona wa Papadi le Madirelo Rre Vincent Seretse, banni ba re go sebaka ba ntse ba ngongorega ka lefelo la maitiso la The Magic King Club le ba sa tlhaloganyeng dinako tsa lone tsa pulo.Kgosi Pule o ne a bolela fa marekisetso ao a ba sega tsebe ka go bo a sa tswalwe.Rre Seretse o ne a tshepisa banni ba Gabane gore batlhatlhobi ba dikgwebo mo lephateng la gagwe ba tla etela marekisetso ao go leka go rarabolola kgang e. 

Gabane ke motse wa:




#Article 269: Motsana wa Molapowabojang (1181 words)


Molapowabojang  ke motsana yo o mo borwa jwa kgaolo ya  Botswana, yo o gaufi le toropo ya  Lobatse gape le motse wa  Kanye, e ka nna dikhilomethara tse di lesome le botlhano mo bokone-bophirima jwa  Lobatse. O nale dipalo tsa batho ba le  7500( go ya ka dipalo tsa ba  ofisi ya palo batha ya ngwaga wa 2001). Motsana o o ka fa tlase ga khansele ya  diterelo tsa kgaolo ya borwa  e diofisi tsa yone di leng kwa  Kanye.

Motsana wa Molapowabojang o ne o ipelela dingwaga tse di makgolo, o sale o go simolotswe go thibelela teng ka ngwaga wa  1914. Motsana o  'nale dingwao tse di farolaganyengl' o nale batho ba ba tswang mo lefatsheng ka bophara la Botswana mme o nale batho ba bontsi go tsweng mo kgaolong ya borwa /Kgaolo ya Ngwaketse. Go dumelwa gore morafe wa  Matabele o kile wa thibelela mo lefelong le mme wa le dirisa jaaka ngonti ka nako ya dintlwa tsa  mmuso wa ga  Mzilikazi.Se se supiwa ke dikgato tse di bonalang ma matlapeng dithaba tsa  Motsenekatse le leina  Motsenekatse le adimilwe go tsweng leina  Mzilikazi.

Molapowabojang io agetswe fa lotshitshing la noka ,ka jalo leina  Molapowabojang le raya  ditlhatshana tsa noka. Noka e e elele motse otlhe  mme gape go dumelwa gore e kile ya bo e fa batho metsi a a phepa pele fa ba simolola go nwa metsi a a phepa. Go nale dithaba tse di mmalwa mo motsaneng , Motsenekatse e e leng tona ,thaba ya  Chichi , Ntomalome le tse dingwe dithaba tse di nnyenyane.

Molapowabojang o nale dikolo tse pedi tse di potana, se setona  eleng Molapowabojang le Pitsonyane e bo e nna se se agilweng mo bosheng, dingwaga di ka nna lesome le bone. Godimo ga dikolo tse di potlana , go nale sekolo sa dithuto tse dikgolwane  se se bidiwang , Chichi Hill, se se reeletsweng go tsweng mo thabeng e e bapileng le sone. Chichi Hill CJSSse amogela bana botlhe ba ba tlang ba tswa mo dikolong tsa  Molapowabojang gape le metsana e e mabapi jaaka  Kgomokasitwa, Maisane, le emengwe.

Bashanka Enterprises ke nngwe ya mabentlele a magologolo mo  Molapowabojang, e le bo le latelelwa ke a Moonyana, Ga Bushi, Square Deal gape le Value Stores Choppies. Go nale katlametlo e ntsi bosigo e e akaretsang  mafelo a go rekisiwang bojalwa,lefelo la itloso bodutu, Molapowabojang RecPark le le amogelang diopedi ka go farologana le tsone diopedi tsa kwa Aferika Borwa tota. Lefelo la itloso bodutu ke lengwe la mafelo a a itsegeng mo  Botswana mo baetising ba masigo,bogolo jang banana.

Banni ba Molapowabojang ba ntse ba lwantshana le kgokelelo ya metsi mo metseng, ba ne ba kgona go nna malatsi ba sena metsi ka gore ba ne ba tlisetswa metsi  ka ditanka tse dineng di tlhoka go tladiwa ka metsi pele. Gompieno Molapowabojang metsi a golagantswe le kakana ya e e yang  Lobatse go tlisa metsi ka nako tsotlhe. Go nale diofisi tsa baitsanape ba ba sekasekang lefatshe (GS) go lebagana le Bashanka Enterprises,ba nale diofisi tse ditona kwa Lobatse.  Go nale lefelo le le amogelang baeng bogolo jang bajanala ba ba tlang ba tswa kwa ntle ga motse ba fetla.

Rre wa dingwaga tse di masome a mararo le motso wa motse wa Molapowabojang yo o lebisitsweng molato wa go thubaka koloi ya puso fa a ne a gana go tshwarwa kwa dipolaseng tsa Musi ka kgwedi ya Mopitlo ngogola, o tlaa ya go sekisiwa kwa ga mmakaseterata yo mogolwane wa Kanye, Mme Janet Phosa mo bogaufing.Go solofelwa fa rre yoo, Mogami Dijo, a tlaa ntsha boiphemelo kgatlhanong le melato e mebedi ya go gana go tshwarwa le go senya dithoto tsa puso go tsweledisa tsheko e e emisitsweng ka Sedimonthole ngogola. Go begwa fa rre Dijo a ne a fitlhelwa ka kgetse e na le dithoto dingwe ngogola ka kgwedi ya Mopitlo kwa dipolaseng tsa Musi.O ne a phuruputshwa ke lepodise fa le belaela gore o tshotse dingwe tse di utswilweng mme a tsena ka lenga la seloko. O ne a tshwarwa morago ga sebaka mme a thuba koloi ya puso ka hamole. Go begwa fa mmakasetarata a kopile gore mapodise a thuse rre Dijo go mmatlisa mosupi wa gagwe, wa letso la seZimbabwe.

Rre Dijo o ikemetse ka nosi mo tshekong eo mme o ne a tshwarisitse ba sepodise bothata ka gore o ne a batla gore Motshwarateu Kgosimotho wa Phitshane Molopo, a ntshe dinepe tsa koloi e go tweng o e sentse ka nako ya fa a dira molato.Maitsetsepelo a ga rre Dijo ke gore koloi eo e ne e sa senyega jaaka e lebega mo nakong ya gompieno mme a dumela gore mapodise ba e sentse. Ba sepodise ba bega gore ga go na dinepe dipe tse di tserweng mme rre Dijo o ne a kgopisega thata, a supa gore o bone lepodise le tsaya dinepe, ka jalo go na le bosupi jo bo fitlhwang.Mmakasetarata o ne a leka gore go tlogelwe kgang ya dinepe mme Dijo a le supa le le fa.

Baithuti ba yunibesithi ya Botswana ba abetse bana ba ba tlhokileng lesego dijo tsa madi a a ka tshwarang P2 000 le diaparo kwa Molapowabojang ka bofelo jwa beke.Bana bao ba akaretsa masiela, ba ba se nang tlhokomelo kwa magaeng ga mmogo le ba ba tshelang le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS.Baithuti bao, ba ba dirang dithuto tse di farologaneng, ba kaile fa ba ntshitse dimpho tseo ka lerato le le mo botennyeng jwa dipelo tsa bone.Ba re ba tsere tshwetso ya go ntsha thuso eo morago ga go bona ka fa Mme Shirley Madikwe, yo o ithaopetseng go tlhokomela bana bao kwa Gamodubu a tshwereng bothata ka teng.Dr Lucky Odirile, mogolwane kwa sekoleng seo a lebagane le tsa khiro, a re o ne a lekodisa baithuti bao ka mogopolo wa go thusa Mme Madikwe, mme ba se ka ba ipona tsapa.

Dr Odirile o tlhalositse fa ene le ba lelwapa la gagwe ba ne ba simolola go neela bana bao dijo tsa P5 000. ka ngwaga wa 2009, mme ba itlamile go dira jalo ngwaga le ngwaga.A re baithuti bao ba ne ba ipaya mo seemong se Mme Madikwe a leng mo go sone, mme ba nna moono mongwe ba bo ba dumalana gore mongwe le mongwe wa bone a ntshe P100. go kokoanya madi ao. Baithuti bao ba ne gape ba neela mme yoo P1 000.Mongwe wa baithuti, One Siako, o tlhalositse fa e le la ntlha ba abela bana bao dimpho, a re maikaelelo ke go thusa bana bao ngwaga le ngwaga.A re keletso ya bone ke go bona bana bao ba tshela sentle ba na le seriti se se ba tshwanetseng jaaka e le dibopiwa tsa Modimo.E rile a amogela dimpho tseo, Mme Madikwe a leboga baithuti bao, a re se ba se dirileng ke tiro e ntle e e tshwanetseng ya nna sekao mo bananeng ba bangwe ba lefatshe leno. O bile a leboga dikompone ka go farologana go bo di supile mowa wa lerato le kutlwelobotlhoko ka go thusa bana bao ka dithuso tse di farologaneng. 

 

 
 
 

 
 
 
 
 
 
 
 
 
 
 
 
 
 
 
 
 
 
 
 
 
 
 




#Article 270: Sekolo sa Botswana College of Agriculture (657 words)


Botswana College of Agriculture  (BCA) ke sekolo sa ithutelo temo thuo kwa Gaborone, mo  Botswana. Se simolodisitswe ka molao motheo wa khudutlhamaga ya Botswana ka Phukwi a tlhola masome a mararo le motso ngwaga wa 1991.

Banana ba rotloeditswe go simolola dikgwebo tsa temo-thuo go tsholetsa seemo sa temo le leruo mo Botswana. Kgosi Boingotlo Radithabano wa Motshegaletau o buile se fa a amogela baeng kwa motseng o o mo dithuto-puisanong tsa temo-thuo tsa banana ba Serowe-Borwa. O ne a itumelela go bona banana ba tsile ka dipalo tse di nametsang mme a ba gwetlha gore fa ba fetsa dithuto, ba ye go diragatsa se ba se ithutileng. E rile Mme Bontleng Paki wa ofisi ya mopalamente wa Serowe Borwa a bega maikaelelo a bokopano, a tlhalosa fa mopalamente a leka go araba selelo sa banana ba dikgaolwana tse di mo Serowe Borwa ka bare ga ba itse sentle ka mananeo a go simolodisa dikgwebo.

Mokwaledi mogolo wa lephata la temothuto o gwetlhile setshaba go tlhokomela le go dirisa manaeo a puso gore a ba tswele mosola. Dr Micus Chimbombi o boletse jalo jaaka mangwe a maphata a temothuo a abela batho ba le babedi dimpho e bong Mme Babedinyana Kgakatsa yo bodiredi bo neng bo mo diritse tshingwana ya merogo le ntlo e e neng e abela Mme Ida yo go boletseng fa a le moikopedi wa lenaneo la LIMID. A re puso e otlolotse letsogo go simolodisa manaeo a ka one batho ba ka tokafatsang matshelo a bone mme a gatelela gore go mo maruding a morafe go netefatsa gore mananeo ao a tswa tema. A re go botlhokwa gore baikopedi ba ba setseng ba thusitswe ba sireletse mananeo ao gore a ba tshedise, a tlatsa ka gore go ngomola pelo go bona puso e dirisa madimadi mme e re phelelong, madi ao a wele ka motlhoboloko.O tsweletse a tlhalosa gore mananeo a tshwana la LIMID le ISPAAD a ka tsisa pharologanyo mo matshelong fela fa e le gore a dirisiwa ka fa tshwanelong, a supa fa puso e dirisa madi a mantsi go reka menontshane le peo e e fiwang batho mahala. A re bosheng o ne a tsamaya a ya go lekola baikopedi ba lenanao la LIMID mme a fitlhela bontsi bo iphotlhere bo kaya fa dipudi di jelwe ke dibatana.

Dr Chimbombi a re mo lenaneong la LIMID, puso e ya senyegelwa ke madi a a kana ka P20 million mme go kgoba marapo ka go supega fa mananeo a se na tlhokemelo. Le fa go ntse jalo, o ne a akgola ba lephata la kgodiso ya leruo go ba supile mowa wa lerato mo go ba ba tlhokileng lesego. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara Mme Maobene Molefe, o ne a galaletsa ba lephata la tem thuo a re ga se botlhe ba ba ka dirang jaaka bone. A re ba mo motlhaleng wa go dira se Tautona wa lefatshe leno a kopileng Batswana go se dira. Tautona Khama o simoloditse lenaneo la go thusa ba ba dikobodikhutshwane a itebagantse le go ba fa seriti. A re e le khansele, le bone ba gatetse pele mo go diragatseng lenaneo leo a tlhalosa gore bosheng ba ne ba aba matlo a le masome a mabedi le botlhano. Mme Molefe a re go a nametsa go bona maphata a mangwe le one a gwetlhega go tsenya letsogo, a re se tlaa fokotsa dipalo tsa batho bao ba ba tlhokang boroko. Mogokaganyi wa temothuo mo kgaolong ya borwa mme Gaokgakala Rammidi, o ne a tlhalosa fa ba bone go tshwanela go dira tiro e ntle eo ka maikaelelo a go supegetsa setshaba gore tiro ya bone ga se go fa dipeo le go lema fela mme le bone ba itlamile go diragatsa matshego a tebelopele ya setshaba. O tlhalositse fa lephata la kgodiso ya leruo ba ne ba agela Mme Idah ntlo eo morago ga go ba itekodisa fa a eletsa go rua dikoko. 




#Article 271: Dikgaisano tsa metshameko ya 2010 COSAFA U-20 Cup (217 words)


Dikgaisano tsa metshameko ya 2010 COSAFA U-20 Cup  ke ya lesome le boferabongwe e ntse e tshegediwa e e akaretsang paphadisanyo magareng ga kgwele ya dinao ya banana mo kgaolong ya Borwa jwa Aferika. Botswana o tla tshegetsa metshameko eo.

Angola o ithotse marapo morago ga go sa kgona go tshegetsa metsameko ya COSAFA e e neng e tswanetse go tshwarwa ka Semonthole a simolola lesome le boraro go fitlha ka masome a mabedi le boferabongwe kwa toropokgolo Lubango le Benguela.
Mookamemedi mogolo wa COSAFA o ne a amogela pego e le ba  BOPA gore ba sntse ba seka seka na le mafatshe go ba thusa mo tshoganetso e e ba tletseng.
Sue Destombes a re ga go na mabaka ape a a romeletswemg ba COSAFA ke lefatshe la Angola go bo ba ithotse marapo mme ba mo maemong a go ka tlhalosa gore tautona ga a ka a kanela mokwalo wa go supa teseletso ya tshegetsa metshameko eo.A re se se swabisang nko go fetla molomo ke gore, tona wa metshameko  wa lefatshe leo ga a ka a kgatlhegela go mo fa phetolo morago ga tiragalo eo.
However Destombes said COSAFAs feels hard done by decision given that her office was informed very late.

Setlhopha sa  Ntlha 

Setlhopha sa  Bobedi 

Setlhopha sa  Boraro 

Setlhopha sa  Bone 

 




#Article 272: Merogo (1226 words)


Lefoko merogo le raya sengwe se se jegang e ka nna bontlha bongwe jwa setlhare kgotsa matlhare, mme go sa akarediwe dipeo gape le  maungo. Se se raya matlhare, ditlhito, kgotsa medi ya ditlhare mme gape go  akarediwe le dimela tse dingwe (jaaka squash).

Lefoko merogo/morogo ga le na leina la nnete le le tsepameng mo dithutong tsa  biology; ka go rialo lefoko le le raya dilo tse di mmal culinary and cultural tradition.  Sekai ke gore batho ba tsaya gore  mabowa le one ke merogo le fa e ntse e se ditlhatsana,,fa bangwe bone ba a kgaoganya le dijo ka kakaretso.

Merogo e mengwe e kgona go jewa e sa apewa fa e mengwe yone e jewa e  apeilwe, gape le e mengwe ke tshwanelo ya gore   e jewe e apeilwe. Merogo gantsi e jewa e apewa e le seshabo kgotsa  mo dijong tse di letswai. Le fa go ntse jalo, merogo mengwe e dirisiwa mo dijong tse di nang le sukirinyana, jaaka rhubarb pie le carrot cake.

Tlhaloso ya lefoko  merogo jaaka setlhare se se golang se jewa e ne e ise e simololwe go fitlha ka  18th century.

Go nale mafoko a le mane a a rayang merogo le maungo: 

 
Nngwe ya dimela di tshwana  mmidi  kgotsa dinawa, di ka tsewa fela jaaka merogo.

Nngwe ya dipotso tsa gore a mme tamati ke morogo e santse e kile ya sekwa kwa kgotla tshekelong ya United States ka ngwaga wa  1893. Mme kgotla e tlhalositse ka molao motheo wa Nix v. Hedden  gore tamati ke morogo ka gore e wela mo dituelong tsa ngwaga wa 1883 tsa dithoto tse di tswang kwa mafatsheng a sele. Kgotla kgolo e bile ya papamatsa gore tamati ke leungo gape fa go buiwa ka dithuto tsa dimela.

Gantsi molefatsheng la Botswana merogo e jewa ka tamati, ditapole, anyansi le di carrots. Se di dira gore morogo o tiye dikotla tse di tlhokegang mo mmeleng wa motho gape maungo aa natetsha morogo thata. Merogo e tlhokana le thokomelo ee namatsang fa motho a e jadile, gonne merogo ke ngwe ya dimela tse di tshabelelwang ke go bola ka bonako, fa godimo ga moo e thokana le thokomelo e ntsi kgathanong le ditshidinyana tse di jang merogo gore di seka tsa senya morogo.

Gantsi thata gore morogo o gole sentle o tlhokana le go nosediwa,  motshetelo, molemo wa pesticides. Se golo bogolo jang ka gore mo mafatsheng a tshwana le a Botswana jaana batho ka bontsi ba itshetsa ka yone temo thuo. Kajolo dimela le maungo a thokanale thokomelo e tshwanang le ya teemane.

Mothusa tona wa temothuo, Rre Oreeditse Molebatsi o rotloeditse balemi ba merogo le maungo go dira ka natla go jesa lefatshe leno.E rile mothusa tona a bua kwa phuthegong ya balemi ba merogo ba kgaolo ya legare kwa Mahalapye ka Mosupologo, a ba bolelela fa a tshwentswe ke go sa direng sentle ga bone.Rre Molebatsi a re lephata la gagwe le na le lenaneo la temo ya merogo la ISPAAD, le mo go lone puso e thusang balemi go simolola le go tsweledisa temo ya nosetso. A re temo ya merogo ke kgwebo e molemi a ka dirang madi go itshetsa le go jesa lefatshe, a tlatsa ka gore balemi ba itse fa temo ya merogo e raya molemi a dira ka diatla go ntsha maduo a a kwa godimo.Rre Molebatsi a re o tshwenyegile thata ka gore go na le balemi ba le bantsi mo kgaolong ya legare mme sebe sa phiri ke gore bontsi jwa bone ga ba dire sentle, a ipotsa gore matsapa di a tsaya kae.O ne a rotloetsa balemi ba nosetso go tsaya temo ya bone ka tlhoafalo ka jaana go na le mmaraka wa merogo mo Botswana le mo mafatsheng a sele. Mothusa tona o ne a rotloetsa balemi ba ba direlang mo dikgaolong tse di se nang metsi gore ba kgone go tswelela mo kgwebong ya bone.A re go na le balemi ba ba sa direng sentle mo dikgaolong tse dingwe lebaka le letona e le metsi, mme seo se ba kgoreletse go gola le go kgona ditoro tsa bone.Rre Molebatsi a re o lemogile fa go na le mathata mo baleming ka jaana thobo ya bone e le kwa tlase ntswa go na le badirelapuso ba ba firetsweng go ba thusa go tokafatsa thobo.O ne a kgothatsa balemi go dirisana thata le badiri bao mo dikgaolong tsa bone gore maduo a nametse le gone gore molemi a obe letsogo.A re thobo ya merogo mo lefatsheng leno fa e kopantswe ga e goroge kwa seelong se se batlwang go jesa Batswana, mme seo se pateletse puso go reka merogo kwa ntle.

Rre Molebatsi a re ke ka moo a emeng ka dinao gore balemi ba dire ka natla go ntsha thobo e e lekaneng go rekisiwa mo mmarakeng wa Botswana.A re o kgatlhanong le balemi ba e reng go nna thata mo kgwebong ya bone ba bo ba sia ba tlogela, a tlatsa ka gore seo ga se na go isa lefatshe la Botswana gope. Mothusa tona a re kgwebo e raya gore molemi o tsile go dira ka gotlhe go sa kgathalesege gore o a latlhegelwa kgotsa o dira dipoelo ka a tlhaloganya gore tse di kgona go diragala mo kgwebong.O ne a rotloetsa balemi ba merogo go simolodisa mokgatlho o o ba tshwaraganyang gore ba bue ka lentswe le le lengwefela.Rre Molebatsi a re go nna mokgatlho go a busetsa ka puso e ka reetsa dilelo tsa bone fa ba bua ka lentswe le lengwe fela.O ne a kopa balemi gore ba tswe ka megopolo e e ka thusang puso go tsaya ditshwetso tse di maleba le gone go fetola ditsetlana tsa go tlhabolola temo ya nosetso. E rile balemi ba tswa la bone ba supa fa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le letlhoko la metsi le motlakase o o turang mo go ngomolang pelo fa ba re ba o tsenya kwa masimong.Nngwe ya dikgang tse ba neng ba di ntsha e bile ba kopa puso go e sekegela tsebe ke go fokodiwa ga ditlhwatlhwa tsa go hira batswakwa ka ba le turu mme e bile gape Batswana e se batho ba ba ratang go bereka kwa masimo.Ba re e sale diteseletso tsa nakwana di emisiwa jaanong ba sokola ka batho ba ba dirang kwa masimong mme ba kopa puso go di busetsa.Fa a latlhela la motlapitsong, Rre Koonyatse Tamasiga o ne a re go na le batho ba ba saleng ba fiwa masimo mo kgaolong ya Dikabeya gore ba simolole go lema mme nako kgolo ke eno, ka jalo a kopa puso go a neela balemi ba ba tlhoafaletseng temo.A re masimo ga a ka ke a fiwa batho fela ba bo ba sa a dirise.

Palo ya  dilo tse di bitswang merogo e telele ebile ga e akaretse bontlha bongwe jwa dimela:

Dingwe tsa dikota tse e leng gore morogo o nale tsone ke tse di latelateng tse di kwadilweng ka puo  ya seeng:

vitamins A and E, protein, fiber, zinc, thiamin, calcium le iron le tse dingwe fela jalo. 

Thobo e e faphegileng e tsweledisa botsheolo jwa merogo . 

Merogo e nang le mathare e tshwanetse ya dirisiwa mo nakong e  e khutswane , kgotsa ya bewa mo  pampiring e phutlhetswe.

Go nale maemo a ISO a a buang ka merogo le maungo.




#Article 273: Sekolo sa Botswana-Harvard AIDS (620 words)


Sekolo sa Botswana-Harvard AIDS   ke sa ditshekatsheko le ikatliso ka dithuto tsa bolwetse jwa HIV/AIDS. Se ikgolagantse le puso ya lefatshe la  Botswana gape le Harvard AIDS Initiative. Maitlamo a sone ke go tsweledisa dipatlisiso ka bolwetse jwa  HIV/AIDS. Se simolodisitswe ka ngwaga wa 1996.

AIDS ke seemo sa bofelo sa go tsenwa ke mogare.  Fa masole a a sireletsang mmele (CD4) a wela tlasetlase, bokgoni jwa motho go lwantsha mogare bo a fela. Godimo ga se, go na le malwetse mangwe a a tsenang batho ba ba nang le mogare wa HIV fa mmele o palelwa ke go itwela jaana- malwetse a a bidiwa a AIDS. Se ke seemo se se tsisiwang ke mogare wa HIV.

AIDS e metse Acquired Immuno-deficiency Syndrome

Acquired – e raya gore bolwetse ga o tsholwe ka jone mme bo nna teng fela motho a sena go tsholwa a amane le mogare o o bo bakang-HIV

Immunodeficiency – se se raya gore bolwetse jo bo tsena ka go koafatsa masole a mmele. Mogare wa HIV o koafatsa boiphemelo jwa mmele mme motho a lwale AIDS.

Syndrome – e raya setlhopha sa dikai tse mmogo di kayang bolwetse bongwe. Fa re bua ka AIDS, se se ka raya go tsenwa ke malwetse mangwe jaaka, kankere, le go koafala ga boiphemelo jwa mmele.
Batho ba le bantsi ba ba nang le AIDS ba itekanetse fela sentle mme ba ka tshela dingwaga ba se na dikai dipe kana ba lwala malwetsenyana fela a e seng a sepe. Ba ka tswa ba na le mogare mme ga go reye gore ba na le AIDS. Morago ga lebaka mogare ole o a gola mme o bake malwetse mangwe a a tsamaelanang le AIDS.  E re ntswa go na le diritibatsi tse di ka leelefatsang botshelo, AIDS yone e a bolaya. Maiteko a dipatlisiso go batla kalafi a tsweletse. Mo nakong eno, molemo o mogolo wa go laola seemo se, ke thibelo go tsenwa ke mogare. 

Ba sekolo sa Botswana-Harvard AIDS ba re dipalo tsa sechaba tsa kanamo ya mogare ke seelo sa lesome le bosupa mo lekgolong go ya ka tshekatsheko e e dirilweng ke ba kanamo ya mogare wa HIV (BAIS II, 2004), ya batho ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi, le go feta. Mo go bomme ba ba imileng, palo e e ne e le 33.4% ka ngwaga wa 2007, go ya ka ba Sentinel Surveillance. Go akanyediwa gore batho ba ka nna 330,000 bane ba tshela ka mogare wa  HIV, ka ngwaga wa 2007, mme ga tlhokafala batho ba ka nna 8,185 ( 7,397 e le bagolo, bana ba le 788), ngwaga one oo. Palo yotlhe ya batho ba baneng ba tsaya diritibatsi tsa mogare gone ngwaga wa 2007 ke; 100,784 ( 94,533 e le bagolo, fa bana bone e ne e le 6,251).

Mo bo gompienong nako e e sobokilweng, go tloga fela ya motho a tsenwa ke mogare, go fitlha ka ya go itshupa ga dikai tse di gogelang kwa go lemogiweng ga bolwetsi jwa AIDS, ke dingwaga tse di robangbobedi, go ya kwa go tse di lesome le bongwe. Nako e, e farologana fela thata go ya ka batho, mme e laolwa ke mabaka a mantsi, go akarediwa seemo sa botsogo jwa motho le boitsholo. Mo bogompienong, go na le diritibatsi tse di fokoditseng bogale jo mogare wa HIV o koafatsang seemo sa mmele sa itshireletdo ka jone. Go na le kalafi e nngwe e e ka thibelang, kana ya alafa mangwe a malwetsi a a amanang le bolwetsi jwa AIDS. Fa go itebagantswe le malwetsi a mangwe, go a lemosega go le gale, go a bo go na le sebaka se se ntsi sa gore a thibelwe a bo a alafiwe.




#Article 274: Motse wa Ramotswa (920 words)


Ramotswa  ke motse yo o mo  kgaolong ya  borwa-botlhaba  ya Botswana, mo borwa-bophirima jwa toropokgolo ya  Gaborone. Palo ya batho e ne e le 20,680 ka ngwaga wa  2001 ka palo batho.
Motse mogolo wa  BaLete, ba ba neng ba tswa mo morafeng wa Nguni.

Ramotswa o nale madirelo a a silang korong. Motse o gape o nale madirelo a a dirang ditshitswana.

Kgosi Mosadi Seboko wa Ramotswa ke ene mme wa ntlha go direla e le kgosi  mo Botswana. Mme Seboko o tsere maemo a e le memedi wa motse gape le kwa  Ntlong ya Dikgosi  morago ga kgaitsadie Kgosi Seboko II a sena go tlhokafala ka ngwaga wa 2000. Bolengteng jwa gagwe kwa ntlong ya dikgosi e nnile phenyo e kgolo ya ditshwanelo tsa bo Mme mo borwa jwa  Aferika.

Motse o o gaufi wa Otse o nale sekolo sa  Moeding College, se se neng sa simolodisiwa ke barongwa ba ga Mmamosadinyana gape e le sekolo sa ba ba nang le bogolo se se eteletsweng pele ke Campbill Rankoromane Community educational center. Setlhopha sa Police XI, bafenyi ba Botswana Premier League ba ngwaga wa  2006, ba ikaegile kwa Otse.

Seemo sa loapi se mololo, ditlhare le ditlhatshana ke tsa savanna. Bontlha bongwe jwa lefatshe bo a lemiwa fela  mme gae selekanyo sa dipudi le dinku di fetlile selekanyo.

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Ramotswa, Rre Condrad Mogorosi, a re o tshwenngwa ke badiri ba lenaneo la Ipelegeng ba ba tlang tirong ba itshietse bojalwa.O boletse jalo mo phuthegong ya kgotla bosheng, a re badiri bao ga ba tle ka nako mo tirong, ba a lofa kgotsa ba robala ka fa tlase ga ditlhare ka nako ya tiro. Rre Mogorosi o kopile badiri bao go tsaya lenaneo la Ipelegeng ka tlhoafalo.Mo go tse dingwe, Rre Mogorosi o boletse fa a setse ka ntlo e le nngwe fela e ba sa e tsenyang motlakase. A re ba lemile mmidi mo tshingwaneng ya merogo ya sekole sa Magopane, mme mathata ba tshwenngwa ke dipodi. Rre Mogorosi a re ba na le ditafole le ditilo tse ba di hirisang. Mogolwane mo lephateng la ditsela, Rre Segale Kgari, a re ba kgaotse tiro ya kago ya ditsela dingwe mo motseng ka ntata ya tlhaelo ya madi.Rre Kgari o boletse fa ba ne ba thapile badiri ba Ipelegeng gore ba reme tsela, mme ga go na tema epe e e supang gore ba dirile dikgwedi tse tharo. O boletse fa madi a ba nang le one e le a go baakanya matshwao le ditsela tse di leng teng fela. E rile a tswa la gagwe, mmaboipelego wa kgaolo eo mme Kgalalelo Joao, a kopa batsadi go tlhokomela bana. Mme Joao o kopile batsadi go tsaya thuto ya bana ka tlhoafalo, a re fa ba sa kgone go duelela bana kwa sekoleng, ba kope thuso mo go bone ngwaga o simologa.

Ba ga Malete ba tlhaloseditse mopalamente wa borwa botlhaba borwa, Rre Odirile Motlhale gore ga ba dumalane gotlhelele le tsetlana e e mo molao kakanyetsong wa tsa magae wa gore banni ba magae ba kgethele ditsha tsa bone tsa malapa le masimo.Rre Motlhale o tlhaloseditse Balete fa e tlaa bo e le lekgetho le le tshwanang le le le duelwang ke banni ba ditoropo, le duelelwa go tseelwa matlakala mo malapeng, go tshubelwa dipone tsa mekgwatha ga mmogo le go kgophelwa metsi a a leswe.Balete ba buile jalo mo diphuthegong tsa kgotla tse Rre Motlhale a neng a di tshwere kwa Otse, Mogobane le Ramotswa, bosheng.Ba tlhalositse fa bontsi jwa bone mo magaeng ba sa bereke ka jalo ba apesitswe ke lehuma.Ba re go ka nna bokete gore ba duelele ditsha tsa bone le ntswa bontsi jwa bone ba santse ba palelwa ke go di tlhabolola. Ba kopile mopalamente gore a kope tona wa dikgaolo, Rre Lebonaamang Mokalake gore bogolo ba duedise ditsha tsa dikgwebo ka tsone beng ba tsone ba na le dipoelo.E ntse e le mo go one molao kakanyetso o, banni ba ganne gape tsetlana e e fang tona dithata tsa go phatlalatsa khansele fa a bona tsamaiso ya yone e sa lolama.Mo godimo ga moo, tsetlana e, e fa tona thata ya go kganela makhanselara go fuduga mo diphathing tsa bone ba ya kwa go tse dingwe ka maemo a bone.Tsetla e, Rre Motlhale a re e tlhalosa gore fa mokhanselara a batla go fudugela kwa phathing e nngwe a ithole marapo go bo go tlhophiwa gape.Fa ba ntsha maikutlo le megopolo ya bone, e e neng e farologane ka tsetlana e, bangwe ba supile fa ba se na mathata le gore mokhanselara a fuduge ka maemo a gagwe ka ba tlhophela motho bokgoni jwa gagwe e seng phathi.

Ba bangwe bone ba re ba eletsa gore pele ga mokhanselara a fudugela kwa phathing e nngwe a rerise batlhophi ba gagwe, fa ba bangwe bone ba ne ba re ga ba dumalane le gore mokhanselara a fuduge ka maemo a gagwe ba re a ithole maemo go bo go iwa ditlhophong gape.Bontsi jwa batho ba ganne gape le molawana wa HIV/AIDS o Rre Motlhale a ba tlhaloseditseng fa o sa letlelele magolegwa a batswakwa a a mo dikgolegelong tsa Botswana go fiwa diritibatsi tsa mogare wa HIV le dikhondomo.Ba tlhalositse fa molawana o o kgetholola ka gore mo go one Rre Motlhale a re ga o letlelele bomme ba batswakwa ba ba imisitsweng ke Batswana go inaakanya le lenaneo le le thusang go thibela mogare wa HIV go tswa mo go mmangwana go fetela kwa leseeng.




#Article 275: Boipelo jwa Boipuso jwa lefatshe la Botswana (536 words)


Boipelo jwa Boipuso jwa lefatshe la Botswana  (BIP)  e ne e le boipelo wa sepolotiki  mo Botswana jo bo saleng bo simolotse ka ngwaga wa 1964 go ya go fitlha ka ngwaga wa 1994.

BIP e simolotswe ka 1964 ke batho ba e kileng ya bo e le maloko a  Botswana People's Party (BPP) mme gape bo eteletswe pele ke Motsamai Mpho.

Mo nakong ya fa e santse e le teng ,BIP e ne e diragatsa ditiro tsa diphuthego tsa kganetso. Phuthego e e tseneletse ditlhopho tse di botlhano tsa dingwaga tsa  (1969, 1974, 1979, 1984, le 1989), mme ya kgona go nna le boemed kwa  khudutlhamageng  fela ga bedimo ngwageng wa (1969 le 1974), e ntse e fenya ditlilo tse pedi fela.

Kangwaga wa 1994, BIP e ne ya kopana le  Botswana Freedom Party (BFP) go aga Independence Freedom Party (IFP) ka botsamaisi jwa Motsamai Mpho. Phuthego ya IFP ya fenya boraro mo lekgolong  mo ditlhophong tsa Phalane a tlhola lesome le botlhano ngwaga wa 1994 mme ba seka ba kgona go bona boemedi kwa khudutlhamageng. Moragonyana,fa  IFP e itlama go tswa.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mahalapye mmaetsho Baareng Raphane, a re puso e abetse banni ba motse oo P53,890 e le madi a a tlaa dirisiwang go keteka boipuso jwa lefatshe leno jwa dingwaga di le masome a mane le botlhano.O boleletse motswedi wa dikgang wa BOPA mo potsolotsong, gore madi ao a tlaa kgaoganngwa ka dikgotlana di le masome a mabedi le bone tsa motse wa Mahalapye, mme a re o ka leboga go menagane fa morafe o ka nna le seabe mo tirong ya letsatsi leo ka jaana e le letsatsi le Batswana ba tshwanetseng go ipelafatsa ka lone.A re Batswana ba tshwanetse go tsaya letsatsi leo ka matsetseleko ka e le letsatsi le lefatshe la Botswana le boneng kgololesego ka lone mo mmusong wa ga Mmamosadinyana. Mme Raphane o kopile baeteledipele ba morafe jaaka dikgosi, magosana, makhanselara le badirelapuso go nna le seabe mo paakanyetsong boipuso. Mme Raphane a re e re ka motse wa Mahalapye o agetswe ke merafe e tshwana le Baherero, Baxhosa, Bangwato, Batswapong, Bakgalagadi, Basarwa, Bakalaka le Batalaote o ka nametsega pelo fa morafe mongwe le mongwe o ka apara kapari ya segabone le go supa ditso le dingwao tsa bone ka letsatsi leo go itumelela boipuso, jo lefatshe leno le bo boneng ka ngwaga wa 1966.

A re e re ntswa malatsi a boipuso a setse a atametse, o tshwenngwa ke gore batho bangwe ba ba tlhophilweng mo komiting ya boipuso ga ba tsene diphuthego tsa komiti ka tlhamalalo, mme a re seo ke sone se se kgoreletsang morafe go ya kwa kgotleng ka bontsi ka letsatsi la boipuso.Mme Raphane a re e re ntswa ba dumelane gore kgotlana nngwe le nngwe e ntshetse meletlo ya letsatsi la boipuso P100.00, o swabisiwa ke gore le gompieno dikgotlana tseo ga di ise di kgone go ntsha madi ao le mororo go setse malatsi a le lesome le botlhano gore go ketikiwe boipuso.E tlaa re kgwedi eno e le masome a mabedi le bone go tshwarwe dikgaisano tsa mmabontle kwa holong ya setshaba le e leng lone le tlaa nnang khumagadi ya letsatsi leo.




#Article 276: Ditirelo tsa motlobo wa dibuka tsa Botswana (693 words)


Ditirelo tsa motlobo wa dibuka tsa Botswana  ke tleseletso ya go letlelela bakwadi go anamisa dibuka tsa bone mo Botswana. Ditirelo tse di buletswe semmuso ka Phukwi a tlhola boferabobedi,ngwaga wa 1968.

Botswana o iphitlhela mo lobakeng lwa ditiragalo tse mo go tsone dikakanyo tsa batho le dilo tse di tlhokegang di fetogang ka bofefo jo bo gakgamatsang.Batho ba tshwanetse go inaakanya le diphetogo tse di diragalang momafatsheng otlhe mme e re ba dira jalo ba bo ba tlamparetse tse di siameng tsa ngwao ya bone tse di re farologanyang le dichaba tse dingwe. Ka jaanong e le dingwaga di le masome mararo re ntse re ipusa, re tshwanetse go akanya ka ga tse dintle tse di fetileng le gore re dirile go le kae go di kgona. Mme e re go ntse jaana, re akanye re bo re lore tse di tlang tse dintle. Re tla a bo re le sechaba se se ntseng jang ka 2016, ngwaga wa dingwaga tse di masome matlhano re ntse re ipusa? Diphetogo tse re batlang go di dira di tla a tsaya lobaka. Dingwaga tsa diphetogo tse di tla a akaretsa tokafatso ya
thuto le botsogo. Jalo he, re tshwanetse go lebela kwa pele thata gore re tsaya ditsela tse di ntseng jang.
Gore re ipaakanyetse phetogo ya itsholelo ya mafatshe otlhe le botshelo jwa batho, a re dirise dipaka tse di re tlelang ka botlalo. Dilo tse re batlang go di dira di tla a nna le mathata a re sa kakeng ra a solofela gompieno. Re tshwanetse go nna re fetola dilo re digile dibete re le pelokgale.Re tshwanetse go ineela go fetola dilo mo go tla a solegelang lefatshe la rona molemo. Ga go na yo o ka re di fetolelang. Diphetogo tse di raya gore re dire ka natla, mme tuelo e tlaa nna tswelelo ya rona rotlhe.

Mogolwane wa motlobo wa dibuka kwa Maun Rre Mackenzie Moabi, a re ba mo maikaelelong a go atlega mo letshegong la ntlha la go nna tshaba e e rutegileng, e e nang le kitso.A re setshaba se tshwanetse sa itse gore motlobo wa dibuka o ka ba thusa jang.O kopile setshaba go dirisa sebaka sa go dirisa maranyane a inthanete a mahala, gore e re nako e e tlang ba bone maduo a a botoka. Rre Moabi o buile jalo mo puisanong le lekalana la BOPA bosheng.O tlhalositse fa lenaneo la Sesigo gammogo le ithutuntsho e e neng ya dirwa ka kgwedi ya Phatwe monongwaga e le tsone tse di rotloeditseng batho go tla ka dipalo tse dintsi go amogela le go tlhaloganya tiriso ya inthanete.O boletse fa boranyane jo bo kgatlhegelwa ke bagolo, banana le bana, o ne a re banana gantsi ba e dirisa go intsha bodutu ka go tlhaeletsana le ba bangwe ka go dirisa maranyane a a gokaganyang ditsala le masika.A re bangwe ba badirisi ke ba dikgwebo tse dipotlana ka ba tla ba e dirisa go botsolotsa le go batla maano a go godisa dikgwebo tsa bone le go bona gore ba ka di tiisa jang.O rile dipalo tsa bagolo le banana di godile go tswa mo go sekete go ya kwa diketeng tse pedi go tswa ka kgwedi ya Mopitlo go fitlha mo nakong ya gompieno.A re ka letsatsi, ba nna le badirisi ba ba ka tshwarang makgolo a mararo le masome a matlhano.Rre Moabi o supile fa go na le dikgwetlho, a re nngwe ya tsone ke go kgaoga ga inthanete kgapetsakgapetsa. O rile jaanong se, se dira gore badirisi ba yone ba se ka ba nna le tshepo e e kalo mo go yone.

Lephata la Thuto le Tlhabololo Kitso le  na le boikarabelo jwa kgolo ya baithuti ba dingwaga tse di farologanyeng mono Botswana. Molao wa thuto (Education Law) o simolotse ka ngwaga wa 1966 ka nako ya boipuso jwa lefatshe leno. Ka 2001 Lephata le ne la semilodisa lenaneo le lešha la thuto le le akaretsang dingwaga tse supa Poraemari, tse tharo tsa sekontari tse di potlana, le tse pedi tsa sekontari e kgolwane. Lephata la Thuto le ma le boikarabelo bongwe jo bo faphegileng. Boikarabelo jo jwa go tlhabola thuto bo akaretsa:

 




#Article 277: Ntlo ya peeletso ya lefatshe la Botswana (331 words)


 National Archives of Botswana  ke ntlo ya  peeletso  ya lefatshe la  Botswana. Ba beile dithoto do ka tshwara 20,000 mme ebile gape diofisi tse dikgolo di kwa  Gaborone.

Botswana National Archives and Records Services ke lekalana la puso le le simolodisitsweng ka molao motheo wa National Archives Act of 1978, yo o simolodisitsweng ka ngwaga wa 2007. Maitlamo a lephata le ke go beeletso kitso le go e tshwara ka mantlhotlho; le gone go baya sentle kitso ya lefatshe la Botswana.

Lefelo le le beeletsa tsotlhe dikitso tse di tlhokang tshomarelo e e rileng gore dikokomane tse di tla tlang di kgone go anywa botsipa le gone go tlhaloganya ka tse di neg di diragala bogologolo.Ntlo ya peeletso e tshwana fela le lefelo le le tshegetsang difikantswe tsa lefatshe la Botswana,pharologanyo fela ke gore le lengwe le tshegetsa difikantswe fa le lengwe le tshegetsa kitso le ditlhoto tse di faphegileng.Bontsi jwa bajanala le bone bana ba sekolo tota ba rata go etela Ntlo ya peeletso ka e ba fa se ba se tlhokang,le gone go itse ka ka lefatshe la Botswana

Molao motheo wa National Archiveso tlhalosa gore tsotlhe dikitso tse di fetlang dingwaga tse di masome a mabedi  di letlelelwa go bonwa ke setshaba. Kitso e e beeleditsweng e botlhokwa ebile e ngwe ke ya lefatshe la Botswana. Go nale e e botlhokwa le go fetla e e buang ka boswa jwa lefatshe la Botswana,ebile go setse malebelanyana fela a le sekae. Ka jalo setshaba fa se etletse kwa diofising ba gakololwa go tshwara dithotho tse di beeleditsweng ka tshomarelo go itsa gore di seka tsa senyegela pele.Go bona kitso e yotlhe go nale motlhale yo o dirisiwang ke setshaba fa ba batla go tla go bona. Fa motho a batla go etlela lefelo le,o tshwanetse go tlatsa pampiri e a e fiwang. Go bona dithoto le kitso mo lefelong le ga go kganelwe ebile ke mahala.

Melawana e e latlelang e dirisiwa ke batho ba ba etlelang lefelo le.




#Article 278: Khudutlhamaga ya Botswana (1079 words)


Khudutlhamaga ya Botswana  ke molao motheo wa  lefatshe  botswana   yo o etleletseng pele palamente. E gakololwa ke  yo o eteletseng pele ntlo ya dikgosi ,e e seng ntlo ya palamente.

Khudutlhamaga ya gompieno , e ne ya tshegetsa  ditlhopho  tse di neng di tshwerwe ka Phalane a tlhola lesome le boratarongwaga wa 2009,e nale maloko a le masome a borataro le boraro .ba le masome a botlhano le bosupa ba ne ba tlhophiwa ke setshaba mo dikgaolwaneng . Fa ba le bane bone ba tlhphilwe ka (sephiri ke khudutlhamaga e e leng teng) fa ba le babedi bone ba tlhophilwe ke (tautona  gape le  badiri ba melao .

Seretse Khama Ian Khama, Tautona wa lefatshe la Botswana, mo pulong ya setlha sa botlhano sa palamente ya boferabongwe.1. Motsamaisa dipuisano tsa palamente, ke lebogela sebaka se o se mphileng se, go itsise kokoano e e tlotlegang e, ka tshekatsheko ya diphitlhelelo tsa setšhaba sa rona ga mmogo le dikgwetlho, mo pegong ya me ya ntlha ka seemo sa setšhaba, e bile e le ya bofelo pele ga ditlhopho tsa rona tsa setšhaba. 2. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go itse gore, go diragatsa ditlhokego tsa setšhaba, ga go a tshwanela go lejwa mo ditirong tsa puso fela e le nosi. Bokgoni jwa go gatela pele.

Batho ba Sojwe ba re ga ba dumalane le molao kakanyetso wa gore ba duele matlo a bone jaaka go dirwa kwa ditoropong. Ba re ba ntse ba lebogela se puso se e se dirang ka mananeo a e a dirang a go inola Batswana mo lehumeng mme jaanong fa molao kakanyetso o o ka diragadiwa, o tsile go ba humanegisa le go isa matshelo a bone kwa tlase ka jaana go se na kwa ba tlaa tsayang teng madi.Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo eo, Major General Moeng Pheto mo bosheng fa a ne a ba lekodisa ka dingwe tsa dikgang tsa palamente e e fetileng.Mme Chaoto Ntsheki le Shoma Ramusu ba re fa molao kakanyetso oo o ka dirwa, molao o tsile go kokonela batho ba ba dikobo dikhutshwane ka jaana bangwe ba nna mo matlong a ba saleng ba a agelwa ke banna ba bone, le bana mme ba sa tlhole ba le mo botshelong.Ka molao kakanyetso wa mapolotiki a a fudugelang kwa diphathing tse dingwe, ba re dikgang tsa mofuta oo di a tshwenya e bile di isa seriti sa ditlhopho kwa tlase.Ba re a makhanselara a se ka a tsamaya ka tlhopho ya bone fa a fuduga.

Banni ba metse ya Maitengwe, Dagwi le Changate ba kopilwe go nna le seabe go diragatsa maikaelelo a Tebelopele ya setshaba ya 2016.
Kopo eo e ntshitswe ke mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Rre Edwin Batshu, fa a buisa diphuthego tsa kgotla mo metseng eo, ka Mosupologo.
Rre Batshu a re matshego ao, ga a itebaganya le batho ba ba rileng mme ke a Motswana mongwe le mongwe.A re go nna setshaba se se rutegileng se na le kitso le mogodi go a kgonagala go diragatse tseo ka metlhale ya go rutega le go na le kitso e mentsi ebile ba ka e abelana le ba bangwe.A re go nna setshaba se se sirelegileng ga go bewe mo mapodising kana fela ba itshireletsoA re setshaba se tshwanetse go lwantsha borukutlhi, go tlhokomela loruo, le go tlogela mokgwa wa go thapa batswakwa ba ba se nang diteseletso.Rre Batshu a re ka seo ba tlaa bo ba diragatsa letshego leo.Mo go tse dingwe o ne a kopa banni ba metse eo, go tlogela diphapaano tsa sepolotiki ka jalo ba nne batho ba ba bopaganeng ba na le maikaelelo le maikemisetso a go tsweledisa metse ka ditlhabololo ba le moono mongwe wa go direla setshaba le lefatshe.
A re fa ba ka nna le botho, ba bereka ka tshwaragano le lerato go sena kilano ba ka isa metse ya bone kwa Tebelopele ya 2016.A re ba le banni ba tshwanetse go tla ka maano/metlhale e e tla fokotsang seemo sa borukutlhi, koketsego ya masiela le go wela tlase ga thuo.Rre Batshu o ne a ba kopa go dirisa bokgola jwa pula ya ntlha go ya go lema le go epa disana gore ba kgone go lema ka diterekere ka lenaneo la ISPAAD.

Banni ba metse eo, ba ne ba lela ka leruo la bone le le tlolelang molelwane kwa Zimbabwe, mme fa le tla mono le bo le bolawa.Kwa motseng wa Maitengwe, banni ba ne ba kopa letamo le baka nosang leruo la bone. Kwa Dagwi ba ne ba ngongorega ka tsela, mooki mo kokelwaneng le go agelwa diofisi tsa kgotla.Ba ne ba lela ka lephata la metsi le ba boletseng fa le tletse boitseme.Ba bolela fa ba na le dingwaga ba dueletse go gokelwa metsi mo malwapeng nako kgolo ke neo, le mesele e ba ne ba laetswe go e epa e setse e katagesetse.Selelo seo sa ba lephata la metsi se ne sa utlwala gape kwa motseng wa Changate.Banni ba bolela fa bangwe ba duetse ka ngwaga wa 2007.Fa a araba matshwenyego a banni bao, mookamela lephata la metsi mo khanseleng potlana ya Tutume, Rre Vincent Ragabane, o ne a solofetsa banni ba metse eo, fa ba tla thusiwa mo bogaufing.Rre Ragabane a re motse wa Maitengwe o ne o na le palo e ntsi ya baikopedi ka jalo ba tsere nako e ntsi ba leka go gokela le go phatlalatsa metsi le motse ka bophara le go gokela mo malwapeng.A solofetsa gore tiro ya kwa motseng oo e gaufi le go wela ka jalo ba tlaa bo ba simolola mo metseng eo, ka palo ya yone e le kwa tlase.Mopalamente Batshu fa a akgela mo go mangwe a matshwenyego a banni o ne a bolela fa a ne a tsile go ba leboga le gore ba itsane.A re ka dikgomo tse di bolawang di tloletse molelwane kwa Zimbabwe, ke maikaelelo a puso go nyeletsa bolwetse jwa tlhako le molomo.

Tsiboga :Mo ditlhophong tsa ngwaga wa 1965 , phuthego ya Botswana Democratic Party e ne e itsege ka leina la  Bechuanaland Democratic party fa ya  Botswana People's Party yone e ne e itsege ka la  Bechuanaland People's Party.

Le fa  e ne e le yone phuthego e e neng e eteletsepele thata go tsweng kwa boipusong , ditlhopho tsotlhe tse di neng di tshegetswa go dumelwa gore e ne e le tsa puso ya batho ka batho, di gololesegile ebile di babalesegile.




#Article 279: Rre Neo Moroka (133 words)


Neo Moroka  ke mopolotiki wa mo  Botswana, yo o dirang a le tona wa papadi le madirelo.

Rre Moroka o fentse dithuto tsa gagwe ka setlankana sa Digarata mo dithutong tsa go ithuta ka tlholego le meamuso ya yone  gape e ne e le mogakolodi wa  polokelo madi ya Barclays  go tsweng ka ngwaga wa 1984 gofitlha kwa go wa 1991. O kile a bereka e le  mookamedi mogolo wa kompone ya  BP Botswana. O ne a tlhophiwa go ya  Khudutlhamageng  la ntlha mo ditsong  ka ditlhopho tsa  Phalane ngwaga wa 2004 go tswa kwa kgaolong ya  Kgalagadi Borwa [1] gape o emetse phuthego ya Botswana Democratic Party. Go latedisa ditlhopho, o ne a tlhomiwa go nna tona wa papadi le madirelo ka kgwedi ya Ngwanatsele a tlhola borobabongwe ka ngwaga wa, 2004.




#Article 280: Motsana wa New Xanagas (1073 words)


 
New Xanagas  ke motsana o mo kgaolong ya Ghanzi mo Botswana. New Xanagas ke motsana yo o mo bophirima jwa kgaolo ya Ghanzi. New Xanagas o na le sekole se se potlana, fa godimo ga moo ka ngwaga wa 2001 palo batho kwa motseng oo e ne le makgolo a matlhano le masome mane .

Banni ba motse wa New xanagas mo kgaolong ya Gantsi, ba ikuetse mo go mme Botlogile Tshireletso mabapi le tsamaiso e e sokameng mo khanseleng potlana ya Letlhakeng.Banni bao, ba buile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mme Tshireletso, yo e leng mothusa tona ya dikgaolo kwa motseng wa bone bosheng.Ba file sekai ka kgang ya go thapa badiri mo khanseleng ya Letlhakeng, e ba boletseng fa e sa tsamaisiwe sentle gotlhelele ka e supa fa e kgaphetse beng gae kwa ntle mo mabakeng a mantsi.Mongwe wa batsena phuthego, Rre Wilson Basebi e bile e le modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya motse, o boletse fa ba tshwentswe ke seemo se fela thata.O file sekai se sengwe ka phatlha nngwe kwa sekoleng ya modisadikago, e mong wa yone a neng a tlhokafala mme ya re morago ya ya go thibelwa kwa Letlhakeng boemong jwa gore go thapiwe motho gape mo Ditshegwane.A re ba kile ba ya go botsisisa kwa bagolwaneng ba khansele ya Letlhakeng mme ba se ka ba tswa ka dikarabo tse di tlhamaletseng.Banni ba Ditshegwane ba tlhalositse fa jaanong ba tlelwa ke boitlhobogo jwa gore a ba tlaa bona ditiro mabapi le tsamaiso e e teng mo khanseleng.Fa a akgela mo dikgannyeng tseo, mothusa tona, Mme Tshireletso yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye botlhaba, o boletse fa puso e tsere dikgato go lebagana le tsone dikgang tse di tshwanang le tse ba lelang ka tsone tse.

A re go tserwe tshwetso ya gore phatlha nngwe le nngwe e e tswang, bogolo jang diphatlha tsa maemo a bokgweetsi, bophepafatsi, borongwa le tse dingwe, e thapelwe motho wa motse o e duleng mo go one, go se ka ga thapiwa ope yo o tswang go sele. Mothusa tona o ne a etetse batho ba metse ya Maboane le Ditshegwane, go ba lekodisa ka ditirelo tse di leng teng mo lephateng la gagwe. O boletse fa lephata la dikgaolo, le le itebagantseng le go tlhabolola matshelo a batho, le dule ka mananeo a ka one go lekwang go apola batho botlhoki.Go ya ka Mme Tshireletso, mananeo a a akaretsa le go baakanya ditlhako, go loga dibaga, go lema merogo, go apaya borotho go bo rekisa le tse dingwe, mme a tlaa bo a rotloediwa ke puso.O kopile batho bogolo jang ba ba ntshitsweng mo lenaneong la botlhoki go itirisetsa mananeo a, go ijesa le ba malwapa a bone.

Banni ba motse wa New Nxanagas, Charleshill le metse e e mabapi ba akgotse komiti ya palamente e e dupang dibuka tsa puso gore e bo dirile tshwanelo ya yone go tsamaya le dikgaolo e tlhalosetsa Batswana tsamaiso tsa yone.Banni bao, ba ntshitse mafoko ao mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke komiti eo, e eteletswe pele ke mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya boseng kwa motseng oo.Ba ne, ba kopa gore komiti eo e tswelele ka go tsamaya e tlhalosetsa Batswana mme e se ka ya nna selo sa gompieno fela ka gore go na le boradikonteraka bangwe ba ba dirang ditsela mme ba sa dire tiro ya bone ka botlalo.Batho bao ba motse wa Charleshill, ba ngongoregile thata ka tsela ya Charleshill/Ncojane ba re e batla go tlhabololwa ka jaana e diphatsa mo matshelong a Batswana.Banni Charleshill ba kopile gore ka komiti eo e le yone e e tlhokomelang tiriso ya madi a puso ke nako ya gore e tseye dilelo tsa bone go di isa kwa pusong mabapi le tsela eo ka gore batho ba fedile ka lebaka la seemo se se maswe sa tsela eo.Ba boleletse komiti eo gore go botlhokwa fela thata gore Batswana ba tsibosiwe ka tiriso ya madi dithuso a a puso go na le go nna fela ba sa itse gore a dirisiwa jang.Ba ne ba kopa madi a lenaneo la RASA ka gore kgaolo potlana ya Charleshill ga e na ditlamelo tse di tshwanang le polokelo le kokelo. Banni bao ba re ke nako ya gore puso e kanoke dilo tsa go tshwana le dituelo tsa badirelapuso ka gore ditlhwatlhwa tsa dijo di tsholetsegile fela thata, mme bone ba sa duelwe sepe.

Banni ba Charleshill ba ngongoregile thata ka badirelapuso bangwe ba ba sa direng tiro ya bone ka botlalo ba re ke bone ba dirang gore Batswana ba se ka ba akola mananeo a puso.E rile Mopalamente wa Nkange, Rre Edwin Batshu, a tlhalosetsa banni bao ka tsamaiso ya komiti eo a bolela fa e tsamaya le Lefatshe la Botswana go ruta Batswana ka se se dirwang ke komiti ya bone.Mopalamete Batshu o boleletse banni bao fa madi a a tsenang mo letloleng la puso a rebolwa fela ke palamente le go bona gore madi ao a dirisitswe sentle.Rre Batshu a re fa ba santse ba sekaseka dibuka tsa puso ba fitlhela gore modirelapuso mongwe ga a dirisa madi a puso sentle, o tshwanetse go bidiwa go tla go tlhalosa ka madi ao.Mopalamente o boleletse banni bao fa go na le maphata mangwe a puso a a busang madi fa ba sena go abelwa madi go ya go dirisa mo ditlhabololong.A re mme go dira jalo ga go a siama ka gore go busetsa ditlhabololo tsa puso kwa morago, a supa gore Maphata a a dirang jalo a a bidiwa go tla go arabela madi ao gore ke eng ba sa a dirisa.Mopalamente Batshu o kopile banni ba motse oo go tlhokomela thata tiriso ya madi a puso le tsone dithoto tota ka jaana ba itse gona le kwelo tlase ya itsholelo.Rre Batshu a re fa Batswana ba ka emela tshenyetso setshaba ka dinao, itsholelo ya lefatshe leno e ka golela pele thata.E rile mopalamete wa Palapye a araba dilelo tsa bone, a ba tlhalosetsa fa a tlaa di fetisetsa kwa di tshwanetseng go ya teng ka gore bone ba itebagantse fela le tsa komiti ya bone.Mopalamente Goya a re jaaka ba simolotse jaana go isa palamente kwa Batswaneng, e tsile go tswelela e isiwa kwa bathong.E rile a araba ka tsela ya Charleshill/Ncojane, a ba tlhalosetsa fa bontsi jwa ditlhabololo di sa ntse di emisitswe ka lebaka la kwelo tlase ya itsholelo.




#Article 281: Ngarange (677 words)


 
Ngarange  ke motsana yo o mo kgaolong ya bokone bophirima jwa Botswana. Motse o o fitlhelwa gaotshwane le noka ya Okavango, e e gaotshwane le molelwane  wa Namibia. Mo palong batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a borobabongwe le masome a mane le borobobedi.

Puso e kopilwe go itlhaganelela go rarabolola kgang ya batho bangwe ba motse wa Ngarange mo Okavango ba ba amogilweng boagedi ka dipelaelo tsa gore ke batswakwa.Kopo eo e tsile ka mogokgo wa sekole se se botlana sa Ngarange, rre Stephen Lucas, mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa Okavango rre Vister Moruti kwa Xaudumo.Rre Lucas a re e ne ya re ka 2004, ba lephata la mesepele go tswa Gumare ba amoga batho bangwe ba motse wa Ngarange dikarata tsa Omang ba bo ba ba busetsa kwa lefatsheng la Namibia kwa go dumelwang ba tlholega teng.A re e ne ya re morago ga malatsinyana batho bao ba bontsi jwa bone e leng ba letso la Sesarwa ba boela mo Botswana kwa motseng wa Ngarange.A re fa e sa le yone nako eo, batho bao ba na le mathata ka gore ga ba kgone go bona dithuso tsa puso ka go tsewa gore ke batswakwa.Mogokgo a re bana ba batsadi bao ba rontshitswe tshwanelo ya thuto ka ba sa letlelelwe go boela mo sekoleng.Rre Lucas a re kgang eo e a tshwenya ka gore mo tshimologong ya ngwaga le ngwaga, batsadi ba bana bao ba ya kwa sekoleng go leka go kwadisa bana ntswa go sa kgonagale.A re se se hutsafatsang ke gore bana bao ba sasankega mo motseng fa bangwe ba bone ba setse ba na le bana.O kopile puso go itlhaganelela go thusa batho bao gore fa e le gore go ka twe ke batswakwa, ba busediwe ga bone kgotsa ba neelwe boagedi jwa lefatshe leno.E ne ya re a tsibogela seo, rre Moruti a bolela fa kgang eo e setse e le kwa go tona yo o lebanyeng, legale o solofeditse go e sala morago ka e tshwenya.

Mothusa modulasetilo wa kgaolo ya bokone bophirima, Rre Lathang Molonda, o akgoletse ba ofisi ya kanamiso ya dithoto kwa kgaolong eo go tsenyetsa malwapa a batlhoki a le mabedi dipompo tsa metsi kwa Maun.O ne a bolela gore go dira jalo go supa gore khansele ya bokone bophirima e tlhokometse batho, e tlhabolola matshelo a batho ba yone e bile e isa ditirelo kwa setshabeng. Rre Molonda o ne a bua jalo kwa moletlong wa go abela bana ba malwapa ao, ba e leng masiela kwa kgotleng ya Boseja/Kubung kwa Maun ka Laboraro. O ne a tswelela ka go kopa maphata a mangwe go dira jaaka bone, go fa batlhoki dithuso tse ba ka di kgonang gore ba ba ntshe mo lehumeng.Modulasetilo wa komiti ya go isa dithuso kwa bathong, Rre Gaotwesepe Barwatlhapi, o ne a re ba simolotse dithuso tseo mo ngwageng o o fetileng.O ne a bolela gore madi a ba neng ba reka ka one, a ne kgobokanngwa ka go koleka 50 thebe ka letsatsi, fa a kopanngwa otlhe e nna P120.

Rre Barwatlhapi o ne a bolela gore go fa dithuso ke bontlhabongwe jwa go araba boikuelo jwa ga Tautona Khama jwa gore batlhoki ba thusiwe, a bolela le gore ba tlaa oketsa palo ya dipompo mo ngwageng e e tlang go nna nne. Mogolwane wa kanamiso dithoto wa kgaolo ya bokone bophirima, Rre Gaokaelwe Mpho, yo le ene a thusitseng thata ka mogopolo wa go thusa masiela, le ene ka nosi e le lesiela, o ne a tlhalosa ka botlhoko jwa go nna lesiela, bogolo jang fa go se na mogolo yo o go thusang go lebagana le dikgwetlho. O ne a tlhalosa gore ba ne ba tlhopha malwapa a batlhoki ka khupelekhupele, ba thusiwa ke ba ofisi ya boipelego go leba ba seemo sa bone.Mokhanselara wa kgotla ya Boseja/Kubung, Rre Vepaune Moreti, o ne a bolela gore go lebega lenaneo la ga Tautona la go thusa batlhoki le tsweletse sentle e bile le tlaa nna le maduo a a bonalang.




#Article 282: Motsana wa Ngarange (682 words)


 
Ngarange  ke motsana yo o mo kgaolong ya bokone bophirima jwa Botswana. Motse o o fitlhelwa gaotshwane le noka ya Okavango, e e gaotshwane le molelwane  wa Namibia. Mo palong batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne dile makgolo a borobabongwe le masome a mane le borobobedi.

Puso e kopilwe go itlhaganelela go rarabolola kgang ya batho bangwe ba motse wa Ngarange mo Okavango ba ba amogilweng boagedi ka dipelaelo tsa gore ke batswakwa.Kopo eo e tsile ka mogokgo wa sekole se se botlana sa Ngarange, rre Stephen Lucas, mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa Okavango rre Vister Moruti kwa Xaudumo.Rre Lucas a re e ne ya re ka 2004, ba lephata la mesepele go tswa Gumare ba amoga batho bangwe ba motse wa Ngarange dikarata tsa Omang ba bo ba ba busetsa kwa lefatsheng la Namibia kwa go dumelwang ba tlholega teng.A re e ne ya re morago ga malatsinyana batho bao ba bontsi jwa bone e leng ba letso la Sesarwa ba boela mo Botswana kwa motseng wa Ngarange.A re fa e sa le yone nako eo, batho bao ba na le mathata ka gore ga ba kgone go bona dithuso tsa puso ka go tsewa gore ke batswakwa.Mogokgo a re bana ba batsadi bao ba rontshitswe tshwanelo ya thuto ka ba sa letlelelwe go boela mo sekoleng.Rre Lucas a re kgang eo e a tshwenya ka gore mo tshimologong ya ngwaga le ngwaga, batsadi ba bana bao ba ya kwa sekoleng go leka go kwadisa bana ntswa go sa kgonagale.A re se se hutsafatsang ke gore bana bao ba sasankega mo motseng fa bangwe ba bone ba setse ba na le bana.O kopile puso go itlhaganelela go thusa batho bao gore fa e le gore go ka twe ke batswakwa, ba busediwe ga bone kgotsa ba neelwe boagedi jwa lefatshe leno.E ne ya re a tsibogela seo, rre Moruti a bolela fa kgang eo e setse e le kwa go tona yo o lebanyeng, legale o solofeditse go e sala morago ka e tshwenya.

Mothusa modulasetilo wa kgaolo ya bokone bophirima, Rre Lathang Molonda, o akgoletse ba ofisi ya kanamiso ya dithoto kwa kgaolong eo go tsenyetsa malwapa a batlhoki a le mabedi dipompo tsa metsi kwa Maun.O ne a bolela gore go dira jalo go supa gore khansele ya bokone bophirima e tlhokometse batho, e tlhabolola matshelo a batho ba yone e bile e isa ditirelo kwa setshabeng. Rre Molonda o ne a bua jalo kwa moletlong wa go abela bana ba malwapa ao, ba e leng masiela kwa kgotleng ya Boseja/Kubung kwa Maun ka Laboraro. O ne a tswelela ka go kopa maphata a mangwe go dira jaaka bone, go fa batlhoki dithuso tse ba ka di kgonang gore ba ba ntshe mo lehumeng.Modulasetilo wa komiti ya go isa dithuso kwa bathong, Rre Gaotwesepe Barwatlhapi, o ne a re ba simolotse dithuso tseo mo ngwageng o o fetileng.O ne a bolela gore madi a ba neng ba reka ka one, a ne kgobokanngwa ka go koleka 50 thebe ka letsatsi, fa a kopanngwa otlhe e nna P120.

Rre Barwatlhapi o ne a bolela gore go fa dithuso ke bontlhabongwe jwa go araba boikuelo jwa ga Tautona Khama jwa gore batlhoki ba thusiwe, a bolela le gore ba tlaa oketsa palo ya dipompo mo ngwageng e e tlang go nna nne. Mogolwane wa kanamiso dithoto wa kgaolo ya bokone bophirima, Rre Gaokaelwe Mpho, yo le ene a thusitseng thata ka mogopolo wa go thusa masiela, le ene ka nosi e le lesiela, o ne a tlhalosa ka botlhoko jwa go nna lesiela, bogolo jang fa go se na mogolo yo o go thusang go lebagana le dikgwetlho. O ne a tlhalosa gore ba ne ba tlhopha malwapa a batlhoki ka khupelekhupele, ba thusiwa ke ba ofisi ya boipelego go leba ba seemo sa bone.Mokhanselara wa kgotla ya Boseja/Kubung, Rre Vepaune Moreti, o ne a bolela gore go lebega lenaneo la ga Tautona la go thusa batlhoki le tsweletse sentle e bile le tlaa nna le maduo a a bonalang.
[edit] Dikgoge tsa kwa ntle.




#Article 283: Motse wa Nojane (704 words)


Nojane  kgotsa Ncojane  ke toropo e mo sekakeng sa Kalahari  e mo kgaolong ya Ghanzi, mo Bophirima jwa Botswana. Motse wa Nojane o sekgele sa dikilomitara tse masome a mabedi go tsweng molelwaneng wa kwa Namibia, fa godimo ga moo motse o na le dikole tse dipotlana le tse digolwane ga mmogo le kokelwana. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le sekete le makgolo a mane le masome a mararo le borobabongwe.

Batho ba le batlhano ba bone dikgobalo morago fa bese e ba neng ba tsamaya ka yone go tswa Ncojane e menoga mo tseleng ya Metsimantsho le Lokalane ka tshipi ka nako ya botlhano maphakela.Mookamedi wa Mapodisi a Ncojane Superintendent Mompoloki Ramatsia, a re bese eo e e neng e pegile maloko a kereke ya Old Apostolic ba le 60, e ne ya thula setlhare mme ya wa, morago ga gore mokgweetsi wa yone a latlhegelwe ke taolo.
Superintedent Ramatsia a re batho ba le batlhano, bomme ba le bararo le borre ba le babedi, ba bone dikgobalo mme ba ne ba ragosediwa kwa sepateleng sa Ghanzi go bona bongaka, mme ba robadiwa.A re ba bangwe ba ba boneng dikgobalo tse di potlana ba ne ba isiwa kwa kokelwaneng ya Motse wa Ncojane mme ba ne ba alafiwa ba bo ba gololwa ka letsatsi leo.Ramatsia o kopile bakgweetsi ba ba tlang mo dikgaolong tsa Ghanzi go kgweetsa ka keletlhoko le go obamela matshwao a tsela ka gore ditsela tsa Kgaolo eno di maswe fela thata.Ramatsia a re ka malatsi a paseka gone dilo tsotlhe di ne di tsamaya ka thelelo.O ne a tswelela ka go kopa batho ba motse wa Nojane go itshwara fela jalo ka gore ke selo se se itumedisang.Mo dikgannye tse dingwe Mapodisi a Ghanzi a tlhothomisa dikgang tse pedi tsa bogodu.O boletse fa go thubilwe ntlo nngwe kwa Ghanzi ga utswiwa dilwana ka go farologana tsa madi a a fetang P25 000.Mogolwane wa mapodisi kwa Ghanzi Superintedent Ishmael Morebudi a re tiragalo e ke ya Mosupologo mo mosong mme a re ga ba ise ba tswhare ope mabapi le yone ka gore dipula di ne di na.O boletse fa dithotlhomiso di santse di tsweletse.

Superitedent Morebodi a re mo tiragalong e nngwe kwa Kgaolwaneng ya Bosele go utswilwe dilwana tsa madi a kana ka P892 e le gas cylinder le garawe mme ga go ope yo o tshwerweng ntateng ya dipula.Morebudi a re ka malatsi a paseka go nnile le dikotsi tse pedi mme ga go na ope yo o gobetseng mo dikotsing tseo.A re mo tikologong ya Ghanzi go ne go sena sepe se se maswe.Superitedent Morebudi a re o lebogela batho ba Toropo ya Ghanzi ka fa ba neng ba itshwere ka teng a re go supa fa dithuto tsa Mapodisi di tsene mo go boneBotswanaO ne gape a lebogela maloko a dikomoti tsa itshireletso tsa metse le ba ipelegeng gore ba nne ba tswelele fela jalo ka tiro ya bone ya go lwantsha borukutlhi.Morebudi a re sengwe se a se bonang se saletse kwa morago ke ntebela ke go lebele ka gore batho ba santse ba palelwa ke go laela ba ba bapileng le bone fa ba tsaya maeto. 

Tautona Seretse Khama Ian Khama o abetse kgaolo ya Gantsi Borwa ditilo tsa ba-na-le-bogole di le masome a matlhano mo boemong jwa letlole la Lady Khama Charity.E rile mopalamente wa kgaolo ya Gantsi Borwa e bile e le tona ya temothuo Rre Christian de Graaf a abela ba-na-le-bogole mo metseng mengwe ya kgaolo potlana ya Charleshill, a ba tlhalosetsa fa a ne a amogela dimpho tseo mo boemong jwa batho ba kgaolo eo.Mopalamente o boleletse banni bao fa a ne a leboga Tautona mo boemong jwa batho ba kgaolo ya gagwe a supa fa mpho eo e le botlhokwa mo matshelong a ba-na-le-bogole.Tona Rre de Graaf o ne a rotloetsa bagwebi le badirela puso le Batswana ka kakaretso go nna le seabe mo go thuseng ba ba tlhokang dithuso dingwe le dingwe.E rile banni ba metse mengwe mo kgaolong potlana ya Charleshill ba amogela ditilo tseo ba supa boitumelo jo bogolo ba bo ba kopa gore Tautona a tswelele ka mowa o montle oo wa go thusa Batswana ba ba tlhokang.




#Article 284: Motshamiki wa kgwele ya dinao Modiri Marumo (101 words)


Modiri Marumo  ke motshamiki wa kgwele ya dinao o tshwotswe ka kgwedi ya (Phukwi e thola malatsi a marataro ka ngwaga wa 1976) ka moo ke Motswana ootumileng ka go tshameka kgwele ya dinao. Ka ngwaga wa 2010 kgwedi e le Phatwe o ne a ikwadisa konteraka le ba ba ntlheng ya lefatshe la Aferika borwa ba setlhopa sa Bay United, le fa gontse jalo o ne a kile a  tshamekela setlhopa sa kwa Egypt ebong Haras El Hodood kwa lebaleng la Botswana Defence Force ka ngwaga wa 2008 kgwedi e le Tlhakole. Marumo o tshamekela setlhopa sa sechaba sa Botswana.




#Article 285: Motsana wa New Xade (715 words)


 

New Xade  ke motsana yo o bonwang mo bogare jwa kgaolo ya  Ghanzi  mo Botswana. Mo palo batho ya ngwaga wa 2001 dipalo tsa motse wa Lepokole di ne dile makgolo a matlhano le botlhano.

Ka ngwaga wa 1997, 1739  (Basarwa) ba ne ba fudusiwa go tsweng Central Kalahari Game Reserve ke puso ya Botswana ka ba ne ba le bantsi mo lefelong leoka mokgatlho yo o neng o simolodisitswe ke lefatshe.Ba le makgolokgolo,makgolo a mabedi le masome a mararo le boferabongwe ba ne ba fugela kwa Kg’oesakene (New Xade) gaper ba le makgolo a matlhano ba fudugela kwa  Kaudwane,kwa ntle ga molelwane yo o mo borwa jwa CKGR. Tswelediso ya phuduso ya banni ba Central Kalahari e ne ya simololwa gape ka ngwaga wa 2002. Puso e ne ya fa mabaka a gore banni ba tshwanetse go fudusiwa gore go sirelediwe dilo tsa tlholego le gone go tlhabolola matshelo a Basarwa. New Xade o dikhilomethara tse di lekgolo go tsweng kwa Ghanzi, kgaolo ya toropokgolo,gape le masome a bosupa go tsweng Xade,kwa go kileng ga bo go le CKGR.  Banni ba ne ba fiwa ditsha kwa  New Xade yo mosha.

Jaaka go tlhalositswe,go nale merafe e e farologanyeng kwa New Xade. Ditlhopha  di le boraro tsa merafe e e simolotseng go thibelela , botlhe ba ba ileng ba fudusiwa kwa Central Kalahari Game Reserve,ke G/ui (Dcuikhoe), G//ana (Dxanakhoe), gape le Bakgalagadi. Dipuo tse di buiwang ke batho ba ke  G/ui (Dcui), G//ana (Dxana), le Sekgalagadi, ka go latelelana. Ka koketsego ya babereki le thuto, Setswana se a buiwa gape le puo ya sekgowa e santse e oketsega .  Ka go nale babereki ba puso le bagwebi, go santse go nna le Batswana, ka dipuo tsa bone,le bone tota banni ba letso la  Naro ba ba tlileng ba tswa mo metsaneng e e mabapi gape le kwa merakeng ya  Ghanzi. Bontsi jwa bauthuti ba ba nnang kwa mantlong a boroko a sekolo se se potana sa New Xade ba buwa puo ya  Naro ka ba tswa mo setlhopheng sa morafe wa Naroyo o tsereng lefelo le le gaufi le toropo ya Ghanzi gape le meraka ya Ghanzi.  Go tlhalosiwa gore batho ba le bantsi ba banni ba Bakgalagadi ba ne ba tswa kgaolong ya Kweneng go tla go tswwara monyetla wa kgwebo mo mafelong a a batho ba neng ba fudusediwa mo go one le gone go tla go nna gaufi le ba masika.

Go simolola ka ngwaga wa 2000 go ya kwa go wa 2001, baitsanape ba ne ba dira dipatlisiso kwa New ba kwa  Japanese mongwe wa bone a bidiwa Junko Maruyama go batlisisa ka go fudusiwa le botsalano jwa bathoba ba fudusitsweng  o ne a tlhalosa ka fa batho ba ileng ba amogelesega mo tikologong ya bone. Ka nako ya dipatlisiso, tpalo ya banni e ne ya akanyediwa go ka nna 1100, e e neng e akaretsa Basarwa go tsweng ditlhopheng tsa  G/ui gape le G//ana . Palo ya ditlhopha tse mo Botswana e ka tswa e le  2350 le 1550, ka go latelelana (Cassiday, 2001).  Go dingalo go tlhalosa gore palo e e rileng e tswa mo setlhopheng sefe mo lefelong, ka gore go tlhakatlhakane fela le bangwe ba bone ba nyala go tsweng kwa G/ui, G//ana, Kgalagadi, le Naro.

 

Thulaganyo ya puso ya Botswana ya phuduso e ne ya tsosa dikgotlhang mo le mafatse a kwa ntle a ileng a seka a dumalana le tshwetso e e tserweng le ba lekgotla la  London-based NGO le le bidiwang Survival International. Kganetso ya ba  (SI)gape le makgotlana a mangwe a mafatshefatshe ba ne ba re beng ba lefatshe ba nale ditshwanelo tsa go nna mo lefatsheng la badimo ba bone.   Go ya ka ba  SI, ba re le fa Basartwa ba sena teta ya go nna mo lefelong la CKGR (mo go sa letlelelweng ke SI),ba nale teta ya go ka nna mo lefelong leo ka gore ke bone batho ba ntlha go nna mo lefelong go tsweng bogologolo.   

Puso ya Botswana e ne ya fa mabaka a a farologanyeng:e ne ya tlhalosa gore diphologolo tsa naga di tlhoka go babalelwa;go dirisiwa madimadi go tlisa dithuso kwa banning; le gore ba batla go tlisa Basarwa gaufi le ditlhabolo. 
 

Roy Sesana: Mosireletsi wa ditshwanelo tsa batho.
Kuela Kiema
Jumanda Gakelebone
Kgosi Lobatse Beslag




#Article 286: Bangwato (143 words)


Bangwato ke morafe wa Botswana o o agileng mo bogareng jwa lefatshe. Morafe o o fitlhelwa thata mo motsaneng mogolo wa Serowe, le mo metsana e menngwe e bapileng le Serowe mofafe o o tleng, metsana e tshwana le wa Palapye, Shoshong le e menngwe. Morafe o o akaretswa mo merafe e metona ya lefatshe la Botswana. Ba itsiwe ka gore sereto sa bone ke Phuthi le kwena. Go le ga ntsi go itsiwe fa bangwato e le one morafe o kileng wa bo o busa merafe e mengwe e fitlhelwang mo kgaolong e ya legare, jaaka Bakalanga, Basarwa, Batswapong le e mengwe. Bangwato ke bone ba simolotseng kgaolo ya le gare, ka ngwana wa 1902, ba thibelela mo motseng wa Serowe. Bogosi jwa morafe o bo a amogesanwa, ebile bo akaraditswe mo go tse di lesome le botlhano jwa Ntlo ya dikgosi.




#Article 287: Botswana culture (127 words)


Morefhe mongwe le mongwe o nale ngwao e ele wa yone mo go rayang gore ngwao e kgona go tshwana ebile ea farologana.

Go sa amanwe gope le teme epe ya morafhe ope fela mo Botswana, Setswana ke leatlhoda le le dirisetswang go kaya fa morefhe mongwe le mongwe ele leloko la banni ba Botswana.

Kwa Bokone jwa lefashe la Botswana.bo mme ba mage a koo(Etsha and Gumare) ba lemogiwa bothakga jwa go dira sesigo go tswa ditlhareng tsa naga. Disigo tse di dirilwe di farologanye ele mefuta ele meraro; e tona e nale sthibo go beeletsa, ee nngwe go belega dithoto mo thlogong. Go dirweng ga disisgo tse go oketswa boleng ka takiwa le go thatosiwa ka fa di dirwang ka teng kajaanong di direlwa kgwebo.




#Article 288: Motse wa Senete (224 words)


 
Motse wa Senete ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. O atlametse molelwane wa lefatshe la Zimbabwe, mme ebile o nale sekolo se  se potlana le se se kgolwane gape le kokelwana. Senete o nale boswa jwa ngwao e e humileng  tsotlhe kwa batho ba letso la Bakalanga ba tlholegang teng. Banni ba motse wa Masokandolo ba fitlha batho kwa magageng a a kwa ditlhabeng. Motse wa Senete o selekanyo sa dikhilomethara tse di masome a mabedi le boraro go tsweng kwa motseng wa Tutume gape le selekanyo sa  lekgolo le masome a mabedi go tsweng kwa toropong ya Francistown. Ka ngwaga wa 2001 palo ya batho e ne e le dikete tse pedi, makgolo a mabedi le masome a mane le bongwe.

Bontsi jwa banni ba motse wa  Senete ba rutegile ka selekanyo sa masome a marataro mo lekgolong jwa palo ya batho ba bereka ditiro tse di faphegileng. Batho ba ba rutegileng jaaka Mmankge wa dithuto ebong Green gape le Ngaka Mbise ba tswa teng mo motseng o. Ditlhopha tsa kgwele ya dinao di akaretsa: Eleven Arrows gape le se se atlegileng sa Senete United 'Mashambo'. Gape o nale badiragatsi mo metshamekong  jaaka Leonard gwamulumba yo o sa tswang go simolola go diragatsa mo motshamekong mongwe yo o bitswang Makwetsepe Vol 1 le 2 e e simolodisitsweng kwa Palapye. 




#Article 289: Pontsho Moloi (103 words)


Pontsho Moloi  (o tshotswe ka Ngwanawatsele a tlhola malatsi a le masome mabedi le borobaboedi ka ngwaga wa 1981) ke Motswana o tshamekang kgwele ya dinao e le  motshameka pele wa setlhopa sa Mochudi Centre Chiefs. O ne a fiwa seetsele se se sesupang a filwe maemo a go tshameka lefatshe ka bophara ke ba setlhopa sa sechaba ba Botswana national team.

Moloi o tshameketse ditlhopa tse di mogae jaaka Notwane F.C. le Mochudi Centre Chiefs. Ka ngwaga wa 2009, o ne a direla setlhopa sa Bay United F.C. paka e le ngwe fela ka dikgaisano tsa Aferika Borwa tsa National First Division.[2]




#Article 290: Lebala la metshameko la motse wa Serowe (380 words)


Lebala la metshameko la Serowe   ke kwa  mediro e farologaneng e dirwang teng,  lebala le le mo toropong ya Serowe, Botswana. Ke lengwe la mafelo a go tshamekelwang metshameko e farologaneng, lefelo le le kgobokanyeditswe madi a kana ka di dikadike tse di masome mabedi le bopupa, le ne la agiwa ka ngwaga wa 2002 ebile la tlhomiwa simmoso ka ngwaga wa 2003. Lebala la metshameko le sephara sa selekanyo sa dikete tse thataro. Lebala la metshameko le ke la mangmang ka le na le lebala la motshameko wa kgwele ya dinao, le bo le dikaganyediwa ke lebala la batabogi Mo legareng ga lebala la metshameko le go na le  di dirisiwa tsa metshameko ya high-jump, long-jump, pole vault le dirisiwa tsa metshameko e mengwe. Kwa ntle ga lebala la metshameko, mme go le mo lefelong le lengwe fela, go na le metshameko e mentsi ya jaaka   bolotloa, volleyball, softball le tennis. Lefelo le le nnile mosola thata mo motseng wa Serowe, ka le naya didirisiwa tsa lebala la metshameko le le haphegileng. Lefelo le le itshopile fa le nonofile thata mo le letang go ka nna lefelo le bommampodi ba lefatshe ba ka ithuthuntshang teng gape e ka nna lefelo la bonno la ditlhopha tsa lefatshe, se se fokotsa phetelelo ya tiriso mo lebaleng la metshameko la sechaba, le e leng lone fela mo bogompienong e leng lebala lametshameko la mangmang.

Mo dingwageng tse di fagare ga 2007, go ne ga tlhatlhoga mathata ka dikago tsa lebala la motshameko le, mathata e le morwalo o feteletseng se sene sa tlama gore go fudusiwe didirisiwa tsotlhe. Go nnile le dikakgelo tse dintsi thata go tsweng makgotlha a mangwe ka phudogo ya di dirisiwa ka ntlha ya mabotana a thubegang a dikaganyetseng tsa mabala a metshameko le a di ofisi. Mathata a mangwe e ne le gore lebala la metshameko le tla tshwanelwa ke go duelelwa madi a kana ka di dikadike tse tlhano go tiisa mmu, se e le ka ntlha ya gore mmu wa teng ga go a siamela dikago. Le fa gontse jalo, meono e e neng e dirilwe e ne ya emisiwa ka ntlha ya madi a mantsi a akanyeditsweng a ka nna selekanyo sa di dikadike tse masome mabedi a neng a a ka dirisetswang phudugo.




#Article 291: Mmino/Moopelo wa Setswana (178 words)


Batswana ke morafe wa Aferika, o thata o agileng kwa  Aferika Borwa.
  Bonyemyane jwa morafe o bo fitlhelwa mo Botswana kwa bodirileng morafe o motona  Mmino wa Setswana  ga o a tlwaelesega ka go tlhoka tiriso ya Meropa , gape o ikaegile thata mo didirisiweng tsa mmino tsa mefuta ya katara le go opela.
 
Didirisiwa tse dingwe di akaretsa segaba le  setinkane. Segaba se tshwana thata le violin, ka go dirwa, mme se dirisa leseka le le lengwe le le hakisitsweng mo sebagabikeng. Fa setinkane sone se dirwa ka ditshipi tse difarologanyeng tse di se phaphathi mme di tshamekiwa jaaka keyboard. 

Ka nako  ya bokoloni, mokgwa wa mmino wa setswana o ne o kgalwa ka gore o ne o kaiwa fa  kgoreletsa ditlhabololo mo kgaolong le mo bathong. Go tsweng boipuso jwa Botswana, tsela kgotsa mekgwa ya mmino e ne ya busetswa mo tirisong, le fa mmino e le malwa go tsweng gongwe le gongwe mo Aferika (thata Aferika Borwa),  United States le Europa e setse e tsere phekeloe sele go ya ka fa e ratiwang ka teng. 




#Article 292: Bokone Bophirima (809 words)


Bokone Bophirima ke nngwe ya Diporofense tsa Aforika Borwa. Mošate wa yona ke Mahikeng. Porofense e e fitlhelwa kwa bophirima ba Gauteng

Bokone Bophirima e ne ya tlhamiwa kwa bokhutlong jwa tlhaolele ka ngwaga wa 1994, mme e akaretsa dikarolo tsa maloba tsa Porofense ya Transvaal le tsa Porofense ya Kapa, le dikarolo tsa Nagalegae ya maloba ya Bophuthatswana. Go ne ga nna le dikhuduego tsa sepolotiki kwa Khutsong (Lekgotlatoropo la Selegae la Merafong City) ka ngwaga wa 2006 le wa 2007, morago ga gore go fedisiwe makgotlatoropo a a kgabaganyang diporofense, mme Lekgotlatoropo la Merafong le fetisediwe kwa Bokone Bophirima gotlhelele. Lekgotlatoropo la Merafong le ne la isiwa kwa porofenseng ya Gauteng ka ngwaga wa 2009.

Puso ya porofense e akaretsa tonakgolo, lekgotla la bakhuduthamaga ba le lesome, le kgotlapeomolao. Kokoanopeomolao ya porofense le tonakgolo ba tlhophiwa go nna dingwaga di le tlhano mo setulong, kgotsa go fitlha ditlhopho tse di latelang. Mekgatlho ya sepolotiki e newa ditulo tsa lekgotlha go ya ka palo ya ditlhopho tse mokgatlho o di fumaneng mo porofenseng ka ditlhopho tsa bosetŝhaba. Lekgotlha ke lona le tlhophang tonakgolo, mme tonakgolo ke ena a (tlhopang maloko a lekgotla la khuduthamaga (appoint the members of the executive council.)

Tonakgolo ya porofense ya Bokone Bophirima, go tloga ka 21 Motsheganong 2014, ke Supra Mahumapelo wa mokgatlho wa African National Congress. O tlhophilwe morago ga Thandi Modise go nna mo setulong sa botonakgolo morago ga ditlhopho tsa 2014.

 
Dithaba tsa Magaliesberg kwa bokone-botlhaba di botelele jo bo ka nnang 130 km  (go lekana le 80 miles) go tloga Tshwane go ya Rustenburg. Noka ya Vaal e elela mo molelwaneng o o kwa borwa ba porofense.

Di-temperature di tloga go 17° go ya go 31 °C (62° go ya go 88 °F) ka selemo, mme go tloga go 3° go ya go 21 °C (37° go ya go 70 °F) ka mariga. Pula mo ngwageng ena dimilimitara dile 360 (360#x20;mm) (go lekana le 14 in), bontsi ba pula e bo na ka dikgwedi tsa selemo, magareng ga Diphalane le Moranang.

Bokone Bophirima bo arologana melelwane le dikgaolo tse di latelang tsa Botswana:

Fa gae, e arologana dibotara le diprofense tse di latelang:

Porofense ya Bokone Bophirima e na le dimasepala dile 4 tsa sediko, le tse 19 tsa selegae. Di a latela:.

Batho ba ba ka nnang 500,000 le go feta

Batho ba ba ka nnang 100,000 le go feta

Batho ba ba ka nnang 50,000 le go feta

Batho ba ba ka nnang 10,000 le go feta

Batho ba ba ko tlase ga 10,000

Tsa moruo tsa porofense ya Bokone Bophirima di itshegeditse thata mo meepong, go dira seripagare sa Gross Domestic Product ya porofense le go direla nngwe-tharo ya badiri ditiro mo porofenseng. Diminerale tse tona ke gauta, e epiwa kwa Orkney le kwa Klerksdorp, jaanong e leng Matlosane; uranium, e epiwa kwa Matlosane; platinamo, e epiwa kwa Rustenburg le kwa Brits; le ditaemane, di epiwa kwa Ditsobotla (Lichtenburg), Christiana, le kwa Bloemhof. Dikarolo tse di kwa bokone le tse di kwa bophirima ba porofense di na le diruiwa jaaka dinku le dikgomo tse dintsi. Dikarolo tse di kwa botlhaba le tse di kwa borwa ke tse go nang le ditshimo tsa mmopo, go dira bupi, malomo a letsatsi, motsoko, katunu, le maungo jaaka dinamune. Lefelo la go iketla le casino kwa Sun City le Lost City, le tsona di na le seabe mo tsa moruo tsa porofense.

Bontsi ba batho mo porofenseng ke Batswana ba ba buang Setswana. Ba bang batho ba ba nnang kwa Bokone Bophirima  ba akaretsa BaAfrikanere, BaSotho, le BaXhosa. Sekgoga se buiwa e le loleme la bobedi gantsi mo porofenseng. Bontsi ba batho ke Bakeresete. (Dipalopalo di tswa go Census 2011 di lokolotsweng ka Phukwi 2003).

Go ya ka dipalopalo tsa metse tsa 2007, 90.8% ya batho mo porofenseng ke batho ba ba Ntsho (bontsi ba bua Setswana), 7.2% ke Basweu (Bontsi ba bua Afrikaans), 1.6% ke Coloured , 0.4% ke Asian. Goya ka dipalopalo tsa metse tsa 2007, porofense e e na le batho ba ba fetang dimilione di le tharo (3 million). Batho ba basweu ba porofense ba ntse mo karolong e le ngwe ya porofense, ga ba phatlhalala felo-gotlhe mo go tshwana le batho ba bangwe mo porofenseng. Mo dimasepaleng tse di kwa borwa le tse di kwa botlhaba, palo ya batho basweu kwa Tlokwe (Potchefstroom) le kwa Matlosana (Klerksdorp) ke 27% le 12% ka tatelano.

Porofense e na le palo e e kwa tlase go fetisa tsotlhe ya batho ba dingwaga dile 35 le go ya godimo (5.9%) ba ba nang le dithuto tsa morago ga marema-tlou. Go tloga ka 1994, palo ya batho ba ba fitlhelelang thuto e e kwa godimo e oketsegile. Morago ga go tloswa ga di bantustans, batho ba le bantsi ba ne ba godugela kwa ditoropong tsa moruo tsa Cape Town le Gauteng.




#Article 293: Polandball (746 words)


Polandball , a itsege gape ka leina countryball , ke  motswedi wa tiriso  ya maranyane a entenete o o simolodisitsweng mo /int/ bolokong jwa German jwa leitlho la phutlhego ya Krautchan.net mo bogologolong jwa sephatlo sa ngwaga wa 2009. Tiriso ya maranyane a e bonagadiwa that ka dipalo tse di kwa godimo ka dilo tse di kgatlhisang mo maranyaneng a entenete, mo mafatshe a supiwa ka popego e e kgolokwe  mo gantsi go amanang le mokwalo wa sekgowa o o sa lolamang , gantsi go buiwa ka dilo tse di kgatlhang ka mafatshe le gone ka fa  a tsalanyang le amangwe lefatshe ka bophara. Motlhale o wa go dilo tse di kgatlhang o ka nna wa bitswa Polandball (le fa go ntse go sena moanelwa wa setshwantsho wa Poland) le countryball (kgotsa, ka kakaretso, countryballs).

Polandball o nale modi e sale ka kgwedi ya Phatwe ngwaga e le wa 2009 'mo ntwengkgolo ya tiriso ya maranyane a entenete' gareng ga badirisi ba maranyane a entenete ba Polish le lefatshe ka bophara mo drawball.com. Tomagano e ya maranayane, e neela badirisi ba maranyane a Internet go tshwantsha, le gone go tshwantsha mo ditshwantshong tsa batho ba bangwe. Mo Inteneteng ya lefatshe la Poland , kakanyo e ne ya ntshiwa ya go tshwantsha folaga ya lefatshe la Poland mme boididi jwa batho bo ne jwa kokoana mme ba tla lefoko la POLSKA le kwadilwe mo bogareng.

Krautchan.net ke teme ya Sejeremane e kgolaganyo ya /INT/ e dirisiwang ke babui ba sekgowa ba netizen . Tshimolodiso ya maranyane a a kgatlhisang a Polandball e filwe Falco , leloko la Brit mo /INT/, yo erileng ka kgwedi ya Lwetse ngwaga wa 2009 a ileng a dirisa maranyane a go tshwantsha a dirisa MS Paint mme a se mo kgatlhegong ya tsa polotiki  go kwala ka Wojak ,mong ka bone yo e leng leloko gantsi a ne a , mo erileng morago ditshwantso tsa Polandball  di eleng tsa tshwantshiwa ke monni mongwe yo o tlholegang kwa Russia.

Ditlamelo tsa  Polandball, tse simolotseng go itsege mo itsegeng ga go thubega ga Smolensk mo go bolaileng   tautona wa lefatshe la Poland ebong Lech Kaczyński,go emetse lefatshe la Poland  le ditso tsa lone , botsalano le mafatshe a mangwe ,gape le ditshwantsho dingwe  tse di itebagantseng le lefatshe la Poland le  ditiragalo kgotsa dingwe dilo tse di seyong  gape le  dilo tse dingwe tsa lefatshe tse di kopakopaneng. Dikamano gareng ga countryballs di tshabelelwa ke go kwalwa ka skgowa se se sa lolamang mme gape le puo nngwe e e dirisiwang mo maranyaneng a Internet e e sa lolamang , fa go tshwantshangwa le setshwantsho sa Lolcat , le kwa bofelong jwa setshwantsho sa Poland,  se se takilweng ka bohibidu mo godimo ga Bosweu kwa godimo ka bomo (se se dirilweng mo folageng ya lefatshe la Poland), se supilwe o kare go a lela.

Bakgathisi bangwe ba  Polandball comics ba tswa kwa dikagong tseo ba tlhalosa gore Russia o ne a kgona go fofela mo loaping ,fa Poland ene a ka se kgone go dira jalo. Ngwe ya ditshantsho tse di tumileng tsa  Polandball di simolola ka go supa gore lefatshe le tlile go thubakiwa ke lentswe le tona go tsweng kwa loaping,mme se se ele le kwa mafatsheng a a nang le tiriya ya maranayane a boemelo jwa  difofane tse di yang jwa loaping go tlogela lefatshe le bo le sala le  akgegile  mo phefong. Kwa bofelong jwa setshwantsho,Poland a ntse a le mo lefatsheng wa lela , mme ka sekgowa se sa lolamang go bo go kwalwa mokwalo mongwe o o kgatlhang o o reng  Poland cannot into space.   Poland, mo bogompienong o tenegile,o buwa mafoko a aboima  , mme ebile gape ba tlhalosa gore maranyane a Intenete a dirisiwe dilo tse di tlhwaafetseng ka mokwalo o o reng Internet serious business, o eleng mokwalo yo o dirisiwang mo Inteneteng go kgalemela badirisi ba bangwe, mme Poland a wetsa ka go lela

 Polandball o ka tsenya ditshwantsho tse dingwe mo mafatsheng a mangwe ,mme fa di fetlolwa di sala fela di ntse di emela Polandball, le fa ntswa di ka bitswa countryballs. Go ya ka Lurkmore., Bavariao nale bolo ya gagwe , mme tse dingwe di diretswe mafatshe a tshwana U.S. states, Catalonia le Siberia, go akaretsa a mangwe. Singapore o tshwantshitswe mme o bitswaTringapore; Israel ene a bitswa Kazakhstan (go emela tumelo ya Sejuta ; Kazakhstana tsaya popego ya setena ; fa Britain a supilwe ka go rwala hutshe le monocle.




#Article 294: Kgaolo ya Limpopo (639 words)


Limpopo ke bokone jwa kgaolo ya Aforika Borwa. E thailwe leina ka noka ya Limpopo River; Limpopo a raya metsi a a elelang kwa puo ya Sezulu gape le diteme tse dingwe jaaka Nguni languages. Toropo kgolo ya kgaolo e ke Polokwane, e mo gompieno e bitswang Pietersburg. Kgaolo e e thailwe go tsweng bokone jwa Transvaal Province ka ngwaga wa 1994, mme bo e bitswa Northern Transvaal. Ngwaga o o latelang,e ene ya bitswa gape gotwe Northern Province, mme leina la tshwarelelela go fitlhela ka ngwaga wa 2003, fa leina la kgaolo le ile la itsege semmuso fetola ntateng ya noka e e kopanelang kwa molelwaneng wa Zimbabwe and Botswana le morago ga kitsiso ya molao kwa bokopanong jwa khudutlhamaga jwa Constitution. Nngwe ya maina a a neng a akanyeditswe e ne e le Mapungubwe, lefelo le go fitlhetsweng Gauta teng dingwaganyana tse di fitlileng mo bosheng.

Molao le puso tsa kgaolo ya Limpopo di santse di le mo taolong ya Stanley Mathabatha wa leloko la phuthego ya African National Congress.

Kgaolo ya Limpopo e tshwaraganetse melelwana le dikgaolwana tsa mafatshe a le mararo ebong: Botswana's Central le Kgatleng go ya bophirima le Bokone-bophirima ka go latelelana, Zimbabwe's Matabeleland South le Masvingo go ya bokone le bokone-botlhaba ka go latelelana ga one, gape le  Mozambique's Gaza Province go ya bokone. Kgaolo e ke yone e e lomaganyang Aforika Borwa le mafatshe a mangwe a a kwa ntlheng ya Sekaka sa sub-Saharan Aforika. Kwa ntheng ya Borwa fa o tswa Bokone go ya Bophirima, kgaolo e e kopanela melelwane le Mpumalanga, Gauteng, le Bokone Bophirima (North West). Molelwane wa yone le Gauteng o akaretsa dikgaolo tsa Johannesburg-Pretoria, nngwe ya mafelo a a itsegeng thata ka go rotloetsa itsholelo. Kgaolo e e mo bogare jwa magare, mafatshe gape le mafatshe ka bophara e itsege thata ka go tlisa ditlhabololo mo Mmarakeng.

Kgaolo ya Limpopo e kgaogantswe ka dikgaolwana di le botlhano. Mme go nne le dikgaolwana tse dingwe di le masome a mabedi le bone mo go tse di botlhano.

Mo selekanyong sa 18.5% ngwaga wa (2007) Limpopo o ne a nna le dipalo tse di kwa tlase thata tsa balwetse ba HIV fa go tshwantshangwa le dikgaolo tse dingwe tsa Aforika Borwa. Le fa go ile ga nna le kwelotlase gare ga ngwaga wa 2005 le 2007, dipalo di ne tsa gola go tsweng mo go 14.5% go ya kwa go 21.5% gare ga ngwaga wa 2001 le 2005.

Kgaolo e itsholelelo ya yone ke e goletseng pele, ka go romela dithoto le go tlisa dithoto mo lefelong le. Ke ngwe ya dikgaolo tse di humanegileng fela thata mo dikgaolong tsa Aforika Borwa, bogolo jang magae. Le fa go ntse jalo Limpopo e supile kgolo ya itsholelo le katlego ya seemo sa botshelo.

Bontsi jwa lefelo le le aperwe ke bojang jo bontsi. Go ka nna selekanyo sa  80% sa go tsoma se se bonwang mo lefelong le sunflower, cotton, maize le peanuts di lemiwa ke lefelong la Bela-Bela le Modimolle. Modimolle o itsege gape ka go lema meretlwa. 

Maungo a tshwana; Dipanana, litchis, pineapples, mangoes ale pawpawsndash;le manoko ka go farologana, a lemiwa mo maelong a Tzaneen le Makhado. 

Bojanala ke nngwe ya meamuso e e godisang itsholelo ya Limpopo go bo go latela tsa Meepo le Temo Thuo,. Ka ngwaga wa 2008, kgaolo e e nnile se selekanyo sa 5% sa baeti ba ba neng ba etletse Aforika Borwa, mme ebile dipalo tse di supa kgolo ngwaga le ngwaga. Selekanyo sa madi a ka tshwara R 93 million a ne a neelwa mo kabelanong madi ya ngwaga wa 2010/11 mme selkanyo sa 11% e le sa kgobokanyo yotlhe ya madi a kgaolo ya Limpopo.

Go bapa le Limpopo, kwa masimong a Sunland Baobab, go nale setlhare sa Mowana se se kgabisitsweng e kete lefelo la boikhutso. pub.




#Article 295: Sinenjongo High School (680 words)


Sinenjongo High School ke sekolo se segolwane mo , ,  (toropo ya Kapa), Aferika Borwa. 

Ka ngwaga wa 1993 Elda Mahlentle o simolotse sekolo se bitswa ( Elda Mahlentle Primary School) kwa maipafela a a ko toropong a bitswana  Chuku go lebagana le kwa mabaleng a matabogelo a dipitse mo .Baithuti ba lokwalo lwa Ntlha go fitlha kwa go ba lokwalo lwa Bone ba ne ba kopantswe mo ntlwaneng e ngwefela. Fa ngwaga wa 1994 o ya bokhutlong sekolo se ne sa atloloswa go fitlha ka dithuto tsa lokwalo lwa Boferabongwe mme gape go okeditswe le one mantlwana a borutelo a le Boferabobedi. Ba  ba ne ba thusa sekolo ka go duela barutabana ba le Lesome. 

Ka ngwaga wa 1996 mantlo a masha a ne a agiwa mo lefelong la Joe Slovo mme ka go nna jalo sekolo se ne sa atlolosetswa teng go nale barutabana ba le Lesome le Borataro.  Moragonyana ga ditumalano tse di tsereng sebakanyana sekolo se ne sa felela se tlhapmiwa go nna sa setšhaba ka ngwaga wa 200. Elda Mahlentle Primary School e ne ya fetlolwa go nna  Sinenjongo High School gape le Marconi Beam Primary School.

Kompone ya Rabie Property Group e ne ya kaya mo sekolong sa Sinenjongo High School jaaka nngwe ya mananeo a katlego ya kompone mo go neyeng setšhaba. 

Mme Nopote o ne a tlhapiwa go nna moeteledipele wa sekolo ka kgwedi ya Phukwi 2010, mme a bua kwa bokopanong jwa TEDxCapeTownED ngwaga wa 2012 ka fa sekolong se tsweletseng pele ka maduo a mantle a sekolo.

Sekolo se ne sa fiwa tlotla ya go nna nngwe ya dikolo tse di Lesome mo Western Cape mo go direng bontle  ka ngwaga wa  2012 go tsweng kwa ba .

Go simololeng ka ngwaga wa 2012, sekolo se ne se nale:

Ka ngwaga wa  2012, setlhopha sa baithuti ba lokwalo lwa 11A kwa sekolong ba ne ba kopa dikompone tsa maranyane tsa South African go ba letla go dirisa  mahala e le ntlha ya go thusa baithuti go dira tiro ya bone ya sekolo. . (kompone ya South African ya maranyane) e ne ya nna ya ntlha go araba kopo ka go letla tiriso ya mahala ya Wikipedia ka dioura tse di rileng mo bagwebing ba bone. Le go ntse jalo teta e e ne e seyo mo megaleng ya matheka, e tla tsenya dingalo tse di ntsi mo bagwebing ba dikompone tsa maranayane a megala ya matheka go fa se se tshwanang. 

Kgwedi ya May 2013, sekolo se ne sa etelwa ke Victor Grigas and Charlene Music go tsweng kwa  go ikgolaganya le sekolo gore setšhaba se itse ka ikopelo e.
Ka go rialo, kgwedi ya June 2013, babega dikgang lefatšhe ka bophara bo ne jwa, gasa makwalo a baithuti go nale mekwalo ya dipalo mo go one,bogolo jang ka beke e e neng e latela ya malatsi a banana a . Lekwalo le ne la goroga maikuelo lefatšhe ka bophara, kgaolo ya , fela jaaka dikgaolo tse dingwe Gauteng le ya   mme tsa tswelela ka go itsise lefatshe ka se ka tsepe ya Facebook ya Free Access to Wikipedia from Cellphones. 

Go nale letsatsi la ithuthuntso ka tsa mebereko le haphegileng la bana ba ba dirang lokwalo lwa Boferabobedi le lwa Boferabongwe mo batho ba ba tlang ba tswa mo maphateng a a farologanyneg a tsa pereko ba tlang go buwa le baithuti ba bo ba ba itsese ka maphata a tsa pereko ka go farologana. Se se dirwa ka gore baithuti ba lokwalo lwa Lesome ba tshwanetse go itlhophela dithuto tse ba tshwanetseng go itebaganya le tsone mo setlheng sa makgaolakgang. Baithuti ba bangwe ba makwalo a mangwe bone ba akarediwa le bone. 

Ngwaga le ngwaga go nale moletlo wa kabo dimpho wa baithuto ba ba gaisitseng botlhe mo setlhopheng sa baithuting ba lokwalo lwa  Lesome le Bobedi. Gape ke ipelelo ya bone ya bofelo ya ngwaga.

Moragonyana fela ga ipelelo e sekolo se dira moletlo yo mongwe wa tsamaya sentle wa setlhopha sa baithuti ba lokwalo la Lesome le Bobedi se bitswang gotwe Matric Dance kgotsa Matric Ball




#Article 296: Motsana wa Molaladau mo Botlhaba (219 words)


Molaladau ke motse o o mo kgaolong ya legare mo . O bonwa kwa botlhaba jwa nko ya , mo teng ga sekgele sa dikhilomethara tse di makgolo le Zimbabwe gape le Afrika Borwa. Mo palo bathong ya ngwaga wa 2001 dipalo di ne di le 1,788 tsa batho. Ga gona sepe se banni ba ikaegileng ka sone go tsholetsa itsholelo ya bone ka gore banni ke balemi ba ba lemelang go itsetsa.
Molaladau o biditswe ka leina la noka e e fetang mo bokone jwa motsana gape e bonwa mo sekgeleng sa dikhilomethara tse di masome a mabedi go tsweng motseng wa Bobonong yo o eleng one o o fang ditirelo mo kgaolong . Banni ba Molaladau ke Babirwa gape ba bua puo ya sebirwa ka tlholo ba tswa kwa botlaba jwa nko ya lefatshe mo lefelong go dikologa fa dinoka di kopanelang teng ya Limpopo le Motloutse. Ba ne ba patikiwa go tswa mo lefelong le ke barongwa ba ga Mmamosadinyana go fa kompone ya British South Africa Company e eileng ya fiwa lefatshe le ba atlolosa boleele jwa noka ya Limpopo mo teng ga Botswana ke Khama III.
Batho ba ba ne ba eteletswe pele ke kgosi Malema morago ga go nna le dikgogakgono le puso ya barongwa ba ga Mmamosadinyana e direla go tsweng Serowe.




#Article 297: Tshwane (202 words)


Tshwane ke motse setoropo wa Gauteng mo Aforika Borwa. Go sa na le dipuisano mabapi le go fetolela leina la Pretoria go la Tshwane. Ga jaanong masepala o bitswa ka Tshwane, mme toropo yona e sa ntse e bitswa Pretoria. Maina a mangwe a mebila e me golo a setse a fetoletswe mo maineng a bagaka ba tokologo. Ga jaana go tlhokega go re go thalwe naga setsha gore maina a mantshwa a a tle a itsiwe. Le ka taba e ya maina a mebila, go sa na le ditlhora boroko ka tsele e diphetogo tse di di tsamaisitsweng ka yona.

Gompieno ke utlwile mo seyalemoyeng gore batho ba le bantsi ba sa ntse ba gakantshwa ke maina a maswa a mebila mo Pretoria. Bontsi ba batho bo sa ntse bo dirisa maina a mebila a kgale. Go lebega ge se se tlhola tlhakatlhakano ka ge bontshi ba batho bo sa ntse bo kgomaretse maina a o. Go tlhokega seo sengwe se se botoka se se ka dirang gore maina a a mebila a dirisiwe mo puong nngwe le nngwe ya letsatsi.

Puo e e buiwang segolo setonna mo Pretoria ke Setswana se se tlhakaneng le Sezulu, Sesotho sa Leboa le Afrikaans.




#Article 298: Nkange (311 words)


Nkange ke motsana yo o fitlhelwa ko bokone bontlha jwa kgaolo Legare. Motse o o sekgala sekanna lesome lebotlhano go tsweng mo motseng wa Tutume. Nkange o na le le dikgotlana di ka dile bonne eleng Ipungu, Ndzonga, Fungwani le Mabuwe. Motse o dikologilwe ke metse ya Changate, Senete le Dagwi. Nkange o na le ditlhabololo ditswhana le sepatela, sekolo se se golwane Nkange CJSS, le tse potlana tse pedi Nkange primary le Mabuwe primary. Ditlhamelo di tshwana motakase le metsi ga e sa tole ile bothata jo bo kalo. Motse o go fitlhelwa batho ba letso la sekalaka mo bontsi ba bone ba santseng ba ipela ka ngwao ya bone le puo ya bone.

Mo motseng wa Nkange go fitlhelwa Bakalaka mo go rayang gore banni ba mo motse o ba dirisa ngwao ya Sekalaka. Ngwao ya Sekalaka e dirisiwa mo medirong ka go farologana e tsamaelanang le botshelo jwa bone. Ngwao ya Sekalaka e pharologano le ya merafe e mengwe ka ntlha ya ditsamaiso. Mo sekalakeng gona le dilo tse difarologaneng tse go dirisiwa ngwao mo go tsone jaaka manyalo, leso, go rapela pula le go baa botsetse.

Motshameko wa kgwele ya dinao ke metshameko yo o tumileng fela thata ko motseng wa Nkange segolo jang ka nako ya mafelo a ngwaga. Ka kgwedi Morule go nna le metshameko ya Nkange top 8 e mo yone banni ba motse o bayang ko go tsamaisa nako, go itumela le ditsala le go dira ditsala tse disha. Motshameko yo o setse ile tumelo mo bangweng ba motse o, gona le ditlhopha ditshwana le Nkange Movers F.C, Young Brothers F.C, Nkange Champions, Flying Stars le tse dingwe.
Ko ntle ga kgele ya dinao gona le ko banni ba Nkange ba itisang teng jaaka bo Nkange Kwabangala Complex ko go nang le dishopo le ko go rekisewana dino tshididi jaaka bo Phutlhadichaba Bar.




#Article 299: Nelson Mandela (266 words)


Nelson Rolihlahla Mandela e ne e le molwantsha-tlhaolele, 'radipolotiki, o o neng e le mopreseidente wa Aforika Borwa go tloga kwa ngwaga wa 1994 go ya go wa 1999. E ne le mopreseidente wa ntlha wa motho montsho wa Aforika Borwa. Puso ya gagwe e ne e ikemiseditse go tlosa se se dirilweng ke puso ya Apartheid, le go thusa MaAforika Borwa go phela mmogo ka kgotso, le go fedisa tlhophollo ya batho go ya ka mmala wa bona. O ne a le mopresidente wa mokgatlho wa sepolotiki wa African National Congress (ANC) go tloga 1991 go ya go 1997.

Mandela e ne e le Mothosa wa lolapa la bogosi la ga Thembu. O ne a tsena kwa unibesithing ya Fort Here le unibesithi ya Witwatersand, kwa a neng a ithuta tsa molao. Ga ntse a nna kwa Johannesburg, o ne a nna karolo ya batho ba ne ba ba le kgatlhanong le dipolotiki tsa bokoloniale. O ne a nna karolo ya ANC mme ya nna o mongwe wa batho baba simolotseng Karolo Ya Batsha ya ANC (Youth League). Morago ga gore puso ya Maburu ya National Party e simolole Apartheid, Mandela o ne a nna mokwapele wa motsamao wa kganetse kgatlhanong le Apartheid, mme ya nna moeteledipele wa mokgatlho wa ANC Transvaal. Ga ntse a dira jaaka loyara, o ne a tshwarwa gangwe le gape. Mandela le SACP, ba ne ba simolola setlhopha sa bosole sa Umkhonto We Sizwe (Lerumo la Setshaba). Ka ngwaga wa 1962, o ne a tshwarelwa go leka go menola mmuso mme a iswa kgolegelong bophelo botlhe ka teraele ya Rivonia.




#Article 300: Bethele (206 words)


Bethele ke motsana o o fitlhelwang kwa Borolong le tshimo tsa barolong, o itsege ka Morolong. O supelwa ntlheng tsa tsela ya Lobatse Ramatlabama, o dikhilometara dile tlhano go tswa motseng wa Pitsane. Ntlheng le ditshingwana tsa barolong, ba ga Montshioa. Bethele o ageletse barolong, bahurutshe le batlhaping. Rrampudi waga Mopedi eleng ene wa ntlha go nna mo lefelong le, o ne ele Lehurutshi-moshaneng ka ntlha ya aparateiti.

MOTSE WA BETHELE
Bethele o simolotse a bidiwa KGORO, pele ga moo rre mongwe o neng a bidiwa LETANE o ne a tlhophiwele mogolwane kgotsa mookamedi yo o tla tsayang tshwetso ya go tlhopha leina kgotsa go fa metsana ya Barolong maina mme a ntsha leina are BETHELE. Kgosi ya motse wa Bethele ke RRE KGOSI FOFO MOTSHEGARE.

Banni ba Bethele ba bua teme ya mono gae, ba bua serolong. Motsana wa bethele o na le batho ba ka tshwara sekete mo go one. Banni ba itshetsa ka go loga ditotwana le ditilo tsa matlhaka mme ba direkisi mabapi fa toropong ya Lobatse kgotsa mo pitsane ka bophara. Themo thuo ke selo se banni ba remeletsenmg thata mo go sone ka se namola leuba ebile bontsi jwa barui ba lemela go jesa le leruo tota.

NGWAO LE ITSHETSO




#Article 301: EBOLA (105 words)


Ebola ke bolwetsi jo bo tlhagogileng bo bakiwa ke mogare wa go amana le dingwe tse di borai mo mmeleng wa motho. Bolwetsi jwa  Ebola bo simolola go supa dikai tsa jone dibeke dile tharo morago ga o amana le one. Dikai tsa one e kanna go nna tse di latelang:

Go lemoga fa motho ana le bolwetsi jwa Ebola o tla kopana le dikai gape tsa go sa nna le botlhoko mo sebeteng kana se sa bereke kafa se tshwanetseng go bereka ka teng, seo se tla bo se sa itekanedise motho ka jalo motho  o tla bo a rotloediwa go bona ba kokelwana.




#Article 302: Bolwetse jwa mogare wa Ebola (499 words)


Bolwetse jwa mogare wa Ebola (EVD) kgotsa letshoroma la go dutlela teng ga madi (EHF) ke bolwetse jo bo tlhaselang batho mme bo tlholwa ke mogare wa Ebola.  Gantsi dikai di simolola matsatsi a le mabedi kgotsa dibeke di le tharo morago ga go tshwaetswa ke mogare, mme di iponatsa ka  letshoroma, mometso o o botlhoko, Myalgia/go opa ga mesifa le go opiwa ke tlhogo.Gantsi , go tlaa latela letlhatso le letshololo , mmogo le go sa direng sentle ga sebete le diphio. Mo nakong e, batho ba le bantsi ba simolola go nna le matsapa a godutla madi.

Mogare o kgona go fetela ka go kgoma madi kgotsa seela/diela tsa mmele tsa phologolo e e nang le mogare (gantsi e nna dikgabo kgotsa bommamanthane). Ga go ise go netefadiwe gore mogare o ka tshwaetswa ka phefo. Go dumelwa gore bommamanthane ba kgona go tshola le go fetisa mogare le fa bona ba sa tshwaetsega. Fa motho a tshwaetsegile, bolwetse jo bo ka fetetsana gareng ga batho. Banna ba ka bo fetetsa ka peo ya bonna mo dikgweding di ka nna pedi. Gore o kgone go bona gore o tshwaeditswe, go tshwanetswe ga tlholwa le go kgapelwa thoko malwetse a mangwe a a nang le dikai tse di tshwanang le mogare o, jaaka malaria, kholera le malwetse a mangwe a letshoroma la go dutla madi. Go netefatsa gore mogare o go tsene, go tsewa madi go a lekelela masole a mmele RNA, kgotsa mogare ka boona. 

Thibelo ya bolwetse jo e akaretsa go kakoba dikgabo le dikolobe tse di tshwaeditsweng. Se se ka kgonwa ka go tlhola tshwaetso go diphologolo tse, le go di bolaya le go latlha ditopo tsa tsona ka tsela e e maleba fa e le gore di na le mogare.  Go apaya nama sentle le go apara diaparotshireletso fa re tshola nama le gona go ka nna mosola, go tshwana le fa re apara diaparotshireletso le go tlhapa diatla fa re dirana le motho yo o nang le bolwetse jo. Go tshwanetse ga elwa tlhoko gore diela le ditogwa tsa batho ba ba fetetsweng ke bolwetse di tsholwa jang.

Ga go kalafi e e itseweng ya bolwetse jo; maiteko a go thusa batho ba ba khueditsweng a akaretsa go ba nosa metsi a letswai/sukiri kgotsa go tsenya dino mo diriping. Bolwetse jo bo bolaya bontsi: magareng a 50% le 90% ya ba ba tshwaeditsweng ke mogare o. EVD e bonwe lantlha kwa Sudan morago ya bonwa kwa Democratic Republic of the Congo. Gantsi bolwetse jo bo tsipoga kwa dikgaolong tsa Aforika ya Sub-Sahara. Go tloga ka 1976 (fa bo lemogiwa lantlha), go fitlha go 2013, go palo ya  batho ba le ka fa tlase ga 1,000 ba ba tshwaeditsweng, Bogolo jwa tsogo gajaana ke jwa Tsogo ya Ebola ya Aforikabophirima, e e khuetsang Guinea, Sierra Leone, Liberia gongwe le Nigeria. Go fitlha ka Phatwe wa 2014 go lemogilwe batho ba le 1600. Go tsewa matsapa go fitlhelela moento; le gale, ga o ise o bonwe.




#Article 303: Emma Wareus (117 words)


Emma Wareus ke mmalebopo wa lefatshe la Botswana a tswa mo toropo kgolo Gaborone. O tshotswe ka ngwaga wa 1990 ka kgwedi ya Phukwi e tlhola malatsi ale masome mabedi le borobabobedi. Ka ngwaga wa 2010 ka kgwedi ya phalane a tlholega malatsi a le masome a mararo kgarejwana ee e ne ya tsenelela dikgaisanyo tsa mmabontle wa bodichabachaba () kwa , China kwa neng a ikgapela maemo a bobedi. Maiteko a magolo a kgarejwana ee e ne e le ngwe ya ditso dikgolo tsa lefatshe la Botswana mo dikgaisanyong tsa mmabontle, morago ga malebopo Mpule Kwelagobe yo o neng a fenya ka maemo a ntllha ko mmabontleng wa bodichabachaba wa Miss Universe ka ngwaga wa 1999.




#Article 304: Mompati Sebogodi Merafhe (101 words)


Lt. Gen. Mompati Sebogodi Merafhe (6 Seetebosigo 1936 – 7 Hirikgong 2015) ene ele moemedi wa sepolotiki mono Botswana, gape ele mothusa tautona ya lefatshe la Botswana ka ngwaga wa 2008 go fitlha ka ngwaga wa 2012. O tlogela bohusa tautona ka ntlha ya dingwaga a tlogela ele lieutenant general. O tlhokafala mosong wa 7 Hirikgong 2015 ka ntlh ya botsogo jo bo sa lolamang.

Rre Mompati Merafhe o tsholetswe kwa motseng wa Serowe ka ngwaga wa 1936. O ne a tsena mo sesoleng sa Botswana ko a neng a tlogela ka 1989 a ya ko tirong tsa sepolotiki mono Botswana.




#Article 305: Paco Rabanne (107 words)


Ka ngwaga wa 1960 rre mongwe wa leina la Francisco Paco Rabaneda Cuervo, o ne a simolola komponi ya gagwe ya di nkga monate tsa mmele, mo a neng a itirela senkgisa monate se reeltswe ka leina la gagwe ebong Paco Rabanne. Rre Paco Raaneda o dira le tsa kapari gotsweng kogo tsa borre go tsenelela kwa go tsa bomme.

Rre Paco Rebaneda o tshotswe ka ngwaga wa 1934 ka tlhakole (18 February 1934). Paco ke moroki wamo spanish ene gape o itsege ka Enfant_terrible, mo goreelelang ngwanayo o letshwenya kgotsa lefaraso mo botsading, mme ene a remeletse thata mogo tsa boroki le dinkga monate tsa mmele.




#Article 306: Segwapa (180 words)


Segwapa ke nama e e omisitsweng, e e tlholegang thata mo borwa jwa africa. Segwapa se dirwa ka nama e e sa butswang, e ka nna nama ya kgomo, ya podi, kana ya phologolo. Nama e e a segelelwa, e bo e tshelwa letswai. Letswai le thusa go gamola metsi mo nameng le gone go thusa gore nama e e omelele e bile e seka ya bola. Segwapa se kgona go tshelwa pherefere gore se babe, kana sa tlogelwa fela ka letswai se sa lokwa pherefere. Se tle se tsenngwe metswako e mengwe fela jaaka bo bo konofole go se natefisa.

Ga segwapa se sena go omelela lobaka e ka nna dibeke tse pedi se anegilwe mo letsatsing, se tlaabo se siametse go ka jewa. Mme se ka jewa fela se ntse se omeletse, kana sa besiwa mo magaleng a molelo. Se ka nna gape sa apeiwa jaaka o ka apaya nama se be se thugiwa go dira seswaa sa segwapa. Segwapa se se apeilweng le go thugiwa se ka jewa se le sosi kana sa shaba bogobe jwa mabele.




#Article 307: Meat (159 words)


Nama ke sejo se se tswang mo di diphologolong. E jewa ke batho, Bogologolo go ne go tsumiwa go bolawa diphologolo gore ba kgone go ja nama ya tsone. E rile fa tlhabologo e tsena go be go simololwa go ruiwa ga dikoko, dinku, dikolobe le dikgomo  gore ba kgone go di bolaya ba je nama motlhofo.

Nama e nale menontshana le mafura a a seametse mmele, e bo e jewa ka dijo e le seshabo. E kgona go jewa e le tala(segwapa), mme ka nako e ntsi e jewa e apeilwe e bo e natifisiwa ka go farologana. Nama e e sa butswang e kgona go senyega fa e sa tsidifadiwa morago ga dioura.

Go jewa ga nama go farologane lefatshe ka bophara, go tswa fela gore o wa ngwao efe kgotsa lefatshe lefe. Bangwe go tswa mo ngwaong wa bone ba kgona go nna ba sa je nama, bangwe e le mabapi le botsogo jwa bone kgotsa ngwao. 




#Article 308: Lobola (406 words)


Lobola e bitswa jalo ka seZulu, seSwasi le Sexhosa, Roora ka seShona le Magadi ka seSotho. e ka nna dilwana kana madi a a ntshiwang ke monna yo o batlang nyalo, kana ke tlhogo ya lelwapa la monna yoo, madi a a neelwa ko go ba lelwapa la mosadi yo o nyalwang, ele tuelo ya lenyalo. Gotswa ditsong dilwana tse ene e nna dikgomo, mme fa nako e ntse e tsamaya ga tlwaelwa thata go nna madi. Mme batho bangwe ba santse ba le mo setsong sa go ntsha dikgomo, kana ba tlhakantshe madi le dikgomo. Moono mogolo wa lobola ke go aga botsalano fa gare ga malwapa a mabedi ao, ka gore lenyalo ga se la banyalani boo babedi fela. Le fa go sa tlwaelesega, malwapa a mangwe ba dirisa tsa boranyane go dira dituelo tsa magadi.

Mo Aforika Borwa [South Africa], koo go ntsha ga magadi e leng setlwaedi, kopano e seseng e ne e konosetswa go ya ka molao wa setso, e fela jaanong jaana e ka fa tlase ga taolo Recognition of Customary Marriages,1998 (Act 120 of 1998) (RCMA) mme e na le ditlhokego tse di latelang go amogelega ga nyalo ka fa tlase ga molao wa setso:

Tsela ya go rerisana ka magadi ke e telele ebile e mararankodi, mme a akaretsa maloko a le mantsi go tswa go maphata oo mabedi a bo monyadiwa le a bo monyadi; ka gale, go ka ba fela bomalome ba ga bao ba nyalanang, gape le borragwe banyalani, moo setso se letlelelang. Nakong dingwe basadi le bone ba dumeletswe go ka tsaa karolo, fela kwa thoko ga ditherisano, ba sa tsee karolo mo ditherisanong. Go le gontsi, go tlosa mowa wa kgatelelo magareng ga malwapa a, lebotlolo la   brandy le ka bewa fa tafoleng, le fa go le jalo, brandy ga se yona fela, e ka nna ya nna bojalwa jwa setso jwa mabele. Ka gale ga bo nwewe; ke tshupo fela ya go amogela baeng ba lelwapa le go dira gore mongwe le mongwe a rephe, mme gape e etsiwe e le mvulamlomo, e e leng ka seThosa go raya gore 'mouth opener' (ka seSotho - Pulamolomo)i.e. tuelo ya go fa o butse molomo wa gago (go bua) go umaka lebaka la gago la go eta ga gago. Go tla tswa mo go baemedi ba gabo ngwetsi go tsaa tshwetso ya go dirisa nnotagi e kgotsa go bo tlogela bo ntse bo tswaletswe.




#Article 309: Poko (183 words)


Poko ke mofuta wa bokwadi kgotsa bodiragatsi jwa puo jo bo rulagantsweng ka botswerere le botlhakga  jo bo lekaneng go kgatlha tsebe e dirisa metlhale ya puo e tlhophilweng sentle jaaka—go buega ga mafoko le bokao jwa go buega ga mafoko—ele motlhale wa go neela puo bokao jo nako e ngwe eseng jo bo tlwaelesegileng mo puong.Ke maikutlo a a senolwang ke mmoki. Poko ke ke leina le le tswang mo lediring 'boka'

Poetry has a long history, dating back to the Sumerian Epic of Gilgamesh.  Early poems evolved from folk songs such as the Chinese Shijing, or from a need to retell oral epics, as with the Sanskrit Vedas, Zoroastrian Gathas, and the Homeric epics, the Iliad and the Odyssey. Ancient attempts to define poetry, such as Aristotle's Poetics, focused on the uses of speech in rhetoric, drama, song and comedy. Later attempts concentrated on features such as repetition, verse form and rhyme, and emphasized the aesthetics which distinguish poetry from more objectively informative, prosaic forms of writing. From the mid-20th century, poetry has sometimes been more generally regarded as a fundamental creative act employing language.




#Article 310: Buka (212 words)


Buka ke mofuta wa pampiri o o kwadilweng kgotsa go tshwantshitswe mo letlhareng go le mokawana go be go kopanngwa go nna seopo sengwe. Letlhakoreng le lengwe le  a tshwaraganngwa go dira gore e re bula go nne bonolo le gore a seka a kgaogana. Buka e nna le matlhare go ya ka go lategana ga one go bidiwa tsebe. Mefuta ya buka ke yone ya pampiri le e e balwang ke sebala makgolo.

Buka e kwalwa ka dipuo tse di farologaneng go tswa mo reng e ne e kwalelwa ko lefatsheng lefe kgotsa molaetsa e le yo o ntseng jang, o lebagane le seemo sefe. Ba motlhobo wa dibuka ba di farologanya ba lebile boteng ba buka gore mokwadi o bua ka eng. Bangwe ba kwala mainane, poko, ditlhaloso tsa sengwe kgotsa botshelo jwa batho fela jalo. Di kgaogannwa ka dikarolo mo go yone buka di supegetse yo o balang gore a tlhaloganye. Le tsone ditsebe di thusa gore o itse gore di tlhomagana jang.

Gantsi dikuka o ka di fitlhela mo motlobo wa dibuka kgotsa marekisetso a tsone ka go farologana. Bakwadi ba dibuka fa ba sena go dikwala di bo di bapatswa di isiwa gone ko mafelong a a farologaneng gore bareki kgotsa badirisi ba simolole go di bala.




#Article 311: Kapei mo Botswana (874 words)


Dijo tsa Botswana di faphegile, mme di na le mefuta e le mengwe e e tshwanang le dijo tse di mo Borwa jwa Aferika. Dikai tsa dijo tsa Setswana di akaretsa phaleche, setampa, dikuku le phane. Sejo se se faphegileng segolo bogolo mo Botswana ke seswaa, e leng nama e e apeilweng ya bo ya kgobiwa e bo e lokilwe letswai.

Mebaraka ya Botswana e tletse dijo ka mefutafuta. dingwe dijetswe mono gae fa tse dingwe di tswa kwa mafatsheng a a mabapi. Bontsi jwa nama ya kgomo bo tswa mono. Nama ya nku, ya koko, le dinama tse dingwe le tsone di dintsi. Mme nama ya kgomo ke yone e tlwaelesegileng. Nama ya tlhapi le yone ke nngwe ya dijo tse di fitlhewang mo Botswana. 

Mabele le Mmidi ke dijo tse di lengwang that mo Botswana. Korong le raese le mefuta e mengwe ya losika loo mabele le le sa lengweng mo Botswana le lone le tlisiwa mono go tswa mafatsheng a mangwe. Mefuta ya dinawa e le mentsi e a lengwa, go akaretsa ditloo le letlhodi. Manoko le one a a lengwa. Merogo le digwere di akaretsa dikwii, ditapole ditamati le dipotata le tsone ke dingwe tsa dijalo tse di lengwang mo Botswana. Mme go na le merogo mengwe  e e tlhogang mo nageng. Morogo wa dinawa ke sejo se se rateng thata sa Setswana. 

Bontsi jwa maungo a teng a a karetsang morula. Magapu le one go dumelwa ga a tlholegile mo Botswana mme a nna a le mantsi ka paka ya ga a jewa. Mofuta o mongwe wa legapu o o lengwang ke lerotse kana lekatane. Go nale mefuta mengwe ya legapu e e bidiwang kgengwe e e fitlhelwang mo sekakekeng kwa metlhabeng e e leng karolo e tona e e neelang baagi ba koo metsi le dijo. Merogo ka bontsi e jewa ka dipaka tse di farologaneng, mme bontsi jwa nako e a omelediwa, mme e beelwe go jew mo nakong e e tlang. Merogo e omeleditsweng e apeiwa ka go farologana.

Seswaa, kana chotlho ke nama e e rategang le go tlwaelesega bogolo jang mo meletlong. Nama e e apeiwa thata ke borre mo potong, mme ba e apeye ka metsi go fitlhelela e butswa thata le go e loka ka letswai. Sejo se sengwe se se tlwaelesegileng thata ke serobe. Serobe se apeiwa ka go tlhakanya mala le mogodu wa podi, nku kgotsa kgomo go fitlhelela di butswa thata. Ga nama e le ya podi kana nku, go tle go tsenngwe ditlhako tsa yone mme di apeiwe le mala le mogodu.

Dikoko tse di ruilweng setswana di akanngwa e le tsone tse monate go gaisa tse di jesiwang menontshane gore di gole ka bonako. ga o tlhabela moeng koko ya setswana wa bo o supa kamogelo e e ko godimo. Go apaya koko ka potwana mo molelong, go kaiwa e nna monate go gaisa.

Bogobe bo apeiwa ka go faga mabele, paleche kana lebelebele mo metsing a a belang,mme bo tlogelwe go butswa ka iketlo. Nako tse dingwe  bopi jwa mabele, phaleche kana lebelele bo tle bo bidisiwe mme bo tsenngwe mashi le sukiri go dira ting.  ting e kgona go jewa e sa lokwa sukiri le mashi mme e shabiwe ka nama le merogo. Mofuta o mongwe wa go apaya bogobe ke go  tsenya lerotse le madila. Bakalaka ba pgo bitsa tophi.  

Bopi jwa borotho ga se bontlha bongwe jwa dijo tsa setswana, mme bo tlisitswe mono go tswa mafatsheng mangwe. Go na le ka fa go apeiwang borotho ka teng mo go tsewang e le bonltha bongwe jwa dijo tsa mono. Matlebekwane, diphaphatha le dikuku di tlwaelesegile e le yone mefuta ya borotho e e jewang mono. Di apeiwa ka go tlhakanya bopi jwa borotho le metsi mme bo dubiwebo bo bo apeiwe ka ditsela tse di farologanyeng jaaka go apaya mo metsing a a belang, go bo apaya mo mafureng a a bolelo kana mo magaleng. 

Dijo tse di tlhwelesegileng thata ko mafelong a tengnyana teng di akaretsa dinawa tsa morama, e le tapole e e fitlhelwang ka fa tlase ga lefatshe le mabowa.Phane  e lebega jaaka sebokwana mme e apeiwa mo magaleng kana e bedisiwe, go omelediwa e be e gadikiwa.

Dino tsididi le majalwa a a diriwa mono Botswana mme a akaretsa Fanta le Coca Cola. Majalwa a a dirwang mono a akaretsa Castke le Lion. Mashi a bedileng a bidiwa madila, mme a jewa ka motogo kana one fela a le esi. Seno tsididi se e seng bojalwa ke gemmere e e diriwang gantsi mo malapeng.

Go na le mefuta mengwe ya majalwa a a dirwang mono gae. Ke bojalwa jwa setswana bo bo apeiwang ka mabele a a bedisitsweng. Merafe mengwe jaaka Bakalaka ba dirisa lebelebele boemong jwa mabele. Go na le bojalwa bo bo dirwang mo madirelong a bojalwa jaaka Chibuku. Bone bo apeiwa ka phaleche kana mabele, mme ke bojalwa jo bo ratiwang segolo bogolo mo magaeng le mo ditoropong. Chibuku e dirwa gape mo mafatsheng a tshwana le bo Malawi, South Africa, Zambia le Zimbabwe. Khadi yone ke bojalwa jo bo dirwang ka metswako e e farologanyeng jaaka meretlwa ya nnaga mme ke seno se se nowang ke batho ba itsholelo e e kwa tlase bogolo jang.




#Article 312: Motlobo wa dibuka (107 words)


Motlobo wa dibuka ke lefelo kgotsa ntlu e go kgobakantsweng mefuta yotlhe ya dikitso tse di kwadilweng ka go farologana ga tsone golo go le gongwe. Go le bonolo go ka dirisiwa go sa kgatalese gore ke mofuta ofe.Motlobo wa dibuka o nna le mefuta ya kitso jaaka dibuka, dipampiri ka mefuta go laola kitso kgotsa molaetsa o o mo go tsone. Dingwe e nna tse di ka balwang ke sebala makgolo kgots\a tse di kwadileng di bo di gasiwa. Phaphosi e go bewang dibuka mo go yone e farologane ka bophara go laolwa ke bontsi jwa tsone mekwalo eo, le mo di beiwa sentle mo teng.




#Article 313: Sepatela (325 words)


Sepatela kgotsa Kokelo ke ditlhamelo tsa botsogo di diragalelang tengngo nale bao ba ba nag le boitsaanape jwa kalafi ka didirisiwa tsone tsa teng. Sepatela se se itsegeng thata ke sa morafe otlhe, se nale ga ba bolwetse jwa patlako ba thusetswang teng. Sa kgaolo sepatela se thusa bone ba lefelo leo, se nale didirisiwa tse di farologaneng jaaka malao a balwetse go thusa ba ba robadiwang. Dipatela di farologane go laola gore se thusa ba malwetse afe jaaka sepatela sa bana, sa tshidilo maikutlo, balwetse ba tlhaloganyo jalo jalo. Tsone dipatela tse di thusa thata batho ba lefelo leo ka madi a a ko tlase go nale sa morafe otlhe. Go nale gape sepatela sa go tlhatlhelela dithuto bogolo thata mo baithuting ba ba ithutela bongaka kgotsa ka kalafi. Mo mefuting ya dipatela go nale gape se se botlhana ka dikago le ditlhamelo ebong kokelwana. Dikokelo kgotsa dipateladi nale makalana kgotsa maphata gone mo sepateleng a thusa mo malwetse a a farogogane jaaka jwa pelo, dikaro jalo jalo  go ya ka bokgone jwa baitsaanape lo ba lekalana leo. Go be go nna gape le fa ba thusang ka tsa kalafi(diritibatsi), ko ba seipone jalo jalo.

Sepatela bontsi jwa nako ka tsa madi di thusiwa ke goromente wa lefatshe leo wa lephata la botsogo le ba mekgatlho e e ikemetseng ka nosi. Bogologolo di ne di tlhamelwa ke ba dikereke tse di farologaneng le baeteledi pele ba morafe. Maltsi a gompieon di godile dipatela ebile di nale baitsaanape ba malwetse ka go farologana go nale bogologolo ka go ne go nale baithaopi go tswa mo maphateng a ba kereke. Mme re fa go le jalo, bakereki bangwe ba ntse ba tsweletse ka go thusa mo dikokelong kgotsa dipatela le bakeresete bangwe . Se se dirwa ke gore lefoko le la kokelo kgotsa sepatela le raya ko go fiwang thuso ya botsogo, lerato le kgotlhatso ke ka moo bakeresete bangwe ba santse ba tsweletse ba moon yoo.




#Article 314: Dijo (397 words)


Dijo ke sengwe le sengwe se se jewang go tsenya dikotla mo mmeleng. Dijo di tswa mo dimeleng kgotsa mo diphologolong, mme di na le dikotla tse di botlhokwa jaaka mafura, di porotheini, di vithamini le di minerale. Sejo se jewa ke setshidi mme se tsene mo dikarolong tsa mmele go tlisa maatla le go tlisa kgolo ya mmele.

Bogologolo batho ba ne ba bona dijo ka mefuta e le pedi: go tsoma, go bapala le go lema. Gompieno bontsi jwa dijo tse di tlhokwang ke batho mo lefatsheng di dirwa mo madirelong a dijo.

Pabalesego ya dijo le go bona gore dijo di nna teng go lebeletswe thata ke makalana a tshwana le International Association for Food Protection, World Resources Institute, World Food Programme , Food and Agriculture Organisation le International Food Information Council. Makalana a a itebaganya le dikgang tsa tswelelopele, phetogo ya loapi, tsa tshomarelo dikotla, kgolo ya dipalo tsa batho, kgokelo ya metsi le go bona dijo.

Go bona dijo ke tshwanelo ya motho mongwejaaka ha go kailwe mo International Convenant on Economic, Social and Cultural rights (ICESCR) go lemogwa gore motho mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya botshelo jo bo lolameng, go akaretsa dijo tse di lekaneng le go tlhoka go bolawa ke tlala.

Dijo ka bontsi di tswa mo dimeleng. Tse dingwe di tswa ka tlhamalalo mo dimeleng mme le diphologolo ke dijo ka gore di godisiwa ka go jesiwa dijo tse di tswang mo dimeleng. Dijo tsa losika loo mabele ke tsone gantsi e leng tse di jewang thatamme e bile di fang maatla lefatshe ka bophara go feta dijo tse dingwe tse di jetsweng. Mmidi, korong le raese ka mefuta yotlhe ya tsone di balelwa go masome a ferabobedi le bosupa mo lekgolongla dijo tse di tswang mo dimeleng mo lefatsheng. Bontsi jwa losika loo mabele le le lemiwang le jesiwa diruiwa.

Dijo dingwe tse di sa tsweng mo diruiweng le mo dimeleng di akaretsa maboa. Go dirisiwa megare mengwe mme e bedisiwe le dijo tse di nang le setlhokwana sa asenejaaka borotho jo bo tsentswentsweng sebidiso, bojalwa, chesi le kombucha le madila a a tswakilweng. Mofuta o mongwe o akaretsa semela metsing se se tala jaaka sepirulina. Go na le dijo tse dingwe tse di tshwanang le matswai sebidiso sa borotho le cream of tartar a a dirisiwang go babalela dijo gore si seka tsa senyega.




#Article 315: Feshene (171 words)


Feshene ke mokgwa o o tlwaelegileng ka nako nngwe bogolo jang diaparo, ditlhako, mekgabiso e e aparwang ka diaparo, go itaka sefatlhego, go iphunya mmele kgotsa fenitshara. Feshene e faphegile mme ebile ke supa mokgwa wa kapari e motho o e aparang.E kaya jalo ka fa batho ba itshupang ka teng le ka fa basegi ba diaparo ba dirang diaparo ka teng. Lefoko le le dirisiwang thata le raya feshene ke khosechumumme le kaya jalo mokgabo o o ko godimo. Dingwe tsa difeshene di bonwa bo basading le mo banneng. mme tse dingwe di kgona go aparwa ke bomme ga mmogo le borre jalo.  

Baeti ba mafatshe a kwa bophirima a kana ke Persia, Turkey, India kana China ba ne ba akgela thata mo go tlhokegeng ga feshene koo. Mokwaledi wa ga Shogun wa Mojapane o ne a ikgatlha ka moeti mongwe go tswa kwa Spain ka 1609 a re moaparo wa Majapane ga o ise o ke o fetoge mo dingwageng di le sekete. Mme le fa gontse jalo 




#Article 316: Sorghum (105 words)


Mabele ke mohuta mongwe wa bojang. mehuta e mentsi e tlholega ko Australia, ha e mengwe e tsenelela mo Aferika, Asia, bontlha bongwe ja Amerika le ditlhakatlhake tse dingwe mo mawatleng a botlhabatsatsi le bophirimatsatsi 

mohuta o le mongwe o lemelwa go ka jewa ha e mengwe e dirisiwa ele dijo tsa leruo e ka lengwang ele bontlha bongwe ja mahudiso. ke dijalo tse di lengwang mo seemong sa loapi se se bothitho mo lehatsheng ka bophara a amana thata le digwao tsa ko a fitlhelwang teng  mabele ke bontlha bongwe ja losika le le ganeletseng thata mo dimeleng tse di thito e tona jaaka sugarcane




#Article 317: Setilo (197 words)


Setilo ke karolo nngwe e e dirilweng ka legong gore go nniwe mo go yone, gantsi e tlhatlhogile moyo ga pe e ka nniwa ke motho a le mongwe.

Setilo gantsi se nna le maoto a le mane le fa go itshegediwang teng. Mme setilo se kgona go nna le maoto a palo tse di farologaneng go simolola ka bobedi , boraro , bone jalo jalo go laolwa ke gore ke sa mofuta ofe.

Setilo se se senang boikaego kgotsa fa o bayang matsogo teng se bidiwa sepora, kgotsa sa moretologo se laolwa gape ke boleele jwa sone kgotsa gore se thusa thata mo lefelong lefe kgotsa bo mang. Mefuta ya ditilo e e ka bonwa mo dibareng, dikoloing, difofane jalo jalo,tse dingwe ke tsa gore di dirisetswang eng, jaaka tsa digole, bana jalo jalo. Dingwe jaaka tsa bogole di nna le maotwane go dira gore go nne bonolo fa se dirisiwa kgotsa e le se se dikologang

Mo mefuteng e ya ditilo go nale gore gape se nna batho bale kae gape le modiro wa sone e le wa dilo tse di farologaneng jaaka matsela, letlhalo jalo jalo. Mme tsone tse di bidiwa dtilo tsa manobonobo




#Article 318: Nthato Motlana (275 words)


Dr. Nthato Harrison Motlana (16 Tlhakole 1925 – 1 Sedimonthole 2008) e ne e le rakgwebo yo o itsegeng wa Aforika Borwa, ngaka le molwela kgethotololo. 

O sekesitswe le bo Nelson Mandela ke mmuso wa Apareteiti metlheng ya Defiance Campaign ya 1951–52, gape o tsere karolo e e bonagalang metlheng ya dikgaruru tsa kwa Soweto e le mongwe wa ditho tsa Komiti ya ba lesome ya Soweto e e neng e bitswa, Soweto Committee of Ten.  Motlana e ne e le mosimolodi wa lenaane la Black Community Programme, setlhopha se maikaelelo a sona e ne e le go matlafatsa batho batsho ba Aforika Borwa  mo go tsa kgwebo goba moruo, gape o simolotse Phaphama Africa Commercial Enterprises, Lesedi Clinic (bookelo ba ntlha ba boemogodimo ba mothomotsho ba poraebete), le Sizwe Medical Aid (letlolo la thusa tsa bongaka la ntlha la mothomotsho mo Aforika Borwa).

mo morago ga kgethololo, Motlana o ne a tsaya karolopele mo go simololeng ga New African Investments Limited, or NAIL, e neng ya reka bontsi ba dikwebo tse, mo metlheng e e fetileng, e neng e le dikooporasi tsa batho basweu ka tlhwatlhwa e e kwa tlase ga mebaraka. Tse di akaretsa kuranta e kgolo ya Aforika Borwa The Sowetan.  Ka lebaka la bogolo ba katlego ya gagwe mo kgwebong Motalana o ne a ungwa leina la Ntate wa Matlafatso ya Bantsho Moruong goba Kwebong (Father of Black Economic Empowerment). 

Motlana e ne e le setho mo dibotong tse jaaka Putco, Rand Water Board, Adcock Ingram Group and Sasol, go tse dingwe tsa tirelo setshaba le ditheong tsa thuto. 

O tlhokofetse ka 1 Sedimonthole 2008 kwa bookelong jwa poraebete jwa Johannesborogo.




#Article 319: Leoto (323 words)


Leeto ke lone le fang bokete ba mmele thuso, le bereka ka go tsamaya le bopegile go dira motsamao bonolo. Tshikinyego kgotsa tsamao e ya leoto e simologa mo nokeng go ya ko tlase.

Jaaka e le karolo ya mmele e e dirisiwang go tsamaya, e dikarolo tse di obegang go dira motsamao bonolo, go tshwaragane le lonao. Bontsi jwa diphologolo bo nale maoto a palo e e lekanang

Jaaka karolo ya furniture e dirisiwa gore sedirisiwa se nne le go itshegetsa go babalela mo go kwa godimo kgotsa mo go go thusang ke fela jalo ka maoto.

Mefuta e e fa godimo e farologanngwa ke yone pala ya maoto

Leeto ke karolo ya mmele e telele ka sebopego. Dikarolo tsa lone le farologanngwa ke gore ke ya setshidi sa mofuta ofe. Mo bathong le diphologolo tse dingwe leeto le nna le marapo, mesifa, ditshika tse di tshwaraganyang dikarolo tsa leeto le letlhalo. Mo ditshiding, leeto le nna le tse di fa godimo ntle le gore di nna le letlalo le le thata le e le khurumetsang go sireletsa marapo le letlalo.

Nako nngwe kwa bofelelong jwa leeto go nna le lenao e le karolo ya leeto, mme gape di kgaogane. Fela jaaka metwane le dinoka e le dikarolo mo leetong, tse di dirand gore leeto le felele.

Mo karolong e e nang le maoto a le mane, leeto gantsi lo dirisiwa go tsamaisa. Mo go tsa boitsaanape leeto antsi ba raya fa gare ga lenyole le manyenyana. Karolo e e kwa tlase ga leeto e bidiwa memo kana momo.

Mo diphologolong tsa maoto a mane , mo go ko tlase ke gone mo ba go bitsang maoto, motwane kapa motlhafu, tse pedi dikarolo tse di wa godimo ga leeto .

Ke leeto le le dirileng ke baitsaanape ba dirisa ditshipi go tsamaisa ka remote. Di nna le maatla a a dirisiwang ke boranyane kapa motlakase go dira gore e kgone go tshikinyega.




#Article 320: Marabasetata (1357 words)


Marabasetata (gape e bitswa Asiatic Bazaar) ke lefelo la kgwebo le le gaufi le bogareng ba motsesetoropo wa Pitoria, Aferika Borwa. Mathonong motse wa Maraba, o ne o le go ya borwa ga mo Marabasetata, o ne wa tlhomiwa/thaiwa le go buswa ke kgosi ya Matebele, Kgosi Maraba. Leina le la Marabasetata ke la Seburu le le kayang Motse wa Maraba. 

Marabasetata e ne e le lefelo la baagi ba ditso tse di farologaneng, ka Hindu Mariamman Temple motlhomongwe e le yona letshwao tshupo le le tlhagelelang segolo setonna. Jaaka badudi ba mafelo mangwe a merafe e e farologaneng mo Aferika Borwa, jwalo ka District Six, Fietas and Sophiatown, banni ba Marabasetata ba ne ba hudusetswa kwa makeisheneng a semorafe-mongwe kgakala le bogare ba motsesetoropo. Dikhuduso tse di tlhotswe ke melao ya Kgethololo ya go tshwana le wa Group Areas Act. E seng jaaka Sophiatown, Fietas le District Six, yona ga ya ka ya rutlumololwa, e ile ya sala ka meago ya mathomo e mentsi, ya ya ba sediko sa bogwebi, ka mabenkele a sa ntse a le a maIndia ba e ne e le badudi ba mo pelepele.  Dikago dingwe, le ga go le jwalo, di ne di le tsa lekgotla la motsetoropo le mmuso, se sa tlisa tswelopele e e bonya.  Go tlaleletsa, lebenkele le legologolo le ile la agilwa mabenkele a a leng a maIndia. 

Badudi batho batsho ba Marabasetata ba ile ba hudusetswa Atteridgeville (1945), ba maKhalathi (Coloured people) kwa Eersterus (1963), ba maIndia kwa Laudium (1968). Go na le maano a go tsosolosa once-picturesque Marabastad, le go busetsa morago tshenyego le go se tlhokomele metsesetoropo, e fela bonyanyane bo setse bo simolotswe go tloga ka 2005.

Marabasetata e theletswe ka letona la motsana o o kwa bodikela ba Steenhoven Spruit. Mo mengwageng ya di-1880s o ne a dula kwa Schoolplaas a dira jaaka toloki. Mo nakong eo maAferika a mangwe a ne a dula mo difamong/dipolaseng mo ba neng ba thapilwe e bile ba ikgethetse go dula mo nageng mo go sa agiwang teng. Schoolplaats e ne e ka se kgone go tshwara bahudugi ba botlhe, se se ile sa tlhola go ba ga baipei.   

Batho ba ile ba  tloga kwa Schoolplaats ba tshologela  leboa-bodikela, mme motsana waMaraba wa tlholega. Ka kgwedi ya Phatwe mo ngwagerng wa 1888 naga e e ile ya lekolwa ke mmuso. Lekeishene la Marabasetata le ne la tlhongwa, lona le magareng ga noka ya Apies ka mo leboa, molatswana wa Skinner ka bodikela, molatswana wa Steenhoven ka botlhaba le mmila wa De Korte ka borwa. Go ne go na le distene tse 67 tsa bolekano ba 1400 and 2500 square metera sengwe le sengwe. Badudi ba ne ba sa dumelelwa go ka ba beng ba distene, ba ne ba tshwanetse go di hira mo mmusong ka diponto tse 4 (nne) ka ngwaga. Ba ne ba dumeletswe go ikagela matlo a bona le go byala dijalo mo dipolotong tse di se nang sepe. Metsi ba ne ba akga mo dinokeng tse fapaneng tse di neng di ba dikaneditse le mo di dibeng tse di neng di le mo tulong eo. 

Lekeishene le le ne le se la poraebete, le ne le ka fa tlase ga taolo ya Transvaal Boer Republic. Ge go runya ntwa ya bobedi ya maBuru ka ngwaga wa 1899 go ne go se na melawana le metheo ka ga Marabasetata. MaAforika a a tshologetseng kwa Pitoria ka nako ya ntwa ba ne ba dula mo dikampong tsa baipei gaufi le dibaraks tsa ntwa, mo boforomelong ba ditena le mo boema setimela.  Se se feleleditse se tlhotse  ‘Marabasetata  e mphya’ mo magareng a Marabasetata le Asiatic Bazaar ka ngwaga wa 1900 ke balaodi ba masole a maBritish. ba ne ba dutse mo motsesetoropo wo go tloga ka Seetebosigo 1900  mme ba dudusa bafaladi mo lefelong/tulong le/eo.  Ka  1901 distene tse 392 kwa New Marabastad di ne di setse di na le badudi  ebile go ne go se na kgethololo e e bonagalang magareng ga maAferika, maAsia and maCalathi.

Le ge New Marabasetata e ne e tserwe jaaka bodulo jwa nakwana ba tsa masole ba ne ba fa badiredi ba bona tetla ya go ka ikagela matlo a ditena. Se se ile sa tlhola go agiwa ga meago ya le ruri jaaka dikolo le dikereke.  Kansele e ntshwa ya Teropo e ile ya thlongwa ka 1902 ebile go ne go amogetswe gore badudi ba New Marabaestata ba tla hudusetswa go mangwe a makeishene a mo lenaaneng. Ka 1903 New Marabasetata  e ne e godile e na le distene tse 412 ge Old Marabastad yona e sa na le tse 67. Yona le lekeishene la Cape Location, le le neng le le ntlheng ya borwa ba Asiatic Bazaar, e ne e wela ka fa tlase ga molao-puso ya Kansele ya Motsesetoropo ya ngwaga o o. Bothata bjo bogolo e ne e le kabelano ya metsi mme se se ile sa tsewa tsia ka mo morage ga ntwa. Ka ntlha ya go tshaba malwetsi didiba tse tsotlhe di ile tsa thibiwa/tswalelwa ka nako ya ntswa, mme thepe e le nngwe ya emela tlhagiso yotlhe ya metsi. New Marabasetata yona e ne e se na didiba goba dithepe. Go ne go na le maiteko a go lokisa se ka 1903 ka go abelana ka dithepe tse dintshi,  e fela palo e e ne e sa lekana. 

Ka 1906 New le Old Marabasetata di ile tsa ba lekeishene le lenngwe. Dirate di ile tsa beiwa metheo ya matlwana le  meago di ile tsa tsengwa mo taolong. Metheo e ga ya fitlhelela ditshweetso ka ntlha ya tsamaiso e sa siamang ya masepala le gore ma Aferika a ne a sa tshwanela go ka ba beng ba naga/lefatshe ba be ba kgona go ka aga matlu a le ruri a a agegileng sentle.   Mibila e ntse e sa paviwa/ ritelwa, kabelano ya metsi e ne e sa lekana, le gona go ne go sena tsa kelelo-ditshila tse di ka kaiwang. Mekutwana e mentsi-ntsi e ne ya tlhagelela. Ka1907 maemo a ile a tlhabologa gannyane,  e fela mebila e ne ya tlogelwa mo seemong se sa kgatlhiseng mme le ka 1910 maemo a ne a sa le ka mokgwa o le a sa tswewa tsia.  Departmente ya Native Affairs e ile ya baa Kansele ya Teropo ya Pretoria molato wa tsamaiso e e sa tlhamalalng, e dirileng gore boemo bo/bjo.

Go hudusiwa ga badudi ba Old Marabasetata go ntse go le mo lenaane la Kansele ya Teropo go tloga ka 1903 ka 1907, ge Kansele e tsaya tshoetso  ya go aga famo e ntshwa yo go tsholola-tshila, se se ile sa diragala. Go tserwe tshoetso ya go tlosa badudi botlhe ba tulo e go ba isa lekeisheneng le le ntshwa kgakala le bogare ba mostesetoropo le go thuba/rutlomolola lekeishene la kgale. Jaanong ga latela bothata ba go bona lefelo le le siameng. Lefelo le le kwa borwa mo motheogeng wa Daspoortrand ke lona le neng go tsewa tshoetso ka lona ka 1912 mme ka Ferekgong/Janubary lenaane-kago ya lekeishene le le ntshwa ‘New Location’ le ile la simolola. le ne la akaretsa palo ya matlu a ditena a a neng a ka hirisiwa go tswa go masepala. Ka Lwetsi/Setemere mo ngwageng o na oo dikhuduso tsa mathomo di ne tsa simolola le go rutlomolola meago ya kgale le gona go ne ga simololwa.  Se e ne e le tsele e e bonya mme Old Marabasetata e ne ya thubiwa/senngwa gotlhelele ka 1920.

Go tlhokega ga phatlha-tulo ebile bothata se sa dira gore New Marabasetat (Marabasetata e ntshwa) e ne ya iphitlhela e le mo kgatakanong e e seng ka na ka sepe. Ka1923 dintlo tsa mafelelo tsa projeke ya bobedi ya mmasepala e ne e feditswe kwa lekeisaneng le le ntshwa 'New Location' le la Marabasetata. badudi ba ba neng ba exposed mo maemong a a masisi ba ile ba dumelelwa go hudugela pele ka mo go tsona. Ka 1934 ntlha nngwe ya Schoolplaats baagi ba ne ba hudusetswa Marabasetata, se se ne sa dira gore bothata ba baipei bo ate go fetisa. Go ne go se na le sebaka sa kgolo ka ntlha ya go tlhokega phatlha-tulo.




#Article 321: Mahikeng (319 words)


Mahikeng, e ne e bitswa Mafikeng ka tlwaelo, ke toropo le moshate wa profense ya Bokone Bophirima, Aforika Borwa. Lefatshe ka bophara, Mahikeng e tumile ka Siege of Mafeking, tlhaselo kgolo ya Ntwa ya bobedi ya Maburu (Second Boer War). 

Mahikeng, e gaufile bodara ya Botswana le Aforika Borwa. Ka ngwaga wa 2001, Mahikeng e ne e na le batho ba ba ka nnang 49 300, mme ka ngwaga wa 2007 palo e e ne e tlhatlhogile go ya go 250 000. Batho ba ba ka nnang 65 000 go ya go 75 000 ba nna mo bogareng ba toropo e.

Mahikeng ke kantoro-kgolo ya batho ba Barolong Boo Ratshidi. Toropo e e tlhamilwe ke Molema Tawana (c.1822 - Ferikgong 1882). Molema o ne a tsalwa kwa Khunwana ka nako ya Difaqane,e le ngwana wa Kgosi Tawana wa baTshidi Barolong. Abuti wa ga Molema, e leng Montshiwa, o ne a feleletsa e le ena kgosi. Ka nako e baTshidi Barolong ba ne ba nna kwa Thaba Nchu, Molema o ne a fetoga a nna Mokeresete, a fetolwa ke batsamaisa efangedi ba Wesleyan ba ne na nna fago le bona. Morwa le mojalefa wa a Molema, Silas Molema, o ne a rutwa kwa Healdtown College. Silas o ne a thusa setlogolo sa gagwe Sebopioa Molema go ya Amerika go ya go ithuta tsa molao, ka ngwaga tsa 1904, kwa Wilberforce University, e eleng kwa  Wilberforce, Ohio.

Babrithani ba ne ba peleta leina la toropo e jaaka Mafeking. Morago ga gore toropo e wele ka fa tlase ga Bophuthatswana leina le ne la fetolwa go nna Mafikeng ka ngwaga wa 1980. Ka Tlhakole 2010, Lulu Xingwana, o ne a le tonakgolo ya tsa Arts le tsa Setso, o ne a amogela gore leina la toropo e le fetolwe gape go ya go Mahikeng. Mme batho bone ba santse ba e bitsa Mafikeng ka gonne e le lona leina le le tlwaelegileng.




#Article 322: Diprofense tsa Aforika Borwa (409 words)


Aforika Borwa e arogantswe ka diprofense di le robongwe. Letsatsi pele ga ditlhopho tsa naga tsa 1994, magae a Aferika Borwa ane a bitswa Bantustans, a ne a kopantshwa le di profense tse nne tse ne di le teng, mme Aferika Borwa ya arogantshwa ka diprofense dile robongwe. Phetolo ya bo somepedi, sometharo, le ya bo somethataro ya Constitution ya Aferika Borwa e na ya fetola dibotara tsa diprofense di le supa.

Union ya Aforika Borwa e na ya tlhangwa ka ngwaga wa 1910 ka go kopantsha dikoloni tse nne tsa Brithani: Cape Colony, Natal Colony, Transvaal Colony, le Orange River Colony. Transvaal Colony le Orange River Colony e ne ele diriphabuliki tse di ikemetseng pele ga Boer War ya Bobedi, di bitswa South African Republic le Orange Free State. Dikoloni tse nne tse, e ne ya nna tsona di profense tsa mathomo tsa Union: Cape Province, Transvaal Province, Natal Province, Orange Free State Province.

Tlhophollo le tlhaolo ya batho ba ba ntsho e simolotse ka ngwaga wa 1913, batho bantsho ba ne ba dumeletswe go nna le lefatshe fela mo mafelong a a tlhophilweng, lefatsa lotlhe la batho bantsho e ne e le fela 13% ya naga yotlhe. Go tloga ka di 1950s, lefatshe le la batho bantsho le ne la fetolwa go nna magae, kapa Bantustans. Di le nne tsa di Bantustan tse, di ne tsa dirwa go nna dinaga tse di ikemetseng tsa batho bantsho ka nako ya tlhaolo ya mmala. Ka ngwaga wa 1976, bantustan ya Transkei e ne ya amogela go ikemela go tswa go Aferika Borwa, le ga dinaga tse dingwe tsa lefatshe di ne di sa dumalane le se. Bophuthatswana, Venda, le Ciskei, le tsone di ne tsa tlhopha go ikemela, ka 1977, 1979, le 1981 ka tatellano

Ka letsatsi la 27 Moranang 1994, letsatsi la ditlhopho tsa mathomo tse di senang tlhophollo ka mmala, le kamogelo ya Constitution ya nakwana, tsotlhe diprofense le magae di ne tsa tloswa, mme diprofense tse robongwe, tse re di itseng kajeno, tsa tlhangwa.

Matla a golomente ya profense a fokoditswe go lebana le dilo tse di leng ka mo . Tse dingwe tsa dilo tse ke :  temothuo, thuto, boitekanelo le tsa matlo a sechaba #x2013;#x20;matla a profense a arogantswe le a golomente ya bosetshaba, e e nang le tumello ya go dira melao le melawana e golomente ya profense e ka e latelang; mme mo tse dingwe golomente ya profense e na matla otlhe.




#Article 323: Districts tsa Aforika Borwa (181 words)


Diprofense tsa Aforika Borwa tse robongwe di arogantswe ka dikarolwana (districts) di le 52, tse eleng dimasepala tsa setoropo, kgotsa e le dimasepala tsa karolwana. Ke legato la bobedi la tlhokomelo, ka fa tlase ga profense, mme e le legato godimo ga dimasepala tsa selegae.

Go na le mekgwa e mebedi ya dimasepala ya dikarolwana. Bontsi ba naga bo dira ke dimasepala tsa dikarolwana di le 44, tse di arogantsweng ka di masepala tsa selegae, mme di aroganya matla le maikarabelo. Tse di robedi tse di kgolo, di tlhokometse ke dimasepala tsa setoropo. Tse di dirang jaaka dimasepala tsa selegae le tsa karolwana.

Mmepe o o latelang o bontsha diprofense le di karolwana tsa Afrika Borwa. Dimasepala tsa dikarolwana di kwadilwe ka di palo tse di tsamaelanang le nomoro ya karolwana, mme dimasepala tsa setoropo di kwadilwe ka ditlhaka tse di tsamaisanang le maina a tsona. 

Mokgatlho wa kganetso, Democratic Alliance, o re dikarolwana tse ga di tlhokege, mme di oketsa di leyara tsa golomente go sa tlhokege (magareng ga diprofense le dimasepala) , mme DA e re dikarolwana tse di tloswe.




#Article 324: Shanghai (242 words)


Shanghai ke toropo kgolo kwa China. E na le baagi ba le 24,280,000.

Shanghai ke o mong sa bomasepala ba laoloang ka kotloloho ba People's Republic of China. E tlas'a taolo e tobileng ea Lekhotla la Naga la China. Toropo e lutse lebopong le ka borwa la Yangtze, 'me Noka sa Huangpu e feta go eona. Ka baagi ba limilione tse 24.28 go fihlela ka 2019, ke toropo e nang le baagi ba bangata go fetisisa Chaena ebile ke toropo sa bobeli e nang le baagi ba bangata go fetisisa lefatšeng. Shanghai ke setsi sa lefats'e sa lichelete, lipatlisiso, theknoloji, tlhahiso, le lipalangoang, le Port of Shanghai ke boema-kepe go maphathaphathe ka go fetisisa lefatšeng.

Shanghai e hlalositsoe e le pontšo sa moruo o golang sa China. E na le mekhoa e 'maloa sa meralo e kang Art Deco le shikumen, toropo e tsebagala ka bogaglauli ba yona ba Lujiazui, limusiamo le meago sa nalane-go kenyeletsoa City God Temple, Yu Garden, China Pavilion le meago e gaufi le Bund. Shanghai e boetse e tsejoa ka lijo tsa yona tse tsoekere, puo e ikhethileng le boqhetseke ba machabeng. Selemo se seng le se seng, toropo e ba le mekete e mengata sa naga le sa machabeng, go kenyeletsoa le Shanghai Fashion Week, Chinese Grand Prix le ChinaJoy. Ka 2018, Shanghai e bile le kopano sa pele sa China International Expo (CIIE), e leng pontšo sa pele sa go tlisa thepa lefatšeng ka bophara.




#Article 325: MaKhalathi (202 words)


MaKhalathi ke batho ba Aforika Borwa. 

Ka Seisimane ba bitswa Coloureds goba People of Colour. Ka Seburu (Afrikaans) ba bitswa Kleurlinge goba Bruinmense.

MaKhalathi ba sala gagolo mo porofense ya Kapa Bophirima le Kapa Bokone.

A Aforika Borwa, lentsoe Coloureds ke sesupo merabe bakeng sa batho se hlahang ho yona merabe e tsoakiloeng ba neng ba rua leloko tsoang Europe, Asia le tse fapa-fapaneng Khoisan le Bantu merabe ya Aforika Borwa. Hase batho bohle ba Coloured bolella tšoanang morabe, 'me malapa a fapaneng le batho ba na le tse fapa-fapaneng ditshebetso tse fapaneng' meleng.

Ho ne ho likamanong tsa pharaletseng le mekgatlo ya basebetsi har'a lichaba tsena tse sa tšoaneng ka Western Cape. Ao ho 'ona lia ikhetha Cape Coloured 'me hokahaneng Cape Semalay setso sa pele. Likarolong tse ling tsa Aforika Borwa, batho ba classified e le Coloured ne hangata litloholo tsa batho ba tsoang ethnicities tse peli tse arohaneng. lithuto tsa liphatsa tsa lefutso li bontša sehlopha na le maemo a mang a phahameng ka ho fetisisa oa lesika la tsoakiloeng lefatšeng. Mitochondrial DNA lithuto tsa li bontšitse hore lerato ea 'me (tšehali) mecha ea ho baahi ba Coloured ba theohela boholo tsoang Khoisan basadi, taba ea gender- leeme admixture.




#Article 326: Thuto mo Aforika Borwa (3732 words)


Thuto mo Aforika Borwa e laolwa ke mafapha a mabedi a setshaba, e leng lefapha la thuto motheo (the department of Basic Education (DBE)),  le  le lebaganeng le dikolo tsa thuto motheo le tsa sekondari, le lefapha la thutokgolo le thupiso (the department of Higher Education and Training (DHET), le le lebaganeng le dithuto tsa kwa godimo le tsa vocation.  Pele ga 2009, mafapha a mabedi a, a ne a emetswe ke lefapha le le lengwe la e leng Department of Education.

Lefapha la thuto la DBE le tshwaragane le dikolo tsa setshabe, tsa poraebete (tseo di bitswang ke lefapha la thuto gore ke tse di ikemetseng),  disenthara tsa setcheng tsa tsweletsopele ya bana, (early childhood development (ECD) centres), le dikolo tsa bana ba ba nang le ditlhokego tse kgethegileng, (special needs schools).  dikolo tsa setshaba le tsa poraebete di bitswa dikolo tse di tlwaelegileng, ke 97% ya dikolo tsa Aforika Borwa.

Lefapha la DHET le tshwaragane le dikholetshe tsa tsweletso thuto le tlhapetso, (further education and training (FET) colleges), disenthara tsa thuto ya bagolo tsa motheo letlhapetso, (adult basic education and training (ABET) centres), le ditheo tsa thutokgolo,(higher education (HE) institutions.)

Diprobense tse robongwe mo Aforika Borwa le tsona di na le mafapha a tsona a thuto a a tshwaraganeng le go tsenya tirong melawana-theo ya lefapha la setshaba, etswe gape  ba tshwaragane le ditlhoko dingwe tsa sedika.

Ka ngwaga wa 2010, thuto motheo system e ne e na le barutwana ba le 12 644 208, dikolo tse 30 586, le barutisi/barutabana ba le 439 394.  Ka ngwaga wa 2009, system ya thutokgolo yone e ne e na le baithuti ba le 837 779 kwa ditheong tsa thutukgolo, baithuti ba le 420 475 kwa ditheong tsa thuto tsa di FET tse di laolwang ke mmuso le disenthara tse 297 900 tsa ABET tse di mo taolong ya mmuso.

Ka ngwaga wa 2013, mmuso wa Aforika Borwa o tla dirisa 21% ya madi a setchaba mo go tsa thuto.  Diperesente di le lesome tsa  bontlhangwe jwa madi a setshaba a a abetsweng tsa thuto ke tsa thutokgolo (HE). 

Go ya ka sensara ya setshaba (national census) ya 2011, magareng ga  batho ba Aforika Borwa,  baagi ba le 35.2% ba batho-batsho/MaAforika, 32.6%  ya bammala (coloureds), 61.6% ya baIndia/Asians le 76% ya basweu ba konoseditse/feditse thotu ya sekolo se se kwa godimo goba go fetisa. 41.7% ya bontsi ba batho e feditse thuto ya sekolo sa kwa godimo goba go fetisa, fa 8.6% ya batho ba mengwaga e e 20 le go feta ba sa fetsa sekolo sepe.

Lefapha la thuto-motheo le etetswe pele ke the director-general Bobby Soobrayan, melawana-theo ya lona e dirwa ke minisitera Angie Motshekga le moema-nokeng wa gagwe (deputy minister) Enver Surty.  Lefapha la thuto-kgolo le thupiso le etetswe pele ke  the director-general Mary Metcalfe,  melawana-theo ya lona e dirwa ke  minisitera Blade Nzimande le moema-nokeng wa gagwe Comfort Manana.

Mafapha a mabedi a duelelwa go tswa lekgethong la mmuso-gare (central government taxes).  Lefapha la thuto-motheo le duelo seabe sa tuelo ya baratabana ba dikolo tsa mmuso, fa dikolo tse diikemetseng di duelwa seporaebete.  Dikolo tsa mmuso, kwa tlase ga mabaka a a rileng di ka ikokoanyetsa maduo ka dituelo tse di ntshiwang ke batswadi. 

Ka semolao DBE e kgobokanya/tlhopolola  diema ka maphata a mabedi bands a bistwang (General Education and Training (GET)),  e e akaretsang seema sa 0 go tlhakanya le diema tsa 1 go fitlha go sa 9, le Further Education and Training (FET), e e akaretsang diema tsa 10-12 gape le (non-higher education vocational training facilities).

Motheo-taolo wa dikolo tse dintshi tse ditlwaelegileng mo Aforika Borwa ga e bontshe pharologanyo ya bands le phases, le fa go le jalo.  Ka mabaka a histori, dikolo di le dintsi ke tsa phoraemari  (seama sa R go tlhakanya le seama sa 1 go fitlha go sa 7) go ba sekontari, gape di itsiwe e le dikolo tse kgolo (seema sa 8 go fitlha go sa 12).

Dikolo dingwe tsa go rutela-gae le tsa phoraebete di letlelela go ka itlhophela go konosetsa dithuto tsa gago ka go oketsa ngwaga morago ga seema sa bo 12, ka nako tse dingwe se itsege e le seema sa bo 13 kgotsa post-matric. Mo Aforika Borwa, lenaneo la mmuso la dikolo ga le na seema sa bo  13, empa se bopa karolo ya dikhariculamo tse e seng tsa Aforika Borswa (non-South African curriculums) tse ka nako e nngwe di latelwang ke dikolo tsa phoraebete tsa mo Aforika Borwa. .

Go ya ka rephoto ya distatistiks tsa DBE tsa 2010 (di gatisitswe ka 2012), ka selekano go ne go na le barutwana ba le 30 go morutabana, 480 ya barutwana go ya ka sekolo, le barutabana ba le 16 go ya ka sekolo. Tekanyetso ya morutwana go morutabana re ka re e a tshwana mo diphorobentsheng tse tsotlhe, empa tekanyetso ya barutwana go ya ka sekolo e farologana go ya ka probense. Sekao, mo Gauteng go na le barutwana ba le 800 go ya ka sekolo le barutabana ba le 28 go ya ka sekolo, fa kwa Kapa Botlhaba go na le barutwana ba le 350 go ya ka sekolo le barutabana ba le 12 go ya ka sekolo.

Dikolo tsa Aforika Borwa di amogela tshwaiso (grant) gotswa mo mmusong go duelela ditlhwatlhwa tsa tsamaiso ya bona, jaaka go tlhokomela digraonto (the grounds), ditlhwtlhwa tsa taolo (administrative costs), dituelo (salaries), dibuka le  ditlamelo tsa thuto (educational materials), le  extramural activities. Dikolo di le dintshi di tlaleletsa tshwaiso ya mmuso ka meedi mengwe ya letseno, jaaka dituelo tsa sekolo tse di lefiwang ke batswadi, ditiro tsa go kokoanya madi, le go amogela di donations.

Go ya ka kakaretso, dituelo tse di kwa godimo tsa thuto di kgoreletsa bana ba ba humanegileng go tsena dikolo tse di nang le  matlotlo goba tse di ikgonang  (affluent schools).  Go go na seelo sa boleng ba dituelo tse sekolo se ka se elang. Batswadi ba ka kwalela sekolo go fokoletswa dituelo tsa sekolo gotlhelele go ba ka boripana, le fa dikolo tse dintshi tse di ikgonang/itshwaretseng  di fa palo potlana ya barutwana thuso ya tuelelo (sekao, fa batswadi e le di (alumni)), empa ga se tlhokego ya semolao. 

Bana mo dikolong tsa Aforika Borwa ka setlwaedi ba tshwanetse go apara unifomo ya sekolo, ya tlhwatlhwa ya kwa godimo le ge ba sa fiwe kwa ntle ga tuelo, le fa go le jalo go a kgonega gore di reka di kile tsa dirisiwa (second-hand).  Dikolo dingwe di dira extra mural activities) jaaka mehuta e e farologaneng ya metshameko le tsa setso, tse le tsona di tlhokang madi go di mentheina (maintain). Gape, dikolo di le dintshi di mentheina mafelo a tsona a botshamekelo. 

Bogolo ba tshwaiso e mmuso o e duelang e ikaeletse segolo mo go lepalepanngwa le khumanego ya  lefelo-mabapi leo sekolo se leng mo go lone, gape le seelo sa go tlhoka tiro le seemo sa kakaretso sa thuto sa batho ba lefelo-mabapi leo. Ka jalo, dikolo tse di leng mo mafelo a go itsholetsweng di oketsa madi a le mantsi go tswa go metlhodi  e mengwe go ka mentheina maemo a thuto  a a tshwanang, empa dikolo gotswa go mafelo a go itshletsweng go le gontsi di na le letseno le lengwe le le dirang gore seemo sa thuto se nne se le kwa godimo thata go na le la dikolo tse di sa ithsolelang. 

Bogolo ba tshwaiso ya mmuso go ngwana le ikaegile mo go quintille ya sekolo. Ka ngwaga wa 2009, dikolo tse di mo quintille 1 (baitshodi/bahumanegi tota) le quintille 2 di amogetse R807 le R740 go ya ka ngwana ka ngwaga, respectively, fa sekolo sa quintille

Ga go tlhokagale gore dikolo di phatlhalatse  dituelo tsa sekolo mo pontsheng ebile dikolo di le dintsi di bofitlha malebana le se, fela a ke dikao tsa dituelelo tsa sekolo se e seng sa poraebete mo Aforika Borwa:

Dikolo di ka se gane go amogela ngwana yo o dulang gaufi le sekolo. Dikolo di ka se gane ngwana go tsena goba tsa gana go mo naa karata ya rephoto le fa batswadi ba tlogeletse go duela dituelelo tsa sekolo, fela dikolo di letleletswe go ka sua batswadi ka ntlha ya go se duelele dituelo tsa sekolo. 

Go tloga ka ngwaga wa 1996, bana ba batswadi ba humanegileng thata ba exemptilwe semolao go bontlhanngwe go ba gotlhelele go se duelele dituelelo tsa sekolo.   Fa letseno le feta dituelelo tsa sekolo lesome palo mme le le kwa tlase ga dituelelo tsa sekolo lesome tharo palo, ngwana mo molaong o tshwanetswe ke seelo se se rileng sa phokoletso ya dituelelo tsa sekolo. Mo tirisong, di regulashene tse di thusa fela malapa a humanegileng thata, e seng malapa a batho ba ba dirang le ba letseno le le mo magareng.  

Dikhutsana le bana ba batswadi ba ba amogelang ditshwaiso tse diamanang le bohumanegi le bone ba exemptilwe mo go duelela dituelelo tsa dikolo.

Go tloga ka ngwaga wa 2006 lefapha la thuto le aba ditholtloetso (incentives) tse di latelang mo dikolong tse 40% di humanegileng thata: fa sekolo se sa duedisi dituelelo tsa sekolo, lefapha la thuto le oketsa ditshwaiso go thiba tlhokego ya letseno go tswa dituelelong tsa sekolo.  Kwa tshimologong go ne go ikaeletswe go oketsa dithotloetso tse go  60% ya dikolo tse di humanegileng thata ka 2009.  Thotloetso ye e diriswa fela mo baneng ba ba leng mo GED band, bana ba ba ikaeletseng go fetsa seema sa 10-12 ba tshwanetse go duela dituelelo ka botlalo. 

Ka ngwaga wa 2008, barutwana bangwe ba dimilione di le 5 mo dikolong tse di 14 264  benefitile mo dikolong tse di mo lenaneong la  No Fee school, gape bontsi ba barutwana ba ba kwa diprobentsheng tsa Kapa Botlhaba, Kwa-Zulu Natala le Limpopo. Ga se dikolo tsotlhe tseo di khwalifayang thotloetso e di e dirisang. 

Dikolo tsa phoraebete, gape di itsiwe jaaka dikolo tse di ikemetseng, ke dikolo tse di sa ruang ke mmuso. Go le go ntsi di ruilwe ebile di mo tsamaisong ya trusete, kereke kgotsa baagi, or ke khampane e sa boelweng. Ga se dikolo tse tsotlhe tsa phoraebete mo Aforika Borwa tse di duedisang dituelelo tsa sekolo tse di kwa godimg. Gape, dingwee tsa dikolo tsa phoraebete di amogela tshwaiso go tswa go mmuso, di ikaegile mo baaging bao di badirelang le dituelo tseo di lefisiwang.

Ka ngwaga wa 1994, mmuso o ile wa simolola ka bopolola diunibesithi le dithekhinikhono (universities and technikons) ka meselesele ya di momagano le diinkhoopharaeshene. E e fiditse ka Ferikgong ka ngwaga wa 2005. E tlhotse diinstitushene tse ntshwa tse di 22 go tswa go tse 36 tsa peleng.  Tse di lesome tsa diunibesithi di filwe maina a masa. 

Dikolo tsa pele tsa maYuropa mo Aforika Borwa di ne di tlhomilwe kwa Kholoning ya Kapa (Cape Colony) setlheng sa bofelo sa sentshwari ya bo lesomesupa ke bagolo ba kereke ya Dutshe (Dutch Reformed Church) ba ba neng ba itshetlegile mo dithutisong tsa se bibele, e e neng e tlhokega  go re kereke  e tlhomamiswe.  Kwa metseng-selegae, barutisi bajaki (itinerant teachers (meesters)) ba rutile dikwalo tsa mother le bokgoni ba dipalo  (basic literacy and math skills). Dikolo dimishinari tsa maBritishi  di ne tsa tlalatlala morago ga ngwaga wa 1799, fa maloko a ntlha a London Missionary Society a goroga kwa Kholoning ya Kapa. 

Puo ka potlako ya nna kgang e e masisi mo go tsa thuto. Dikolo di ka nna didasene tse pedi tsa loleme lwa seeng la Seisemane ( English-language schools) di ne di le tsamaisong kwa metse-selegae ya Kholoni ya Kapa ka ngwaga wa 1827, fela go nna teng ga tsona go ile ga gwetlha maAforikanere a a tsepameng a a neng a akanya gore  loleme lwa Seisemane le kharikhulamo ga di a tsamaelane le bophelo ba kwa metseng le mareo a seAforikanere. Sentuari ya lesomerobongwe gotlhelele, maAforikanere a kganetse melawanatheo ya mmuso e e neng e tsere tshoetso ya go kgabalatsa loleme le mareo a seBritishi, gape bontsi bo ile ba rutela bana ba ba rutegileng ka mo magaeng, kgotsa kwa di kerekeng. 

Morago ga gore babusisi ba kholoni baMaisemane ba simolotse go tlhotlheletsa malapa go re a huduge go tloga Britthene go tla Kholoning ya Kapa ka ngwaga wa 1820, Ofisi ya Kholoni ya sekaseka lemorago la dikhwalifikheishene tsa bao ba kwadileng-lokwalokopo la go ka huduga. Ba tlhophile malapa a bao ba rutegileng, segolo setonna, go tlhoma bogone ba Maesemane mo Kapa Koloni. Morago ga go fitlha, batswadi ba ba ne ba bea thuto kwa setlhoeng. Mo nakong e yotlhe-yotlhe e, dikolo di le dintsi tsa sedumedi kwa botlhaba ba Kapa di amogetse ba ba  Xhosa ba ba ikwadiseditseng tumelelo; morago ga bogare jwa sentshwari ya bolesomerobongwe, kwa Natala bontsi ba batho ba ba buang seNguni ba rometse bana ba bone kwa dikolong tsa dimishinari. Mmuso le o ne o ile wa duelela dithupiso tsa barutisi ba BaAforika jaaka seabe sa bone sa khampaini ya go sisitletsa sentshwaring yotlheyotlhe ya bolesomerobongwe.

Fa ngwaga wa 1877 o roga bangwe ba bana ba diperesente di le 60 ba batho-basweu ba mengwaga ya sekolo  ba ne ba kwadisitswe mo dikolong tsa kwa Natala, fela jalo fa diperesente tse di 49 kwa Kapa Koloni. Morago ga ntswa ya Maburu (e fedile ka 1902) kwa direphabliking tsa maAforikanere a pele, le fa go le jalo, dikwadiso di ne eme kwa tlase e le tota, ka diperesente di le 12 percent fela kwa  Orange Free State le diperesente tse 8 kwa Transvaal—segolothata e le dipoelo tsa boganana ba maAforikanere ga thuto ya Maisemane. Dikwadiso mo di rephapholiking tse di oketsegile fa morago ga fa mmuso wa Yunono (Union) o se na go dumelela tiriso ya seAforikantshe mo dikolong le go letlelela batswadi taolo e kgolo godimo ga thuto e potlana le ya sekhontari.

Fa sentshwari ya bolesomerobongwe e wela, mefuta e meraro ya dikolo e ne e amogela thuso ya mmuso - dikolo tsa di-ward, kgotsa dikolo tse di nnyane tsa kwa metseselegaeng tse ka tlwaelo di neng dithapa morutisi a le mongwe; dikolo tsa sediko, se abelanang ka thuto-potlana mo metse setoropong e e mmalwa mo kgaolong; le dikolo tsa sekhontari  di se kae mo metseng setoropo e megolwane. Fela mo metlheng ya decade ya bofelo ya sentshwari ela, diphorobentshe tse tsotlhe tse nne di bonagetse di fedisa gotlhelele ikwadiso ya BaAforika mo dikolong tsa mmuso. Bana ba maAforika ba ne ba tsena dikolo tsa dimishine, segolo thata, mme ba ne ba rutwa ke baruti kgots ke barutisi ba sa rupelelwang, ka nako dingwe ba thuswa ke mmuso. 

Thuto-kgolo ka kakaretso e ne e beetswe bao ba ka kgonang go ya Yuropa, fela ka ngwaga wa 1829 mmuso o tlhomile kholetshe ya meraferafe ya Aforika Borwa (South African College), e morago e e neng ya ba Unibesithi ya Teropo ya Kapa (University of Cape Town). Diseminari tsa bodumedi di amogetse baikwadisi ba ba mmalwa ba maAforika e sa le gale ka ngwaga wa 1841. Ka ngwaga wa 1852 mmuso o o ikemetseng wa Transefala fa ka ngwaga wa 1854 mmuso wa Orange Frisetata o ile wa tlhoma  diinstitushene tsa o ne tsa thuto e kwa godimo ka loleme lwa se Datshe.  Mmuso o ile wa tlhoma Grey College— morago o ne wa tlhoma Unibesithi ya Fristata ( University of the Orange Free State)—kwa Bloemfontein ka ngwaga wa 1855 mme ya e baa ka fa tlase ga tlhokomelo ya kereke ya Datshe Refomom (Dutch Reformed Church). Institushene ya Grey e tlhomilwe kwa Port Elizabeth ka ngwaga wa 1856; kholetshe ya Graaff-Reinet e ne ya theiwa ka ngwaga wa 1860. Kholetshe ya Christian College e ne e thelwe kwa Potchefstroom ka ngwaga wa 1869 mme morago ya pataganngwe ka mo go Unibesithi ya Aforika Borwa (University of South Africa) ya reololwa leina go Potchefstroom University for Christian Higher Education.

Mo go lateleng phenyo ya Maprithani ga Ntwa ya Aforika Borwa (South African War), MoKomoshinari o mo golo wa Britahani wa Borwa ba Aforika, Sir Alfred Milner, o tlisitse makgolo a barutisi go tswa Brithani, Khanada, Ostrelia, le New Zealand go logetsa loleme lwa Seisemane le mareo a setso a Brithani, bogolo-jang kwa direphapholiking tse pedi tsa peleng tsa MaAforikanere.  Go kganela tshwaetso ya Brithani, setlhopha sa dikereke tsa maAforikanere propousitse leneneo la thuto, Christian National Education, go direla jaka peu-motheo ya kharikhulamo ya sekolo. Mo tshimololong, mmusi o ile wa gana go duelela dikolo tseo di ikamagantseng le lenaneo le, fela  Jan C. Smuts, moetapele wa Transefala yo morago a ileng ya nna mopraeminisitara, o ne a ikaeletse thata mo poelanong magareng ga babui ba seAforikanere le Seisimane; o ne a kgatlhegela taolo ya mafelwana godimo ga kiarolwana tse di ntsi tsa thuto. Ikemelo ya diphorobentshe mo go tsa thuto e ile ya natlafatswa mo tshimololong ya sentshwari ya bomasomepedi,  mme mebuso ya diphorobetshe tse tsotlhe tse nne e dirisitse dituelelo tsa mmuso segolothata go ruta basweu.

Mmuso wa National Party (NP) o kgonne go ka itshwarelela mo go tshosiweng ke kopantsho ya merafe kwa dikolong go ikagela tshegetso.  Phenyo e khutshwane ya NP mo ditlhophong tsa ngwaga wa 1948 e file seAforikamtshe seemo se sentsha mo dikolong mme le morago ga fao, dialogane tsotlhe tsa dikolo tsa kwa godimo di ne di tlamegile go elela ka kitso ya seAforikantshe le Seisemanae.  Mmuso wa NP o ile gape wa  busetsa thuto ya Christian National Education go re e nne yone filosofi e e tlhomamisang thuto.

Pele ga ngwaga wa 1953, batho batsho ba le bantsi ba tsene dikolo tse di neng di tlhomilwe ke mekgatlho ya sedumedi. Dikolo tse di abelane ka tsa sekolo tse di tshwanang fela le tseo di neng di amogela bana ba basweu mo dikolong tsa setshaba. Go latela molao wa Bantu Education Act (No. 47) wa ngwaga wa 1953 mmuso o ne wa thatafatsa taolo ya one godimo ga dikolo tse kgolo tsa sedumedi ka go nyeletsa gotlhelele thuso yotlhe ya dituelelo, se sa gapeletsa dikereke di le di ntsi go rekisa dikolo tsa tsone go mmuso kgotsa go di tswalela gotlhegotlhe.

Ka ngwaga wa 1959, molao wa Extension of University Education Act o kganetse diunibesithi tse ditlhomilweng go amogela bontsi ba baithuti ba batsho,  prohibited established universities from accepting most black students, le fa mmuso o ne wa tlhola diunibesithi tsa baithuti ba bantsho, bammala, le bamaIntia.

Kwa ngwaga wa 1974, Minisetara wa Thuto le Tswelopele wa Batho (Bantsho) o ntshitse taolo e ka setlwaedi e etsiweng jaaka Afrikaans medium decree mo go yone tiriso ya bobedi Seisemane le seAforikaans di ne di gapeletsega mo dikolong tsa bantsho tsa  disekhontari.

Thuto e ne e le ya kgapeletso go ditlhopha tsa merafe yotlhe, le mororo e farologane ka mengwaga, le molao o ne o dirisiwa ka go farologantshwa. Basweu ba ne ba tshwanetse go tsena sekolo mo magareng ga mengwaga ya bosupa le ya bolesometshelaa. Bana ba bantsho ba tshwanetsee go tseena sekolo go tloga ka ngwaga wa bosupa go fitlhela selakano sa seema sa bosupa kgotsa mengwaga ya bolesometshela.  Molao o o ne o tsentswe tirong o sa tiisiwa gape on e se mo mafelong a otlhe mo dikolo di neng di se teng. Go bana ba maAshia le ba mmala, thuto e ne e le ya kgapeletso magareng ga mengwaga ya bosupa le ya bolesometlhanano.

Tekanyetso ya barutisi-morutwana mo dikolong tsa phoraemari e lekantshwa ka 1:18 mo dikolong tsa basweu, 1:24 mo dikolong tsa maAshia, 1:27 mo dikolong tsa bammala, le 1:39 mo dikolong tsa bantsho. Gapegape, diperesente di le 96 tsa barutisi botlhe mo dikolong tsa basweu di na le makwalo a go ruta, ntekane, diperesente di le 15 fela mo barutising mo dikolong tsa bantsho di tlhomamisitswe. Dipoelo tsa dikolo tsa sekhontari barutwaneng ba batsho, naga-boanamo,  kemo ya ditlhatlhobo ya kaloso dikolong tsa kwa godimo, e ne e le kwa tlase ga bontlhanngwe ba dipoelo-kelo ba basweu.

Lenaane la thuto ya basweu le ile la bopololwa, fa go lebeletswe democracy, ke mmuso wa kgethololo. Go tloga tshimologong ya ngwaga wa 1991, dikolo tsa basweu di ne tsa tshwanelwa ke go tlhopha nngwe ya tse nne tsa di  Models: A, B, C, or D. Model C e ne e le sebopelo sa seka-phoraebete, ebile dituelelo tse di fokoditsweng tsa mmuso, le ikemelo ya dikolo e e okeditsweng bogolo thata. Le fa gontse jalo dikolo tsa basweu tse di ntshi di kgethile status quo, ka ngwaga wa 1993, ka ntlha ya melawana ya mmuso, diperesents di le 96 tsa dikolo tsa basweu tsa setshaba di ele tsa nna dikolo tsa Model C.

Le fa popego ya Model C e ile ya fediswa ke mmuso wa morago ga kgethololo, lefoko le le santse le tlwaetswe go diriswa go tlhalosa dikolo tsa pele tsa mmuso tsa basweu-fela, le ka ngwaga wa 2013.

Kwa tlase ga Aforika Borwa ya Kgethololo, go ne go na le mafapha a thuto a a robedi a a neng a latela dikharikhulumo tse di farolaganeng, ebile di abelana ka dithutiso tsa seemo le boleng  tse farologaneng.  Se se akareditse mafapha go ya ka nagabophara go batho ba mmala, batho ba maIntia le ba batsho, lefapha la dikolo tse di ikemetseng, le mafapha a diphorobentshe a batho basweu mo go nngwe le nngwe ya diphorobentshe tse nne tsa mo malobeng. Dingwe tsa di madulo a batho (Bantustans) tse di neng di buseditswa morago mo go Aforika Borwa ka ngwaga wa 1994 le tsone di ne di na le mafapha a tsone a thuto. 

Go ya ka mabaka a Khonstitushene ya nakwana, (Interim Constitution), puso ya Mandela  e bopolotse mafapha a gapagape le mafapha a thuto a theshari (tertiary), a kgaoganya maikarabelo magareng ga mafapha a thuto a a robong a diphorobentshe a maswa le lefapha la thuto  le le esi/losila setshaba. E ile gape ya simolola go kgopolola lenaane la tsa dithuto la mathomo ka go tlosa diteng tsotlhe tsa semorage tse tswapogileng mme ba tlhagisa  tlhatlhobiso e e tswelediwang (continuous assessment) mo dikolong.

khomishene ya Aforika Borwa Ditshwanelo tsa Botho (South African Human Rights Commission) e tlhotswe gore diperesente di le 40  tsa bana ba ba botsoloditsweng ba rile ba kile ba ba batswa ditlhabelo tsa borukhitlhi kwa dikolong (victims of crime at school). Go feta botlhanong jwa thobalano ka kgapeletso mo baneng ba Aforika Borwa go fitlhetswe e diragetse kwa dikolong.  Lefapha la Thuto le Senthara ya Tolamiso le Thibelelo ya Borukhutlhi (Centre for Justice and Crime Prevention) di simolotse lenaneo le bitswang Hlayiseka, leo maikaelelo a lone e leng go  staunch tlhakalatso ya dikhuduego ya dikolo mo dikolong tsa Aforika Borwa.




#Article 327: Dikgoberego tsa baithuti (323 words)


Dikgoberego tsa baithuti, dikgoberego tsa kholetshe, kgotsa dikgoberego tsa khampase ke dikgoberego  (riots) tse di tlhotlholeditsweng ke baithuti, ka kakaretso go tswa kholetsheng, unibesithing, kgotsa sekolng sengwe. .

Gantsi dikgoberego tsa baithuti ke tsa sepolotiki ka sebopego, jaaka tseo di neng di tlwaelegile kwa US le Western Europe mo metlheng ya Vietnam War, le fa dikgoberego tsa baithuti di ka diragala ka lntlha ya ditshupetso-kagiso ba gateletswe ke balaodi le mo morago ga ditiragalo tsa metshameko (hooliganism). Kwa US, dikgoberego tsa baithuti tsa mengwaga ya seseng di ne di golaganngwa le gonwa bojalwa.

Go ne go na le dikgoberego tsa baithuti tse di masisi kwa China motlheng wa 1989, fa baithuti ba simolola go ditshupetso kgatlhanong le tshiamololo ya borradipolotiki ba bone. Mmuso o ne wa kgopiswa ke ditshupetso mme wa betsa setlhogo le go bolaya bao ba neng ba le kgatlhjanong le bone.

Mo dinageng tse di mmalwa, jaaka Mexico, Chile, Iran, Venezuela le  Bangladesh, baithuti ba bopa segongwana sa se polotiki, ebile dikgoberego tsa baithuti di ka diragatswa in the context ya   dingongorego tsa sepolotiki kgotsa tsa seleago ka bophara.

Dikgoberego tsa baithuti di ka latela seteraike sa kakaretso, setraike sa baithuti, kgotsa distshupetso ka setshaba ka bophara. 

Ka ngwaga wa 2012 le 2013, Pittsburg High School kwa  Pittsburg, California o itemogetse dikgoberego ka lantshe kgotsa fa sekolo se tswa ka letsatsi leo. Dikgoberego di ne di ipoeletsa kgafetsa-kgafetsa, mme ka dinako tse dingwe maposidisi a ne a tlhagelela fela. Le fa go le jalo go ne go se sekai sa dikgoberego morago ga ngwaga wa 2013, fa setshwantsho sa mogokgo wa sekolo a kganelela moithuti wa dingwaga di le 15 di pegwa mo mogaleng ebile ka bobako fela se tlalatlala, go akaretsa le dikakgelo/ditshwaelo tsa semorafe, tseo di tlhotseng go re mogokgo a seege baithuti ba le 12 go tswa go bao ba tshwaetseng ka setshwantsho se. 

Tse di latelang ke dingwe tsa dikao tsa dikgoberego tse ditumileng tsa baithuti: 




#Article 328: Dingongorego tsa baithuti (483 words)


Dingongorego tsa baithuti di dikanyetsa sekgala se se se bophara sa ditiragalo tse di supang go se kgotsofaleng ga baithuti (student)   ka kgang e e rileng ya sepolotiki kgotsa seakhedemiki (political or academic issue) le go kokoana gore ba tlhaeletsane ka go sekgotsofale go mo go balaodi (diunibesithi kgotsa sepuso kgotsa bobeding bjo) le  setshaba (society) ka kakaretso ka tsholofelo ya go rarabolola bothata bjo.  Mefuta ya dikhuduego (Protest) e akaretsa le fa e sa kgotswafatse ke: sit-ins, go dula diofising le meagong ya diunibesithi, ngalo-ditiro (strikes) etc. Mehuta e e feteletseng e akaretsa go ipolaya (suicide) jaaka tsheko ya Jan Palach le Jan Zajíc ba ngongorega kgatlhanong le go fela ga Prague Spring le dingongorego tsa Kostas Georgakis' kgatlhanong le masole a junta maGerika ka ngwaga wa 1967 -1971(Greek military junta of 1967–1974).

Mokgwa o o tlwaelegileng wa dingongorego tsa baithuti ke go tsenela ngalo-ditiro (nakonngwe se bediwa ngalo ya diphaposi/ditlelase (boycott of classes), e e diragalang fa baithuti ba ba kwadisitsweng instithusheneng ya thuto jaaka sekolo, kholetshe, kgotsa unibesithi (school, college or university) ba ganang go ya diphaposing. E diretswe gore e tshwane le ditiro tsa ngalo-ditiro ya badiri ba ba ipopileng (strike action by organized labour). Maikaelelo a ngalo-sitiro tse go le gale ke go bea kgatelelo mo bolaoding ba unibesithi, segolo thata mo dinageng tse thuto e lokologileng, ebile mmuso/puso e sa kgone go kgotlelela segongwana (cohort) sa baithuti go ka latlhegelwa ke ngwaga otlhe.  Se se ka baka gore baithuti ba ikale mo themeng e le nngwe ya akhademiki (academic term) le boseyo jwa phaposi yotlhe mo themeng e e latelang. 

Kwa Bodikela, ngalo-ditiro ga baithuti go tlhaga kwa matsatsing a pele a diunibesithi a di Middle Ages, nngwe ya tsa peleng e e itsegeng thata e le ngalo-ditiro ya Unibesithi ya Paris ya ngwaga wa 1229 (University of Paris strike of 1229), e e tsereng mengwaga e mebedi ebile e unne ditumelano tsa botlhokwa. Mo dinakong tsa sesheng, go diragetse thuromologo tse masisi mo mafelelong a mengwaga ya bo-1960 le mo tshimologong ya mengwaga ya bo-1970: dikhuduego tsa Motsheganong tsa Fora (the French May 1968 uprisings) di simolotse e le ngalo-ditiro tse di tlhomaganeng tsa baithuti. Ngalo-ditiro ya baithuti e kgolokgolo  mo historing ya Amerika e diragetse ka Motsheganong le Seetebosigo ka ngwaga wa 1970, mo ditlamoragong tsa tlhaselo ya Amerika ya Cambodia (invasion of Cambodia) le dipolao tsa bangongoregi ba baithuti kwa unibesithing ya Kent State University mo Ohio. Ka tekannyetso baithuti ba ba dimilione di le nne go tswa go diunibesithi, dikholtshe le dikolo tsa kwa godimo di ka feta 450 ba tsere karalo mo ngalo-ditiro ya baithuti ya ngwaga wa 1970 (Student Strike of 1970).

Moono wa 'ngalo-ditiro (student strike) e kgadilwe ke mekgatlho e mengwe  (unions) le batshwaedi ba ditaba (news media) gore ga e a nepafala. Ditlhopha tse di tlhagisitse gore di dumela theme e ngalo (boycott)  ke yone e e nepafetseng.




#Article 329: Taung (154 words)


Taung ke toropo e nnyane kwa profenseng ya Bokone Bophirima. Lefelo le le theeletswe ka Kgosi Tau wa Barolong. Tau was a warrior who ruled with an iron feist. According to the oral tradition, king Tau was a ruthless military leader, much like 
Shaka of the Zulu kingdom, who conquered and subjugated the neighbouring groups like the Kora, Bakgalagadi and the Bahurutshe. He treated his own people like slaves, killed the Kora, the San and also members of his own 
community. Those Barolong that he alienated, because of lack of food, were forced to eat fish from Vaal River, and they were therefore called the Batlhaping 
(Parson, 1984:47). Tau's attempts to control the Batlhaping brought him into conflict with the Kora who had joined the Batlhaping in an alliance after Tau had 
killed a Kora chief. The Kora chief's brother, Matsaledi,then ambushed Tau and killed him in about 1760 in Taung (War Office, 1905:8).




#Article 330: Stilfontein (166 words)


Stilfontein ke toropo ya moepo, e e nang le batho ba ba ka nnang 17 942, magareng ga Klerksdorp le Potchefstroom kwa profenseng ya Bokone Bophirima, Aforika Borwa.

Lefelo le le tlhamilwe ka ngwaga wa 1949, go nna batho ba ba dirang kwa meepong e megolo e le tharo ya gauta: Hartebeesfontein, Buffelsfontein, le Stilfontein. 

Stilfontein e ne ya otla ke thoromo ya lefatshe e e dirileng ke meepo e e neng e le fago ka 9 Mopitlwe 2005. Thoromo e e sentse meago mo toropong e. Morago ga fogo, meepo wa Hartebeesfontein le wa Buffelsfontein e ne ya tswalwa. Go ne ga bulwa meepo ya Simmer le Jack. Matlhotlhapelo a ne a diragala gape ka 23 Mopitlwe 2006 fa molelo o ne wa aparela moepo mme baepi ba le 8 ba ne ba tlhokafalla ka fa tlase. 

Go ya ka dipalopalo tsa ngwaga wa 2011, toropo e e na le batho ba le 17 942. Merafe:  84.9% Basweu, 14.2% Bantsho, 0.8% Khalati le 0.1% BaAsia.




#Article 331: Tsamaiso ya ofisi (852 words)


Tsamaiso ya ofisi ke setlhophana sa ditiro tsa letsatsi-ka-letsatsi tse di tsalanang/amanang le peakanyo ya matlole [financial planning], kgobokelo ya direcord [record keeping]  billing, badiri [personnel], phatlhalatso ya physical le dilogistics, ka gare ga mokgatlho/bodirelo. Modiri yo o dirang mediro e ka setlwadi o bitswa motsamaisi wa ofisi kgotsa  manejara wa ofisi, o tsea karolo ya botlhokwa mo infrastractsheng ya bodirelo bongwe le bongwe, go sa kgathalelwa bogolo jwa bone. Diphatlhatiro di le dintshi tsa tsamaiso di tlhoka ntlhopang go baana le bokgoni bo bo feteletseng ba software applications Microsoft Word, Excel and Access.

Go na le ditseya-karolo tse di tseneletseng tseo di ka amagantshwang le motsamaisi wa ofisi, tseo ke: madirelo a phatlhalatsa diphatlhatiro tsa motsamaisi wa ofisi yo o mmotlana [junior office administrator] e e lebagantsweng le baithuti bao sejeng ba ithutang kgotsa bao ba tlogetseng sekolo sa sekondari kgotsa kholetshe,  go ba fa tshuno ya maitemogelo kgotsa ya go aga career ka tiro ya botlalo kgotsa intern ship nakong ya maikhutso ya selemo. 

Baamogedi ba tshameka karolo e e botlhokwa mo tsamaisong ya madirelo, ka fa ba tshepilwe ka go rulaganya le go kopana le kgotsa go kgatlhantsha  ditlaente, disaplaya le baeti thwi ba dirisa  emails, go letsa mogala kgotsa thwi ka lokwalo.  Modiri yo tseyang karolo ya go ba moamogedi o tshwanetse go bontsha mokgwa o o siameng wa bodirelong, tlhaeletsanong le bokgoni tirelong ya dikhastamo gore a netefatse  thelelo ya bodirelo.  Maikarabelo a mangwe ao moamogedi e tshepilweng ka one ke go:        

Personal Assistants ka setlwaedi ba amagana le manejara wa ofisi go thusa ka go tlhokomela thelelo ya tiro tsa bone tsa lesatsis-ka-letsatsi, se e le ka go neelana ka tlamelo le thuso ya bokwaledi. Go nna personal assistant  go tlhoka go re modiri a bo a na le maitemogelo a tiro ya botsamaisi ya pele, e e akaretsang tiriso ya khomphutha le information systems. Jaaka karolo e e etseng e e amanang le motsamaisi wa ofisi, setlhogo sa personal assistant se tlhoka go re modiri a be organized, a bontshe professionalism le bokgoni ba go dira ka fa tlase ga kgatelelo fa a filwe tiro e e botlhokwatlhokwa. Ditiro tse personal assistant a tshwanetseng go di dira letsatsi lengwe le lengwe ke tse di latelang:     

Manejara wa ofisi o na le maikarabelo a go netefatsa gore ditiro tsa ofisi ya bodirelo di feditswe ka botswerere le manontlhotlho, gape o abetswe tiro ya go tlhokomela badiredi bangwe. Karolo ya manejara wa ofisi e tlhoka gore ntlhophang a be a na le bokgoni  le makwalo-thuto a a kwa godimo go gaisa a diphatlhatiro tse dingwe tsa botsamaisi, bokgoni le makwalo-thuto a a jalo a akaretsa: maitemogelo a a namileng a botsamaisi, nonofo mo ditswetsong tsa botho [human resources], bokgoni ba go bega, neeletso, le mekgwa ya tsamaiso le go kgona go buisana le maloko a mangwe a bodirelo. 

Dimanejara tsa ofisi di filwe ditiro tsa botlhokwa ka letsatsi tseo do thusang gore bodirelo bo tsamaiswe ka nonofo le manontlhotlho, tse eleng; 

Go na le maphata a mantsi a tsamaiso ya ofisi ao batho ba ka dirang ka mo tlase ga one, motsamaisi wa ofisi le manejara wa ofisi e leng ditiro tse ka tlwaelo di amanngwang le yone. E fela, go na le makgolo a ditiro le diphatlhatiro tse di farologaneng tseo modiredi a ke di tseang mo bodirelong, tseo di welang ka fa tlase ga lephata la tsamaiso ya ofisi. Batsamaisi ba Human resource ke badiredi ba ba lebaganeng le go tsamaisa tsa batho mo bodirelong, se se tla ka mokgwa wa go tlhabolola maitemogelo a badiri ntšwa ba dira mo bodirelong ka distrateji tsa kgwebo tse di tlhophilweng.  Payroll le tsamaiso ya tsa dipoelo ke tsona ditiro tse botlhokwa tsa modiredi yo o dirang ka fa tlase ga human resources a di tsweletsang le fa a filwe maikarabelo  a go recruta badiredi ba ba swa  ba bodirelo. Mokwaledi wa Executive o tshwaragane le go thekga di executive tsa maemo a kwa godimo ka go tlhagisa diriphotho tsa dipalonyana, go beekanyetsa dikopano le go kwala dimmemorantamo. Go le jalo, mokwaledi wa executive ka tlwaelo o abelana ka maikarebelo a go tshwana le a mothusi wa . . . ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi go tswela bodirelo le executive mosola ka tsela e e nonofileng e e manontlhotlho, tse e leng; go thusa manejara kgotsa yo mogolo wa bone ka ditiro tsa letsatsi ka letsatsi, go lokisa dipuisano le makwalo, tsamaiso ya disistemo tsa kutlwalelo le go gokaganya tsamaiso ya ofisi ka mantlhotlho. Mokwaledi wa tsa Molao (A Legal secretary) ke modiredi yo o dirang kgaufi thata le boramolao le badiredi ba bangwe ka mo tirelong ya semolao. Mo sekaong sa mokwaledi wa tsa molao yo o direlang ramolao, maikarabelo a bone a a botlhokwa le ditiro tsa bona tsa botlhokwa ke tse di latelang: ke go fitlhelela le go beakanya ditokomane tseo di tlo tlatsiwang mo sistemong ya difaele ya bodirelo, go humana kutlwalelo e e botlhokwa ya maleba mo tshekong ya sešeng, go tsenya tirong bokgoni ba bo bone ba sešeng by tekenologi ya segompieno go wetsa le go tobana le dikgwetlho tsa kgwebo.




#Article 332: Kamano ya bojalwa le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS (106 words)


Kamano ya bojalwa le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS

Nnotagi e na le seabe mogo anameng ga mogare wa  le go kuketsa bolwetse jwa .

A o itse gore go dirisa nnotagi phetelela go ka go tsenya mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare wa ?
Batho ba ba iphitisang nnotagi ba tshabelelwa ke tse di latelang:

Se o ka se dirang go iphemela mo go tsenweng ke mogare morago ga maitiso a nnotagi:

Fa o na le bothata ba nnotagi leletsa: BOSASNet (3959119), Women Against Rape (6860865), bodiredi jwa boipelego le mafelo a mangwa a tshidilo maikutlo, dikokelwana le dikokelo tse di gaufi.




#Article 333: Portal:Temo-Thuo (472 words)


TSE DI MO TENG 

 

Batswana itsholelo ya bone e ikaegile thata ke leruo.Dihutshane ke leruo le le botlana lele akaretsang  le  le bontsi jwa barui go akaretsa le baba dikobo dikhutshwane ba le ruileng go kgona go ka itshetsa.Dihutshane di botlhokwa fela thata ka di thusa ka madi, nama, mashi, bobowa le matlalo go dira diaparo.
E re ntswa thuo ya dihutshane e tswa goo lowe, seemo sa yone ga se ise se tokafale mo lefatsheng leno,re lebeletse ntsifalo ya dihutshane le yone e boutsana mo marekisetsong, se se felelang se dira gore e nne tlhwatlhwa-kgolo mo marekisetsong. Mabaka a dirang gore thuo ya dihutshane e bo e sa gole mo go kgotsofatsang, ketlhokomelo e e lolea le mebaraka e e sa tlhomamang. 
Gore thuo nngwe le nngwe e dire sentle go kgona go go busetsa dipoelo, tlhkomelo ke selo sa botlhokwa.Dihutshane fela jaaka leruo lengwe le lengwe le tshabelelwa ke malwetse a jaaka diphilo, madi, dibokwana, tlhakwana jalo jalo, mme fa morui a sa laole thuo ya gagwe e a koafala. Dihutshane ga di tlhoke metsi a mantsi, se se siametseng thata thuo e, gore e dire sentle mo lefatshe leno.Go na le dikotla kgotsa menontshane e mengwe e seng kalo mo phulong, jaaka matswai,(phosphorus,protein), mme dikotla tse, dihutshane di di tlhoka go ka tswelela di dira dipoelo, mme se se tlama morui gore a bone gore dikotla tse, di a di bona, ka go reka dijo tsa mooketsa.
Barui betsho, lephata la temo-thuo le rotloetsa thata kgwebo ya temo-thuo, e se fela go jela mo ganong, dihutshane fa morui a sena madi, o ka dirisatse a nang le tsone go tlhokomela tse dingwe le gone go bona gore o tlhopha matsopa a a ka mmusetsang dipoelo ka bonako. Taolo ya letsalo la dihutshane le yone e botlhokwa.Dihutshane di tshabelelwa ke go thorontshiwa ke dibatana, go di sireletsa mo dibataneng barui bangwe ba dirisa go disa le go di tlhatlhela mo masakeng bosigo.

Bontsi jwa barui ba dihutshane ba ruetse mo mafulong a a kopanetsweng se se ba paledisang go ka tlhokomela dihutshane sentle.Dihutshane di mefuta e le meraro e bong letsopa la rona la Setswana, le le tlhakantsweng le a a tswang kwa ntle ga lefatshe la Botswana.Motho mongwe le mongwe o ka tsena mo thuong ya dihutshane,ka di sa tlhoke ditsompelo jaaka lefatshe,madi le babereki tse dintse go rua jaaka ya dikgomo. Sengwe se gape se le botlhokwa ka thuo e, e na le dipoelo tse di ko godimo ka di kgona go tsala ga bedi mo ngwageng ebile difula mehuta e farologanyeng ya ditlhatshana le majang, se se thusang gore di kgone go emelelana le dipaka tsa leuba.E re n tshwa dihutshane di sena mmaraka kana marekisetso a a thomameng mo Botswana, marekisetso a nama, goromente le batho ka bongwe ka bongwe ba santse ba tshegeditse thuo e.




#Article 334: Tse di tlhokafalang fa simolola thuo kana o ruile dihutshane (421 words)


Metsi a botlhokwa mo setsheding sengwe le sengwe. Morui wa dihutshane o tshwanetse go bona gore o na le motswedi o o ikanyegang go nosa dihutshane, jaaka kana letamo.Nku le pudi e e godileng e tlhoka metsi a selekanyo sa dilithara dile tharo go ya ko go tse borataro ka letsatsi.

Fa o le morui yo o batlang go ruela mo polaseng, dihutshane tse di tona le tse di potlana tsa palo ya 200 di tlhoka lefatshe la diekere tse pedi tsa go fula le go jesiwa mo botlhaba jwa lefatshe leno, fa mo bophirirma ba lefatshe leno dihutshane di tlhoka diekere tse tharo. Tse o tla di dirisang go tshwara le go tlhomela dihutshane jaaka masaka, megotlha, tipi le mabolokelo morui o tlhoka lefatshe la diekere tse di sephato.

Se se tla laolwa ke lefelo le o batlang go ruela mo go lone re lebeletse tsa loapi,lobaka e le gore matsopa mangwe a dihutshane jaaka Buruboko le a Dorper itsege ka go sa dire sentle mo dikgaolwaneng tsa Botlhaba jwa lefatshe la Botswana lebaka ele bolwetse jwa metsi a pelo.Kgakololo ke gore morui o ka simolola ka matsopa a rona a tholego mme a a tlhabolole ka matsopa a a tswang kwa ntle jaaka a Buruboko le Dorper.

morui yo o simololang thuo, o tshwanetse a itse fa jaanong a simolola kgwebo, mme o tshwanetse a batla mebaraka koo a tla rekisetsang teng leruo la gagwe pele ga a ka simolola go rua.

Madi a botlhokwa mo go ka simolola thuo ya dihutshane. Go na le dikompone tse di ka adimang morui madi go simolola thuo jaaka Citizen Entrepreneural Development Agency (CEDA),National Development Bank Dibanka, le mananeo a banana ko lephateng la banana.

Babereki ba botlhokwa mo go direng gore thuo e tswelele sentle.Motlhokomedi mogolo wa thuo ya gago o tshwanetse a bo a na le dithuto tsa go ka tlhokomela dihutshane le badisa ba ka nna babedi go mo thusa, babereki ba nakwana ba ka thapiwa fa fela tiro e oketsegile segolo jang ka nako ya letsalo la dihutshane.

Koloi e botlhokwa mo thuong, go thusa go isa dihutshane ko mebarakeng le go reka tse di tlhokwang ke leruo jaaka melemo le dijo.Morui wa dihutshan=ne yo o mo kgwebong o tlhoka go simolola ka dihutshane dile makgolo a mabedi (200).Itse fa phoko kana phelefu e tlhoka tse di namagadi dile masome a mabedi le botlhano go ya ko masome a mararo.Morui o tlhoka gape tse a ka di dirisang mo tlhokomelong ya dihutshane tsa gagwe jaaka tse di latelang:




#Article 335: Thadiso ya kharikhulamo (1542 words)


Thadiso ya kharikhulamo mokgwa-tsamaiso ya go lekola kharikhulamo (curriculum) e e mo tirisong fa e tsentshiwa mo electronic database mo setting ya thuto (education) nngwe le nngwe.  E tlhomilwe segolo se tonna mo tirong ya Heidi Hayes Jacobs mo Mapping the Big Picture: Integrating Curriculum and Assessment K-12 (ASCD, 1997) le Getting Results with Curriculum Mapping (2004, ASCD). Dikolo di dirisa dithempholeite tsa kharikhulamo tse dibontshang dikarolo tsa botlhokwa tsa kharikhulamo: diteng, bokgoni, ditlhatlhobo (assessments), le dipotso tsa botlhokwa.

Dingwe tsa disteite jaaka South Dakota di itsaletse thadiso ya kharikhulamo mo motheong wa steite ka bophara ebile o abela bathapiwa ba phorofeshenale ka thadiso ya kharikhulamo e e tlhamaletseng ka mogala. disteite tse dingwe jaaka sa Indiana di tlhomamisitse thadiso ya kharikhulamo jaaka sediriswa sa dikolo tseo di sa kgoneng Adequate Yearly Progress le go ka aba didiriswa di le dintsi ka mogala.

Senotlelo sa tsamaiso ke gore morutisi mongwe le mongwe ao tsentsha seo ka mannete a se rutileng mo nakong ya nnete tsamaong ya ngwaga, go na le go tsaya ditshoetso kwa ntle kgotsa ka komoti e e farolaganeng. Tseo di tsentshtsweng ke barutisis ga di a tlogelwa fela, empa; go ya ka seo se leng teng, ka gore tiro e bontshitswe ka go ya ka lenaane le le tlhomilweng mo internete (internet-based programs), di butswe go ka bonwa ke bathapiwa botlhe mo sekolong goba mo seterekeng/sedikong. Se se dumelela barutisi go ka bona bobeding K-12 le go putlagana magato a diema le dirutiwa seo se tlhagelelang e le go itsesi le go boeletsa tiro ya bona. 

Sebopego sa thadiso ya kharikhulamo ga e tlholositswe kwa tshimologong ke Dr. Jacobs e na le manamelelo a a supa a dikolo di a dirisang go tlhatlhobisisa le go boeletsa kharikhulamo ya tsone. Go na le dikhampane tsa khomeshiale (commercial companies) le ditlhopha tse  s seng tsa morokotso (not-for-profit groups) tse di tlhotseng software ya thadiso ya kharikhulamo e e dirisiwang ke lefatshe go dikologa.  Se se tsalaneng le thadiso, gape se farologane le yone, ke kakanyo ya go odita kharikhulamo (curriculum audit), e e tlhlosiwang ke Fenwick W. English.mo  Deciding What to Teach and Test: Developing, Auditing, and Aligning the Curriculum (1999, Sage).

Thadiso ya kharikhulamo ga e kganelelwe mo dikolong tsa setshaba tsa United States public schools  Palo ya dikolo tse di ikemetseng di itsalantse le tsamaiso ya thadiso ya kharikhulamo go lekodisa le go boeletsa kharikhulamo ya tsone. Dikolo di le dintsi tse di dirisang thadiso ya kharikhulamo kwa ntle ga US ke dikolo tse di ikemetseng tseo di latelang kharilhulamo ya mashabashaba (international curriculum) (jaaka IB, AERO, kgotsa IGCSE) okgotsa dikolo tsa setshaba tse di leng mo dinageng tsa Anglo-Saxon.

theoTsweletso pele ya thalo e e amogetsweng  ( e gape e bitswang thalo ya botlhokwa, thalo theo, thalo ya sediko, master map) e diragala mo Phase 3 ya Heidi Hayes Jacobs’s Four Phases tsa Thadiso ya Kharikhulamo. Hale (2008) o farologantsha magareng ga thalo ya tumelano le thalo ya botlhokwa, o fega ya mathomo go bogatong ba go aga, mme ya bofelelo mo bogatong ba sediko (p. 145). Jacobs (2004) tlhalosa thalo ya tumelano jaaka nngwe e  “reflects the policy agreed on by a professional staff that targets those specific areas in each discipline that are to be addressed with consistency and flexibility in a school or district” (para. 4; Jacobs  Johnson, 2009, p. 65) [e tlhagisang molawana o o dumetsweng ke bathapiwa ba phorofeshenale o o lebaganeng le mafelo a disipolini nngwe le nngwe e tshwanetseng go mekamekana le one ka tolamo le go nonofa mo dikolong kgotsa didikong]. E fa sebaka, sa go naganisa tlhagiso, gore barutisi ba nne le tlhaloganyo e e tshwanang go ka buisana ka kharikhulamo ya bone ba ntse ba tlhokomedisa go nonofatsa se se siametseng ngwana mongwe le mongwe. Hale (2008) o tswela pele a re thalo ya tumelano e dira jaaka sediriswa sa puisano go ralatsa dikeletso tsa baithuto go batseakarolo (p. 145). Ntekwane, e tlhagelela morago mo tlhotlhimsong ya kharikhulamo - morago ga ditlhatlhobo tsa horizontal and vertical data le morago ga tibelediso ya interdisciplinary kgotsa ya ditlhopha tse ditlhakaneng (mixed-group) (Jacobs, 2004, para. 13). Go ya ka Jacobs le Johnson (2009) ditlhopha tsa ditebelediso tse ditlhakaneng  “add a unique perspective to the process and are sometimes able to see things that other teachers do not” (p. 58). [ di tlisa ponelelo ya setshwananosi mo tsamaisong ebile ka nako dingwe di kgona go bona dilo tse barutisi bangwe ba sa di bonang]. Sekao, morutitsi wa dithuto tsa selegae a ka kgona go lemoga gore baithuti ba rutwa the Holocaust kwa seemeng sa borobongwe mo dithutong tsa selegae mme gape kwa seemeng sa bo lesome Seisemaneng. Thalo e e tlhomameng e tlo leka go ka nyalaganya/nyalantsha dithutotaelo tse pedi tse, go kgaotsa poeletso e e sa tlhokegeng mme ya fa tsamaiso ya thutiso e putlaganyang didisipolini. Ka nako e, diphorofeshenale di dira mo “multiple levels and tiers” (Jacobs, n.d.), di lebeledisa dithalo go [tlhodisisa diphatlha tse di ka nnang teng, dipoeletso, kgotsa ditlogelwa]  “possible gaps, repetitions, or omissions” (Jacobs  Johnson, 2009, p. 57).  Se se tsea nako gape, jalo ka dithalo tsotlhe tsa dikharikhulamo, ga se ka ke sa potlakiswa ebile setshwantsho se se tonna se tshwanetso go aga se akanngwa. Phase 3 mo go Tsamaisong ya Dithalo e botlhokwatlhokwa ka gonne  “ if we don't have consensus on where we want to go, we will never get there” (Jacobs, n.d.) [ge re sa fitlhelele tumelano ya koo re batlang go ya teng, ga nkitla re fitlha kwa teng].

Thalo ya tumelelano e ka akaretsa seo ba thapiwa ba sediko ba itebantshitseng le tsone ba di kaa jaaka e le “nonnegotiables that will be taught in each grade level or subject in a school or district” [tseo go sa buisanweng ka tsone tseo di tla rutiwang mo legatong la seema sengwe le sengwe kgotsa serutiwa mo sekolong kgotsa diseterekeng]   ebile se tshwanetse fo emela [ditirigalo tse ntle, tsa sentshwari ya bo masome pedi “best practices, 21st century curriculum, higher order thinking, high standards, and clearly defined grade- or course-level expectations” (Jacobs  Johnson, 2009, p. 65). Go ya ka Hale (2008), dielemente tsa yone di a gapeletsega ebile di bopegile go ya ka maemo a setshaba, morafe, kgotsa setereke, “compulsory and are designed according to national, state, [or] district… standard[s]” (p. 146). Di ka akaretsa diteng, bokgoni, dipotso tsa botlhokwa, le ditlhatlhobo tse tlhokegang. 

Dithalo tsa bobosi/bonnosi tsa kharilhulamo di tsweleditswe pele ke barutisi ka bo bosi ebile di tlhagisa seo ba se rutang ka mo phaphosing kgotsa diphaphosing tsa bone. Tsone di akaretsa dipotso tsa botlhokwa, diteng, bokgoni, le ditlhatlhobo (Jacobs  Johnson, 2009, p. 115). Di tlhamaletse go gaisa thalo ya tumelelano go letlelela morutisi ka esi boikemelo “allow for individual teacher autonomy” (Hale, 2008, p. 146).  Mo sekolong se se botlana ka seripanngwe sa serutiwa, thalo ya bobosi e fetoga go nna thalo ya tumelelano (Jacobs  Johnson, 2009, p. 65). Dithalo tse di baa pepeneneng seo se diragalang ka fa phaphosing e le esi, nneteng e fa tshupetso ya se se ithutwang ke baithuti le morutisi yoo. Sekao, mo uniting e tsenyang tirong ELA Standard RL11-12.5,  go lebeletswe gore baithuti ba ithute go tlhalosa tlhopho ya mokwadi mabapi le ka moo a baakanyang ditokololo tsa sekwalwa (sekai, go tlhopha gore o simolola kae kgotsa o feleletsa kae lenoolwane, le kgetho ya gore o fa  phetso ka metlae kgotsa botlhoko) go tshwaela ka gotlhe ka sebopego le tlhaloso gape gape le go ka natefisa puo. Le fa morutisi a ka kgetha go ruta seema se a dirisa se The Crucible ka Arthur Miller, theoretically, morutisi yo mongwe a ka dirisa dinoolwane tse dikhutshwane tse di tlhomaganeng, kgotsa gongwe bukana (a novel). Le ga seemo se tshwana ebile se tlo emelwa mo thalo ya tumelelano (jalo ka ditlhatlhobo tsa setwaedi), thalo bonosi e tla bontsha pharologanyo ya diteng e e dirisitsweng ka mo phaphosing, e patilwe ke ditiragalo le tiro ya bokgoni e e ka bang botlhokwa go seripa sengwe sa dikwalwa tse di ithutwang. Jacobs  Johnson (2009) ba umaka gore, go ya ka nnete, dikolo kgotsa disetereke di kgona go lebagana le thalo ya bonosi pele, mme morago ba thale kharikhulamo e e rutiwang, le ge ba sa amogele gore dikolo dingwe di dira ka gongwe, gantsi kwa tlase ga tshsumetso ya kwa ntle go potlakisa lenaane (p. 67).

Dithalo tsa tumelelano le bonosi di ka bontsha dipotso tsa botlhokwa tsa motso wa serutwa  le diteng, le fa dithalo tsa bonosi di tla fa ka botlalo go ya ka ditiro tsa letsatsi ka letsatsi, ditogamaano, le ditshwaelo tse di itsiseng, practice, di tlhotlheletsa botsibi ba bokgoni le maemo a a tlhagisitsweng mo thalong ya tumelelano, ya bofelelo e tla laola tlwaelo or ditlhatlhobo tse tshwanang  tse di tshwanetseng go diragala go kgabaganya lobato lwa diphaphosi ka bongwe.   Ka go leka le go fosa e le boleng ba thalo ya bonosi, didiriswa di ka umakelwa thalo ya tumelelano. 

Go na le mananeo a mogala a a abelanang ka boleng thalong ya kharikhulamo ngwaga o  tlhe. Tsaa sediriswa sa , fa se diriswa mmogo le Lesson Planner e ka tlhola repotho e e ka bontshang maemo o tlhe a a lomagantsweng le metso le maemo a go santsaneng go tlhokega gore a lebeledisiwe.




#Article 336: Setso le ngwao ya Setswana (4982 words)


SETSO LE NGWAO TSA SETSWANA
Mo Batswaneng Setso le Ngwao di botlhokwa thata. Melao ya Setswana ga e kwalwe fa fatshe go buisiwa ke mongwe le mongwe, ebile ga e tsamaisane le bogolo jwa dingwaga tsa motho. Se se raya gore fa o sa nyala kgotsa o sa nyalwa ga o kitla o itse molao wa lenyalo, le fa le ka tshwaraganngwa fela ke magiseterata la se ka la laiwa ke bagolo, ga lo tsene fa go laiwa banyalani ba bangwe ka gore lona lo jele molao wa sekgowa fela. Fa o le mogolo o tswalelwa kwa ntle fa ngwana wa gago a nyala kgotsa a nyalwa wena o sa laiwa mo nyalong. O ka nna malome, rangwane kgotsa rakgadi fela mo molaong o ikgogela kwa morago fa setlogolo se laiwa. Mengwe ya melao ke fa banyalani ba tsena mo ntlong, go na le molao o ba o fiwang, fa o sa tsenngwa mo ntlong ka molao ga o tsene fa go na le tiro ya mofuta o, gore go tsena bana ba gago ga go tshwenye. Molao mongwe ke wa go rupa, fa o sa tswe bogwera kgotsa bojale ga o a tshwanela goitse gore go dirwang, o le monnamogolo gongwe mosadimogolo.Gompieno go na le ketsaetsego ya gore melao e mentsi ga e salwe morago ka tshwanelo, mme go botlhokwa gore re se ka ra letlelela bophelo jwa segompieno jo bo tletseng ka mafaratlhatlha a tekenoloji go re fenya. Ka gompieno bontsi ba rona re phela mo metseng setoropo re tshwanetse re tsamaye ka thuto e bagolo ba rona ba re e tlogeletseng go e dirisa kwa rephelang teng, re diragatse ditiro tsa rona tsa setso tse di kgonagalang fa re nnang teng, re se ka ra tsaya gore ka e se mo magaeng re ka seka ra diragatsa setso sa rona. Ga ntsi ga re dirise meila ya rona jaaka re tshwanetse ka re phela mo ditoropong, fa gotwe o seka wa ja o e me ka maoto gongwe o seka wa jela mopitseng, gore o kwa Seborogo, Jeremane kgotsa Fora fa o le Motswana se dire jalo.

Fa go rulaganngwa tiro ya lenyalo, go simololwa ka go isiwa lefoko pele kwa gaabo mosetsana. Lefoko le isiwa ke bagolo ba mosimane fa ba fetsa ba kopa go ta go bona motse le go fiwa lokwalo le dilwana tse ba di lopa, dilwana tse di akaretsa jase ya ga malome, thipa, selepe, jeremane ya ngwana jalojalo le dikgomo tsa magadi.morago ga go bona motse le go tsaya lokwalo batsadi ba mosimane ba ya go kopana ba bo ba bona gore a dilo tse di lopilweng di mmogo.ha di le mmogo ba ya go kopa go beelwa letsatsi le ba tlaa tisang dilo tse ka lone.

Ha ba sena go tisa dilo tse di lopilweng ba kopa leina (surname ya mosadi)Ya bo e le gone ba ka yang go pega ko ga molaodi.

Go tlhoka pelegi go ne go tsewa e le bothata jwa basadi mme mo mabakeng mangwe go bonala e le gore rre ke ena a nang le bothata. Mosadi o ne a kgobotlediwa fa a sa tshole bana a bediwa ka maina a a sa siamang, ka dinako dingwe o ne a ka busediwa gae go tswa kwa bogadi, mme gompieno go na le basadi ba ba sa ntseng ba tshwaragane le bothata jo. Le fa bothata e le jwa ga rre go ne go itshelwa moriti o tsididi mme go supiwe mosadi ka monwana ka gone go sa diriwe diteko tse di tla supang gore matsapa di a tsaya kae, ka di nako dingwe bagolo ka botlhale jwa bona, ba ne ba bona gore matsapa di a tsaya kae. Gompieno re sa ntse re bona basadi ba ba utswang bana go leka go kgotsofatsa balekane ba bona le gore ba seka ba kgobiwa. Ka lenyalo le lelapa le le kitlaaneng le ne le le botlhokwa mo Setswaneng, go ne gona le tharabololo ya mathata a pelegi.

Tharabololo ya Monna: Fa monna a sena pelegi mme bagolo ba lemoga se, ba kgona go dira di thulaganyo tsa gore morwarraagwe e ka nna mogolowe kgotsa monnawe a tsene ka soba la phokojwe le mosadi wa gagwe go fitlhelela mosadi a nna ratla la tlou. Ngwana yo o tlaa tsholwang e tla nna mojaboswa wa monna yo ka ba amana ka madi e bile o tla gola a itse e le rraagwe. Le fa se e le tharabololo ka di nako dingwe e nna bothata fa mosadi a sa batle thulaganyo e, mme a ka seka a e ganetsa. Bothata jo bongwe e ka nna fa mosadi a ka kgatlhwa ke ka fa morwarraagwe monna wa gagwe a leng manontlhotlho ka teng ka nako ya tiragatso ya nakwana, mme a nna le keletso ya leruri. Potso ke gore fa go ntse jaana bagolo ba kganna jang maikutlo a ba a rumutseng a.
Tharabololo ya Mosadi: Fa mosadi e le ena a nang le bothata jwa pelegi ka setso go dirwa dithulaganyo tsa gore mongwe wa bana ba gaabo wa mosetsana a tsewe ke monna wa gagwe jaaka mosadi wa bobedi gore a tle a mo tsholele bana. Thulaganyo e e tlisa kgang e nngwe e e ka feleletsang e tsentse lefufa ga reng ga bana ba motho.

Botsetsi jwa setswana fa o sena go belega o tshwanetse o iphoke. O iphoka ka go nwa dipitsa tsa setswana jaaka makwati a mosetlha, phate ya ngaka, le tse dingwe. Fa o nwa dipitsa o tshwanetse go patlama ka nako tsotlhe gore teng e boele ma nnong. Go na le tshilwana yona e ya ka losika ga e tshware motsetsi mongwe le mongwe, fa o le wa losika lwa yona e itlhagisa fela fa o sena go belega. O bo o gadikega mo maleng o palelwa ke go ja e bile o tlhatsa. Go re e fole o tshwanetse go alafiwa segolo ke Mme yo e kileng ya mo tshwara. Motho o go alafang tshilwana, o tsaya tshilwana a go e kolokotisetse, le wena o e kape o e kolokotisetse ko go e na, mme lo e kolokotisa jalo gotswa ka fa morago ga maoto. Lo dira jalo ga raro, mme laboraro o e tseela ruri, o tsamaya o sa gadime o ya go e latlha o bue o re tshilwana ntlogele. Ka nako e o saleng o belega ka yona go bewa mopakwana. Mopakwana o beelwa motsetsi le ngwana, gore go se ka ga tsena mongwe le mongwe mo ntlong ya motsetsi. Motsetsi morago ga gore a nwe dipitsa o tlhabelwa nku kgotsa podi gore a je serobe, e tle se mmerekise mala, se mo tlhatswe. O tlhapisiwa ka metsi a mantsi, a sedilwa mmele a be a tlodiwa ka mafura a nku e a e tlhabetsweng gore a fufulelwe e tle a sole. Fa a dirilwe jalo o tla tswa motlung a le montle a akotse letlalo la gagwe le bonala go re o ntse a le mo ntlong. Motsetsi o jela ka mogopo o motona a nwa motogo ka sekgapana. Ngwana fa a sena go aloga, o beolwa moriri, o bo o latlhiwa le kolane ka letsatsi le le latelang go beolwa mmaagwe. Motsetsi o tshwanetse go ikgatlha mala fa a fetsa go belega go re motse o se ka wa tlhatloga. Fa motho a le mo ditlhabing, go ne go batliwa mme o letheka lekhutshwane, fa a fitlha fa go e na o folosa mosese wa ka fa gare wa letheka a mmetse ka ona mo ditlhakoreng, e be a e latlha, mme morago o tla gololosega a belege sentle.

BASIMANE LE BASETSANA

Botshelo jwa basimane le basetsana jwa se gompieno bo farologana le jwa maloba. Mo malobeng go ne gona le ditiro tsa basimane le tsa basetsana. Basimane ba ne ba dira ditiro tse di bokete. Ba ne ba tshwanetse go disa dikgomo, ba ithute go tsoma gore batle ba kgone go tsoga ba tlhokomela malapa a bona, le go thusa bo rre go dira di tiro tse dingwe jaaka go suga matlalo go ya kgonnye go betla go aga masaka le go nna batlhabani. Basimane ka bane ba tsewa jaaka bajaboswa ba ne ba rutiwa go tsaya di tshwetso ka di ngwaga tse di kwa tlase. Ditiro tsa basimane le basetsana di ne di dira gore botsalano jwa bone e seka ya nna jo bo gololosegileng, ka jalo kamano ya bone e ne e se motlhofo. 

Basetsana ba ne ba dira ditiro tse di motlhofo mo gae, ba thusa bo Mme e bile ba rutiwa go tlotla basimane ka se, se tla thusa gore ba tsoge ba tlotla banna ba bona. Tiro ya basetsana e ne e le go apaya, go tlhatswa, go thuga le go sila mabele, go duba mmu wa go kgapa lelapa, go roka, go loga le tse dingwe. Basetsana ba ne ba rutiwa gore ba tshwanetse ba nne le banna ba ba tla ba tlhokomelang. Botsalano jwa basetsana le basimane ka bone bo se botona mo go kalo, se sene se thusa bagolo gore ba kgone ba ba tlhophele balekane pele bona ba ka itlhophela. Dithuto tsa kwa sekolong le tsona di ne di farologana go ya ka bong, fela gompieno baithute ba tsaya dithuto tsa bona go ya ka kgatlhego ya bona e seng go ya ka gore ke mosimane gongwe mosetsana. 

Botshelo jwa gompieno bo neela basimane le basetsana nako e ntsi ya go nna mmogo, ka gore batshameka mmogo e bile ba tsena sekolo le go dira dithuto tse di tshwanang. Botsalano jwa bone e nna jo bo tseneletseng thata. Basetsana ba kgona go dira ditiro tse di batlang maatla tse mo tlwaelong di neng di dirwa ke basimane, fela jaaka go dira kwa moepong mme basimane ba dira ditiro tsa go roka le go apaya tse di neng di tlwaelesegile e le tsa basetsana. Fa basimane le basetsana ba tsena mo nakong ya go tlelwa ke maikutlo a se eng, a ba fitlhela e setse e le ditsala, mme se se dire gore ba batle go kgotsofatsa maikutlo a bona ka ba na le kgololosego e ntsi.

Kitso le molao wa go rupa ke khupa marama pipimpi reswa nayo, kana gatwe pela e tlhokile mogatla ka ntlha ya go romeletsa, jaanong fa o batla go itse go le gontsi ka go rupa, o ka dira jalo ka go bolola. Jaaka ke ne ke setse ke umakile fa godimo mo setlhogong sa Setso le Ngwao molao wa Setswana o a itseelwa ga o romeletse fa o o batla. Mme fela ka rephela mo dingwageng tsa kete-pedi nngwe ke raya di ngwaga tsa diponapono, diyalemoya/diromamoya le dipolotiki dilo dingwe di a tlotliwa, lemmenyana le a tle le tlhagelele ka se se diragalalang kwa thabeng. 
Go rupa ga basimane le basetsana go raya gore ba setse ba tswile mo legatong la bo ngwana, mme ba tsena mo legatong la bokau le bokgarebe, ba setse ba ka tsaya maikarabelo a go nyala kgotsa go nyalwa. Ka nako e o ba tshwanetse go rutiwa molao. Makau a rutiwe ka go tlhokomela basadi le bana mme makgarebe a rutiwe ka go tlhokomela banna le bana. Se se bontsha ka mokgwa o setšhaba se neng se na le thotloetswe ka teng mo kamanong ya tsa thobalano. Basimane le basetsana ba ne batshwanetse go nyala ba nne le bana fa ba gola, ka go nna le lelapa le le kitlaaneng go ne go le mosola mo setšhabeng jaaka gompieno. 
Selo sengwe se se tumileng ka bogwera le bojale se tlhagelelang go gaisa molao, ebile se tshabisa batho go ya go rupa, gape se kgalwa thata ke ba ditshwanelo tsa botho, ke karo e e dirwang. Le fa tota ba setso ba bona e le dikgatako tsa tsamaiso ya setso kgotsa go itshunya nko ga batho ba bophirima mo setsong sa se aforika, nnete ke gore ga re ka ke ra ikgatholosa di ntsho tse di diragalang mo ma mafelong mangwe ka ntlha ya botlhaswa jwa bo rathipana le pheteletso ya tshwaetso ya kokwana ya HI. Dipatlisiso tsa Mafapha a tsa maphelo di buwa fa borre ba ba dirilweng karo ya bonna ba na le kgonego e e kwa tlase ya tshwaetso ya kokwana ya HI. 

Tlhaloso ya Bongaka jwa Setswana

Mo dipakeng tseno dipuo di mafaratlhatlha tebang le bongaka jwa Setswana. Kgangkgolo ke gore rona re le Batswana ra reng ka ga ntlha e? A re bona mosola mongwe mo bongakeng jo, kgotsa ra re a bo nyadiwe, bo nyelediwe? Fa e le gore ra rialo, a go raya gore e rile fela fa bongaka jwa Sekgowa bo goroga, jwa Setswana bo be bo latlhegelwa ke maatla le thuso ya jona; kampo re raya gore ga bo ise bo ke bo nne le thuso epe mo go rona ka motlha ope? 
Re tshwanetse ra ipotsa gore ke eng e rile re ne re ntse re itse gore bongaka jwa Setswana ke bontlhabongwe jwa ngwao ya rona, ya be e rile fa Basweu ba goroga mono Aferika, ya re fa ba kgala mongwe wa mekokotlo ya ngwao ya rona, ra se ka ra gakgamala, ra ba ra leka go itlhomamisa ka se re leng sona, go supa fa dilo tse re neng re ntse re di dira ba ise ba tle mono, di ne di akanyeditswe pele, mme go bonywe fa di na le mosola mo matshelong a batho. Go a swabisa go bona e rile fa Basweu ba re kgothatsa go latlha ngwao ya rona, re be re kgokologa jaaka koloi e fologelela mo molapong kotsa mo phateng, e se na maremo. Le gale kgotsa go fenngwa go dira dilo. 
Go ne go sa tlhokafale gore re dumele gore bongaka jwa Setswana, jo bo neng bo ntse bo tshegeditse matshelo a Batswana go tswa ga Lowe, bo, bidiwe ‘boloi’, jaaka Makgowa a bo bitsa “witchcraft”, jalo ngaka yona e bidiwe ‘ngaka ya moloi’ “witch doctor”. Go raya gore re ne ra tlhoka, ra sitega go botsa bafaladi ba, gore tota fa ba tla nama ba rutlolola mokgoro o o ntseng o sireleditse matshelo a Batswana go tswa bosaitsiweng jaana, ba akanya gore Batswana ba ntse ba tshela jang pele ga ba tla, jaaka o ka re botshelo jwa Batswana bo tsile le bona! Motswana o ne a ikantse bongaka jwa ga gabo mo dilong di le dintsi fela jaaka a sa ntse a bo ikantse le gompieno; le fa jaanong a bo dirisetsa mo sephiring, ka a rile jaanong ‘o t1habologile’. Mo Setswaneng ngaka e ne e dira ditiro tsa matshelo a morafe kgotsa setšhaba ka go farologana: 

Go ya ka tumelo le ngwao ya Setswana, botshelo jwa motho bo ne bo ikaegile ka bongaka jo. Kwa ntle ga jona motho o ne a utlwa a sa sireletsega ka gope. Dingwe tsa ditumelo tse di ka tswa e le boammaaruri, fa tse dingwe di sa ka ke tsa tlhomamisiwa, tsa netefadiwa. Se se leng teng ke gore motho o tshela ka tumelo - tumelo mo sengweng se se sireleditseng botshelo jwa gagwe. Ka go nna jalo, Motswana o ne a utlwa a sireletsegile, a babalesegile kgatlhanong le difatlhi le diphatsa tsa botshelo. 

Go supagala fa ka nnete bongaka jwa Setswana bo na le sengwe se se sa ntseng se ka thusa le mo matshelong a segompieno. Ke ka moo e reng morago ga sebaka se se kanakana bo ntse bo kgalwa, e be e re gompieno batlhalefedi ba bongaka jwa Sekgowa ba lemoga gore le jone bo phuthetse sengwe, jalo ba bone go tlhokafala gore mefuta yoomebedi e dirisanye. 

Go lemogilwe gore malwetsi a a tshwanang le botseno, mototwana kgotsa go wa, tlhogwana kgotsa phogwana, ngope kgotsa madi a magolo, kankere, jalo jalo, a retela bongaka jwa Sekgowa, mme jwa Setswana bo a tomola semmutlwa. Ke ka moo gompieno go dirilweng thulaganyo mo Botswana, gore dingaka tsa Setswana le tsa Sekgowa di kopane kgapetsa-kgapetsa, go lebisisanya gore dikitso le boitseanape jwa matlhakore a mabedi a di ka nontshana jang go lemofalela botsogo jwa batho. Go a lebosega go bona mo Botswana go na le Lekgotla la dingaka tsa Setswana, e bile le tlhomilwe ka fa molaong. Go lebosega go bona go na le mowa wa tirisanyo mmogo fa gare ga bongaka jwa Setswana le jwa Sekgowa, le maikuelo a gore a makgamu a mabedi a a tshwaraganele maitlamo le keletso ya Lekgotla la Bongaka la Mafatshefatshe, gore e re ka ngwaga wa Dikete-pedi (Year 2000), motho mongwe le mongwe a ba a na le botsogo jo bo itumedisang ka fa go ka kgonegang ka teng. 

Ga go na tlhabologo e e gaisang ya gore gompieno go be go lemogilwe fa dilo dingwe tsa ngwao le tlholego ya Setswana, tse di neng tsa phailelwa kgakala ke Basweu, di tota di na le mosola o mogolo mo pabalelong ya matshelo a batho. Gompieno jaana bongaka jwa Sekgowa bo batla kitso ya medi ya digwere tse di dirisiwang ke dingaka tsa Setswana, go ikoketsa ka tsona. Phetogo e ya dikakanyo le maitemogelo e a lebosega. Go a tualo! 

Ka ntlha ya kamogela ya bongaka jwa Setswana, kitso le tiriso ya jone di ka nna tsa tlhabololwa, tsa tokafadiwa. Lekgotla la Dingaka le setse le thusitse thata ka go kgala dingaka tse di pegang ditlhotlhwa tsa kalafi ya tsona kwa marung, kgotsa tse ka ntlha ya botlhaswa le bofafalele di bolayang batho. 

Tema ya botlhokwa fa, ga se go re batho ba sianele kwa bongakeng jwa Setswana, ba latlha jwa Sekgowa. Gape ga go twe batho ba ipee thata mo go jone, gonne foo go a tle go nne kotsi. Go gongwe e a re le motho a fatlhwa ke lotlhokwa kampo phatsa, a tlhajwa ke mmutlwa, a longwa ke noga kgotsa a tlhajwa ke kgomo fela a be a re ke gore mongwe o mo setse morago. Go gongwe le ngwana a palelwa kwa sekolong go a twe ke gore o loilwe. Se se ka tloga sa timeletsa batho ditlhaloganyo, sa di faposa, e be e le gore jaanong motho ga a tlhole a kgongwa ke ntsi; fa go reng fela o tabogela kwa go reaitse. 

Kgangkgolo ke gore a batho ba tlotle segabona; e ne e re dilo tse ba di beelang kwa thoko, ba ne ba dira jalo morago ga tshekatsheko le katlholo e e dirilweng ke bona, e seng ba tewa go twe, ba be ba setse ba tsewa ke ga e a lala e robetse. Go metsa fela, batho ba sa tlhafuna, go dirile gore batho fa ba le kwa kerekeng ba kgale bongaka jwa Setswana. Selo se ke boitimokanyo le go nna teme-pedi. A go itsiwe fela gore ngwao ya batho ke ngwao ya batho. Batho ga ba ka ke ba ipopolola, ba itshwanolola, ba ipopa sešwa.

Go na le mafoko a a tlhomameng, a go bua le bola fa bo gasiwa. Morago ga moo bola ke jona bo tla ipolelang gore bo wele jang. Mafoko ao ke a: 

Morago ga moo di neelwa motlhatlhojwa, a di khuela, a ba a re: 

Fa a sena go rialo o di latlha fa fatshe. Ngaka yone e tla be e di leba ka fa di weleng ka teng, e be e di buisa go ya ka lewa la tsona. Mangwe a mawa a a kaiwang ke dingaka ke a: 

tsela di ya tlung
Tsa re, kgoloko-kgoloko pelo ya tshilwana.
Fa di wele jaana di a be di raya gore pelo ya motho ga e itumele; ke gore motho ga robale sentle, o a lwala. 

Tsa re, kubela monopeng, ke tlhabilwe ke madi
Ditserentsepa tsa bana ba basimane
Mpa ke a mpampetsa
Ka e le ngwana wa ga mmê
Go tswa madi, go tswa masetlela
E re di re tserre! thamaga
E re naka têê! ke tlhabile
Motlhaba-phiri ya bosigo
Kana o e tlhabe o e mamela
Ka morupi, wa ga kubela
Go tswa madi, go tswa masetlela 
Lewa le ke le le bolelang gore bana ba motho ga ba utlwane. Yo mongwe wa bona o tsamaya a bua ka pelo, ka a lemoga gore ba bangwe ga ba mo direle sentle. 

Lejwane, lesoko
Le sokobaletse eng?
Di a tlaka di a bolola
Tsoo ntwanyana ya mmila
Le a tswa le a phirima
Fa di riana di raya ngaka di re go siame, e ka tsena, ya alafa yo o Iwalang. Tsa re ga go na sekgopi sepe. 

Moraka-pitse Lebowa
O tswa Lebowa o batlang
Tsa re boela borwa
Tsa re o senka ngaka
Le mororo o alafilwe 
Go gongwe motho o ka ya ngakeng, le mororo a setse a alafilwe ke e nngwe. jalo bola bo tla mo lemoga, mme bo mo gakolole gore a boele gae, o siame. 

Tlhako di wele mararo-maronthotho
Morwa mmidibidi wa kwapa
Re ja kwapa ke go fete tseleng
Ke be ke boe ke go fete tseleng
Nnaare tlhware o beilwe ke eng borena pele?
A re lekau ke sale ke ikokotlela maloba
Ka lore lwa a ka lwa tshipi,
Lwa motlhware lwa nthaka lwa nthobegela nageng
Marapo a tlhware e tona ke a swa
Lo tla sala lo mpua ke sule
Ka morwa mmidibidi wa kwapa 

Lewa le ke la fa motho a batla gore ngaka e ye go mo thaela motse. Le bolela gore go siame, go ka dirwa; ga go dikgopi dipe. Tsa re fa o ntseng teng o morena, ga go yo o ka go sutisang. 

Moraro-sedikadike, ke motse tatalego,
Ke matlhaku lo a rutla, lo a tswala
Malata, masetlhana, masenang ditsaone
Sepa-legolo la moeng
La mong-gae pipitlwane
Tsa re ke mogae wa eng,
O a reng a bona lobota lo o šwa A bo a tsaya selepe,
A re lo tla feta lo mpolelela ke tla?
Ka a tshaba marapo a kgomo e tlhaba go mo ntsha
Ka moraro, sedikadike

Fa di riana di raya fa motho a ikitse gore ke ene a loileng molwetsi. Mme e re go laolwa, a ba a tswa, a tsamaya, a tshaba gore ditaola di tla mo supa. Jaanong a re o ya golo gongwe, ba tla feta ba mmolelela a tla, gore ditaola tsa reng. 

Tlhako di wele makgolela, mafaratlhatlha
Mafaratlhatlha a bana ba mpa
Motho o kgolelwa ke wa’bo
Tsa re lo se bone naka tsa podi go patagana
Bolau di tswa najo badimong
Ba ga. Malatsi le Malatsana
Ba ne ba ganetsanya letsatsi
Yo mongwe a re tsatsi le tswa bodibeng
Yo mongwe a re le tswa kgothing ya morula
Mme e rile ka moso bo o sa
Ba namela thaba 

Kgang ya feta ya lala Malatsana
Re tswa kgothing ya morula o le mongwe
Ka makgolela, mafaratlhatlha.

Fa di wele jaana, di bolela kgang ya bana ba motho. Motho le mogolowe ba ganetsanya. Yo mongwe a batla sesagagwe mo go yo mongwe. 
Makgolela, maswereswetlhane 
Ke makgolela, maswereswetlhane
Nna mosimanyana wa maganwa-ke-dilo
Ke re ke rue se, lo lotlege, Ke re ke rue se, lo lotlege
Tota nna ke tla rua lo ile kae?
Ka makgolela a a maswereswetlhane,
Nna mosimanyana wa maganwa-ke-dilo. 

Tlhako fa di riana di raya gore sengwe le sengwe se ke reng ke a se dira ga se ye teng. Ga ke na lesego la go itirela botshelo. 
Mpherefere, koo tseka
Fa di riana tsa re o se ka wa ithaya wa re o itse motho. O ka nna wa lemoga mekgwa mengwe ya gagwe fa o atamalane nae thata, kgotsa o dirisanya nae. Le gale ga go reye gore o a mo itse. 
 Mpherefere, sanyane 
Tlhako di wele mpherefere, sanyane wa bogosi
Tsa. re kgaolang sanyane maseka
Bontle le bogosi di a mo tshwanela
Ka e le morwa marua-di-mabala, sanyane
Ka mpherefere, sanyane 

Tlhako fa di wele jaana, tsa re sengwe le sengwe se ke se dirang, batho ba a ntenegela, ba re ke itira kgosi. Jaanong ba batla go nthola mabela.

Tlhako di wele seketekete
Seketekete se modumo
Sefalla, seja malatsi
Tsa re sentshedi, se ntshupe ka mono lesotlho
O sale o supile badimo maloba
Mme le gompieno ba sa ntse ba ile 

Fa di riana di kaya selo se se suleng, se se ileng. Tsa re se ileng se a be se ile, lesilo ke moselateledi.
Motlhakola (o motona) 
Tlhako di wele motlhakola o montsho
Motlhakola wa Matebele a ga Biibii
Tsa re a golo moo gae ga go na banna,
Ba tle go namola letlhakola le e šwa le rora
Le be le e šwa le theko tsa marula 

Basimanyana ba ga Rrasenkaka
Ba e rileng ba bona molelo o o šwa
Ba ya go kgetla matlhare
Ba re ba tsile go tima
Mme e rile ba tla ba kibitla ka matlhare
Molelo wa bo o tlola o kapa ntlo
E rile ba ema ba gakgamala,
Wa bo o tlolela ntlo ya bobedi 

Ke gone mo re rileng tlogelang molelo oo!
O itsiwe ke mong wa legae
O itsiwe ke Rrasenkaka
Bokhutshwanyane jwa ntlo ya ga mme
Ga se bokhutshwane, ke go tlhabisa kgala
Fa ke re ke a nama, ke šwe,
Ke ikhutaganye, ke šwe.
Ke motlhakola o montsho wa Matebele 

Fa di wele jaana, di a bo di re ‘banna thusang, se se mo gae!’ Tsa re thusang, go na le mathata, lo batle ngaka, e alafe! 

Ke motlhakolane, ooBatshekgethi Motlhakolane, wa mma nkadime loselo Ke jakele bongwanake! Kana ga se tlala lebekebeke Motsetsi o ja ka letsogo Ka e le phoromphotlha Moko o dule lesapong, Wa latella dinama morong. 

Ke motlhakolane, moraka-pitse ya Lebowa
Pitse o swa Lebowa o batlang?
Ntlha o ka swela bobapa
Wa tla wa jewa ke ba ga Mogomana
Ba tla ba go ja ba go gomagoma
Ba go simela ka tshimelateng
Moko o dule lesapong,
Wa latella dinama morong 

Motlhakolane wa moraka-pitse ya Lebowa
Motlhakolane, o o phoromphotlha
Moko o dule lesapong,
Wa latella dinama morong
Ke motlhakola o monnyennye 

Fa di riana di raya gore ke tshwere phoromphotlha. Ke go re ga ke a tshola sepe. Dilo di ntule ka paka tsa menwana. 
Majwana (a a tlhapadima)
Maja-nku ya maganelwa
Kgagara ya kgomo tshwana e digwetlha
Maaka, marutwa-ka-kgomo

E nthaya e re e majwana
A ga Tshelebane, mphiphianye
A ga leme lo maaka
E rile ke re motho o kwa pele,
Nteboka motho o ntshetse morago
Tlhapang metsi Bakwena lo a tlogeleng,
Ga a na kubu, ga a selomi se metsing
O tlhapa jang segogwane?
Ntlha Bangwaketse bone ba a tlhapa ka go ragaraga dinao! 

Majwana a ga ntshang nkgekgetho motseng
Mosadi fa a le sebuo segolo
Lo mo agele mo serokameleng
Lo be lo mo segele mosese wa phoko
A tle a re a bua a ba a o tswele
A bua ‘jourata’, fa pele ga banna
Ka e le modipa wa mosadi

Ke majwana a ga ntsha-nkgekgetho motseng
A a tlhapadima
Ke tlhapile le rrangwane tsibogong
A ntlhapisa letšopotšopo la go tsewa ke kubu le kwena
Ke rrangwane wa eng o sa nthateng?
E reng re latetse motlhala wa dikgomo
A ntshadise kwa morago,
E re re bona wa dinare.
A nketeletse pele!
Ke rrangwane wa eng o sa nthateng,
E reng re gama a mpetsa ka mokgothi wa kgamelo?

Ke majwana a ga Tshelebanya, mphiphianya,
Majwana a a tlhapadima.

Lewa le ke la fa bana ba motho ba lwela boswa, jaanong yo mongwe a batla go ja a le esi. 
Malwana a a disete
Tlhako di wele majwana a a disete Re a sekolola, re a seka. Letlhafula re seka mašwi a kgomo Mariga re seka mmoko wa talane Ka majwana a a disete. 

Fa di riana di bolela tsheko; tsa re go a sekwa. Fa o ise o lemoge, wena motlhatlhojwa, tsoga maroko, o eme ka dinao.  
 Dimatla 
Dimatla, mopipimpi, Mabele a tsena mo difaleng 

Le ke la fa motho a ile go itekola kwa ngakeng gore a ruri e seng tshimo ya gagwe e sa potwa ke ope ka kwa morago. Bola bo bolela gore ga go na molato ope, motlhatlhojwa o tsile go fola mabele a a tlatsa ka difala. 

Tibola lotlhokwa lwa tsela
Tsaya setlhako o gokele
O rwale setlhako o tsamae!
Mosepedi ke wena fela
Tsela e phepa, e siame 

Le ke la fa motho a bolola, jaanong a ile go itebaleba kwa ngakeng. Bola bo bolela fa tsela e siame, mosepedi a tla tsamaya mosepele o o siameng, o o se nang dikgopi. 
Ella tlhoko: Go tla tlhaloganngwa gore ditlhotlhomiso mabapi le tema e ya bongaka jwa Setswana di lemotsha fa go na le tumalano e kgolo ka ga maina a mawa mo dingakeng tsa Setswana. Dipharologanyonyana di ka nna teng mo mabokong a mawa a. Le gale go lemotshega fa dipharologano tse e se tse di kae-kae, e bile di sa reye sepe se se kalo. Go a be go tswa mo ngakeng ka sebele, gore e kgona go kgabisa leboko la lewa go le kae. 

Gape go tla tlhaloganngwa gore kitso ya maboko a ga e reye gore motho o itse bongaka jwa Setswana. Se ke dikainyana fela go tlopolela mmadi gore dilo tse di tsamaya jang. 

Palo ya mawa le yone ga e a gobokwa yotlhe fa. Bontsi jwa one bo tsamaelana le mathata le mabaka a matshelo a batho. Fano ga twe fela ‘tsaya o utlwe! 
LOSO LE PHITLHO
Ngaka e bolokwa ka makuku a naka tsa banna, le gona go ya banna fela kwa dirapeng.
Ngwana o a iseng a medise o bolokwa mo ntlong.
Motho mongwe le mongwe o bolokwa momosong.
letsatsi ga le a tshwanela go tlhatloga le le kwa mabitleng.
Bogologolo motho o ne a phuthwa ka letlalo la kgomo e e tlhabilweng fa a bolokwa.
Setopo se ne se beiwa mo letswaing.
Morago ga phitlho Motlholagadi kgotsa moswagadi ba tshwanetse go nwa dipitsa.
Moswagadi o apesiwa roulo ke kgaitsadie a tlhabetswe podi mme o ikapola yona gongwe a ikapese mme bokgaitsedi ba mo apole. (Ka Sehurutshe)
Moswagadi o a ikapesa roulo a be a apolwa ke bo malome ka podi. (ka Setlhako)
Morago ga phitlho go a beolwa. go beolwa mme/rre le bana. Bana ba beolwa ke Rakgadi. mme/rre ba beolwa ke malomaa bona.




#Article 337: Umbrella for Democratic Change (124 words)


Umbrella for Democratic Change (UDC) ke Mokgatlho wa tsa polotiki mo leftsheng la Botswana. UDC e agilwe ka ngwaga wa 2012 Ngwanatsele ke maloko a batho go tswa Mekgatlhong e e farologanyeng go akaretswa BPP le BMD. Mekgatlho wa Botswana National Front(BNF), Botswana Movement for Democracy(BMD) le Botswana peoples party(BPP) e ne ya kopana ya nna mokgatlho o le mongwe go ya go emela ditlhopo tsa ngwaga wa 2014. Ka ngwaga wa 2017 mogatlho o o neng o ikemetse ka nosi o ne wa bona go le maleba go kopana le mekgatlho e mengwe e go nna seopo sele sengwe.Bokopano jo bo mo pusong ya ga rre Duma Boko.Kgang ya konokono ya bokopano jo ke go ya go emela ditlhopo tsa ngwaga wa 2019.




#Article 338: Carrot cake (152 words)


Carrot cake ke borotho (Kuku) ke motswako wa di-carrot le metsi abo a fuduiwa. Motswako o o a apeiwa o bo o siliga mo pitseng gore o nne boleta, fa kuku yone e na le boleta jwa yone fa o e tshwara ka diatla.

Fa go apewa carrot cake, go salwa morago ditaelo tsa go apaya borotho, Sukiri le mae dia kopanngwa mme morago go fuduiwe.

Bontsi jwa metswako ya carrot cake e na le di ingredients tse di tshwanang le cinnamon, manoko, Paene-apole kana moretlwa wa sekgoa. Go nala lemon juice e e tsenngwang le icing sugar mo motswakong.

Carrot cake e kgona go jewa e le nosi, mme go botlhoko kgotsa go tlwaelesegile thata ka bosweu jo bo tshelwang fa go dimo icing kana cream cheese icing and walnuts, e kgabetleletswe.e tlotswa thata ka icing sugar marzipan E dirilwe go tshwana le carrot. Carrot cake e tlwaelesegile thata ka loaf




#Article 339: Mmidi/Mmopo (351 words)


Mmidi/Mmopo ke Setlhatshana se se simolotseng go lemiwa ke beng gae ba ko lefatsheng la Mexico dingwaga di le 10 000 tse di fitileng. Setlhotlha sa mmidi se ntsha bana mo ditsejwaneng tsa one mo eleng maungo a a felelang a nna le dipeo tsa mmidi tse ka sekgoa di bidiwang kernels.
Mmidi/mmopo le o na ke kuno e e botlhokwa jaaka mabele. Dilo tse dintsi tse o di dirang ka mabele o ka di dira ka mmidi. Le fa e le gore bakwadi ba maloba ba bua fa mmidi o tlile ka Bapotokisi mo Aforika Borwa, le o na o botlhokwa thata mo temothuong ya Batswana. Jaaka mabele, o ka dira momela ka mmidi mme wa apaya bojalwa. Go mefuta e le mebedi e e tlwaelegile ya mmidi, ke o mošhibidu o gantsi o jewang ka go o besa le go o apaya ka metsi o sa photliwa mo seakong, le go apaya kabu, dikgobe le mohubiswane, ga mmogo le go fepa dikgogo. Fa o bona mmidi o mošhibidu o direle bopi o itse gore leuba le tlhasetse. Mmidi o mosweu o dira bopi/phaleshe thata mme fela ka bobedi e dira sengwe le sengwe se se tshwanang.

Mmidi/Mmopo o fetogile dijo tsa mo gae tsa lefatshe mo mafatshe fatsheng ka dipalo tse di ntsi tse di fetang tsa wheat kana raese. Mmidi kgotsa mmopo o kgona go se jewe fela o ntse jalo, mmidi e mengwe e ka dirisiwa go apaya bojalwa, dijo tsa diphologolo, le tse dingwe tse di diriwang ka mmidi.Go na le mefuta ya mmidi kgotsa mmopo e le thataro e e akaretsang dent corn,flint corn,pod corn,pop corn,flour corn, and sweet corn.

Bontsi jwa batho ba dumela gore mmidi kgotsa mmopo o ne o tlholega kwa Tehuacan Valley ya Mexico. Ditlhatlhobo tsa se gompieno di supa gore o tlholega thata kwa Balsas River kwa legareng la lefatshe la Mexico.

Bokete jwa temo bo na le seabe mo mmiding. Mefuta ya go lema mo mafatsheng a itsholelo e e kotlase a ineetse mo go lemeng ka botona mo go feletsang go ntsha tsebe ele ngwe ka setlhotlha.  




#Article 340: Okanaiseišene (1186 words)


Okanaiseišene/Thulaganyo ke sengwe [entity] se se akaretsang bontsi ba batho[people], jaaka institution kgotsa lekgotla [association], seo se nang le maikaelelo a kopanelo a kakaretso mme se tshwaragantshitswe go tikologo ya kwa ntle.

Lefoko le tswa mo lefokong la SeGerika 'organon, leo le kayang organ.

Go na le mehuta ya thulaganyo, a a akaretsang corporations, governments,  non-governmental organizations, political organizations, international organizations, armed forces,  charities, not-for-profit corporations, partnerships, cooperatives, and educational institutions.

hybrid organization  ke mmele o o dirang bobeding mo public sector le mo private sector  ka nako e le esi, o diragatsa ditiro phatlhalatsa le go tlhagisa mediro ya tsa papatso tsa kgwebo. 

Lekgotla la boithaopo [voluntary association] ke thulaganyo e e akaretsang baithaopi. Mafelo-bodirelo a a jalo a ka kgona go dira kwa ntle ga ditshwanelo tsa molao, go ikaegile mo sedikopusong, go akaretsa le informal clubs.

Dithulaganyo di ka dira gape kwa sephiring le/kgotsa ka fa e seng ka fa molaong mo mabakeng a jaaka secret societies, criminal organizations le resistance movements.

Thuto ya madirelo e akaretsa tebelelo e e tsepameng ya organizational structure. Go ya ka management science, diokanaiseišene tse dintshi tsa botho [human ] di wela roughly mo mehuteng e mene:

Tse di akaretsa setlhopha sa balekane bao batseyang tshwetso e le setlhopha, motlhamongwe ka tlhopho.  Pharologano magareng ga jury le komoti [committee] ke gore maloko a komiti ka gale ba tshwaelwa go diragatsa kgotsa go etapele tsweletso ya dikgato fa morago ga fa setlhopha se tsere tshwetso, etswa  maloko a jury o ne a tsaa tshwetso. Mo dinageng tsa  common law, dijuri tsa molao di diragatsa ditshwetso tsa ditshenyegelo tsa guilt, liability le tekanyetso; juries di dirisiwa gape mo dikgaisanong tsa mabelo; dikatsong tsa dibuka le metsamekong ya go tshwana. Ka dinako dingwe komiti ya ditlhopho e dira jaaka juri. Ka dinako tsa Middle Ages, dijuri kwa khontinenthaleng ya Europe di ne di dirisiwa go tswetelela molao go ya ka  tumalano magareng  ga boreaitse ba lefelo 

Dikomiti ka gale ke tsone di ikanyegang segolo mo go tseyeng ditshwetso. Condorcet's jury theorem e bontshitse gore fa tlhopho ya leloko le le mo magareng   e le botoka go gaisa ya  [a roll of dice], ka jalo go oketsa maloko a ba bantshi ba ba ka tlang mo tlhophong e e siameng (le fa go le jalo tshiamo e tlholositswe). Bothata ke fa leloko le le mo magareng kwa morago le ka nna [worse] go na le [a roll of dice], tshwetso ya komiti e tla ba [worse], e seng botoka; ka jalo, staffing is crucial.

Okanaiseišene e e na le go phadisana  [competition] go go tseneletseng. Dikgaolo tse sa siamang tsa okanaisešene di a gatelega. Tse di siameng di bona tiro e ntsi. Mongwe le mongwe o duelelwa tiro e ka nnete a e dirang, e bile a na le kgwebo-potlana eo e nang le katso/morokotso [profit], e seng jalo ba a lelekwa. 

Dikhampane tseo di dirisag okanaiseišene ya mofuta o di tlhagisa ponelo ya lephata-lengwe ya seo se diragalang go ikholoji [ecology]. Se le sona ke mokgwa wa gore ka tlhago  [ecosystem] e na le maparego a tlhago - ecoregions go le go ntsi ga di mo kgaisanng le tse dingwe, di ikemetse ka bo tsona. 

Khampane ya  pharmaceutical company GlaxoSmithKline e bua mo ka go dira jaaka lefelo-bodirelo le  ka mo  e etswang mogo The Guardian. Ka Bastian Batac De Leon.

Okanaiseišene ya mofuta o e abela modiri mongwe le mongwe baokamedi ba ba bedi go tswa matsetsepelong a mabedi a a farologaneng. Leitsetsepelo le lengwe ke la tiriso functional mme le diragatsa gore mofuta mongwe le mongwe wa sekgoni/setswerre mo lefelo-bodirelong le thapisitswe/rupisitswe sentle, mme le lekanngwa ke mookamedi o e leng setswerre tota mo lekaleng leo.  Leitsetsepelo lengwe ke la letlhakore la  executive mme lona le dirisa dikgoni/ditswerre go leka go bona gore diprojeke di feditswe. Diprojeke di ka lokologantshwa ka dikungwa, didiko, mefuta ya bareki, kgotsa diskimi tse dingwe. 

Sekao, khampani e ka nna le mongwe yo o nang le maikarabelo a legotlhe a dikungwa X le Y, mme yo mongwe a ka nna le maikarabelo a le gotlhe a boinjineri, le ba taolo ya boleng, jalo jalo.  Ka jalo, badira-tlase ba ba nang le maikarabelo a taolo ya boleng a projeke X  ba tla nna le maphata a mabedi a go bega. 

Hierarchy e kaya peakanyo le moetaledipele [leader] yo o etelelang pele maloko mangwe a okanaiseišene. Peakanyo e go le gontsi e goloanngwa le gore go na le kgotsa go akangwa go na le phiramiti tse di lekaneng, fa go sena mafika a a lekaneng go ka emisa tse di kwa godimo,  gravity e ka usetsa moago o mogolo o tlase moo o ka seemisiweng gape. Ka jalo o ka akanya gore fa moeteledipele a sa na ketleetso/tshegetso ya bathusi ba ba ka fa tlase ga gagwe, popelo yotlhe-yotlhe e ka phutlhama.   Hierarchies di kile tsa  satirized mo The Peter Principle (1969), buka e e tlhagisitseng hierarchiology le sekai se se reng in a hierarchy every employee tends to rise to his level of incompetence.

Mo di social sciences, okanaiseišene ke sengwe se se sekasekwang ke mafapha a se makae, jaaka sociology, economics, political science, psychology, management, le organizational communication. Tshekatsheko ya diokanaiseišene ka bophara ka se tlwaedi e kaiwa e  le  organizational structure, organizational studies, organizational behavior, or tshekatsheko ya okanaiseišene. Go na le maiphitlhelo a se makae a a  farologaneng, mangwe a ona a tsamaisana:

Sociology e ka tlhaloswa e le the science of the institutions of modernity; specific institutions serve a function, akin to the individual organs of a coherent body. Mo social le political sciences ka kakaretso, okanaiseišene e ka tlhalogannwa bobebe jaaka tiro ya batho e e baakantsweng, e e lomagantsweng ebile e le ya maikemisetso e dirwa e le tiro ya kakaretso go fitlhelela maikaelelo a  tlwaelo kgotsa go aga  product e e tshwaregang. Ketso e go le gale garelwa ke maloko popo (melao ya institušene). Sociology e farologanya lefoko le okanaiseišene go diokanaiseišene tse di rulagantsweng ka tolamo le tseo di sa rulaganngwang ka tolamo (sekao, diokanaiseišene tse di tlhamilweng spontaneously). Sociology e tlhatlhoba diokanaiseišene mo mothalading wa ntlha go twsa go boiphitlhelelo jwa institušene. Ka kakanyong e, okanaiseišene ke peakangyo e e mamatletseng ya dielemente. Dielemente tse le tiro ya tsona di tswetelela ke melao gore tiro nngwe e diragatswe ka system e e lomagantsweng ya division of labor.

Ditlhagiso tsa tsa moruo/kgwebo mo diokanaiseišeneng gape di tsea pharologano ka tiro [division of labor] jaaka mathomo-mayo. Pharologanyo ka tiro e letlelela  (moruo  wa) boitseanape [specialization]. Koketso ya boitseeanape e kgonisa tomaganyo. Go tswa mo ntlha-ponelo ya tsa moruo, marekelo le diokanaiseišene ke tomagano ya theefosano go tsamaisa papatso  [transactions].

Okanaiseišene e tlhaloswa ka dielemente tseo e leng bontlhanngwe  ba yona (ke mang  e leng leloko ke mang o e seng lone?), ke tlhaeletsano [communication] (ke dielemente dife tse di tlhaeletsanang ebile di  tlhaeletsana jang?), boikemelo (ke diphetogo dife tse di tsamaisiwang ka go ikemela ga okanaiseišene kgotswa dielemente tsa yone?), le melao ya yone ya go tiragatso fa e lekanngwa le ditiragalo tsa ka kwa ntle (ke eng seo se dirang gore okanaiseišene e dira jaaka modiri-kgoboka?).




#Article 341: BotswanaPost (648 words)


BotswanaPost ke komponi e maikaelelo a yone eleng go romela le go amogela dithoto mo lefatsheng la Botswana. BotswanaPost ke komponi ya goromente wa lefatshe la Botswana, ka sekgoa Parastatal kotlase ga leloko la Ministry wa tsa maranyane,ditlhaeletsanyo le botegeniki.

Thuso ya poso mo Botswana e simologile ka ngwaga wa 1875, ka lekalana la ba London Missionary Society.Ka dingwaga tseo poso e ne e tsamaya makgatlho a mabedi go tswa kwa lefatsheng la Zimbabwe, toropong ya Bulawayo go ya kwa Mafikeng kwa eleng Aforika Borwa, go lemogiwa gore go ne go tsamaiwa ka maoto go isa poso mme ere nako e ntse e tsamaya, ga nna le kago ya seporo sa terena se se neng sa dirisiwa ntleng le go tsamaya ka maoto.Ka ngwaga wa 1990 BotswanaPost ene ya nna le dikoloi tse e ka di dirisang go romela makwalo le dithoto tsa batho. Lekalana le le neng le dirilwe ke ba London missionaries le simologile ka nako tsa Bechuanaland protectorate postral services.Erile ka nako ya Boipuso jwa lefatshe la Botswana ka ngwaga wa 1966 ka kgwedi ya lwetsi ale masome a mararo, lekalana le le ne la fiwa leina la Department of Posts and Telegraphs, ka nako eo go ne ga nna le ditshon tse di ntsi tse di akaretsang banka ya poso e e bidiwang Post Office Savings Bank.

Ka ngwaga wa 1980 komponi ya Botswana Telecommunications Corporation e ne ya fetolwa go nna ya ga goromente (parastatal), ngwaga tse pedi fa di sena go feta ga latela Botswana Savings Bank go nna parastatal, ya re ka ngwaga wa 1989 BotswanaPost ya ikemela ka nosi le yone. Lephata la Botswana Savings Bank le na le ditumalano le lephata la BotswanaPost go neele batho dithuso tsa banka mo maphateng otlhe a  a leng 120 Botswana ka bophara..

Rre Cornelius Ramatlhakwana ke Moemedi mogolo wa BotswanaPost yo a tsereng maemo mo go rre Pele Moleta yo a tlogetseng  tiro ka kgwedi ya Mopitlo a ya go dirila kwa bankeng ya Barclays.  Go thapiwa ga ga rre Ramatlhakwane, yo eleng tona ya Business development ko BotswanaPost go dirilwe phatlalatsa lefatshe ka bophara, mo go neng ga netefadiwa ke moemedi wa ditlhaeletsanyo mo komponing Lebogang Bok ka mafoko a a makhutshwane a areng It is not clear what will happen to the current acting Chief Executive, Setshedi Botlhole-Mmopi o ne a tapiwa moragonya ga kemelelo ka bofefo ya ga Moleta, yo jaanong a berekang e le Mookamedi Mogolo wa Ditirelo mo bankeng ya Barclays Bank Botswana. Morago ga kemelelo ya ga Moleta, bogogi jwa tapa Setshedi Botlhole-Mmopi go nna motswarelela Mookamedi Mogolo wa Ditirelo. Moleta ga mmogo le Mookamedi Mogolo wa Ditirelo wa pele, Kutlwano Mswela ba ne ba ithola marapo ko Poso House ka fa tlase ga diemo tse di tlhaloganyesegeng (under unclear circumstances).

Erile ka nako e rre Moleta a santseng a le ko BotswanaPost, o ne a tlwaelesegile ka leina la The Post Man, le a neng a le amogela ka boitumelo jo bogolo, a tla ka matlhagatlhaga a go tlhatlosa dipoelo tsa BotswanaPost ka go ne go na le menahune e e neng e bolelwa gore BotswanaPost e ntse e sa dire sentle, seo se neng sa mo tsenya matlhagatlhaga go dira ka natla mo tirong ya gagwe.

Erile go tsamaeng ga ga rre Moleta ka go tlogela tiro ko BotswanaPost, o tlogela a dirile tse dintsi di akaretsa tsa maranyane a go dira dilo tse disha go leka go tlhabolola, mo aneng a simolola tiro e bidiwa Poso Cloud, e e tsisitseng maranyane a public WI-Fi hotspots. O bile a dira gore go nne le maranyane a go berekisa madi ka mogala wa letheka kgotsa go duela dituelo tsa poso ka mogala wa letheka. Dituelo di akeretsa motlakase, metsi le ditsela. Tsotlhe tse ditlogetsweng ke rre Moleta diwetse mo diatleng tsa ga rre Ramatlhakwane.

BotswanaPost e simolotse philatelic museum ko ofising ya bone e tona ko Gaborone.




#Article 342: Wikipedia Zero (Setswana) (153 words)


Wikipedia Zero ke maranyane a a tsisitsweng ke komponi ya Wikimedia Foundation a a letlang gore o ka nna le tshono ya go ka bona kitso ya thuto o dirisa mogala wa letheka kgotsa cell-phone mahala go sena ditlhwatlhwa dipe tse o di duelang. Maranyane a Wikipedia Zero a tsentswe mo tirisong ka ngwaga wa 2002, mme a ikgapela sekgele sa mabono sa borwa goya borwa-bophirima interactive award. Seabe sa maranyane a Wikipedia zero ke go rotloetsa go nna le kitso ya mahala o dirisa mogala wa letheka. Ka boleng teng jwa Wikipedia Zero mo di komponing tsa megala di le 68, mo mafatsheng a le 52, go netefaditswe gore batho ba le 309 million ba dirisa Wikipedia Zero.
 , ,.

Maranyane a  ke mangwe a a akarediwang a tshwana le Wikipedia zero..

Mokwalo o o fa tlase o supa histori ya tiro ya Wikipedia zero go ya ka maina a mafatshe.

See .




#Article 343: KE NE KA RATA KGAREJWANA (4764 words)


Baša ba tlaa lemoga gore buka e, ke ya botlhokwa tota. Fela jalo le bagodi ba tlaa thusega thata ka yona go
sekamolola mekgwa e mengwe ya bone, ka gongwe le go ruta bana ba bone.
Buka e, e tlholegile bogareng jwa Afrika. Le fa go ntse jalo nna, ke le Moafrika wa maitemogelo a boruti mo basweung,
ke itse gore e araba ka botlalo dipotso dife le dife kaga baša ba basweu. E re fa maele mo matshwenyegong a lefatshe 
la segompieno.

DR. E. BOLAJI IDOWU,
Senior Lecturer of Religious Studies.
University of Ibedan,
Nigeria.

A, ke makwalo a bokunutu fa gare ga batho ba babedi go akantshana. Bokunutu jwa na bo feleletse fa ebileng ke na le
dipelo tse pedi go ka a phatlhalatsa; le fa go ntse jalo kea patelesega. Phatlalatsa e ga ke e dire ka ntlha ya kopo
feela ya tsala ya me e e thusegileng ka ona; ke bona gore le ba bangwe ba ka thusega ka ona, mme ke a phatlhalatsa ka
ntlha ya lokwalo lwa gagwee lwa bofelo, lo lo sa ameng nna ke le nosi, fa e se rona rotlhe.

Kafa tumelelong ya tsala ya me, ga kea tlogela sepe, le eseng go fetola sepe, le fa e kabo e le se se tshosang gongwe
se se tlaletsang. Se se tlhokafalang fela ke lokwalo lwa moratiwa wa gagwe lo a se kang a rata gore lo gasege, gonne e
ne e le lwa botlhokwatlhokwa mo go one. Mme le fa go ntse jalo go seng teng ga lokwalo loo, go nnetefatsa lorato lwa 
gagwe e le ruri.

Mabapi le dikarabo tse ke lekileng go di mo fa, ke na le go bua sentle gore bontsi jwa tsona ga bo tswe mo go nna. Bontsi
jwa tsona ke bo fitlhetse mo dibukeng tse dingwe, mme ke paka gore di tlaa nna le mosola go wena mmuisi. Gantsi ka go sa 
lemogeng ke buile dintlha tsa mafoko a tsona fela. Le fa mo gongwe ke kwadile mafoko a tsona tho, ga kea dirisa dipulela-
mafoko le ditswalela-mafoko, ke raya ...; gonne ke ne ke sa rate go dirolola boleng jwa dikarabo tsa me.

Ke solofela gore mmadi o tlaa lemoga go sa iphitlhwang mo makwalong a. Ke laletsa bone ba ba bonang gore ba ka thusa tsala 
ya me mo go e arabeng, bogolo jang lokwalo lwa bofelo lo o lo nkwaletseng.

Ke tlaa fetisetsa makwalo a a ntseng jalo go ene ka boitumelo. Ke itse sentle gore o tlaa itumela, bogolo jang ka nna ke 
ise ke kgone go ka mo naya karabo.

B.P. 113                                                                   WALTER TROBISCH,
Yaounde,                                                                   P.O. Box 1192,
Cameroun,                                                                  Kitwe,
West Afrika                                                                North Rhodesia

Lokwalo loo lo tsile koo go wena boemong jwa me. ke tlhajwa ke ditlhong mo go feteletseng go tla go go bona ka sefatlhego.
Le kwa ntle ga moo ga ke na madi a leeto; gonne ga ke tlhole ke le morutabana, ke senyegetswe ke tiro.

Labotlhano le le fetileng ke ratanye le kgarejwana, gongwe ka mafoko a gago nka re, ke akafetse; gonne ke kafa basweu ba buang ka
teng, le yona Kereke. Mme kana kgarejwana e, e ne e sa nyalwa, le fa e le go ntshetswa bogadi. E ne e se ya ga ope. Ka moo ga ke itse
yo ke mo foseditseng, le nna ka nosi ga ke ise ke nyale. Mme le gona ga ke mo maikaelelong a go nyala kgarejwana eo. Le leina la yona
ga ke le itse. Ka ntlha ya moo ntlheng ya me, taolo e e reng: O se ka wa akafala, ga e kgone go buiwa mo lebakeng le la me. Ke ka 
moo ke sa tlhaloganyeng gore ke ka ntlha ya eng, fa Kereke e ntshutisa le go inkwatlhaisa dikgwedi di le thataro.

Mongwe wa barutwa ba me o ntebile mo moruting. Ee, o ntsentse matlho.

Motlotlegi, kana ke wena yo o nkolobeditseng, wa ba wa nthuta mo sekolong. O ntshemegile ganwe le gape, ebile o itse kafa ke neng ka
nna mokriste ka teng. O nkitse go feta le ntate tota. Ke maswabi thata go go swabisa; le fa go ntse jalo ke na le go bua ka thanolo:
tota ga ke ipone molato go le kalokalo. Ke tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya ditlokotloko; le fa go ntse jalo ke sa ntse ke le mokrisete.

Ke na le bopelokgale jwa go bua ka thanolo se ke se gopolang, le fa o ka tuka bogale. Dikeletso tsa mmele wa me le bonna jwa me, a ga 
kea di fiwa gore ke di dirise? A se se leng teng ga sea tshwanela sa dirisiwa? Ke ka ntlha ya eng, fa e le boleo go dirisa se se diri-
lweng ke Modimo?

Ka e le foo mongwe le mongwe a setse a ntatofatsa, ga ke solofele go ka arajwa.

Jaanong ke ema foo. Ga go ne sepe gape se nka se buang.

Wa boikanya wa gago mo mathateng,
F.

Tsala ya me F.,

Ke amogetse lokwalo lwa gago lwa di 8 Firikgong, ebile ke itumelela thata go utlwa kaga se se dirafetseng, eseng ka mongwe o sele,
fa e se ka wena ka nosi. Le mororo ke utlwile botlhoko bogolo jang, ka e le nna ke tlhotlheleditsen gore o bone tiro ya borutabana.
Le fa go ntse jalo ga se gore ke go nyatse ka ntlha ya go bua ka thanolo ga gago. Mme tota ke itumedisiwa ke gore, ka gongwe ke tlaa 
go thusa faale le faale. Ke tla leka ka matla go araba dipotso tsa gago ka thanolo fela jalo.

Ga re kitla re tsena ka pelepele mo potsong ya gago ya gore, a o dirile tiro ya boaka gongwe nyaa. O tantse kgomo lonaka, fa o re, 
thobalano ga se boleo. Dikeletso le dikakanyo tsa gago, fa o bona kgarejwana ya marata-golejwa ga se boleo, ebile ga se boleo, fa a go 
kgatlhile. Ga o kgone go thibela dikeletso tsa gago, fela jaaka o sa kgone go thibela dinonyane go fofa tikologong ya tlhogo ya gago.
Le fa gontse jalo o kgona go thibela dinonyane go aga dintlhaga mo moriring wa gago.
 
Ga go na pelaelo, dikeletso tsa thobalano di tlhodilwe ke Modimo. Ke dineo tsa Modimo, mme le gona ke dinoe tsa botlhokwa mo bošeng jwa
gago. Fela, keletso ga e nee ope tshiamelo ya go e dirafatsa.

O tlaa reng, fa o bona mosimane, a eme fa fenstereng ya borekela-nama jo bo mo gare ga motse o mogolo, mme a ntse a akanya a re: Ka 
jaanong ke bona nama e, ke tshwarwa ke tlala go feta. Nama e, e tsosa keletso ya dijo. Se ke sesupo sa gore ke ya me, ebile ke ka e itse-
ela. Ka moo ke na le tshiamelo ya go thuba fenstere gore ke ithuse.

O boditse jaana wa re: A se se leng teng ga sea tshwanela sa dirisiwa? Se ke nnete ruri, mme fela a se dirisiwe ka thulaganyong. Sekao,
a re re, mongwe wa ditsala tsa gago ke lepodisa; mme kana o tlaa fiwa sethunya, mme a bue a re: Ga ke ise ke re ke batla sethunya, ke se
filwe fela. Ka ke se filwe, ke na le go se dirisa, ke go re, ke letlelesega go thuntsha motho ka sona. Mme nnete ke go re ga a letlelelwa
go dira jalo. O na le maikarabelo mo tirisong ya sethunya se a se filweng se. Go ntse fela jalo ka thobalano.

Thobalano e na le go dirisiwa, mme e le ka thulaganyo le kafa go rateng ga Modimo. Ka tiriso e e ntseng jalo thobalano ke se se siameng; foo 
e nna motswedi o o tiileng wa bophelo, wa kopanyo ya ba babedi. Kwa ntle ga thulaganyo ya Modimo ka pelepele e nna kgaogano le motswedi wa bo-
tlhogo le tlhakatlhakanyo le loso. Bokopano ya thobalano bo siame fela, fa bo supa ;orato. Go na le lefokonyana lengwe mo lokwalong lwa gago
le le ntsibositseeng go feta; o kwadile jaana wa re: Ke ratile kgarejwana. Legoka, tsala ya me! Ga oa rata kgarejwana eo, tota o robetse le 
yona fela; dilo tse pedi tseo di farologana thata. O ne wa nna le maitemogelo a thobalano, eseng a lorato.

Lorato lwa nnete ke lona lo lo lebileng boitumelo jwa moratiwa, eseng go itumedisa fela. Ke itse sentle gore lesogana la segompieno, fa le re:

tiego! Ga go kgathalesege gore go tlaa dirafala eng morago, jaanong go tshwanetse go dirafala. Ke batla gore o kgotsofatse dikeletso tsa me. 
Ke go batlea sona fela se. Ke go batla gona fela jaanong!

Mme kana sona seo ga se lorato, ke sengwe fela se sele, ke boithato fela. Boemong jwa go bua gore: Ke rata kgarejwana, o kabo o rile: Ke
ne ka ithata go ithata, ke ka moo ke neng ka dirisa kgarejwana.

A ke leke go go bolelela se tota e leng sona, fa lesogana le raya kgarejwana le re: Kea go rata. Go raya gore: Wena, wena, wena, wena o le
nosi! Wena o tlaa busa mo pelong ya me, ke wena yo ke mo eletsang, yo kwa ntle ga gagwe ke tlaa bong ke sa felelela. Ke tlaa go naya tsotlhe.
Ke tlaa phelela wena fela, ke direle wena fela. Ke go emetse, ke tlaa nna peloteleele le wena. Ga nkitla ke go tsholeletsa letsogo, le fa e le
go go kgopisa ka mafoko. O tlaa ntlhaloganya ka metlha, ke ikanyega le go go phepafalela. Ke tlaa go sireletsa, ke go femela mo bosuleng jotlhe.
Ke tlaa tlhakanela nao madi a me, re akantshana, ke go naya pelo le mmele. Ga ke rate go dira sepe kwa ntle ga gago. Ka metlha ke batla go nna 
kafa letlhakoreng la gago.

A jaanong o lemoga go sa itseng sepe ga gago mabapi le maitemogelo a lorato? Le leina la kgarejwana tota ga o le itse! Ga o itse le eseng tsa
nako e e fetileng le tsa e e tlang tsa gagwe. Ga o itse le gore go dirafetse eng mo pelong ya gagwe, fa e ne e ntse e le wa gago. Gona fa a ne
a ka nna mo mmeleng, foo tatlhego e kabo e mo wetse bogolo.

Nyaa, lorato lwa nnete lo na le boikarabelo. Go raya gore monna o na le boikarabelo mo mosading wa gagwe, mme monna le mosadi ba ikarabela fa pele
ga Modimo. Go tloga foo monna ga a tlhole a re nna, mme a re wena. Mme bobedi jo ga bo tlhole bo re nna le wena, mme boa re rona. Lorato lwa
nnete ga lo fele, ebile ga le kitla le fela. Lo batla tlhomamo le boikanyego. Ka mantswe a mangwe re ka re: Lorato lwa nnete lo bonala mo nyalanong
fela. Ke ka moo mosimane a sa tshwanelang go bua ka gore: Kea go rata, etswe a sa ikaelela go nyala.

Nyalo ke yona tsela fela ya go kgotsofatsa dikeletso tsa thobalano. E tshwanetse ya nna boipelo jwa lorato lwa nyalano. Fa o dirisa keletso e kwa ntle
ga lorato lo, o ipaakanyetsa nyalano ya mathata.

Jaanong kea fetsa. Ke solofela gore lokwalo lo, lo tlaa dira gore o akanye dilo tse. O itse gore o ka ikanya ka metlha botsalano jwa me le dithapelelo
tsa me.

Ke solofela gore ke tlaa amogela lokwalo gape lo lo tswang koo go wena, e le lo lo kwadilweng ka thanolo.

Wa gago wa boikanyo
T.

Motlotlegi yo o rategang
Ke amogetse lokwalo lwa gago. Ke go leboga go menagane. Ke go itumelela thata, gonne ga oa ntlhoboga ka ntlha maitsholo a me. Le fa o ntshwaya diphoso,
mme le gona oa nthusa. Ke itumela e le ruri, fa ke bonye mongwe yo ke ka mo kwalelang ka thanolo, le mororo ke sa tlhaloganya tsotlhe tse o di mpoleletseng.
Mothalo wa bofelo wa gago o ntsibositse go feta.

Motlotlegi, mo kgatong e ke e tsereng go ne go se na maikaelelo ape a sele, fa e se fela gore tota ke ne ka ipaakanyetsa nyalo e e tsisang boitumelo. Jaanong
kea gakgamala, o mpolelela sengwe se sele fela. A o ko o mpolelele, motho o ka itse jang, fa a sa ithute? Mme le gona o ka ithuta jang kwa ntle ga go lekelela?
A ga rea dira jalo mo borutelong jwa boitseanape?

Ka segarona rea tle re re: Ere o ise o ye go tsoma, o lootse lerumo la gago. Go thusa eng go nyala motho, mme o le bokoa ka ntlha ya go sa tiisang maatla a mmele ka tshwanelo? A jaana ebile ga se kotsi, fa ditokololo di sa dirisiwe? Gonne foo di ka gokgafala. 

A oa ntlhaloganya? Ka gongwe o tlaa bona nako go nkwalela gape.

Tsala ya me F.,

Ke go leboga gape thata, ka o kwadile ka boikanyo jo bo kalo. Ruri ke bona gore o inkantse. Go na le papiso e e gakgamatsang mo Beibeleng e e reng:

A re dire papiso nngwe gape: Fa o rata go lekelela mokgele (parachute) wa go fologa mo sefofaneng, ka gongwe o tlla re: Nte ke leke pele; ke tlaa tlola ka ona mo godimo ga ntlo gongwe mo setlhareng se seleele. Mme kana dikgato di le masotharo gongwe masonne ga diaa lekana go fa mokgele o nako go ka bulega. Mme ga go pelaelo, o tlaa robega molala. O ka lekelela mokgele o fela ka go tlola go tswa mo sefofaneng. Fela jalo ga o kgone go lekelela lorato kwa ntle ga nyalo, gonne lorato ke se se tlhakanetsweng ka nyalo fela.

Tirafatso ya thobalano ya ba ba sa nyalanang e farologana gotlhe-gotlhe le ya ba ba nyalanyeng. Mo go ba ba nyalanyeng ga go na potlakanyo, ga go na poifo ya go ka lemogwa, ga go na poifo ya go ka tsiediwa, gongwe yp mongwe a ela yo mongwe ka dinakana metsing; ga go na poifo ya go ithwala ka ntlha ya thobalano eo. Mme se segolo ke gore go na le nako ya go itsane le go bonana makoa e sa le mo tsgimologong. Motho o lemoga gore lorato lwa thobalano lo phuthetswe ka lorato lo lo akaretseng dikarolo tsotlhe tsa botshelo.

Goa kgonega go sekaseka go dira ga dithwe tsa thobalano pele ga nyalo. Fela se, ga se se segolo. Se segolo ke kutlwano ya maikutlo, ka mantswe a mangwe re ka re, ke kopano ya maikutlo le dipelo tsa batho ba babedi.

Fa go na le mathata mo thobalanong, ya bo e se ka ntlha ya dipopego tsa mmele. Mathata ka ntlha ya dipopego tse ga e se se se tshwenyang, gonne le ngaka ya sekgoa e ka ne ya di lemoga pele ga nyalo. Lebaka le le tshwenyang gantsi ke tlhokafalo ya kutlwano ya maikutlo, moo o fitlheleng dipelo le maikutlo tsa batho ba babedi di sa dumellane.

Fa baletsi ba letsa diletso tsa bone, ba simolola ka difiolo le diletso tsa modumo o o kwa tlase, mme morago ba letse diphala le meropa. Fa ba ka simolola go letsa diphala le meropa, tse di nang le modumo o mogolo, foo difiolo le diletso tsa modumo o o kwa tlase ga di kitla di utlwala. Go ntse fela jalo ka nyalo. Go utlwanya dipelo le maikutlo ke go letsa difiolo le diletso tsa modumo o o kwa tlase, mme morago go ka lediwa le tsona diphala le meropa tsa thobalano.

Kutlwano eo ya semoya e na le go rutwa pele ga nyalo. Tota go ikopanya le mosetsana mongwe le mongwe ke go senya maatla a gago, eseng maatla a mmele fela, mme e le ona a go rata ka pelo le moa. Se o tshwanetseng wa se boifa ga se go sa nonofang ga ditokololo tsa thobalano, mme ke go sa nonofang ga lorato lwa pelo. thobalano e e se nang lorato ea go nnyennyefatsa, ebile ga e farologane le ya diphologolo ka gope.Go dira jalo ke go senya maikaelelo a a reng: Nna le wena re kopanye go nna selo se le sengwe se se sa kgaoganeng.

Fa o ipaakanyetsa nyalo ka go ikopanya le mongwe le mongwe, o mo kotsing e e boitshegang ya go sa nneng le maitemogelo a nnete; gonne o tlaa swa pelo go itse lorato lwa nnete; gonne o tlaa swa pelo go itse lorato lwa nnete. Fa o laleleditswe moletlong wa lenyalo, o tsholelwa dijo tse difarologanang. Go na le mofuta w mongwe wa dijo mo go tsona o o o ratang go feta e mengwe. Ga o kitla o simolola go utlwela mefuta eo yotlhe ka ntlha ya go tshaba gore o tlaa kgora o ise fitlhe mo mofuteng o o o ratang wa dijo. Sekao se sengwe ke se: Ntataago o go fa madia sekolo, mme wema o a je otlhe o ise o fitlhe kwa sekolong. Kana go raya gore ga o kitla o tsena.

Go itlwaetsa thobalano pele ga nyalo go ka tsosa keletso ya go nyala lefufa le go rata bonyatsi. Ka mokgwa oo nyalo ya gago e setse e le mo pharagobeng, e ise e simologe. Mme le gona o setse o ka tlwaela mekgwa e e maswe e e ka go kgomareletsang ruri, mme se se ka go dirafalelang morago ga tse di ntseng jalo, o ka welwa ke mathata a magolo, jaaka go felellwa ke thata ya bonna le tse di ntseng jalo, tse di tla senyang boitumelo jwa nyalo ya gago.

Kea tle ke bidiwe, ke le moruti, go tsereganya phapang fa gare ga monna le mosadi. Mme gantsi ke kgona go lemoga gore mathata a, tlhago ya ona e mo maitsholong a monna gongwe a mosadi a pele, ba ise ba nyalane. Lesogana le le sa kang le ithuta boitshwaro pele ga nyalo, ga le kitla le nna le jona mo nyalong. Go kgona go ikgona go batlega thata, ebile go tsisa boitumelo mo nyalong.

A jaana oa bona gore lebaka la gago le lebile nyalo, mme kafa o dirileng ka teng, o thubile lelapa ka gonne o tima mosadi wa gago sengwe, o ise o bo o mo itse.

Tsala ya me F., a o ko o tlhaloganye se. Ga ke leke go go tima monate, ke batla fela go boloka boitumelo jwa gago. Kana fa o kgetla dithunya tsa setlhare sa namune, ga o kitla o itse moutlwalo wa maungo a sona. Ka moo, fa ke go gakolola gore o se ka wa kgetla dithunya, ke dira jalo go go fa sengwe, eseng go se go amoga. Ka go rialo ke araba seane sa gago ka se sengwe se se reng: Yo o ratang go ikhumisa go feta, oa khumanegisa.

ka ditumediso tsa bokaulengwe,
T.

Moruti yo o rategang

Erile ke ntse ke buisa lokwalo lwa gago lwa bofelo, ka gakologelwa temana nngwe ya Beibele, e ke e utlwileng gantsintsi, fela ke simolotse go se utlwa seša mo go kwalelaneng ga rona. Ke e e reng: Ga go na poifo mo loratong, lorato lo lo tletseng lo latlhela poifo kwa ntle. Gonne poifo e na le petso, mme yo o boifang ga a tlala mo loratong. (1. Johane 4:18).

Go ntse jalo, se ke nnete ruri. Ke ne ke boifa, mme go bua nnete, boitumelo jwa me mo bosigong jo ke neng ke na le kgarejwana eo ka jone e ne e se jwa sepe. Le fa go ntse jalo, tlhaloganya se tswetswe. Le gona e ne e ntse e le poifo e e nkgapeletsang; ke ne ke boifa gore ke ka tloga ka lwatswa ke madi a bonna a a tlalang mo lethekeng la me. Ka tsela e ke lale ke lora bosigo, mme ere kamoso ke fitlhele dikobo tsa me di kolobile, mme ke tenege go bona dilo tse ntseeng jalo. Ditsala tsa me di ntlhomamiseditse gore, fa ke batla go kgaogana le matshwenyego a a ntsang jalo, ke fela fa nka ikopanya le kgarejwana. Wena oa reng mo lebakeng le?

O ntomile tseebe gore ke se ka ka tsosa keletso ya go nyala lefufa. A ga go kgonege go rata basadi ba bantsi ka nako e le nngwe? Kana ga go na temana epe mo Beibeleng e e thibelang nyalo ya lefufa.

Mo lokwalong lo ke go senoletse dikgopolo tsa me tsa sephiri. Ke solofela gore ga o ne a tsiboga go feta. Kana ga go na ope yo ke ka buang le ene mathata a me, tota le fa e le batsadi ba me. O buile le ka go tlhatlhojwa ke ngaka ya sekgoa. Le fa go ntse jalo nna ga ke e ikanye. Dingaka ga di re bolelele nnete ka metlha, gonne di boifa phapang tse di tlaa dirafalang mo lapeng.

Ke sa ntse ke go lebogela bopelotelele jwa gago.

Wa gago wa boikanyo,

Mokaulengwe wa me yo o rategang,

A ke simolole ka potso ya gago ya bofelo: Ga ke dumele gore monna o ka rata basadi ba bantsi ka nako e le nngwe. Le gale go tswa gore, fa o re go rata tota oa be o raya eng. Fa e le gore go robala le mosetsana, o tlaa bo o buile. Mme ela tlhoko: Lorato lo lo tletseng lo lo bolelwang mo Beibeleng mo temaneng e o e umakileng, ga le ame mmele fela, mme le yona pelo. Kana o itse seane se se reng: Pelo e e nang le bonno jwa ba le bantsi ga e na bonno le fa e le jwa a le mongwe fela.

Se ke boammaaruri: Lorato lo lo tletseng lwa go rata mosadi wa gago le boikarabelo jo bo tletseng mo go ene, tse e leng tsona metheo ya boitumelo jwa nyalo di raya gore ga go kgonege ka gope go nna le basadi, fa e se mosadi a le mongwe fela.

Oa re, Beibele ga e ganetse nyalo ya lefufa. Ga nke ke tswelela boteng ka potso e fa. Ke tlaa bua temana e le nngwe fela mo go Mathaio 7:12 e e itsegeng jaaka molao wa botlhokwa, e e reng: Jaanong tsotlhe tse lo ratang batho ba di lo direla, le lona lo ba direle tsona. Go bonala sentle gore, kafa palong ya batho, banna ba ba ka nyalang ba lekana le basadi ba ba ka nyalwang. Ka moo molao wa botlhokwa o ganetsa nyalo ya lefufa. Fa motho a tsaya basadi go feta a le mongwe, o thibelela yo mongwe go ka nyala.

Beibele ga e thibele lefufa fela, mme e bua le se sengwe. E re bolelela se nyalo tota e leng sona, gore re ikatlholele. Yona ea re: Ka moo monna o tlaa tlogela rragwe le mmaagwe, mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe (eseng basadi ba gagwe), mme ba (babedi ba)ba tlaa nna nama e le nngwe fela. (Genese 2:24. Leba le Mareko 10: 2-9). Mafoko a a reng nama e le nngwe fela a ka ne a fetolelwa ka gore sebopiwa se le sengwe se se phelang, gongwe re ka re motho a le mongwe. 

Mo nyalong monna le mosadi ga e tlhole e le dilo tse pedi, mme ke selo se le sengwe fela. Ba emela motho a le mongwe yo o nang le ditokololo tse pedi tse dikgolo, ebong tlhogo le pelp. Monna ke tlhogo, mosadi ke pelo. O itse sentle gore se se phelang ga se kgone go phela kwa ntle ga tlhogo, le eseng kwa ntle ga pelo. Le gona ga se phele ka ditlhogo tse pedi, le eseng dipelo tse pedi. Go tshwanetse ga naa le tlhogo e le nngwe le pelo e le nngwe.

Beibele e batla go re thusa gore re tlhwaafalele dineo tse di molemo bogolo, mme re tsamaye tsela e e molemo bogolo. Go raya gore, fa o nyetse lefufa, nyalo ya gago e ka nne ya nna nyalo, fela wena le basadi ba gago ga lo motho a le mongwe, mme lona lotlhe ga lo kake lwa nna setshwano sa Modimo ka gope, mme nyalo ya lona ga e kgone go nna marang a kgalalelo ya lorato lwa Modimo lo lo tletseng. Nyalo ya go nyala mosadi a le mongwe fela ke yona fela e e ka supang lorato lwa Modimo.

Fa o batla go ipaakanyetsa nyalo, ipaakanyetse lorato lo lo tletseng loo. O se ka wa iteseletsa go laolwa ke poifo, mme bogolo laolwa ke lorato.

Ga go ope yo o kileng a lwala ka ntlha ya go laola dikeletso tsa gagwe tsa thobalano pele ga nyalo. Se ditsala tsa gago di se go boleletseng ke maaka a a totbetseng. Kwa ntle ga moo, go lora jalo bosigo ga se sesupo sa bolwetse, mme ke sa go supa gore bonna jwa gago bo itekanetse sentle tota. Seo se dirafalela mang le mang. Mmele wa gago o tsholola ka bo-ona madi a a sa dirisiwang, ke sona fela. Go lora jalo ga se motlholo mongwe, le eseng kgakgamatso nngwe. Moa ga o ke o ya go ikhutsa. Modimo o dirile bophelo jwa mmele gore o nne o o itekanetseng.

Nnete tota ke gore, fa o robala le kgarejwana nngwe le nngwe, o mo kotsing ya go lwala, le go tshwarwa ke malwetse a boaka le go felelwa ke thata ya bonna.

Puonyana ya gore tlhobalano ke yona e e ka thibelang bolwetse ke mainanatho a bao ba sa kgone go laola mebele ya bone. O se ke wa tshoga gore kakanya ya gago go nna, gongwe potso e o e mpotsang e ka nkgakgamatsa. Baša ba phela mo bonosing mabapi le mathata a bone, mme sona se ke pogo e kgolo mo go bone. Ba na le go ntsha maikutlo a bone go mongwe yo o nang le tlhaloganyo le maitemogelo mo dilong tse, le yo ba mo ikanyang, a le mogakolodi wa maitemogelo.

Ntataago o tshwanetse a bo a bo a lailwe le go rutwa mabapi le dilo tseo kwa bogwera, mme kana dilo tseo ga di tlhole di dirisiwa, mme thuto kaga dilo tse ga e tlhole e ka bonwa. Ka moo ke tiro ya rona gore re dire sengwe mo boemong jwa yona.

Ngaka e e akang ga ea tshwanela tiro ya yona. Fa o batla go tlhatlhojwa, o na le go ipatlela ngaka e e siameng; fa o itse ngaka ya mokrisete e o e ikanyang, go ka siama thata.

Ke go dumedisa mo leineng la ga Krisetse; ke Ena sekao sa nnete sa lorato lo lo tletseng lwa Modimo, mme oa go rata, le fa fo ka nna jang le jang.

Wa gago wa boikanyo,

T. 

Moruti yo o rategang T.,

Ke go kwalela kajeno ka boitumelo jo bogolo, gonne ke itse gore ke ka lorato lwa ga Jesu Krisete fela gore o kgonne go araba dikwalo tsa me. Ga ke tlhole ke ikutlwa bonosi, mme ke ikutlwa ke tiile moko.

Mo lokwalong lwa gago lwa bofelo o buile ka go felelwa ke thata ya bonna. Goa gakgamatsa, ebile ke sona se se nkgotseng go dira se ke se dirileng, e le gore ke lekelle bonna jwa me. Jaanong ke batla go tswa mo sekgoropeng, ke go bolelele kgany yotlhe, ke sa fitlhe sepe.

Nngwe ya ditsala tsa me e ne ya ntaletsa go etela batsadi ba gagwe ka lona letsatsi leo la bomadimabe. E ne e le ka maabanyane. Mo tseleng a sale a ntse a nja ditshego a re, ga ke monna wa sepe, gonne ga ke ise ke itse kgarejwana. Yare re fitlha fa go bone, bagolo ba gagwe ba bo ba se yo, fa e se kgarejwana nngwe mo tlung. Ra simolola go tsaya dikgang, mme a re fa bojalwa, re a nwa. Yare ke re tha, ka fitlhela tsala ya me e se teng, ka iphetlhela ke na le kgarejwana eo fela. A ntaletsa, mme yare ke gana, a simolola go nja ka ditshego, a dirisa mafoko a a sepha a puo ya rona; o bile a mpitsa sephimola-dijana, a raya gore ke legatlapa, ebile ke boruthwanyane. Ga ke itse gore, a wena, o le motho-mosweu, o ka itse gore go sotlwa ka mokgwa o o ntseng jalo go raya eng mo go rona Ma_Afrika. Go bidiwa motho yo o se nang thata ya bonna ke sekgopi se segolo mo go rona. Fa nkabo ke se ka ka mo supetsa thata ya me, a kabo a ntshentse leina mo gotlhe. Go bua nnete, tota ke ne ke se na lorato lope mo kgarejwanneng eo. Tota-tota mo botenyeng jwa me ke ne ke mo ila; fela go ne go se na ka mokgwa o mongwe. Poifo ya go tlaa sotlwa e ne e feta dipoifo tsotlhe.

A ko o mpolelele gore o ka nna monna jang le go bidiwa jalo, mme o sa dire tsa senna?

Wa gago wa boikanya,




#Total Article count: 342
#Total Word count: 199311